LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 9/15 ts. 4-7
  • E Setse e le Nako ya go Tsoga!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • E Setse e le Nako ya go Tsoga!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Dilo Tsotlhe di sa Ntse di le Fela Jaaka Di ne Di Ntse?
  • Go Botlhokwa Tota go Nna re Tsogile
  • A Lefatshe le ya Bokhutlong?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • A re Tshela “mo Metlheng ya Bofelo”?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • “Nnang lo Disitse”!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Baaposetoloi ba Kopa Sesupo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 9/15 ts. 4-7

E Setse e le Nako ya go Tsoga!

“LO SE ka lwa dira phoso ka nako e re tshelang mo go yone; e setse e le nako ya go tsoga mo borokong jwa rona.” (Baroma 13:11, Knox) Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Roma mafoko ao dingwaga di ka nna 14 pele ga bokhutlo jo bo utlwisang botlhoko jwa tsamaiso ya dilo ya Bajuda ka 70 C.E. E re ka Bakeresete ba Bajuda ba ne ba tsogile mo semoyeng, ba ne ba seyo kwa Jerusalema ka nako eno e e kotsi, ka jalo ba falola loso kana bokgoba. Mme ba ne ba itse jang gore ba tshwanetse go tswa gotlhelele mo motseng?

Jesu Keresete o ne a tlhagisitse gore baba ba ne ba tla dikaganyetsa Jerusalema le gore baagi ba yone ba ne ba tla phatlakanngwa fa fatshe. (Luke 19:43, 44) Morago ga foo, Jesu o ne a neela balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang sesupo sa dikarolo tse dintsi se go neng go se thata go se lemoga. (Luke 21:7-24) Mo Bakereseteng ba ba neng ba nna kwa Jerusalema, go tswa mo motseng go ne go akaretsa go tlogela matlo le ditiro. Le fa go ntse jalo, go nna podimatseba ga bone le go tshaba ga bone go ne ga boloka matshelo a bone.

Fa Jesu a ne a bolelela pele ka go senngwa ga Jerusalema, barutwa ba gagwe ba ne ba mmotsa jaana: “Dilo tseno di tla nna leng, mme sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” (Mathaio 24:3) Fa Jesu a araba, o ne a bapisa go nna gone ga gagwe ga nako e e tlang le nako ya pele ga Morwalela wa lefatshe lotlhe wa motlha wa ga Noa. Jesu o ne a tlhalosa gore Morwalela o ne wa nyeletsa batho botlhe ba ba boikepo. (Mathaio 24:21, 37-39) Ka jalo o ne a supa gore Modimo o tla tsaya kgato gape mo dikgannyeng tsa batho. Go ya bokgakaleng bofe? Ebu, go ya bokgakaleng jwa gore a fedise lefatshe leno lotlhe le le bosula, kana tsamaiso eno ya dilo! (Bapisa 2 Petere 3:5, 6.) A seo se ne se tla diragala mo motlheng wa rona?

A Dilo Tsotlhe di sa Ntse di le Fela Jaaka Di ne Di Ntse?

Bajuda ba le bantsi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ise ba ko ba akanye gore motse wa bone o o boitshepo, Jerusalema, o tla senngwa. Gantsi batho ba ba nnang gaufi le lefelo la lekgwamolelo mme ba ise ba bone lekgwamolelo le thunya le bone ba nna le boikutlo jo bo tshwanang. Tsela e e tlwaelegileng e batho ba itshwarang ka yone fa go neelwa tlhagiso ke ya gore, “E seng mo nakong e ke tshelang mo go yone.” Moithutamakgwamolelo e bong Lionel Wilson, o tlhalosa jaana: “Gantsi makgwamolelo a thunya morago ga makgolo mangwe le mangwe a le mabedi kana a le mararo a dingwaga. Motho o a tshwenyega fa batsadi ba gagwe ba ile ba tshwanela go fuduga ka ntlha ya go thunya ga lekgwamolelo. Mme fa seo se diregile ka motlha wa batsadi ba batsadi ba gago, ga o itshwenye.”

Le fa go ntse jalo, tshedimosetso e e siameng e ka dira gore re lemoge ditshupo tsa kotsi le go re thusa go di tsaya tsia. Mo go ba ba neng ba tshaba lekgwamolelo la Thaba ya Pelée, mongwe wa bone o ne a tlwaelane le makgwamolelo mme o ne a tlhaloganya matshwao a kotsi. Mme matshwao ao a ile a tlhalosiwa sentle pelenyana fela ga gore lekgwamolelo la Thaba ya Pinatubo le lone le thunye. Moitsemakgwamolelo yo o neng a etse tlhoko maatla a a sa bonaleng a a neng a kurutla mo teng ga thaba eo o ne a dira gore batho ba tloge mo lefelong leo.

Gone mme, gantsi bangwe ba tla itlhokomolosa ditlhagiso tsa kotsi mme ba gatelela gore go ka se direge sepe. Ba ka nna ba bo ba sotla ba ba tsayang kgato e e tshwanetseng. Moaposetoloi Petere o ne a bolelela pele gore boikutlo jo bo ntseng jalo bo ne bo tla ata mo motlheng wa rona. O ne a bolela jaana: “Sa ntlha lo itse seno, gore mo metlheng ya bofelo go tla tla batlaopi ka go tlaopa ga bone, ba tswelela go ya ka dikeletso tsa bone mme ba re: ‘Go kae go nna gone mono ga gagwe mo go solofeditsweng? Aitsane, go tswa letsatsing le borraaronamogologolwane ba neng ba robala mo losong ka lone, dilo tsotlhe di tswelela fela jaaka go tswa kwa tshimologong ya tlhōlō.’”—2 Petere 3:3, 4.

A o dumela gore re tshela mo “metlheng ya bofelo”? John A. Garraty le Peter Gay ba botsa jaana mo go The Columbia History of the World: “A re bona go senyega ga mokgwa wa rona wa botshelo?” Morago ga foo borahisitori bano ba tlhalosa mathata a puso, go oketsega ga bokebekwa mo lefatsheng lotlhe, go se ikobele melao ya batho, go senyega ga botshelo jwa lelapa, go palelwa ga saense le boranyane go rarabolola mathata a setšhaba, bothata jwa bolaodi le go senyega ga boitsholo le bodumedi mo lefatsheng lotlhe. Ba ne ba konela jaana: “Fa ano e se matshwao a a supang gore ke nako ya bokhutlo, gone a lebega e le one tota.”

Re na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore “bofelo” bo gaufi. Nnyaa, ga re tlhoke go boifa gore lefatshe ka bolone le tla fela, ka gonne Baebele e bolela gore Modimo “o [beile] metheo ya lefatshe, gore le tle le se ka la tshikinngwa ka bosakhutleng.” (Pesalema 104:5) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go lebelela gore tsamaiso e e boikepo eno ya dilo e e dirileng gore batho ba boge thata e tla tloga e fela ka bonako. Ka ntlha yang? Ka gonne re kgona go bona dilo tse dintsi tse di supang bokhutlo jwa tsamaiso eno, fela jaaka Jesu Keresete a tlhalositse. (Bona lebokoso la “Dikarolo Dingwe Tsa Metlha ya Bofelo.”) Ke eng o sa bapise mafoko a ga Jesu le ditiragalo tsa lefatshe? Go dira jalo go ka go thusa go direla wena le lelapa la gago ditshwetso tse di siameng. Mme ke eng fa o tshwanetse go tsaya kgato gone jaanong?

Go Botlhokwa Tota go Nna re Tsogile

Le fa baitsesaense ba ka itse gore lekgwamolelo le gaufi le go thunya, ga ba kgone go bolela gore le tla thunya leng tota. Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ne a bolela jaana malebana le bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo: “Malebang le letsatsi leo le ura eo ga go na ope yo o itseng, lefa e le baengele ba magodimo kgotsa Morwa, fa e se Rara fela.” (Mathaio 24:36) E re ka re sa itse gore tota tsamaiso eno ya dilo e tla fela leng, Jesu o ne a re tlhagisa jaana: “Itseng selo se le sengwe, gore fa mong wa ntlo a ne a itsile gore legodu le tla ka tebelo efe, o ka bo a ne a nna a tsogile mme a se ka a letlelela gore go thubiwe mo ntlong ya gagwe. Ka lebaka leno le lona itshupeng lo iketleeditse, ka gonne ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho [Jesu] o tla ka yone.”—Mathaio 24:43, 44.

Mafoko a ga Jesu a supa gore masetlapelo a bofelo jwa tsamaiso eno a tla wela lefatshe leno le sa lebelela. Le fa re le balatedi ba gagwe, re tshwanetse go ‘itshupa re iketleeditse.’ Boemo jwa rona bo tshwana le jwa mong wa ntlo yo o ka tshoganyediwang ka go bo a ne a sa itse gore legodu le tla tla go thuba leng mo ntlong ya gagwe.

Moaposetoloi Paulo le ene o ne a bolelela Bakeresete ba Thesalonika jaana: “Lona ka bolona lo itse sentle tota gore letsatsi la ga Jehofa le tla fela jaaka legodu bosigo. . . . Bakaulengwe, ga lo mo lefifing, mo letsatsi leo le tshwanetseng la lo wela ka tshoganyetso jaaka le ne le ka wela magodu.” Paulo o ne a kgothatsa gape jaana: “A re se nneng re robetse jaaka ba bangwe botlhe ba dira, mme a re nneng re tsogile re bo re nne re thantse mo ditlhaloganyong.” (1 Bathesalonika 5:2, 4, 6, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW) Go raya eng ‘go nna re tsogile re bo re nna re thantse mo ditlhaloganyong’?

Go farologana le tsela e Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba tshaba kwa Jerusalema ka yone, go tshabela ga rona mo lefelong le le babalesegileng ga go reye go tswa mo motseng o o rileng. Fa Paulo a sena go kgothaletsa badumedikaene kwa Roma gore ba tsoge mo borokong, o ne a ba kgothaletsa gore ba ‘apole ditiro tsa lefifi’ mme ba ‘apare Morena Jesu Keresete.’ (Baroma 13:12, 14) Fa re latela dikgato tsa ga Jesu thata, re tla itshupa fa re nna re tsogile mo metlheng eno, mme go tlhagafala jalo mo semoyeng go tla dira gore re tshwanelwe ke tshireletso ya Modimo fa tsamaiso e e boikepo eno ya dilo e fedisiwa.—1 Petere 2:21.

Batho ba ba latelang Jesu Keresete ba na le matshelo a a itumedisang le a a kgotsofatsang. Dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa di ile tsa lemoga gore jokwe ya go nna morutwa wa Mokeresete e pelonomi e bile ke e e lapolosang. (Mathaio 11:29, 30, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW) Kgato ya ntlha ya go nna morutwa ke go ‘anya kitso kaga Modimo le kaga ene yo a mo romileng e leng Jesu Keresete.’ (Johane 17:3) Basupi ba etela magae a le dimilione beke nngwe le nngwe gore ba tle ba thuse batho go nna le “kitso e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:4) Ba ka itumelela go lo tshwarela dithuto tsa Baebele tsa mahala kwa magaeng a lona. Mme fa kitso ya lona ya Lefoko la Modimo e ntse e gola, ga go na pelaelo gore lo tla tlhatswega pelo gore metlha ya rona e farologane le e mengwe. Ee ruri, e setse e le nako ya gore re tsoge mo borokong!

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 7]

DIKAROLO DINGWE TSA METLHA YA BOFELO

“Morafe o tla tsogologela morafe”; ‘kagiso e tla tlosiwa mo lefatsheng.’ (Mathaio 24:7; Tshenolo 6:4)

Dintwa tse pedi tsa lefatshe mo lekgolong leno la dingwaga, le dikgotlhang dingwe tse dintsi di ile tsa tlosa kagiso mo lefatsheng. Rahisitori John Keegan o ne a kwala jaana: “Ntwa—ya Ntlha le ya Bobedi ya Lefatshe di ile tsa farologana le dintwa tsotlhe tse di ileng tsa lowa pele ga tsone, di farologane ka selekanyo, ka maatla, ka bogolo jwa tsone le ka ditshenyegelo tsa dilo tse di dirisitsweng le ka go ama batho. . . . Dintwa tseno tsa Lefatshe di bolaile batho ba bantsi, di jele madi a mantsi e bile di bakile pogo e ntsi mo mafelong a magolo thata mo lefatsheng go gaisa ntwa epe pele ga tsone.” Gone jaanong dintwa di tlhokofatsa basadi le bana ba bantsi go feta masole. United Nations Children’s Fund e lekanyetsa gore mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, go bolailwe bana ba le dimilione di le pedi mo dintweng.

“Ditlhaelo tsa dijo” (Mathaio 24:7; Tshenolo 6:5, 6, 8)

Ka 1996 ditlhwatlhwa tsa korong le mmidi di ile tsa tlhatloga ka tsela e e gakgamatsang. Ka ntlha yang? Selekanyo sa dithoro tseno se se mo mabolokelong a lefatshe se fokotsegile go nna selekanyo se se lekanang malatsi a le 50 fela, e leng selekanyo se se kwa tlase go gaisa tsotlhe mo rekotong. Go tlhatloga ga ditlhwatlhwa tsa dijo tse di jewang thata go dira gore makgolo a dimilione tsa batho ba lefatshe ba ba humanegileng—ba bontsi jwa bone e leng bana—ba lale ka tlala.

“Dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana” (Mathaio 24:7)

Mo dingwageng di le 2500 tse di fetileng, mo go nngwe le nngwe ya dithoromo tsa lefatshe di le robongwe fela go bolailwe batho ba ba fetang 100 000. Tse nnè tsa dithoromo tseno tsa lefatshe di ile tsa direga morago ga 1914.

“Go oketsega ga bosenangmolao” (Mathaio 24:12)

Jaaka fa lekgolo la bo20 le ntse le ya bofelong, bosenangmolao kana go tlola molao, go ntse go anama. Go tlhaselwa ga baagi ke barukhutli, babolai ba ba setlhogo le go gailwa ga batho ke dingwe tsa dilo tse di tsitlisang marapo tsa metlha eno ya bofelo e e tletseng thubakanyo.

“Mo mafelong ka go latelana malwetsi a leroborobo” (Luke 21:11)

Mo dingwageng tsa bo1990, batho ba le dimilione di le 30 ba tla swa ka ntlha ya thiibi. Dibakateria tse di bakang malwetse di ntse di palela diokobatsi go ya pele. Malaria, e leng bolwetse bo bongwe jo bo kotsi bo tlhasela batho ba palo e e fa gare ga dimilione di le 300 le 500 ngwaga le ngwaga mme bo bolaya palo e e fopholediwang go nna dimilione di le 2. Go lebeletswe gore mo bofelong jwa dingwaga tseno tse di lesome, AIDS e tla bo e bolaya batho ba le dimilione di le 1,8 ka ngwaga. State of the World 1996 e bolela jaana: “Gompieno batho ba welwa ke maroborobo a a sa feleng.”

“Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.” (Mathaio 24:14)

Ka 1997, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dirisa diura tse di fetang dimilione di le sekete ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Basupi ba ba fetang dimilione di le tlhano ba isa molaetsa ono ka metlha kwa bathong ba ba mo dinageng di le 232.

[Metswedi ya Ditshwantsho]

FAO photo/B. Imevbore

U.S. Coast Guard photo

[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Bakeresete ba ile ba tshaba go tswa kwa Jerusalema ka gonne ba ne ba tsogile mo semoyeng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela