Tlhagolela Moya wa go Leboga
NGAKA nngwe ya kwa New York State e ne ya namola botshelo jwa ga Marie mo maemong a tshoganyetso. Mme le fa go ntse jalo, Marie wa dingwaga di le 50 ga a ka a leboga ngaka kana go duela molato wa gagwe. A bo e le go tlhoka tebogo jang ne!
Baebele e tlhalosa gore ka lekgetlho lengwe, fa Jesu a ne a tsena mo motsaneng, o ne a kopana le banna ba le lesome ba ba neng ba na le bolwetse jo bo maswe jwa lepero. Ba ne ba mo goeletsa jaana ka mantswe a a kwa godimo: “Jesu, Moruti, re utlwele botlhoko!” Jesu o ne a laela jaana: “Tsamayang mme lo ipontshe baperesiti.” Balepero ba ne ba amogela kaelo ya gagwe, mme fa ba ntse ba le mo tseleng, ba ne ba simolola go bona le go utlwa ba fola.
Ba le robongwe ba balepero ba ne ba tswelela ka mosepele wa bone. Mme molepero yo mongwe, yo e leng Mosamaria, o ne a boa a tla go batla Jesu. Motho yono yo pele e neng e le molepero o ne a baka Modimo mme fa a bona Jesu, o ne a wela fa dinaong tsa gagwe, a mo leboga. Fa Jesu a mo araba o ne a bolela jaana: “Go ne ga ntlafadiwa ba ba lesome, ga ke re? Ba bangwe ba robabongwe ba kae he? A go ne ga se ka ga bonwa bape ba ba neng ba boa ba tla go naya Modimo kgalalelo fa e se monna yono wa morafe o sele?”—Luke 17:11-19.
Go na le thuto e e botlhokwa jang ne mo potsong e e reng: “Ba bangwe ba robabongwe ba kae he?” Fela jaaka Marie, balepero ba le robongwe ba ne ba na le ditlhaelo tse di masisi—ga ba a ka ba leboga. Go tlhoka tebogo go go ntseng jalo go aname thata gompieno. Ke eng fa go ntse jalo?
Lebaka la Konokono la go Tlhoka Tebogo
Go tlhoka tebogo go bakwa thatathata ke bopelotshetlha. Akanya ka batsadi ba rona ba ntlha, Adame le Efa. Jehofa o ne a ba bopa ba na le dinonofo tsa bomodimo mme a ba naya sengwe le sengwe gore ba itumele, go akaretsa le legae le lentle la paradaise, tikologo e e itekanetseng, le tiro e e botlhokwa e e kgotsofatsang. (Genesise 1:26-29; 2:16, 17) Le fa go ntse jalo, fa Satane a ba raela gore ba nne le moya wa boithati ba ne ba tlola molao mme ba nyatsa bopelotshweu jwa ga Jehofa.—Genesise 3:1-5; Tshenolo 12:9.
Akanya gape ka batho ba Iseraele wa bogologolo, ba Modimo a ileng a ba tlhopha go nna batho ba gagwe ba ba kgethegileng. A bo batsadi botlhe ba Baiseraele ba tshwanetse ba bo ba ne ba leboga jang ne mo bosigong jwa Nisane 14, 1513 B.C.E.! Mo bosigong jo bo botlhokwa joo, moengele wa Modimo o ne a dira gore “bana ba ntlha botlhe mo lefatsheng la Egepeto” ba swe mme a tlolaganya matlo a a tshwailweng sentle a Baiseraele. (Ekesodo 12:12, 21-24, 30) Mme fa ba sena go gololwa mo masoleng a ga Faro kwa Lewatleng le le Hibidu ‘Moshe le bana ba Iseraele ba ne ba opelela Jehofa sefela’ ka ntlha ya dipelo tse di tletseng tebogo.—Ekesodo 14:19-28; 15:1-21.
Le fa go ntse jalo, dibeke di sekae fela fa ba sena go tloga kwa Egepeto, ‘phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele ya ngongorega.’ A bo ba ile ba tlhoka tebogo ka bonako jang ne! Ba ne ba tlhologelelwa go nna “fa dipitsaneng tsa nama . . . [ba] ijela dijo [ba] kgora,” tse ba neng ba nna le tsone kwa Egepeto, lefatsheng la bone la botlhanka. (Ekesodo 16:1-3) Go phepafetse gore, fa o le pelotshetlha ga o ka ke wa kgona go leboga.
E re ka batho botlhe e le ditlogolwana tsa ga Adame, ba tshotswe ba na le selekanyo se se rileng sa bopelotshetlha le sa go sa leboge. (Baroma 5:12) Go sa leboge gape ke karolo ya moya o o tletseng mo bathong ba lefatshe leno. Jaaka moya o re o hemang, moya oo o gongwe le gongwe mme o a re ama. (Baefeso 2:1, 2) Ka jalo he, rona re tshwanetse gore re tlhagolele boikutlo jwa go leboga. Re ka dira jalo jang?
Go Botlhokwa go Tlhatlhanya!
Webster’s Third New International Dictionary e tlhalosa tebogo e le “boemo jwa go leboga: boikutlo jwa lorato le jwa botsalano mo mothong yo o go diretseng molemo jo bo tlhotlheletsang motho go duela molemo oo.” Boikutlo bo ka se ka jwa bulelwa le go tswalelwa jaaka e kete ke motšhini; bo tshwanetse jwa itswela fela mo teng ga motho. Go leboga ga se fela go nna le mekgwa e mentle kana go nna maitseo; ke selo se se tswang mo pelong.
Re ka ithuta jang go ikutlwa re leboga go tswa mo pelong? Baebele e bontsha gore boikutlo jo gantsi re nang najo bo amana le dilo tse re ratang go di akanya. (Baefeso 4:22-24) Go ithuta go nna le boikutlo jwa go leboga go simolola ka go tlhatlhanya ka tsela e e tshwanetseng ka melemo e re e direlwang. Go dumalana le seno, Dr. Wayne W. Dyer, yo o dirang mo go tsa botsogo jwa tlhaloganyo, o bolela jaana: “O ka se ka wa nna le boikutlo bongwe fa o sa akanya pele.”
Ka sekai, tsaya kgang ya go lebogela popo e e re dikologileng. Fa o lebelela loapi lo lo tletseng ka dinaledi bosigo go se na maru, o ikutlwa jang ka se o se bonang? Kgosi Dafide o ne a tlhalosa tsela e a neng a ikutlwa a gakgametse ka yone jaana: “E a re fa ke akanya magodimo a gago, tiro ya menwana ya gago, kgwedi le dinaledi tse o di baakantseng; kana motho e be e le eng, fa e bo ne ne o mo gopola, le morwa motho, fa e bo ne ne o mo lekola?” Mme mo tidimalong ya bosigo, dinaledi di ne di bua le Dafide, di mo tlhotlheletsa go kwala jaana: “Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; phuthologo le yone e supa tiro ya diatla tsa one.” Ke ka ntlha yang fa magodimo a a nang le dinaledi a ile a ama maikutlo a ga Dafide thata jaana? Ene ka boene o a araba: “Ke akanya go dira ga gago; ke tlhatlhanya ditiro tsa diatla tsa gago.”—Pesalema 8:3, 4; 19:1; 143:5.
Morwawe Dafide e bong Solomone le ene o ne a lemoga botlhokwa jwa go akanya ka bontle jwa popo. Ka sekai, malebana le seabe se maru a pula a nang naso mo go tlhaboseng lefatshe, o ne a kwala jaana: “Dinoka tsotlhe di thelegela mo lewatleng, le fa go ntse jalo lewatle ga le a tlala; felong kwa dinoka di yang gone, di be di ye gone gape.” (Moreri 1:7) Go ntse jalo gore fa dipula le dinoka di sena go tlhabosa lefatshe, metsi a tsone a boela kwa mawatleng a bo a boela gape go nna maru. Lefatshe leno le ne le tla nna jang fa go ka bo go se na phepafatso eno le modikologo ono wa metsi? A bo Solomone a tshwanetse a bo a ile a leboga jang ne fa a ntse a tlhatlhanya ka dilo tseno!
Motho yo o lebogang gape o tseela kamano ya gagwe le ba lelapa, ditsala le ba a ba itseng kwa godimo. Dilo tse di molemo tse ba mo direlang tsone di dira gore a tseye tsia. Fa a ntse a akanya ka boitumelo ka melemo ya bone, o ikutlwa a leboga go tswa mo pelong.
Go Leboga
A bo mafoko “ke a leboga” a le motlhofo jang! Go motlhofo thata jaana go bua mafoko ao. Mme go na le ditshono tse dintsi tsa go dira jalo. A bo go lapolosa jang ne go bolela mafoko a a lorato a a tswang pelong a a reng Ke a Leboga mo mothong yo o go tshwarelang lebati kana yo o go neeletsang sengwe se o se digileng! Go utlwa mafoko ao go ka dira gore tiro ya tlelereke ya lebenkele kana waitara ya resetšhurente kana motsaimaisaposo e nne motlhofo e bile go dira gore e nne selo se se itumedisang thata.
Go romela dikarata tsa ke a leboga ke tsela e e molemo ya go lebogela ditiro tse di molemo. Dikarata tse dintsi tse di rekisiwang mo mabenkeleng di tlhalosa mafoko ao ka tsela e ntle. A mme o tla bo o sa supe lorato lwa gago ka go oketsa ka mafoko a kanaanelo a o a kwadileng ka bowena? Bangwe ba tlhopha go tlogela dikarata tse di rekilweng mme bogolo ba romele lekwalonyana le ba le ikwaletseng.—Bapisa Diane 25:11.
Gongwe, batho ba ba tshwanelwang ke tebogo ya rona thata ke ba ba atamalaneng thata le rona kwa gae. Baebele e bolela jaana ka mosadi yo o setswerere: “Monna wa gagwe [a nanoge] le ene a mmake.” (Diane 31:28) A fa monna a leboga mosadi wa gagwe go tswa mo pelong ga go kitla go dira gore legae e nne lefelo la kagiso le kgotsofalo? Mme a monna le ene ga a itumele fa a fitlha mo gae mosadi wa gagwe a bo a mo dumedisa ka lorato le ka go mo anaanela? Mo metlheng eno, go na le dikgatelelo tse dintsi mo lenyalong mme fa dikgatelelo di oketsega, go motlhofo go galefa. Motho yo o ratang go leboga o ikemiseditse go dumelela dilo dingwe e bile o bonako go itlhokomolosa dilo dingwe le go itshwarela.
Basha le bone ba tshwanetse go gakologelwa go leboga batsadi ba bone go tswa mo pelong. Gone ke boammaaruri, batsadi ga ba a itekanela, mme seo ga se lebaka la gore o se ka wa ba lebogela se ba go se diretseng. O ka se ka wa kgona go duela lorato le tlhokomelo tse ba go fileng tsone fa e sa le o tsholwa. Fa e le gore ba ile ba go ruta go itse Modimo, o na le lebaka le lengwe la go ba leboga.
Pesalema 127:3 e bolela jaana: “Bana ke boswa jwa [ga] Jehofa.” Ka jalo batsadi ba tshwanetse go batla ditshono tse ka tsone ba ka akgolang bana ba bone go na le gore ba ba omanyetse dilonyana tse di sa reng sepe. (Baefeso 6:4) Mme a bo ba na le tshiamelo jang ne go thusa basha ba ba ba tlhokometseng go tlhagolela moya wa go leboga!—Bapisa Diane 29:21.
Go Leboga Modimo
Jehofa Modimo ke Monei wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng.” (Jakobe 1:17) Botshelo ke mpho e e botlhokwa thata, ka gonne sengwe le sengwe se re nang naso kana se re ka tswang re se rulaganya se ka se ka sa nna le mosola fa re ka swa. Dikwalo di re kgothaletsa go gakologelwa gore “[Jehofa Modimo ke] motswedi wa botshelo.” (Pesalema 36:5, 7, 9; Ditiro 17:28) Gore re tlhagolele go leboga Modimo mo dipelong tsa rona, re tshwanetse go tlhatlhanya ka dilo tse a re di nayang ka bopelotshweu go re tlamela mo matshelong a rona a tlholego le a semoya. (Pesalema 1:1-3; 77:11, 12) Pelo e e ntseng jalo e tla re tlhotlheletsa go supa kanaanelo ya rona ka mafoko le ka ditiro.
Thapelo ke tsela e nngwe e e motlhofo ya gore re leboge Modimo. Mopesalema Dafide o ne a bolela jaana: “Jehofa Modimo wa me, di dintsi ditiro tsa gago tse di gakgamatsang, tse o di dirileng, le megopolo ya gago e e kwano go rona; ga o ka ke wa di rulaganyediwa; fa ke rata go di bolela, le go bua ka ga tsone, di feta mo go ka balwang.” (Pesalema 40:5) E kete le rona re ka tlhotlheletsega jalo.
Gape Dafide o ne a ikemiseditse go bontsha Modimo kanaanelo ya gagwe ka mafoko a a neng a a bolelela ba bangwe. O ne a bolela jaana: “Ke tlaa leboga Jehofa ka pelo yotlhe ya me; ke tlaa bolela ditiro tsotlhe tsa gago tse di gakgamatsang.” (Pesalema 9:1) Go bua le ba bangwe ka Modimo, go itlhalosa ka go ba bolelela ka boammaaruri jo bo tswang mo Lefokong la gagwe, e ka tswa e le tsela e e molemolemo ya go mmontsha kafa re lebogang ka teng. Mme se se tla re thusa go nna batho ba ba lebogang thata le mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo.
Jehofa o bolela jaana: “Le fa e le mang yo o isang setlhabelo sa go ntsha malebogo, o a nkgalaletsa; mme ene yo o rulaganyang go tshela ga gagwe sentle ke tlaa mo supetsa poloka.” E kete o ka nna le boitumelo ka ntlha ya go mo leboga go tswa pelong.—Pesalema 50:23; 100:2.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Botshelo ke mpho e e tswang go Modimo. Tlhomamisa gore o dira sengwe ka bowena