Kopano ya Kgaolo ya 1998-1999 ya “Tsela ya Modimo ya Botshelo” e Gaufi!
MO Borwa jwa Afrika, go rulagantswe gore go tshwarwe dikopano mo mafelong a le 21 a a farologaneng ka December go ya go January. Gongwe, nngwe ya dikokoano tseno tsa malatsi a mararo e tla bo e tshwaretswe kwa motseng o o gaufi le kwa gaeno. Mo mafelong a le mantsi, thulaganyo e tla simolola letsatsi lengwe le lengwe—ka Labotlhano go ya go Sontaga—ka mmino ka 9:30 a.m.
Thulaganyo ya Labotlhano mo mosong e tla bua thata ka dipego tse di malebana le kgatelopele ya go rera ka Bogosi mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Mme setlhogo sa kopano se tla gatisiwa thata mo puong eno ya setlhogo, “Thekololo ya ga Keresete—Tsela ya Modimo ya Poloko.”
Mo thapameng simphosiamo se se reng, “Batsadi—Rutang Bana ba Lona Tsela ya Modimo,” se tla neela dikakantsho tsa kafa bana ba ka tlhotlhelediwang ka gone gore ba rate Jehofa le go mo direla. Thulaganyo ya thapama e tla konela ka puo e e reng “A go Na le Botshelo Morago ga Loso?”
Thulaganyo ya Matlhatso mo mosong e bontsha tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go dira barutwa ka dikarolo tse tharo ka go latelana ga tsone, “Go Thusa Batho go Tsena mo Tseleng ya Botshelo,” “Kgwetlho ya go Fitlhelela Batho,” le “Go Ruta Barutwa Sotlhe se Keresete a ba Laetseng Sone.” Fa thulaganyo ya mo mosong e ya bokhutlong, go tla baakanyediwa gore barutwa ba basha ba kolobediwe.
Puo e e simololang Matlhatso thapama e e reng “Go Direla Re Ntse re Lebeletse Botshelo Jo bo Sa Khutleng,” e kgothatsa gore re akanyetse mabaka a rona a botho a go direla Modimo ka thapelo. Dipuo tse di reng “Go Anaanela ‘Dimpho Tsa Banna,’ ba ba Rutang Tsela ya Modimo” le “Botho—Tlhobola jo Bogologolo Mme o Apare jo Bosha” di sekaseka temana nngwe le nngwe ya Baefeso kgaolo 4 ka tsela e e rutang. Go tswa foo, tlhagiso e e molemo ya Dikwalo e tla neelwa mo puong e e reng “Go Ipoloka O se Na Selabe se se Tswang mo Lefatsheng” le mo simphosiamong se se nang le dikarolo di le tharo se se reng “Basha—Latelang Tsela ya Modimo.” Thulaganyo ya thapama e konela ka puo e e reng “Mmopi—Botho Jwa Gagwe le Ditsela Tsa Gagwe.”
Thulaganyo ya Sontaga mo mosong e bontsha simphosiamo se se nang le dikarolo di le tharo se se tla tlotlang ka dikgaolo tsa bofelo tsa buka ya Baebele ya Esekiele mmogo le go diragadiwa ga boporofeti jwa yone. Se se konelang thulaganyo ya mo mosong ke terama ya motlha wa bogologolo e e theilweng mo boikanyeging jwa basha ba bararo ba Bahebera. Ntlhakgolo ya kopano mo thapameng ke puo ya phatlalatsa e e reng, “Tsela Fela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng.”
Eleruri o tla nonotshiwa mo semoyeng fa o ka nna gone ka malatsi ano otlhe a mararo. O lalediwa ka lorato gore o nne gone mo thulaganyong yotlhe, legale, tsotlhe di tla tshwarwa go sa tlhokege gore o duele. Gore o itse ka lefelo le le gaufi le kwa gaeno, ya kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa ya lefelo la lona kana o kwalele bagatisi ba makasine ono.