LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 12/15 ts. 3-4
  • A Keresemose e Lebetse Keresete?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Keresemose e Lebetse Keresete?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshimologo ya Keresemose ya Motlha wa Segompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlwaelo Tsa Keresemose—A ke Tsa Bokeresete?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Nako ya Keresemose—E Remeletse mo go Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Keresemose e Kaya Eng mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 12/15 ts. 3-4

A Keresemose e Lebetse Keresete?

“Le ka motlha ga ke ise ke ko ke kgone go amogela mekete ya nako ya Keresemose. E bonala e sa tsamaisane le botshelo le thuto ya ga Jesu.”—Mohandas K. Gandhi.

BATHO ba le bantsi ba ka se dumalane gotlhelele le se Gandhi a se bolelang. Ba ka ipotsa gore ‘Radipolotiki wa Mohindu o itse eng ka letsatsi la boikhutso la Bokeresete?’ Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go dumela gore Keresemose e aname mo lefatsheng lotlhe, e ama mefuta yotlhe ya ditso. Ka December mongwe le mongwe, go bonala fa letsatsi leno la boikhutso le le gone mo ditsong tsotlhe.

Ka sekai, go na le batho ba kwa Asia ba ba ka nnang dimilione di le 145 ba ba ketekang Keresemose, e leng palo e e fetang ya dingwaga tse di lesome tse di fetileng ka dimilione di le 40. Fa e le gore fa Gandhi a ne a re “mekete,” o ne a raya dilo tsa Keresemose ya segompieno tse di sa amaneng le bodumedi, go batla go dira merokotso e mentsi go rotlhe re go bonang, go thata go ganela gore gantsi ke karolo eno ya mokete ono e e tseelwang kwa godimo thata. Makasine wa Asiaweek o bolela jaana: “Keresemose kwa Asia—go tloga ka mabone a a kgabisang kwa Hong Kong go fitlha ka ditlhare tse ditelele tsa Keresemose kwa dihoteleng kwa Beijing go fitlha go ditshwantsho tsa matsalo kwa toporong ya Singapore—ke nako e e sa amaneng thata le dilo tsa bodumedi (segolobogolo ke nako ya kgwebo).”

A tsela ya go keteka Keresemose gompieno e lebetse Keresete? December 25 e ile ya ketekiwa semolao fa e sa le ka lekgolo la bonè la dingwaga C.E. fa Kereke ya Katoliki ya Roma e ne e e tlhoma go nna letsatsi la bodumedi le mo go lone go ketekiwang botsalo jwa ga Jesu. Mme go ya ka patlisiso ya bosheng e e dirilweng kwa United States, ke diperesente di le 33 fela tse di akanyang gore botsalo jwa ga Keresete ke selo sa botlhokwa thata ka nako ya Keresemose.

Wena o akanya jang? A ka dinako tse dingwe o ikutlwa gore mo dilong tsotlhe tse di dirwang, phasalatso ya kgwebo, go reka dimpho ka lepotlapotla, go kgabisa ditlhare, go rulaganya mekete, go romelelana melaetsa ya masego—ka tsela nngwe Jesu o ntshitswe mo kgannyeng?

Batho ba le bantsi ba akanya gore tsela nngwe ya go dira gore Keresete a tsewe tsia gape ka Keresemose ke ka go tshwantsha ditshwantsho tsa Botsalo jwa gagwe. Gongwe o setse o kile wa bona mefuta e e ntseng jalo ya ditshwantsho, e e emelang lesea Jesu a le mo bojelong a dikologilwe ke Marea, Josefa le badisa bangwe, “banna ba bararo ba ba botlhale” kana “dikgosi tse tharo,” diphologolo dingwe di le mo lesakeng le babogedi bangwe. Gantsi go akanngwa gore ditshwantsho tseno di gopotsa batho ka bokao jwa mmatota jwa Keresemose. Go ya ka U.S. Catholic, “setshwantsho sa botsalo se tlhalosa dilo botoka go feta pego ya efangele epe fela, le fa gone se gatelela le dilo tse di sa dumalaneng le hisitori tse di mo dipegong tseno.”

Le fa go ntse jalo, ke jang ditshwantsho tseno tsa Botsalo di ka supang gore dilo tse di bolelwang mo dipegong tsa Efangele tsa Baebele ga di dumalane le hisitori? Gone mme, go boammaaruri gore ditshwantshonyana tse di takilweng ka botswerere di dira gore botsalo jwa ga Keresete bo tsewe e le noolwane kana tlhamane. Ka nako ya fa ditshwantsho tseno tsa Botsalo di ne di anamisiwa la ntlha ke moitlami mongwe mo lekgolong la bo13 la dingwaga, di ne di sa tseelwe tlhogong go le kalo. Gompieno, ditshwantsho tsa Botsalo di fetogile kgwebo e kgolo, fela jaaka dilo tse dingwe tse di amanang le letsatsi leno la boikhutso. Kwa Naples kwa Italy, mabenkele a mantsi a rekisa ditshwantsho tsa Botsalo, kana presepi ngwaga otlhe. Ditshwantsho tse di ratwang thata ga se fela tsa batho ba go buiwang ka bone mo dipegong tsa Efangele, go na le moo, go dirwa le tsa batho ba ba tumileng ba gompieno ba ba jaaka Mohumagatsana Diana, Mmè Teresa, le modiri wa diaparo e bong Gianni Versace. Kwa mafelong a mangwe presepi e dirwa ka tšhokolete, pasta, tota le ka magapa a lewatle. O ka kgona go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa go le thata go bona dilo tsa hisitori mo ditshwantshong tse di ntseng jalo.

Jalo he, ditshwantsho tseno tsa Botsalo di ka kgona jang “go tlhalosa dilo botoka go feta pego ya efangele epe fela”? A dipego tsa Efangele ga di dumalane le hisitori ka botlalo? Tota le baganetsi ba ba tlhogoethata ba tshwanetse go dumela gore Jesu e ne e le motho wa mmatota wa hisitori. Ka jalo, ka nako nngwe o tshwanetse a bo a ne a le lesea la mmatota, a tsholetswe mo lefelong la mmatota. Go tshwanetse ga bo go na le tsela e e botoka ya go bona tlhaloso e e botoka ka ditiragalo tse di amanang le go tsholwa ga gagwe go na le go lebelela ditshwantsho tsa Botsalo fela!

Tota e bile, e teng. Borahisitori ba babedi ba ile ba kwala dipego tse pedi tse di ikemetseng ka nosi tsa go tsholwa ga ga Jesu. Fa e le gore ka dinako tse dingwe o ikutlwa gore Keresete o kgaphelwa thata kwa thoko ka nako ya Keresemose, ke eng fa o sa itlhatlhobele dipego tseno? Mo go tsone ga o kitla o fitlhela dinoolwane kana ditlhamane, mme o tla bona kgang e e kgatlhang—kgang ya mmatota ka go tsholwa ga ga Keresete.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Border on pages 3-6, 8, and 9: Fifty Years of Soviet Art

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela