Go Tlhokega Eng Gore Lenyalo le Atlege?
A o ka tlhopha go tlolela mo nokeng o ise o ithute go sapa? Go tsaya kgato e e ntseng jalo ya boeleele go ka go gobatsa—le e leng go go bolaya. Le fa go ntse jalo, akanya ka batho ba bantsi ba ba tlolelang mo lenyalong ba sa itse tsela ya go rwala maikarabelo a gone gotlhelele.
JESU o ne a re: “Ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a ba a bala tshenyegelo, go bona fa e le gore o na le mo go lekaneng go e wetsa?” (Luke 14:28) Fela jaaka go ntse ka go aga tora go ntse fela jalo ka go aga lenyalo. Batho ba ba batlang go nyala ba tshwanetse go bala ditshenyegelo tsa lenyalo ka kelotlhoko ba tlhomamisa gore ba tla kgona go emelana le se le se tlhokang.
Go Sekaseka Lenyalo
Go nna le molekane yo o abelanang boipelo le mahutsana a botshelo ke tshegofatso tota. Lenyalo le tswala phatla e e bakiwang ke go nna o le nosi kana go tlalelwa. Le ka kgotsofatsa keletso ya rona e re tshotsweng ka yone ya go batla go ratiwa, bolekane le botsalano jo bogolo. Ke ka lebaka le le utlwalang go bo Modimo a ile a bolela jaana fa a sena go bopa Adame: “Ga go molemo fa monna a ka nna a le esi; ke tlaa mo direla thuso e e mo lebanyeng.”—Genesise 2:18; 24:67; 1 Bakorintha 7:9.
Ee, go nyala go ka rarabolola mathata mangwe. Mme le fa go ntse jalo, go ka tlisa a mangwe a masha. Ka ntlha yang? Ka gonne lenyalo le kopanya batho ba babedi ba botho jo bo farologaneng gongwe e le ba ba tshwanelanang mme ba sa tshwane gotlhelele. Ka jalo, tota le banyalani ba ba tshwanelanang ka dinako tse dingwe ba tla nna le dikgotlhang. Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a kwala a bolela gore batho ba ba nyalanang ba tla nna le “pitlagano mo nameng ya bone”—kana jaaka The New English Bible e e ranola, “botlhoko le khutsafalo mo botshelong jwa bone jwa nama.”—1 Bakorintha 7:28.
A Paulo o ne a feteletsa dilo? Le e seng! Ke fela gore o ne a kgothaletsa batho ba ba akanyetsang lenyalo gore ba tseye dilo jaaka di ntse. Boitumelo jo bogolo jo bo bakwang ke go kgatlhwa ke mongwe ga se tsela e e siameng ya go lekanya gore botshelo jwa lenyalo bo tla nna jang mo dikgweding le mo dingwageng tsa morago ga letsatsi la lenyalo. Lenyalo lengwe le lengwe le na le dikgwetlho le mathata a e leng a lone fela. Potso ga se gore a di tla nna teng mme ke gore o tla lebana jang le tsone.
Mathata a dira gore monna le mosadi ba bontshe kafa ba ratanang ka gone tota. Go tshwantsha: Sekepe se se tsayang mesepele se ka nna sa bonala se nonofile thata fa se ntse fela, se tshetletswe mo boemelakepeng. Le fa go ntse jalo, lewatle ke lone le ka lekang nonofo ya sone—gongwe e bile e le fa se le mo gare ga makhubu a a tsubutlang a sefefo. Maatla a sebofo sa lenyalo le one ga a itshupe fela fa go le kagiso le fa lorato lo ile magoletsa. Ka dinako tse dingwe, a itshupa ka dinako tsa diteko tse mo go tsone baratani ba fenyang ditsuatsue tsa mathata.
Go dira jalo, banyalani ba tlhoka go itlama, ka gonne boikaelelo jwa Modimo e ne e le gore monna o tla “ngaparela mosadi wa gagwe” mme bobedi jwa bone ba “tla nna nama e le nngwe.” (Genesise 2:24) Kgopolo ya go itlama e tshosa batho ba le bantsi gompieno. Le fa go ntse jalo, go a utlwala gore batho ba babedi ba ba ratanang ba dire maikano a a masisi a gore ba tla nna mmogo. Go itlama go dira gore lenyalo le nne le seriti. Go dira gore go nne le lebaka la go tshepana, go sa kgathalesege gore go direga eng, monna le mosadi ba tla tshegetsana.a Fa o ise o siamele go itlama jalo, ga o ise o siamele lenyalo. (Bapisa Moreri 5:4, 5.) Tota le batho ba ba setseng ba nyetse ba ka tlhoka go tokafatsa tsela e ba lemogang ka teng botlhokwa jwa go itlama gore lenyalo le atlege.
Go Itshekatsheka
Ga go na pelaelo gore o ka umaka dinonofo tse o di batlang mo molekaneng. Le fa go ntse jalo, go thata le go feta go itshekatsheka gore o tle o bone gore o ka thusa jang mo lenyalong. Go itshekatsheka go botlhokwa thata, pele le morago ga gore motho a dire maikano a lenyalo. Ka sekai, ipotse dipotso tse di latelang.
• A ke ikaeletse go itlama botshelo jwa me jotlhe mo molekaneng wa me?—Mathaio 19:6.
Mo metlheng ya moporofeti wa Baebele e bong Malaki, banna ba le bantsi ba ne ba tlogela balekane ba bone, gongwe e le gore ba nyale basadi ba bannye. Jehofa o ne a re sebeso sa gagwe se tletse ka dikeledi tsa basadi ba ba tlogetsweng, mme o ne a kgala banna ba ba ‘diretseng balekane ba bone ka bonongwane.’—Malaki 2:13-16.
• Fa e le gore ke akanya ka lenyalo, a ke setse ke fetile dingwaga tsa go thunya ga bosha tse mo go tsone boikutlo jwa go tlhakanela dikobo bo sa ntseng bo nonofile thata mme bo ka nnang jwa dira gore ke se ka ka akanya dilo sentle?—1 Bakorintha 7:36.
Nikki yo a neng a na le dingwaga di le 22 fa a nyalwa o bolela jaana: “Go diphatsa thata go nyalwa o sa le mosha thata.” O tlhagisa jaana: “Maikutlo a gago, mekgele ya gago le dilo tse o di ratang di tla nna di fetofetoga go tloga mo dingwageng tsa gago tsa bolesome go fitlha o tsena mo bogareng jwa dingwaga tsa bo20.” Le gale, go siamela lenyalo go ka se ka ga lekanyediwa ka dingwaga fela. Le fa go ntse jalo, go nyala o ise o fete nako ya bosha e mo go yone maikutlo a tsa tlhakanelodikobo a leng masha e bile a nonofile thata go ka dira gore tsela e motho a akanyang ka yone e sirege le go dira gore motho a se ka a lemoga mathata a a ka nnang teng.
• Ke dinonofo dife tse ke nang natso tse di ka nthusang gore ke thuse go dira gore lenyalo le atlege?—Bagalatia 5:22, 23.
Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakolosa jaana: “Ikapeseng dikatamalano tse di bothito tsa tlekeetso tsa bopelotlhomogi, bopelonomi, kgobalalo ya mogopolo, bori, le go itshwara ka bopelotelele.” (Bakolosa 3:12) Kgakololo eno e tshwanela batho ba ba akanyang ka go nyala mmogo le ba ba setseng ba nyetse.
• A nka kgona go bontsha gore ke godile sentle mo nka emang molekane nokeng ka dinako tsa mathata?—Bagalatia 6:2.
Ngaka nngwe e bolela jaana: “Fa go tlhaga mathata, gantsi tlwaelo ke go tshwaya molekane phoso. Gore phoso ke ya ga mang ga se sone selo se se botlhokwa. Go na le moo, ke gore monna le mosadi ba dirisana jang go tokafatsa kamano ya bone ya lenyalo.” Mafoko ano a Kgosi e e botlhale Solomone a ka dira le mo banyalaning. O ne a kwala jaana: “Batho go nna babedi go molemo bogolo go a le mongwe fela; . . . gonne fa ba wa, yo mongwe o tlaa kakatlolola monkane wa gagwe; mme go a bo go latlhega ene yo o leng esi fa a wa, mme a se na yo mongwe yo o mo kakatlololang?”—Moreri 4:9, 10.
• A go le gantsi ke motho yo o itumetseng le yo o nang le tsholofelo, kana a gantsi ke motho yo o sa itumelang le yo o itlhobogang?—Diane 15:15.
Motho yo o ratang go itlhoboga o tsaya letsatsi lengwe le lengwe e le le le sa itumediseng. Lenyalo ga le fetole boikutlo jono ka tsela ya kgakgamatso! Motho yo o seng mo lenyalong—monna kana mosadi—yo gantsi a tshwayang diphoso kana a rata go itlhoboga o tla nna fela jalo le fa a setse a nyetse. Boikutlo jo bo ntseng jalo jo bo sa siamang bo ka dira gore go nne thata mo lenyalong.—Bapisa Diane 21:9.
• A ke nna ke ritibetse fa ke le kafa tlase ga kgatelelo, kana a ke ineelela go garuma ba bangwe ka tšhakgalo?—Bagalatia 5:19, 20.
Bakeresete ba laelwa gore ba nne “bonya kaga go shakgala.” (Jakobe 1:19) Pele ga lenyalo le ka nako ya lenyalo, monna kana mosadi o tshwanetse go leka go tshela ka kgakololo eno: “Shakgalang, mme lefa go ntse jalo lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se ka la phirima lo santse lo rumolesegile.”—Baefeso 4:26.
Go Sekaseka Motho yo e Tla Nnang Molekane wa Gago
Seane sa Baebele se bolela jaana: “Senokopela se tle se itebe tsamao ya sone sentle.” (Diane 14:15) Seno se boammaaruri tota fa o tlhopha molekane wa lenyalo. Go tlhopha molekane wa lenyalo ke nngwe ya ditshwetso tse di botlhokwa thata tse monna kana mosadi a ka di dirang. Le fa go ntse jalo, go ile ga elwa tlhoko gore batho ba le bantsi ba fetsa nako e ntsi ba akanya gore ba tla reka koloi efe kana ba tla tsena sekolo sefe go gaisa e ba e fetsang ba akanya ka mofuta wa motho o ba tla ratang go nyalana nae.
Mo phuthegong ya Bokeresete, batho ba ba fiwang boikarabelo ‘ba lekwa pele gore a ba a tshwanela.’ (1 Timotheo 3:10) Fa o akanya go nyala, o tla tshwanelwa ke go tlhomamisa pele gore a motho yoo o a ‘go tshwanela.’ Ka sekai, akanya ka dipotso tse di latelang. Le fa gone di lebane mosadi, bontsi jwa tsone di ka ama le monna. Mme tota le batho ba ba nyetseng ba ka akanyetsa dintlha tseno gore ba solegelwe molemo.
• O itsege e le motho yo o ntseng jang?—Bafilipi 2:19-22.
Diane 31:23, (NW) e tlhalosa monna yo o “itsiwe[ng] mo dikgotleng, fa a dutse mo bagolwaneng ba lefatshe.” Bannabagolo ba motse ba ne ba tle ba nne mo dikgotleng ba atlhole. Ka jalo, go bonala fa a ne a na le maemo a boikarabelo mo setšhabeng. Tsela e batho ba lebang monna ka teng go bolela sengwe ka mokgwa wa gagwe. Fa go tshwanela, leba le tsela e a lebiwang ka teng ke batho ba ba leng kafa tlase ga taolo ya gagwe. Seno se ka supa gore fa o tla bo o le molekane wa gagwe o tla mo lebang jang.—Bapisa 1 Samuele 25:3, 23-25.
• O na le boitsholo jo bo ntseng jang?
Botlhale jwa bomodimo “santlhantlha bo itshekile.” (Jakobe 3:17) A motho yo o tla nnang molekane wa gago o amegile thata ka maemo a bong jwa gagwe go na le kafa a amegileng ka teng ka boemo jwa gagwe le jwa gago fa pele ga Modimo? Fa e le gore ga a dire maiteko gone jaanong go tshela go ya ka melao ya Modimo ya boitsholo, o na le mabaka afe a go dumela gore o tla dira jalo morago ga lenyalo?—Genesise 39:7-12.
• O ntshwara jang?—Baefeso 5:28, 29.
Buka ya Baebele ya Diane e bua ka monna yo o ‘ikanyang’ mosadi wa gagwe. Mo godimo ga moo, ‘o a mmaka.’ (Diane 31:11, 28) Ga a lefufa le le feteletseng, e bile ga se motho yo o sa akanyetseng. Jakobe o ne a kwala a re botlhale jo bo tswang kwa godimo bo “kagiso, bo kakanyetso, . . . bo tletse kutlwelobotlhoko le maungo a a molemo.”—Jakobe 3:17.
• O tshwara ba lelapa la gaabo jang?—Ekesodo 20:12.
Go tlotla batsadi ga se selo se se tlhokegang fela mo baneng. Baebele e bolela jaana: “Reetsa rrago yo o go tshotseng, mme o se ka wa nyatsa mmago fela ka gonne a tsofetse.” (Diane 23:22) Selo se se kgatlhang ke gore, Dr. W. Hugh Missildine o ne a kwala jaana: “Mathata a mantsi a lenyalo le go sa tshwanelane a ka tilwa—kana bobotlana a bonelwa pele—fa batho ba ba tlileng go nyalana ba ne ba ka etelana kwa magaeng a bone ba sa bolelelana mme ba ele tlhoko kafa ‘mokapelo’ le batsadi ba gagwe ba tshwaranang ka teng. Tsela e a lebang batsadi ba gagwe ka yone ke ka tsela e a tla lebang molekane wa gagwe ka yone. Motho o tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A ke batla go tshwarwa ka tsela e a tshwarang batsadi ba gagwe ka yone?’ Mme tsela e batsadi ba gagwe ba mo tshwarang ka yone e tla supa sentle gore ene o tla itshwara jang le gore o tla lebelela gore a tshwarwe jang—morago ga letsatsi la lenyalo.”
• A o rata go galefa le go dirisa puo e e kgobang?
Baebele e gakolola jaana: “A bogalaka jotlhe jwa bopeloetlhoi le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgojwa di tlosiwe mo go lona.” (Baefeso 4:31) Paulo o ne a tlhagisa Timotheo ka Bakeresete bangwe ba ba neng ba tla “lwala mo mogopolong kaga dipotso le dikganetsano ka mafoko” le ba ba neng ba tla ineelela mo go ‘tsweng pelo, kgogakgogano, dipuo tsa go kgoba, dipelaelo tsa boikepo, dikganetsano tsa bogale le dilo tse e seng tsa sepe.’—1 Timotheo 6:4, 5.
Mo godimo ga moo, Paulo o ne a kwala a re motho yo o tshwanelegelang ditshiamelo tse di kgethegileng mo phuthegong ga a tshwanela go nna “moitei”—go ya ka Segerika sa ntlhantlha, “a sa betse.” (1 Timotheo 3:3, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW) E ka se ka ya nna motho yo o itayang batho kana a ba sotla ka mafoko. Motho yo o ratang go dirisa dikgoka fa a galefile ga se molekane yo o molemo wa lenyalo.
• Mekgele ya gagwe ke eng?
Bangwe ba lelekisa dikhumo mme ba roba ditlamorago tsa gone tse ba sa kgoneng go di tila. (1 Timotheo 6:9, 10) Batho ba bangwe ba tshela fela ba se na boikaelelo mo botshelong ba se na mekgele e ba batlang go e fitlhelela. (Diane 6:6-11) Le fa go ntse jalo, motho yo o molemo o tla nna le boikaelelo jo bo tshwanang le jwa ga Joshua yo o neng a re: “Ka ga me, le ba ntlo ya me, rona re tlaa direla Jehofa fela.”—Jošua 24:15.
Maduo le Maikarabelo
Lenyalo ke selo se se tlhomilweng ke Modimo. Le tlhomamisitswe le go simololwa ke Jehofa Modimo. (Genesise 2:22-24) O ne a tlhoma thulaganyo ya lenyalo gore go nne le sebofo se se nnelang ruri fa gare ga monna le mosadi gore ba tle ba thusane. Fa monna le mosadi ba dirisa melaometheo ya Baebele, ba ka lebelela gore botshelo jwa bone e nne jo bo itumedisang.—Moreri 9:7-9.
Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go lemoga gore re tshela mo “dinako[ng] tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone.” Baebele e ile ya bolelela pele gore ka nako eno, batho ba tla nna “baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, . . . ba ba sa ikanyegeng ka nitamo, ba ba senang katamalano e e bothitho ya tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, . . . ba ba neelang batho ka boferefere, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso.” (2 Timotheo 3:1-4) Mekgwa eno e ka ama lenyalo la motho thata. Ka jalo, batho ba ba akanyang ka lenyalo ba tshwanetse go bala ditshenyegelo ba ritibetse mo mogopolong. Mme ba ba leng mo lenyalong gone jaanong ba tshwanetse go tswelela ba tokafatsa lenyalo la bone ka go ithuta kaelo ya Modimo e e tswang mo Baebeleng le go e dirisa.
Ee, batho ba ba akanyetsang lenyalo ba tla bo ba dira sentle fa ba ka leba ka kwa ga letsatsi la lenyalo. Mme mongwe le mongwe o tshwanetse gore a se ka a akanya fela ka go nyala mme a akanye le ka botshelo jwa go nna mo lenyalong. Ikaege ka Jehofa gore a go kaele gore o tle o akanye ka tsela e e tekatekano e seng fela go tsewa maikutlo ke lorato. Ka go dira jalo, o ka nna le lenyalo le le atlegileng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Baebele e dumelela lebaka le le lengwe fela la go tlhala mo motho a ka boang a nyala gape, mme lebaka leo ke “kgokafalo”—go tlhakanela dikobo le motho yo o seng mo lenyalong le ene.—Mathaio 19:9.
[Lebokoso mo go tsebe 5]
“Tlhaloso E e Di Gaisang Tsotlhe ya Lorato e Nkileng ka e Bala”
Dr. Kevin Leman o ne a bolela jaana: “O ka itse jang gore o rata motho tota? Go na le buka nngwe ya bogologolo e e tlhalosang lorato. Buka eno e batlile e na le dingwaga di le dikete di le pedi e le gone, mme e sa ntse e le tlhaloso e e di gaisang tsotlhe e nkileng ka e bala.”
Dr. Leman o ne a bua ka mafoko a moaposetoloi Paulo wa Mokeresete a a fitlhelwang mo Baebeleng mo go 1 Bakorintha 13:4-8:
“Lorato lo itshwara ka bopelotelele e bile lo pelonomi. Lorato ga lo fufege, ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose, ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo batle melemo ya lone, ga lo rumolesege. Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko. Ga lo ipelele tshiamololo, mme lo ipela le boammaaruri. Lo emelana le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe. Lorato ga lo ke lo fela.”
[Lebokoso mo go tsebe 8]
Maikutlo a ka Tsietsa
Go bonala fa morweetsana wa Moshulami wa mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele a ne a itse gore maatla a maikutlo a lorato a ka tsietsa. Fa Kgosi Solomone yo o maatla a ne a ipuelela mo go ene, o ne a raya ditsala tsa gagwe tsa basetsana a re “lo se ka lwa leka go tsosa lorato mo go nna kgotsa go lo kurusa go fitlha lone lo tsoga.” (Sefela sa Difela 2:7) Lekgarebe leno le le botlhale le ne le sa batle gore ditsala tsa lone di le gatelele gore le laolwe ke maikutlo. Seno se ka thusa le batho ba ba akanyang ka lenyalo gompieno. Laola maikutlo a gago. Fa o nyalana le mongwe, e tshwanetse ya bo e le ka go bo o rata motho yoo, e seng fela ka go bo o rata mogopolo wa go nna mo lenyalong.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Tota le ba e leng kgale ba nyalane ba ka nonotsha sebofo sa manyalo a bone
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
O tshwara batsadi ba gagwe jang?