Go Leta ka “Phisego”
“Gonne go lebelela ka phisego ga tlhōlō go letetse go senolwa ga barwa ba Modimo.”—BAROMA 8:19.
1. Seemo sa gompieno sa Bakeresete se tshwana jang le sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga?
SEEMO sa gompieno sa Bakeresete ba boammaaruri se tshwana le sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Batlhanka ba ga Jehofa ba motlha oo ba ne ba thusiwa ke boporofeti go itse nako e Mesia a neng a tla bonala ka yone. (Daniele 9:24-26) Jone boporofeti joo bo ne jwa bolelela pele ka go senngwa ga Jerusalema mme go ne go se na sepe mo go jone se se neng se ka thusa Bakeresete go itse go sa le gale gore motse oo o ne o tlile go senngwa leng. (Daniele 9:26b, 27) Baithuti ba Baebele ba lekgolo la bo19 la dingwaga le bone boporofeti bo ne jwa ba dira gore ba nne ba letile. Ka go golaganya “metlha e supa” ya Daniele 4:25 le “metlha ya Baditšhaba,” ba ne ba solofela gore Keresete o ne a tla amogela maatla a Bogosi ka 1914. (Luke 21:24, King James Version; Esekiele 21:25-27) Le fa buka ya Daniele e tletse ka boporofeti bo le bontsi, ga go na bope jo bo ka thusang baithuti ba Baebele ba motlha wa gompieno go fopholetsa nako e tota tsamaiso yotlhe ya dilo ya ga Satane e tla senngwang ka yone. (Daniele 2:31-44; 8:23-25; 11:36, 44, 45) Le fa go ntse jalo, seno se tla tloga se direga ka gonne re tshela mo “motlheng wa bokhutlo.”—Daniele 12:4.a
Go Nna re Disitse ka Nako ya go Nna Gone ga ga Keresete
2, 3. (a) Bosupi jo bogolo jwa gore re tshela mo nakong ya go nna gone ga ga Keresete a le mo maatleng a bogosi bo akaretsa eng? (b) Ke eng se se bontshang gore Bakeresete ba ne ba tla tlhoka go nna ba disitse ka nako ya go nna gone ga ga Jesu Keresete?
2 Ke boammaaruri gore, boporofeti bo ile jwa dira gore Bakeresete ba nne ba letetse Keresete pele ga a newa maatla a Bogosi ka 1914. Le fa go ntse jalo, “sesupo” se Keresete a neng a se ntsha malebana le go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo se remeletse thata mo ditiragalong. Mme bontsi jwa tsone di ne di tla bonala morago ga fa go nna gone ga gagwe go se na go simolola. Ditiragalo tseo—dintwa, go tlhaela ga dijo, dithoromo tsa lefatshe, dikgogodi tsa malwetse, go oketsega ga tlolomolao, go bogisiwa ga Bakeresete le tiro ya lefatshe lotlhe ya go rerwa ga dikgang tse di molemo tsa Bogosi—ke bosupi jo bogolo jwa gore re tshela mo nakong ya go nna gone ga ga Keresete a neilwe maatla a bogosi.—Mathaio 24:3-14; Luke 21:10, 11.
3 Mme gone, kgangkgolo ya ga Jesu mo kgakololong eo ya fa a ne a kgaogana le barutwa ba gagwe e ne e le: “Nnang lo lebile, nnang lo tsogile, . . . nnang lo disitse.” (Mareko 13:33, 37; Luke 21:36) Fa re sekaseka ka kelotlhoko mafoko otlhe a kgakololo eno ya gore re nne re disitse re kgona go lemoga gore totatota Keresete o ne a sa bue ka go nna re disitse sesupo sa go simologa ga go nna gone ga gagwe. Go na le moo, o ne a laela barutwa ba gagwe ba boammaaruri go nna ba disitse ka nako ya go nna gone ga gagwe. Bakeresete bano ba boammaaruri ba ne ba tshwanetse go nna ba disitse eng?
4. Sesupo se Jesu a se boletseng se ne se tla supa eng?
4 Jesu o ne a bolela boporofeti jwa gagwe jo bogolo fa a ne a araba potso e e reng: “Dilo tseno di tla nna leng [ditiragalo tse di neng di tla felela ka go fedisiwa ga tsamaiso ya dilo ya Sejuda], mme sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” (Mathaio 24:3) Sesupo seno se se boleletsweng pele se ne se se kitla se supa fela go nna gone ga ga Keresete mme gape se ne se tla supa ditiragalo tse di neng di tla felela ka bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.
5. Jesu o ile a bontsha jang gore le fa gone a tla bo a le teng ka tsela ya semoya, o ne a sa ntse a tla “tla”?
5 Jesu o ne a bontsha gore ka nako ya “go nna gone” (pa·rou·siʹa ka Segerika) ga gagwe o ne a tla tla ka maatla le ka kgalalelo. Malebana le go “tla” gono (go go emelwang ke dipopi tsa lefoko la Segerika erʹkho·mai), o ne a re: “Go tswa foo sesupo sa Morwa motho se tla bonala kwa legodimong, mme go tswa foo ditso tsotlhe tsa lefatshe di tla ititaya ka ntlha ya selelo sa khutsafalo, mme di tla bona Morwa motho a tla a le mo marung a legodimo ka maatla le kgalalelo e kgolo. . . . Jaanong ithuteng ntlha eno ka setlhare sa mofeige e le setshwantsho: Ka bonako fela fa kalana ya sone e nna nana mme e ntsha matlhare, lo itse gore selemo se gaufi. Ka tsela e e tshwanang le lona, fa lo bona dilo tseno tsotlhe, itseng gore [Keresete] o gaufi fa dikgorong. . . . Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka letsatsi lefe. . . . Itshupeng lo iketleeditse, ka gonne ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla ka yone.”—Mathaio 24:30, 32, 33, 42, 44.
Ke Eng fa Jesu Keresete a Tla?
6. “Babelona o Mogolo” o tla senngwa jang?
6 Le mororo Jesu Keresete a setse a le gone e le Kgosi fa e sa le ka 1914, o sa ntse a tshwanelwa ke go tla go atlhola mekgatlho ya lefatshe leno le motho mongwe le mongwe pele ga a diragatsa katlholo mo go ba a ba fitlhelang ba le boikepo. (Bapisa 2 Bakorintha 5:10.) Jehofa o tla tloga a dira gore babusi ba dipolotiki ba tlelwe ke kakanyo ya gore ba senye “Babelona o Mogolo,” mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. (Tshenolo 17:4, 5, 16, 17) Moaposetoloi Paulo o ile a bolela ka tlhamalalo gore Jesu Keresete o tla senya “monna wa bosenangmolao”—baruti ba batlhanogi ba Labokeresete, e e leng karolo e kgolo ya “Babelona o Mogolo.” Paulo o ne a kwala jaana: “Yo o se nang molao o tla senolwa, yo Morena Jesu o tla mo tlosang ka moya wa molomo wa gagwe a ba a mo nyeletsa ka go bonatshega ga go nna gone ga gagwe.”—2 Bathesalonika 2:3, 8.
7. Fa Morwa motho a tla ka kgalalelo ya gagwe, o tla diragatsa katlholo efe?
7 Gautshwane fela jaana, Keresete o tla tloga a atlhola batho ba ditšhaba go ya ka tsela e ba ileng ba tshwara bomorwarraagwe ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng ka yone. Re bala jaana: “Fa Morwa motho a goroga a le mo kgalalelong ya gagwe, le baengele botlhe ba na le ene, ka nako eo o tla nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang. Mme merafe yotlhe e tla phuthelwa fa pele ga gagwe, mme o tla kgaoganya batho mongwe mo go yo mongwe, fela jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipodi. Mme o tla baya dinku kafa seatleng sa gagwe sa moja, mme dipodi kafa molemeng wa gagwe. . . . Kgosi e [tla raya dinku] e re, ‘Ammaaruri ke a lo raya, Go ya bokgakaleng jo lo neng lwa go dira mo go mongwe wa ba babotlana thata wa barwarre bano, lo ne lwa go dira mo go nna.’ . . . Mme [dipodi di] tla ya kwa go kgaolweng ga bosakhutleng, mme basiami kwa botshelong jo bo sa khutleng.”—Mathaio 25:31-46.
8. Paulo o tlhalosa jang tsela e Keresete a tla diragatsang katlholo ka yone mo bathong ba ba sa boifeng Modimo?
8 Jaaka go bontshitswe mo setshwantshong sa dinku le dipodi, Jesu o tla diragatsa katlholo ya makgaolakgang mo bathong botlhe ba ba sa boifeng Modimo. Paulo o ne a tlhomamisetsa badumedikaene ba ba neng ba boga gore ba tla bona “kgololo mmogo le rona fa Morena Jesu a senolwa go tswa legodimong a na le baengele ba gagwe ba ba maatla, mo molelong o o tutumang, jaaka a tlisa pusoloso mo go ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa utlweng dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu. Bone bano ba tla diragalelwa ke kotlhao ya katlholo ya tshenyego e e nnetseng ruri go tswa fa pele ga Morena le go tswa mo kgalalelong ya nonofo ya gagwe, ka nako e a tlang go galalediwa malebang le baitshepi ba gagwe.” (2 Bathesalonika 1:7-10) Fa re sa ntse re letetse ditiragalo tseno tse di kgatlhang gore di tloge di diragale, a ga re a tshwanela go bontsha tumelo le go nna re disitse go tla ga ga Keresete ka tlhoafalo?
Go Letela Nako ya go Senolwa ga ga Keresete ka Tlhoafalo
9, 10. Ke ka ntlha yang fa batlodiwa ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng ba letetse go senolwa ga ga Jesu Keresete ka tlhoafalo?
9 “Fa Morena Jesu a senolwa go tswa legodimong” ga a kitla a nyeletsa batho ba ba boikepo fela mme gape o tla fitlha a duela batho ba ba siameng. Go sa ntse go ka direga gore bomorwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba setse mo lefatsheng ba boge pele ga nako ya fa Keresete a tla bo a senolwa e fitlha, mme gone, ba itumelela tsholofelo e e molemo e ba nang le yone ya selegodimo. Moaposetoloi Petere o ne a raya Bakeresete ba ba tloditsweng a re: “Tswelelang pele lo ipela e re ka jaana lo le batlhankedi mo dipogong tsa ga Keresete, gore lo ipele lo bo lo ipele mo gogolo gape mo go senolweng ga kgalalelo ya gagwe.”—1 Petere 4:13.
10 Batlodiwa ba ititeile sehuba go nna ba ikanyega go fitlha Keresete a ‘ba phuthela mmogo kwa go ene’ e le gore “boleng jo bo lekilweng” jwa tumelo ya bone “bo fitlhelwe e le lebaka la pako le kgalalelo le tlotlo fa Jesu Keresete a senolwa.” (2 Bathesalonika 2:1; 1 Petere 1:7) Go ka buiwa jaana ka Bakeresete bano ba ba ikanyegang ba ba tsetsweng ka moya: “Bosupi kaga Keresete bo nitamisitswe gareng ga lona, mo e leng gore ga lo tlhaele mo mphong epe ka gope, fa lo ntse lo letetse ka phisego tshenolo ya Morena wa rona Jesu Keresete.”—1 Bakorintha 1:6, 7.
11. Ke eng se Bakeresete ba batlodiwa ba se dirang gone jaanong fa ba sa ntse ba letetse go senolwa ga ga Jesu Keresete?
11 Masalela a batlodiwa a na le maikutlo a a tshwanang le a ga Paulo yo o ileng a kwala jaana: “Ke tsaya gore dipogo tsa paka ya jaanong ga se sepe fa di bapisiwa le kgalalelo e e tlileng go senolwa mo go rona.” (Baroma 8:18) Tumelo ya bone ga ya ikaega ka dilo tse di ka ba thusang go fopholetsa nako. Ba nna ba tshwaregile mo tirong ya ga Jehofa, ba tlhomela ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe” sekao se se molemo. (Johane 10:16) Batlodiwa bano ba a itse gore bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo bo gaufi mme ba reetsa kgakololo eno ya ga Petere: “Tlamelelang megopolo ya lona tiro, nnang lo thantse mo go feletseng mo ditlhaloganyong; tlhomang tsholofelo ya lona mo bopelonoming jo bo sa re tshwanelang jo ruri bo tla tlisiwang mo go lona fa Jesu Keresete a senolwa.”—1 Petere 1:13.
“Go Lebelela ka Phisego ga Tlhōlō”
12, 13. Tlhōlō ya batho e ile ya “bewa mo taolong ya bosenangmosola,” jang, mme dinku tse dingwe di tlhoafaletse eng?
12 A go na le sengwe se dinku tse dingwe le tsone di ka se lebelelang ka phisego? Ee, se teng. Paulo o ile a bua jaana morago ga gore a bue ka tsholofelo e e molemo e ba ba tla itseelwang ke Jehofa go nna “barwa” ba gagwe ba ba tsetsweng ka moya ba nang le yone le go nna “baruaboswammogo le Keresete” mo Bogosing jwa selegodimo: “Go lebelela ka phisego ga tlhōlō go letetse go senolwa ga barwa ba Modimo. Gonne tlhōlō e ne ya bewa mo taolong ya bosenangmosola, e seng ka go rata ga yone mme ka ene yo o neng a e baya mo taolong, mo motheong wa tsholofelo ya gore tlhōlō ka boyone le yone e tla gololwa mo go dirweng motlhanka ke go bola mme e nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”—Baroma 8:14-21; 2 Timotheo 2:10-12.
13 Ka ntlha ya boleo jwa ga Adame, ditlogolwana tsotlhe tsa gagwe di ne tsa “bewa mo taolong ya bosenangmosola,” di tsalelwa mo bokgobeng jwa boleo le loso. Di ile tsa se ka tsa kgona go ikgolola mo bokgobeng joo. (Pesalema 49:7; Baroma 5:12, 21) A bo dinku tse dingwe di eletsa thata jang ne go bona di “gololwa mo go dirweng motlhanka ke go bola”! Mme pele ga seo se ka direga, go na le dilo dingwe tse di tshwanetseng go direga go ya ka dinako le dipaka tsa ga Jehofa.
14. “Go senolwa ga barwa ba Modimo” go tla akaretsa eng, mme seno se tla felela jang ka gore batho ba bone go “gololwa mo go dirweng motlhanka ke go bola”?
14 Pele go tshwanetse ga ‘senolwa’ masalela a “barwa ba Modimo” ba batlodiwa. Seno se tla akaretsa eng? Mo nakong e Modimo a e tlhomileng, dinku tse dingwe di tla lemoga gore kgabagare batlodiwa ba setse ba “kanetswe” le go galalediwa gore ba buse le Keresete. (Tshenolo 7:2-4) “Barwa ba Modimo” ba ba tsositsweng le bone ba tla ‘senolwa’ ka nako ya fa ba thusa Keresete go nyeletsa tsamaiso e e boikepo ya dilo ya ga Satane. (Tshenolo 2:26, 27; 19:14, 15) Go tswa foo, ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, ba tla ‘senolwa’ go ya pele go nna baperesiti ba ba dirisiwang go abela “tlhōlō” ya batho melemo ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu. Seno se tla felela ka gore batho ba “[gololwe] mo go dirweng motlhanka ke go bola” mme kgabagare ba bo ba nna le “kgololesego e e galelelang ya bana ba Modimo.” (Baroma 8:21; Tshenolo 20:5; 22:1, 2) Ka ntlha ya tebelelo eo e e itumedisang, a go a re gakgamatsa go bo dinku tse dingwe di ‘lebeletse go senolwa ga barwa ba Modimo ka phisego’?—Baroma 8:19.
Bopelotelele Jwa ga Jehofa bo Bolela Poloko
15. Ke eng se le ka motlha re sa tshwanelang go se lebala malebana le tsela e Jehofa a nepang nako ya ditiragalo ka yone?
15 Jehofa ke Mmolokanako yo Mogolo. O tla nepa nako ya ditiragalo tse di tlang ka tsela e e molemo thata. Go ka nna ga direga gore ka dinako tse dingwe dilo di se ka tsa direga ka tsela e re neng re solofetse ka yone. Le fa go ntse jalo, re ka dumela re sa belaele gore ditsholofetso tsotlhe tsa Modimo di tla direga. (Jošua 23:14) A ka nna a letlelela dilo dingwe di direga ka lobaka lo loleele go feta kafa bontsi bo neng bo solofetse ka teng. Le fa go ntse jalo, a re tseyeng matsapa a go tlhaloganya ditsela tsa gagwe le go tlotla botlhale jwa gagwe. Paulo o ile a kwala jaana: “A boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso! Abo dikatlholo tsa one di sa ka ke tsa hukutsega jang ne le ditsela tsa one e le tse di sa ka keng tsa latedisiwa! Gonne ‘ke mang yo o simolotseng go itse mogopolo wa ga Jehofa, kgotsa ke mang yo jaanong a leng mogakolodi wa gagwe?’”—Baroma 11:33, 34.
16. Ke mang yo o solegelwang molemo ke go bo Jehofa a le pelotelele?
16 Petere o ne a kwala jaana: “Baratwa, e re ka lo letetse dilo tseno [go senngwa ga “magodimo” a kgale le “lefatshe” jaaka fa di tla bo di tseelwa maemo ke “magodimo a masha” le “lefatshe le lesha”], dirang bojotlhe jwa lona gore kwa bofelong a lo fitlhele lo se na selabe e bile lo se na setshubaba e bile lo le mo kagisong. Go feta moo, tsayang bopelotelele jwa Morena wa rona e le poloko.” Ka ntlha ya bopelotelele jwa ga Jehofa, dimilionemilione tse dingwe tse dintsi tsa batho di newa tshono ya go bolokwa mo ‘letsatsing la ga Jehofa,’ le le tla tlang ka tshoganyetso “jaaka legodu.” (2 Petere 3:9-15) Gape bopelotelele jwa gagwe bo naya mongwe le mongwe wa rona tshono ya go ‘nna a direla poloko ya gagwe ka poifo le go roroma.’ (Bafilipi 2:12) Jesu o ile a bolela gore fa e le gore re batla go amogelega le go atlega “mo go emeng fa pele ga Morwa motho” ka nako ya fa a tla bo a tla go atlhola, re tshwanetse gore re ‘itlhokomele’ le go ‘nna re tsogile.’—Luke 21:34-36; Mathaio 25:31-33.
Nna o Letile ka Boitshoko
17. Ke mafoko afe a ga moaposetoloi Paulo a re tshwanetseng go a tsaya tsia?
17 Paulo o ile a kgothaletsa bakaulengwe ba gagwe ba semoya gore ba tlhome matlho a bone, “e seng mo dilong tse di bonwang, mme mo dilong tse di sa bonweng.” (2 Bakorintha 4:16-18) O ne a sa batle gore sepe se sire pono ya bone kaga tuelo e ba nang le yone ya kwa legodimong. E ka ne re Bakeresete ba batlodiwa kana re ba dinku tse dingwe, a re nneng re tlhomile mogopolo wa rona mo tsholofelong e e molemo e re nang le yone mme le ka motlha re se ka ra itlhoboga. A re nneng re ‘letile ka boitshoko,’ re supa gore “ga re mofuta wa ba ba katang ka morago go ya tshenyegong, mme re mofuta o o nang le tumelo go kgona go tshedisa moya.”—Baroma 8:25; Bahebera 10:39.
18. Ke eng fa re ka tlogela kgang ya dinako le dipaka mo diatleng tsa ga Jehofa re sa belaele?
18 Re ka tlogela kgang e e malebana le dinako le dipaka mo diatleng tsa ga Jehofa re sa belaele sepe. Go ya ka thulaganyo ya gagwe ya nako, ditsholofetso tsa gagwe ga di ‘kitla di diega.’ (Habakuke 2:3) Kafa letlhakoreng le lengwe, mafoko a Paulo a neng a kgothatsa Timotheo ka one a na le bokao jo bogolo mo go rona. O ile a re: “Ke go laya ka tlhoafalo fa pele ga Modimo le Keresete Jesu, yo o laoletsweng go atlhola batshedi le baswi, le ka ponatshego ya gagwe le bogosi jwa gagwe, rera lefoko, dira jalo ka tlhoafalo ka paka e e dumelang, ka paka ya matshwenyego . . . Dira tiro ya moefangele, wetsa bodiredi jwa gago ka botlalo.”—2 Timotheo 4:1-5.
19. Eno ke nako ya gore batho ba ga Jehofa ba dire eng, mme ka ntlha yang?
19 Matshelo a mo kotsing—a rona le a baagelani ba rona. Paulo o ile a kwala jaana: “Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta gago. Nna mo dilong tseno, gonne ka go dira seno o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.” (1 Timotheo 4:16) Nako ya tsamaiso eno e e boikepo ya dilo e khutshwafetse thata. Gone jaanong fa re sa ntse re letetse ditiragalo tse di tla tlogang di direga ka tlhoafalo e kgolo, a re eleng tlhoko thata gore eno e sa ntse e le nako le paka ya ga Jehofa ya gore batho ba gagwe ba rere dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka yone. Tiro eno e tshwanetse go dirwa ka botlalo go fitlha a kgotsofala. Jaaka Jesu a boletse, “go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:14.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona kgaolo 10 le 11 ya buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
Go Ikgopotsa
◻ Malebana le go fopholetsa nako, seemo sa rona se tshwana jang le sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga?
◻ Ke eng fa Bakeresete ba tshwanetse go “nna ba disitse,” le e leng ka nako ya go nna gone ga ga Keresete?
◻ Ke eng fa tlhōlō ya batho e letetse “go senolwa ga barwa ba Modimo” ka tlhoafalo?
◻ Ke eng fa re ka tlogela kgang ya dinako le dipaka mo diatleng tsa ga Jehofa re sa belaele?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Bakeresete ba tshwanetse go nna ba tsogile fa ba ntse ba letile go tla ga ga Keresete
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Masalela a batlodiwa a nna a tshwaregile mo tirelong ya ga Jehofa, tumelo ya bone e sa ikaega ka go fopholetsa nako