Go Sireletsa Dikgang Tse di Molemo Semolao
MO DINAKONG tsotlhe tse motho a ntseng a aga metse ka tsone, o ntse a aga mabota. Dikago tseno e ne e le tsa tshireletso segolobogolo mo metlheng e e fetileng. Bafemedi ba ne ba lwa go tswa kwa godimo ga mabota ano, e le gore ba a sireletse gore batlhasedi ba se ka ba a koafatsa kana go a thuba. Mabota ano a ne a sa sireletse baagi ba gone fela mme gape le batho ba ba neng ba nna mo metsaneng e e fa gaufi ba ne ba ka tshabela mo go one.—2 Samuele 11:20-24; Isaia 25:12.
Basupi ba ga Jehofa le bone ba agile lebota—lebota la semolao—le le ba sireletsang. Lebota leno ga le a agiwa go kgaoganya Basupi mo bathong ba bangwe, ka gonne Basupi ba ga Jehofa ba itsege e le batho ba ba ratang batho, ba ba botsalano. Go na le moo, le nonotsha ditshwanelo tsa semolao tsa motheo tsa kgololesego ya batho botlhe. Mme gape, le sireletsa ditshwanelo tsa semolao tsa Basupi e le gore ba kgone go tsweletsa kobamelo ya bone pele ka kgololesego. (Bapisa Mathaio 5:14-16.) Lebota leno le sireletsa tsela ya bone ya go obamela le tshwanelo ya bone ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Lebota leno ke eng, mme le agilwe jang?
Go Aga Lebota la Semolao la Tshireletso
Le fa gone Basupi ba ga Jehofa ba na le kgololesego ya bodumedi mo dinageng tse dintsi, mo dinageng tse dingwe ba ile ba tlhaselwa ka tsela e e sa tshwanelang. Fa ba ile ba amogiwa kgololesego ya bone ya kobamelo ya go kokoana mmogo kana go rera ka ntlo le ntlo, ba ile ba rarabolola dikgang ka tsela ya semolao. Go na le dikgetsi tsa semolao tse di amang Basupi tse di diketekete mo lefatsheng lotlhe.a Ga di a ka tsa fenngwa tsotlhe. Mme fa dikgotlatshekelo tse di potlana di ile tsa ba pega molato, gantsi ba ile ba ikuela kwa dikgotlatshekelong tse di kgolwane. Matswela e nnile afe?
Mo masomeng a dingwaga a a fetileng a lekgolo la bo20 la dingwaga, dikgetsi tsa ditsheko tse Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba di fenya di ile tsa nna motheo o o nonofileng wa go dira boikuelo mo dikgetsing tse di neng tsa latela ba ikaegile ka one. Jaaka ditena kana maje a lebota, ditsela tse di molemo tse ba neng ba atlholwa ka tsone di ile tsa nna lebota la semolao le le ba sireletsang. Basupi ba ile ba tswelela ba lwela kgololesego ya bodumedi jwa bone gore ba diragatse kobamelo ya bone ba dirisa tsone ditsheko tseno tsa pele.
Ka sekai, akanya ka kgetsi ya ga Murdock v. Commonwealth of Pennsylvania, e Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States e neng ya ntsha katlholo ya yone ka May 3, 1943. Potso e e neng ya bodiwa mo kgetsing eno e ne e le gore: A Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go senka laesense ya go rekisa gore ba anamise dikgatiso tsa bone tsa bodumedi? Basupi ba ga Jehofa ba ile ba iphemela ka gore ga baa tshwanela go batliwa selo se se ntseng jalo. Tiro ya bone ya go rera ga se ya kgwebo—mme le ka motlha e ka se ka ya nna jalo. Boikaelelo jwa bone ga se go dira madi mme ke go rera dikgang tse di molemo. (Mathaio 10:8; 2 Bakorintha 2:17) Mo katlholong ya kgetsi ya ga Murdock, Kgotlatshekelo e ile ya dumalana le Basupi, e bolela gore go gagamalela gore ba nne le laesense e e duelelwang lekgetho pele ga ba ka anamisa dikgatiso tsa bone tsa bodumedi ga go dumalane le molaotheo.b Katlholo eno e ile ya nna motheo o o botlhokwa o Basupi ba ileng ba o dirisa jaaka sekai mo dikgetsing tse dintsi fa e sa le ka nako eo. Katlholo ya kgetsi ya ga Murdock e ile ya itshupa e le setena se se nonofileng mo leboteng la semolao la tshireletso.
Dikgetsi tse di ntseng jalo di thusitse thata mo go sireletseng kgololesego ya bodumedi ya batho botlhe. University of Cincinnati Law Review e ile ya bolela jaana malebana le seabe se Basupi ba nnileng naso mo go femeleng ditshwanelo tsa batho kwa United States: “Basupi ba ga Jehofa ba nnile le tlhotlheletso e kgolo mo diphetogong tse di ileng tsa dirwa mo molaotheong, segolobogolo ka go oketsa melelwane ya go bona tshireletsego ya go bua le ya bodumedi.”
Go Nonotsha Lebota
Phenyo nngwe le nngwe ya semolao e dira gore lebota le nonofe le go feta. Akanya ka dikatlholo di le mmalwa tse di ileng tsa dirwa ka bo1990 tse di ileng tsa solegela Basupi ba ga Jehofa molemo mmogo le batho botlhe ba bangwe ba ba ratang kgololesego mo lefatsheng lotlhe.
Greece. Ka May 25, 1993, Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho e ne ya ema nokeng kgang ya moagi wa Greece ya gore o na le tshwanelo ya go ruta batho ba bangwe dilo tsa bodumedi jwa gagwe. Kgetsi eno e ne e amana le Minos Kokkinakis, yo ka nako eo a neng a le dingwaga di le 84. Kokkinakis yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ile a tshwarwa ka makgetlo a a fetang 60 fa e sa le ka 1938, a tshwanela gore a ye kwa dikgotlatshekelong tsa Greece ka makgetlo a le 18, mme o feditse dingwaga tse di fetang tse thataro a latlhetswe mo kgolegelong. O ne a latofadiwa thatathata ka molao wa Greece wa 1930 o o thibelang go sokololela batho ba bangwe mo bodumeding—molao o o neng wa dira gore Basupi ba ga Jehofa ba ba ka nnang 20 000 ba tshwarwe go tloga ka 1938 go ya go 1992. Kgotlatshekelo ya Yuropa e ne ya atlhola kgang ka gore puso ya Greece e itlhokomolositse kgololesego ya bodumedi ya ga Kokkinakis mme ya mo duela ditshenyegelo tsa madi a a ka nnang R42 500. Mo katlholong ya yone, Kgotlatshekelo e ile ya bolela gore tota Basupi ba ga Jehofa ke “bodumedi jo bo itsegeng.”—Bona Tora ya Tebelo ya September 1, 1993, ditsebe 27-31.
Mexico. Ka July 16, 1992, go ne ga tsewa kgato e kgolo go femela kgololesego ya bodumedi kwa Mexico. Ka letlha leo go ne ga tlhomiwa Molao wa Mekgatlho ya Bodumedi le go Obamela Phatlalatsa. Ka molao ono, setlhopha sa bodumedi se ka amogelwa semolao go nna mokgatlho wa bodumedi ka go ikwadisa. Pele ga foo, Basupi ba ga Jehofa, jaaka madumedi a mangwe mo nageng eo, ba ne ba letleletswe mme ba sa kwadisiwa kafa molaong. Ka April 13, 1993, Basupi ba ne ba kopa go kwadisiwa semolao. Se se itumedisang ke gore ka May 7, 1993, ba ne ba kwadisiwa semolao e le La Torre del Vigía, A. R., le Los Testigos de Jehová en México, A. R., e ka bobedi e leng mekgatlho ya bodumedi.—Bona Tsogang! ya July 22, 1994, ditsebe 12-14 (ka Seesemane).
Brazil. Ka November 1990, National Institute of Social Security (INSS) ya Brazil e ne ya itsise ofisi ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower gore badiredi ba baithaopi kwa Bethele (e leng leina la lekala la Basupi ba ga Jehofa) ba ka se tlhole ba tsewa e le badiredi ba bodumedi mme ka jalo ba ne ba tla tshwanela go wela kafa tlase ga melao ya bodiri ya Brazil. Basupi ba ne ba dira boikuelo ka tshwetso eo. Ka June 7, 1996, Mogakolodi wa Molao wa Ofisi ya Agente ya Puso kwa Brasília o ne a atlhola kgang ka go tshegetsa kgang ya badiredi ba Bethele ya gore ke maloko a setlhopha sa bodumedi se se kafa molaong, e seng gore ke badiri ba ba tlwaelegileng.
Japane. Ka March 8, 1996, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Japane e ne ya rebola katlholo malebana le kgang ya thuto le kgololesego ya bodumedi—e e neng ya solegela mongwe le mongwe kwa Japane molemo. Kgotlatshekelo e ne ya dumela ka bongwe fela jwa pelo gore Kobe Municipal Industrial Technical College e ne e le kgatlhanong le molao ka go koba Kunihito Kobayashi ka go bo a ne a gana go nna le seabe mo thapisong ya go lwa ka dibetsa. Katlholo eno e nnile ya ntlha e Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e e dirileng e e theilweng mo kgololesegong ya bodumedi e e buelelwang ke Molaotheo wa Japane. Ka ntlha ya go latela segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele, mosha yono wa Mosupi o ne a ikutlwa gore dithapiso tseno di ne di sa dumalane le melaometheo e e jaaka o o fitlhelwang mo go Isaia 2:4 o o reng: “Di tlaa thula ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a tsone dithipa tsa mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.” Tshwetso eno ya Kgotlatshekelo e ne ya tlhoma sekao sa semolao sa dikgetsi tsa isagwe.—Bona Tora ya Tebelo ya November 1, 1996, ditsebe 19-21.
Ka February 9, 1998, Kgotlatshekelokgolo ya Tokyo e ne ya rebola tshwetso e nngwe e e botlhokwa e e neng e tshegetsa tshwanelo ya Mosupi mongwe yo o bidiwang Misae Takeda ya go gana kalafi e e neng e sa dumalane le taelo ya Baebele ya go ‘ithiba mo mading.’ (Ditiro 15:28, 29) Kgetsi eno e isitswe kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang, mme go tla bonwa gore a katlholo ya Kgotlatshekelokgolo e tla engwa nokeng.
Philippines. Mo katlholong e e neng ya rebolwa ka March 1, 1993, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Philippines e ne ya ema Basupi ba ga Jehofa nokeng ka bongwe fela jwa pelo mo kgetsing e e neng e ama basha ba Basupi ba ba neng ba kobilwe kwa sekolong ka go bo ka tlotlo ba ile ba gana go dumedisa folaga.
Tshwetso nngwe le nngwe e e molemo ya kgotlatshekelo e ntse jaaka leje kana setena se se nonotshang lebota la semolao le le sireletsang ditshwanelo tsa batho botlhe e seng tsa Basupi ba ga Jehofa fela.
Go Sireletsa Lebota Leno
Basupi ba ga Jehofa ba kwadisitswe semolao mo dinageng di le 153, ba na le kgololesego ka ditsela tse dintsi, fela jaaka madumedi a mangwe. Morago ga gore Basupi ba ga Jehofa ba bogisiwe le go thibelwa ka masome a dingwaga kwa Yuropa Botlhaba le kwa go se pele e neng e le Soviet Union, jaanong ba amogelwa semolao mo dinageng tse di jaaka Albania, Belarus, Georgia, Hungary, Kazakstan, Kyrgyzstan, Repaboliki ya Czech, Romania le Slovakia. Le fa go ntse jalo, mo dinageng dingwe gompieno, go akaretsa le kwa dinageng dingwe tsa Yuropa Botlhaba tse e leng bogologolo di tlhomile ditsamaiso tse di tlhatlhobang dikgetsi, ditshwanelo tsa Basupi ba ga Jehofa di ile tsa gwetlhiwa kana ba di amogiwa. Baganetsi ba leka ka maatla go ‘baakanya bosenyi ka molao’ kgatlhanong le Basupi. (Pesalema 94:20) Ba itshwara jang?c
Basupi ba ga Jehofa ba batla go dirisana mmogo le mebuso yotlhe, mme gape ba batla go nna le kgololesego e e kafa molaong ya go tsweletsa kobamelo ya bone pele. Ba dumela ka pelo yotlhe gore melao kana katlholo epe fela ya kgotlatshekelo e e ka ba thibelang go ikobela ditaolo tsa Modimo—go akaretsa le taolo ya go rera dikgang tse di molemo—ga di na thata. (Mareko 13:10) Fa go sa kgonege gore go dirwe ditumalano ka kagiso, Basupi ba ga Jehofa ba tla iphemela ka tsela ya semolao, ba dirisa ditsela tsotlhe tsa boikuelo tse di tlhokegang gore ba bone tshireletso ya semolao ka ntlha ya tshwanelo e ba e neilweng ke Modimo ya go tsweletsa kobamelo ya bone pele. Basupi ba ga Jehofa ba dumela tsholofelo eno ya Modimo ka pelo yotlhe: “Ga go na sebolao sepe se se thudilweng ka ga gago se se tlaa segofalang.”—Isaia 54:17.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona dintlha ka botlalo malebana le dipego tsa semolao tsa Basupi ba ga Jehofa, tsweetswee leba kgaolo 30 ya buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi Jwa Modimo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Mo katlholong ya kgetsi ya ga Murdock, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e ile ya fetola boemo jwa yone mo kgetsing ya ga Jones v. City of Opelika. Mo kgetsing ya ga Jones ka 1942, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e ile ya ema nokeng tsela e kgotlatshekelo e e potlana e neng ya atlhola Rosco Jones ka yone, yo e neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ka ntlha ya go anamisa dikgatiso mo mebileng ya Opelika, kwa Alabama, a se na laesense e e duelelwang lekgetho.
c Bona ditlhogo tse di reng “Ba Tlhoetswe Tumelo ya Bone” le “Go Femela Tumelo ya Rona,” mo ditsebeng 8-18.
[Lebokoso mo go tsebe 21]
GO FEMELA DITSHWANELO TSA BASUPI BA GA JEHOFA
Ditsela tse Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba bogisiwa ka tsone di ile tsa dira gore ba gogelwe fa pele ga baatlhodi le badiredi ba puso mo lefatsheng ka bophara. (Luke 21:12, 13) Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dira ka natla go femela ditshwanelo tsa bone semolao. Diphenyo tsa kgotlatshekelo mo dinageng di le dintsi di ile tsa thusa Basupi ba ga Jehofa go sireletsa kgololesego ya bone semolao, go akaretsa le ditshwanelo tsa bone tsa:
◻ go rera ka ntlo le ntlo ba sa kgorelediwe ke dithibelo tse di beetsweng barekisi—Murdock v. Commonwealth of Pennsylvania, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States (1943); Kokkinakis v. Greece, Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho (ECHR [European Court of Human Rights]) (1993).
◻ go kokoana mmogo ka kgololesego go tla go obamela— Manoussakis and Others v. Greece, ECHR (1996).
◻ go itirela tshwetso ya gore ba tla bontsha jang tlotlo mo folageng ya setšhaba kana pina ya setšhaba—West Virginia State Board of Education v. Barnette, U.S. Supreme Court (1943); Supreme Court of the Philippines (1993); Supreme Court of India (1986).
◻ go gana tirelo ya bosole e e thulanang le segakolodi sa bone sa Bokeresete—Georgiadis v. Greece, ECHR (1997).
◻ go itlhophela kalafi le melemo e e sa thulaneng le digakolodi tsa bone—Malette v. Shulman, Ontario, Canada, Kgotlatshekelo ya Boikuelo (1990); Watch Tower v. E.L.A., Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang, San Juan, Puerto Rico (1995); Fosmire v. Nicoleau, New York, U.S.A., Kgotlatshekelo ya Boikuelo (1990).
◻ go godisa bana ba bone go ya ka ditumelo tsa bone tse di theilweng mo Baebeleng tota le fa ditumelo tseno di gwetlhiwa fa go lwelwa boikarabelo jwa go godisa ngwana—St-Laurent v. Soucy, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Canada (1997); Hoffmann v. Austria, ECHR (1993).
◻ go nna le dikemedi tsa dilo tsa semolao tse di sa duedisiweng lekgetho fela jaaka go ntse ka dikemedi tse di dirisiwang ke madumedi a mangwe a a tsewang tsia—People v. Haring, New York, U.S.A., Kgotlatshekelo ya Boikuelo (1960).
◻ go dira gore ba ba leng mo mofuteng mongwe wa tirelo e e kgethegileng ya nako e e tletseng ba amogele ditshwanelo tsa go se duedisiwe lekgetho fela jaaka tse di newang badiri ba nako e tletseng ba madumedi a mangwe—Brazil’s National Institute of Social Security, Brasília, (1996).
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Minos Kokkinakis le mosadi wa gagwe
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Kunihito Kobayashi
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]
The Complete Encyclopedia of Illustration/J. G. Heck