LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 4/1 ts. 28-31
  • A o Tlotla Seriti sa Bone?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Tlotla Seriti sa Bone?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sekao sa Seriti
  • Seriti mo Dikamanong Tsa Lelapa
  • Mo Phuthegong ya Bokeresete
  • Go Boloka Seriti sa Gago ka Namana
  • Tlotla Jehofa ka go Bontsha Seriti
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A O Fa Ba Bangwe Seriti Fa O Ba Gakolola?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Tshwanelo ya Batho ya go Nna le Seriti—Gantsi e a Tlhokomologiwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Go ka Kgonega Gore Batho Botlhe ba Nne le Seriti
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 4/1 ts. 28-31

A o Tlotla Seriti sa Bone?

BA KGOTLHAGANTSWE jaaka diphologolo e bile ba pakilwe mo gare ga leswe le sebodu se se tshosang, Maafrika a ne a romelwa jaaka e kete ke merwalo ka sekepe go ya kwa Amerika. Go ne go lebeletswe gore bobotlana sephatlho sa bone se swe pele ba fitlha kwa ba yang gone. Maloko a malapa a ne a kgaoganngwa ka tsela e e setlhogo, mme ba se ka ba tlhola ba bonana gape. Go gweba ka makgoba e ne e le nngwe ya dilo tse di bosula thata tse motho a kileng a di direla mothokaene. Ditiragalo tse dingwe tse di tshwanang le tseo di ne tsa direga fa bafenyi ba ba maatla ba ne ba gatelela ka tsela e e setlhogo batho ba ba se nang boiphemelo ba naga e ba e fentseng.

Go tlosa motho seriti go ka nna botlhoko thata go feta go bediwa botlhoko mo mmeleng. Go ka gobatsa motho thata. Le mororo bokgoba bo ile jwa fedisiwa mo dinageng tse dintsi, go nyatsa seriti sa batho go sa ntse go tsweletse, gongwe e le ka ditsela tse di bofitlha thata.

Mo letlhakoreng le lengwe, Bakeresete ba boammaaruri, ba leka go tsaya tsia kgakololo ya ga Jesu Keresete ya go ‘rata baagelani ba bone jaaka ba ithata.’ Ka jalo, ba ipotsa gore, ‘A ke tlotla seriti sa ba bangwe?’—Luke 10:27.

Sekao sa Seriti

Go ya ka bukantswe nngwe, seriti, ke nonofo kana boemo jwa go nna le boleng, jwa go tlotliwa, kana go tseelwa kwa godimo. A bo e le tlhaloso e e tshwanelang boemo jwa Molaodimogolo wa Lobopo e bong Jehofa Modimo jang ne! Tota e bile, Dikwalo gangwe le gape di amanya Jehofa le bolaodi jwa gagwe le seriti se a nang naso. Moshe, Isaia, Esekiele, Daniele, moaposetoloi Johane le ba bangwe ba ne ba na le tshiamelo ya go fiwa diponatshegelo tse di tlhotlheleditsweng tsa Mogodimodimo le lolwapa lwa gagwe lwa selegodimo mme se ba neng ba se tlhalosa ka metlha se ne se bontsha tlotlomalo e e boitshegang le seriti. (Ekesodo 24:9-11; Isaia 6:1; Esekiele 1:26-28; Daniele 7:9; Tshenolo 4:1-3) Mo thapelong nngwe ya pako, Kgosi Dafide o ne a bolela jaana: “Bogolo ke jwa gago, Jehofa, le thata, le kgalalelo, le phenyo le borena; gonne tsotlhe tse di kwa legodimong le tse di mo lefatsheng ke tsa gago.” (1 Ditirafalo 29:11) Eleruri, ga go na ope yo o tshwanelwang ke tlotlo le go tseelwa kwa godimo go gaisa Jehofa Modimo ka boene.

Fa a bopa motho mo setshwanong sa gagwe, Jehofa o ne a naya batho boikutlo jwa go tshwanela, jwa go itlotla le seriti ka selekanyo se se rileng. (Genesise 1:26) Ka jalo, fa re dirisana le ba bangwe, re tshwanetse go neela mongwe le mongwe tlotlo e e mo tshwanetseng. Fa re dira jalo, totatota, re a bo re bontsha gore re tlotla Motswedi wa seriti sa batho, Jehofa Modimo.—Pesalema 8:4-9.

Seriti mo Dikamanong Tsa Lelapa

Moaposetoloi Petere, yo e neng e le monna yo o nyetseng, ka tlhotlheletso o ne a kgothatsa banna ba Bakeresete gore ba neye basadi ba bone “tlotlo jaaka sejana se se bokoanyana.” (1 Petere 3:7; Mathaio 8:14) “Kafa letlhakoreng le lengwe” moaposetoloi Paulo o ne a gakolola jalo, “mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.” (Baefeso 5:33) Ka jalo, mo lenyalong, go tlotla seriti sa molekane wa gago ke selo se se batlegang go ya ka Baebele. Seno se ka supiwa ka ditsela dife?

Jaaka metsi a godisa semela, puo e e pelontle le go tshwarana ka bopelonomi ga monna le mosadi, mo pele ga batho le fa ba le bosi fela, di ka dira gore kamano ya bone e nne e kgolo thata. Kafa letlhakoreng le lengwe, puo e e bogale, e e tlhabang kana mafoko a a sotlang a a isang yo mongwe kwa tlase, jaaka a utlwiwa gantsi mo dithulaganyong tsa metlae tsa thelebishene, e a senya. Di ka tsosa maikutlo a a gobatsang a go ikutlwa o se sepe, go tshwenyega mo maikutlong, le go galefa, di ka nna tsa ba tsa go bakela go utlwa botlhoko thata mo maikutlong go go ka se kgoneng go fola motlhofo.

Go tlotla seriti sa ba bangwe gape go raya go ba amogela jaaka ba ntse, o sa leke go dira gore ba tshwanele sengwe se o se akantseng go sa le gale kana go ba bapisa ka tsela e e sa tshwanelang le ba bangwe. Seno se botlhokwa bogolo jang fa gare ga banna le basadi ba ba nyetseng. Fa go buisanwa e bile go tlhagisiwa maikutlo ka kgololesego mme go se na ope yo o boifang gore o tla tshwaiwa phoso kana go omanngwa, lorato mo gare ga bone lo tla gola. Fa motho a kgona go nna fela jaaka a ntse mo lenyalong, he lelapa e tla nna botshabelo jwa mmatota go tswa mo lefatsheng le le kwa ntle le le setlhogo le le bogale.

Bana ba laelwa ke Dikwalo gore ba tlotle le go utlwa batsadi ba bone. Ka mo go tshwanang, batsadi ba ba botlhale le ba ba lorato ba tla bo ba dira sentle fa ba ka tlotla seriti sa bana ba bone. Go ba akgola ka lorato ka ntlha ya go itshwara sentle, le go ba otlhaya ka bopelotelele fa go tlhokega, go tla thusa thata go gatelela ‘taolo ya mogopolo ya ga Jehofa.’ Go nna o ba tshwaya diphoso, o ba goa le go ba taa maina a a tlontlololang a a jaaka, “seeleele” kana “semaumau” go tla ba sera.—Baefeso 6:4.

Mogolwane mongwe wa Mokeresete yo e bile e leng rre, yo o godisang barwa ba bararo le barwadi ba le bararo, o bolela jaana: “Kwa Holong ya Bogosi, re ne re ba naya kgalemelo e e tlhokegang ka tidimalo ka mo go kgonegang. Go ba kgotla go sekae kana go ba leba o menne phatlha gantsi go ne go lekane. Fa go ne go tlhokega kgalemelo e e masisi go feta moo, re ne re a tle re e neele kwa thoko kwa gae le gone ba sa bonwe ke bana ba bangwe. Jaanong e re ka bana ba godilenyana, go ba kgalemela go akaretsa go naya mongwe le mongwe kgakololo e e lorato, e e botlhale e e tswang mo Lefokong la Modimo go ya ka se mongwe le mongwe a se tlhokang. Re leka go boloka sephiri mo dikgannyeng tseno tsa botho, ka tsela eo re tlotla tshwanelo ya ngwana mongwe le mongwe ya go nna le sephiri le seriti.”

Selo se se sa tshwanelang go itlhokomolosiwa ke go nna le maitseo a a siameng mo puong le ka ditiro mo lelapeng. Go tlwaelana thata ga go a tshwanela go dira gore re se tlhole re dirisa mafoko a a jaaka “tsweetswee,” “ke a leboga,” “intshwarele,” “ke maswabi.” Maitseo a a siameng a botlhokwa mo go bolokeng seriti sa gago ka namana le go tlotla sa ba bangwe.

Mo Phuthegong ya Bokeresete

Jesu o ne a bolela jaana: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo fufulelwang le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa.” (Mathaio 11:28) Batho ba ba gateletsweng, ba ba tshwenyegileng mo maikutlong, tota le bana ba bannye, ba ne ba ikutlwa ba ngokegela kwa go Jesu. Ba ne ba sotliwa ke baruti le baeteledipele ba ba ikgogomosang le ba ba iponang tshiamo ba nako eo. Mme ba ne ba bona Jesu e le motho yo o neng a ba naya seriti se se ba tshwanetseng.

Ka go etsa Jesu, le rona re batla go nna motswedi wa tapologo mo badumedingkarona. Se se raya gore re batle ditshono tse re ka ba agang ka tsone ka puo ya rona le ka ditiro tsa rona. Ke selo se se tshwanelang ka metlha gore re nne pelotshweu ka mafoko a a pelonomi le a a siameng mo motlotlong wa rona. (Baroma 1:11, 12; 1 Bathesalonika 5:11) Re bontsha gore re amega ka maikutlo a ba bangwe ka go nna kelotlhoko ka se re se buang le ka tsela e re se buang ka yone. (Bakolosa 4:6) Moaparo le go ipaakanya ka tsela e e tshwanetseng kwa dipokanong tsa Bokeresete le gone go supa gore re tlotla seriti sa Modimo wa rona thata, kobamelo ya gagwe le baobamedikarona.

Jesu o ne a tlotla seriti sa batho tota le fa a ne a ba direla sengwe. Le ka motlha o ne a sa ikgodise ka go sotla ba bangwe kana ka go ba isa kwa tlase. Fa molepero mongwe a tla kwa go ene a batla go fodisiwa, Jesu ga a ka a koba monna yoo a re o itshekologile ga a tshwanela go fodisiwa, e bile ga a ka a kgatlha batho ka go isa tlhokomelo mo go ene ka boene. Go na le moo, fa molepero a ne a lopa Jesu jaana, “Morena, fa fela o batla, o ka mphepafatsa,” O ne a naya molepero yono seriti ka go re, “Ke a batla.” (Luke 5:12, 13) A bo go le molemo jang ne gore re se felele fela ka go thusa ba ba tlhokang mme gape re ba tlhomamisetse gore ga se mokgweleo mo go rona mme re a ba tlhoka e bile re a ba rata! Gantsi ba ba ditlhong, ba ba tshwenyegileng mo maikutlong le digole ba a tlhokomologiwa, ba tilwa, kana go sotliwa mo lefatsheng. Mme ba tshwanetse go bona botsala jwa boammaaruri le go amogelwa ka tsela e e molemo fa ba le mo gare ga bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete. Re tshwanetse go dira seabe sa rona go dira gore go nne le boikutlo jono.

Jesu o ne a rata barutwa ba gagwe jaaka “ba gagwe” mme “a ba rata go ya bokhutlong” go sa kgathalesege ditlhaelo tsa bone le mekgwa ya bone ya botho. (Johane 13:1) O ne a ba bona e le batho ba ba dipelo tse di phepa e bile ba direla Rraagwe ka pelo yotlhe. Ka mo go tshwanang, le rona ga re a tshwanela le ka motlha go akanyetsa baobamedikarona dilo tse di bosula e le fela ka gonne ba dira dilo ka tsela e e farologaneng le tsela e re ratang di dirwa ka yone kana ka gonne mekgwa ya bone le botho jwa bone bo a re tena. Go tlotla seriti sa bakaulengwe ba rona go tla re tlhotlheletsa gore re ba rate le go ba amogela jaaka ba ntse, re tshepa gore le bone ba rata Jehofa e bile ba mo direla ka maikaelelo a a siameng.—1 Petere 4:8-10.

Bagolwane ke bone segolobogolo ba ba tshwanetseng go nna kelotlhoko gore ba se ka ba dira gore batho ba ba ba neetsweng go ba tlhokomela ba nne le ditlhobaelo tse di sa tlhokegeng. (1 Petere 5:2, 3) Fa bagolwane ba kopana le leloko lengwe la phuthego le le wetseng mo boleong, go ka nna molemo fa ba ka nolofatsa mafoko a bone ka bopelonomi le go mo akanyetsa ka go tila go botsa dipotso tse di tlhabisang ditlhong go sa tlhokege. (Bagalatia 6:1) Tota le fa kgalemelo kana kotlhao e tshwanela, ba tla tswelela ba tlotla seriti se se tshwanetseng sa modiraphoso le boitlotlo jwa gagwe.—1 Timotheo 5:1, 2.

Go Boloka Seriti sa Gago ka Namana

E re ka re bopilwe mo setshwanong sa Modimo, re tshwanetse go supa, go ya kafa re ka kgonang ka teng, dinonofo tsa Modimo tse di molemolemo—go akaretsa seriti sa gagwe—mo matshelong a rona a letsatsi le letsatsi. (Genesise 1:26) Ka mo go tshwanang, taolo e e reng “rata moagelani wa gago jaaka o ithata” e bontsha sentle kafa go leng botlhokwa ka teng go lekalekanya seriti se motho a nang le sone le go itlotla. (Mathaio 22:39) Ntlha ke gore fa re batla gore ba bangwe ba re tlotle le go re naya seriti, re tshwanetse go supa gore go a re tshwanela.

Selo se se botlhokwa se se ka thusang go boloka boitlotlo le seriti sa gago ke go boloka segakolodi se se phepa. Segakolodi se se kgotletsweng le botlhoko jwa go ikutlwa molato di ka dira gore ka bonako motho a ikutlwe a se sepe, a kgobegile marapo e bile a tshwenyegile mo maikutlong. Ka jalo, fa motho a dirile phoso e e masisi, o tshwanetse go tsaya dikgato ka bonako go ikwatlhaya le go batla thuso ya semoya mo bagolwaneng gore a nne le “dipaka tse di lapolosang . . . di tswa mo go Jehofa.” Se se akarediwang mo tapolosong eo ke gore motho a boelwe ke seriti sa gagwe le boitlotlo.—Ditiro 3:19.

Le fa go ntse jalo go ka nna molemo thata go leka ka metlha go sireletsa segakolodi sa rona se se thapisitsweng ka Baebele, re sa letle sepe go se kgotlela kana go se koafatsa. Go nna le boikgapo mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa rona jwa letsatsi le letsatsi—fa re ja, fa re nwa, fa re le mo kgwebong, mo boitlosongbodutu, fa re dirisana le ba bong bo sele—go tla re thusa go boloka segakolodi se se phepa le go re thusa go supa kgalalelo ya Modimo le seriti sa gagwe mo matshelong a rona.—1 Bakorintha 10:31.

Go tweng fa e le gore go ikutlwa molato ka ntlha ya diphoso tsa rona go sa batle go fokotsega? Kana go tweng fa o nna o utlwisiwa botlhoko ke go nna o gakologelwa kafa o neng o sotliwa ka teng? Dilo tseno di ka senya seriti sa rona mme tsa dira gore re tshwenyege thata mo maikutlong. A bo mafoko a ga Kgosi Dafide a a fitlhelwang mo go Pesalema 34:18 a gomotsa jang ne: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng, o boloka ba ba mowa o o ngomogileng”! Jehofa o iketleeditse e bile o rata go tshegetsa batlhanka ba gagwe fa ba tshwanetse gore ba itshokele go tshwenyega mo maikutlong le go ikutlwa ba se na mosola. Go mo rapela mmogo le go batla thuso ya batho ba ba tshwanelegang mo semoyeng, ba ba jaaka batsadi ba Bakeresete, bagolwane le ba bangwe ba ba godileng mo semoyeng mo phuthegong, ke tsela ya go boa o nna le boitlotlo le seriti sa gago.—Jakobe 5:13-15.

Kafa letlhakoreng le lengwe, re tlhoka go ela tlhoko gore re se ka ra tlhakanya go nna le seriti le boikgogomoso. Kgakololo ya Dikwalo ke gore motho “a se ka a ikgopola bobe go feta kafa go tlhokegang go akanya ka gone; mme a akanye e le gore a nne le mogopolo o o itekanetseng sentle, mongwe le mongwe kafa Modimo o mo abetseng selekanyo sa tumelo ka gone.” (Baroma 12:3) Le fa gone go siame go leka go nna le boitlotlo, ga re batle go feteletsa tsela e re itebang ka yone kana ra tlhakanya go nna le seriti ga motho le maiteko a bopelotshetlha thata a bangwe ba a dirang go nna le maemo mo pele ga ba bangwe.

Ee, go tlotla seriti sa yo mongwe ke se se tlhokegang mo Mokereseteng. Ba malapa a rona le Bakeresetekarona botlhe ba tshwanelwa ke gore re ba tlotle, re ba tlotlomatse le go ba tseela kwa godimo. Jehofa o file mongwe le mongwe wa rona seriti ka selekanyo se se rileng le tlotlo tse re tshwanetseng go di anaanela le go di boloka. Mme se se botlhokwa le go feta, re tshwanetse go tlhagolela go tlotla thata seriti se se gaisang sa botlhe le bogolo jwa Rraarona wa selegodimo e bong Jehofa Modimo.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Basha ba ka tlotla ba ba golafetseng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela