Meletlo ya Ditiragalo mo Hisitoring ya Iseraele
“Lonna lotlhe lwa gago lo bonale fa pele ga Jehofa Modimo wa gago gararo ka ngwaga, mo felong fa o tlaa go itshenkelang . . . , ba se ka ba bonala fa pele ga Jehofa ba iphotlhere fela.”—DUTERONOME 16:16.
1. Go ka tweng ka dinako tsa meletlo mo metlheng ya Baebele?
KE ENG se se tlang mo mogopolong fa o akanya ka moletlo? Meletlo mengwe mo metlheng ya bogologolo e ne e itsege ka go feteletsa dilo thata le boitsholo jo bo sa siamang. Go ntse jalo le ka meletlo ya metlha ya segompieno. Mme meletlo e e neng e kwaletswe Iseraele mo Molaong wa Modimo e ne e sa nna jalo. Le fa e ne e le dinako tsa boitumelo, e ne e tlhalosiwa gape e le “diphuthego tse di itshepileng.”—Lefitiko 23:2.
2. (a) Banna ba Baiseraele ba ne ba tshwanetse go dira eng gararo ka ngwaga? (b) Jaaka lefoko leno le dirisitswe mo go Duteronome 16:16, “moletlo” ke eng?
2 Banna ba Baiseraele ba ba ikanyegang—gantsi ba tsamaya le malapa a bone—ba ne ba itumelela thata go tsaya loeto go ya Jerusalema, e leng ‘lefelo le Jehofa a le itshenketseng,’ mme ba ne ba ntsha meneelo ka bopelotshweu kwa meletlong e meraro e mogolo. (Duteronome 16:16) Buka ya Old Testament Word Studies e tlhalosa lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “moletlo” mo go Duteronome 16:16 e le “nako ya boitumelo jo bogolo . . . e ka yone go neng go ketekwa dinako tse di kgethegileng tse Modimo a neng a dira bopelonomi ka tsone di ketekwa ka go ntsha ditlhabelo le ka go dira mokete.”a
Boleng Jwa Meletlo e Megolo
3. Meletlo e meraro ya ngwaga le ngwaga e ne e gakolola ka masego afe?
3 E re ka setšhaba sa Baiseraele se ne se tshela thata ka temothuo, se ne se ikaegile ka gore Modimo a ba segofatse ka pula. Meletlo e meraro e megolo mo Molaong wa ga Moshe e ne e nna ka nako ya go phuthiwa ga thobo ya barele mo tshimologong ya dikgakologo, thobo ya korong kwa bofelong jwa dikgakologo le thobo e e setseng kwa bofelong jwa selemo. Dinako tseno e ne e le tsa boitumelo jo bogolo le tsa go leboga Motlamedi wa dipaka tsa pula le Modiri wa naga e e ungwang. Mme meletlo eno e ne e akaretsa mo gontsi thata.—Duteronome 11:11-14.
4. Mo moletlong wa ntlha go ne go ketekwa tiragalo efe e e botlhokwa mo hisitoring?
4 Moletlo wa ntlha o nnile ka kgwedi ya ntlha ya khalendara ya bogologolo ya Baebele, go tloga ka Nisane 15 go ya go 21, e e tsamaisanang le bofelo jwa March mo go rona kana tshimologo ya April. Go ne go twe ke Moletlo wa Dinkgwe Tse di sa Bedisiwang, mme e re ka o ne o tla morago fela ga Tlolaganyo ya Nisane 14, o ne o bidiwa gape “moletlo wa tlolaganyo.” (Luke 2:41; Lefitiko 23:5, 6) Moletlo ono o ne o gakolola Iseraele ka go gololwa ga gagwe mo pogisegong kwa Egepeto, dinkgwe tse di sa bedisiwang di ne di bidiwa “senkgwe sa pogiso.” (Duteronome 16:3) Go ne go ba gakolola gore fa ba ne ba tshaba kwa Egepeto ba ne ba itlhaganetse thata jaana mo e leng gore ba ne ba se na nako ya go tsenya sebediso mo tlhabegong le go leta gore e kokomoge. (Ekesodo 12:34) Ka nako ya moletlo ono go ne go sa tshwanelwa go fitlhelwa senkgwe sepe se se bedisitsweng mo legaeng la Moiseraele. Ope fela yo o neng a keteka moletlo ono, go akaretsa le moeng, yo o neng a ja senkgwe se se bedisitsweng o ne a tshwanetse go otlhaiwa ka loso.—Ekesodo 12:19.
5. Moletlo wa bobedi o ka tswa o ile wa gakolola ka tshiamelo efe, mme ke bomang ba ba neng ba akarediwa mo boitumelong jono?
5 Moletlo wa bobedi o ne o ketekiwa dibeke di le supa (malatsi a le 49) morago ga Nisane 16 mme o ne o wela mo letsatsing la bo6 la kgwedi ya boraro, Sivan, e e tsamaisanang le bofelo jwa May mo go rona. (Lefitiko 23:15, 16) O ne o bidiwa Moletlo wa Dibeke (mo motlheng wa ga Jesu o ne o bidiwa gape Pentekosete, se se rayang “Bosometlhano” ka Segerika), mme o ne o ketekiwa gaufi le nako e e tshwanang ya ngwaga e Baiseraele ba neng ba tsena mo kgolaganong ya Molao kwa Thabeng ya Sinai ka yone. (Ekesodo 19:1, 2) Ka nako ya moletlo ono Baiseraele ba ba ikanyegang ba ka tswa ba ne ba tlhatlhanya ka tshiamelo ya bone ya go tlhaolwa go nna setšhaba sa Modimo se se boitshepo. Go nna ga bone batho ba ba kgethegileng ba Modimo go ne go tlhoka gore ba ikobele Molao wa Modimo, jaaka go tlhokomela molao wa lorato ka ba ba bogang gore le bone ba itumelele moletlo.—Lefitiko 23:22; Duteronome 16:10-12.
6. Moletlo wa boraro o ne wa gakolola batho ba Modimo ka tiragalo efe?
6 Moletlo wa bofelo mo meletlong e megolo e meraro ya ngwaga le ngwaga o ne o bidiwa Moletlo wa go Rora, kana Moletlo wa Diobo. O ne o ketekiwa ka kgwedi ya bosupa, Tishri, kana Ethanim, go tloga ka letsatsi la bo15 go ya go la bo21, le le tsamaisanang le tshimologo ya October mo go rona. (Lefitiko 23:34) Ka nako eno, batho ba Modimo ba ne ba nna ka kwa ntle ga matlo a bone kana mo godimo ga marulelo a bone mo matlwaneng a nakwana (diobo) a a dirilweng ka dikala le matlhare a ditlhare. Seno se ne se ba gakolola ka loeto lwa bone lwa dingwaga di le 40 go tswa kwa Egepeto go ya kwa Nageng e e Solofeditsweng, fa setšhaba seno se ne sa tshwanela go ithuta go ikaega ka Modimo gore a se neye dilo tse se neng se di tlhoka letsatsi le letsatsi.—Lefitiko 23:42, 43; Duteronome 8:15, 16.
7. Re solegelwa molemo jang ka go sekaseka go ketekiwa ga meletlo kwa Iseraeleng wa bogologolo?
7 A re sekasekeng meletlo mengwe e e neng e le ditiragalo tse di botlhokwatlhokwa mo hisitoring ya batho ba Modimo ba bogologolo. Seno se tshwanetse sa re kgothatsa gompieno, ka gonne le rona re lalediwa gore re phuthege mmogo ka metlha beke le beke le gararo ka ngwaga mo dikopanong tse dinnye le tse dikgolo.—Bahebera 10:24, 25.
Mo Motlheng wa Dikgosi Tsa Motlha wa ga Dafide
8. (a) Ke moletlo ofe o o botlhokwa mo hisitoring o o ileng wa ketekiwa mo metlheng ya ga Kgosi Solomone? (b) Re ka lebelela pele go bona tiragatso efe e kgolo ya Moletlo wa Diobo wa tshwantshetso?
8 Mokete o o botlhokwa o o ileng wa ketekiwa ka nako ya Moletlo wa Diobo o ne wa ketekiwa ka nako ya puso e e neng e atlega ya ga Kgosi Solomone, morwa Dafide. “Phuthego e kgolo thata” e ne ya phuthega go tswa kwa dintlheng tse di kgakala tsa Naga e e Solofeditsweng go nna teng mo Moletlong wa Diobo le mo go kgakolweng ga tempele. (2 Ditiragalo 7:8) Fa e ne e weditswe, Kgosi Solomone o ne a tsamaisa sentle ba ba tlileng moletlong ba ba neng ba “boka kgosi, mme ba ya megopeng ya bone ba itumela, ba le pelo e e ipelang ka ntlha ya molemo otlhe o Jehofa o o supeditseng Dafite motlhanka wa gagwe, le Baiseraele batho ba gagwe.” (1 Dikgosi 8:66) Moletlo oo e ne e le tiragalo e e botlhokwatlhokwa eleruri. Gompieno, batlhanka ba Modimo ba lebeletse pele go bona go wediwa go gogolo ga setshwani sa Moletlo wa Diobo kwa bofelong jwa Puso ya Dingwaga di le Sekete tsa ga Solomone yo Mogolwane e bong Jesu Keresete. (Tshenolo 20:3, 7-10, 14, 15) Ka nako eo, batho ba ba nnang mo karolong nngwe le nngwe ya lefatshe, go akaretsa le ba ba tsositsweng mo baswing le ba ba falotseng Aramagedona, ba tla utlwana ka boitumelo mo kobamelong ya ga Jehofa Modimo.—Sekaria 14:16.
9-11. (a) Ke eng se se neng sa dira gore go nne le moletlo o o botlhokwatlhokwa mo metlheng ya ga Kgosi Hesekia? (b) Ba le bantsi ba bogosi jwa merafe e e lesome ba ne ba tlhoma sekao sefe, mme seo se re gakolola ka eng gompieno?
9 Moletlo o mongwe o o tlhomologileng o go begilweng ka one mo Baebeleng o ne wa ketekiwa morago ga puso ya ga Kgosi Ahase yo o boikepo, yo o neng a tswala tempele mme a dira gore bogosi jwa Juda bo tlhanoge. Motlhatlhami wa ga Ahase e ne e le Kgosi Hesekia yo o siameng. Mo ngwageng wa ntlha wa puso ya gagwe, fa a ne a le dingwaga di le 25, Hesekia o ne a simolola thulaganyo e kgolo ya go tsosolosa le go baakanya. O ne a bula tempele ka bonako mme a rulaganya gore e baakanngwe. Morago ga foo kgosi e ne ya romela makwalo kwa Baiseraeleng ba ba neng ba le kwa bogosing jo bo neng bo sa utlwane le bone jwa Iseraele jwa ditso di le lesome kwa bokone, a ba laletsa gore ba tle go keteka Tlolaganyo le Moletlo wa Dinkgwe Tse di sa Bedisiwang. Ba le bantsi ba ne ba tla, le mororo ba ne ba sotliwa ke batho ka bone.—2 Ditiragalo 30:1, 10, 11, 18.
10 A moletlo ono o ile wa atlega? Baebele e bega jaana: “Bana ba Iseraele ba ba mo Jerusalema ba dira modiro wa senkgwe se se sa bedisiwang ka malatsi a supa, ka boitumelo jo bogolo; Balefi le baperesiti ba baka Jehofa ka malatsi otlhe, . . . ka diletso tse di opelelang godimo.” (2 Ditiragalo 30:21) A bo Baiseraele bao ba ne ba tlhoma sekao se se molemo jang ne mo bathong ba Modimo gompieno, bao bontsi jwa bone bo itshokelang kganetso e bile ba tsaya maeto a matelele go nna teng kwa dikopanong tse dikgolo!
11 Ka sekai, akanya ka Dikopano tsa Kgaolo tse tharo tsa “Poifo ya Bomodimo” tse di neng tsa tshwarelwa kwa Poland ka 1989. Mo gare ga batho ba le 166 518 ba ba neng ba le teng go ne go na le ditlhopha tse dikgolo tse di tswang kwa go se pele e neng e le Soviet Union le kwa dinageng tse dingwe tsa Yuropa Botlhaba koo tiro ya Basupi ba ga Jehofa e neng e thibetswe gone ka nako eo. Buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi Jwa Modimo,b e bega jaana: “Mo go ba bangwe ba ba neng ba le teng kwa dikopanong tseno, e ne e le lekgetlho la ntlha ba kileng ba nna teng mo kokoanong e kgolo ya batho ba ga Jehofa ba ba fetang ba le 15 kana ba le 20. Ba ne ba itumela thata fa ba bona masome a diketekete mo ditediamong, ba rapela le bone e bile ba kopanela le bone ka mantswe go baka Jehofa ka dipina.”—Tsebe 279.
12. Ke eng se se neng sa dira gore go nne le moletlo o o botlhokwatlhokwa ka nako ya puso ya ga Kgosi Josia?
12 Morago ga loso lwa ga Hesekia, Bajuda ba ne ba boela gape kwa kobamelong ya maaka kafa tlase ga Kgosi Manase le Kgosi Amone. Morago ga foo go ne ga latela puso ya kgosi e nngwe e e siameng e bong Josia yo mmotlana, yo o neng a tsaya kgato ka bopelokgale go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri. Fa a ne a le dingwaga di le 25, Josia o ne a laela gore tempele e baakanngwe. (2 Ditiragalo 34:8) Fa e ntse e baakanngwa, Molao o o kwadilweng ke Moshe o ne wa bonwa mo tempeleng. Kgosi Josia o ne a kgatlhwa thata ke se a neng a se bala mo Molaong wa Modimo mme a rulaganya gore o balelwe batho botlhe. (2 Ditiragalo 34:14, 30) Go tswa foo, go ya ka se se neng se kwadilwe, o ne a rulaganya gore go ketekiwe Tlolaganyo. Kgosi gape e ne ya tlhoma sekao se se molemo ka go ntshetsa mokete ono moneelo ka bopelotshweu. Ka ntlha ya seo, Baebele e bega jaana: “E sa le ka motlha wa ga Samuele moperofeti go ne go ise go ko go dirwe tlolaganyo epe jaaka yone mo Iseraele.”—2 Ditiragalo 35:7, 17, 18.
13. Meletlo e e neng e ketekiwa ke Hesekia le Josia e re gakolola ka eng gompieno?
13 Diphetogo tse di dirilweng ke Hesekia le Josia di tshwana le go tsosolosiwa go go gakgamatsang ga kobamelo ya boammaaruri go go ileng ga diragala mo Bakereseteng ba boammaaruri fa e sa le Jesu Keresete a tlhomiwa mo setulong sa bogosi ka 1914. Jaaka go ne go ntse segolobogolo ka diphetogo tse di dirilweng ke Josia, go tsosolosiwa ga motlha wa segompieno go ile ga theiwa mo Lefokong le le kwadilweng la Modimo. Mme jaaka go ne go ntse mo metlheng ya ga Hesekia le Josia, tsosoloso ya motlha wa segompieno e bonwa ka dikopano tse dinnye le tse dikgolo koo boporofeti jwa Baebele bo tlhalosiwang ka mokgwa o o kgatlhang e bile go tlhalosiwa ka tsela eo melaometheo ya Baebele e ka dirisiwang ka teng. Se se oketsang boitumelo mo dinakong tseno tsa go rutiwa e nnile palo e kgolo ya ba ba ileng ba kolobediwa. Jaaka Baiseraele ba ba neng ba ikwatlhaya mo motlheng wa ga Hesekia le Josia, ba ba sa tswang go kolobediwa ba ile ba tlogela ditlwaelo tse di sa siamang tsa Labokeresete le lefatshe lotlhe la ga Satane. Ka 1997 ba ba fetang 375 000 ba ile ba kolobediwa go tshwantshetsa boineelo jwa bone mo Modimong yo o boitshepo e bong Jehofa—palogare ya ba ba fetang 1000 ka letsatsi.
Morago ga Bofaladi
14. Ke eng se se neng sa dira gore go nne le moletlo o o botlhokwatlhokwa ka 537 B.C.E.?
14 Morago ga loso lwa ga Josia, setšhaba se ne sa boela gape mo kobamelong e e leswe ya maaka. Kgabagare, ka 607 B.C.E., Jehofa o ne a otlhaya batho ba gagwe ka go dira gore masole a Babilone a tsogele Jerusalema. Motse le tempele ya one di ne tsa senngwa mme naga e ne ya swafadiwa. Morago ga foo Bajuda ba ne ba nna dingwaga di le 70 e le batshwarwa kwa Babilone. Morago ga moo Modimo o ne a tsosolosa masalela a Bajuda a a neng a ikwatlhaya, a a neng a boela kwa Nageng e e Solofeditsweng go ya go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri. Ba ne ba fitlha kwa motseng o o sentsweng wa Jerusalema mo kgweding ya bosupa mo ngwageng wa 537 B.C.E. Selo sa ntlha se ba neng ba se dira e ne e le go tlhoma sebeso go ntsha ditlhabelo tsa letsatsi le letsatsi tsa ka metlha jaaka go tlhalositswe mo kgolaganong ya Molao. Seo se diragetse fela ka nako e e tshwanetseng gore go nne le mokete o mongwe o o botlhokwa mo hisitoring. “Ba dira modiro wa diobo jaaka go kwadilwe.”—Esera 3:1-4.
15. Ke tiro efe e masalela a a tsosolositsweng a neng a tshwanetse go e dira ka 537 B.C.E., mme go ile ga nna jang le boemo jo bo tshwanang ka 1919?
15 Go ne go na le tiro e ntsi e bafaladi bano ba neng ba tshwanetse go e dira—go aga tempele ya Modimo le Jerusalema le mabota a yone sesha. Baagelani ba ba lefufa ba ne ba ba ganetsa thata. Fa tempele e ntse e agiwa, e ne ya nna “motlha wa dilo tse dipotlana.” (Sekaria 4:10) Seemo seno se ne se tshwana le sa Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ka 1919. Mo ngwageng o o botlhokwa oo, ba ne ba gololwa mo botshwarong jwa semoya jwa Babilone o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Ba ne ba le dikete di sekae fela mme ba lebana le lefatshe le le sa ba rateng. A baba ba Modimo ba ne ba ka kgona go emisa go tswelela pele ga kobamelo ya boammaaruri? Karabo ya potso eo e re gakolola ka meletlo e mebedi ya bofelo e e neng ya ketekiwa e go kwadilweng ka yone mo Dikwalong Tsa Sehebera.
16. Ke eng se se neng se tshwaega ka moletlo wa 515 B.C.E.?
16 Kgabagare tempele e ne ya agiwa sesha ka kgwedi ya Adar ya 515 B.C.E., ka nako e e tshwanetseng ya moletlo wa dikgakologo wa Nisane. Baebele e bega jaana: “Ba tshegetsa modiro wa senkgwe se se sa bedisiwang ka malatsi a supa ka boitumelo; gonne Jehofa o na a ba itumedisitse, a sokololetse pelo ya kgosi ya Asiria kwa go bone, go tla a thatafatsa diatla tsa bone mo tirong ya ntlo ya Modimo, Modimo wa Iseraele.”—Esera 6:22.
17, 18. (a) Ke moletlo ofe o o nnileng wa botlhokwatlhokwa o o neng wa fitlhelelwa ka 455 B.C.E.? (b) Re nna jang mo seemong se se tshwanang le seo gompieno?
17 Dingwaga tse 60 moragonyana, ka 455 B.C.E., go ne ga fitlhelelwa motlha o mongwe wa ditiragalo. Moletlo wa Diobo wa ngwaga oo o ne o supa go wediwa ga go agiwa sesha ga mabota a Jerusalema. Baebele e bega jaana: “Phuthego yotlhe ya ba ba boileng ba tswa kwa botshwarong ba dira diobo, ba nna mo diobong; gonne e sa le ka motlha wa ga Jošua morwa Nune le go tla letsatsi leo, bana ba Iseraele ba ne ba ise ba ke ba dire jalo. Mme ga nna boitumelo jo bogolo.”—Nehemia 8:17.
18 A bo e nnile go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri ya Modimo ka tsela e e molemo jang ne go sa kgathalesege kganetso e e botlhoko! Boemo bo a tshwana gompieno. Go sa kgathalesege dipogiso tse dintsi le kganetso, tiro e kgolo ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo e fitlhile kwa dikhutlong tsa lefatshe, mme melaetsa ya Modimo ya katlholo e ile ya itsisiwe gotlhe. (Mathaio 24:14) Go kanwa ga bofelo ga ba ba setseng ba ba 144 000 ba ba tloditsweng go a atamela. Ditsala tsa bone tse di fetang dimilione di le tlhano tsa “dinku tse dingwe” di ile tsa phuthiwa go tswa mo ditšhabeng tsotlhe go nna “letsomane le lengwe” le masalela a a tloditsweng. (Johane 10:16; Tshenolo 7:3, 9, 10) A bo e le go diragadiwa go gontle jang ne ga setshwantsho sa boporofeti sa Moletlo wa Diobo! Mme tiro e kgolo eno ya go phutha e tla tswelela pele go fitlha mo lefatsheng le lesha fa dimilione di le sekete tsa ba ba tsositsweng mo baswing ba tla bo ba lalediwa go keteka mmogo Moletlo wa Diobo wa tshwantshetso.—Sekaria 14:16-19.
Mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga C.E.
19. Ke eng se se neng sa dira gore Moletlo wa Diobo ka 32 C.E. o tlhomologe?
19 Kwantle ga pelaelo mengwe ya meletlo e e tlhomologileng thata e e kileng ya ketekiwa e go kwadilweng ka yone mo Baebeleng e ne e le e Morwa Modimo, Jesu Keresete a nnileng teng kwa go yone. Ka sekai, akanya ka nako ya fa Jesu a le kwa Moletlong wa Diobo (kana wa Metlaagana) mo ngwageng wa 32 C.E. O ne a dirisa nako eo go ruta boammaaruri jo bo botlhokwa mme a tshegetsa thuto ya gagwe ka go nopola mo Dikwalong Tsa Sehebera. (Johane 7:2, 14, 37-39) Karolo e e tlwaelegileng ya moletlo ono e ne e le mokgwa wa go bonesa ditlhomo tse dikgolo tsa dipone tse nnè mo lolwapeng lo lo kwa teng lwa tempele. Seno se ne se dira gore ba itumelele dilo tse di neng di dirwa kwa moletlong tse di neng di tswelela pele go fitlha go nna bosigo. Go bonala Jesu a ne a bua ka dipone tse dikgolo tseno fa a ne a bolela jaana: “Ke nna lesedi la lefatshe. Yo o ntshalang morago ga a kitla a tsamaya mo lefifing ka gope, mme o tla rua lesedi la botshelo.”—Johane 8:12.
20. Ke ka ntlha yang fa Tlolaganyo e ne e tlhomologile ka 33 C.E.?
20 Morago ga moo ga latela Tlolaganyo le Moletlo wa Dinkgwe Tse di sa Bedisiwang tsa ngwaga o o botlhokwa wa 33 C.E. Ka Letsatsi leo la Tlolaganyo, Jesu o ne a bolawa ke baba ba gagwe mme a nna Kwana ya tshwantshetso ya Tlolaganyo, e e neng ya swa go tlosa “boleo jwa lefatshe.” (Johane 1:29; 1 Bakorintha 5:7) Malatsi a le mararo moragonyana, ka Nisane 16, Modimo o ne a tsosa Jesu ka mmele o o sa sweng wa semoya. Seno se ne se tsamaisana le go ntshiwa ga mabutswapele a thobo ya barele jaaka go ne go tlhalositswe mo Molaong. Ka jalo, Morena Jesu Keresete yo o tsositsweng o ne a nna “mabutswapele a ba ba robetseng mo losong.”—1 Bakorintha 15:20.
21. Go ne ga diragala eng ka Pentekosete ka 33 C.E.?
21 Moletlo o o neng o tlhomologile thata e ne e le wa Pentekosete ya 33 C.E. Ka letsatsi leno Bajuda le basokologi ba le bantsi ba ne ba phuthegetse kwa Jerusalema, go akaretsa le barutwa ba ga Jesu ba ba ka nnang 120. Fa moletlo o ntse o tsweletse, Morena Jesu Keresete yo o tsositsweng o ne a tshololela moya wa Modimo o o boitshepo mo godimo ga ba le 120. (Ditiro 1:15; 2:1-4, 33) Ka tsela eo ba ne ba tlodiwa go nna setšhaba sa Modimo se sesha se se tlhophilweng ka kgolagano e ntšha e Jesu Keresete e leng motsereganyi wa yone. Ka nako ya moletlo oo moperesiti yo mogolo wa Mojuda o ne a ntshetsa Modimo dinkgwe tse pedi tse di bedisitsweng tse di dirilweng ka mabutswapele a thobo ya korong. (Lefitiko 23:15-17) Dinkgwe tse di bedisitsweng tseno di tshwantshetsa batho ba ba sa itekanelang ba ba 144 000 ba Jesu a ba ‘reketseng Modimo’ gore ba mo direle e le “bogosi le baperesiti . . . [gore ba buse] e le dikgosi godimo ga lefatshe.” (Tshenolo 5:9, 10; 14:1, 3) Lebaka la go bo babusi bano ba legodimo ba tswa mo dikarolong tse pedi tsa batho ba ba leofileng, Bajuda le Baditšhaba, le bone ba ka tshwantshediwa ke dinkgwe tse pedi tse di bedisitsweng.
22. (a) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba sa keteke meletlo ya kgolagano ya Molao? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?
22 Fa kgolagano e ntšha e simolola go dira ka Pentekosete ya 33 C.E., go ne go raya gore kgolagano e kgologolo ya Molao ga e tlhole e le botlhokwa mo matlhong a Modimo. (2 Bakorintha 3:14; Bahebera 9:15; 10:16) Seo ga se reye gore Bakeresete ba ba tloditsweng ga ba na molao. Ba nna kafa tlase ga molao wa Modimo o o rutiwang ke Jesu Keresete mme o kwadilwe mo dipelong tsa bone. (Bagalatia 6:2) Ka jalo, meletlo e meraro ya ngwaga le ngwaga, e e neng e le karolo ya kgolagano e kgologolo ya Molao, ga e ketekiwe ke Bakeresete. (Bakolosa 2:16, 17) Le fa go ntse jalo, re ka ithuta mo gontsi ka tsela e batlhanka ba Modimo ba motlha wa pele ga Bokeresete ba neng ba ikutlwa ka teng malebana le meletlo ya bone le dipokano tse dingwe tsa kobamelo. Mo setlhogong sa rona se se latelang, re tla sekaseka dikai tse kwantle ga pelaelo di tla re tlhotlheletsang rotlhe go anaanela botlhokwa jwa go nna teng ka metlha mo dikokoanong tsa Bokeresete.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona gape Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., Bolumo 1, tsebe 820, kholomo 1, dirapa 1 le 3, kafa tlase ga “Festival.”
b E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
Dipotso Tsa Poeletso
◻ Boikaelelo jwa meletlo e meraro e megolo ya Iseraele e ne e le bofe?
◻ Meletlo ya metlha ya ga Hesekia le Josia e ne e lemotshega ka eng?
◻ Go ne ga ketekiwa tiragalo efe e e botlhokwatlhokwa ka 455 B.C.E., mme ke ka ntlha yang fa seo se re kgothatsa?
◻ Ke eng se se neng se le botlhokwa ka Tlolaganyo le Pentekosete ka 33 C.E.?
[Lebokoso mo go tsebe 12]
Thuto ya Meletlo mo go Rona Gompieno
Botlhe ba ba tla solegelwang molemo ka bosakhutleng ke setlhabelo sa ga Jesu se se tlosang boleo ba tshwanetse go tshela tumalanong le se se tshwantshediwang ke Moletlo wa Dinkgwe Tse di sa Bedisiwang. Moletlo ono wa tshwantshetso ke mokete o o itumedisang o Bakeresete ba ba tloditsweng ba o ketekang ka go bo ba golotswe mo lefatsheng le le boikepo leno le ka go bo ba golotswe mo tshekisong ya boleo ka thekololo ya ga Jesu. (Bagalatia 1:4; Bakolosa 1:13, 14) Moletlo wa mmatota o ne wa nna malatsi a le supa—palo e e dirisiwang mo Baebeleng go tshwantshetsa go felela ka tsela ya semoya. Moletlo wa tshwantshetso o ka nna ka sebaka sotlhe se phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e leng mo lefatsheng ka sone mme o tshwanetse wa ketekiwa ka “bopeloephepa le boammaaruri.” Se se rayang gore ba tshwanetse ka metlha ba ntsha matlho dinameng go bona sebediso sa tshwantshetso. Mo Baebeleng sebediso se dirisiwa go tshwantshetsa dithuto tse di senyegileng, boitimokanyi le bomaswe. Baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa ba tshwanetse go ila sebediso se se ntseng jalo, ba sa se letle go leswafatsa matshelo a bone e bile ba sa se letle go senya boitsheko jwa phuthego ya Bokeresete.—1 Bakorintha 5:6-8; Mathaio 16:6, 12.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Go ne go ntshiwa ngata ya thobo ya barele e ntšha ngwaga le ngwaga ka Nisane 16, ka letsatsi le Jesu a neng a tsosiwa ka lone
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Jesu o ka tswa a ne a bua ka dipone tsa moletlo fa a ne a ipitsa “lesedi la lefatshe”