LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 9/1 ts. 24-28
  • Ke ne Ka Ithuta go Ikanya Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ne Ka Ithuta go Ikanya Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Simologa ga Diteko Tse di Botlhoko
  • Kgang ya go Ineela
  • Pogiso e a Oketsega
  • Go ya Kwa Botlhaba—Ra Ngwega Morago ga Foo
  • Kgololesego Mme ga Latela Masetlapelo a Mangwe
  • Kgololesego Kgabagare!
  • Go Lekwa Tumelo Kwa Slovakia
    Tsogang!—2003
  • Ke Tlogetse Dipolotiki go Nna Mokeresete Yo o Sa Tseyeng Letlhakore
    Tsogang!—2002
  • Re ne Rra Dira Tshwetso ya go Tshegetsa Bolaodi Jwa Modimo re Nitame
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Dingwaga Tse di Fetang 50 ke Ntse ke ‘Kgabaganyetsa ka Kwa’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 9/1 ts. 24-28

Ke ne Ka Ithuta go Ikanya Jehofa

JAAKA GO BOLETSE JÁN KORPA-ONDO

E ne e le ka 1942, mme ke ne ke ntse ke disitswe ke masole a Hungary gaufi le Kursk, kwa Russia. Re ne re le bagolegwa ba dipuso tsa Axis tse di neng di lwa le Ba-Russia ka Ntwa ya Lefatshe II. Lebitla la me le ne le epilwe mme ke ne ke filwe metsotso e le lesome gore ke dire tshwetso ya gore a ke tla saena foromo e e neng e re ga ke tlhole ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Mma ke bolele pele gore go tlile jang gore ke bo ke le foo pele ga ke tlhalosa gore go diragetse eng morago ga foo.

KE TSHOTSWE ka 1904 mo motsaneng o monnye wa Zahor, o gone jaanong o leng kafa ntlheng ya botlhaba jwa Slovakia. Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, Zahor e ne ya nna karolo ya naga e e neng e sa tswa go tlhomiwa bosha ya Czechoslovakia. Motsana wa rona o ne o na le matlo a a ka nnang 200 le dikereke di le pedi, e nngwe e le ya Katoliki ya Greece mme e nngwe e le ya Calvin.

Le mororo ke ne ke tsena Kereke ya Calvin, ke ne ke tshela botshelo jwa boitlhapediso ke se na boikgapo. Gaufi le mo ke neng ke nna gone go ne go nna monna mongwe yo o neng a farologane thata. Ka letsatsi lengwe o ne a simolola go tlotla le nna mme a nkadima Baebele. E ne e le lekgetlo la ntlha ke tshwara buka eo ka diatla tsa me. Mo e ka nnang ka yone nako eno, ka 1926, ke ne ka nyala Barbora, mme go ise go ye kae re ne ra nna le bana ba babedi, Barbora le Ján.

Ke ne ka simolola go bala Baebele, mme go ne go na le dilo tse dintsi tse ke neng ke sa di tlhaloganye. Ka jalo ke ne ka ya kwa moruting wa me mme ka mo kopa gore a nthuse. O ne a re: “Baebele ke ya batho ba ba rutegileng fela, o se ka wa ba wa leka le go e tlhaloganya.” Morago ga foo o ne a ntaletsa gore ke tshameke dikarata le ene.

Morago ga foo ke ne ka ya kwa monneng yo o neng a nkadimile Baebele. E ne e le Moithuti wa Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsege ka nako eo. O ne a itumelela go nthusa, mme morago ga nakwana matlho a me a ne a simologa go bulega. Ke ne ka emisa go nwa thata mme ka simolola go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo siameng; ke ile ka ba ka simolola go bua le batho ba bangwe ka Jehofa. Boammaaruri jwa Baebele bo ne jwa fitlha kwa Zahor mo masimologong a bo1920, mme go ise go ye kae go ne ga tlhomiwa setlhopha se se tlhagafetseng sa Baithuti ba Baebele.

Le fa go ntse jalo, go ne go na le kganetso e e nonofileng ya bodumedi. Moruti wa lefelo leo o ne a dira gore bontsi jwa ba lelapa la gaetsho ba nne kgatlhanong le nna, a bolela gore ke a tsenwa. Mme botshelo jwa me bo ne jwa simolola go nna le bokao, ke ne ka ititaya sehuba go direla Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa. Ka jalo, ka 1930, ke ne ka bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa.

Go Simologa ga Diteko Tse di Botlhoko

Ka 1938 kgaolo ya rona e ne ya busiwa ke Hungary, e e neng ya ema le Jeremane ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Ka nako eo re ne re setse re le Basupi ba ba ka nnang 50 mo motsaneng wa rona o o nang le batho ba ba kwa tlase ga sekete. Re ne ra tswelela re rera tota le fa go dira jalo go ne go re tsenya mo kotsing ya gore re latlhegelwe ke matshelo le kgololesego ya rona.

Ka 1940, ke ne ka tsenngwa mo sesoleng sa Hungary. Ke ne ke tla dira eng? Gone mme, ke ne ke badile boporofeti jwa Baebele jo bo buang ka gore batho ba tla thula dibetsa tsa bone tsa ntwa go nna didirisiwa tsa kagiso, mme ke ne ke itse gore fa nako e ntse e ya, Modimo o ne a tla fedisa dintwa tsotlhe mo lefatsheng. (Pesalema 46:9; Isaia 2:4) Ka jalo, ke ne ke tlhoile ntwa mme ka swetsa gore nka se ka ka tsenela bosole, go sa kgathalesege gore go tla direga eng.

Ke ne ka atlholelwa go ya kgolegelong ka dikgwedi di le 14 mme ka tsenngwa mo kgolegelong ya kwa Pécs, kwa Hungary. Go ne go na le Basupi ba bangwe ba le batlhano mo go yone kgolegelo eo, mme re ne ra itumelela go bo re kgona go kopana. Le fa go ntse jalo, ka nakonyana, ke ne ka tswalelwa ke le nosi ke bofilwe ka dikeetane mo maotong. Fa re ne re gana go dira tiro e e amanang le ntwa, re ne ra bediwa. Gape re ne ra patelediwa go ema re sa sute letsatsi lotlhe, re ikhutsa fela ka diura tse pedi thapama. Seno se ne sa tswelela jalo ka dikgwedi di le dintsi. Le fa go ntse jalo, re ne re itumetse ka gonne digakolodi tsa rona di ne di le phepa fa pele ga Modimo.

Kgang ya go Ineela

Ka letsatsi lengwe setlhopha sa baruti ba Katoliki ba le 15 se ne sa leka go re bontsha gore go botlhokwa gore re tshegetse ntwa ka go tsenela bosole. Ka nako ya motlotlo re ne ra re: “Fa lo ka re bontsha go tswa mo Baebeleng gore moya ga o swe le gore re tla ya legodimong fa re swa mo ntweng, re tla tsenela bosole.” Ga ba a ka ba kgona go supa seo, mme ba ne ba se ka ba batla go tswelela ka motlotlo.

Ka 1941 katlholo ya me ya kgolegelo e ne ya fela, mme ke ne ka tlhoafalela go kopana gape le ba lelapa la me. Go na le gore ke kopane le bone, ke ne ka isiwa kwa bothibelelong jwa masole kwa Sárospatak, kwa Hungary ke bofilwe ka dikeetane. Fa re fitlha, ke ne ka newa tshono ya go gololwa. Ke ne ka bolelelwa jaana: “Se o tlhokang go se dira fela, ke go saena tsholofetso eno ya gore o tla duela di-pengö tse 200 fa o boela gae.”

Ke ne ka botsa: “Ke di duelela eng? Lo batla go dira eng ka madi ao?”

Ke ne ka bolelelwa gore, “ka tuelo ya madi ao, o tla amogela setlankana se se supang gore ga o a falola tlhatlhobo ya kalafi ya gore o ye bosoleng.”

Seno se ne sa dira gore go nne boima gore ke dire tshwetso. Ke ne ka tshwarwa ka tsela e e setlhogo ka sebaka se se fetang ngwaga; ke ne ke lapa. Jaanong, ka go dumela go duela madi a a rileng, ke ne ke tla gololwa. Ke ne ka buela kwa tlase ke re, “Ke tla akanya ka gone.”

Ke ne ke tla dira tshwetso efe? Ke ne ka akanya ka mosadi wa me le bana ba me. Mo e ka nnang ka yone nako eo ke ne ka amogela lekwalo le le tswang go Mokeresetekanna le mo go lone a neng a nkgothatsa. O ne a nopola Bahebera 10:38, moo moaposetoloi Paulo a nopolang mafoko ano a ga Jehofa: “‘Mme mosiami wa me o tla tshela ka ntlha ya tumelo,’ mme, ‘fa a kata ka morago, moya wa me ga o na natefelelo mo go ene.’” Nakonyana morago ga foo, badiredibagolo ba sesole ba kwa Hungary ba ne ba bua le nna, mongwe wa bone a akgela jaana: “Ga o itse gore re go tlotla jang ka ntlha ya go tshegetsa melaometheo ya Baebele ka nitamo jaana! O se ka wa ineela!”

Ka letsatsi le le latelang ke ne ka ya kwa bathong ba ba neng ba ntsholofeditse go nkgolola fa nka duela di-pengö di le 200 mme ka ba raya ka re: “E re ka Jehofa Modimo a ile a ntetla gore ke tsenngwe mo kgolegelong, o tla dira le gore ke gololwe. Nka se ka ka duelela gore ke gololwe.” Ke ne ka atlholelwa dingwaga di le lesome mo kgolegelong. Mme maiteko a go dira gore ke ineele ga a ka a felela foo. Kgotlatshekelo e ne ya solofetsa go intshwarela fa ke ne nka dumela go direla mo bosoleng ka dikgwedi tse pedi fela, mme e bile ke ne ke se kitla ke tshwara sebetsa! Ke ne ka gana le sone seo mme katlholo ya me ya kgolegelo e ne ya simologa.

Pogiso e a Oketsega

Ke ne ka isiwa gape kwa kgolegelong e e kwa Pécs. Mo lekgetlong leno pogiso e ne e le botlhoko thata. Diatla tsa me di ne tsa bofelelwa kafa morago ga mokwatla wa me mme ka kalediwa ka tsone diura tse di ka nnang pedi. Magetla a me a ne a tswa mo malokololong a one ka ntlha ya seo. Pogiso e e ntseng jalo e ne ya boelediwa mo sebakeng sa dikgwedi tse di ka nnang thataro. Ke leboga Jehofa go bo ke ile ka se ka ka ineela.

Ka 1942 setlhopha sa rona—bagolegwa ba bopolotiki, Bajuda, le Basupi ba ga Jehofa ba le 26—se ne sa isiwa kwa motseng wa Kursk kwa lefelong le le neng le gapilwe ke masole a Bajeremane. Re ne ra neelwa Bajeremane, mme ba ne ba naya bagolegwa tiro ya go isa dijo, dibetsa le diaparo kwa masoleng a a kwa pele mo ntweng. Rona Basupi re ne ra gana tiro eo ka gonne e ne e le kgatlhanong le boitlhaodi jwa rona jwa Bokeresete. Ka ntlha ya seo, re ne ra busediwa go Ba-Hungary.

Kgabagare re ne ra tsenngwa mo kgolegelong e e kwa Kursk. Re ne ra itewa ka malatsi a le mmalwa gararo ka letsatsi ka melamu ya rabara. Ke ne ka itewa mo thining ya tsebe mme ka wela fa fatshe. Fa ke ntse ke itewa, ke ne ka akanya gore, ‘Go swa ga go boima go le kalo.’ Mmele wa me otlhe o ne wa swa bogatsu, ka jalo ke ne ke sa utlwe sepe. Re ne re sa fiwe sepesepe sa go ja ka malatsi a le mararo. Morago foo re ne ra isiwa kwa kgotlatshekelong, mme ba le barataro ba ne ba atlholelwa loso. Fa katlholo e ne e diragadiwa, go ne ga sala ba le 20 mo go rona.

Diteko tse re neng ra lebana le tsone mo malatsing ao kwa Kursk ka October ka 1942 e ne e le tse di setlhogo go gaisa tsotlhe tse nkileng ka lebana le tsone. Boikutlo jwa rona bo ne bo tshwana le boikutlo jono jwa ga Kgosi Jehoshafate wa bogologolo fa batho ba gagwe ba ne ba lebane le diteko tse dikgolo: “Rona ga re na thata ya go tlhabana le lesomo le legolo le le re bololetseng; le gone ga re itse se re ka se dirang; mme matlho a rona a koo go wena.”—2 Ditirafalo 20:12.

Re le 20 re ne ra isiwa kwa ntle gore re ye go ikepela mabitla a rona, re disitswe ke masole a le 18 a Ba-Hungary. Fa re fetsa go epa, re ne ra bolelelwa gore re na le metsotso e le lesome go saena foromo, e bontlhanngwe jwa yone e neng e balega jaana: “Dithuto tsa Basupi ba ga Jehofa di phoso. Nka se tlhole ke di dumela kana go di tshegetsa. Ke tla lwela nagagae ya Hungary . . . Ka go saena ga me ke tlhomamisa gore ke tla tsena Kereke ya Katoliki ya Roma.”

Morago ga metsotso e le lesome go ne ga ntshiwa taelo e e reng: “Lebang go la moja! Gwantelang kwa lebitleng!” Morago ga foo, go ne ga laelwa jaana: “Mogolegwa wa ntlha le wa boraro tsenang mo khuting!” Bobedi jono bo ne jwa fiwa metsotso e mengwe e le lesome gore ba dire tshwetso ya go saena foromo. Mongwe wa masole o ne a ba kopa jaana: “Itatoleng tumelo ya lona mme lo tswe mo lebitleng!” Ga go na ope yo o neng a bua. Morago ga foo mookamedi wa masole o ne a ba hula boobabedi.

Lesole lengwe le ne la botsa mookamedi wa masole jaana: “Re tla dira eng ka ba ba setseng?”

O ne a araba jaana: “Ba bofeng, re tla ba bogisa gape mme re bo re ba hula ka ura ya borataro mo mosong.”

Ke ne ka tshogana ka boifa, e seng ka go bo ke ne ke tla swa, mme ke ne ke boifa gore ga nkitla ke kgona go itshokela pogiso ke bo ke ineela. Ka jalo ke ne ka ya kwa pele mme ka re: “Motlotlegi, le rona re leofile fela jaaka bakaulengwe ba rona ba o sa tswang go ba hula. Ke eng fa le rona o sa re hule?”

Ga ba a ka ba re hula. Diatla tsa rona di ne tsa bofelelwa kafa morago ga mekwatla ya rona. Morago ga foo re ne ra kalediwa ka diatla tsa rona. Fa re idibala, ba ne ba re tshela ka metsi. Botlhoko bo ne bo le bogolo thata ka gonne boima jwa mmele bo ne bo somola magetla a rona mo malokololong a one. Pogiso eno e ne ya tswelela ka diura tse di ka nnang tharo. Morago ga foo, re sa lebelela, go ne ga ntshiwa taelo ya gore go se ka ga tlhola go hulwa ope wa Basupi ba ga Jehofa.

Go ya Kwa Botlhaba—Ra Ngwega Morago ga Foo

Dibeke tse tharo morago ga foo re ne ra gwantisiwa re tlhomagane ka malatsi a le mmalwa go fitlhela re fitlha mo dintshing tsa Noka ya Don. Batho ba ba neng ba re eteletse pele ba ne ba re bolelela gore ga re a tshwanela go boa re sa ntse re tshela. Motshegare, re ne ra fiwa tiro e e se nang mosola, go epa mesele mme morago ga foo re bo re e katela gape. Maitseboa, re ne re na le kgololesegonyana ya go tsamayatsamaya.

Tsela e ke neng ke bona dilo ka yone, re ne re lebanwe ke dilo tse pedi. Re ne re tla swela gone foo, kana re ne re ka ngwega mo Bajeremaneng mme ra ya go inaya Ba-Russia. Ke ba le bararo fela ba rona ba ba neng ba swetsa go ngwega re kgabaganya Noka ya metsi a a suleng dikgapetla ya Don. Ka December 12, 1942, re ne ra rapela Jehofa mme ra tsamaya. Re ne ra fitlha mo molelwaneng wa Ba-Russia mme ka bonako fela ra tsenngwa mo kampeng ya kgolegelo le bagolegwa ba bangwe ba le 35 000. Ka nako ya dikgakologo, go ne go setse bagolegwa ba le 2300 fela ba ba sa ntseng ba tshela. Ba bangwe botlhe ba ne ba sule ka ntlha ya tlala.

Kgololesego Mme ga Latela Masetlapelo a Mangwe

Ke ne ka falola ntwa eo yotlhe, go akaretsa le dikgwedi di sekae fa e sena go fela ke le mogolegwa wa Russia. Kgabagare, ka November 1945, ke ne ka fitlha kwa gae kwa Zahor. Polasi ya rona e ne e senyegile, ka jalo ke ne ka tshwanela gore ke simolole sesha gape. Mosadi wa me le bana ba me ba ne ba dira mo polasing ka nako eo ya ntwa, mme ka October 1944, fa Ba-Russia ba atamela, ba ne ba tlosiwa ba isiwa kwa botlhaba. Sengwe le sengwe se re neng re na le sone se ne se thopilwe.

Se se maswe le go feta, fa ke fitlha kwa gae, mosadi wa me o ne a lwala thata. Ka February 1946, o ne a tlhokafala. O ne a le dingwaga di le 38 fela. Re nnile le nako e nnye thata ya go itumelela go kopana gape ga rona morago ga dingwaga tse di fetang tlhano tse ditelele le tse di boima tsa fa re ne re kgaogane.

Ke ne ka gomodiwa ke bakaulengwe ba me ba semoya, le go nna teng kwa dipokanong le go nna le seabe mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Ka 1947, ke ne ka kgona go adima madi gore ke ye kwa Brno, lo e neng e le loeto lwa dikilometara di le 400, go nna teng kwa kopanong e kgolo. Ke ne ka gomotsega le go kgothatsega thata fa gare ga bakaulengwe ba me ba Bakeresete, go akaretsa le Nathan H. Knorr, yo ka nako eo e neng e le poresidente ya Watch Tower Bible and Tract Society.

Ga re a ka ra itumelela kgololesego ya rona ya morago ga ntwa ka nako e telele. Ka 1948 Bakomonisi ba ne ba simolola go re gatelela. Bontsi jwa bakaulengwe ba ba neng ba eteletse pele mo tirong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Czechoslovakia ba ne ba tshwarwa ka 1952 mme ke ne ka fiwa boikarabelo jwa go tlhokomela diphuthego. Ka 1954 le nna ke ne ka tshwarwa mme ka atlholelwa dingwaga di le nnè mo kgolegelong. Morwaaka e bong Ján, le morwawe e bong Juraj le bone ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya go boloka boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete. Ke ne ka nna dingwaga tse pedi kwa kgolegelong ya naga ya Pankrác kwa Prague. Ka 1956 re ne ra itshwarelwa, mme ke ne ka gololwa.

Kgololesego Kgabagare!

Kgabagare ka 1989, Bakomonisi ba ne ba sa tlhole ba busa Czechoslovakia, mme tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya kwadisiwa semolao. Ka jalo, re ne re gololesegile go kopana mmogo le go rera phatlalatsa. Ka nako eo Zahor e ne e na le Basupi ba ba ka nnang lekgolo, se se neng se raya gore go ne go na le Mosupi a le 1 mo bathong bangwe le bangwe ba le 10 mo motsaneng oo. Dingwaga di sekae tse di fetileng, re ne ra aga Holo ya Bogosi e ntle e kgolo kwa Zahor, e go nnang batho ba ba ka nnang 200 mo go yone.

Botsogo jwa me ga bo sa tlhole bo siame thata, ka jalo bakaulengwe ba nkisa ka dikoloi kwa Holong ya Bogosi. Ke itumelela go nna teng e bile ke itumelela go akgela mo Thutong ya Tora ya Tebelo. Ke itumela segolobogolo go bona dikokomane tse tharo tsa lelapa la me di direla Jehofa go akaretsa le ditlogolwana di le mmalwa. Mongwe wa bone o ne a direla e le molebedi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa kwa Czechoslovakia go fitlha maikarabelo a gagwe a lelapa a mo thibela go dira tiro eo.

Ke leboga Jehofa go bo a ile a nnonotsha ka nako ya diteko tsa me tse dintsi. Go nna ke tlhomile mogopolo wa me mo go ene—“jaaka e kete ke bona Ene yo o sa bonaleng”—ke gone go neng ga ntshegetsa. (Bahebera 11:27) Ee, ke ne ka utlwa kgololo ya seatla sa gagwe se segolo. Ke ka lebaka leo, tota le gone jaanong, ke ntseng ke tswelela ke leka go nna teng kwa dipokanong tsa phuthego le go nna le seabe mo go boleleng ka leina la gagwe mo bodireding jwa phatlalatsa go ya kafa nka kgonang ka teng.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Holo ya Bogosi kwa Zahor

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke anaanela tshiamelo ya go akgela kwa Thutong ya “Tora ya Tebelo”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela