LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 1/15 ts. 15-20
  • Ka Thapelo Tsholetsang Diatla Tse di Ikanyegang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ka Thapelo Tsholetsang Diatla Tse di Ikanyegang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Akanya Pele ga o Rapela
  • Atamela Modimo ka Tlotlo
  • Rapela ka Moya wa Boikokobetso
  • Rapela go Tswa Pelong
  • Se Lebale go Leboga le go Baka
  • Le ka Motlha o se Tlhabisiwe Ditlhong ke Thapelo
  • Ikgomotse ka Thapelo
  • Batho ba ba Boikanyego ba Tshwarelela mo Thapelong
  • Dithapelo Tsa Gago di Senola Eng ka Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Ke Eng Fa re Tshwanetse go Rapela re sa Kgaotse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Kafa O Ka Atamalanang Le Modimo Ka Teng
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Atamela Modimo ka Thapelo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 1/15 ts. 15-20

Ka Thapelo Tsholetsang Diatla Tse di Ikanyegang

“Ke eletsa gore mo lefelong lengwe le lengwe banna ba tswelele ba rapela, ba tsholetsa diatla tse di ikanyegang ka nitamo, kwantle ga tšhakgalo le dikganetsano.”—1 TIMOTHEO 2:8.

1, 2. (a) Timotheo wa Ntlha 2:8 e ama jang kgang ya thapelo mo bathong ba ga Jehofa? (b) Gone jaanong re tlile go sekaseka eng?

JEHOFA o lebeletse gore batho ba gagwe ba ikanyege mo go ene le gareng ga bone ka bobone. Moaposetoloi Paulo o ile a amanya thapelo le go ikanyega ka go kwala jaana: “Ke eletsa gore mo lefelong lengwe le lengwe banna ba tswelele ba rapela, ba tsholetsa diatla tse di ikanyegang ka nitamo, kwantle ga tšhakgalo le dikganetsano.” (1 Timotheo 2:8) Go bonala fa Paulo a ne a bua ka thapelo e e rapelwang phatlalatsa “mo lefelong lengwe le lengwe” le Bakeresete ba neng ba kopanela mo go lone. Ke bomang ba ba neng ba tshwanetse go emela batho ba Modimo ka thapelo kwa dipokanong tsa phuthego? Ke fela banna ba ba boitshepo, ba ba molemo le ba ba nang le tlotlo ba ba neng ba diragatsa maikarabelo otlhe a Dikwalo a Modimo a ba neileng one ka kelotlhoko. (Moreri 12:13, 14) Ba ne ba tshwanetse go nna phepa semoyeng le mo boitsholong le go ineela mo go Jehofa Modimo ka pelo yotlhe.

2 Bagolwane ba phuthego ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go ‘rapela ka go tsholetsa diatla tse di ikanyegang.’ Go rapela ga bone dithapelo tse di tswang pelong ka Jesu Keresete go supa go ikanyega go Modimo e bile go ba thusa go tila dikganetsano le go shakgala. Tota e bile, monna ope fela yo o nang le tshiamelo ya go emela phuthego ya Bokeresete ka thapelo o tshwanetse go bo e se motho yo o ratang go shakgala, yo o bogale le yo o sa ikanyegeng mo go Jehofa le go phuthego ya gagwe. (Jakobe 1:19, 20) Go na le dikaelo dife tsa Baebele tse di oketsegileng tse di ka thusang batho ba ba nang le tshiamelo ya go emela ba bangwe ka go ba rapelela phatlalatsa? Mme ke melaometheo efe ya Dikwalo e re tshwanetseng go e dirisa fa re ithapelela le fa re rapelela lelapa?

Akanya Pele ga o Rapela

3, 4. (a) Ke eng fa go le molemo gore re akanye pele ga re tla go rapela phatlalatsa? (b) Dikwalo di supa eng malebana le boleele jwa dithapelo?

3 Fa re kopilwe go rapela phatlalatsa, go ka nna ga direga gore re nne le nako ya go akanyetsa thapelo eo go sa le gale. Go dira jalo go ka re thusa go akaretsa dilo tse di botlhokwa tse di tshwanetseng kwantle ga go rapela thapelo e telele e e tlang e ipoapoeletsa. Ke boammaaruri gore fa re ithapelela re ka nna ra buela kwa godimo. Dithapelo tsa teng e ka nna tsa boleele bongwe le bongwe. Jesu o ne a fetsa bosigo jotlhe a rapela pele ga a tlhopha baaposetoloi ba gagwe ba ba 12. Le fa go ntse jalo, fa a ne a tlhoma Segopotso sa loso lwa gagwe, go bonala a ile a rapela dithapelo tse di khutshwane fa a ne a rapelela senkgwe le beine. (Mareko 14:22-24; Luke 6:12-16) Mme re itse gore tota le dithapelo tse dikhutshwane tsa ga Jesu, Modimo o ne a di amogela ka botlalo.

4 A re re o na le tshiamelo ya go emela lelapa ka thapelo pele ga lo ja. Thapelo e e ntseng jalo e ka nna khutshwane sentle—mme sengwe le sengwe se se umakwang se tshwanetse go akaretsa mafoko a a lebogelang dijo. Fa re rapela phatlalatsa fa dipokano tsa Bokeresete di simolola kana fa di konelwa, ga go tlhokege gore re rapele thapelo e telele e e akaretsang dintlha tse dintsintsi. Jesu o ne a tshwaya bakwadi phoso ka go bo ba ne ba “dira dithapelo tse ditelele e le go itshema.” (Luke 20:46, 47) Motho yo o boifang Modimo a ka se dire selo se se ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe go ka tlhokega gore go rapelwe thapelo e teletsana phatlalatsa. Ka sekai, mogolwane yo o kopilweng go rapela thapelo e e konelang kwa kopanong o tshwanetse go e akanyetsa sentle go sa le gale mme a ka nna a rata go akaretsa dintlha di le mmalwa. Le fa go ntse jalo, le e leng thapelo e e ntseng jalo ga ya tshwanela go nna telele mo go feteletseng.

Atamela Modimo ka Tlotlo

5. (a) Re tshwanetse go gakologelwa eng fa re rapela phatlalatsa? (b) Ke eng fa re tshwanetse go rapela ka tsela e e nang le seriti le ka tlotlo?

5 Fa re rapela phatlalatsa re se ka ra lebala gore ga re bue le batho. Go na le moo, re batho ba ba nang le boleo ba ba lopang Morena Molaodimogolo Jehofa. (Pesalema 8:3-5, 9; 73:28) Ka gone re tshwanetse go supa tlotlo le go boifa go mo kgopisa ka se re se buang le tsela e re se buang ka yone. (Diane 1:7) Mopesalema Dafide o ile a opela jaana: “Fa e le ka ga me, ke tlaa tsena mo ntlong ya gago ka bontsi jwa mapelonomi a gago a lorato; le mo poifong ya gago ke tlaa obama ke lebile kwa tempeleng ya gago e e boitshepo.” (Pesalema 5:7) Fa re na le boikutlo jo bo ntseng jalo, re tla bua jang fa re kopiwa go rapela phatlalatsa kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa? Ebu, fa re ne re bua le motho yo e leng kgosi re ne re tla bua jalo ka tlotlo le ka seriti. A dithapelo tsa rona ga di a tshwanela go nna tse di supang tlotlo le seriti le e leng go feta e re ka re rapela Jehofa, “Kgosi ya bosafeleng”? (Tshenolo 15:3) Ka jalo fa re rapela, re tla tila go bua dilo tse di jaaka, “Dumela Jehofa,” “Re go romelela ditumediso tsa rona,” kana, “Tlhola sentle.” Dikwalo di bontsha gore Morwa yo o tsetsweng a le nosi wa Modimo, e bong Jesu Keresete ga a ise a ko a bue le Rraagwe wa selegodimo jalo.

6. Ke eng se re tshwanetseng go se gopola fa re ‘atamela kwa setulong sa bogosi sa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang’?

6 Paulo o ile a re: “A re atameleng ka kgololesego ya go bua kwa setulong sa bogosi sa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.” (Bahebera 4:16) Ka ntlha ya go dumela mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu Keresete, re ka atamela Jehofa ka “kgololesego ya go bua” le mororo re le batho ba ba nang le boleo. (Ditiro 10:42, 43; 20:20, 21) Le fa go ntse jalo, go nna jalo le “kgololesego [eo] ya go bua” ga go bolele gore re bue le Modimo jaaka e kete re tsere dikgang le ene; kana go bua dilo tse di sa supeng tlotlo. Fa re batla gore dithapelo tse re di rapelang phatlalatsa di itumedise Jehofa, re tshwanetse go di rapela ka tlotlo le seriti se se tshwanetseng mme e bile go tla bo go sa siama go dira dikitsiso ka tsone, go kgalema ba bangwe ka tsone kana go laya bareetsi ka tsone.

Rapela ka Moya wa Boikokobetso

7. Solomone o ne a bontsha boikokobetso jang fa a ne a rapela ka nako ya go kgakolwa ga tempele ya ga Jehofa?

7 E ka ne re rapela phatlalatsa kana re le nosi, molaomotheo wa botlhokwa wa Dikwalo o re tshwanetseng go o gakologelwa ke wa gore re nne boikokobetso fa re rapela. (2 Ditirafalo 7:13, 14) Kgosi Solomone o ne a supa boikokobetso mo thapelong ya gagwe fa go ne go kgakolwa tempele ya ga Jehofa kwa Jerusalema. Solomone o ne a sa tswa go wetsa kago e ntle go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa agiwa mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, ka boikokobetso o ile a rapela jaana: “A ruri Modimo o tlaa aga mo lefatsheng? Bona, legodimo le legodimo la magodimo ga le kake la nna bonno jo bo go lekanyeng; bogolo jang ntlo e ke e agileng!”—1 Dikgosi 8:27.

8. Ditsela tse dingwe tsa go bontsha boikokobetso fa re rapela phatlalatsa ke dife?

8 Jaaka Solomone re tshwanetse go nna boikokobetso fa re rapelela ba bangwe phatlalatsa. Le fa gone re tshwanetse go tila go utlwala re tseegile maikutlo, re ka bontsha boikokobetso ka segalo sa lentswe la rona. Dithapelo tsa boikokobetso ga di rapelwe ka go batla go kgatlha batho ka mafoko kana ka go tseega maikutlo. Di lebisa tlhokomelo kwa go Yo o rapelwang e seng kwa go yo o o rapelang. (Mathaio 6:5) Gape re ka bontsha boikokobetso ka se re se buang mo thapelong ya rona. Fa re rapela ka boikokobetso re ka se ka ra bua jaaka e kete re pateletsa Modimo go dira dilo dingwe ka tsela ya rona. Go na le moo, re tla kopa Jehofa go dira dilo go ya ka thato ya gagwe e e boitshepo. Mopesalema o ile a supa boikutlo jo bo siameng ka go ikuela jaana: “Boloka jaanong Jehofa, re a go rapela; Jehofa, re a go rapela, tlisa letlhogonolo jaanong.”—Pesalema 118:25; Luke 18:9-14.

Rapela go Tswa Pelong

9. Ke kgakololo efe e e molemo e e tswang mo go Jesu e re e bonang mo go Mathaio 6:7, mme e ka dirisiwa jang?

9 Fa re batla go itumedisa Jehofa fa re mo rapela phatlalatsa kana re le nosi, re tshwanetse go mo rapela go tswa pelong. Ka gone, re ka se ka ra boaboeletsa thapelo gantsintsi re sa akanye se re se buang. Mo Therong ya mo Thabeng, Jesu o ile a tlhagisa jaana: “Fa o rapela, o se ka wa bua dilo di le dingwe kgapetsakgapetsa, fela jaaka batho ba merafe ba dira, gonne [ka phoso] ba ithaya ba re ba tla utlwiwa ka ntlha ya go dirisa ga bone mafoko a le mantsi.” Ka mafoko a mangwe, Jesu o ne a re: “O se ka wa inanatha; o se ka wa boaboeletsa mafoko a le mangwe a a se nang bokao.”—Mathaio 6:7; mokwalo o o kwa tlase mo NW.

10. Ke eng fa go ka tswa go siame go rapelela selo se le sengwe gantsi?

10 Ke boammaaruri gore go ka nna ga tlhokega gore re rapelele sengwe gangwe le gape. Seo ga se phoso ka gonne Jesu o ile a kgothatsa jaana: “Nnang lo kope, mme lo tla newa; nnang lo senke, mme lo tla bona; nnang lo kokote, mme lo tla bulelwa.” (Mathaio 7:7) Gongwe lo tlhoka Holo ya Bogosi ka gonne Jehofa a segofatsa tiro ya lona ya go rera. (Isaia 60:22) Ga go molato go nna o umaka kgang eno fa o rapela o le nosi kana fa o rapela phatlalatsa kwa dipokanong tsa batho ba ga Jehofa. Go dira jalo ga go kaye gore o ‘boaboeletsa mafoko a le mangwe a a se nang bokao.’

Se Lebale go Leboga le go Baka

11. Bafilipi 4:6, 7 e ka dirisiwa jang fa motho a rapela phatlalatsa le fa a le nosi?

11 Bontsi jwa batho ba rapela fela fa ba kopa sengwe, le fa go ntse jalo, lorato lwa rona mo go Jehofa Modimo lo tshwanetse lwa re tlhotlheletsa go mo leboga le go mmaka fa re rapela re le nosi le fa re rapela phatlalatsa. Paulo o ile a kwala jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a ditōpō tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Ee, mo godimo ga go dira mekokotlelo le go lopa Jehofa, re tshwanetse go mo lebogela go bo a re segofatsa ka dilo tsa semoya le tsa senama. (Diane 10:22) Mopesalema o ile a opela jaana: “Isetsa Modimo setlhabelo sa go leboga; o bo o lefele Mogodimodimo maikano a gago.” (Pesalema 50:14) Pina e e monate ya thapelo ya ga Dafide e akaretsa mafoko ano: “Ke tlaa baka leina la Modimo ka sefela; ke tlaa o goletsa ka go ntsha malebogo.” (Pesalema 69:30) A ga re a tshwanela go dira jalo fa re rapela phatlalatsa le fa re rapela re le nosi?

12. Pesalema 100:4, 5 e diragadiwa jang gompieno, ka gone re ka leboga le go baka Modimo ka ntlha ya eng?

12 Mopesalema o ile a opela jaana a bua ka Modimo: “Tsenang mo dikgorong tsa gagwe ka go ntsha tebogo, le mo malwapeng a gagwe ka pako; mo ntshetseng malebogo, mme lo bake leina la gagwe. Gonne Jehofa o molemo; boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng; le boikanngo jwa gagwe mo ditshikatshikeng tsotlhe.” (Pesalema 100:4, 5) Gompieno batho ba ditšhaba tsotlhe ba thologela mo malwapeng a felo ga boitshepo ga ga Jehofa mme le ka ntlha ya seno re ka mo leboga le go mmaka. A o supa go lebogela Modimo go bo a file phuthego ya lona Holo ya Bogosi mme o bo o supa kanaanelo eo ka go phuthegela kwa go yone ka metlha le batho ba ba mo ratang? Fa o le koo, a o tsholeletsa lentswe la gago kwa godimo ka pelo yotlhe fa o opela go baka le go leboga Rraarona yo o lorato wa selegodimo?

Le ka Motlha o se Tlhabisiwe Ditlhong ke Thapelo

13. Ke dikai dife tsa Dikwalo tse di bontshang gore re tshwanetse go rapela Jehofa le fa re ikutlwa re sa tshwanelege ka ntlha ya go nna molato?

13 Tota le fa re ikutlwa re sa tshwanelege ka ntlha ya molato mongwe, re tshwanetse go retologela kwa Modimong ka go mo kokotlela ka tlhoafalo. Fa Bajuda ba ne ba leofile ka go nyala basadi ba batswakwa, Esera o ne a khubama, a tsharolola diatla tsa gagwe tse di ikanyegang kwa Modimong mme a rapela jaana ka boikokobetso: “Modimo wa me, ke tlhajwa ke ditlhong, ke bile ke a itlhontsha, ke retelelwa ke go go tsholeletsa sefatlhogo sa me, Modimo wa me, gonne tshiamololo ya rona, le molato wa rona o goleletse kwa magodimong. E sa le ka metlha ya borraetsho le gompieno re ntse re le molato thata . . . Morago ga dilo tse tsotlhe tse di re wetseng ka ntlha ya ditiro tse di bosula tsa rona, le molato o mogolo wa rona, e re ka wena Modimo wa rona o re beditse sebotlana bogolo go mo maikepo a rona a ne[ng] a go tshwanetse, o bile o re neile masalela a a ntseng jaana. A re tlaa ba re tsupuetsa ditaolo tsa gago, re nyalana le ditšhaba tse di dirang dilo tse di makgapha tse? A ga o nka o nna bogale le rona go tsamaya o re nyeletsa, go ba go tla go tlhokafala masalela, kgotsa yo o falolang fela? Jehofa Modimo wa Iseraele, o tshiamo, gonne re tlogeletswe masalela a a falotseng, jaaka go ntse gompieno, bona, re fa pele ga gago mo molatong wa rona, gonne ga go na ope yo o ka emang fa pele ga gago ka ntlha ya gone mo.”—Esera 9:1-15; Duteronome 7:3, 4.

14. Jaaka go ile ga direga mo motlheng wa ga Esera, go tlhokega eng e le gore Modimo a re itshwarele?

14 Gore Modimo a re itshwarele, re tshwanetse go ipobola maleo a rona mo go ene le go swabela seo ka go supa “maungo a a tshwanetseng boikwatlhao.” (Luke 3:8; Jobe 42:1-6; Isaia 66:2) Mo motlheng wa ga Esera, ba ne ba tswakanya boikwatlhao jwa bone le kgato ya go baakanya phoso e ba neng ba e dirile ka go leleka basadi ba bone ba batswakwa. (Esera 10:44; bapisa 2 Bakorintha 7:8-13.) Fa re batla gore Modimo a re itshwarele boleo bongwe jo bo masisi jo re bo dirileng, a re ikopeleng maitshwarelo ka go rapela ka boikokobetso le go tlhagisa maungo a a tshwanelang boikwatlhao. Go ikwatlhaya le go batla go baakanya phoso gape go tla re tlhotlheletsa go senka thuso ya bagolwane ba Bakeresete.—Jakobe 5:13-15.

Ikgomotse ka Thapelo

15. Se se diragaletseng Hana se supa jang gore thapelo e ka re gomotsa?

15 Fa sengwe se re utlwisitse botlhoko, re ka ikgomotsa ka thapelo. (Pesalema 51:17; Diane 15:13) Hana yo o ikanyegang o ne a dira jalo. O ne a tshela mo motlheng o malapa a magolo a neng a atile thata kwa Iseraele, mme ene o ne a se na bana. Mogatse e bong Elekana o ne a na le barwa le barwadi le mosadi yo mongwe wa gagwe e bong Penina, yo o neng a tlhola a kgoba Hana ka go bo e le moopa. Hana o ne a rapela ka tlhoafalo a ba a solofetsa gore fa a ka segofadiwa ka morwa, ‘o tla mo naya Jehofa ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe.’ Ka go bo Hana a ile a gomodiwa ke thapelo eo ya gagwe le ke mafoko a ga Moperesiti yo Mogolo e bong Eli, “sefatlhogo sa gagwe sa se ka sa tlhola se tlhontse.” O ne a tshola ngwana wa mosimane yo a ileng a mmitsa Samuele. Moragonyana o ile a mo isa go ya go direla Jehofa kwa felong ga boitshepo. (1 Samuele 1:9-28) Ka ntlha ya go anaanela tsela e Modimo a ileng a nna molemo ka yone mo go ene, o ne a rapela thapelo ya go ntsha malebogo—e e tlotlomatsang Jehofa gore ke yo o sa lekaneng le ope. (1 Samuele 2:1-10) Le rona jaaka Hana, re ka ikgomotsa ka thapelo, re dumela re sa belaele gore Modimo o araba dikopo tsotlhe tse di dumalanang le thato ya gagwe. Fa re mmulela dipelo tsa rona, a re “se ka ra tlhola re tlhontse,” gonne o tla tlosa mekgweleo ya rona kana o tla re thusa go e itshokela.—Pesalema 55:22.

16. Jaaka go ile ga direga mo kgannyeng ya ga Jakobe, ke eng fa re tshwanetse go rapela fa re ikutlwa re boifa kana re tlhobaela?

16 Fa seemo sengwe se dira gore re boife, re utlwe botlhoko kana re tlhobaele, a re se ka ra lebala go ya kwa Modimong ka thapelo gore a re gomotse. (Pesalema 55:1-4) Jakobe o ne a tsenwe ke poifo fa a tloga a kopana le mogoloe, e bong Esau yo ba neng ba tlhobogane le ene. Le fa go ntse jalo, Jakobe o ne a rapela jaana: “Modimo wa ga Aberahame rre, le Modimo wa ga Isake rre, Jehofa, yo o ntheileng wa re: ‘Boela kwa lefatsheng la gaeno, le kwa go bagaeno, ke tlaa go direla molemo.’ Ga ke a tshwanelwa ke bope le fa e le jo bonnye jwa mapelonomi otlhe le fa e le jwa boammaaruri jotlhe jo o bo supeditseng motlhanka wa gago, gonne ke ne ka tlola noka e ya Joretane ke na le thobane ya me fela, mme gompieno ke diregile masomo a le mabedi. Ke a go rapela, a ko o nkgolole mo seatleng sa ga mogolole, mo seatleng sa ga Esau; gonne ke a mmoifa, o ka tla a nkgemetha, le mma bana le bana. Wena o rile: ‘Ruri ke tlaa go direla molemo, ke tlaa dira losika lwa gago go nna jaaka mošawa wa lewatle o o sa ka keng wa balwa ka bontsi.’” (Genesise 32:9-12) Esau o ile a se ka a tlhasela Jakobe le ba a neng a na le bone. Ka gone, ka nako eo Jehofa o ne a ‘direla Jakobe molemo.’

17. Go ya ka Pesalema 119:52, thapelo e ka re gomotsa jang fa re lekwa thata?

17 Ka nako ya fa re rapela, re ka nna ra gomodiwa ke go gopola dilo dingwe tse di boletsweng mo Lefokong la Modimo. Mo pesalemeng e telele go gaisa tsotlhe—thapelo e e molemo e e fetotsweng pina—e ka nna ya bo e le Kgosana Hesekia yo o ileng a opela jaana: “Ke ntse ke gakologetswe dikatlholo tsa gago tsa bogologolo Jehofa, mme ke ikgomoditse.” (Pesalema 119:52) Fa re rapela ka boikokobetso fa re lebane le teko e kgolo, re ka nna ra gopola molaomotheo wa Baebele kana molao o o ka re thusang go tshela ka tsela e e tla re dirang gore re gomotsege ka go bo re ikutlwa re itumedisa Rraarona wa selegodimo.

Batho ba ba Boikanyego ba Tshwarelela mo Thapelong

18. Ke eng fa go ka twe ‘motho mongwe le mongwe yo o boikanyego o tla rapela Modimo’?

18 Batho botlhe ba ba boikanyego mo go Jehofa Modimo ba tla ‘tshwarelela mo thapelong.’ (Baroma 12:12) Mo Pesalemeng ya bo32, e gongwe e tlhamilweng morago ga fa Dafide a sena go leofa le Bethesheba, o tlhalosa go tlhorega go a ileng a nna le gone ka ntlha ya go palelwa ke go kopa maitshwarelo le go imologa go a ileng a nna le gone morago ga go ikwatlhaya le go ipobola mo Modimong. Go tswa foo Dafide o ile a opela jaana: “Ka ntlha ya seno [gonne Jehofa o itshwarela batho ba ba ikwatlhayang ka botlalo] mongwe le mongwe yo o ikanyegang ka nitamo o tla go rapela fela ka nako e o ka bonwang ka yone.”—Pesalema 32:6, NW.

19. Ke eng fa re tshwanetse go tsholetsa diatla tsa rona ka thapelo?

19 Fa re tsaya kamano ya rona le Jehofa Modimo e le botlhokwa thata, re tla rapelela gore a re utlwele botlhoko mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu. Ka tumelo re ka atamela setulo sa gagwe sa bogosi sa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang ka kgololesego ya puo gore a re utlwele botlhoko le go re naya thuso e re e tlhokang. (Bahebera 4:16) Le fa go ntse jalo go na le dilo tse dintsi tse re ka di rapelelang! Ka gone, a re ‘rapeleng re sa kgaotse’—gantsi re rapela Modimo re mmaka le go mo leboga go tswa pelong. (1 Bathesalonika 5:17) A re rapeleng ka go tsholetsa diatla tsa rona tse di ikanyegang bosigo le motshegare.

O ne O ka Araba Jang?

◻ Ke eng fa go le molemo go akanya pele ga o ka rapela phatlalatsa?

◻ Ke eng fa re tshwanetse go rapela ka tsela e e supang seriti le tlotlo?

◻ Re tshwanetse go nna le maikutlo afe fa re rapela?

◻ Fa re rapela, ke eng fa re sa tshwanela go lebala go baka le go leboga?

◻ Baebele e bontsha jang gore thapelo e ka re gomotsa?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Kgosi Solomone o ne a bontsha boikokobetso fa a ne a rapela phatlalatsa ka nako ya go kgakolwa ga tempele ya ga Jehofa

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Jaaka Hana, thapelo e ka go gomotsa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela