LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 7/1 ts. 25
  • “Letsatsi Lengwe le Lengwe mo Marekisetsong”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Letsatsi Lengwe le Lengwe mo Marekisetsong”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bona Bopelonomi jo bo Lorato Jwa ga Jehofa le Tlhokomelo ya Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Go Rera Kwa Marekisetsong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Karolo 4—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Dirisa ka Botlhale Dikgatiso Tsa Rona Tse di Theilweng mo Baebeleng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 7/1 ts. 25

Pego ya Baboledi ba Bogosi

“Letsatsi Lengwe le Lengwe mo Marekisetsong”

MOAPOSETOLOI PAULO o ne a dirisa sebaka sengwe le sengwe gore a anamise molaetsa wa Bogosi. E le go batla batho ba ba tshwanelegang, o ne a bontshana mabaka “le Bajuda mo sinagogeng . . . mme letsatsi lengwe le lengwe mo marekisetsong . . . le ba go neng go direga gore ba bo ba le gone.”—Ditiro 17:17.

Tlhagafalo e e ntseng jalo e ntse e le letshwao la baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa fa e sa le ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. (Mathaio 28:19, 20) Gompieno, ka mo go tshwanang Basupi ba ga Jehofa ba dirisa mekgwa e e farologaneng fa ba ntse ba thusa batho ba ba dipelo tse di ikanyegang ka tlhagafalo gore ba nne le kitso e e tlhomameng ya boammaaruri. (1 Timotheo 2:3, 4) Boitemogelo jo bo latelang go tswa kwa Australia bo bontsha seno.

Malatsi a le matlhano mo bekeng nngwe le nngwe, Sid le Harold ba refosana go leta mo ba beileng dibuka tsa Baebele gone gaufi le seteishene sa terena kwa Sydney. Ba ntse ba abela batho dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ka tsela eno ka dingwaga tse tlhano jaanong. Sid, yo o nang le dingwaga di le 95, o tlhalosa jaana: “Fa ke ne ke nna le dingwaga di le 87, ke ne ke sa tlhole ke kgona go kgweetsa koloi. Seo se ne sa nkutlwisa botlhoko ka gonne ke ne ke itumelela tiro ya go neela bosupi phatlalatsa. Ka letsatsi lengwe fa ke ne ke le gaufi le lefelo la bajanala le le tlwaelegileng le le bidiwang Echo Point kwa Katoomba, ke ne ka bona motaki mongwe a rekisa ditshwantsho tse di bontshang dilo tsa tlhago. Ke ne ka sekaseka ditshwantsho tseno mme ka akanya gore, ‘Ke na le ditshwantsho tse di gaisang tseno mo bekeng ya me ya go neela bosupi—mme e bile di sa ture jaaka tseno!’ Ka jalo ke ne ka swetsa go dira tafole, ke bo ke e baya fa go fetang batho thata teng, mme ke bo ke neela ba ba fetang ka tsela dibuka tsa Baebele tse di tsamaisiwang ke Basupi ba ga Jehofa tse di nang le ditshwantsho tse dintle.

“Dingwaga tse nnè tse di fetileng, ke ne ka fudusetsa tafole eno kwa Sydney, mme Harold o ne a dira le nna. Re refosana go leta fa tafoleng eno e bile re dira mmogo le diphuthego tse di mo lefelong la rona.” Harold, yo jaanong a nang le dingwaga di le 83, o bolela jaana: “Mantaga go ya go Labotlhano go na le batho ba sekae fela kwa magaeng. Ka jalo go abela batho molaetsa wa Bogosi ka tsela eno go re isa kwa batho ba leng gone. Totatota, re nna le matswela a a molemo. Palo ya dibuka tse re di tsamaisang mo nageng eno e tlhomologile.”

“Le mororo re ne ra direla mo mafelong a le manè kana a le matlhano a a farologaneng mo dingwageng tse di fetileng,” go bolela jalo Sid, “ga go tseye nako gore batho ba re itse. Batho bangwe ba tla kwa go rona ba batla dibuka. Ba bangwe ba na le dipotso tse ba batlang di arabiwa. Mme bangwe ba batla fela go bua metsotso e sekae. Eno ke nako fela e maeto a me a go boela a tlang kwa go nna ka yone,” a khinkhinyega.

Harold o oketsa jaana: “Ruri batho ba le bantsi ba kgatlhegela Baebele. Mo kgweding e le nngwe fela batho ba le banè ba ne ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ka ntlha ya dibuka tse ba di amogetseng mo go rona le ka ntlha ya dipotso tse re neng ra kgona go di araba ka Baebele. Maitemogelo a a tshwanang le ano a a re kgothatsa tota.”

Fela jaaka Sid le Harold—le jaaka moaposetoloi Paulo—Basupi ba ga Jehofa gongwe le gongwe ba dirisa sebaka sengwe le sengwe go anamisa molaetsa o o botlhokwa. Ka gone, “dikgang tse di molemo” di tswelela pele di rerwa “mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.”—Mathaio 24:14.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela