LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 3/1 ts. 20-24
  • Ke Leboga Boswa jo bo Nonofileng Jwa Bokeresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Leboga Boswa jo bo Nonofileng Jwa Bokeresete
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhoafalela Boammaaruri Jwa Baebele ga ga Rre
  • Kgwetlho ya Dingwaga Tsa Ntwa
  • Ke ne Ke Ipaakanyeditse go Araba
  • Taletso e e Neng e sa Lebelelwa
  • Dikabelo Tsa Borongwa
  • Go Fetola Dikabelo
  • Tiro Kwa Nigeria
  • Go Tshegediwa ke Tsholofelo ya Rona
  • Jehofa o re Naya Maatla ka Nako ya Ntwa le fa Maemo a Ritibetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Jehofa ke Botshabelo Jwa me le Thata ya Me
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Botshelo Jwa me mo Phuthegong E E Laolwang ke Moya wa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Karolo 4—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 3/1 ts. 20-24

Ke Leboga Boswa jo bo Nonofileng Jwa Bokeresete

JAAKA GO BOLETSE GWEN GOOCH

Kwa sekolong ke ne ke opela sefela sengwe se se neng se na le mafoko ano, ‘Jehofa yo Mogolo o mo setulong sa bogosi mo kgalalelong ya gagwe.’ Ke ne ke tlhola ke ipotsa gore, ‘Jehofa yono ke mang?’

RREMOGOLO le mmemogolo ba ne ba boifa Modimo. Kwa masimologong a lekgolo leno la dingwaga, ba ne ba kopanela le Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe ka nako eo. Rre o ne a atlega thata mo kgwebong mme kwa tshimologong a se ka a fetisetsa boswa jo a bo neilweng jwa Bokeresete mo baneng ba gagwe ba bararo.

E nnile fela fa Rre a sena go neela nkgonne, Douglas, nnake, Anne le nna dibukana tse di nang le ditlhogo tse di reng His Works le Who Is God? mo ke neng ka ithuta gore Jehofa ke leina la Modimo wa boammaaruri. (Pesalema 83:18) Ke ne ke itumetse! Mme ke eng se se neng sa tsosolosa kgatlhego ya ga Rre?

Ka 1938, fa a ne a bona gore ditšhaba di ne di ipaakanyetsa ntwa, Rre o ne a lemoga gore go tlile go tlhoka maiteko a a fetang a motho go rarabolola mathata ano a lefatshe. Mmemogolo o ne a mo naya buka ya Enemies, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Fa a e bala, o ne a ithuta gore mmaba wa mmatota wa batho ke Satane Diabolo le gore ke Bogosi jwa Modimo fela jo bo ka tlisang kagiso ya lefatshe.a—Daniele 2:44; 2 Bakorintha 4:4.

Fa ntwa e setse e le gaufi, lelapa la gaetsho le ne la simolola go ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa kwa Wood Green, kwa Lontone Bokone. Ka June 1939 re ne ra ya Alexandra Palace e e neng e le gaufi le kwa gae go ya go reetsa puo ya phatlalatsa e e reng, “Puso le Kagiso,” e e neng e neelwa ke Joseph F. Rutherford, yo ka nako eo e neng e le moporesidente wa Mokgatlho wa Watch Tower. Puo ya ga Rutherford kwa Madison Square Garden kwa New York City e ne ya anamisediwa kwa Lontone le kwa metseng e mengwe e megolo ka radio. Re ne re kgona go utlwa puo sentle mo e neng ya re fa segopa sa diganana kwa New York se ne se baka pheretlhego, ke ne ka lebaleba go bona gore a ga go diragale mo holong ya rona!

Go Tlhoafalela Boammaaruri Jwa Baebele ga ga Rre

Rre o ne a tlhomamisa gore Matlhatso mongwe le mongwe maitseboa lelapa la gaetsho lotlhe le kopanele mo thutong ya Baebele. Re ne re ithuta setlhogo sa Baebele se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo se go neng go tlile go tlotliwa ka sone mo letsatsing le le latelang. Go bontsha fela kafa dithuto tseno di neng di nkama ka teng, le gompieno jaana ke sa ntse ke gakologelwa sentle pego ka ga Joshua le ya go gapiwa ga motse wa Ai tse di neng tsa tlotliwa mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 1, 1939, (ka Seesemane). Ke ne ke kgatlhilwe thata ke polelo eno mo ke neng ka tlhatlhoba ditshupiso tsotlhe tsa yone mo Baebeleng ya me. Ke ne ka fitlhela patlisiso eno e kgatlha tota—mme e sa ntse e kgatlha le gone jaanong.

Go abela ba bangwe se re se ithutileng go ne ga nweleletsa dithuto tsa Baebele mo pelong ya me. Letsatsi lengwe Rre o ne a nneela fonokerafa e na le thuto ya Baebele e e rekotilweng, bukana e re neng re e dirisa go tshwara thuto ya Baebele, le aterese ya mosadi mongwe yo o godileng. Go tswa foo o ne a nkopa gore ke mo etele.

Ke ne ka botsa jaana: “Ke tlile go bua ke reng, mme ke eng se ke tshwanetseng go se dira?”

“Sengwe le sengwe se moo,” Rre o ne a araba jalo. “Wena tshameka rekoto fela, bala dipotso, mme mong wa ntlo a bale dikarabo, mme go tswa foo o bale dikwalo.”

Ke ne ka dira jaaka a mpoleletse, mme ka tsela eno ke ne ka ithuta go tshwara thuto ya Baebele. Ka go dirisa Dikwalo jalo mo bodireding jwa me, ke ne ka simolola go di tlhaloganya botoka.

Kgwetlho ya Dingwaga Tsa Ntwa

Ntwa ya Lefatshe II e ne ya tlhagoga ka 1939, mme mo ngwageng o o latelang ke ne ka kolobediwa ke tshwantshetsa boineelo jwa me gore ke direle Jehofa. Ke ne ke na le dingwaga di le 13 fela. Ke ne ka swetsa ka nako eo gore ke nne mmulatsela, jaaka badiredi ba nako e e tletseng ba bidiwa. Ke ne ka tswa mo sekolong ka 1941 mme kwa kopanong ya Leicester ke ne ka dira mmogo le Douglas mo tirong ya go rera ya nako e e tletseng.

Mo ngwageng o o latelang, Rre o ne a tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya go gana go ya ntweng ka ntlha ya segakolodi. Rona bana re ne ra tla go thusa mmè, re mo thusa go tlhokomela legae la rona mo nakong eo e e thata ya ntwa. Morago ga moo, fela fa Rre a sena go gololwa kwa kgolegelong, Douglas o ne a bilediwa tirelo ya sesole. Setlhogo sengwe sa pampiri ya dikgang ya kwa gae se ne se re, “Lebaka La go Bo Morwa A ne A Etsa Rraagwe go Itlhophela go ya Kwa Kgolegelong.” Seno se ne sa neela bosupi jo bo molemo, e re ka go ne ga bula sebaka sa go tlhalosa lebaka la go bo Bakeresete ba boammaaruri ba sa nne le seabe mo go bolayeng bangkabone.—Johane 13:35; 1 Johane 3:10-12.

Mo dingwageng tseo tsa ntwa, Basupi ba le bantsi ba ba neng ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng ba ne ba etela kwa gaetsho thata, mme metlotlo ya bone e e agang e e theilweng mo Baebeleng e ne e nnela ruri mo mogopolong. Bangwe ba bakaulengwe bano ba ba ikanyegang ba Bakeresete e ne e le John Barr le Albert Schroeder, ba jaanong e leng maloko a Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Batsadi ba me ba ne ba rata go amogela baeng tota, mme ba ne ba re ruta go dira se se tshwanang.—Bahebera 13:2.

Ke ne Ke Ipaakanyeditse go Araba

E ne ya re fela fa ke sena go simolola go bula tsela, ke ne ka kopana le Hilda mo bodireding jwa ntlo le ntlo. O ne a bolela jaana a galefile: “Monna wa me ga a yo o ile go lo lwela kwa ntweng! Ke ka ntlha yang fa lo sa dire sengwe go thusa mo maitekong a ntwa?”

“O itse go le kana kang ka se ke se dirang?” ke ne ka botsa jalo. “A o itse lebaka la go bo ke tlile mo go wena?”

O ne a araba jaana: “Tsena o tle go mpolelela.”

Ke ne ka kgona go mo tlhalosetsa gore re neela batho ba ba bogang ka ntlha ya ditiro tse di boifisang tse di neng di dirwa, tsholofelo ya boammaaruri—gantsi di dirwa mo leineng la Modimo. Hilda o ne a reetsa ka tsela e e bontshang kanaanelo, mme a nna motho wa ntlha ke mo tshwarela thuto ya Baebele ka metlha. O ntse a le Mosupi yo o matlhagatlhaga ka dingwaga tse di fetang 55 jaanong.

Fa ntwa e fela, ke ne ka amogela kabelo e ntšha ya bobulatsela kwa Dorchester, toropo e e ka fa borwabophirima jwa Engelane. E ne e le la ntlha ke nna kgakala le kwa gae. Phuthego ya rona e nnye e ne e kopanela mo resetšhurenteng, mo kagong nngwe ya lekgolo la bo16 la dingwaga e e neng e bidiwa “The Old Tea House.” Re ne re tshwanelwa ke go baakanya sesha ditafole le ditulo nako le nako fa re tshwara dipokano. E ne e farologane thata le Holo ya Bogosi e ke neng ke e tlwaetse. Le fa go ntse jalo, dijo tse di tshwanang tsa semoya le botsalano jo bo lorato jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete di ne di le teng.

Fa go ntse go le jalo, batsadi ba me ba ne ba fudugela kwa Tunbridge Wells, kwa borwa jwa Lontone. Ke ne ka boela kwa gae gore nna, Rre le Anne re kgone go bula tsela mmogo. Go ise go ye kae, phuthego ya rona e ne ya gola go tswa mo Basuping ba le 12 go ya kwa go ba le 70, ka jalo lelapa la gaetsho le ne la kopiwa go fudugela kwa Brighton e e ka fa losing lwa borwa, koo go neng go tlhokega thata baboledi ba Bogosi. Ba le bantsi ba ne ba kopanela ka tlhoafalo mo go rereng mmogo le lelapa la gaetsho le le neng le bula tsela, mme re ne ra bona Jehofa a segofatsa thata tiro ya rona. Go ise go ye kae phuthego e le nngwe e ne ya gola tsa ba tsa nna tharo!

Taletso e e Neng e sa Lebelelwa

Ka selemo sa 1950, lelapa la gaetsho e ne e le lengwe la bayakopanong ba le 850 ba ba tswang kwa Boritane ba ba neng ba le gone kwa Kopanong ya Boditšhabatšhaba ya Koketsego ya Puso ya Modimo kwa Setadiamong sa Yankee kwa New York City. Babulatsela ba le bantsi ba ba neng ba tla kwa kopanong eo ba tswa kwa dinageng tse dingwe ba ne ba romeletswe kopo ya go nna gone kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileate, se se neng se le gaufi le South Lansing, kwa New York. Nna, Douglas le Anne, re ne re le bangwe ba bone! Ke gakologelwa ke akanya jaana fa ke ne ke latlhela kopo ya me e e tladitsweng mo posong, ‘Tota jaanong ke ititeile sehuba! Botshelo jwa me bo lebile kae?’ Le fa go ntse jalo ke ne ke ikemiseditse jaana: “Ke fano, roma nna.” (Isaia 6:8) Ke ne ke itumetse tota fa ke amogela taletso e e reng ke sale kwa morago ga kopano gore ke nne gone mo setlhopheng sa bo16 sa Gileate, mmogo le Douglas le Anne. Rotlhe re ne re lemoga gore re ka isiwa kwa karolong epe fela ya lefatshe go ya go nna barongwa gone.

Fa re sena go itumelela kopano mmogo re le lelapa, nako e ne ya tla ya gore batsadi ba rona ba boele kwa Engelane—ba le bosi. Ka boraro jwa rona re ne ra ba tsamaisa sentle fa ba ya gae ka sekepe sa Mauritania. A bo e ne e le kgaogano e e amang maikutlo jang ne!

Dikabelo Tsa Borongwa

Setlhopha sa bo16 sa Gileate se ne se na le baithuti ba le 120 ba ba neng ba tswa kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, go akaretsa le ba ba neng ba boga kwa dikampeng tsa Bonasi tsa pogisetso. E re ka setlhopha sa rona se ne se rutwa Sepanishe, re ne re lebeletse gore re tla abelwa kwa nageng nngwe e go buiwang Sepanishe gone kwa Amerika Borwa. Akanya fela gore re ne ra gakgamala jang mo letsatsing la kaloso fa re ne re utlwa gore Douglas o abetswe kwa Japane mme nna le Anne re abetswe kwa Syria. Ka jalo rona basetsana re ne re tshwanetse go ithuta Searabea, mme seno se ne sa nna jalo tota le fa kabelo ya rona e ne e fetolwa e nna Lebanon. Fa re ntse re emetse di-visa tsa rona, re ne re rutiwa Searabea gabedi mo bekeng ke George Shakashiri, morulaganyi wa ditlhaka tsa Tora ya Tebelo ya Searabea wa Mokgatlho wa Watch Tower.

A bo go ne go itumedisa jang ne go ya kwa lefatsheng la Baebele le re ithutileng ka lone mo tlelaseng! Keith le Joyce Chew, Edna Stackhouse, Olive Turner, Doreen Warburton le Doris Wood ba ne ba tsamaya le rona go ya koo. A bo re ile ra nna lelapa le le itumetseng jang ne la barongwa! Mosupi mongwe wa lefelo leo o ne a etela legae la rona la barongwa gore a re thuse thata ka puo. Mo nakong ya rona ya go ithuta ya letsatsi le letsatsi, re ne re ithuta go neela puisano e khutshwane, mme morago ga moo re bo re tswa re ya go e dirisa mo tirong ya rona ya go rera.

Dingwaga tsa rona tsa ntlha re ne re le kwa Tripoli, koo go neng go setse go tlhomilwe phuthego gone. Nna le Joyce, Edna, Olive, Doreen, Doris, le Anne re ne re thusa basadi le barwadi ba Basupi ba lefelo leo gore ba nne le seabe kwa dipokanong le mo bodireding jwa phatlalatsa. Go fitlha ka nako eo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete, ba ne ba sa nne mmogo kwa dipokanong, jaaka e ne e le tlwaelo mo lefelong leo, mme e ne e se gantsi bokgaitsadi bano ba Bakeresete ba neng ba nna le seabe mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Re ne re tlhoka gore ba re thuse ka puo fa re rera phatlalatsa, mme re ne ra ba kgothaletsa gore ba nne le seabe mo tirong eno ka bobone.

Nna le Anne re ne ra abelwa gape go ya go thusa setlhotshwana sa Basupi kwa motseng wa bogologolo wa Sidon. Go ise go ye kae, re ne ra kopiwa go boela kwa motsemogolong, kwa Beirut. Dipeo tsa boammaaruri jwa Baebele di ne di jadilwe mo bathong ba ba neng ba bua Se-Armenia, ka jalo re ne ra ithuta puo eo gore re ba thuse.

Go Fetola Dikabelo

Ke ne ke kile ka kopana le Wilfred Gooch pele ke tswa kwa Engelane. E ne e le mokaulengwe yo o tlhoafetseng, a le motho yo o amegang ka ba bangwe yo o neng a direla kwa Bethele ya Lontone. Wilf e ne e le leloko la setlhopha sa bo15 sa Gileate, se se neng sa aloga ka nako ya kopano ya Setadiamo sa Yankee ka 1950. Kabelo ya gagwe ya borongwa e ne e le go ya go direla kwa ofising ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower kwa Nigeria, mme re ne re kwalelana ka nakwana. Ka 1955 re ne ra nna gone kwa kopanong ya “Bogosi jo bo Fenyang” kwa Lontone mmogo, mme ka bonako fela morago ga moo re ne ra beeletsana. Mo ngwageng o o latelang re ne ra nyalana kwa Ghana, mme ke ne ka direla le Wilf mo kabelong ya gagwe ya borongwa kwa Lagos, kwa Nigeria.

Fa ke sena go tlogela Anne kwa Lebanon, o ne a nyalwa ke mokaulengwe mongwe yo o molemo wa Mokeresete yo o neng a ithuta boammaaruri jwa Baebele kwa Jerusalema. Batsadi ba me ba ne ba se ka ba kgona go nna gone kwa manyalong a rona, e re ka nna, Douglas le Anne, re ne ra nyalela kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Le fa go ntse jalo, ba ne ba kgotsofetse go itse gore rotlhe re itumelela go direla Modimo wa rona, Jehofa.

Tiro Kwa Nigeria

Kwa ofising ya lekala kwa Lagos, ke ne ke abetswe go phepafatsa dikamore tsa maloko a le robedi a lelapa la lekala la rona mmogo le go ba apeela le go ba tlhatswetsa. Ke ne ke bona e kete ga ke a bona monna fela mme gape ke bone lelapa ka ponyo ya leitlho!

Nna le Wilf re ne ra ithuta dipuisano tse dikhutshwane tsa Baebele ka puo ya Seyoruba, mme maiteko a rona a ne a duelwa. Moithuti mongwe yo mosha yo re neng ra buisana le ene jaanong o na le morwa le morwadi ba ba direlang mo lelapeng le legolo la Bethele le le nang le maloko a le 400 la Nigeria.

Ka 1963, Wilf o ne a amogela taletso ya go nna gone mo khosong ya thuto e e kgethegileng e e neng e tsaya dikgwedi tse di lesome kwa Brooklyn, New York. Fa a sena go e fetsa, o ne a abelwa gape go ya go direla kwa Engelane a sa lebelela. Ke ne ke setse kwa Nigeria mme ke ne ka neelwa malatsi a le 14 fela gore ke kopane le Wilf kwa Lontone. Ke ne ka tloga koo ke tlhakatlhakane maikutlo, e re ka Nigeria e ne e le kabelo e e monate thata. Morago ga go direla kwa dinageng di sele ka dingwaga tse 14, go ne ga ntsaya nako go boela gape mo botshelong jwa Engelane. Le fa go ntse jalo, re ne re lebogela gore gape re gaufi le batsadi ba rona ba ba neng ba godile mme re kgona go ba tlhokomela.

Go Tshegediwa ke Tsholofelo ya Rona

Go tloga ka 1980, ke ne ka nna le tshiamelo ya go tsamaya le Wilf fa a etela dinaga di le dintsi e le molebedi wa makala. Mme thatathata ke ne ke lebile pele go etela gape kwa Nigeria. Gape morago ga moo re ne ra ya kwa Scandinavia, kwa West Indies, le kwa Botlhabagare—go akaretsa le Lebanon. Go ne go itumedisa tota go gakologelwa gape dilo tse di neng di itumedisa le go bona batho ba ke neng ke ba itse fa ba sa ntse ba le mo dingwageng tsa bolesome, ba direla e le bagolwane ba Bakeresete.

Ka bomadimabe, monna wa me yo o rategang o ne a tlhokafala ka dikgakologo tsa 1992. O ne a na le dingwaga di le 69 fela. Totatota go ne go le botlhoko thata e re ka go ne ga diragala ka tshoganyetso fela. Morago ga dingwaga tse 35 re nyalane, go ntsere nako go fetoga. Mme ke ne ka thusiwa thata le go bontshiwa lorato ke lelapa la me la Bokeresete la lefatshe lotlhe. Ke nnile le maitemogelo a le mantsi thata a nka a gopolang.

Batsadi ba me ka bobedi ba ne ba tlhoma sekao se se molemo sa bothokgami jwa Bokeresete. Mmè o ne a tlhokafala ka 1981 mme Rre o ne a tlhokafala ka 1986. Douglas le Anne ba tswelela pele ba direla Jehofa ka boikanyegi. Douglas le mosadi wa gagwe Kam, ba boetse kwa Lontone, koo ba neng ba nna gone morago ga go tlhokomela Rre. Anne le lelapa la gagwe ba kwa United States. Rotlhe re anaanela thata tsholofelo le boswa jwa rona jo re bo neilweng ke Modimo. Re tswelela pele re ‘solofela,’ re lebile pele kwa nakong e batshedi, mmogo le baratiwa ba bone ba ba tsositsweng, ba tla bong ba dira mmogo ka bosakhutleng mmogo e le maloko a lelapa la ga Jehofa a mo lefatsheng.—Dikhutsafalo 3:24.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Kgang ya botshelo jwa ga rre, e bong Ernest Beavor, e tlhagile mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 15, 1980 (ka Seesemane).

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Go tloga molemeng kwa godimo go ya mojeng:

Gwen a na le dingwaga di le 13 a bontsha kafa go tshwarwang thuto ka teng kwa Holong ya Bogosi ya kwa Enfield

Lelapa la barongwa kwa Tripoli, Lebanon, 1951

Gwen le monna wa gagwe Wilf, yo o tlhokafetseng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela