Maduo a Boikgogomoso—A Kana Kang?
A O KILE wa rakana le motho yo o neng a leka go go nyenyefatsa ka boomo? Gongwe manejara, mothapi, mookamedi kana le e leng wa losika yo o neng a go penela nko e bile a go tlhaetsa matlho? O ile wa ikutlwa jang ka motho yoo? A o ile wa rata botho joo jwa gagwe? Legoka! Ka ntlha yang? Ka gonne boikgogomoso bo baka dikgopi e bile bo dira gore batho ba se ka ba utlwana.
Boikgogomoso bo dira gore motho a nyatse batho botlhe, ka metlha go nna jaaka e kete o gaisa ba bangwe. Motho yo o ntseng jalo ga se gantsi a buang sepe se sentle ka batho ba bangwe. Ka metlha o aga a na le mafoko a a bosula a o tlatsang se a se buang ka one—“ee, go ka tswa go ntse jalo, mme gone o na le bothata jo le jo kana bokoa jo le jo.”
Buka ya Thoughts of Gold in Words of Silver e tlhalosa boikgogomoso e le “bosula jo ka metlha bo fekeetsang motho. Bo senya motho bo mo tlogela a se na sepe se o ka se ratang ka ene.” A go a gakgamatsa go bo go se motho ope yo o ikutlwang a ritibetse fa a na le motho yo o ikgogomosang? Tota e bile, gantsi maduo a boikgogomoso e nna go tlhoka ditsala tsa boammaaruri. Yone buka eno e tswelela pele e tlhalosa gore, “go na le moo, batho ba rata motho yo o boikokobetso—yo o boikokobetso tota e seng yo o ipolelang gore o boikokobetso.” Ke gone ka moo Baebele e bolelang jaana: “Boikgogomoso jwa motho bo tle bo mo bakele go tlhabisiwa ditlhong, motho yo o ikokobetsang o tla tlotliwa.”—Diane 29:23, The Jerusalem Bible.
Le fa go ntse jalo, selo se se botlhokwa go gaisa botsala kana go tlotliwa ke batho ke gore, boikgogomoso bo ama jang kamano ya motho le Modimo? Modimo o leba jang batho ba ba boikgogomoso, ba ba mabela le ba ba boikgodiso? A o a amega ka boikgogomoso kana boikokobetso?
Thuto Kaga Boikokobetso
Mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa Diane a re: “Boikgodiso bo tle bo etelele tshenyego pele, le boipego jwa pelo pele ga go wa. Go bo go le molemo go nna boikokobetso le bakgobaladi, bogolo go go kgaogana thopo le babelafadi.” (Diane 16:18, 19) Boammaaruri jwa mafoko ano bo tlhomamisiwa ke se se ileng sa diragalela Naamane yo e neng e le mogenerale wa Siria yo o neng a tshela mo motlheng wa moporofeti wa Moiseraele e bong Elisha.
Naamane e ne e le molepero. Fa a ntse a senka kalafi o ne a tsaya mosepele go ya kwa Samarea a akanya gore o tla kopana le Elisha ka namana. Go na le moo, moporofeti yono o ne a romela motlhanka wa gagwe kwa go Naamane a mo neetse ditaelo tsa gore a ikine gasupa mo Nokeng ya Joretane. Naamane o ne a kgopisiwa ke tsela eno e a neng a tshwerwe ka yone le kgakololo eo. Ke eng fa moporofeti yono a ne a sa tle go bua le ene ka namana go na le gore a romele motlhanka wa gagwe? Tota e bile, dinoka tsa Siria di ne di le molemo fela jaaka ya Joretane! Bothata ke gore o ne a le boikgogomoso. Go ne ga nna le matswela afe? Ka lesego, o ne a newa kgakololo e e molemo. “Foo a fologa a ikina gasupa mo Joretane, jaaka polelo ya monna wa Modimo; mme nama ya gagwe ya bowa, ya tshwana le nama ya ngwanyana fela, a ntlafetse.”—2 Dikgosi 5:14.
Ka dinako tse dingwe motho o solegelwa molemo thata fa a nna boikokobetso go sekae.
Maduo a Boikgodiso
Le fa go ntse jalo, maduo a go ikgogomosa a ka nna magolo thata go feta go latlhegelwa ke melemo mengwe. Go na le mofuta o mongwe wa boikgogomoso o o tlhalosiwang sentle ke lefoko la Segerika e bong hubris. Go ya ka mokanoki wa Mogerika e bong Barclay, “hubris ke boikgogomoso jo bo tswakaneng le bosetlhogo . . . , boikgodiso jo bo dirang gore [motho] a utlwise bengkaene botlhoko.”
Sekai sa mofuta ono o o feteletseng wa boikgogomoso se fitlhelwa mo Baebeleng. Ke sa ga Hanune kgosi ya Amone. Insight on the Scriptures e tlhalosa jaana: “Ka ntlha ya bopelonomi jo Nahashe a neng a mo diretse jone, Dafide o ne a romela barongwa go ya go gomotsa Hanune ka ntlha ya go swelwa ke rraagwe. Le fa go ntse jalo, dikgosana tsa ga Hanune di ne tsa mo dira gore a akanye gore Dafide o ne a batla fela go tla go tlhola maemo a motse, ka jalo o ne a tlontlolola batlhanka ba ga Dafide ka go ba beola bontlhanngwe jwa ditedu tsa bone le go kgaola diaparo tsa bone go fitlha fa maragong go tswa foo a bo a ba busetsa morago.”a Malebana le tiragalo eno, Barclay a re: “Seo e ne e le hubris. E ne e le go sotla, go gobolola le go tlhabisa batho ditlhong.”—2 Samuele 10:1-5.
Ee, motho yo o boikgogomoso o na le go itlotlomatsa ka go tlhabisa batho ba bangwe ditlhong. O itumelela go utlwisa batho ba bangwe botlhoko ka tsela e e setlhogo go tswa foo a bo a itumelela go leba kutlobotlhoko ya batho bao ka go ba dilola. Le fa go ntse jalo, go nyatsa batho ba bangwe kana go ba nyenyefatsa go ama le ene motho yo o ba dirang jalo. Go felela ka gore a latlhegelwe ke ditsala e bile go ka direga gore batho ba mo ile.
Mokeresete wa boammaaruri a ka nna jang le boikgogomoso jo bo ntseng jalo jo bo setlhogo e re ka Mong wa gagwe a ile a laela gore ‘a rate moagelani wa gagwe jaaka a ithata’? (Mathaio 7:12; 22:39) Tota seo ga se dumalane le kafa Modimo le Keresete ba leng ka teng. Malebana le kgang eno, Barclay o akgela jaana ka tsela e e masisi: “Hubris ke boikgogomoso jo bo dirang gore motho a latole Modimo.” Ke boikgogomoso jo bo dirang gore motho a re: “Ga go na Modimo.” (Pesalema 14:1) Kana jaaka go tlhalositswe mo go Pesalema 10:4: “Moikepi o bua ka boikgodiso jwa sefatlhogo sa gagwe, a re: ‘Ga o ketla o go lefetsa.’ Megopolo yotlhe ya gagwe ke go re: ‘Ga go na Modimo ope.’” Boikgogomoso kana mabela a a ntseng jalo ga a dire fela gore motho a tlhobogane le ditsala le ba losika mme gape a mo tlhoboganya le Modimo. A maduo a magolo jang ne!
Se Letle Boikgogomoso bo go Senya
Boikgogomoso bo mefutafuta—boikgogomoso jo bo bakwang ke boratanaga, go ila ditso tse dingwe, go tlhaolana go ya ka maemo, ka thutego, ka dikhumo le taolo. Ka tsela nngwe boikgogomoso bo ka go tshwaetsa mme jwa senya botho jwa gago.
Batho ba le bantsi ba lebega ba le boikokobetso fa ba dirisana le batho ba bagolo mo go bone kana balekane ba bone. Mme go diregang fa motho yoo yo go lebegang a le boikokobetso a newa maemo a taolo? O bona fela a setse a fetogile mogateledi wa batho ba ba kwa tlase ga gagwe! Go ka nna jalo ka batho ba ba dirang tiro e e ba tlhokang go apara diaparo kana betšhe e e supang fa ba na le maemo. Tota le badiredipuso ba ka nna boikgogomoso fa ba dirisana le setšhaba, ba akanya gore setšhaba se tshwanetse go direla bone e seng gore bone ba direle setšhaba. Boikgogomoso bo ka go dira makgwakgwa, setlhogo; boikokobetso jone bo ka go dira gore o nne pelonomi.
Jesu a ka bo a ile a nna boikgogomoso le go nna makgwakgwa mo barutweng ba gagwe. E ne e le motho yo o itekanetseng, e le Morwa Modimo yo o neng a dirisana le balatedi ba gagwe ba ba sa itekanelang, ba ba mafega le ba ba ratang go phamoga. Le fa go ntse jalo, o ne a raya bareetsi ba gagwe a reng? “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo fufulelwang le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke maikutlo a bori e bile ke kgobaletse mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.”—Mathaio 11:28-30.
A ka metlha re leka go latela sekao sa ga Jesu? Kana a ka dinako tse dingwe re iphitlhela re le makgwakgwa, re le peloethata, re gatelela, re se kutlwelobotlhoko e bile re le boikgogomoso? Jaaka Jesu, leka go nna motho yo o lapolosang e seng yo o gatelelang. Se letle boikgogomoso bo go senya.
Fa o ka akanya ka dintlha tse di tlhalositsweng fa godimo, go ka tweng ka go itlotla?
Go Itlotla e Seng go Itlotlomatsa
Nonofo e nngwe e e amanang le eno mme gone e le e e molemo ke ya go itlotla ka tsela e e lekaneng le e e tshwanetseng. Go itlotla go raya go nna le tlotlo mo go wena ka bowena. Go kaya gore o amega kaga se ba bangwe ba se akanyang ka wena. O amega ka tebego ya gago le leina la gago. Seane sa Se-Spain se boammaaruri fa se re, “Mpolelela ba o tsamayang le bone mme ke tla go bolelela gore o mang.” Fa o rata go tsalana le batho ba ba leswe, ba ba botshwakga, ba ba botlhaswa le ba ba tlhapatsang, o tla tshwana le bone. Mekgwa ya bone e tla go tshwaetsa, ga o ne o itlotla fela jaaka bone.
Ke boammaaruri gore motho a ka feteletsa dilo—a nna le boikgogomoso jo bo mo dirang gore a itlotlomatse. Bakwadi le Bafarasai ba motlha wa ga Jesu ba ne ba ikgogomosa ka dingwao tsa bone le ka maemo a bone a bodumedi. Jesu o ile a tlhagisa jaana ka bone: “Ditiro tsotlhe tse ba di dirang ba di dira gore ba bonwe ke batho; gonne ba atolosa dikgetsinyana tse di nang le dikwalo tse ba di rwalang e le tshireletso, e bile ba lelefatsa makantsa a diaparo tsa bone [gore ba tsewe ba le boitshepo]. Ba rata mafelo a a tlhomologileng thata mo dijong tsa maitseboa le ditulo tse di kwa pele mo disinagogeng, le ditumediso mo marekisetsong le go bidiwa Rabi ke batho.”—Mathaio 23:5-7.
Ka gone, se se batlegang ke gore motho a nne tekatekano. Gape se lebale gore Jehofa o bona pelo, e seng ponalo ya ka fa ntle fela. (1 Samuele 16:7; Jeremia 17:10) Go ipona tshiamo bobe ga se tshiamo e Modimo a e ratang. Le fa go ntse jalo, jaanong potso ke gore, Re ka dira jang gore re nne le boikokobetso jwa mmatota mme re tile go bona maduo a a botlhoko a go nna boikgogomoso?
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Go ikokobetsa go sekae go ne ga solegela Naamane molemo thata