Ba ne Ba Dira go Rata ga ga Jehofa
Paulo o Neela Batlotlegi Bosupi ka Bopelokgale
BANNA ba babedi bano ba ne ba farologana thata. Yo mongwe o ne a rwele serwalo sa segosi fa yo mongwe a bofilwe ka dikeetane. Yo mongwe e ne e le kgosi; yo mongwe e ne e le mogolegwa. Morago ga gore moaposetoloi Paulo a fetse dingwaga di le pedi mo kgolegelong, jaanong o ne a eme fa pele ga molaodi wa Bajuda, e bong Herode Ageripa II. Kgosi le moratiwa wa yone e bong Berenise le bone ba ne ba tlile go “itshupa ka boikgodiso jo bogolo mme ba tsena mo ntlwaneng ya theeletso mmogo le balaodi ba sesole mmogo le banna ba tlotlomalo mo motseng.” (Ditiro 25:23) Buka nngwe ya re: “Go ka direga gore go ne go tlile batho ba ka nna makgolo a sekae.”
Kokoano eno e ne e biditswe ke molaodi yo o neng a sa tswa go tlhomiwa e bong Feseto. Molaodi yo o neng a busa pele ga gagwe e bong Felise, o ne a itumelela gore Paulo a nnele ruri mo kgolegelong. Mme Feseto o ne a belaela mabaka a go latofadiwa ga ga Paulo. Ebu, Paulo o ne a gatelela thata gore ga a molato mo a bileng a kopa gore kgetsi ya gagwe e ye go sekelwa fa pele ga Kaesare! Kgetsi ya ga Paulo e ile ya dira gore le Kgosi Ageripa a batle go tla go utlwa kgang. O ne a re: “Le nna ka bonna ke tla rata go utlwa monna yono.” Ka bonako Feseto o ile a dira dithulaganyo, gongwe a ipotsa gore kgosi e tla akanyang ka mogolegwa yono yo o sa tshwaneng le ba bangwe.—Ditiro 24:27–25:22.
Mo letsatsing le le latelang Paulo o ne a iphitlhela a eme fa pele ga boidiidi jo bogolo jwa batlotlegi. O ne a raya Ageripa mafoko ano: “Ke ikaya ke itumetse go bo e le fa pele ga gago ke tshwanetseng go iphemela mo letsatsing leno, segolobogolo ka o le setswerere mo mekgweng yotlhe mmogo le mo dikganetsanong tsa Bajuda. Jalo ke go lopa gore o nkutlwe ka bopelotelele.”—Ditiro 26:2, 3.
Paulo o Iphemela ka Bopelokgale
Paulo o ne a simolola ka go bolelela Ageripa ka tsela e pele a neng a bogisa Bakeresete ka yone. O ne a re: “Ke ne ka leka go ba patelela gore ba itatole tumelo. Ke ne ka ya bokgakaleng jwa go ba bogisa le eleng mo metseng e e kwa ntle.” Paulo o ile a tswelela a bolela kafa a ileng a bontshiwa ponatshegelo e e tshosang e mo go yone Jesu yo o tsositsweng a neng a mmotsa jaana: “O mpogisetsang? Go nna o ragaka ditlhabi go a go thatafaletsa.”a—Ditiro 26:4-14.
Go tswa foo Jesu o ne a laela Saulo go neela batho ba ditšhaba tsotlhe bosupi ka “dilo tse o di boneng mmogo le dilo tse ke tla dirang gore o di bone mabapi le nna.” Paulo o ile a bolela gore o ile a tlhagafalela go diragatsa kabelo eno ya gagwe. O ne a raya Ageripa a re, le fa go ntse jalo, “ka ntlha ya dilo tseno, Bajuda ba ne ba ntshwara mo tempeleng ba ba ba leka go mpolaya setlhogo.” Ka go itse gore Ageripa o kgatlhegela bodumedi jwa Sejuda, Paulo o ile a gatelela gore tiro ya gagwe ya go neela bosupi totatota e akaretsa go se “bue sepe fa e se dilo tse Baporofeti mmogo le Moshe ba neng ba bolela gore di ne di tlile go diragala” malebana le loso le tsogo ya ga Mesia.—Ditiro 26:15-23.
Feseto o ne a mo tsena ganong. O ne a goeletsa jaana: “Go ithuta mo gogolo go go tsenya botsenwa!” Paulo o ile a araba jaana: “Ga ke tsenwe, Motlotlegi Feseto, mme ke bua mafoko a boammaaruri le a go itekanela sentle ga mogopolo.” Go tswa foo Paulo o ile a raya Ageripa a re: “Kgosi e ke buang le yone ka kgololesego ya go bua e itse sentle kaga dilo tseno; gonne ke tlhomamisega gore ga go na le fa e le selo se le sengwe sa dilo tseno se se sa lemotshegeng mo go yone, gonne selo seno ga se a direlwa mo boitiketsong.”—Ditiro 26:24-26.
Go tswa foo Paulo o ile a lebisa mafoko mo go Ageripa ka tlhamalalo. “A wena, Kgosi Ageripa, o dumela Baporofeti?” Ga go pelaelo gore potso eno e ne ya baya Ageripa mo sepitleng. Kana e bile, o ne a sa batle go intsha seriti, mme go dumela kgang ya ga Paulo go ne go tla dira gore a dumele se Feseto a neng a re ke “botsenwa.” Paulo o ile a ikaraba, gongwe e le ka go lemoga gore Ageripa o a okaoka. O ne a re: “Ke itse gore o a dumela.” Jaanong Ageripa o ile a bua, mme gone a sa batle go ikgolega. O ne a raya Paulo a re: “Mo nakong e khutshwane o tla ntlhotlheletsa gore ke nne Mokeresete.”—Ditiro 26:27, 28.
Paulo o ile a dirisa mafoko ano a ga Ageripa ka botswerere go gatelela kgang e e botlhokwa. O ne a re: “Ke ne ke ka eletsa mo Modimong gore e ka ne e le mo nakong e khutshwane kgotsa mo nakong e telele e seng wena fela mme le botlhe ba ba nkutlwang gompieno ba nne batho ba ba ntseng jaaka le nna ke ntse, kwantle ga dikgole tseno.”—Ditiro 26:29.
Ageripa le Feseto ba ne ba se ka ba bona sepe se se neng se dira gore Paulo a tshwanelwe ke go bolawa kana go tsenngwa mo kgolegelong. Le fa go ntse jalo, go ne go ka se tlosiwe kopo ya gagwe ya gore kgang e isiwe kwa go Kaesare. Ke gone ka moo Ageripa a ileng a raya Feseto a re: “Monna yono o ka bo a golotswe fa a ne a sa ikuela kwa go Kaesare.”—Ditiro 26:30-32.
Se re Ithutang Sone
Mokgwa wa ga Paulo wa go neela bosupi fa pele ga batlotlegi o re neela sekao se se molemo thata. Paulo o ile a dirisa botlhale fa a bua le Kgosi Ageripa. Ga go na pelaelo gore o ne a itse matlhabisaditlhong a ga Ageripa le Berenise. Ageripa o ne a ratana le motho yo a amanang thata le ene ka losika, ka gonne Berenise e ne e le kgaitsadie. Le fa go ntse jalo, mo nakong eno Paulo ga a ka a tlhopha go ruta ka kgang ya boitshwaro. Go na le moo, o ile a gatelela dilo tse ene le Ageripa ba neng ba dumalana ka tsone. Mo godimo ga moo, le mororo Paulo a ne a rutegile ka go bo a ne a rutilwe ke Mofarasai wa serutegi e bong Gamaliele, o ne a tsaya tsia kgang ya gore Ageripa e ne e le mankge mo dingwaong tsa Sejuda. (Ditiro 22:3) Le fa Ageripa a ne a se na boitshwaro jo bontle, Paulo o ile a bua le ene ka tlotlo ka gonne Ageripa e ne e le molaodi.—Baroma 13:7.
Le fa gone re neela batho bosupi ka bopelokgale, ga re batle go tla re senola kana re kgala mekgwa e e maswe ya batho ba ba re reetsang. Go na le moo, gore go nne motlhofo gore ba amogele boammaaruri, re gatelela thata dilo tse di itumedisang tse di malebana le dikgang tsa rona tse di molemo, re gatelela dilo tse le bone ba di solofetseng. Fa re bua le batho ba bagolo mo go rona kana ba ba mo maemong a taolo, re tshwanetse go tsaya tsia maemo ao a bone. (Lefitiko 19:32) Ka go dira jalo, re tla bo re etsa Paulo, yo o ileng a re: “Ke ntse dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe.”—1 Bakorintha 9:22.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mafoko a a reng “o ragaka ditlhabi,” a tlhalosa tiragalo ya fa pholo e ikgobatsa ka go tla e ragaka dikota tse di motsu tse di diretsweng go goga phologolo. Saulo le ene, ka go bogisa Bakeresete, o ne a tla iteretse mahutsana fela ka go lwantsha batho bano ba Modimo a neng a ba eme nokeng.