Batsadi—Sireletsang Bana ba Lona!
KWA sekolong sengwe se segolwane kwa Nigeria, mosetsana mongwe yo o neng a itsege ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo o ne a rata go gakolola baithutikaene ba basetsana ka dikgang tsa tlhakanelodikobo. Sengwe sa dilo tse a neng a di akantsha go senya dimpa ka sone e ne e le biri e e botlhoko e e tswakilweng ka motsoko. Dikgang tsa gagwe, tse a neng a di tsaya mo dibukeng tse di hepisang tsa tlhakanelodikobo, di ne di kgatlha baithutikaene ba le bantsi. Ba bangwe ba ne ba simolola go tlhakanela dikobo, mme mongwe wa bone o ne a ima. Go senya mpa, o ne a nwa motswako wa biri e e botlhoko le motsoko. Mo diureng di sekae fela, o ne a simolola go kgwa madi. Malatsi a sekae morago ga moo, o ne a tlhokafala a le kwa bookelong.
Mo lefatsheng la gompieno, basha ba le bantsi ba bua ba sa kgaotse ka tlhakanelodikobo, ba latlha bareetsi ba bone ba ba ba dumelang. Basha ba tshwanetse go ya kwa go mang gore ba bone kitso e e boammaaruri e e tla ba sireletsang? A bo go le molemo jang ne fa ba ka leba kwa batsading ba bone ba ba ratang Modimo, ba ba nang le boikarabelo jwa go ba godisetsa mo “tshugong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.”—Baefeso 6:4.
Boikutlo Jwa Baafrika Malebana le Thuto ka Tlhakanelodikobo
Mo lefatsheng lotlhe, batsadi ba le bantsi ba bona go le thata go buisana le bana ba bone ka dikgang tsa tlhakanelodikobo. Seno se ntse jalo segolo jang mo Afrika. Donald o ne a bolela jaana, e bong rrabana mongwe kwa Sierra Leone: “Ga go ke go buiwa ka tsone. Ga se karolo ya setso sa Afrika go dira jalo.” Mosadi mongwe wa kwa Nigeria yo o bidiwang Confident o dumalana le seno jaana: “Batsadi ba me ba leba tlhakanelodikobo e le selo se se ka se kang sa buiwa phatlalatsa; ke moila go ya ka setso.”
Mo ditsong dingwe tsa Afrika, go tsewa e le morogano go bua mafoko a a amanang le tlhakanelodikobo a a jaaka lepele la monna, morotwana, kana go bona kgwedi. Mmè mongwe wa Mokeresete o ile a bo a itsa morwadie go dirisa lefoko “tlhakanelodikobo,” le mororo a ne a re morwadie a ka dirisa lefoko “kgokafalo.” Go farologana le seo, Lefoko la Modimo Baebele le bua ka tshosologo ka tlhakanelodikobo le ka dirwe tsa tlhakanelodikobo. (Genesise 17:11; 18:11; 30:16, 17; Lefitiko 15:2) Boikaelelo jwa seno ga se go tshosa kana go kgatlha, mme ke go sireletsa le go ruta batho ba Modimo.—2 Timotheo 3:16.
Kwantle ga meila ya setso, lebaka le lengwe la go bo batsadi bangwe ba ikgogona mo go seno le ne la bolelwa ke rrabana mongwe wa Mo-Nigeria: “Fa ke bua le bongwanake ka tlhakanelodikobo, go ka ba tlhotlheletsa gore ba dire boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.” A mme tshedimosetso e e tlotlegang, e e theilweng mo Baebeleng e e malebana le tlhakanelodikobo e ka kgothaletsa bana go itlhaganelela go e dira? Nnyaa, e ka se dire jalo. Tota e bile, go ka diragala gore fa basha ba na le kitsonyana fela, ke gone ba ka tsenang mo mathateng. Baebele e bolela jaana: “Botlhale [jo bo theilweng mo kitsong ya boammaaruri] ke phemelo.”—Moreri 7:12.
Mo setshwantshong sa ga Jesu, monna yo o bonokopela, ka go bonela pele gore go ka nna le dipula tsa matlakadibe, o ne a aga ntlo ya gagwe mo lefikeng fa monna yo o seeleele a ne a aga mo motlhabeng mme a tlhagelwa ke kotsi ya masetlapelo. (Mathaio 7:24-27) Ka mo go tshwanang, batsadi ba Bakeresete ba ba bonokopela, ka go itse gore bana ba bone ba tlile go lebana le mathata a a jaaka pula ya matlakadibe gore ba ineele mo boitsholong jo bo repileng jwa tlhakanelodikobo jwa lefatshe, ba nonotsha bana ba bone ka kitso ya boammaaruri le tlhaloganyo e e tla ba thusang go nna ba nitame.
Lebaka le lengwe la go bo batsadi ba le bantsi ba sa buisane le bana ba bone ka tlhakanelodikobo le ne la buiwa ke mosadi mongwe wa Moafrika: “Fa ke ne ke sa le mosha, batsadi ba me ba Basupi ba ne ba sa buisane le nna ka dikgang tsa tlhakanelodikobo, ka jalo ke ne ke sa akanye gore ke ne nka bua dilo tseno le bongwanake.” Le fa go ntse jalo, dikgatelelo di dikgolo thata mo basheng ba gompieno go feta mo basheng ba ba neng ba tshela mo dingwageng tse 10 kana tse 20 tse di fetileng. Seno ga se gakgamatse. Lefoko la Modimo le ne la bolelela pele gore “mo malatsing a bofelo . . . , batho ba ba boikepo le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele, ba timetsa e bile ba timediwa.”—2 Timotheo 3:1, 13.
Selo se sengwe se se oketsang mathata ke lebaka la gore bana ba le bantsi ba a okaoka kana ga ba kgone go bulela batsadi ba bone mafatlha a bone. Gantsi ga go buisanwe thata, tota le mo dikgannyeng tse e seng tsa sepe fela. Mosha mongwe wa dingwaga tse 19 o ne a bua jaana a hutsafetse: “Ga ke kgone go bolelela batsadi ba me sepe. Nna le rre ga re ke re buisana thata. Ga a ntseye tsia.”
Gape basha ba ka boifa gore fa ba botsa ka dikgang tsa tlhakanelodikobo go ka ba leretse diphelelo tse di sa itumediseng. Mosetsana mongwe wa dingwaga tse 16 o ne a bolela jaana: “Ga ke buisane le batsadi ba me ka mathata a tlhakanelodikobo ka ntlha ya tsela e ba itshwarang ka yone fa go buiwa dilo tse di ntseng jalo. Ka nako nngwe nkgonne wa mosetsana o ne a botsa Mmè dipotso dingwe tse di amang le tlhakanelodikobo. Mo boemong jwa gore Mmè a mo thuse ka bothata jwa gagwe, o ne a simolola go mmelaela. Gantsi Mmè o ne a tle a mpitse a mpotsa ka nkgonne, ka dinako tse dingwe a bua dilo tse di supang gore o belaela boitsholo jwa gagwe. Ga ke batle gore Mmè a se tlhole a nthata, ka jalo ga ke mmolelele mathata a me.”
Ke ka Ntlha Yang fa ba Rutwa?
Go ruta bana ba rona ka tsela e e lekaneng mo dikgannyeng tsa tlhakanelodikobo ga se fela gore ke selo se se siameng mme gape ke go supa bopelonomi. Fa batsadi ba sa rute bana ba bone ka tlhakanelodikobo, ba bangwe ba tla ba ruta—gantsi e le ka bonako jo batsadi ba sa lebelelang e bile e le ka tsela e e sa dumalaneng le melaometheo ya bomodimo. Mosetsana mongwe wa dingwaga tse 13 o ne a dira kgokafalo ka gonne o ne a boleletswe ke mongwe yo o tsenang le ene sekolo gore fa a sa latlhegelwe ke bokgarebane jwa gagwe, o tlile go utlwa botlhoko thata mo isagweng. O ne a bolelelwa jaana: “Ba tlile go kgaola letha la gago la bokgarebane ka sekere.” Fa a ne a bodiwa moragonyana gore ke ka ntlha yang fa a ne a sa bolelele mmaagwe wa Mokeresete se a se utlwileng, mosetsana yono o ne a araba ka gore dikgang tse di ntseng jalo di ne di sa buiwe le bagolo.
Mosetsana mongwe wa Mo-Nigeria o ne a bolela jaana: “Ditsala tsa me tsa sekolo di ne tsa leka go ntira gore ke dumele fa tlhakanelodikobo e le sengwe se batho botlhe ba ba siameng sentle ba tshwanetseng go se dira. Ba ne ba mpolelela gore fa ke sa tlhakanele dikobo gone jaanong, fa ke fitlha mo dingwageng tsa bo21, ke tla simolola go nna le bolwetse jo bo tla amang bosadi jwa me ka tsela e e masisi. Ka gone, ba ne ba re gore ke tile kotsi e e ntseng jalo e e maswe, go ne go le molemo gore ke tlhakanele dikobo pele ga lenyalo.”
E re ka a ne a na le puisano e e molemo le batsadi ba gagwe, ka bonako o ne a lemoga gore seo se thulana le se a se ithutileng kwa gae. “Jaaka ka metlha, ke ne ka boela gae mme ka bolelela mmè se ba mpoleletseng sone kwa sekolong.” Mmaagwe o ne a kgona go thibela tshedimosetso eno ya maaka.—Bapisa Diane 14:15.
Ka go ruta bana gore ba nne le kitso e e tlhokegang gore ba nne le botlhale jwa bomodimo mo dikgannyeng tsa tlhakanelodikobo, batsadi ba a bo ba ba tlhomelela gore ba lemoge maemo a a kotsi le go lemoga batho ba ba batlang go ba digela mo kotsing. Go thusa go ba sireletsa mo mahutsaneng a a tlisiwang ke malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo le go ima mo go sa batlegeng. Go dira gore ba itlotle le gore ba bangwe ba ba tlotle. Go ba golola mo dikgopolong tse e seng tsone le mo tlhobaelong. Go ba thusa gore ba nne le boikutlo jo bo siameng le jo bo molemo ka tlhakanelodikobo e e tshwanetseng, jo bo tla dirang gore e nne batho ba ba itumetseng fa ba nyala moragonyana. Go ka ba thusa gore ba tswelele pele ba amogelwa ke Modimo. Mme fa bana ba bona gore go amegilwe ka bone ka tsela e e lorato, go ka ba tlhotlheletsa gore ba tlotle le go rata batsadi ba bone thata.
Puisano e e Molemo
Gore batsadi ba ntshe kgakololo e e tshwanelang bana ba bone, ba tshwanetse ba buisana. Fa fela batsadi ba sa itse se se leng mo megopolong le mo dipelong tsa bana ba bone, tota le kgakololo e e utlwalang e ka se nne mosola thata, fela jaaka go ka nna jalo fa ngaka e leka go neela molwetse molemo e sa itse gore o tshwerwe ke bolwetse bofe. Gore batsadi ba nne bagakolodi ba ba molemo, ba tshwanetse go itse se tota bana ba bone ba se akanyang le maikutlo a bone. Ba tshwanetse go tlhaloganya dikgatelelo le mathata a bana ba bone ba lebaneng le one le dipotso tse di ba tshwenyang. Go botlhokwa go reetsa bana ka kelotlhoko, go nna “bofefo kaga go utlwa, bonya kaga go bua.”—Jakobe 1:19; Diane 12:18; Moreri 7:8.
Go tlhoka nako, bopelotelele le boiteko gore batsadi ba tlhagolele le go nna le botsalano jo bogolo le bana ba bone, e leng botsalano jo ba ka dirang gore bana ba gololesege go bula mafatlha a bone. Mme a bo go itumedisa jang ne fa seno se fitlheletswe! Rrabana mongwe wa kwa Afrika Bophirima yo o nang le bana ba le batlhano o bolela jaana: “Ke rraabone e bile ke tsala ya bone. Bana ba bua le nna ba gololesegile ka sengwe le sengwe, go akaretsa le tlhakanelodikobo. Tota le ba basetsana ba mpulela mafatlha a bone. Re ipha nako re buisana ka mathata a bone. Gape ba mpolelela le dilo tse di ba itumedisang.”
Bola, mongwe wa bomorwadie, o bolela jaana: “Ga go na sepe se ke se fitlhelang rre. Rre ke motho yo o akanyetsang e bile o kutlwelobotlhoko. Ga a re kgerise kana go re tshwara makgwakgwa, tota le fa re dirile phoso. Go na le gore a re galefele, o tla sekaseka kgang a bo a re bontsha se re tshwanetseng go se dira kana se re neng re sa tshwanela go se dira. Gantsi o dirisa buka ya Bosha le buka ya Boitumelo mo Lelapeng.”a
Fa go kgonega, go molemo gore batsadi ba simolole go bua le bana ba bone ka tlhakanelodikobo fa bana ba sa ntse ba le babotlana thata. Seno se thaya motheo wa dipuisano tse di tla tswelelang pele mo dingwageng tsa bolesome tse gantsi di gwetlhang. Fa dipuisano di sa simolole go sa le gale, ka dinako tse dingwe go nna thata go di simolola moragonyana, mme gone go ka dirwa. Mmè mongwe yo o nang le bana ba le batlhano o ne a bolela jaana: “Ke ne ke ipateletsa go bua ka gone go fitlhela kgabagare go sa tlhole go ntlhabisa ditlhong, e bile go sa tlhabise le ngwana ditlhong.” Ruri maiteko a a ntseng jalo a a tlhokega fa o akanya ka dikotsi tse dintsi tse ngwana a ka welang mo go tsone.
Ba Sireletsegile le go Itumela
Bana ba anaanela batsadi ba ba ba neelang kitso e e lorato e e tla ba sireletsang. Akanya ka dikakgelo tseno tsa Basupi ba ga Jehofa bangwe ba Baafrika:
Mojisola o ne a bolela jaana fa a le dingwaga di le 24: “Ka metlha ke tla nna ke leboga mmè. O ne a nneela thuto e e tlhokegang malebana le tlhakanelodikobo ka nako e e tshwanetseng. Le mororo ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong fa a mpolelela dikgang tseo bogologolo, jaanong ke bona melemo e mmè a ntiretseng yone.”
Iniobong o ne a oketsa jaana: “Ka metlha ke a itumela fa ke leba kwa morago ke akanya ka se Mmè a ntiretseng sone ka go nneela thapiso e e kgotsofatsang malebana le tlhakanelodikobo. E ne e le thuso e e botlhokwa thata e e neng e nkaela go tsena mo bosading. Ke ikana gore ke tla dira se se tshwanang ka bongwanake mo isagweng.”
Kunle wa dingwaga tse 19 o ne a bolela jaana: “Batsadi ba me ba nthusitse go emelana le dikgatelelo tsa basadi ba lefatshe ba ba hepisang batho ka tsa tlhakanelodikobo. Fa e ne e se ka thapiso e ba nneileng yone, nka bo ke wetse mo boleong. Ka metlha ke tla nna ke anaanela se ba se dirileng.”
Christiana o ne a bolela jaana: “Ke bona melemo e megolo fa ke buisana le mmè malebana le tlhakanelodikobo. Ke sireletsegile mo malwetseng a a bolayang le mo go imeng mo go sa batlegeng, e bile ke kgonne go tlhomela bonnake ba basimane le ba basetsana sekao se se molemo gore ba se latele. Gape batho ba ntlotla, mme monna wa me wa mo isagweng o tla ntlotla le ene. Se se botlhokwa thata, ke na le botsalano jo bo molemo le Jehofa Modimo ka go latela taolo ya gagwe.”
Bola, yo o umakilweng pelenyana, o ne a re: “Go na le ngwana yo ke neng ke tsena mo tlelaseng le ene yo o neng a bolela gore motho o tshwanetse go tlhakanela dikobo pele a tsena mo lenyalong. Mo go ene e ne e le selo se se monate. Le fa go ntse jalo, o ne a bona gore ga se monate fa a ne a ima a bo a sa kgone go kwala ditlhatlhobo tsa gagwe tsa sekolo le rona. Fa ke ne ke se na rre yo o molemo go nkaela jaana, gongwe nka bo ke ile ka tshwana le ene, ke thantse lo setse lo le mo tsebeng.”
A bo go le molemo jang ne fa batsadi ba Bakeresete ba thusa bana go ‘tlhalefa gore ba bone poloko’ mo lefatsheng leno le le tseetseng tlhakanelodikobo kwa godimo! (2 Timotheo 3:15) Thuto ya bone e e theilweng mo Baebeleng e tshwana le sebaga se se tlhokegang thata se se kgabisang le go ntlafatsa bana mo matlhong a Modimo. (Diane 1:8, 9) Bana ba ikutlwa ba sireletsegile, mme batsadi ba kgotsofala tota. Rre mongwe wa Moafrika yo ka metlha a gagamalelang gore a nne a buisana le bana ba gagwe o ne a bolela jaana: “Re ritibetse maikutlo. Ga re na pelaelo gore bana ba rona ba itse se se itumedisang Jehofa; ba ka se tsiediwe ke batho ba sele. Ga re na pelaelo gore ba ka se dire dilo tse di tla hutsafatsang ba lelapa. Ke leboga Jehofa go bo ba itshupile e le ba re ka ba tshepang.”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Di gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Basha ba Bakeresete ba ba amogelang tshedimosetso e e theilweng mo Baebeleng e e tswang mo batsading ba ka gana dikgang tse di sokameng tse basha ba bangwe ba ba bolelelang tsone