LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 8/1 ts. 4-6
  • Kgabagare—Go Nna le Tshiamiso mo Bathong Botlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgabagare—Go Nna le Tshiamiso mo Bathong Botlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsholofetso E re Ka e Ikanyang
  • Tshiamololo e ka Fenngwa
  • Go Jala Dipeo Tsa Tshiamo
  • Jehofa—Motswedi wa Tshiamiso ya Boammaaruri le Tshiamo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • “Sengwe le Sengwe Se a Se Dirang se Siame”
    Atamalana le Jehofa
  • Etsa Jehofa—Dira Dilo ka Tshiamiso le ka Tshiamo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Jesu o “Diragatsa Tshiamiso mo Lefatsheng”
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 8/1 ts. 4-6

Kgabagare—Go Nna le Tshiamiso mo Bathong Botlhe

“Re tla leka go reetsa ka ditsela tse disha . . . mantswe a a utlwileng botlhoko, mantswe a a tshwenyegileng, mantswe a a se nang tsholofelo ya gore a tla reediwa . . . Se se setseng ke go dirisa se se setseng se kwadilwe mo molaong: gore kgabagare re tlhomamise gore jaaka rotlhe re tshotswe re na le seriti se se lekanang fa pele ga Modimo, rotlhe re tsholwa re na le seriti se se lekanang fa pele ga motho.”—Moporesidente wa United States e bong Richard Milhous Nixon, puo ya fa a ne a tlhomiwa mo pusong, January 20, 1969.

FA DIKGOSI, boporesidente, le ditonakgolo di tlhomiwa mo pusong, di tlwaetse go bua ka tshiamiso. Richard Nixon, yo pele e neng e le moporesidente wa United States, le ene o ne a dira jalo. Mme mafoko a gagwe a a monatšana a latlhegelwa ke bokao jwa one fa a lejwa mo hisitoring eno e e tletseng letlhoo. Le mororo a ne a ikana ‘go dirisa molao,’ moragonyana Nixon o ne a bonwa molato wa go tlola molao mme o ne a patelediwa go tlogela tiro ya gagwe. Masome a mararo a dingwaga morago ga moo, ‘mantswe a a utlwileng botlhoko, a a tshwenyegileng, le a a se nang tsholofelo’ a sa ntse a goeletsa gore a utlwiwe.

Go reetsa mantswe a a ntseng jalo le go diragatsa dingongorego tsa one ga se kgetsi e potlana, jaaka baeteledipele ba ba neng ba na le maikaelelo a mantle ba ne ba bona seo. ‘Tshiamiso mo bathong botlhe’ e itshupile e le mokgele o o thata go o fitlhelela. Le fa go ntse jalo, makgolokgolo a le mantsi a dingwaga a a fetileng, go ne ga dirwa tsholofetso nngwe e re tshwanetseng go e ela tlhoko—tsholofetso e e kgethegileng e e malebana le tshiamiso.

Modimo o ne a tlhomamisetsa batho ba Gagwe ka moporofeti wa gagwe Isaia gore o ne a tla romela “motlhanka” yo a mo itlhophetseng. “Ke beile mowa wa me mo go ene,” Jehofa o ne a ba bolelela jalo. “O tlaa ntshetsa tshiamiso kwa merafeng.” (Isaia 42:1-3) Ga go na mmusi ope wa motho yo o ka nnang pelokgale go bua jalo, a re o tla tlisetsa setšhaba sengwe le sengwe tshiamiso e e tla nnelang ruri. A tsholofetso eno e ka ikanngwa? A go ka kgonega go dira selo se segolo jalo?

Tsholofetso E re Ka e Ikanyang

Tsholofetso e ka ikanngwa fa fela motho yo o e solofeditseng a ikanyega. Mo ntlheng eno, ga se ope fa e se Modimo Mothatayotlhe yo o bolelang gore “motlhanka” wa gagwe o tla dira gore go nne le tshiamiso mo lefatsheng lotlhe. Go farologana le babopolotiki, Jehofa ga a tseye ditsholofetso motlhofo. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: ‘Ga go kgonege gore o ake.’ (Bahebera 6:18) Modimo o bolela jaana a gatelela: “Go tla diragala fela jaaka ke ikaeletse go dira.”—Isaia 14:24, Today’s English Version.

Gape tshepo ya rona mo tsholofetsong eo e gatelelwa ke seo pego e se buang ka “motlhanka” yo o itlhophetsweng ke Modimo, e bong Jesu Keresete. Yo o tla tlhomang tshiamiso o tshwanetse go rata tshiamiso a bo a tshele go dumalana le yone. Jesu o ne a tlogela pego e e se nang selabe jaaka monna yo o neng a ‘rata tshiamo mme a tlhoile bosenangmolao.’ (Bahebera 1:9) Se a neng a se bua, tsela e a neng a tshela ka yone, mme tota le tsela e a suleng ka yone, tsotlhe di ne di supa gore ruri e ne e le monna yo o tshiamo. Fa Jesu a ne a swa, modiredimogolo wa masole a Roma, yo go bonalang a ne a le teng mo tshekong ya ga Jesu le fa a ne a bolawa, o ne a tlhotlheletsega go bolela jaana: “Ruri monna yono o ne a siame.”—Luke 23:47.

Mo godimo ga gore Jesu o ne a tshela ka tsela e e siameng, o ne a gana tshiamololo e e neng e tletse mo motlheng wa gagwe. O ne a dira seno, e seng ka go senya kana ka go menola puso, mme ka go ruta mongwe le mongwe yo o neng a batla go reetsa tshiamiso ya boammaaruri. Thero ya gagwe ya kwa Thabeng e bontsha sentlentle kafa tshiamiso ya boammaaruri le tshiamo di tshwanetseng go dirwa ka gone.—Mathaio, dikgaolo 5-7.

Jesu o ne a dira se a neng a se rera. O ne a sa bifele balepero ba ba madimabe, batho ba Bajuda ba neng ba “sa ba tshware.” Go na le moo, o ne a bua le bone, a ba tshwara tota le go ba fodisa. (Mareko 1:40-42) Batho botlhe ba a neng a kopana le bone, go akaretsa le bahumanegi le ba ba neng ba gateletswe, o ne a ba tsaya ba le botlhokwa. (Mathaio 9:36) O ne a ba bolelela jaana: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo fufulelwang le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa.”—Mathaio 11:28.

Mo godimo ga moo, Jesu o ne a sa letlelele tshiamololo e e neng e mo dikologile gore e mo tlodise molao kana go mo gakatsa. O ne a sa busolose bosula ka bosula. (1 Petere 2:22, 23) Tota le fa a ne a le mo botlhokong jo bogolo, o ne a rapelela one masole a a neng a mmapotse kwa go Rraagwe wa selegodimo. O ne a kopa jaana: “Rara, ba itshwarele, gonne ga ba itse se ba se dirang.” (Luke 23:34) Eleruri, Jesu ‘o ne a phepafaletsa merafe se tshiamo e leng sone.’ (Mathaio 12:18) Ke bosupi bofe jo bongwe jo re nang le jone jwa gore Modimo o eletsa go tlhoma lefatshe le le nang le tshiamiso jo bo fetang jwa sekao se se tshelang sa Morwawe?

Tshiamololo e ka Fenngwa

Gape bosupi jo bo nonofileng jwa gore tshiamololo e ka fenngwa bo gone mo lefatsheng la gompieno. Mongwe le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mmogo le diphuthego tsa bone, o leka go fenya letlhoo, go tlhaola batho, bomorafe le thubakanyo. Akanya ka sekai se se latelang.

Pedroa o ne a dumela gore tiro ya go senya e ne e le yone tsela fela ya go tlisa tshiamiso kwa Nageng ya Basque, kwa kgaolong ya Spain koo a neng a nna teng. Go re a kgone go dira jalo, o ne a nna leloko la mokgatlho wa dirukutlhi o o neng wa mo thapisetsa go nna lesole kwa Fora. Fa a sena go wetsa thapiso ya gagwe, o ne a laelwa go simolola setlhopha sa dirukutlhi le go thuntsha bonno jwa mapodise. Setlhopha sa gagwe se ne se ntse se baakanya dibetsa fa mapodise a ne a mo tshwara. O ne a nna dikgwedi di le 18 kwa kgolegelong, mme tota le fa a ne a le kwa kgolegelong o ne a tswelela pele ka tiro ya gagwe ya bopolotiki, a nna le seabe mo go ngaleng dijo mme ka lekgetlho lengwe o ne a sega malokololo a seatla sa gagwe.

Pedro o ne a dumela gore o lwela tshiamiso. Morago ga moo o ne a simolola go itse ka ga Jehofa le maikaelelo a gagwe. Fa Pedro a ne a le kwa kgolegelong, mosadi wa gagwe o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, mme fa a sena go gololwa, o ne a mo laletsa gore a nne gone kwa dipokanong tsa bone. O ne a itumelela seno thata mo a neng a bo a kopa gore a rutwe Baebele, thuto e e neng ya dira gore a dire diphetogo tse dikgolo mo tseleng e a neng a leba dilo ka yone le mo tseleng e a neng a tshela ka yone. Kgabagare, ka 1989, Pedro mmogo le mosadi wa gagwe ba ne ba kolobediwa.

Pedro o bolela jaana: “Ke leboga Jehofa go bo ke ise ke ko ke bolaye ope mo dingwageng tsa fa ke ne ke sa ntse ke le serukutlhi. Gone jaanong ke dirisa tšhaka ya moya wa Modimo, Baebele, gore ke neele batho molaetsa wa kagiso ya boammaaruri le tshiamiso—dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo.” Ga se bogologolo thata fa Pedro, yo jaanong a direlang e le mogolwane wa Basupi ba ga Jehofa, a ne a etetse bonno jwa mapodise jo a neng a ikaeletse go bo senya. Mo nakong eno o ne a ya ka boikaelelo jwa go rerela malapa a a nnang koo molaetsa wa kagiso.

Basupi ba ga Jehofa ba dira diphetogo tseno ka gonne ba eletsa lefatshe le le nang le tshiamo. (2 Petere 3:13) Le mororo ba ikanya thata tsholofetso ya Modimo ya gore o tla tlisa seno, gape ba lemoga gore ba tlamega go tshela go dumalana le tshiamiso. Baebele e re phepafaleditse sentle gore Modimo o lebeletse gore re dire seabe sa rona.

Go Jala Dipeo Tsa Tshiamo

Ke boammaaruri gore fa re lebane le tshiamololo, re ka nna ra ikutlwa re batla go goa jaana: “Modimo wa tshiamiso o kae?” Bajuda ba motlha wa ga Malaki ba ne ba goa jalo. (Malaki 2:17) A Modimo o ne a akanya gore ba ngongorega ka tsela e e tshwanetseng? Se se farologaneng le seo, e ne ya dira gore a ikutlwe a ‘lapile’ ka gonne, mo godimo ga dilo tse dingwe, bone ka bobone ba ne ba sa ikanyege mo basading ba bone ba ba neng ba tsofetse, ba ba tlhala ka diipato tse e seng tsa sepe. Jehofa o ne a bontsha gore o amegile ka ‘basadi ba bokau jwa bone, ba ba neng ba ba direla ka bonongwane, le fa ba le selekane sa bone le basadi ba kgolagano ya bone.’—Malaki 2:14.

A tota re ka ngongoregela tshiamololo fa rona ka borona re sa dire tshiamiso? Mo letlhakoreng le lengwe, fa re leka go etsa Jesu ka go epolola letlhoo le bomorafe mo dipelong tsa rona, ka go sa tlhaole mme re rata batho botlhe, e bile re sa busolosetse bosula ka bosula, re tla bo re bontsha gore ruri re rata tshiamiso.

Fa re batla go roba tshiamiso, Baebele e re rotloetsa ‘go ijalela mo tshiamong.’ (Hosea 10:12) Go sa kgathalesege gore e ka bonala e le nnye go le kanakang, phenyo nngwe le nngwe ya tshiamololo e botlhokwa. Fela jaaka Martin Luther King, Jr., a ne a kwala mo bukeng ya gagwe ya Letter From Birmingham Jail, “tshiamololo golo gongwe e tsenya tshiamiso gongwe le gongwe mo kotsing.” Batho ba “ba batlang kgobalalo” ke batho ba Modimo a ba tlhophileng gore ba rue tshiamo ya gagwe mo lefatsheng le lesha le le tla tlogang le tla.—Sefania 2:3.

Re ka se beye tsholofelo ya rona ya tshiamiso mo motheong o o reketlang wa ditsholofetso tsa batho, le fa go ntse jalo re ka ikanya lefoko la Mmopi wa rona yo o lorato. Ke gone ka moo Jesu a neng a bolelela balatedi ba gagwe gore ba nne ba rapelela Bogosi jwa Modimo gore bo tle. (Mathaio 6:9, 10) Jesu, Kgosi e e tlhomilweng ya Bogosi joo, “o tlaa golola motlhoki mogang o lelang; le mohumanegi yo o se nang mothusi. O tlaa tlhomogela bahumanegi le batlhoki pelo; mme mewa ya batlhoki o tlaa e boloka.”—Pesalema 72:12, 13.

Go phepafetse gore tshiamololo ga e na go nnela ruri. Puso ya ga Keresete ya lefatshe lotlhe e tla fenya tshiamololo ka bosakhutleng, jaaka Modimo a re tlhomamisetsa jaana ka moporofeti wa gagwe Jeremia: “Motlha o etla o ke tla diragatsang tsholofetso e ke e dirileng . . . Ka nako eo ke tla tlhopha setlogolo se se siameng sa ga Dafide go nna kgosi. Kgosi eo e tla dira se se siameng le se se tshiamiso mo nageng yotlhe.”—Jeremia 33:14, 15, TEV.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go dirisitswe leina le sele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela