LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 8/1 ts. 19-24
  • ‘Re Dirile se re Neng re Tshwanetse go se Dira’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Re Dirile se re Neng re Tshwanetse go se Dira’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Kopana le Boammaaruri Jwa Baebele
  • Go Gatela Pele mo Boammaaruring
  • Go Fetola Dikabelo
  • Botshelo Bo ne Bo na Le Bokao mo Bethele
  • Tshiamelo ya go Nna le Seabe mo Koketsegong
  • Dilo Tse ke di Ithutileng
  • Tirelo ya Bethele—Go Tlhokega Baithaopi ba ba Oketsegileng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • A Eno e ka Nna Tiro e e Molemolemo mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • A o Ka Kgona go Ithaopa?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Bodiredi Jwa Nako e e Tletseng—Kwa bo Nkisitseng Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 8/1 ts. 19-24

‘Re Dirile se re Neng re Tshwanetse go se Dira’

JAAKA GO BOLETSE GEORGE COUCH

Fa re sena go fetsa moso re le mo bodireding jwa ntlo le ntlo, mopati wa me o ne a ntsha marotho a mabedi a disementšhisi. Fa re fetsa go ja, ke ne ka ntsha sekerete gore ke goge. O ne a botsa jaana: “O na le nako e kae o le mo boammaaruring?” Ke ne ka mo raya ka re: “Bosigo jwa maabane e ne e le jwa ntlha ke kopanela.”

KE TSHOTSWE ka March 3, 1917, kwa polaseng nngwe e e sekgala sa dikilometara di ka nna 50 ka fa botlhabatsatsi jwa Pittsburgh, Pennsylvania, U.S.A., gaufi le torotswana ya Avonmore. Ke gone koo batsadi ba me ba ileng ba godisetsa nna, barwarre ba le banè, le kgaitsadiake gone.

Re ne re sa thapisiwa go le kalo mo bodumeding. Ka nako nngwe batsadi ba me ba ne ba tsena kereke, mme ba ne ba tlogela fa rona bana re ne re sa ntse re le bannye. Le fa go le jalo, re ne re dumela mo Mmoping, mme tsela e lelapa la gaetsho le neng le tshela ka yone le ne le latela melaometheo ya konokono e e fitlhelwang mo Baebeleng.

Thapiso e ke neng ka e neelwa ke batsadi ba me e ne e le ya boikarabelo—kafa ke neng ke tshwanetse go bo amogela ka gone le go bo diragatsa. Re ne re tshela ka tsela eo kwa polaseng. Mme re ne re sa tshelele go bereka fela. Re ne re itapolosa ka tsela e e molemo, jaaka go tshameka baseketebolo le baseball, re palama dipitse le go thuma. Go ne go se na madi a a kalokalo mo malatsing ao, mme le fa go ntse jalo botshelo jwa polase bo ne bo le monate. Re ne re tsenela sekolo mo ntlong nngwe ya sekolo e e neng e na le phaposi e le nngwe fela fa re ne re sa ntse re le kwa sekolong se sepotlana mme ra ya go tsena sekolo kwa toropong fa re ne re le mo dingwageng tsa go tsena sekolo se segolwane.

Mo bosigong bongwe ke ne ke tsamaya mo toropong le tsala nngwe ya me. Mosetsana mongwe yo montle o ne a tswa mo ntlong mme a dumedisa tsala ya me. O ne a nkitsise Fern Prugh. Ka lesego, o ne a nna mo seterateng sa sekolo seno se segolwane. Gantsi fa ke ne ke feta ntlo ya gagabo, Fern o a bo a le kwa ntle a dira ditiro dingwe. Kwantle ga pelaelo e ne e le senatla, e leng selo se se neng sa nkgatlha. Re ne ra nna ditsala tse dikgolo ra bo ra ratana mme ra nyalana ka April wa 1936.

Go Kopana le Boammaaruri Jwa Baebele

Pele ke tsholwa, go ne go na le mosadimogolo mongwe yo batho mo toropong ba neng ba sa mo tshware sentle ka ntlha ya bodumedi jwa gagwe. Mmè o ne a mo etela ka Bomatlhatso fa a ne a ya kwa toropong go ya go reka. Mmè o ne a mo phepafaletsa ntlo le go mo thusa ditiro dingwe, a dira jalo go fitlhela mosadi yono a tlhokafala. Ke dumela gore Jehofa o ne a segofatsa Mmè ka gonne a ne a le pelonomi mo mosading yono, yo e neng e le Moithuti wa Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo.

Ka nako nngwe morago ga moo, morwadia rakgadi o ne a tlhokafala ka tshoganetso. Kereke e ne ya se ka ya gomotsa rakgadi, mme moagelani mongwe yo e neng e le Moithuti wa Baebele o ne a mo gomotsa. Moithuti yono wa Baebele o ne a mo tlhalosetsa ka se se diragalang fa motho a swa. (Jobe 14:13-15; Moreri 9:5, 10) Eno e ne e le kgomotso e kgolo thata. Go tswa foo, rakgadi o ne a tlotlela Mmè ka tsholofelo ya tsogo ya baswi. Mmè o ne a simolola go kgatlhegela seno, e re ka batsadi ba gagwe ba ne ba tlhokafala a sa ntse a le mmotlana mme o ne a batla go itse ka se se diragalelang motho fa a sule. Tiragalo eo e ne ya gatisetsa botlhokwa jwa gore ke sole sebaka sengwe le sengwe molemo gore ke neele bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo.

Mo dingwageng tsa bo1930, Mmè o ne a simolola go reetsa dikgaso tsa radio tsa mo mosong tsa Sontaga tsa ga Joseph F. Rutherford, moporesidente wa nako eo wa Watch Tower Bible and Tract Society. Mo dingwageng tseo, gape Basupi ba ne ba simolola tiro ya go tsamaya ka ntlo le ntlo koo re neng re nna gone. Ba ne ba tlhoma fonokerafa e nnye mo jarateng kafa tlase ga setlhare se se nang le moriti ba bo ba tshameka dithero tse di rekotilweng tsa ga Mokaulengwe Rutherford. Mmè o ne a tswelela a kgatlhegela direkoto tseo le dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Golden Age (jaanong e leng Tsogang!).

Dingwaga di sekae moragonyana, ka 1938, babeeletsi ba Tora ya Tebelo ba ne ba romelelwa posokarata e e neng e ba laletsa gore ba nne gone kwa pokanong nngwe e e kgethegileng kwa legaeng lengwe la sekgala se ka nna dikilometara di le 25. Mmè o ne a batla go ya, ka jalo nna le Fern le barwarre ba babedi re ne ra tsamaya le ene. John Booth le Charles Hessler, balebedi ba ba etang ba Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba re neela dipuo re le 12 fela. Morago ga moo, ba ne ba simolola go rulaganya setlhopha se se tla dirang mo bodireding mo mosong o o latelang. Ga go ope yo o neng a ithaopela go tsamaya le bone, ka jalo Mokaulengwe Hessler o ne a ntlhopha mme a botsa gore, “Ke eng o sa tsamaye le rona?” Tota ke ne ke sa itse se ba neng ba ya go se dira, mme ke ne ke se na lebaka la go bo ke sa ba thuse.

Re ne ra tsamaya ka ntlo le ntlo go fitlhela motshegare wa sethoboloko, mme go tswa foo Mokaulengwe Hessler o ne a ntsha marotho a mabedi a disementšhisi. Re ne ra nna mo ditepising tsa kereke nngwe mme ra simolola go ja. E ne e le morago ga moo fa ke ne ke tla ntsha sekerete, fa Mokaulengwe Hessler a ne a tla itse gore ke nnile gone kwa pokanong gangwe fela. O ne a bolela gore o tla re etela kwa dijong tsa maitseboa mo go one maitseboa ao mme a re kopa gore re laletse baagelani gore ba tle go reetsa puisano ya Baebele. Morago ga dijo tsa maitseboa, o ne a tshwara thuto ya Baebele le rona a bo a neela setlhopha sa batho ba le lesome ba ba neng ba tlile puo. O ne a re bolelela gore re tshwanetse go tshwara thuto ya Baebele beke le beke. Le mororo baagelani ba rona ba ne ba sa dumalane le seno, nna le Fern re ne ra rulaganya gore re nne le thuto ya Baebele ya legae beke le beke.

Go Gatela Pele mo Boammaaruring

Ka bonako fela morago ga moo, nna le Fern re ne ra tswela mo bodireding jwa tshimo. Re ne re ntse kwa setulong sa koloi se se kwa morago, mme re ne re sa tswa go tshuba disekerete fa morwarre a retologela kwa go rona a bo a re: “Ke sa tswa go lemoga gore Basupi ga ba goge.” Ka bonako fela Fern o ne a latlhela sekerete sa gagwe kwa ntle ka fensetere—ke ne ka fetsa sa me. Le mororo re ne re itumelela go goga, ga re ise re ko re tseye sekerete gape gore re goge.

Fa re sena go kolobediwa ka 1940, nna le Fern re ne re le kwa pokanong fa go ne go ithutiwa setlhogo sengwe se se neng se kgothaletsa bobulatsela, jaaka tiro ya go rera ka nako e e tletseng e bidiwa. Fa re boela gae, mokaulengwe mongwe o ne a botsa jaana: “Ke eng fa wena le Fern lo sa bule tsela? Ga go na sepe se se lo kgoreletsang.” Re ne re ka se ganetsane le ene, ka jalo re ne ra ithaopa. Ke ne ka isa kitsiso ya malatsi a le 30 ya gore ke tlogela tiro, mme re ne ra dira dithulaganyo tsa go bula tsela.

Re ne ra buisana le Mokgatlho wa Watch Tower malebana le kwa re tshwanetseng go ya go direla gone, mme morago ga moo re ne ra fudugela kwa Baltimore, Maryland. Koo go ne go baakantswe legae la babulatsela mme ditshenyegelo tsa bonno le dijo e ne e le R48 ka kgwedi. Re ne re bolokile madi mangwe a re neng re akanya gore a tla re fitlhisa kwa Aramagedona. (Tshenolo 16:14, 16) Mme gone, ka metlha re ne re akanya gore Aramagedona e gaufi fela thata. Ka jalo fa re ne re simolola go bula tsela, re ne ra aba legae la rona mme ra tlogela le dilo tse dingwe.

Re ne ra bula tsela kwa Baltimore go tloga ka 1942 go ya go 1947. Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e ganediwa setlhogo mo dingwageng tseo. Go na le gore re tsamaye ka koloi go ya kwa magaeng a baithuti ba rona ba Baebele, ka dinako tse dingwe mongwe o ne a re isa gone ka koloi. Ka tsela eo dithaere tsa koloi ya rona di ne di sa segwe. Ga go ope yo o neng a rata kganetso eo, mme fela nkare ka metlha re ne re itumelela bodiredi jwa tshimo. Tota e bile, re ne re lebelela pele go bona boitumelo ka go dira tiro ya Morena.

Re ne re sa tswa go fetsa madi otlhe a re neng re na le one. Dithaere tsa koloi ya rona di ne tsa fela, mme diaparo le ditlhako tsa rona le tsone di ne tsa onala. Re ne ra lwala ka makgetlho a mabedi kana a mararo ka nako e telele. Go ne go se motlhofo go tswelela pele, mme ga re ise re ko re akanye ka go tlogela. Ga re ise re ko re bue le ka gone tota. Re ne ra ithontsha dilo dingwe mo botshelong e le gore re ka tswelela pele mo tirong ya go bula tsela.

Go Fetola Dikabelo

Ka 1947 re ne ra ya kwa kopanong kwa Los Angeles, California. Fa re le koo, nna le morwarre William re ne ra neelwa lekwalo le le neng le re abela tiro ya go eta le go thusa diphuthego. Ka nako eo re ne re sa thapisediwa tiro eo ka tsela epe e e kgethegileng. Re ne ra e amogela fela. Mo dingwageng tse supa tse di neng tsa latela, nna le Fern re ne ra direla kwa Ohio, Michigan, Indiana, Illinois le kwa New York. Ka 1954 re ne ra lalediwa go nna gone kwa setlhopheng sa Gileate sa bo24, sekolo se se thapisetsang barongwa. Fa re le koo, Fern o ne a tshwarwa ke bolwetse jwa polio. Se se itumedisang ke gore o ne a fola, mme re ne ra abelwa tiro ya go eta kwa New York le Connecticut.

Fa re ne re sa ntse re direla kwa Stamford, Connecticut, Nathan H. Knorr, moporesidente wa nako eo wa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a re kopa gore re tle go nna mafelobeke le ene le mosadi wa gagwe, Audrey. Ba ne ba re apeela dijo tsa maitseboa tsa nama e e monate e e neng e kgabisitswe sentle. Re ne re kile ra tlwaelana le bone pelenyana, mme ke ne ke itse Mokaulengwe Knorr sentle mo ke neng ke kgona go lemoga gore o tshwanetse a bo a akantse ka sengwe se sele kwantle ga go nna mmogo ga rona fano le dijo tsa maitseboa. Moragonyana mo maitseboeng ao o ne a mpotsa gore, “A o ka rata go tla mo Bethele?”

Ke ne ka araba jaana: “Tota ga ke itse; ga ke itse go le kalo ka botshelo jwa Bethele.”

Morago ga go akanya ka gone dibeke di le mmalwa, re ne ra bolelela Mokaulengwe Knorr gore re ka tla fa a sa ntse a batla re tla. Beke e e latelang, re ne ra amogela lekwalo le le neng le bolela gore re tle Bethele ka April 27, 1957, e e neng e le segopotso sa bo21 sa lenyalo la rona.

Mo letsatsing leo la ntlha kwa Bethele, Mokaulengwe Knorr o ne a ntlhalosetsa sentle gore go ne go lebeletswe eng. O ne a mpolelela jaana: “Ga o tlhole o le motlhanka wa potologo jaanong; o fano go tla go dira mo Bethele. Eno ke tiro e e botlhokwa thata e o tshwanetseng go e dira, mme re batla gore o dirise nako le maatla a gago mo thapisong e o tla e amogelang mo Bethele. Re batla gore o nne.”

Botshelo Bo ne Bo na Le Bokao mo Bethele

Kabelo ya me ya ntlha e ne e le mo Mafapheng a Dimakasine le a Thomelo. Go tswa foo, morago ga dingwaga di ka nna tharo, Mokaulengwe Knorr o ne a kopa gore ke mmone kwa ofising ya gagwe. O ne a nkitsise ka nako eo gore lebaka le tota ke le tletseng mo Bethele e ne e le go dira mo legaeng. Ditaelo tsa gagwe di ne di tlhamaletse, “O fano go tla go tsamaisa Legae la Bethele.”

Go tsamaisa Legae la Bethele go ne go nkgakolola dilo tse batsadi ba me ba neng ba nthuta tsone fa ke ne ke sa ntse ke gola kwa polaseng. Legae la Bethele le tshwana le lelapa le le tlwaelegileng. Go na le diaparo tse di tshwanetseng go tlhatswiwa, dijo tse di tshwanetseng go apewa, dijana tse di tshwanetseng go tlhatswiwa, malao a a tshwanetseng go alolwa, le tse dingwe fela jalo. Thulaganyo eno ya legae e leka go dira Bethele go nna lefelo le le monate go ka nniwa, le motho a ka le bitsang legae la gagwe.

Ke dumela gore go na le dilo tse dintsi tse malapa a ka ithutang tsone ka tsela e Bethele e dirang ka yone. Re tsoga maphakela thata mme re simolole letsatsi la rona ka dintlha tsa semoya ka go sekaseka temana ya Baebele ya letsatsi. Go lebeletswe gore re dire ka natla mme re tshele botshelo jo bo lekalekaneng mme re tshwaregile thata. Bethele ga e tshwane le lefelo la baitlami, jaaka bangwe ba ka nna ba akanya. Re dira tiro e ntsi ka ntlha ya tsela ya rona e e rulagantsweng ya botshelo. Ba le bantsi ba ile ba bolela gore thapiso e ba e amogetseng fano moragonyana e ile ya ba thusa go amogela maikarabelo mo malapeng a bone le mo phuthegong ya Bokeresete.

Makau le makgarebe a a tlang mo Bethele a ka nna a abelwa go phepafatsa, go tlhatswa, kana go dira kwa feketiring. Lefatshe le ka nna la dira gore re dumele gore tiro e e ntseng jalo ya diatla e a nyatsega e bile e re ntsha seriti. Le fa go ntse jalo, basha kwa Bethele ba anaanela gore ditiro tse di ntseng jalo di botlhokwa mo lelapeng la rona gore le tsamaye ka thelelo le gore le itumele.

Gape lefatshe le ka nna la rotloetsa kgopolo ya gore o tlhoka go nna le maemo a a kwa godimo gore o itumele. Ga se boammaaruri. Fa re dira se re abetsweng go se dira, re a bo re ‘dira se re tshwanetseng go se dira,’ mme re amogela masego a ga Jehofa. (Luke 17:10) Tota re ka kgotsofala ka tsela ya mmatota le go itumela fa fela re gakologelwa boikaelelo jwa tiro ya rona—go dira thato ya ga Jehofa le go tsweledisa dilo tse di direlwang Bogosi pele. Fa re nna re gakologetswe seo, re ka itumelela le go kgotsofalela kabelo nngwe le nngwe.

Tshiamelo ya go Nna le Seabe mo Koketsegong

Kwa kopanong ya kwa Cleveland, Ohio, ka 1942, dingwaga tse di fetang lesome pele re tla mo Bethele, Mokaulengwe Knorr o ne a neela puo e e reng “Kagiso—A e Tla Nnela Ruri?” O ne a phepafatsa gore Ntwa ya Lefatshe II, e e neng e tsweletse ka nako eo, e ne e tla khutla le gore go ne go tla nna le nako ya kagiso e e tla dirang gore tiro ya go rera e gatele pele. Sekolo sa Gileate se se neng se tla thapisa barongwa le Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se se neng se tla tokafatsa bokgoni jwa go bua phatlalatsa jwa bakaulengwe di ne tsa simololwa ka 1943. Gape go ne ga rulaganngwa dikopano tse dikgolo. Tse di neng di tlhomologile thata mo dingwageng tsa bo1950 e ne e le tse di neng di tshwaretswe kwa Setadiamong sa Yankee, kwa New York. Malebana le dikopano tse dikgolo gone ka 1950 le 1953, ke ne ke na le tshono ya go thusa go rulaganya Motse o mogolo wa Dikharabane mo go neng go tla nna batho ba ba masome a a diketekete ka malatsi a robedi a nngwe le nngwe ya dikopano.

Morago ga dikopano tseno, go akaretsa le e kgolo go di feta tsotlhe ya 1958, go ne ga nna le koketsego e kgolo ya baboledi ba Bogosi. Seno se ne sa ama tiro ya rona kwa Bethele ka tlhamalalo. Mo dingwageng tsa bofelo tsa bo1960 le tse di simololang tsa bo1970, re ile ra iphitlhela re tlhoka sebaka le dikamore tse badiri ba ka nnang mo go tsone. Gore lelapa la rona le le neng le gola le nne le bonno, re ne re tlhoka marobalo a a oketsegileng, matlo a boapeelo le matlo a bojelo.

Mokaulengwe Knorr o ne a kopa Mokaulengwe Max Larson, molebedi wa madirelo, le nna gore re batle dikago tse di tshwanetseng gore go okediwe. Ka 1957, fa ke ne ke tla mo Bethele, lelapa la rona le le neng le na le badiri ba le 500, le ne le nna mo kagong ya bonno e kgolo e le nngwe fela. Mme go ralala dingwaga, Mokgatlho o ne wa reka le go ntšhafatsa dihotele tse dikgolo tse tharo tse di gaufi—Towers, Standish le Bossert—mmogo le dikago tse dipotlana di le dintsi. Ka 1986 Mokgatlho o ne wa reka kago e go neng go na le Hotel Margaret gone mme kago e ntšha e ntle e e fetotsweng e ne ya nna legae la batho ba ka nna 250. Morago ga moo mo masimologong a bo1990, kago e e nang le matlhatlaganyane a le 30 a bonno e ne ya agiwa gore go nne badiri ba le 1000. Bethele ya kwa Brooklyn jaanong e kgona go nniwa le go tlamela maloko a lelapa la rona a a fetang 3300.

Gape go ne ga rekwa kago nngwe kwa Wallkill, New York, mo e ka nnang sekgala sa dikilometara di le 160 go tswa kwa Bethele ya Brooklyn. Mo dingwageng tse di fetileng, go simolola kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1960, go ne ga agiwa bonno le bogatisetso jo bogolo koo. Jaanong, maloko a le 1200 a lelapa la Bethele ya rona a nna koo e bile a direla gone. Ka 1980 go ne ga simololwa go batliwa setsha sa diheketara di le 250 gaufi le New York City e bile se le gaufi le tsela e kgolo. Modiredi wa kabo ya ditsha o ne a tshega mme a re: “Lo tlile go bona kae setsha se se ntseng jalo? Ga go kgonege.” Mme mo letsatsing le le latelang o ne a tla kwa go rona mme a re: “Ke bone setsha sa lona.” Gompieno, se itsiwe e le Lefelo la Thutelo la Watchtower kwa Patterson, New York. Dikolo di tshwarelwa koo mme lelapa le na le badiredi ba ba fetang 1300.

Dilo Tse ke di Ithutileng

Ke ithutile gore molebedi yo o molemo ke yo o ka amogelang tshedimosetso e e botlhokwa mo go ba bangwe. Bontsi jwa dikgopolo tse ke nnileng le tshiamelo ya go di dirisa jaaka molebedi wa Bethele di ne di tswa mo go ba bangwe.

Fa ke ne ke tla mo Bethele, ba le bantsi ba ne ba tsofetse jaaka nna gompieno. Bontsi jwa bone ga bo tlhole bo le teng. Ke mang yo o emisetsang ba ba tsofalang le go swa? Gantsi ga se ba ba nang le bokgoni jo bogolo. Ke ba ba leng teng, ba ba dirang ka natla mo tirong, ba ba ithaopang.

Kgang e nngwe e e botlhokwa go e gakologelwa ke botlhokwa jwa go nna le mosadi yo o molemo. Tshegetso ya mosadi wa me yo o rategang, Fern, e ile ya nthusa thata gore ke diragatse dikabelo tsa puso ya Modimo. Banna ba na le boikarabelo jwa go tlhomamisa gore basadi ba bone ba itumelela dikabelo tsa bone. Ke leka go rulaganya sengwe se nna le Fern re ratang go se dira. Ga go tlhokege gore se bo se tura, e nne fela se se farologaneng. Go ikaegile ka monna gore a dire dilo tse di tla itumedisang mosadi wa gagwe. Nako e a e dirisang le ene e botlhokwa thata mme e feta ka bonako, ka jalo o tshwanetse gore a e dirise ka botlalo.

Ke itumelela go bo ke tshela mo malatsing a bofelo a Jesu a neng a bua ka one. Ono ke motlha o o gakgamatsang thata mo hisitoring yotlhe ya motho. Re kgona go bona ka matlho a tumelo kafa Morena a godisang phuthego ya gagwe ka gone e le go e baakanyetsa lefatshe le lesha le le solofeditsweng. Fa ke leba botshelo jwa me kwa morago ke le mo tirelong ya ga Jehofa, ke bona gore Jehofa ke ene yo o tsamaisang phuthego eno—e seng batho. Re batlhanka ba gagwe fela. Ka gone, ka metlha re tshwanetse go leba kwa go ene gore a re kaele. Fa a re bontsha se re tshwanetseng go se dira, re tshwanetse go utlwa mme re se dire mmogo.

Dirisana ka botlalo le phuthego eno, mme o tlhomamisediwa go nna le botshelo jo bo nang le boitemogelo le jo bo itumedisang. E ka tswa e le eng se o se dirang—gongwe ke go bula tsela, tiro ya potologo, go direla le phuthego o le mmoledi, tirelo ya Bethele, kana tiro ya borongwa—latela kaelo e o e neetsweng, mme o tseye kabelo ya gago e le botlhokwa. Leka bojotlhe jwa gago gore o itumelele kabelo nngwe le nngwe le letsatsi lengwe le lengwe la tiro mo tirelong ya ga Jehofa. Ka dinako tse dingwe o tla ikutlwa o lapile, mme o ka ikutlwa o berekile go fetisa selekanyo kana o ikutlwa o kgobegile marapo. Ke yone nako e o ka gakologelwang boikaelelo jwa go neela Jehofa botshelo jwa gago. Ke go dira thato ya gagwe, e seng ya gago.

Ga go na letsatsi lepe le ke ileng ka tswa kwa tirong mme ke sa itumelela se ke se dirileng. Ka ntlha yang? Ka gonne fa re direla Jehofa ka moya otlhe, re tla kgotsofalela go itse gore ‘re dirile se re neng re tshwanetse go se dira.’

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Lefapha la Dimakasine

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Motse wa Dikharabane, 1950

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Fa re ne re bula tsela kwa Baltimore, 1946

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Ke le kwa Motseng wa Dikharabane ke na le Fern ka 1950

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Re na le Audrey le Nathan Knorr

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Lefelo la Thutelo la Watchtower gaufi le Patterson, New York

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ke na le Fern gompieno

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela