LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 11/15 ts. 4-7
  • Kafa Baengele Ba ka Go Thusang ka Teng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa Baengele Ba ka Go Thusang ka Teng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Kopana le Baengele
  • A re Tshwanetse go Kopa Thuso ya Baengele?
  • Go Kopa Thuso ya Modimo
  • Baengele le Boitsholo
  • Baengele ba ba Sireletsang
  • Molaetsa o Baengele ba o Tshwereng
  • Baengele—Kafa ba re Amang ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Baengele—“Meya e e Direlang Botlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Baengele ke Eng Kgotsa ke Bomang?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Kafa Baengele Ba ka Go Thusang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 11/15 ts. 4-7

Kafa Baengele Ba ka Go Thusang ka Teng

LEFOKO la Modimo le tlhomamisa gore go na le baengele. Le re bolelela gore go na le dimilione tsa dibopiwa tseno tsa semoya. Motlhanka wa ga Jehofa Modimo e bong Daniele o ne a bona ponatshegelo ya dilo tsa legodimo tse a neng a kwala jaana ka tsone: “Ba ba makgolokgolo ba ne ba [direla Modimo] le ba ba makgolo a makgolokgolo ba ema fa pele ga gagwe.”—Daniele 7:10.

Ela tlhoko gore mafoko a ga Daniele ga a tlhalose fela gore go na le baengele ba bantsi. Gape a supa gore baengele ba direla Modimo. Ke batlhanka ba gagwe. Go dumalana le seno, mopesalema o ne a opela jaana: “Bakang Jehofa lona baengele ba gagwe; lona dinatla mo nonofong, ba lo dira[g]atsang lefoko la gagwe, lo ntse lo reeditse lentswe la lefoko la gagwe. Bakang Jehofa lona masomosomo otlhe a gagwe; lona badiredi ba gagwe ba lo dirang go natefelwa ga gagwe.”—Pesalema 103:20, 21.

Gape Baebele e tlhalosa gore baengele ga ba a ka ba simolola go tshela e le batho mo lefatsheng. Jehofa o ne a bopa baengele kwa legodimong tota le pele ga a bopa lefatshe. Fa Modimo a ‘thaya metheo ya lefatshe, bomorwa Modimo botlhe ba thela loshalaba.’—Jobe 38:4-7.

Baengele ke dibopiwa tsa moya—tse di sa bonaleng, tse di maatla le tse di botlhale. Mo Baebeleng, lefoko la Sehebera mal·ʼakhʹ le la Segerika agʹge·los a ranolwa e le “moengele” fa go buiwa ka sebopiwa sa semoya. Mafoko ano a tlhaga mo e ka nnang ka makgetlo a le 400 mo Baebeleng. Oomabedi a na le bokao jo bo tshwanang, e leng “morongwa.”

Go Kopana le Baengele

Baengele ke barongwa tota. O ka tswa o itse pego ya Baebele e e buang ka nako ya fa moengele Gabariele a neng a bonala kwa go Marea ka yone. O ne a mmolelela gore le fa e le kgarebana, o tla bona ngwana wa mosimane yo o neng a tshwanetse go bidiwa Jesu. (Luke 1:26-33) Gape moengele o ne a bonala mo badiseng bangwe ba ba neng ba le kwa nageng. O ne a itsise jaana: “Lo tsaletswe Mmoloki gompieno, yo eleng Keresete Morena.” (Luke 2:8-11) Ka mo go tshwanang, baengele ba ne ba isa molaetsa kwa go Hagare, Aborahame, Lote, Jakobe, Moshe, Gidione, Jesu le kwa bathong ba bangwe ba go kwadilweng ka bone mo Baebeleng.—Genesise 16:7-12; 18:1-5, 10; 19:1-3; 32:24-30; Ekesodo 3:1, 2; Baatlhodi 6:11-22; Luke 22:39-43; Bahebera 13:2.

Re kgona go lemoga gore melaetsa eno yotlhe e e neng ya isiwa ke baengele e ne e tsamaisana le go diragadiwa ga maikaelelo a Modimo mme e seng thata a batho ba ba neng ba e isediwa. Baengele ba ne ba tlhaga e le baemedi ba Modimo, go ya ka go rata ga gagwe le ka nako e e beilweng ke ene. Ba ne ba sa bidiwe ke batho.

A re Tshwanetse go Kopa Thuso ya Baengele?

A go siame go kopa thuso ya baengele ka nako ya tlalelo? Fa go ntse jalo, re ka rata go itse leina la moengele yo o ka kgonang go re thusa botoka. Ka ntlha ya seo, dibuka dingwe tse di rekisiwang di na le maina a go tweng ke a baengele le maemo a bone, direto tsa bone le ditiro tsa bone. Buka nngwe e kwadile lenaane la se e se bitsang “baselegodimo ba bagolo ba le lesome,” ke gore, “baengele ba ba tumileng thata kwa dinageng tsa Bophirima.” Lenaane leno le kwadilwe le na le kgakololo ya gore o tswale matlho a gago, o boeletse leina la moengele ka bonya ka makgetlo a le mmalwa, o kgwe moya thata, o heme ka bonya, mme “o bo o ipaakanyetsa go kopana le bone.”

Go farologana le seo, Baebele e re naya fela maina a baengele ba le babedi ba ba ikanyegang ba Modimo, Mikaele le Gabariele. (Daniele 12:1; Luke 1:26) Go ka direga gore lebaka la go bo go boletswe maina ano e ne e le go supa gore moengele mongwe le mongwe ke motho wa semoya yo o tlhomologileng yo o nang le leina, ga se maatla fela a a se nang botho.

Ela tlhoko gore baengele bangwe ba ile ba gana go bolelela batho maina a bone. Fa Jakobe a ne a kopa moengele mongwe gore a mo senolele leina la gagwe, o ne a gana go dira jalo. (Genesise 32:29) Fa moengele yo o neng a bua le Joshua a ne a kopiwa gore a itlhalose gore ke ene mang, o ne a bolela fela gore ke “kgosana ya ntwa ya ga Jehofa.” (Jošua 5:14) Fa batsadi ba ga Samesone ba ne ba botsa moengele mongwe leina la gagwe, o ne a re: “O boletsang leina la me, e tswa e le le le gakgamatsang?” (Baatlhodi 13:17, 18) Ka go sa kwale lenaane la maina a baengele, Baebele e re sireletsa gore re se ka ra tlotla baengele le go ba obamela ka tsela e e sa tshwanelang. Jaaka re tla bona, gape ga e re laele go kopa thuso ya bone.

Go Kopa Thuso ya Modimo

Baebele e re bolelela sengwe le sengwe se re tlhokang go se itse ka dilo tse di diragalang kwa lefelong la moya. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng . . . gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse tiro nngwe le nngwe e e molemo mo go feletseng.” (2 Timotheo 3:16, 17) Fa Modimo a ka bo a ne a batla gore re itse maina a bontsi jwa baengele, a ka bo a re a senoletse mo Lefokong la gagwe, e leng Baebele. E bile fa Modimo a ka bo a ne a batla go re ruta ditsela tsa go ikgolaganya le baengele le go bua le bone ka thapelo, a ka bo a re file tshedimosetso eo mo Dikwalong.

Go na le moo, Jesu Keresete o ne a ruta jaana: “Fa o rapela, tsena mo phaposing ya gago mme, fa o sena go tswala setswalo sa gago, rapela Rraago yo o mo sephiring . . . He, lo tshwanetse go rapela ka tsela eno: ‘Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.’” (Mathaio 6:6, 9) Pono ya Dikwalo ke eno: Ga re a tshwanela go kopa thuso ya baengele kana go ba rapela, mme re tshwanetse go bua ka thapelo le Mmopi wa baengele e leng Modimo ka boene. Leina la gagwe ga se masaitsiweng, mme ga re tlhoke ponatshegelo gore a le senole. Le fa go ile ga dirwa maiteko a go fitlha leina la Modimo, le tlhaga mo pegong ya Baebele ka makgetlo a a fetang 7000. Ka sekai, mopesalema o ne a bua ka Rara wa selegodimo fa a ne a opela jaana: “Wena wesi; yo leina la gago e leng Jehofa, o le Mogodimodimo, o okame lefatshe lotlhe.”—Pesalema 83:18.

Jehofa le ka motlha ga a ke a tshwarega thata mo a ka se kang a kgona go re reetsa fa re bua le ene ka thapelo ka tsela e e tshwanetseng. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Matlho a ga Jehofa a sianela kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe go iponatsa fa a le thata ntlheng ya batho ba dipelo tsa bone di leng boitekanelo mo go ene.”—2 Ditirafalo 16:9.

Baengele le Boitsholo

Go farologana le tsela e gantsi tshedimosetso ya dikgang e tlhalosang baengele ka yone, baengele ga ba atlhole batho. Seo se a tshwanela ka gonne baengele ga ba a newa taolo ya go atlhola batho. Jehofa ke “Moatlhodi wa botlhe,” le fa gone a ‘neetse Morwa [Jesu Keresete] go atlhola gotlhe.’ (Bahebera 12:23; Johane 5:22) Le fa go ntse jalo, e tla bo e le phoso go akanya gore baengele ga ba amege malebana le gore re tshela matshelo a rona jang. Jesu o ne a bolela jaana: “Go tsoga boipelo mo baengeleng ba Modimo kaga moleofi a le mongwe yo o ikotlhayang.”—Luke 15:10.

Le fa go ntse jalo, baengele ga se babogedi fela. Mo metlheng e e fetileng, ba ne ba newa tiro ya go diragatsa dikatlholo tsa Modimo. Ka sekai, Modimo o ne a dirisa baengele kgatlhanong le Baegepeto ba bogologolo. Go ya ka Pesalema 78:49, “wa ba piriganyetsa go tuka ga bogale jwa one, tšhakgalo, le kgalefo le tlalelo, e le lesomo la barongwa ba bosula.” Ka mo go tshwanang, Baebele e bega gore mo bosigong bo le bongwe fela, moengele a le mongwe o ne a bolaya masole a Baasiria a le 185 000.—2 Dikgosi 19:35.

Ka mo go tshwanang, mo nakong e e tlang, baengele ba tla senya batho ba ba ganang go tsamaya ka melao e e siameng ya Modimo ka gonne ba kgoreletsa batho ba bangwe go tshela sentle. Jesu o tla tla “a na le baengele ba gagwe ba ba maatla mo molelong o o tutumang, jaaka a tlisa pusoloso mo go ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa utlweng dikgang tse di molemo.”—2 Bathesalonika 1:7, 8.

Ka jalo Dikwalo di bontsha gore baengele ba ba ikanyegang ba Modimo ka metlha ba dira go rata ga gagwe le go diragatsa ditaelo tsa gagwe le go tshegetsa ditekanyetso tsa gagwe tse di siameng. Ka mo go phepafetseng, fa re batla gore baengele ba Modimo ba re thuse, re tshwanetse go itse gore go rata ga Modimo ke eng le go leka ka natla go go dira.

Baengele ba ba Sireletsang

A baengele ba amega ka batho le go ba sireletsa? Moaposetoloi Paulo o ne a botsa jaana: “A [baengele] botlhe ga se meya ya tirelosetšhaba, e e rometsweng go ya go direla ba ba tlileng go rua poloko?” (Bahebera 1:14) Kwantle ga pelaelo, karabo ya potso ya ga Paulo ke ee.

E re ka Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ga gana go obamela setshwantsho sa gauta se se tlhomilweng ke Kgosi ya Babilone e bong Nebukadenesare, Bahebera ba bararo bano ba ne ba latlhelwa mo boubelong jo bo goteditsweng thata. Le fa go ntse jalo, molelo ga wa ka wa ama batlhanka bao ba ba ikanyegang ba Modimo. Fa kgosi a leba mo boubelong, o ne a bona “banna ba le banè,” mme a re “ponalo ya wa bone e ntse jaaka ya mongwe morwa medimo.” (Daniele 3:25) Dingwaga di sekae morago ga moo, Daniele o ne a iphitlhela a le mo mongobong wa ditau ka ntlha ya boikanyegi jwa gagwe. Le ene o ne a falola a sa gobala mme o ne a bolela jaana: “Modimo wa me o romile moengele wa one, mme o momisitse ditau melomo.”—Daniele 6:22.

Fa phuthego ya balatedi ba ga Keresete e tlhomiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., baengele ba ne ba bonala gape, ba golola baaposetoloi mo kgolegelong. (Ditiro 5:17-24; 12:6-12) Mme fa botshelo jwa ga Paulo bo ne bo le mo kotsing mo lewatleng, moengele o ne a mo tlhomamisetsa gore o tla fitlha a babalesegile kwa Roma.—Ditiro 27:13-24.

Batlhanka ba motlha wa gompieno ba ga Jehofa Modimo ba dumela ka pelo yotlhe gore masomosomo a a sa bonaleng a baengele ba Modimo ke batho ba mmatota e bile ba a ba sireletsa, fela jaaka ba ne ba sireletsa Elisha le motlhanka wa gagwe. (2 Dikgosi 6:15-17) Ee, “moengele wa ga Jehofa o thibelela mo ntlheng tsotlhe tsa ba ba mmoifang, mme o a ba golola.”—Pesalema 34:7; 91:11.

Molaetsa o Baengele ba o Tshwereng

Le fa baengele ba amegile ka batho ba ba direlang Jehofa Modimo, gape ba tlhomamisa gore batho ba ithuta ka ga gagwe le ka maikaelelo a gagwe. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Ka bona moengele yo mongwe a fofa mo gare ga legodimo, mme o ne a tshotse dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng go di bolela e le mafoko a a itumedisang mo go ba ba nnang mo lefatsheng, le mo morafeng mongwe le mongwe le lotso le teme le batho, a bua ka lentswe le le kwa godimo a re: ‘Boifang Modimo lo bo lo o neye kgalalelo.’”—Tshenolo 14:6, 7.

A ga o batle go itse gore “dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng” di a reng? Fa e le gore go ntse jalo, botsa Basupi ba ga Jehofa. Ba tla itumelela go go di bolelela.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Moengele mongwe mo gare ga legodimo o bolela dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng. A o batla go utlwa ka tsone?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela