LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 2/1 ts. 6-7
  • O ka Bontsha Jang Boikokobetso Jwa Mmatota?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Bontsha Jang Boikokobetso Jwa Mmatota?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sekao sa ga Keresete sa Boikokobetso
  • Kafa Motho yo o Boikokobetso a Itshwarang ka Teng
  • Boikokobetso bo Supa Lorato le go Itshwarela
  • Lwela go Nna le Boikokobetso Jwa Mmatota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Go Itumela Ba Ba Ikokobetsang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa O Tshwanetse go Nna Boikobo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • ‘Aparang Mogopolo o o Ikokobeditseng’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 2/1 ts. 6-7

O ka Bontsha Jang Boikokobetso Jwa Mmatota?

BOIKOKOBETSO jwa mmatota bo botlhokwa thata mo Modimong. Jakobe o ile a kwala jaana: “Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.” (Jakobe 4:6) Fano Jakobe a ka tswa a ne a bua ka dintlha dingwe tse di tlhalosiwang mo Dikwalong Tsa Sehebera. “Le fa Jehofa a le godimo, le fa go ntse jalo, o tsaya tsia bangotlegi; mme baipegi o ba itsetse kgakala fela.” “Matlho a motho o a kadileng a tlaa bokaladiwa, le bopelompe jwa batho bo tlaa obiwa, mme mo letsatsing leo go tlaa godisiwa Jehofa a le esi fela.” “Fa go amana le basotli, [Modimo] o tla tlaopa; mme o tla bontsha ba ba pelonolo kamogelo.”—Pesalema 138:6; Isaia 2:11; Diane 3:34.

Moaposetoloi Petere le ene o ne a rotloetsa boikokobetso. O ne a kwala jaana: “Lotlhe ikgatlheng ka kgobalalo ya mogopolo mongwe go yo mongwe, ka gonne Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.”—1 Petere 5:5.

Sekao sa ga Keresete sa Boikokobetso

O ka nna wa botsa, Molemo wa go nna boikokobetso ke eng? Mo mothong yo o lekang go nna Mokeresete wa boammaaruri karabo e botlhokwa—fa o le boikokobetso o a bo o etsa Keresete. Jesu o ne a bontsha boikokobetso ka go dumela go tswa kwa legodimong mme a tla mo lefatsheng a tla go nna motho wa maemo a a kwa tlase, a fetwa ke baengele ka bogolo. (Bahebera 2:7) Le mororo e ne e le Morwa Modimo, o ne a itshokela go nyenyefadiwa ke baba ba gagwe ba bodumedi. O ile a itshoka fa a ne a lebane le diteko le mororo a ne a ka kgona go kopa masomosomo a baengele gore ba mo thuse.—Mathaio 26:53.

Kwa bofelong, Jesu o ne a kalediwa mo thupeng ya tlhokofatso ka tsela e e mo nyenyefatsang, le fa go ntse jalo a nna a ikanyega go Rraagwe. Ke gone ka moo Paulo a neng a ka kwala jaana ka ene: “Bolokang boikutlo jono jwa mogopolo mo go lona jo gape bo neng bo le mo go Keresete Jesu, yo, le mororo a ne a tshela a le mo sebopegong sa Modimo, a neng a se ka a akanyetsa kgapo, e leng, gore o tshwanetse go lekana le Modimo. Nnyaa, mme o ne a ikhudula mme a tsaya sebopego sa motlhanka mme a simolola go nna mo setshwanong sa batho. Go feta moo, e rile a iphitlhela a le mo sebopegong sa motho, a ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha kwa losong, ee, loso mo koteng ya tlhokofatso.”—Bafilipi 2:5-8.

Ka jalo, re ka nna jang le boikokobetso jwa mmatota? Fa re rakana le maemo mangwe, re ka itshwara jang ka boikokobetso e seng ka boikgogomoso?

Kafa Motho yo o Boikokobetso a Itshwarang ka Teng

A re tlotle ka boikokobetso mo tirong, e ka ne e le kwa mmerekong kana mo tirelong ya Bokeresete. Gore tiro e dirwe sentle go ka tlhokega gore go nne le baokamedi, bommanejara le balebeledi. Go tshwanetse ga nna le motho yo o dirang ditshwetso. O itshwara jang? A o tle o re, “O ithaya a re ke mang ene go mpolelela gore ke direng? Ga ke bolo go bereka tiro eno dingwaga tse dintsi go mo feta.” Ee, fa o le boikgogomoso ga o ne o ikokobetsa. Kafa letlhakoreng le lengwe, motho yo o boikokobetso o leka go se “dire sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya boikgopolo, fa e se gore ka kgobalalo ya mogopolo a tseye ba bangwe ba le bagolo mo go ene.”—Bafilipi 2:3.

O itshwara jang fa kakantsho e tswa mo mothong yo monnye mo go wena kana mo mosading? Fa o le boikokobetso, bobotlana o tla e sekegela tsebe. Fa o le boikgogomoso o tla e tlhokomologa kana go e gana. A o tla batla gore o tlotlomadiwe kana o forwe ka tsela e e tla go latlhang kana a o tla tlhopha go gakololwa ka tsela e e molemo e e tla go agang?—Diane 27:9; 29:5.

A o ka kgona go lebana le maemo a a ngomolang pelo? Boikokobetso bo ka go thusa go lebana le maemo a a thata le go nna le boitshoko fela jaaka Jobe. Fa o le boikgogomoso, o tla bolaisiwa pelo ke maemo a a botlhoko le e leng go nna manganga fa o ikutlwa e kete o a nyenyefadiwa.—Jobe 1:22; 2:10; 27:2-5.

Boikokobetso bo Supa Lorato le go Itshwarela

Batho ba bangwe ga ba ke ba re, “Intshwarele. Ke dirile phoso. O ne o nepile.” Ka ntlha yang? Ba boikgogomoso! Le fa go ntse jalo, gantsi go ikopa maitshwarelo go tswa pelong go fedisa kgotlang mo lenyalong.

A o iketleeditse go itshwarela fa mongwe a go kgopisitse? Kana a ka ntlha ya boikgogomoso o nna ka sekgopi, gongwe o fetsa malatsi le dikgwedi o gana go buisa motho yo o go kgopisitseng? A o nna ka pelo e e lofuto o leka go ipusolosetsa? Go nna ka pelo e e lofuto go tle go dire gore batho ba bolaye ba bangwe. Ba bangwe bone ba dirisa mokgwa wa go senya batho ba bangwe leina. Motho yo o boikokobetso ene o lorato e bile o a itshwarela. Ka ntlha yang? Ka gonne lorato ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang. Jehofa o ne a iketleeditse go itshwarela Baiseraele fa ba ne ba ka tlogela go nna boikgogomoso. Molatedi wa ga Jesu yo o boikokobetso o iketleeletsa go itshwarela ba bangwe gantsintsi!—Joele 2:12-14; Mathaio 18:21, 22; 1 Bakorintha 13:5.

Motho yo o boikokobetso o ‘etelela pele mo go bontshaneng lorato.’ (Baroma 12:10) New International Version e balega jaana: “Tlotlanang go feta kafa lo itlotlang ka teng.” A o tlotlomatsa batho ba bangwe o bontsha go anaanela dikgono le ditalenta tsa bone? Kana a ka metlha o ba tshwaya diphoso o leka go ba nyenyefatsa? Ee, a o motho yo o ratang go akgola batho ba bangwe go tswa pelong? Fa o na le bothata mo kgannyeng eno, gongwe o na le bothata jwa go se itshepe le jwa boikgogomoso.

Motho yo o boikgogomoso o pelokhutshwane. Motho yo o boikokobetso o pelotelele e bile o na le boitshoko. Go tweng ka wena? A o kgopisiwa ke sengwe le sengwe fela se o tsayang gore ke go se tshwarwe sentle? Go itshwara jalo ke go tlhoka boitshoko. Fa o le boikokobetso ga o ne o itseela thata kwa godimo. Gopola gore go ile ga direga eng fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba itseela thata kwa godimo—ba ne ba nnela go ngangisana kaga gore ke mang yo o botlhokwa go feta botlhe gareng ga bone. Ba ne ba lebetse gore botlhe fela ke “batlhanka ba ba se nang molemo wa sepe”!— Luke 17:10; 22:24; Mareko 10:35-37, 41.

Mokwadi wa Mofora e bong Voltaire o ne a tlhalosa boikokobetso e le “go nna le moya o o bori . . . selo se se thibelang boikgogomoso.” Ee, boikokobetso ke go nna le kgobalalo mo moyeng. Motho yo o boikokobetso o na le moya o o bori, e seng wa boikgogomoso. O tlotlo thata e bile o maitseo.

Ka jalo ke eng fa o tshwanetse go leka go nna boikokobetso? Ka gonne Modimo o rata batho ba ba boikokobetso e bile bo re thusa go bona kaelo ya Modimo. Ka go bo Daniele a ne a le boikokobetso Jehofa o ne a mo tsaya e le motho yo o ‘rategang thata’ mme a mo romelela moengele go mo isetsa ponatshegelo! (Daniele 9:23; 10:11, 19) Boikokobetso bo lere melemo e mentsi. Bo go dira gore o nne le ditsala tsa mmatota tse di go ratang. Mo godimo ga moo, bo dira gore Jehofa a go segofatse. “Tuelo ya boingotlo le go boifa Jehofa ke khumo le letlotlo le botshelo.”—Diane 22:4.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go kopa maitshwarelo go ka dira gore botshelo bo se nne le dingalo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela