Buka e e Tswang Kwa Modimong
“Ga go ka nako epe boporofeti bo neng jwa tlisiwa ka thato ya motho, mme batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.”—2 PETERE 1:21.
1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa bangwe ba belaela gore Baebele e a dira mo botshelong jwa gompieno? (b) Re ka dirisa mabaka afe a mararo a a bontshang gore Baebele e tswa kwa Modimong?
ABAEBELE e a dira le mo bathong ba ba tlogang ba tsena mo lekgolong la bo21 la dingwaga? Bangwe ga ba akanye jalo. “Ga go na ope yo o ka buelelang gore kgatiso ya 1924 ya [buka]thuto ya khemiseteri e dirisiwe mo setlhopheng sa gompieno sa khemiseteri—go ithutilwe dilo di le dintsi thata ka khemiseteri fa e sa le ka nako eo,” go ne ga kwala jalo Dr. Eli S. Chesen, fa a tlhalosa lebaka la go bo a ne a akanya gore Baebele e siilwe ke nako. Go ka lebega e kete kgopolo eno e a utlwala. Gone mme, batho ba ithutile dilo di le dintsi ka saense, boitekanelo jwa tlhaloganyo le ka boitshwaro jwa batho fa e sa le Baebele e kwalwa. Ka jalo, bangwe ba ipotsa jaana: ‘Go ka tla jang gore buka ya bogologolo jaana e bo e se na diphoso mo dilong tsa saense? E ka nna jang le kgakololo e e ka nnang mosola mo botshelong jwa gompieno?’
2 Baebele ka boyone e neela karabo. Mo go 2 Petere 1:21, re bolelelwa gore baporofeti ba Baebele ba ne ba “bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.” Ka jalo Baebele e bontsha gore ke buka e e tswang kwa Modimong. Le fa go ntse jalo, re ka tlhatswa ba bangwe pelo jang gore go ntse jalo? A re sekasekeng mabaka a le mararo a a bontshang gore Baebele ke Lefoko la Modimo: (1) E bua boammaaruri le mo dilong tsa saense, (2) e na le melaometheo e e sa felelweng ke nako e e mosola mo botshelong jwa gompieno, e bile (3) e na le boporofeti jo bo kgethegileng jo bo ileng jwa diragadiwa, jaaka go supilwe ke mabaka a hisitori.
Buka e e Dumalanang le Saense
3. Ke ka ntlha yang fa Baebele e ile ya se ka ya tshosediwa ke dilo tse di ribolotsweng ke saense?
3 Baebele ga se bukathuto ya saense. Le fa go ntse jalo, ke buka ya boammaaruri mme boammaaruri ga bo fetofetoge fa nako e ntse e tsamaya. (Johane 17:17) Baebele ga e ise e ko e tshosediwe ke dilo tse di ribolotsweng ke saense. Fa e umaka dikgang tse di amanang le saense, ga e na megopolo epe ya bogologolo ya “saense” e e ileng ya itshupa e le ditlhamane fela. Tota e bile, e na le dipolelelo tse e leng gore, ga se fela gore di a utlwala go ya ka saense mme gape di ganetsa gotlhelele megopolo e e neng e dumelwa ka nako eo. Akanya ka sekai, go dumalana go go leng teng fa gare ga Baebele le saense ya kalafi.
4, 5. (a) Ke eng se dingaka tsa bogologolo di neng di sa se tlhaloganye ka malwetse? (b) Ke eng go sa belaetsege gore Moshe o ne a tlwaelane le ditsela tsa kalafi tse di neng di dirisiwa ke dingaka tsa Egepeto?
4 Dingaka tsa bogologolo di ne di sa tlhaloganye ka botlalo gore bolwetse bo anama jang, e bile ba ne ba sa lemoge botlhokwa jwa go tlosa leswe go thibela malwetse. Ditsela di le dintsi tsa go alafa tsa bogologolo di ne di ka bonala e le tsa boeleele fa di lejwa go ya ka tse di dirisiwang gompieno. Nngwe ya mekwalo ya bogologolo thata ya tsa kalafi e e leng teng ke Ebers Papyrus, e e kgobokantseng kitso yotlhe ya kalafi ya Seegepeto, ya go tloga ka mo e ka nnang ka 1550 B.C.E. E na le dipheko di le 700 tsa matlhoko a a farologaneng, “go simologa ka go longwa ke kwena go ya go botlhoko jwa lenala la monwana wa leoto.” Bontsi jwa dikalafi tseno di ne di sa bereke, mme dingwe tsa tsone di ne di le kotsi thata. Go alafa ntho, nngwe ya ditaelo tsa kalafi e ne e buelela gore go tshasiwe motswako wa mantle a motho le dilo tse dingwe.
5 Buka eno ya dipheko tsa kalafi tsa Seegepeto e ne e kwadilwe mo e ka nnang ka nako e e tshwanang le dibuka tsa ntlha tsa Baebele, tse di neng di akaretsa Molao wa ga Moshe. Moshe yo o neng a tsholwa ka 1593 B.C.E., o ne a golela kwa Egepeto. (Ekesodo 2:1-10) E re ka a ne a godisitswe mo ntlong ya ga Faro, Moshe o ne a “laiwa ka botlhale jotlhe jwa Baegepeto.” (Ditiro 7:22) O ne a itse “dingaka” tsa Egepeto. (Genesise 50:1-3) A dikalafi tsa bone tse di sa berekeng kana tse di kotsi di ne tsa tlhotlheletsa se a neng a se kwala?
6. Ke molao ofe wa boitekanelo mo Molaong wa ga Moshe o saense ya kalafi ya gompieno e ka o lebang o le molemo?
6 Go farologana le seo, Molao wa ga Moshe o ne o akaretsa ditao tsa go latlha leswe tse kalafi ya saense ya segompieno e ka di tsayang e le tse di utlwalang. Ka sekai, molao o o malebana le bothibelelo jwa sesole o ne o laela gore mantle a epelwe ka kwa ntle ga bothibelelo. (Duteronome 23:13) Mokgwa ono e ne e le o o molemolemo wa go thibela malwetse. O ne o ba thusa gore ba boloke metswedi ya metsi e sa leswafala e bile o ba sireletsa mo malwetseng ape fela a a neng a bakiwa ke bakateria e e leriweng ke dintsi le malwetse a letshololo, a a sa ntseng a bolaya dimilione ngwaga le ngwaga, segolobogolo mo dinageng tse di santseng di tlhabologa.
7. Ke melao efe ya boitekanelo mo Molaong wa ga Moshe e e neng e thusa go thibela go anama ga malwetse?
7 Molao wa ga Moshe o ne o na le ditao tse dingwe tsa boitekanelo tse di neng di thusa go thibela gore malwetse a a tshelanwang a se ka a anama. Motho yo o neng a na le bolwetse jo bo tshelanwang kana yo go neng go belaelwa gore o na le jone o ne a tswalelwa kwa thoko a le nosi. (Lefitiko 13:1-5) Diaparo kana didirisiwa tse di neng di ka kgoma phologolo e e ileng ya itshwela fela (gongwe e le ka ntlha ya bolwetse) di ne di tshwanetse tsa tlhatswiwa pele ga di dirisiwa gape kana di ne di senngwa. (Lefitiko 11:27, 28, 32, 33) Motho le fa e le ofe yo o neng a ama setopo se se suleng o ne a tsewa gore o leswafetse mme o ne a tshwanetse go latela thulaganyo ya go iphepafatsa e e neng e akaretsa go tlhatswa diaparo tsa gagwe le go tlhapa. Mo nakong eo ya malatsi a le supa a ntse a leswafetse, o ne a sa tshwanela go kgoma ba bangwe.—Dipalo 19:1-13.
8, 9. Ke ka ntlha yang fa go ka twe molao wa boitekanelo o o mo Molaong wa ga Moshe o ne o sa itsiwe gotlhelele ka nako eo?
8 Molao ono wa boitekanelo o supa botlhale jo bo neng bo sa itsiwe gotlhelele ka nako eo. Kalafi ya saense ya segompieno e ithutile dilo di le dintsi ka go anama ga bolwetse le go bo thibela. Ka sekai, kgatelopele ya kalafi mo lekgolong la bo19 la dingwaga e ile ya dira gore go simololwe tsela ya go bolaya ditwatsi—go nna phepa go fokotsa malwetse. Matswela e nnile gore malwetse le dintsho tse di sa tlhokegeng di ile tsa fokodiwa thatathata. Ka ngwaga wa 1900, nako e go neng go lebeletswe gore motho o tla e tshela ka nako ya fa a tsholwa mo dinageng di le dintsi tsa Yuropa le kwa United States e ne e le kwa tlase ga 50. Fa e sa le ka nako eo, e ile ya oketsega thata, e seng fela ka ntlha ya go gatela pele ga tsa kalafi go laola malwetse mme gape ka ntlha ya maemo a a botoka a boitekanelo le a go tshela.
9 Le fa go ntse jalo, dingwaga di le dikete pele ga kalafi ya saense e ithuta gore bolwetse bo anama jang, Baebele e ne e setse e tlhalositse ditsela tse di utlwalang go itshireletsa mo malwetseng. Ga go gakgamatse go bo Moshe a ne a ka kgona go bua ka Baiseraele ka kakaretso mo motlheng wa gagwe a re ba tshela dingwaga di le 70 kana di le 80. (Pesalema 90:10) Moshe o itsile jang ka ditao tse di ntseng jalo tsa boitekanelo? Baebele ka boyone e tlhalosa jaana: Molao “o ne wa fetisiwa ka baengele.” (Bagalatia 3:19) Ee, Baebele ga se buka ya botlhale jwa batho; ke buka e e tswang kwa Modimong.
Buka e e Mosola mo Botshelong Jwa Gompieno
10. Le mororo Baebele e ne ya wediwa mo e ka nnang dingwaga di le 2000 tse di fetileng, ke eng se se leng boammaaruri ka kgakololo ya yone?
10 Dibuka tse di neelang kgakololo gantsi di na le go fetwa ke nako mme go ise go ye kae di a tsosolosiwa kana di emisediwa ke tse dingwe. Mme Baebele yone e tlhomologile tota. Pesalema 93:5 e bolela jaana: “Ditshupo tsa gago di tlhomame thata.” Le mororo Baebele e ile ya wediwa mo e ka nnang dingwaga di le 2000 tse di fetileng, mafoko a yone a sa ntse a dira. Mme a dira ka tsela e e tshwanang go sa kgathalesege gore re batho ba mmala ofe kana gore re nna mo nageng efe. Akanya ka dikai dingwe tsa kgakololo ya Baebele e e sa felelweng ke nako e e ‘tlhomameng thata.’
11. Masome a le mmalwa a dingwaga a a fetileng, batsadi ba le bantsi ba ne ba tlhotlheletsega go dumela eng malebana le go otlhaya bana?
11 Masome a dingwaga a le mmalwa a a fetileng batsadi—ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke “megopolo e mesha” e e malebana le go godisa ngwana—ba ne ba akanya gore go “ileditswe go iletsa.” Ba ne ba boifa gore fa ba beela bana melelwane, go ne go ka ba utlwisa botlhoko le go ba kgoba marapo. Bagakolodi ba ba neng ba batla go thusa ba ne ba gatelela gore batsadi ba tshwanetse go kgalemela bana go le gonnye fela. Ba le bantsi ba bomankge bao jaanong ba “kgothaletsa batsadi go gagamatsa dilo go sekae, go boa ba dirisa tayo gape,” go bega jalo The New York Times.
12. Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore “tshugo” le kaya eng mme ke ka ntlha yang fa bana ba tlhoka tshugo e e ntseng jalo?
12 Le fa go ntse jalo, nako e yotlhe, Baebele e ne e ntse e neela kgakololo e e tlhamaletseng e e lekalekaneng malebana le kgang ya go thapisa ngwana. E gakolola jaana: “Borrabana, lo se ka lwa bo lo sera bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo tshugong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “tshugo” le kaya “go godisa, go thapisa, go ruta.” Baebele e bolela gore tshugo kana thuto, ke go supa lorato lwa botsadi. (Diane 13:24) Bana ba gola sentle fa go na le dikaelo tse di tlhamaletseng tsa boitsholo tse di ba thusang gore ba itse se se siameng le se se sa siamang. Kotlhao e e neelwang sentle e ba thusa gore ba ikutlwe ba sireletsegile; e ba bolelela gore batsadi ba bone ba amega ka bone le ka mofuta wa motho o ba tla nnang one.—Bapisa Diane 4:10-13.
13. (a) Malebana le kotlhao, Baebele e neela batsadi tlhagiso efe? (b) Baebele e kgothaletsa mofuta ofe wa kotlhao?
13 Mme Baebele e tlhagisa batsadi mo kgannyeng eno ya kotlhao. Batsadi le ka motlha ga ba tshwanela go dirisa thata ya bone ka tsela e e sa tshwanelang. (Diane 22:15) Ga go na ngwana ope yo o tshwanetseng a otlhaiwa ka tsela e e setlhogo. Go dirisa dikgoka ga go a tshwanela mo lelapeng le le tshelang go ya ka Baebele. (Pesalema 11:5) Tota le go tlhasela ngwana mo maikutlong—mafoko a a botlhoko, go nna a tshwaiwa diphoso le tshotlo e e botlhoko, tseno tsotlhe e le dilo tse di ka nnang tsa hutsafatsa moya wa ngwana. (Bapisa Diane 12:18.) Baebele e tlhagisa batsadi jaana ka botlhale: “Lo se ka lwa bo lo gakatsa bana ba lona, e le gore ba se ka ba kotlomana pelo [kana “lo tla ntsha boitumelo jotlhe mo go bone,” Phillips].” (Bakolosa 3:21) Baebele e buelela gore go tsewe kgato go thibela se se phoso. Mo go Duteronome 11:19 batsadi ba kgothalediwa gore ba dirise dinako tsa go iketla go ruta bana ba bone dithuto ka boitsholo le ka dilo tsa semoya. Kgakololo e e ntseng jalo e e utlwalang sentle e e lekalekaneng malebana le go godisa bana e tlhokega thata gompieno fela jaaka e ne e tlhokega le mo metlheng ya Baebele.
14, 15. (a) Baebele e neela se se fetang fela kgakololo e e botlhale ka tsela efe? (b) Ke thuto efe ya Baebele e e ka thusang banna le basadi ba merafe le ditšhaba tse di farologaneng gore ba lebane e le batho ba ba lekanang?
14 Baebele e neela se se fetang fela kgakololo e e botlhale. Molaetsa wa yone o ama pelo. Bahebera 4:12 e bolela jaana: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le tsenya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e bojetlabobedi mme le tlhaba gore le bo le kgaoganye sebele le moya, le malokololo le moko wa one, mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” Akanya ka sekai seno se se bontshang kafa Baebele e nang le maatla a go tlhotlheletsa ka teng.
15 Gompieno batho ba kgaogantswe ke magora a bomorafe, bosetšhaba le setso. Magora ano a a itiretsweng ke batho a dirile gore go bolawe batho ba bantsintsi ba ba se nang molato mo dintweng mo lefatsheng lotlhe. Baebele, mo letlhakoreng le lengwe, e na le dithuto tse di thusang banna le basadi ba merafe le ditšhaba tse di farologaneng go lebana e le batho ba ba lekanang. Ka sekai, Ditiro 17:26 e bolela gore Modimo o “dirile morafe mongwe le mongwe wa batho go tswa mo mothong a le mongwe.” Seno se bontsha gore totatota go na le morafe o le mongwe fela—morafe wa batho! Baebele e re kgothaletsa gape gore re “[nne] baetsi ba Modimo,” yo e bolelang jaana ka ene: “Ga o tlhaole, mme mo morafeng mongwe le mongwe motho yo o o boifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go one.” (Baefeso 5:1; Ditiro 10:34, 35) Mo go ba tota ba batlang go tshela go ya ka dithuto tsa Baebele, kitso eno e thusa gore go nne le kutlwano. E tsenelela kwa tengteng—kwa pelong—e tlosa magora a a dirilweng ke motho a a kgaoganyang batho. A tota e a dira mo lefatsheng la gompieno?
16. Anela boitemogelo bongwe jo bo supang gore Basupi ba ga Jehofa ke bakaulengwe ba ditšhabatšhaba ba mmatota.
16 E le ruri e a dira! Basupi ba ga Jehofa ba itsege thata ka bokaulengwe jwa bone jwa boditšhabatšhaba, jo bo kopanyang batho ba ba godileng ka ditsela tse di farologaneng ba ka tlholego fela ba neng ba ka se tshedisanye ka kagiso. Ka sekai, ka nako ya dikgotlang tsa setso kwa Rwanda, Basupi ba ga Jehofa ba morafe mongwe le mongwe ba ne ba sireletsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete ba morafe o mongwe, ka go dira jalo ba tsenya matshelo a bone ka bobone mo kotsing. Mo lekgetlhong lengwe, Mosupi mongwe wa Mohutu o ne a fitlha lelapa lengwe la Batutsi la maloko a le marataro a phuthego ya gagwe mo legaeng la gagwe. Ka maswabi, lelapa la Batutsi kgabagare le ile la bonwa mme la bolawa. Mokaulengwe wa Mohutu le ba lelapa la gagwe ba ne jaanong ba lebane le bogale jwa babolai mme ba ne ba tshwanela gore ba tshabele kwa Tanzania. Go ile ga begiwa dikai tse dintsi tse di tshwanang le tseo. Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore kutlwano e e ntseng jalo e ka kgonega ka gonne dipelo tsa bone di ile tsa amiwa thata ke maatla a a tlhotlheletsang a molaetsa wa Baebele. Lebaka la go bo Baebele e kgona go kopanya batho mo lefatsheng le le tletseng letlhoo leno ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore e tswa kwa Modimong.
Buka ya Boporofeti Jwa Boammaaruri
17. Boporofeti jwa Baebele bo farologana jang le dipolelelopele tsa batho?
17 Petere wa Bobedi 1:20 e bolela jaana: “Ga go boporofeti bope jwa Lokwalo jo bo tswang mo phuthololong epe ya motho ka boene.” Baporofeti ba Baebele ga ba ka ba tlhatlhoba dilo tse di diragalang mo lefatsheng mme ba bo ba bolelela pele ka botlhale ba theile dipolelelopele tsa bone mo goreng bone ka bobone ba bona jang ditiragalo tseno. E bile ga ba ka ba bolelela pele dilo tse di sa utlwaleng gore di tshwanele sengwe le sengwe fela se se tla diragalang mo isagweng. Ka sekai, a re sekasekeng boporofeti bongwe jwa Baebele jo bo neng bo opa kgomo lonaka ka tsela e e sa tlwaelegang e bile bo bolelela pele se se farologaneng gotlhelele le se batho ba ba neng ba tshela ka nako eo ba neng ba ka tswa ba se lebeletse.
18. Ke ka ntlha yang fa kwantle ga pelaelo baagi ba Babilone wa bogologolo ba ne ba ikutlwa ba sireletsegile thata, le fa go ntse jalo Isaia o ne a boleletse pele eng ka Babilone?
18 Ka lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E., Babilone e ne e lebega e le motsemogolo wa Mmusomogolo wa Babilone o o ka se kang wa fenngwa. Motse oo o ne o dikologilwe mo ntlheng tsotlhe ke Noka ya Euferatese mme metsi a noka eno a ne a dirisiwa go dira mosele o mogolo thata le o o boteng le mesele e mengwe e e mafaratlhatlha. Motse o ne o sireleditswe gape ke mabota a magolo a a pataganeng mme o thatafaditswe ke dikago tse dikgolo tse di neng di o sireletsa. Kwantle ga pelaelo baagi ba Babilone ba ne ba ikutlwa ba sireletsegile thata. Le fa go ntse jalo, mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., tota le pele ga Babilone a fitlha mo seemong sa one sa go galalediwa, moporofeti Isaia o ne a bolelela pele jaana: “Babilone . . . o tlaa nna jaaka fa Modimo o lo wa ribegetsa Sotoma le Gomora. Ga o ketla o tlhola o nnwa ke batho gope, le gone ga go ope yo o tlaa agang mo go one go tswa kokomaneng, go ya kokomaneng; le gone Moarabia ga a ketla a tlhoma mogope wa gagwe gone; le gone badisa ga ba ketla ba bothisa matsomane a bone gone.” (Isaia 13:19, 20) Ela tlhoko gore boporofeti jono bo ne bo sa bolelele pele fela gore Babilone e tla senngwa mme gape e ne ya bolelela pele gore ga go kitla go tlhola go nniwa mo go yone. A bo a nnile pelokgale jang ne go bolelela pele seo! A Isaia a ka tswa a ile a kwala boporofeti jwa gagwe fa a sena go bona Babilone e e swafetseng? Hisitori e araba ka gore nnyaa!
19. Ke ka ntlha yang fa boporofeti jwa ga Isaia bo ne bo sa diragadiwa ka botlalo ka October 5, 539 B.C.E.?
19 Mo bosigong jwa October 5, 539 B.C.E., Babilone e ne ya gapiwa ke masole a Meda le Peresia a a neng a eteletswe pele ke Kurose yo Mogolo. Le fa go ntse jalo, boporofeti jwa ga Isaia ga bo a ka jwa diragadiwa ka botlalo ka nako eo. Fa Kurose a sena go o gapa, Babilone e e neng e na le baagi—le fa e ne e koafetse—e ne ya nna e ntse e le teng ka makgolo a dingwaga. Mo lekgolong la dingwaga la bobedi B.C.E., mo e ka nnang ka nako e Momeno wa Lewatle le le Suleng wa ga Isaia o ne o kwalololwa ka one, Baparathia ba ne ba gapa Babilone, eo ka nako eo e neng e lebiwa e le selo se se tlhwatlhwakgolo se ditšhaba tse di o dikologileng di neng di se lwela. Mokwalahisitori wa Mojuda e bong Josephus o bega gore “palo e kgolo” ya Bajuda e ne e nna koo mo lekgolong la ntlha la dingwaga B.C.E. Go ya ka The Cambridge Ancient History, bagwebi ba Palmyra ba ne ba tlhoma kolone ya kgwebo e e neng e atlega kwa Babilone bogologolo ka 24 C.E. Ka jalo, morago mo e ka nnang ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., Babilone e ne e ise e swafale gotlhelele; le fa go ntse jalo, buka ya ga Isaia e ne e setse e weditswe bogologolo pele ga foo.—1 Petere 5:13.
20. Go na le bosupi bofe jwa gore kgabagare Babilone o ne a nna “mekoakoa fela”?
20 Isaia ga a ka a tshela go fitlha Babilone e swafale. Mme fela jaaka boporofeti bo bontsha, kgabagare Babilone e ne ya nna “mekoakoa fela.” (Jeremia 51:37) Go ya ka mokanoki wa Mohebera e bong Jerome (yo o neng a tsholwa mo lekgolong la bonè la dingwaga C.E.), mo motlheng wa gagwe Babilone e ne e le lefelo la go tsoma mo go neng go na le “dibatana tsa mefuta yotlhe” mme e ne ya nna e ntse e swafetse jalo nako kgolo ke eno. Go tsosolosa Babilona ka tsela epe fela go e dira lefelo la bojanala go ka gogela baeti, mme “ngwana wa mosimane, le ngwana wa ngwana wa mosimane,” wa ga Babilone o tloseditswe ruri jaaka Isaia a ile a bolelela pele.—Isaia 14:22.
21. Ke ka ntlha yang fa baporofeti ba ba ikanyegang ba ne ba kgona go bolelela pele isagwe ka tlhomamo jaana?
21 Moporofeti Isaia ga a ka a bua fela a lekeletsa go ya ka botlhale jwa gagwe. E bile ga a ka a kwala hisitori gape gore e lebege e kete ke boporofeti. Isaia e ne e le moporofeti wa boammaaruri. Go ntse fela jalo le ka baporofeti ba bangwe botlhe ba ba ikanyegang ba Baebele. Ke ka ntlha yang fa banna bano ba ne ba kgona go dira se go se nang motho ope yo mongwe yo o ka se dirang—go bolelela pele isagwe ka tsela e e tlhomameng jaana? Karabo e phepafetse. Boporofeti joo bo ne bo tswa kwa Modimong wa boporofeti, e bong Jehofa, “Yo [o] bolelang bokhutlo e sa ntse e le tshimologo.”—Isaia 46:10.
22. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira gotlhe mo re ka go kgonang go kgothaletsa batho ba ba dipelo di ikanyegang go itshekatshekela Baebele ka bobone?
22 Ka jalo a Baebele e tshwanelwa ke go sekasekiwa? Re a itse gore go tshwanetse! Mme batho ba bantsi ga ba tlhatswega pelo ka seo. Ba ile ba itirela dipono tsa bone ka Baebele le mororo ba ise ba ko ba e bale. Gakologelwa porofesa yo o neng a umakiwa kwa tshimologong ya setlhogo se se fetileng. O ne a dumela go ithuta Baebele mme morago ga gore a sekaseke Baebele ka kelotlhoko, o ne a swetsa ka gore ke buka e e tswang kwa Modimong. Kgabagare o ne a kolobediwa e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme gompieno o direla e le mogolwane! A re direng gotlhe mo re ka go kgonang go kgothaletsa batho ba ba pelo di ikanyegang go itshekatshekela Baebele mme morago ga foo ba bo ba ka bolela kafa ba ikutlwang ka teng ka yone. Re tshepa gore fa ba ka itshekatshekela yone ka bobone ka kelotlhoko, ba tla lemoga gore buka eno e e tlhomologileng e leng Baebele, tota ke buka ya batho botlhe!
A o Ka Tlhalosa?
◻ O ka dirisa jang Molao wa ga Moshe go bontsha gore Baebele ga e tswe mo bathong?
◻ Ke melaometheo efe ya Baebele e e sa felelweng ke nako e e leng mosola mo botshelong jwa gompieno?
◻ Ke ka ntlha yang fa boporofeti jo bo mo go Isaia 13:19, 20 bo ka se ka jwa bo bo kwadilwe morago ga tiragalo eo?
◻ Re tshwanetse go kgothaletsa batho ba ba dipelo di ikanyegang go dira eng mme ka ntlha yang?
[Lebokoso mo go tsebe 19]
Go Tweng ka Dilo Tse Di ka Se Kang Tsa Tlhomamisiwa?
Baebele e na le dipolelo di le dintsi tse bosupi jwa tsone jo bo ikemetseng ka nosi bo ka se kang jwa bonwa ka matlho. Ka sekai, se e se buang ka lefelo le le sa bonaleng le go nnang dibopiwa tsa semoya mo go lone se ka se ka sa tlhomamisiwa—kana sa ganediwa—go ya ka saense. A fa Baebele e bua jalo ka dilo tse di ka se keng tsa tlhomamisiwa seno se e dira gore e bo e sa dumalane le saense?
Potso eno ke e moithutadipolanete yo o neng a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa dingwaga dingwe tse di fetileng a neng a ipotsa yone. “Ke tshwanetse go dumela gore pelepele go amogela Baebele go ne go le boima mo go nna ka gonne ke ne ke sa kgone go tlhomamisa dipolelo dingwe tsa Baebele go ya ka saense,” o gakologelwa jalo. Monna yono yo o pelo e phepa o ne a tswelela go ithuta Baebele mme kgabagare o ne a tlhatswega pelo gore bosupi jo bo leng teng bo supa gore ke Lefoko la Modimo. O tlhalosa jaana: “Seno se ne sa fokotsa keletso ya me ya go batla go tlhomamisa ntlha nngwe le nngwe e Baebele e e buang. Motho yo o ratang saense o tshwanetse a bo a ikemiseditse go tlhatlhoba Baebele kafa letlhakoreng la semoya, e seng jalo a ka se ka le ka motlha a amogela boammaaruri. Go ka se ka ga lebelelwa gore saense e tlhomamise polelo nngwe le nngwe e e mo Baebeleng. Mme fela ka go bo dipolelo dingwe di sa kgone go tlhomamisiwa, seo ga se reye gore ga di boammaaruri. Selo sa botlhokwa ke gore le fa e le boammaaruri bofe jwa Baebele jo bo ka tlhomamisiwang bo tlhomame.”
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Moshe o ne a kwala melao ya boitekanelo e e neng e sa itsiwe gotlhelele ka nako ya bone