LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 7/15 ts. 14-19
  • A o Tsene mo Boikhutsong Jwa Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Tsene mo Boikhutsong Jwa Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo O ne A Ikhutsa mo Tirong ya Gagwe
  • Iseraele E ne Ya Palelwa ke go Tsena mo Boikhutsong Jwa Modimo
  • E sa Ntse e le Nako ya Boikhutso
  • Tsena mo Boikhutsong Jwa Modimo
  • Lefoko la Modimo le Maatla
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Boikhutso Jwa Modimo ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Go na Le Nako ya go Bereka Le ya Go Ikhutsa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Sabata
    Go Fetolana ka Dikwalo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 7/15 ts. 14-19

A o Tsene mo Boikhutsong Jwa Modimo?

“Motho yo o tseneng mo boikhutsong jwa Modimo le ene ka boene o ikhuditse mo ditirong tsa gagwe.”—BAHEBERA 4:10.

1. Ke ka ntlha yang fa go ikhutsa go eletsega jaana?

BOIKHUTSO. A bo e le lefoko le le monate le le le rategang jang ne! E re ka re tshela mo lefatsheng la gompieno le le potlakileng le le le tlhakatlhakaneng, bontsi jwa rona re ka dumela gore go ikhutsa go le gonnye e ka nna selo se se molemo thata. Bannye kana bagolo, ba ba mo lenyalong kana ba ba seng mo lenyalong, re ka nna ra ikutlwa re gateletswe e bile re lapisitswe ke botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Batho ba ba golafetseng kana ba ba lwalang, letsatsi lengwe le lengwe ke kgwetlho mo go bone. Jaaka Dikwalo di bolela, “tlhōlō yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong.” (Baroma 8:22) Ga se gore motho yo o ikhuditseng o a bo a le setshwakga. Motho o tlhoka go ikhutsa mme e bile o tshwanetse go ikhutsa.

2. Jehofa o sa le a ikhuditse go tloga leng?

2 Jehofa Modimo ka boene o ntse a ikhuditse. Mo bukeng ya Genesise, re bala jaana: “Legodimo le lefatshe tsa wediwa, le dilo tsotlhe tse di mo go tsone. E rile ka letsatsi la bosupa, Modimo wa wetsa tiro ya one e o e dirileng; wa ikhutsa ka letsatsi la bosupa mo tirong yotlhe ya one e o e dirileng.” Jehofa o ne a tsaya “letsatsi la bosupa” le le botlhokwa thata, ka gonne pego e e tlhotlheleditsweng e tswelela pele e bolela jaana: “Modimo wa segofatsa letsatsi la bosupa, wa le itshepisa.”—Genesise 2:1-3.

Modimo O ne A Ikhutsa mo Tirong ya Gagwe

3. Ke mabaka afe a a sa dirang gore Modimo a ikhutse?

3 Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a ikhutsa ka “letsatsi la bosupa”? Nnyaa, o ne a sa ikhutse ka gonne a ne a lapile. Jehofa o na le “bogolo jwa nonofo” mme “ga a idibale, ga a lape.” (Isaia 40:26, 28) Le gone Modimo ga a ka a ikhutsa ka gonne a ne a tlhoka go itapolosa kana go iketla, ka gonne Jesu o ne a re bolelela jaana: “Rre o ntse a dira go fitlha jaanong, le nna ke ntse ke a dira.” (Johane 5:17) Gone e bile, “Modimo ke Moya” mme ga a tlamiwe ke diphetogo tsa mmele le dilo tse dibopiwa tsa nama di di tlhokang.—Johane 4:24.

4. “Letsatsi la bosupa” le ne le farologane ka tsela efe le ‘malatsi’ a marataro a a fetileng?

4 Re ka bona jang lebaka la go bo Modimo a ne a ikhutsa ka “letsatsi la bosupa”? Ka go lemoga gore le mororo Modimo a ne a itumedisiwa thata ke se a se dirileng ka nako e telele ya ‘malatsi’ a marataro a a fetileng a popo, o ne a segofatsa “letsatsi la bosupa” ka tsela e e kgethegileng mme a bolela fa le le ‘boitshepo.’ Concise Oxford Dictionary e tlhalosa ‘boitshepo’ e le “go neelwa kana go tshwaelwa (modimo mongwe kana boikaelelo bongwe jwa bodumedi).” Ka gone, fa Jehofa a ne a segofatsa “letsatsi la bosupa” le go le bolela le le boitshepo go supa gore lone mmogo le go “ikhutsa” ga gagwe di tshwanetse tsa bo di amana le thato le boikaelelo jwa gagwe jo bo boitshepo mme di sa amane ka gope le dilo dipe tse a di tlhokang. Di amana jang?

5. Ke eng se Modimo a neng a se dira ka ‘malatsi’ a marataro a ntlha a popo?

5 Mo ‘malatsing’ a marataro a a fetileng a popo, Modimo o ne a dira le go tlhoma medikologo le melao yotlhe e e laolang ditiro tsa lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone. Baitsesaense ke gone ba ithutang gore dilo tseno di dirilwe ka tsela e ntle go le kana kang. Fa “letsatsi la borataro” le ya kwa bokhutlong, Modimo o ne a bopa batho ba babedi ba ntlha mme a ba baya ‘mo tshimong ya Edena ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi.’ Kgabagare, Modimo o ne a itsise boikaelelo jwa gagwe malebana le lelapa la motho le lefatshe ka mafoko ano a boporofeti: “Atang, lo ntsifale lo tlale ka lefatshe, lo le fenye, lo laole ditlhapi tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le sengwe le sengwe se se tshedileng se se tsamayang mo lefatsheng.”—Genesise 1:28, 31; 2:8.

6. (a) Kwa bokhutlong jwa “letsatsi la borataro,” Modimo o ne a ikutlwa jang ka sotlhe se a se bopileng? (b) “Letsatsi la bosupa” le boitshepo ka tsela efe?

6 Fa “letsatsi la borataro” la popo le ne le ela go wela, pego eno e re bolelela jaana: “Modimo wa bona sengwe le sengwe se o se dirileng, mme bonang, ga bo go le molemo thata.” (Genesise 1:31) Modimo o ne a kgotsofaditswe ke sengwe le sengwe se a se dirileng. Ka gone o ne a ikhutsa, kana a emisa go tlhola a tswelela ka popo e e malebana le lefatshe. Le fa go ntse jalo, jaaka tshingwana ya paradaise ka nako eo e ne e itekanetse e bile e le ntle, e ne e le karolo e nnye fela, mme go ne go na le dibopiwa di le pedi fela tsa batho mo lefatsheng. Go ne go tla tsaya nako gore lefatshe le lelapa la batho le fitlhe mo boemong jo Modimo a neng a bo ikaeletse. Ka ntlha ya seno, o ne a tlhoma “letsatsi la bosupa” le le neng le tla dumelela gore dilo tsotlhe tse a di dirileng ka ‘malatsi’ a marataro a a fetileng di tswelele go dumalana le thato ya gagwe e e boitshepo. (Bapisa Baefeso 1:11.) Jaaka “letsatsi la bosupa” le ela go wela, lefatshe le tla bo le le paradaise ya kgolokwe yotlhe le nniwa ka bosakhutleng ke lelapa la batho ba ba itekanetseng. (Isaia 45:18) “Letsatsi la bosupa” le beetswe, kana le tshwaetswe, go wediwa le go diragadiwa ga thato ya Modimo malebana le lefatshe le batho. Ka tsela eo le ‘boitshepo.’

7. (a) Modimo o ne a ikhutsa ka “letsatsi la bosupa” ka tsela efe? (b) Sengwe le sengwe se tlile go nna jang ka nako ya fa “letsatsi la bosupa” le ya kwa bokhutlong?

7 Ka jalo Modimo o ne a ikhutsa mo tirong ya gagwe ya popo ka “letsatsi la bosupa.” Go ntse jaaka e kete o emisitse go dira mme o letlelela se a se simolotseng gore se itsamaise. O na le tshepo e e feletseng ya gore kwa bokhutlong jwa “letsatsi la bosupa,” sengwe le sengwe se tla bo se le fela jaaka a ne a ikaeletse. Tota le fa go ne go ka nna le dikgoreletsi, di tla bo di fentswe. Batho botlhe ba ba kutlo ba tla solegelwa molemo fa thato ya Modimo e diragadiwa ka botlalo. Ga go na sepe se se ka emang seno kwa pele ka gonne tshegofatso ya Modimo e mo ‘letsatsing la bosupa,’ mme o le ‘itshepisitse.’ A bo e le tebelelo e e molemolemo jang ne ya batho ba ba kutlo!

Iseraele E ne Ya Palelwa ke go Tsena mo Boikhutsong Jwa Modimo

8. Baiseraele ba ne ba simolola go boloka Sabata leng mme go tlile jang?

8 Setšhaba sa Iseraele se ne se solegelwa molemo ke thulaganyo ya ga Jehofa ya go dira le go ikhutsa. Tota le pele Modimo a neela Baiseraele Molao kwa Thabeng ya Sinai, o ne a ba bolelela jaana ka Moshe: “Bonang, e re ka Jehofa a lo neile Sabata, ke gone ka letsatsi la borataro o lo neileng dijo tsa malatsi a le mabedi; a motho mongwe le mongwe a nne felong ga gagwe, go se nne motho ope yo o tlogang mo felong ga gagwe ka letsatsi la bosupa.” Go ile ga felela ka gore “batho ba [ikhutse] ka letsatsi la bosupa.”—Ekesodo 16:22-30.

9. Ke ka ntlha yang fa molao wa Sabata kwantle ga pelaelo e ne e le phetogo e e neng e itumelelwa ke Baiseraele?

9 Thulaganyo eno e ne e le ntšha mo Baiseraeleng, ba ba neng ba sa tswa go gololwa mo bokgobeng kwa Egepeto. Le mororo Baegepeto le ba bangwe ba ne ba lekanya nako ka lobaka lwa malatsi a le matlhano go ya go a le lesome, ga go lebege Baiseraele ba makgoba ba ne ba neetswe letsatsi la go ikhutsa. (Bapisa Ekesodo 5:1-9.) Ka gone go a utlwala go konela ka gore batho ba Iseraele ba ne ba itumelela phetogo eno. Go na le go tsaya se se tlhokwang ke Sabata e le mokgweleo kana thibelo nngwe, ba tshwanetse ba bo ba ile ba itumelela go e latela. Tota e bile, moragonyana Modimo o ne a ba bolelela gore Sabata e ne e tshwanetse go ba gakolola bokgoba jwa bone jwa kwa Egepeto le go ba golola ga gagwe.—Duteronome 5:15.

10, 11. (a) Ke eng se Baiseraele ba neng ba ka lebelela pele go se itumelela, fa ba ne ba le kutlo? (b) Ke ka ntlha yang fa Baiseraele ba ne ba palelwa ke go tsena mo boikhutsong jwa Modimo?

10 Fa Baiseraele ba ba neng ba tswa kwa Egepeto le Moshe ba ne ba le kutlo, ba ka bo ba ile ba nna le tshiamelo ya go tsena mo “lefatsheng le le elang maši le dinotshe” le le neng le solofeditswe. (Ekesodo 3:8) Ba ka bo ba ile ba itumelela boikhutso jwa mmatota gone koo, e seng ka Sabata fela mme botshelo jwa bone jotlhe. (Duteronome 12:9, 10) Le fa go ntse jalo, ga go a ka ga nna jalo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana malebana le bone: “Ke bomang ba ba neng ba utlwa mme lefa go ntse jalo ba tsosa kgalefo e e botlhoko? Tota e bile, a botlhe ba ba neng ba tswa mo Egepeto ba le tlase ga Moshe ba ne ba se ka ba dira jalo? Mo godimo ga moo, ke bomang ba Modimo o neng wa ferosiwa sebete ke bone ka dingwaga di le masome a manè? A e ne e se ba ba neng ba leofa, ba ditoto tsa bone di neng tsa wela mo gare ga naga? Mme ke bomang ba o neng wa ba ikanela gore ruri ga ba na go tsena mo boikhutsong jwa one fa e se ba ba neng ba dira ka go sa utlwe? Jalo re bona gore ba ne ba se ka ba kgona go tsena ka ntlha ya go se nang tumelo.”—Bahebera 3:16-19.

11 A bo e le thuto e e maatla jang ne mo go rona! E re ka kokomana eo yotlhe e ne e se na tumelo mo go Jehofa, ga ya ka ya bona boikhutso jo a neng a e solofeditse jone. Go na le moo, ba ne ba nyelela kwa nageng. Ba ne ba palelwa ke go lemoga gore jaaka ditlogolwana tsa ga Aborahame, ba ne ba amana thata le thato ya Modimo mo go tlisetseng ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe ditshegofatso. (Genesise 17:7, 8; 22:18) Go na le go dira go dumalana le thato ya Modimo, ba ne ba faposiwa gotlhelele ke dikeletso tsa bone tse di tlwaelegileng le tse di pelotshetlha. E kete le ka motlha re se ka ra wela mo tseleng e e ntseng jalo!—1 Bakorintha 10:6, 10.

E sa Ntse e le Nako ya Boikhutso

12. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa ntse ba na le tebelelo efe, mme ba ne ba ka e bona jang?

12 Fa Paulo a sena go tlhalosa ka go palelwa ga Iseraele go tsena mo boikhutsong jwa Modimo ka gonne a ne a se na tumelo, o bua jaanong le badumedikaene. Jaaka go bontshitswe mo go Bahebera 4:1-5, o ne a ba tlhomamisetsa gore “tsholofetso e santse e le teng ya go tsena mo boikhutsong jwa [Modimo].” Paulo o ne a ba rotloetsa go nna le tumelo mo ‘dikgannyeng tse di molemo,’ ka gonne “rona ba re supileng tumelo ruri re tsena mo boikhutsong jono.” E re ka Molao o setse o tlositswe ka setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu, Paulo fano o ne a sa bolele ka go ikhutsa mo mmeleng mo go dirwang ka Sabata. (Bakolosa 2:13, 14) Ka go nopola Genesise 2:2 le Pesalema 95:11, Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ba Bahebera gore ba tsene mo boikhutsong jwa Modimo.

13. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a dira gore go elwe tlhoko lefoko “gompieno,” fa a ne a nopola Pesalema 95?

13 Go tsena mo boikhutsong jwa Modimo go tshwanetse ga bo go ile ga nna “dikgang tse di molemo” mo Bakereseteng ba Bahebera, fela jaaka go ikhutsa ka Sabata go tshwanetse ga bo go ile ga nna “dikgang tse di molemo” mo Baiseraeleng ba pele ga bone. Ka gone, Paulo o ne a rotloetsa badumedikaene gore ba se ka ba dira phoso e e tshwanang le e Iseraele e neng ya e dira kwa nageng. Fa a nopola se jaanong e leng Pesalema 95:7, 8, o ne a dira gore go elwe tlhoko lefoko “gompieno,” le mororo e ne e setse e le nako e telele fa e sale Modimo a ikhutsa go dira popo. (Bahebera 4:6, 7) Ntlha ya ga Paulo e ne e le efe? E ne e le gore “letsatsi la bosupa,” le Modimo a neng a le beetse kwa thoko e le gore boikaelelo jwa gagwe jo bo malebana le lefatshe le batho bo diragadiwe ka botlalo, le ne le sa ntse le tsweletse. Ka gone, go ne go potlakile gore Bakeresetekaene ba dire go dumalana le boikaelelo jono go na le go tshwarega ka dilo tsa bopelotshetlha. O ne a tlhagisa gape jaana: “Lo se ka lwa kgwaralatsa dipelo tsa lona.”

14. Paulo o ne a bontsha jang gore e sa ntse e le nako ya “boikhutso” jwa Modimo?

14 Mo godimo ga moo, Paulo o ne a bontsha gore ‘boikhutso’ jo bo solofeditsweng e ne e se kgang fela ya go thibelela kwa Nageng e e Solofeditsweng ba eteletswe pele ke Joshua. (Jošua 21:44) Paulo o ne a bolela jaana: “Gonne fa Joshua a ne a ba isitse mo lefelong la boikhutso, Modimo o ka bo o se kile morago ga moo wa bua ka letsatsi le lengwe.” Ka ntlha ya seo, Paulo o ne a oketsa jaana: “Go santse go na le boikhutso jwa sabata jwa batho ba Modimo.” (Bahebera 4:8, 9) “Boikhutso jwa sabata” joo ke eng?

Tsena mo Boikhutsong Jwa Modimo

15, 16. (a) Ke eng se se bolelwang ke lereo le le reng “boikhutso jwa sabata”? (b) Ke eng se se bolelwang ke ‘go ikhutsa mo tirong ya motho’?

15 Mafoko a a reng “boikhutso jwa sabata” a ranotswe go tswa mo lefokong la Segerika le le kayang “go dira sabata.” (Kingdom Interlinear) Porofesa William Lane o bolela jaana: “Lefoko leno le ne la simolola go nna le bokao jwa lone jo bo kgethegileng morago ga taelo ya Sabata e e neng ya simolola mo Bojudeng e theilwe mo go Ekes 20:8-10, koo go neng ga gatelelwa gore boikhutso le pako di a tsamaisana. . . . [Le] gatelela karolo e e kgethegileng ya mokete le boitumelo, tse di bontshiwang fa go obamelwa le fa go bakwa Modimo.” Ka jalo he, go ikhutsa mo go solofeditsweng ga se fela go tlogela go dira. Ke go tlogela tiro e e lapisang, e e se nang boikaelelo mme o dira tirelo e e itumedisang e e tlotlang Modimo.

16 Seno se tshegediwa ke mafoko a ga Paulo a a latelang: “Gonne motho yo o tseneng mo boikhutsong jwa Modimo le ene ka boene o ikhuditse mo ditirong tsa gagwe, fela jaaka Modimo o ne wa ikhutsa mo go tsa one.” (Bahebera 4:10) Modimo ga a ka a ikhutsa ka letsatsi la bosupa la popo ka gonne a ne a lapile. Go na le moo, o ne a emisa mo tirong ya gagwe ya popo ya lefatshe e le gore tiro ya diatla tsa gagwe e tswelele pele mme e galalele ka botlalo, gore a bakwe a bo a tlotlwe. Jaaka re le karolo ya popo ya Modimo, le rona re tshwanetse go tsena mo thulaganyong eo. Re tshwanetse go ‘ikhutsa mo ditirong tsa rona,’ ke gore, re tshwanetse go tlogela go itshupa re siame fa pele ga Modimo e le gore re bone poloko. Go na le moo, re tshwanetse go nna le tumelo ya gore poloko ya rona e ikaegile ka setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete, se dilo tsotlhe di tla dumalanang gape le boikaelelo jwa Modimo ka ntlha ya sone.—Baefeso 1:8-14; Bakolosa 1:19, 20.

Lefoko la Modimo le Maatla

17. Ke tsela efe e re tshwanetseng go e tila e e neng e latelwa ke Iseraele wa nama?

17 Baiseraele ba ne ba palelwa ke go tsena mo boikhutsong jo bo neng bo solofeditswe jwa Modimo ka gonne ba ne ba tlhoka kutlo e bile ba se na tumelo. Ka gone, Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ba Bahebera jaana: “Jalo a re direng bojotlhe jwa rona go tsena mo boikhutsong joo, e se re kgotsa ope a wela mo mokgweng one oo wa botlhokakutlo.” (Bahebera 4:11) Bajuda ba le bantsi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa dumele mo go Jesu, mme bontsi jwa bone bo ne jwa boga thata fa tsamaiso ya dilo ya Sejuda e ne e ya kwa bokhutlong ka 70 C.E. A bo go le botlhokwa jang ne gore re nne le tumelo mo lefokong la Modimo la tsholofetso gompieno!

18. (a) Paulo o ne a ntsha mabaka afe a gore re nne le tumelo mo lefokong la Modimo? (b) Lefoko la Modimo le “bogale thata go gaisa tšhaka epe e e bojetlabobedi” jang?

18 Re na le mabaka a a utlwalang a go nna le tumelo mo lefokong la ga Jehofa. Paulo o ne a kwala jaana: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le tsenya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e bojetlabobedi mme le tlhaba gore le bo le kgaoganye sebele le moya, le malokololo le moko wa one, mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Bahebera 4:12) Ee, lefoko la Modimo, kana molaetsa wa gagwe, o “bogale thata go gaisa tšhaka epe e e bojetlabobedi.” Bakeresete ba Bahebera ba ne ba tlhoka go gakologelwa se se neng sa diragalela bagologolwane ba bone. Ka go tlhokomologa katlholo ya ga Jehofa ya gore ba ne ba tla nyelela mo nageng, ba ne ba leka go tsena mo Nageng e e Solofeditsweng. Mme Moshe o ne a ba tlhagisa jaana: “Baamaleke le Bakanana ba gone fa pele ga lona, mme lo tlaa wa ka tšhaka.” Fa Baiseraele ba ne ba tsamaya fela ka botlhogoethata, “Baamaleke ba fologa le Bakanana ba ba agileng mo thabeng eo, ba ba kgemetha ba ba kgokolosetsa go ya kwa Horema.” (Dipalo 14:39-45) Lefoko la ga Jehofa le bogale go gaisa tšhaka e e bojetlabobedi, mme motho ope fela yo o ka itlhokomolosang lone ka boomo ruri o tla roba diphelelo tsa gone.—Bagalatia 6:7-9.

19. Lefoko la Modimo le “tlhaba” jang ka tsela e e maatla, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dumela gore re ikarabela go Modimo?

19 A bo lefoko la Modimo le le maatla le “tlhaba gore le bo le kgaoganye sebele le moya, le malokololo le moko wa one” jang ne! Le tsenelela mo megopolong le mo maikutlong a batho, le tlhaba moko ka tsela ya tshwantshetso mo karolong e e botengteng ya marapo! Le mororo Baiseraele ba ba neng ba gololwa mo bokgobeng jwa Baegepeto ba ne ba dumetse gore ba tla boloka Molao, Jehofa o ne a itse gore mo dipelong tsa bone ba ne ba sa anaanele dipaakanyetso tsa gagwe le dilo tse a di tlhokang. (Pesalema 95:7-11) Go na le gore ba dire thato ya gagwe, ba ne ba amegile ka go kgotsofatsa dikeletso tsa bone tsa nama. Ka gone, ba ne ba se ka ba tsena mo boikhutsong jo bo solofeditsweng jwa Modimo mme ba nyelela mo nageng. Re tshwanetse go tlhwaela tsebe seo, ka gonne “ga go na setlhōdiwa se se sa bonatshegeng mo ponong ya [Modimo], mme dilo tsotlhe ga di a ikatega e bile di mo mpaananeng fela mo matlhong a one o re nang le go ikarabelela mo go one.” (Bahebera 4:13) Ka gone e kete re ka diragatsa boineelo jwa rona mo go Jehofa mme re sa ‘kate ka morago go ya tshenyegong.’—Bahebera 10:39.

20. Ke eng se se larileng kwa pele, mme ke eng se jaanong re tshwanetseng go se dira gore re tsene mo boikhutsong jwa Modimo?

20 Le mororo “letsatsi la bosupa”—letsatsi la boikhutso jwa Modimo—le sa ntse le tsweletse pele, o lebeletse go wetsa boikaelelo jwa gagwe jo bo malebana le lefatshe le batho. Mo bogautshwaneng, Kgosi ya Bomesia, e bong Jesu Keresete, o tla tsaya kgato gore a senye lefatshe la baganetsi botlhe ba thato ya Modimo, go akaretsa le Satane Diabolo. Mo Pusong ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete, Jesu le babusikaene ba ba 144 000 ba tla dira gore lefatshe le batho ba nne ka tsela e Modimo a neng a e rerile. (Tshenolo 14:1; 20:1-6) Jaanong ke nako ya go supa gore matshelo a rona a ikaegile ka thato ya ga Jehofa Modimo. Mo boemong jwa gore re batle seipato fa pele ga Modimo le go tsweledisa dikgatlhego tsa rona, jaanong ke nako ya gore re ‘ikhutse mo ditirong tsa rona’ le go dira dilo tse di direlwang Bogosi ka pelo yotlhe. Ka go dira jalo le ka go nna re ikanyega mo go Rraarona wa selegodimo, e bong Jehofa, re tla nna le tshiamelo ya go itumelela melemo ya boikhutso jwa Modimo gone jaanong le ka bosakhutleng.

A o Ka Tlhalosa?

◻ Modimo o ne a ikhutsa ka “letsatsi la bosupa” ka boikaelelo bofe?

◻ Ke boikhutso bofe jo Baiseraele ba ka bong ba ile ba bo itumelela, mme ke ka ntlha yang fa ba ile ba palelwa ke go tsena mo go jone?

◻ Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re tsene mo boikhutsong jwa Modimo?

◻ Lefoko la Modimo le a tshela, le maatla, e bile le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e bojetlabobedi ka tsela efe?

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Baiseraele ba ne ba boloka Sabata, mme ba ne ba se ka ba tsena mo boikhutsong jwa Modimo. A o itse gore ke ka ntlha yang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela