Ba ne Ba Dira go Rata ga Jehofa
Bothokgami Jwa ga Jobe bo a Duelwa
JOBE e ne e le monna yo o kutlwelobotlhoko, motlhokomedi wa batlholagadi, masiela le ba ba mo pitlaganong. (Jobe 29:12-17; 31:16-21) Mme, ka tshoganetso fela, o ne a tlhagelwa ke masetlapelo a magolo, a latlhegelwa ke khumo ya gagwe, a swelwa ke bana a bo a lwala thata. Ka maswabi, monna yono yo o tlotlegang yo o neng a thusa thata ba ba gateletsweng o ne a sa thusiwe go le kalo mo nakong e a neng a tlhoka thuso ka yone. Tota le mosadi wa gagwe o ne a mmolelela gore a “itatole Modimo, mme [a] swe.” Mme “ditsala” tsa gagwe e bong Elifase, Biledade le Sofare di ne di sa mo gomotse. Go na le moo, ba ne ba bolela gore Jobe o leofile mme ka gone o ne a tshwanelwa ke kutlobotlhoko eo.—Jobe 2:9; 4:7, 8; 8:5, 6; 11:13-15.
Le fa gone Jobe a ne a boga jalo, o ne a nna a ikanyega. Ka ntlha ya seno, kgabagare Jehofa o ne a utlwela Jobe botlhoko mme a mo segofatsa. Pego ya gore o ne a dira seo jang e tlhomamisetsa batlhanka botlhe ba Modimo ba ba bolokang bothokgami gore fa nako e ntse e ya le bone ba tla duelwa.
Go sa Bonwe Molato le go Tsosolosiwa
Sa ntlha, Jehofa o ne a kgalemela Elifase, Biledade le Sofare. Fa a ne a bua le Elifase, yo go bonalang a ne a le mogolo mo go bone botlhe, o ne a re: “Botšarara jwa me bo go tuketse, le ditsala tsa gago tse pedi, gonne ga lo a bua se se siameng ka ga me, jaaka Jobe motlhanka wa me a buile. Ke gone jaana, tsayang dikgomo di supa, le diphelefu di supa, lo ye kwa go Jobe motlhanka wa me, lo ikisetse tshupelo e e fisiwang; mme Jobe motlhanka wa me o tlaa lo rapelela.” (Jobe 42:7, 8) Akanya gore seno se ne se bolela eng!
Jehofa o ne a tlhoka gore Elifase, Biledade le Sofare ba ntshe setlhabelo se segolo, gongwe e le gore ba lemoge bomasisi jwa boleo jwa bone. Eleruri, ba ka tswa ba sa dira ka boomo kana ba dirile ka boomo, ba ile ba tlhapatsa Modimo ka go bolela gore “ga o ikanye batlhanka ba one” le gore tota go ne go sa mo re sepe fa e le gore Jobe o a ikanyega kana ga a ikanyege. Tota Elifase o ile a ba a bolela gore Jobe o ne a se botlhokwa fa pele ga matlho a Modimo jaaka serurubele! (Jobe 4:18, 19; 22:2, 3) Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ne a bolela jaana: “Ga lo a bua se se siameng ka ga me”!
Mme seo ga se sone sotlhe. Elifase, Biledade le Sofare gape ba ne ba leofela Jobe ka boene ka go mmolelela gore ke ene a ipaketseng mathata. Ditatofatso tsa bone tse di neng di se na motheo e bile di se na kutlwelobotlhoko di ne tsa galefisa le go tshwenya Jobe thata mo maikutlong, ba dira gore a goele kwa godimo jaana: “Lo tlaa nna lo tshwenya mowa wa me, lo nthubaganya ka mafoko ka lobaka lo lo kae?” (Jobe 10:1; 19:2) Akanya fela gore difatlhego tsa banna bano ba bararo di ne di swabile go le kana kang fa jaanong ba ne ba tshwanelwa ke go ntshetsa Jobe tshupelo ya maleo a bone!
Mme Jobe o ne a sa tshwanela go itumelela go tlhabisiwa ga bone ditlhong. Eleruri, Jehofa o ne a tlhoka gore a rapelele balatofatsi ba gagwe. Jobe o ne a dira fela jaaka a laetswe, mme o ne a segofalediwa seno. Sa ntlha, Jehofa o ne a fodisa bolwetse jo bo neng bo mo tlhobaetsa. Morago ga moo, barwarraagwe Jobe, bokgaitsadie le ditsala tsa gagwe tsa pele ba ne ba tla go mo gomotsa, “le gone mongwe le mongwe a mo naya ledi, le mongwe le mongwe lenyena la gouta.”a Mo godimo ga moo, Jobe o ne “a nna le dinku di le 14 000, dikamela di le 6000, dikgomo tsa bojokwe ba le 1000, le diesela tse dinamagadi di le 1000.”b Mme go bonala mosadi wa ga Jobe a ne a letlana le ene gape. Fa nako e ntse e ya, Jobe o ne a segofadiwa ka barwa ba le supa le barwadi ba le bararo, mme o ne a tshela a bo a bona dikokomana tse nnè tsa bana ba gagwe.—Jobe 42:10-17.
Dilo Tse re di Ithutang
Jobe o ne a tlhomela batlhanka ba Modimo ba motlha wa gompieno sekao. O ne a ‘itekanetse e bile a siame,’ monna yo Jehofa a neng a le motlotlo go mmitsa “motlhanka wa me.” (Jobe 1:8; 42:7, 8) Le fa go ntse jalo, seno ga se bolele gore Jobe o ne a itekanetse. Mo lekgetlhong lengwe mo ditekong tsa gagwe, o ne a akanya ka tsela e e phoso gore Modimo ke ene a neng a mmakela masetlapelo ano. O ile a bo a tshwaya Modimo phoso ka tsela e a neng a dirisana le motho ka yone. (Jobe 27:2; 30:20, 21) Mme o ne a ipolela a le tshiamo go na le go bolela ka tshiamo ya Modimo. (Jobe 32:2) Mme Jobe o ne a gana go itatola Mmopi, mme ka boikokobetso o ne a dumela gore Modimo a mo tlhamalatse. O ne a dumalana le seno jaana: ‘Ke buile se ke neng ke sa se tlhaloganye. Ke ipheroela sebete, ke a ikwatlhaya ke le mo leroleng le mo moloreng.’—Jobe 42:3, 6.
Le rona fa re le mo ditekong re ka nna ra akanya, ra bua, kana ra dira ka tsela e e sa tshwanelang. (Bapisa Moreri 7:7.) Le fa go ntse jalo, fa re rata Modimo thata, re ka se mo tsuologele kana go mo galefela ka gonne a dumelela gore re nne le mathata. Go na le moo, re tla boloka bothokgami mme ka gone kgabagare re tla segofadiwa thata. Mopesalema o ne a bolela jaana ka Jehofa: “Yo o kutlwelobotlhoko o tlaa mo itshupetsa fa o le kutlwelobotlhoko.”—Pesalema 18:25.
Pele Jobe a fodisiwa ka botlalo, Jehofa o ne a batla gore a rapelele ba ba neng ba mo leofetse. A bo e le sekao se se molemo jang ne mo go rona! Jehofa o batla re itshwarela batho ba ba re leofelang pele maleo a rona a ka itshwarelwa. (Mathaio 6:12; Baefeso 4:32) Fa re sa batle go itshwarela ba bangwe le fa go na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo, a re ka bona go tshwanela gore Jehofa a re utlwele botlhoko?—Mathaio 18:21-35.
Rotlhe re a tle re lebane le diteko nako le nako. (2 Timotheo 3:12) Le fa go ntse jalo, fela jaaka Jobe re ka boloka bothokgami. Ka go dira jalo, re tla duelwa fela thata. Jakobe o ne a kwala jaana: “Bonang! Re bolela ba ba itshokileng e le ba ba itumetseng. Lo utlwile ka boitshoko jwa ga Jobe e bile lo bone phelelo e Jehofa a neng a e naya, gore Jehofa o tlekeetso tota mo katamalanong e e bothitho e bile o kutlwelobotlhoko.”—Jakobe 5:11.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Boleng jwa “kgapetlana ya ledi” (ka Sehebera e leng, qesi·tahʹ) bo ka se itsiwe. Mme “dikgapetlana di le lekgolo tsa madi” di ne di reka karolo e kgolo ya naga mo motlheng wa ga Jakobe. (Jošua 24:32) Ka gone, “kgapetlana ya ledi” e e neng e ntshiwa ke moeng mongwe le mongwe e ka tswa e ne e le mpho ya bopelotshweu.
b Gongwe go ne ga bolelwa bong jwa diesela tse dinamagadi ka ntlha ya boleng jwa tsone jaaka tse di tsalang.