Go Sepela le Modimo—Dikgato Tsa Ntlha
“Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—JAKOBE 4:8.
1, 2. Ke eng fa o ka re go direla Jehofa ke tshiamelo e kgolo?
MONNA yono o feditse dingwaga a boga mo kgolegelong. Mme jaanong o ne a laelwa go tla fa pele ga mmusi wa naga. Dilo di ile tsa direga ka bofefo. Fa mogolegwa yono a re pha, o iphitlhela a direla mmusi yo mogolo go gaisa botlhe mo lefatsheng ka nako eo. Motho yono o e neng e le mogolegwa o ne a bewa mo maemong a magolo le a a tlotlegang thata. Josefa—monna yo o kileng a bo a bofilwe maoto ka dikeetane—jaanong o kwakwanta le kgosi!—Genesise 41:14, 39-43; Pesalema 105:17, 18.
2 Gompieno, batho ba na le tshono ya go direla motho yo mogolo thata go feta Faro wa Egepeto. Molaodimogolo wa lobopo o re laletsa rotlhe gore re mo direle. A bo go dira jalo le go nna le botsala jo bogolo le Jehofa, Modimo mothatayotlhe, e le tshiamelo e e boitshegang jang ne! Mo Dikwalong, o amanngwa le maatla a magolo, kgalalelo, thethebalo, bontle le molemo. (Esekiele 1:26-28; Tshenolo 4:1-3) Dilo tsotlhe tse a di dirang o di dira ka lorato. (1 Johane 4:8) Ga a ke a aka. (Dipalo 23:19) E bile Jehofa ga a ke a swabisa ba ba ikanyegang mo go ene. (Pesalema 18:25) Fa re dira dilo ka tshiamo kafa a batlang ka teng, gone jaanong re ka tshela botshelo jo bo itumedisang, jo bo monate, ka tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 17:3) Ga go na mmusi ope wa motho yo o ka re nayang masego le ditshiamelo tse di kalo.
3. Ke ka tsela efe Noa a ileng a “sepela le Modimo”?
3 Bogologolo, Noa tlhogo ya lotso o ne a ikaelela go tshela go ya ka thato le maikaelelo a Modimo. Baebele e bua jaana ka ene: “Noa e ne e le monna yo o siameng, a itekanetse mo ditshikeng tsa gagwe; Noa a sepela le Modimo.” (Genesise 6:9) Ke boammaaruri gore, Noa ga a ka a sepela le Jehofa ka tsela ya mmatota e re ka go se motho ope “yo o kileng a bona Modimo ka nako epe.” (Johane 1:18) Go na le moo, Noa o ne a sepela le Modimo ka tsela ya gore o ne a dira se Modimo a neng a mo laela sone. Noa o ne a nna le botsala jo bogolo le Modimo Mothatayotlhe ka go bo a ne a neetse botshelo jotlhe jwa gagwe mo go direng thato ya ga Jehofa. Jaaka Noa, dimilione tsa batho gompieno di “sepela le Modimo” ka go tshela tumalanong le kgakololo le taelo ya ga Jehofa. Motho o simolola seo jang?
Kitso e e Boammaaruri e Botlhokwa Thata
4. Jehofa o ruta batho ba gagwe jang?
4 Fa re batla go sepela le Jehofa, re tshwanetse go simolola pele ka go mo itse. Moporofeti Isaia o ne a bolelela pele jaana: “Go tlaa dira[ga]la mo metlheng e e tlaa tlang kwa pelepele go re thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlaa tlhongwa mo setlhoeng sa dithaba, e tlaa golediwa godimo ga makhujana, mme merafe yotlhe e tlaa fologela kwa go yone. Ditšhaba di le dintsi di tlaa ya di re: ‘Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa, kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; mme o tlaa re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tlaa sepela mo ditselaneng tsa gagwe:’ Gonne mo Sione go tlaa tswa molao, le lefoko la ga Jehofa le tlaa tswa Jerusalema.” (Isaia 2:2, 3) Ee, re ka tshepa Jehofa gore o tla ruta botlhe ba ba batlang go sepela mo ditseleng tsa gagwe. Jehofa o re file Lefoko la gagwe Baebele mme o re thusa go le tlhaloganya. Tsela e nngwe e a dirang seno ka yone ke ka “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela.” (Mathaio 24:45-47) Jehofa o dirisa “motlhanka yo o boikanngo” go re tlamela ka thuto ya semoya ka dikgatiso tsa Baebele, dipokano tsa Bokeresete le ka thulaganyo ya thuto ya legae ya Baebele ya mahala. Gape Modimo o thusa batho ba gagwe go tlhaloganya Lefoko la gagwe ka moya wa gagwe o o boitshepo.—1 Bakorintha 2:10-16.
5. Ke eng fa boammaaruri jwa Dikwalo bo le tlhwatlhwakgolo jaana?
5 Le fa re sa duele boammaaruri jwa Baebele ka madi, bo tlhwatlhwakgolo. Fa re ntse re ithuta Lefoko la Modimo, re ithuta ka Modimo ka boene—leina la gagwe, botho jwa gagwe, maikaelelo a gagwe le tsela e a dirisanang le batho ka yone. Gape re bona dikarabo tse di nametsang pelo tsa dipotso tse di botlhokwa thata mo botshelong: Ke eng fa re le mono? Ke eng fa Modimo a letleletse pogo? Isagwe e re tsholetse eng? Ke eng fa re tsofala e bile re swa? A go na le botshelo morago ga loso? Mo godimo ga moo, re ithuta thato ya Modimo, ke gore, tsela e re tshwanetseng go sepela ka yone gore re mo itumedise ka botlalo. Re ithuta gore melao ya gagwe e siame e bile e re solegela molemo thata fa re tshela ka yone. Fa Modimo a ka bo a sa re rute, re ne re se kitla re tlhaloganya dilo tseno.
6. Ke tsela efe e kitso e e boammaaruri ya Baebele e re thusang go e latela?
6 Boammaaruri jwa Baebele bo maatla e bile bo re tlhotlheletsa go fetola matshelo a rona. (Bahebera 4:12) Pele ga re nna le kitso ya Dikwalo, re ne re sepela “go ya ka tsamaiso ya dilo ya lefatshe leno.” (Baefeso 2:2) Mme kitso e e boammaaruri ya Lefoko la Modimo e ne ya re bontsha tsela e sele gore re “tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa gore [re] mo itumedise ka botlalo.” (Bakolosa 1:10) A bo e le boipelo jo bogolo jang ne go tsaya dikgato tsa ntlha tsa go sepela le Jehofa, Motho yo mogolo go gaisa botlhe mo lobopong!—Luke 11:28.
Dikgato Tse Pedi Tsa Botlhokwa—Boineelo le Kolobetso
7. Fa re ntse re ithuta Lefoko la Modimo, ke boammaaruri bofe jo re bo lemogang malebana le baeteledipele ba batho?
7 Fa kitso ya rona ya Baebele e ntse e gola, re simolola go sekaseka ditiro tsa batho le botshelo jwa rona ka namana go ya ka lesedi la semoya la Lefoko la Modimo. Ka jalo re simolola go lemoga boammaaruri jo bo botlhokwa thata. Boammaaruri joo bo ne jwa tlhalosiwa bogologolo ke moporofeti Jeremia, yo o neng a kwala jaana: “Jehofa, ke a itse fa tsela ya motho e se mo go ene ka esi; ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Batho—rotlhe fela—re tlhoka kaelo ya Modimo.
8. (a) Ke eng se se tlhotlheletsang batho go ineela go Modimo? (b) Boineelo jwa Bokeresete ke eng?
8 Go tlhaloganya ntlha eno e e botlhokwa go re tlhotlheletsa go senka kaelo ya ga Jehofa. Mme go rata Modimo go re tlhotlheletsa go neela botshelo jwa rona mo go ene. Go ineela mo Modimong go kaya go bua le ene ka thapelo re mo ikanela gore re tla dirisa botshelo jwa rona go mo direla le go sepela mo ditseleng tsa gagwe ka boikanyegi. Fa re dira jalo, re a bo re etsa sekao sa ga Jesu, yo o neng a itlisa mo go Jehofa a ititeile sehuba gore o tla dira thato ya Modimo.—Bahebera 10:7.
9. Ke eng fa batho ba neela botshelo jwa bone mo go Jehofa?
9 Jehofa Modimo ga a ke a pateletsa ope gore a ineele mo go ene. (Bapisa 2 Bakorintha 9:7.) Mo godimo ga moo, Modimo ga a lebelela gore ope a neele botshelo jwa gagwe mo go Ene ka ntlha ya go tseega maikutlo ka nakwana. Pele ga motho a kolobediwa, e tshwanetse ya bo e setse e le morutwa, mme seo se mo tlhoka gore a dire maiteko a magolo go nna le kitso. (Mathaio 28:19, 20) Paulo o ne a kopa batho ba ba neng ba setse ba kolobeditswe gore ba ‘ise mebele ya bone setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo ka maatla a bone a go akanya.’ (Baroma 12:1) Re ineela go Jehofa Modimo ka ntlha ya one maatla ao a go akanya. Morago ga go tlhaloganya se se batlegang le go akanyetsa kgang eo ka kelotlhoko, re neela botshelo jwa rona mo Modimong ka go rata le ka boitumelo.—Pesalema 110:3.
10. Boineelo bo amana jang le kolobetso?
10 Fa re sena go buisana le Modimo ka thapelo mo sephiring re mmolelela gore re ikaeletse go sepela mo ditseleng tsa gagwe, re tla bo re tsaya kgato e e latelang. Re supa boineelo jwa rona phatlhalatsa ka go kolobediwa. Seno ke sesupo sa phatlhalatsa sa gore re ikanne gore re tla dira thato ya Modimo. Jesu o ne a kolobediwa ke Johane fa a ne a simolola bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng, a re tlhomela sekao. (Mathaio 3:13-17) Moragonyana Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba dire batho barutwa mme ba ba kolobetse. Ka gone, boineelo le kolobetso ke dikgato tse di botlhokwa thata mo go ope fela yo o batlang go sepela le Jehofa.
11, 12. (a) Kolobetso e ka tshwantshiwa jang le lenyalo? (b) Kamano ya rona le Jehofa e ka tshwantshiwa jang le kamano e monna le mosadi ba nang le yone?
11 Go nna morutwa yo o ineetseng le yo o kolobeditsweng wa ga Jesu Keresete go batlile go tshwana le go nyala. Mo dinageng tse dintsi, letsatsi la lenyalo le tla morago ga gore go tsewe dikgato di sekae. Monna le mosadi ba a kopana, ba a ithutana, ba bo ba ratana. Go tswa foo ba a beeletsana. Ka moletlo wa lenyalo ba a bo ba itsise phatlhalatsa se ba ileng ba se swetsa mo sephiring—gore ba a nyalana mme go tswa foo ba tla nna mmogo e le monna le mosadi. Moletlo wa lenyalo ke one sesupo sa gore ba simolola kgolagano eo e e kgethegileng. Letsatsi leo ke sesupo sa tshimologo ya lenyalo la bone. Kolobetso le yone e supa tshimologo ya botshelo jwa go ineela go tsena mo kamanong e e kgethegileng le Jehofa.
12 Akanya ka sekai se sengwe. Morago ga letsatsi la lenyalo, lorato lwa monna le mosadi lo tshwanetse go nonofa le go gola. Gore banyalani bano ba tsalane thata, boobabedi ba tshwanetse go kgaratlha ka natla go nonotsha kamano ya bone le go e godisa. Le fa gone re sa nyalane le Modimo, morago ga go kolobediwa re tshwanetse go kgaratlhela go nna le botsala jo bogolo le Jehofa. O etse tlhoko e bile o anaanela maiteko a rona a go leka go dira thato ya gagwe mme o ikatamalanya thata le rona. Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Atamelang Modimo mme o tla lo atamela.”—Jakobe 4:8.
Go Gata mo Dikgatong Tsa ga Jesu
13. Fa re batla go sepela le Modimo, re tshwanetse go etsa sekao sa ga mang?
13 Fa re batla go sepela le Jehofa, re tshwanetse go latela sekao se re se tlhometsweng ke Jesu Keresete. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Lo ne lwa bilediwa tseleng eno, ka gonne le eleng Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe sentlentle.” (1 Petere 2:21) E re ka Jesu a ne a itekanetse mme rona re sa itekanela, re ka se ka ra kgona go latela sekao sa gagwe kwantle ga go dira diphoso. Le fa go ntse jalo, Jehofa o lebeletse gore re leke ka bojotlhe jwa rona. Mma re sekaseke dilo tse tlhano tsa botshelo le bodiredi jwa ga Jesu tse Bakeresete ba ba ineetseng ba tshwanetseng go kgaratlhela go di etsa.
14. Go itse Lefoko la Modimo go akaretsa eng?
14 Jesu o ne a na le kitso e e boammaaruri le e e tseneletseng ya Lefoko la Modimo. Gangwe le gape Jesu o ne a nopola Dikwalo Tsa Sehebera mo bodireding jwa gagwe. (Luke 4:4, 8) Ke boammaruri gore baeteledipele ba ba boikepo ba bodumedi ba nako eo le bone ba ne ba tle ba nopole Dikwalo. (Mathaio 22:23, 24) Pharologano ke gore Jesu ene o ne a tlhaloganya se Dikwalo di se bolelang e bile o ne a di dirisa mo botshelong jwa gagwe. O ne a tlhaloganya bokao jwa mmatota jwa Molao, e seng ditlhaka fela tsa one. Le rona fa re ntse re etsa sekao sa ga Keresete, re tshwanetse go kgaratlhela go tlhaloganya Lefoko la Modimo, re itse bokao jwa lone sentle. Fa re dira jalo, re ka nna badiri ba ba tshwanelegang ba Modimo ba ba kgonang go “tshwara lefoko la boammaaruri sentle.”—2 Timotheo 2:15.
15. Jesu o ne a tlhoma sekao jang mo go bueng ka Modimo?
15 Keresete Jesu o ne a bolelela ba bangwe ka Rraagwe wa selegodimo. Jesu ga a ka a ipolokela kitso ya Lefoko la Modimo. Tota le baba ba gagwe ba ne ba mmitsa “Moruti,” ka gonne gongwe le gongwe kwa a neng a ya gone, o ne a bua le batho ba bangwe ka Jehofa le maikaelelo a Gagwe. (Mathaio 12:38) Jesu o ne a rera phatlhalatsa mo tikologong ya tempele, mo disinagogeng, mo metseng le kwa metseng ya magae. (Mareko 1:39; Luke 8:1; Johane 18:20) O ne a le molemo e bile a ruta ka tsela e e bontshang gore o rata batho ba a neng a ba thusa. (Mathaio 4:23) Batho ba ba etsang sekao sa ga Jesu le bone ba senka mafelo le ditsela tse dintsi tsa go ruta ba bangwe ka Jehofa Modimo le maikaelelo a gagwe a a molemo.
16. Jesu o ne a tsalane go le kana kang le batho ba ba neng ba obamela Jehofa le ene?
16 Jesu o ne a tsalana thata le batho ba bangwe ba ba neng ba obamela Jehofa. Nako nngwe fa Jesu a ne a bua le boidiidi jwa batho, mmaagwe le bomonnaawe ba e neng e se badumedi ba ne ba tla go bua le ene. Pego ya Baebele ya re: “Mongwe a mo raya a re: ‘Bona! Mmaago le barwarraago ba eme kwa ntle, ba senka go bua le wena.’ Ya re a araba a raya yo o mmolelelang a re: ‘Mmè ke mang, le barwarre ke bomang?’ Mme ya re a otlololela seatla sa gagwe kwa barutweng ba gagwe, a re: ‘Bona! Mmè le barwarre! Gonne lefa e le mang yo o dirang thato ya ga Rre yo o kwa legodimong, ene yoo ke morwarre, le kgaitsadiake, le mmè.’” (Mathaio 12:47-50) Seno ga se kaye gore Jesu o ne a itatola lelapa la gaabo, ka gonne ditiragalo tse di neng tsa latela di supa gore ga a ka a dira jalo. (Johane 19:25-27) Mme gone, pego eno e gatelela kafa Jesu a neng a rata badumedikaene ka teng. Le gompieno batho ba ba sepelang le Modimo ba senka go nna le botsala le batlhanka ba bangwe ba ga Jehofa mme ba tswelela go ba rata thata.—1 Petere 4:8.
17. Jesu o ne a ikutlwa jang ka go dira thato ya ga Rraagwe wa selegodimo, mme seo se tshwanetse go re ama jang?
17 Jesu o ne a bontsha kafa a ratang Rraagwe wa selegodimo ka teng ka go dira thato ya Modimo. Jesu o ne a ikobela Jehofa mo go sengwe le sengwe. O ne a re: “Dijo tsa me ke gore ke dire thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.” (Johane 4:34) Gape Keresete o ne a re: “Ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang [Modimo].” (Johane 8:29) Jesu o ne a rata Rraagwe wa selegodimo thata jaana mo a ileng “a ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha kwa losong, ee, loso mo koteng ya tlhokofatso.” (Bafilipi 2:8) Jehofa le ene o ne a segofatsa Jesu, a mo tlotlomatsa ka go mmaya mo maemong a taolo le go mo naya tlotlo e e fetwang fela ke ya ga Jehofa ka bogolo. (Bafilipi 2:9-11) Jaaka Jesu, re supa lorato lwa rona go Modimo ka go boloka ditaelo tsa gagwe le ka go dira thato ya gagwe.—1 Johane 5:3.
18. Jesu o ne a re tlhomela sekao jang mo kgannyeng ya thapelo?
18 Jesu e ne e le monna wa thapelo. O ne a rapela ka nako ya fa a kolobediwa. (Luke 3:21) Pele ga a tlhopha baaposetoloi ba gagwe ba ba 12, o ne a fetsa bosigo jotlhe a rapela. (Luke 6:12, 13) Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe tsela ya go rapela. (Luke 11:1-4) Mo bosigong jwa pele ga a swa, o ne a rapela a na le barutwa ba gagwe le go ba rapelela. (Johane 17:1-26) Thapelo e ne e le selo se se botlhokwa thata mo botshelong jwa ga Jesu, mme go tshwanetse ga nna jalo le ka rona ka jaana re le balatedi ba gagwe. A tshiamelo ruri go bua le Molaodi wa Lobopo ka thapelo! Mo godimo ga moo, Jehofa o araba dithapelo ka gonne Johane o ne a kwala jaana: “Eno ke tshepo e re nang le yone mo go one, gore, go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang go ya ka thato ya one, o a re utlwa. Gape, fa re itse gore o a re utlwa mabapi lefa e le eng se re se kopang, re itse gore re tla nna le dilo tse re di kopang e re ka re di kopile mo go one.”—1 Johane 5:14, 15.
19. (a) Ke dinonofo dife tsa ga Jesu tse re tshwanetseng go di etsa? (b) Re solegelwa molemo jang fa re ithuta ka botshelo le bodiredi jwa ga Jesu?
19 Di dintsi dilo tse re ka ithutang tsone ka go keleka botshelo le bodiredi jwa ga Jesu Keresete jwa mo lefatsheng! Akanya fela ka dinonofo tse a neng a na le tsone: lorato, kutlwelobotlhoko, molemo, nonofo, tekatekano, kakanyetso, boikokobetso, bopelokgale le go se nne bogagapa. Fa re ntse re ithuta go le gontsi ka Jesu, keletso ya rona ya go batla go nna balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang e nna e gola. Kitso ya rona kaga Jesu gape e re atamalanya thata le Jehofa. Kana e bile, Jesu o ne a supa sentle ka fa Rraagwe wa selegodimo a leng ka teng. O ne a tsalane thata le Jehofa mo a neng a ka re: “Yo o mponeng, o bone le Rara.”—Johane 14:9.
Tshepa Modimo Gore o Tla go Tshegetsa
20. Re ka nna jang le bopelokgale jwa go sepela le Jehofa?
20 Fa bana ba sa ntse ba ithuta go tsamaya, dikgato tsa bone ke tse di sa tlhomamang. Ba kgona jang go ithuta go tsamaya ba le pelokgale? Ka go ikatisa le go nna le boitshoko. Ee, batho ba ba ithutang go sepela le Jehofa ba leka go gata ba gatoga ka bopelokgale le ka tlhomamo. Seno le sone se tlhoka nako le boitshoko. Paulo o ne a supa botlhokwa jwa go nna le boitshoko fa re sepela le Modimo fa a ne a kwala jaana: “Labofelo, bakaulengwe, re lo lopa le go lo rotloetsa ka Morena Jesu, fela jaaka lo ne lwa amogela tao e e tswang mo go rona ya kafa lo tshwanetseng lwa tsamaya ka gone le go itumedisa Modimo, fela jaaka tota e bile lo tsamaya, gore lo nne lo dire jalo ka botlalo segolo.”—1 Bathesalonika 4:1.
21. Fa re ntse re sepela le Jehofa, ke masego afe a re ka nnang le one?
21 Fa re ineetse ka pelo yotlhe mo Modimong, o tla re thusa go nna re sepela le ene. (Isaia 40:29-31) Ga go sepe se lefatshe leno le ka re nayang sone se se ka lekanang le masego a o a nayang ba ba sepelang mo ditseleng tsa gagwe. Ke ene ‘Yo o re rutang go itsholegela molemo, Yo o re gogang mo tseleng e re tshwanetseng go tsamaya ka yone. Mme fa re ka reetsa ditaolo tsa gagwe, kagiso ya rona e tla nna jaaka noka, le tshiamo ya rona jaaka dinteelo tsa lewatle.’ (Isaia 48:17, 18) Fa re amogela taletso ya Modimo ya gore re sepele le ene mme re bo re dira jalo ka boikanyegi, re ka nna le kagiso le ene ka bosakhutleng.
O ne O ka Araba Jang?
◻ Ke eng fa go sepela le Modimo wa boammaaruri e le tshiamelo?
◻ Ke eng fa go ithuta, boineelo le kolobetso e le dikgato tsa pele mo go sepeleng le Jehofa?
◻ Re ka gata jang mo dikgatong tsa ga Jesu?
◻ Re itse jang gore Jehofa o tla re tshegetsa fa re ntse re sepela le ene?
[Ditshwantsho mo go tsebe 13]
Go ithuta, boineelo le kolobetso ke dikgato tsa pele mo go sepeleng le Modimo