LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 10/15 ts. 19-24
  • Jerusalema o o Tshwanelang Leina la one

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jerusalema o o Tshwanelang Leina la one
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letsatsi le le Monate la Kopano
  • Kokoano e Nngwe e e Itumedisang
  • Re se Ka ra Tlhokomologa Ntlo ya Modimo
  • Mokete wa go Kgakola o o Itumedisang
  • Boipelo jo bo Nnelang Ruri
  • Jerusalema—A e ‘Godimo ga Boitumelo Jwa Gago jo Bogolo’?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Buka ya Bibela ya bo 16—Nehemia
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Nehemia
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Mabota a Jerusalema
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 10/15 ts. 19-24

Jerusalema o o Tshwanelang Leina la one

“Lo itumele ka bosakhutleng mo go se ke se tlholang; gonne ke tlhola Jerusalema go nna boipelo.”—ISAIA 65:18.

1. Esera o ne a ikutlwa jang ka motse wa Modimo o o tlhophilweng?

E RE ka Esera moperesiti wa Mojuda e ne e le moithuti yo o tlhoafetseng wa Lefoko la Modimo, o ne a anaanela tsela e pele Jerusalema a neng a amana le kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa ka yone. (Duteronome 12:5; Esera 7:27) Re kgona go lemoga tsela e a neng a rata motse ono wa Modimo ka yone mo karolong ya Baebele e a neng a tlhotlhelediwa go e kwala—Ditirafalo wa Ntlha le wa Bobedi le Esera. Mo dipegong tseno tsa hisitori, leina Jerusalema le tlhaga ka makgetlo a a ka nnang kwatara ya makgetlo a le 800 a le tlhagang ka one mo Baebeleng yotlhe.

2. Re bona bokao bofe jwa boporofeti mo go se se bolelwang ke leina Jerusalema?

2 Go ya ka Sehebera sa Baebele, “Jerusalema” e ka tlhaloganngwa e le mo popegong e puo ya Sehebera e e bitsang gore ke popego e e gabedi. Popego eno e e gabedi gantsi e dirisiwa mo dilong tse di leng sebedi, tse di jaaka matlho, ditsebe, matsogo le maoto. Fa leina Jerusalema le kwadilwe ka popego eno e e gabedi, le ka tsewa le bolelela pele ka kagiso e batho ba Modimo ba tla nnang le yone ka ditsela tse pedi—ya semoya le ya mmatota. Dikwalo ga di tlhalose gore a Esera o ne a tlhaloganya seno ka botlalo. Le fa go ntse jalo, e re ka e ne e le moperesiti, o ne a dira ka bojotlhe go thusa Bajuda go nna le kagiso le Modimo. Mme ga go pelaelo gore o ne a kgaratlhela gore Jerusalema e tshwanele bokao jwa leina la yone, ke gore, “Mong [kana, Motheo] wa Kagiso e e Gabedi.”—Esera 7:6.

3. Go fetile dingwaga tse kae pele ga re bolelelwa gape ka ditiro tsa ga Esera, mme re fitlhela a le mo maemong a a ntseng jang?

3 Baebele ga e bolele gore Esera o ne a le kae ka nako ya dingwaga tse 12 tse di magareng ga nako ya go etela ga gagwe kwa Jerusalema le nako ya go goroga ga ga Nehemia kwa motseng ono. Tsela e setšhaba seno se neng se koafetse ka yone mo semoyeng e supa gore Esera a ka tswa a ne a seyo. Le fa go ntse jalo, re fitlhela Esera e sa ntse e le moperesiti yo o ikanyegang mo Jerusalema fa lerako la motse ono le sena go agiwa sesha.

Letsatsi le le Monate la Kopano

4. Ke eng se se neng se le botlhokwa ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya bosupa kwa Iseraele?

4 Lerako la Jerusalema le ne la wediwa ka kgwedi e e botlhokwa ya mekete e bong Tishri, kgwedi ya bosupa mo alemanakeng ya bodumedi ya Iseraele. Letsatsi la ntlha la Tishri e ne e le la moletlo o o kgethegileng wa ngwedi o mosha o o bidiwang Moletlo wa go Lela ga Dinaka. Ka letsatsi leo, baperesiti ba ne ba letsa dinaka ka nako ya fa go ne go ntshediwa Jehofa ditlhabelo. (Dipalo 10:10; 29:1) Letsatsi leno le ne le dira gore Baiseraele ba ipaakanyetse Letsatsi la Tetlanyo la ngwaga le ngwaga le le neng le ketekwa ka letsatsi la bo10 la Tishri le Moletlo wa go Rora o o neng o ketekwa ka boipelo go tloga ka letsatsi la bo15 go ya go la bo21 la yone kgwedi eno.

5. (a) Esera le Nehemia ba ile ba dirisa ‘letsatsi la ntlha la kgwedi ya bosupa’ jang ka tsela e e molemo? (b) Ke ka ntlha yang fa Baiseraele ba ile ba lela?

5 Mo “letsatsing la ntlha la kgwedi ya bosupa,” “batho botlhe” ba phuthega, gongwe ba ne ba kgothaleditswe go dira jalo ke Nehemia le Esera. Go ne go tlile banna, basadi le “botlhe ba ba ka utlwang ka tlhaloganyo.” Ka jalo, bana ba babotlana le bone ba ne ba le gone mme ba ne ba reeditse ka tlhoafalo fa Esera a eme mo seraleng a bala Molao “go simolola ka maphakela go ya motshegareng o mogolo.” (Nehemia 8:1-4) Ka dinako tsa go kgwa mowa, Balefi ba ne ba tla ba thusa batho go tlhaloganya se se neng se balwa. Seno se ne sa dira gore Baiseraele ba lele fa ba lemoga kafa bone le borraabonemogolo ba neng ba tlodile Molao wa Modimo ka teng.—Nehemia 8:5-9.

6, 7. Bakeresete ba ka ithuta eng mo go se Nehemia a ileng a se dira fa a ne a kgaotsa Bajuda gore ba se ka ba lela?

6 Mme gone, e ne e se nako ya go nnela selelo. E ne e le nako ya mokete, e bile batho ba ne ba sa tswa go wetsa tiro ya go tsosolosa lerako la Jerusalema. Ka jalo Nehemia o ne a ba thusa gore ba nne le pono e e siameng ka go bua jaana: “Tsamayang, lo je dilo tse di mafura lo nwe dilo tse di botshe, mme lo romele dikarolo kwa go yo a sa baakanyediwang sepe; gonne letsatsi leno le boitshepo mo Moreneng wa rona, mme lo se ka lwa utlwa botlhoko, gonne boipelo jwa ga Jehofa ke kago ya lona e e thata.” Ka boikobo, “batho botlhe ba tsamaya ba ya go ja le go nwa le go romela dikarolo le go tswelela ba ipela thata, gonne ba ne ba tlhalogantse mafoko a ba neng ba a itsisitswe.”—Nehemia 8:10-12.

7 Batho ba Modimo ba ka ithuta go le gontsi mo tiragalong eno. Batho ba ba nang le tshiamelo ya go nna le dikabelo kwa dipokanong le kwa dikopanong ba tshwanetse go gakologelwa dilo tse di tlhalositsweng fa godimo. Le fa ka dinako tse dingwe go tlhokega gore batho ba laiwe ka go kgalemelwa, dikokoano tseno di gatelela melemo le masego a go dira dilo tse Modimo a batlang gore re di dire. Batho ba akgolelwa ditiro tse di molemo tse ba di dirang le go kgothadiwa gore ba itshoke. Batho ba Modimo ba tshwanetse go tswa mo dikokoanong tseno ba itumetse ka ntlha ya tao e e agang e e tswang mo Lefokong la Modimo.—Bahebera 10:24, 25.

Kokoano e Nngwe e e Itumedisang

8, 9. Ke pokano efe e e neng ya tshwarwa mo letsatsing la bobedi la kgwedi ya bosupa, mme go ne ga felela ka eng mo bathong ba Modimo?

8 Mo letsatsing la bobedi la kgwedi eo e e kgethegileng, “ga bo go phuthegile ditlhogo tsa makgotla a borra ba batho botlhe, ba baperesiti le Balefi, ba phuthegela kwa go Esera mokwadi, ba tla fela go sekegela mafoko a molao ditsebe.” (Nehemia 8:13) Esera o ne a tshwanelega sentle go ka tshwara pokano eno ka gonne “o ne a etleeditse pelo ya gagwe go lopa kgakololo mo molaong wa ga Jehofa le go o dira le go ruta molao le tshiamiso mo Iseraele.” (Esera 7:10) Ga go pelaelo gore pokano eno e ne e gatelela dilo tse batho ba Modimo ba neng ba tshwanetse go dira ka natla mo go tsone go dumalanya matshelo a bone le kgolagano ya Molao. Selo se go neng go amegilwe thata ka sone ka nako eo e ne e le botlhokwa jwa go dira dithulaganyo tse di siameng tsa go keteka Moletlo wa Diobo o o neng o atamela.

9 Moletlo ono o o tsayang beke o ne wa ketekwa ka tsela e e tshwanetseng, batho botlhe ba nna mo diobong tsa nakwana tse di dirilweng ka dikala tsa ditlhare tse di farologaneng. Batho ba ne ba aga diobo tseno mo maribelong a matlo a bone, mo malwapeng a bone, mo malwapeng a tempele le mo dipatlelong tsa Jerusalema. (Nehemia 8:15, 16) A bo eno e ne e le tshono e e molemo jang ne go kgobokanya batho le go ba balela Molao wa Modimo! (Bapisa Duteronome 31:10-13.) Seno se ne sa dirwa letsatsi lengwe le lengwe, “go simolola ka letsatsi la ntlha go fitlha mo letsatsing la bofelo” la mokete mme ga nna “boitumelo jo bogolo” mo bathong ba Modimo.—Nehemia 8:17, 18.

Re se Ka ra Tlhokomologa Ntlo ya Modimo

10. Ke eng fa go ne ga rulaganngwa kokoano e e kgethegileng mo letsatsing la bo24 la kgwedi ya bosupa?

10 Go na le nako le lefelo le le siametseng gore go ka baakanngwa makoa a a masisi mo bathong ba Modimo. Ka ntlha ya go lemoga gore e ne e le nako ya go dira jalo, go bonala fa Esera le Nehemia ba ile ba rulaganyetsa letsatsi la go itima dijo ka letsatsi la bo24 la kgwedi ya Tishri. Molao wa Modimo o ne wa balwa gape, mme batho ba ipobola maleo a bone. Go tswa foo Balefi ba ne ba gopotsa batho tsela e mo nakong e e fetileng Modimo a ileng a tlhomogela batho ba ba neng ba mo leofetse pelo ka yone, ba bua mafoko a a monate a a neng a baka Jehofa, mme ba dira “kgolagano e e tlhomameng” ba e tlhomamisa ka go dira gore e kanwe ke dikgosana tsa bone, Balefi le baperesiti.—Nehemia 9:1-38.

11. Ke “kgolagano e e tlhomameng” efe e Bajuda ba neng ba itlama ka yone?

11 Batho ka kakaretso ba ne ba ikana gore ba tla diragatsa “kgolagano e e tlhomameng” e e kwadilweng. Ba ne ba tla “sepela mo molaong wa Modimo.” Mme ba ne ba dumalana gore ga ba kitla ba dira kgolagano ya lenyalo le “ditšhaba tsa lefatshe.” (Nehemia 10:28-30) Mo godimo ga moo, Bajuda ba ne ba itlama gore ba tla tlotla Sabata, ba tla aga ba ntsha meneelo ya ngwaga le ngwaga go ema kobamelo ya boammaaruri nokeng ka tsa madi, ba tla lere dikgong tsa sebeso sa ditlhabelo, ba tla aba maitibolo a matsomane le a metlhape ya bone gore a dirisediwe ditlhabelo le gore ba tla lere mabutswapele a masimo a bone gore a dirisiwe kwa matlong a bojelo a tempele. Ruri ba ne ba ititeile sehuba gore ga ba batle go ‘latlha ntlo ya Modimo wa bone.’—Nehemia 10:32-39.

12. Go se tlhokomologe ntlo ya Modimo go akaretsa eng gompieno?

12 Le gompieno, batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba se ka ba tlhokomologa tshiamelo ya bone ya go ‘dira tirelo e e boitshepo’ mo malwapeng a tempele ya ga Jehofa ya semoya. (Tshenolo 7:15) Seno se akaretsa gore ka metlha ba rapelele gore kobamelo ya ga Jehofa e gatele pele. Go dira tumalanong le dithapelo tse di ntseng jalo go tlhoka gore motho a baakanyetse dipokano tsa Bokeresete le go nna le seabe mo go tsone, le go thusa batho ba ba kgatlhegang ka go boela gape kwa go bone, mme fa go kgonega, le go ba tshwarela dithuto tsa Baebele. Batho ba le bantsi ba ba sa batleng go tlhokomologa ntlo ya Modimo ba ntsha meneelo ya madi go etleetsa tiro ya go rera le ya go tlhokomela mafelo a kobamelo ya boammaaruri. Gape re ka nna ra kgona go ema nokeng tiro ya go aga mafelo a a tlhokegang thata a go kopanela le go a boloka a le phepa e bile a le bothakga. Tsela e e botlhokwa thata e re ka bontshang ka yone gore re rata ntlo ya Modimo ya semoya ke ka go tshedisana ka kagiso le badumedikarona le go thusa batho bape fela ba ba tlhokang thuso ya dilo tsa nama le tsa semoya.—Mathaio 24:14; 28:19, 20; Bahebera 13:15, 16.

Mokete wa go Kgakola o o Itumedisang

13. Ke kgang efe e e masisi e e neng e tlhoka go elwa tlhoko pele ga lerako la Jerusalema le kgakolwa, mme bontsi bo ne jwa tlhoma sekao sefe se se molemo?

13 “Kgolagano e e tlhomameng” e e neng ya kanwa mo motlheng wa ga Nehemia e ne ya thusa batho ba Modimo ba bogologolo go ipaakanyetsa letsatsi la go kgakola lerako la Jerusalema. Mme go ne go sa ntse go na le kgang nngwe e e masisi e e neng e tlhoka go elwa tlhoko. E re ka jaanong Jerusalema e ne e ageletswe ka lerako le legolo le le nang le dikgoro tse 12, e ne e tlhoka palo e kgolwane ya baagi. Le fa go ne go na le Baiseraele ba sekae ba ba neng ba nna gone, “motse o ne o atlhame, o le mogolo; batho ba bo ba le babotlana mo go one.” (Nehemia 7:4) Go rarabolola bothata jono, batho ba ne ba “thela bola, gore go tle go leriwe mongwe wa lesome lengwe le lengwe a tle go aga mo Jerusalema motse o o boitshepo.” Ka bongwe fela jwa pelo batho ba ne ba dumalana le thulaganyo eno mme ba segofatsa “banna botlhe ba ba ineetseng ka pelo fela ba tla go aga mo Jerusalema.” (Nehemia 11:1, 2) A bo seo e le sekao se se molemo jang ne mo baobameding ba boammaaruri ba gompieno, ba maemo a bone a ba letlang go fudugela kwa go tlhokegang thuso ya Bakeresete ba ba nonofileng teng!

14. Go ne ga direga eng mo letsatsing la go kgakolwa ga lerako la Jerusalema?

14 Go ise go ye kae ke fa go dirwa dithulaganyo tse di botlhokwa tsa letsatsi le legolo la go kgakolwa ga lerako la Jerusalema. Baletsi ba mmino le baopedi ba ne ba phuthega ba tswa kwa metseng e e fa gaufi ya Juda. Ba ne ba dirwa go nna ditlhopha tse pedi tsa baopedi tse di opelang dipina tsa go ntsha malebogo, sengwe le sengwe se setswe morago ke mokoloko. (Nehemia 12:27-31, 36, 38) Baopedi le mekoloko eno ba ne ba simolola go tloga mo letlhakoreng la lerako le le ka kwa ga tempele, gongwe e le go tloga mo Kgorong ya Mokgatsha, mme ba gwantela kwa matlhakoreng a a farologaneng go fitlha ba kopanela fa ntlong ya Modimo. “Ba isa ditlhabelo tse dikgolo ka tsatsi leo, ba itumela, gonne Modimo o no o ba itumedisitse ka boitumelo jo bogolo; le basadi le bana ba itumela. Jalo boitumelo jwa Jerusalema jwa utlwala fela kwa kgakala.”—Nehemia 12:43.

15. Ke ka ntlha yang fa go kgakolwa ga lerako la Jerusalema go ile ga se ka ga tlisa boitumelo jo bo nnelang ruri?

15 Baebele ga e re bolelele letlha le mokete ono o o itumedisang o neng wa ketekwa ka lone. Ga go pelaelo gore e ne e le tiragalo e e botlhokwa, gongwe e e botlhokwa go gaisa tsotlhe tsa go tsosolosiwa ga Jerusalema. Ke boammaaruri gore, go ne go na le dikago di le dintsi tse di neng di tlhoka go agiwa mo teng ga motse. Fa nako e ntse e ya, baagi ba Jerusalema ba ne ba se ka ba tlhola ba nna le boemo jo bo molemo jwa semoya. Ka sekai, fa Nehemia a ne a etela motse lekgetlo la bobedi, o ne a fitlhela gape ntlo ya Modimo e tlhokomologilwe e bile Baiseraele ba nyala basadi ba baheitene gape. (Nehemia 13:6-11, 15, 23) Dikwalo tsa ga moporofeti Malaki di tlhomamisa one maemo ano a a sa itumediseng. (Malaki 1:6-8; 2:11; 3:8) Ka jalo go neelwa ga lerako la Jerusalema go ne ga se ka ga lere boipelo jo bo nnelang ruri.

Boipelo jo bo Nnelang Ruri

16. Ke ditiragalo dife tse di botlhokwa thata tse batho ba Modimo ba tlhoafaletseng go di bona?

16 Gompieno, batho ba ga Jehofa ba tlhologeletswe nako ya fa Modimo a tla bo a fenya baba botlhe ba gagwe. Seno se tla simolola ka go senngwa ga “Babilone o Mogolo”—motse wa tshwantshetso o o akaretsang madumedi otlhe a maaka. (Tshenolo 18:2, 8) Go senngwa ga bodumedi jwa maaka e tla bo e le karolo ya ntlha ya sepitla se segolo se se tlang. (Mathaio 24:21, 22) Gape re letetse go bona tiragalo e e botlhokwa thata e diragala—lenyalo la kwa legodimong la ga Morena Jesu Keresete a nyalana le monyadiwa wa gagwe wa baagi ba “Jerusalema yo Mosha” ba ba 144 000. (Tshenolo 19:7; 21:2) Ga re itse sentle gore lenyalo leo le le botlhokwa le tla konelwa leng, le fa go ntse jalo, ga go pelaelo gore e tla bo e le tiragalo e e itumedisang thata.—Bona Tora ya Tebelo ya August 15, 1990, ditsebe 30-1.

17. Re itse eng ka go wediwa ga Jerusalema yo Mosha?

17 Re a itse gore Jerusalema yo Mosha o tla tloga a felela. (Mathaio 24:3, 7-14; Tshenolo 12:12) Ga a kitla a swabisa batho jaaka motse wa Jerusalema wa mo lefatsheng. Seno ke ka gonne baagi botlhe ba gagwe ke balatedi ba ga Jesu Keresete ba ba ileng ba tlodiwa ka moya, ba lekiwa le go itshekisiwa. Ka go ikanyega go isa losong, mongwe le mongwe wa bone o tla bo a supile gore o ikanyega ka bosakhutleng mo Molaoding wa Lobopo, Jehofa Modimo. Seo se na le bokao jo bo botlhokwa thata mo bathong botlhe—batshedi le baswi!

18. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ‘go ipela le go itumela ka bosaengkae’?

18 Akanya ka se se tla diregang fa Jerusalema yo Mosha a lebisa tlhokomelo ya gagwe mo bathong ba ba dumelang mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo. Moaposetoloi Johane o ile a kwala jaana: “Bona! Tente ya Modimo e mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba one. Mme Modimo ka boone o tla nna le bone. Mme o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:2-4) Mo godimo ga moo, Modimo o tla dirisa thulaganyo eno ya sekamotse go dira gore batho ba itekanele. (Tshenolo 22:1, 2) A bo ano e le mabaka a a molemo jang ne a go ‘ipela le go itumelela ka bosaengkae se Modimo a se tlholang gone jaanong’!—Isaia 65:18.

19. Paradaise ya semoya e Bakeresete ba kgobokanyeditsweng mo go yone ke eng?

19 Le fa go ntse jalo, ga go tlhokege gore batho ba ba ikwatlhayang ba letele nako eo pele ga ba bona thuso go tswa mo Modimong. Mo ngwageng wa 1919, Jehofa o ne a simolola go kgobokanyetsa maloko a bofelo a ba ba 144 000 mo paradaiseng ya semoya, moo maungo a moya wa Modimo—a a jaaka lorato, boipelo le kagiso—a phophomang gone. (Bagalatia 5:22, 23) Selo se se tlhomologileng thata ka paradaise eno ya semoya ke tumelo e baagi ba yone ba nang le yone, ba ile ba nna le matswela a magolo mo go eteleleng pele tiro ya go rerwa ga dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 21:43; 24:14) Ka ntlha ya seo, mo e batlang e le “dinku tse dingwe” di le dimilione di le thataro le tsone di ile tsa letlwa go tsena mo paradaiseng eno ya semoya le go ipelela go nna le matswela mo tirong eno. (Johane 10:16) Ba ile ba tshwanelega go dira seno ka go ineela mo go Jehofa Modimo ka ntlha ya tumelo ya bone mo setlhabelong sa thekololo sa Morwawe, Jesu Keresete. Go tsalana ga bone le batho ba ba solofetseng go nna maloko a Jerusalema yo Mosha ruri go ba solegetse molemo thata. Ka gone, ka tsela e Jehofa a dirisanang le Bakeresete ba gagwe ba ba tloditsweng ka yone, o thaile motheo o o nonofileng wa “lefatshe le lesha”—setšhaba sa batho ba ba boifang Modimo ba ba tla ruang lefatshe le le tla bong le busiwa ke Bogosi jwa kwa legodimong.—Isaia 65:17; 2 Petere 3:13.

20. Jerusalema yo Mosha o tla diragatsa bokao jwa leina la one jang?

20 Kagiso e batho ba ga Jehofa ba nang le yone gone jaanong mo paradaiseng ya bone ya semoya, e tla tloga e nna gone mo paradaiseng ya mmatota ya mo lefatsheng. Seo se tla direga fa Jerusalema yo Mosha a tla bo a fologa a tswa legodimong go tla go segofatsa batho. Batho ba Modimo ba tla itumelela maemo a kagiso a a tlhalosiwang mo go Isaia 65:21-25, ka ditsela tse pedi. E re ka batlodiwa ba ba iseng ba ye go tsaya maemo a bone kwa Jerusalema yo Mosha wa kwa legodimong le batho ba “dinku tse dingwe” e le baobamedi ba ga Jehofa ba ba dirang dilo ka kutlwano mo paradaiseng ya semoya, gone jaanong ba na le kagiso ya Modimo. Kagiso e e ntseng jalo e tla bo e le teng le mo Paradaiseng ya mmatota, fa ‘thato ya Modimo e tla bo e diragala mo lefatsheng lotlhe jaaka kwa legodimong.’ (Mathaio 6:10) Ee, motse wa Modimo o o galalelang o tla itshupa o tshwanela leina Jerusalema, e le ‘Motheo’ o o tlhomameng wa ‘Kagiso e e Gabedi.’ O tla nna o baka Mmopi wa one yo Mogolo, Jehofa Modimo ka bosaengkae le Monyadi wa one Kgosi, Jesu Keresete.

A o A Gakologelwa?

◻ Go ne ga kgonwa go dira eng fa Nehemia a ne a kgobokanya batho kwa Jerusalema?

◻ Bajuda ba bogologolo ba ne ba tshwanelwa ke go dira eng e le gore ba se ka ba tlhokomologa ntlo ya Modimo, mme go tlhokega gore re dire eng?

◻ “Jerusalema” e na le seabe sefe mo go tliseng boitumelo le kagiso tse di nnelang ruri?

[Mmapa mo go tsebe 23]

(For fully formatted text, see publication)

DIKGORO TSA JERUSALEMA

Dipalo tseno di emela bogodimo jwagone jaanong jwa naga ka dimetra

KGORO YA DITLHAPI

KGORO YA MOTSE WA KGALE

KGORO YA EFERAIME

KGORO YA SEKHUTLO

Lerako le le Sephara

Platelo

KGORO YA MOKGATSHA

KAROLO Y AMOTSE WA KGALE

Lerako la Pele le Sephara

MOTSE WA GA DAFIDE

MOTSE WA DITHOTOBOLO

Mokgatsha wa Hinoma

Kago ya Phemelo

KGORO YA DINKU

KGORO YA BADISA

Karolo ya Tempele

KGORO YA TLHATLHOBO

HORSE YA DIPITSE

OFELE

Patlelo

KGORO YA METSI

Motswedi swa Gihone

KGORO YA MOTSWEDI

Tshingwana ya Kgosi

Enerogele

Mokgatsha wa Tyropoeon (Bogare)

Mokgatsha o o Phothoselang wa Kiterone

740

730

730

750

770

770

750

730

710

690

670

620

640

660

680

700

720

740

730

710

690

670

Lerako la Jerusalema le ka tswa le ne le ntse jaana ka nako ya fa motse ono o ne o sentswe le fa Nehemia a ne a etelela pele mo tirong ya go aga lerako sesha

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela