LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 2/1 ts. 20-23
  • Go Ntshetsa Jehofa Ditlhabelo Tse a di Amogelang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ntshetsa Jehofa Ditlhabelo Tse a di Amogelang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhopha Ditsela Tse di Farologaneng
  • Kgakololo ya ga Jehofa le go Tsiboga ga ga Kaine
  • Thuto mo go Rona
  • Bana ba Motho ba ba Neng ba Nna le Mekgwa E e Sa Tshwaneng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • A mo Galefela A bo A Mmolaya
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Morwa yo o Molemo, Le yo O Bosula
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 2/1 ts. 20-23

Go Ntshetsa Jehofa Ditlhabelo Tse a di Amogelang

KA NAKO nngwe mo hisitoring, go ile ga bonala selo se se gakgamatsang mo botsenong jwa kafa ntlheng ya botlhaba jwa tshimo ya Edene.a Go ne go na le ditšheruba tse di nonofileng tse di neng di disitse moo, ponalo ya tsone e e gakgamatsang e ne e tlhomamisa gore ga go a tshwanela go feta ope moo. Selo se sengwe gape se se neng se thibela fela jalo e ne e le tšhaka e e tukang e e neng e itikolosa, e gongwe e neng e dira gore go bonale kgalalelo e e tshosang mo ditlhareng tse di e dikologileng bosigo. (Genesise 3:24) Le fa seno se ne se kgatlha, batho bape fela ba ba neng ba se bona ba ne ba tsamaela kgakala le sone.

Go ka nna ga direga gore Kaine le Abele ba ile ba etela lefelo leno ka makgetlho a le mantsi. E re ka Adame le Efa ba ile ba ba tshola ba setse ba le ka kwa ntle ga tshimo, ba ne ba ka fopholetsa fela gore go ne go ntse jang go tshela mo Paradaiseng jaaka batsadi ba bone, mo tshimong e mo go yone go nang le dimela tse ditala tse di golang sentle le maungo le merogo e mentsi. Ga go na pelaelo gore se se neng se ka kgona go bonwa fela kwa Edene e ne e le tshimo e e sa tlhagolwang e dimela tsa yone di goletseng kwa godimo.

Ga go na pelaelo gore Adame le Efa ba ile ba tlhalosetsa bana ba bone gore ke eng fa tshimo e ne e sa tlhokomelwe le gore ke eng fa ba ile ba kobiwa mo go yone. (Genesise 2:17; 3:6, 23) A bo Kaine le Abele ba tshwanetse ba bo ba ile ba kgobega marapo jang ne! Ba ne ba kgona go bona tshimo mme ba ne ba sa kgone go tsena mo go yone. Ba ne ba le gaufi le Paradaise le fa go ntse jalo ba le kgakala thata le yone. Go sa itekanela go ne go ba sentse, mme go ne go se na sepe se Kaine kana Abele a neng a ka se dira.

Kamano ya batsadi ba bone e ne e se kitla e tokafatsa dilo. Fa Modimo a ne a otlhaya Efa, o ne a re: “Keletso ya gago e tla nna kwa monneng wa gago, mme o tla go laola.” (Genesise 3:16) Fela jaaka go ne go porofetilwe, Adame jaanong o tshwanetse a bo a ne a gatelela mosadi wa gagwe, gongwe a sa tlhole a mo tshwara jaaka tsala le mothusi. Mme go bonala fa Efa a ne a ikaegile thata ka monna yono. Buka nngwe e ya bokgakaleng jwa go tlhalosa “keletso” ya gagwe e le “phisego e e tshwanang le bolwetse.”

Baebele ga e bolele gore boemo jono jwa lenyalo bo ile jwa ama jang tsela e basimane bano ba neng ba tlotla batsadi ba bone ka yone. Le fa go ntse jalo, go bonala fa Adame le Efa ba ile ba tlhomela bana ba bone sekao se se sa tshwanelang.

Go Tlhopha Ditsela Tse di Farologaneng

Kgabagare Abele o ne a nna modisa mme Kaine a nna molemi. (Genesise 4:2) Ga go na pelaelo gore fa Abele a ntse a tlhokometse motlhape wa gagwe, o ne a na le nako e ntsi ya go tlhatlhanya ka boporofeti jono jo bo sa tlwaelegang jo bo ileng jwa buiwa pele ga batsadi ba gagwe ba kobiwa kwa Edene: “Ke tlaa tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. Lone lo tlaa tapeta tlhogo ya gago, mme wena o tlaa loma serethe sa gagwe.” (Genesise 3:15) Abele o tshwanetse a bo a ile a ipotsa gore ‘Tsholofetso ya Modimo malebana le losika lo lo tla tapetang tlhogo ya noga e tla diragadiwa jang, le gore losika lono lo tla lomiwa jang mo seretheng?’

Morago ga nako nngwe, gongwe fa ba ne ba setse ba godile sentle, Kaine le Abele ba ne ba direla Jehofa ditshupelo. E re ka Abele e ne e le modisa, ga go gakgamatse go bo a ile a ntsha “ga maitibolo a letsomane la gagwe, a na le mahura a lone.” Go farologana le seo, Kaine o ne a ntsha “ga loungo lwa mmu.” Jehofa o ne a amogela setlhabelo sa ga Abele, mme “a se ka a itumelela Kaine le tshupelo ya gagwe.” (Genesise 4:3-5) Ka ntlha yang?

Batho bangwe ba re ke ka go bo setlhabelo sa ga Abele e ne e le go tswa mo ‘maitibolong a letsomane la gagwe,’ fa Kaine ene a ile a ntsha fela “ga loungo lwa mmu.” Mme bothata e ne e se boleng jwa se se neng se ntshitswe ke Kaine, ka gonne pego ya re Jehofa o ne a itumelela “Abele le tshupelo ya gagwe,” mme ga a ka a itumelela “Kaine le tshupelo ya gagwe.” Ka jalo, Jehofa o ne a lebile thatathata boemo jwa pelo ya moobamedi. Ka go dira jalo, o ne a lemoga eng? Bahebera 11:4 ya re Abele a isa setlhabelo sa gagwe “ka tumelo.” Ka jalo, go bonala fa Kaine a ne a se na tumelo e e dirileng gore setlhabelo sa ga Abele se amogelwe.

Mo kgannyeng eno, go botlhokwa go ela tlhoko gore tshupelo ya ga Abele e ne e akaretsa go tshololwa ga madi. A ka tswa a ile a akanya gore tsholofetso ya Modimo malebana le losika lo lo tla lomiwang serethe e akaretsa setlhabelo sa botshelo. Ka jalo tshupelo ya ga Abele e ka tswa e ne e le boikuelo jwa tetlanyo, mme e ne e supa tumelo ya gore Modimo o tla dira gore go nne le setlhabelo sa tetlanyo sa maleo a rona ka nako e e tshwanetseng.

Go farologana le ene, go bonala fa Kaine a ile a se ka a akanya thata ka tshupelo e a e dirileng. Motlhalosi mongwe wa Baebele wa lekgolo la bo19 la dingwaga o ne a akantsha gore “tshupelo ya gagwe e ne e le fela go bontsha gore o dumela gore Modimo ke moabi.” “Go ne go supa gore o ne a sa lemoge gore go na le sekgoreletsi fa gare ga gagwe le Mmopi, e bile o ne a sa bone go tlhokega gore a ipolele dibe kana go ikaega ka tetlanyo.”

Mo godimo ga moo, ka go bo Kaine e ne e le leitibolo a ka tswa ka boikgodiso a ne a akanya gore ke ene losika lo lo solofeditsweng lo lo tla fedisang Noga e leng Satane. Efa le ene a ka tswa a ile a nna le keletso e e ntseng jalo ya boikgodiso ka morwa wa gagwe wa leitibolo. (Genesise 4:1) Gone mme, fa e le gore Kaine le Efa ba ne ba lebeletse seo, ka maswabi ba ne ba le phoso.

Baebele ga e bontshe gore Jehofa o ne a supa jang gore o amogela setlhabelo sa ga Abele. Batho bangwe ba bolela gore se ne sa jewa ke molelo go tswa kwa legodimong. Le fa go ka tswa go diragetse eng, fa a bona gore tshupelo ya gagwe ga e a amogelwa, “Kaine a nna bogale thata, le sefatlh[e]go sa gagwe sa befa.” (Genesise 4:5) Kaine o ne a lebane le masetlapelo.

Kgakololo ya ga Jehofa le go Tsiboga ga ga Kaine

Jehofa o ile a bontsha Kaine mabaka. O ile a botsa jaana: “Ana o galefetseng? Le sefatlh[e]go sa gago se befetseng?” Seno se ne sa neela Kaine nako e ntsi ya gore a sekaseke maikutlo le maitlhomo a gagwe. Jehofa o ile a tswelela jaana: “Fa o simolola go dira molemo, a ga o kitla o godisiwa? Mme fa o sa simolole go dira molemo, go na le boleo jo bo bataletseng fa kgorong, mme bo a go eletsa; mme fa e le wena, a o tla bo fekeetsa?”—Genesise 4:6, 7, NW. (Bona lebokoso mo tsebeng 23.)

Kaine ga a ka a reetsa. Go na le moo, o ne a isa Abele kwa nageng mme a mmolaya. Moragonyana fa Jehofa a botsa Kaine gore Abele o kae, o ne a oketsa boleo jwa gagwe ka maaka. O ne a araba jaana: “Ga ke itse. A ke modisa wa ga nnake?”—Genesise 4:8, 9.

Pele le morago ga polao ya ga Abele, Kaine o ne a gana ‘go dira se se molemo.’ Kaine o ne a tlhopha go letla gore boleo bo mo laole, mme ka ntlha ya seno, o ne a kobiwa mo lefelong le go neng go nna batho mo go lone. Go ne ga tlhomiwa “sesupo” kana gongwe maikano a gore go se ka ga nna le ope yo o ipusolosetsang mo go Kaine ka ntlha ya go bolaya Abele.—Genesise 4:15.

Moragonyana Kaine o ne a ya go aga motse, o a neng a o bitsa ka morwa wa gagwe. Ga go gakgamatse go bo ditlogolwana tsa gagwe di ile tsa tuma ka go rata thubakanyo. Kgabagare, losika lwa ga Kaine lo ne lwa fela fa Morwalela wa ga Noa o ne o gogola batho botlhe ba ba sa siamang.—Genesise 4:17-24; 7:21-24.

Pego ya Baebele e e kaga Kaine le Abele ga ya ka ya bolokiwa fela gore re itlose bodutu ka yone. Go na le moo, e ne ya “kwalelwa go re laya” e bile e “mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng.” (Baroma 15:4; 2 Timotheo 3:16) Re ka ithuta eng mo pegong eno?

Thuto mo go Rona

Jaaka Kaine le Abele, Bakeresete gompieno ba lalediwa gore ba ntshetse Modimo setlhabelo—e seng tshupelo ya mmatota e e fisiwang, mme “setlhabelo sa pako, ke gore leungo la dipounama tse di bolelang leina la gagwe phatlalatsa.” (Bahebera 13:15) Seno se ntse se dirwa mo lefatsheng lotlhe, fa Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo dinageng tse di fetang 230. (Mathaio 24:14) A o na le seabe mo tirong eo? Fa go ntse jalo o ka tlhomamisega gore “Modimo ga o tshiamololo mo o ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la one.”—Bahebera 6:10.

Fela jaaka go ne go ntse ka ditshupelo tsa ga Kaine le Abele, setlhabelo sa gago ga se atlholwe go ya ka tebego ya sone—ka sekai, go ya fela ka palo ya diura tse o di dirang mo bodireding. Jehofa o leba se se fetang seo. Jeremia 17:10 ya re o “fukutsa pelo” e bile tota o “leka diphilo”—dikakanyo tse di boteng, maikutlo le maitlhomo a botho jwa motho. Ka jalo selo se se botlhokwa ke maitlhomo, e seng palo. Totatota, e ka tswa e le gore setlhabelo se segolo kana se sennye, se botlhokwa mo Modimong fa se ntshiwa go tswa pelong e e tlhotlhelediwang ke lorato.—Bapisa Mareko 12:41-44 le 14:3-9.

Ka nako e e tshwanang, re tshwanetse go lemoga gore Jehofa a ka se ka a amogela ditlhabelo tse di bokoa, fela jaaka a ile a se ka a amogela tshupelo ya ga Kaine e e neng e se ya pelo yotlhe. (Malaki 1:8, 13) Jehofa o batla gore o mo neye bojotlhe jwa gago, gore o mo direle ka pelo yotlhe, ka moya otlhe, ka mogopolo otlhe le nonofo yotlhe ya gago. (Mareko 12:30) A o dira jalo? Fa go ntse jalo, o na le lebaka le le utlwalang la go kgotsofalela setlhabelo sa gago. Paulo o ile a kwala jaana: “A mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go kgana malebang le ene ka esi, mme e seng a ipapisa le motho yo mongwe.”—Bagalatia 6:4.

Kaine le Abele ba ne ba godisitswe ka tsela e e tshwanang. Mme nako le maemo di ne tsa dira gore mongwe le mongwe wa bone a nne le mekgwa e e sa tshwaneng le ya yo mongwe. Boikutlo jwa ga Kaine bo ne jwa nna jwa senngwa ke lefufa, kgang le tšhakgalo.

Go farologana le ene, Modimo o gakologelwa Abele e le monna yo o siameng. (Mathaio 23:35) Go iketleetsa ga ga Abele go direla Modimo go sa kgathalesege gore go direga eng go ne ga dira gore a farologane thata le ba lelapa la gaabo ba ba neng ba se na tebogo—Adame, Efa le Kaine. Baebele e re bolelela gore le mororo Abele a ile a swa, “lefa go ntse jalo, o a bua.” Go direla ga gagwe Modimo ka boikanyegi ke karolo ya pego e e nnetseng ruri ya hisitori e e mo Baebeleng. E kete re ka latela sekao sa ga Abele ka go tswelela re ntsha ditlhabelo tse Modimo a di amogelang.—Bahebera 11:4.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Batho bangwe ba akanya gore tshimo ya Edene e ne e le mo lefelong lengwe la dithaba mo karolong ya botlhaba e gompieno e leng Turkey.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebee 23]

Sekao sa Bagakolodi ba Bakeresete

“A NA o galefetseng? Le sefatlh[e]go sa gago se befetseng?” Jehofa o ne a bontsha Kaine mabaka ka bopelonomi ka go mmotsa potso eno. Ga a ka a pateletsa Kaine go fetoga, ka gonne Kaine o ne a na le tshwanelo ya go itirela ditshwetso. (Bapisa Duteronome 30:19.) Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a etsaetsega go tlhalosa ditlamorago tsa go fapoga ga ga Kaine. O ne a tlhagisa Kaine jaana: “Fa o sa dire sentle, boleo bo ipobile fa mojakong; mme keletso ya jone e tla nna mo go wena.”—Genesise 4:6, 7.

Go botlhokwa go ela tlhoko gore tota le ka kgalemelo e e nonofileng eno, Jehofa ga a ka a tshwara Kaine jaaka ‘setlhobogwa.’ Go na le moo, o ne a bolelela Kaine ka masego a a tla a bonang fa a ka fetola ditsela tsa gagwe mme a bontsha fa a tshepa gore Kaine o tla fenya bothata jono fa a batla. Jehofa o ne a re: “A ga ke re fa o dira sentle o tlaa amogelesega?” O bile a botsa Kaine jaana malebana le bogale jwa gagwe jo bo maswe: ‘Mme wena a o tla bo laola?’

Gompieno, bagolwane mo phuthegong ya Bokeresete ba tshwanetse go etsa sekao sa ga Jehofa. Jaaka go bontshitswe mo go 2 Timotheo 4:⁠2 ka dinako tse dingwe ba tshwanetse go “kgalemela” le go “kgalema ka bogale” ba tlhalosa ka tlhamalalo ditlamorago tsa tsela e motho yo o leofang a e tsayang. Ka nako e e tshwanang, bagolwane ba tshwanetse go “rotloetsa.” Lefoko la Segerika la pa·ra·ka·leʹo le raya go “kgothatsa.” “Kgakololo ya teng ga se mafoko a a tlhabang, a a tsosang dikgang, kana a a tshwayang diphoso,” go bolela jalo Theological Dictionary of the New Testament. “Lebaka la go bo kgomotso e ka nna bokao jo bongwe jwa lone le supa mogopolo o o tshwanang.”

Lefoko le Segerika le le amanang le leo e leng pa·raʹkle·tos, le ka raya mothusi kana mmueledi mo kgannyeng ya semolao. Ka jalo, tota le fa bagolwane ba neela kgalemelo e e tlhamaletseng, ba tshwanetse go gakologelwa gore ke bathusi ba motho yo o tlhokang kgakololo e seng baganetsi ba gagwe. Jaaka Jehofa, bagolwane ba tshwanetse go nna le boikutlo jo bo siameng, ba bontsha gore ba tshepa gore motho yo o gakololwang a ka kgona go fenya bothata.​—Bapisa Bagalatia 6:1.

Gone mme, go tswa mo mothong yoo gore a o tla dirisa kgakololo eo. (Bagalatia 6:5; Bafilipi 2:​12) Bagakolodi ba ka nna ba fitlhela gore batho bangwe ga ba tseye ditlhagiso tsa bone tsia, fela jaaka Kaine a ile a tlhopha go itlhokomolosa kgalemelo ya Mmopi ka boene. Le fa go ntse jalo, fa bagolwane ba etsa Jehofa, yo e leng Sekao se se itekanetseng sa bagakolodi ba Bakeresete, ba ka tlhomamisega gore ba dirile se ba neng ba tshwanetse go se dira.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela