LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 2/15 ts. 26-29
  • Silase—Monna yo o Neng a Kgothatsa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Silase—Monna yo o Neng a Kgothatsa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgang ya go Rupisiwa
  • Go Tsamaya ga Gagwe le Paulo
  • Go Betswa le go Tsenngwa mo Kgolegelong
  • Go Tloga Kwa Makedonia go ya Babilone
  • Sekao Se se Ka Latelwang
  • “Tla ka Kwano mo Makedonia”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Modisa wa Kgolegelo e Nna Mokeresete
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Timotheo—Mothusi yo Mosha wa ga Paulo
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • ‘Kagiso ya Modimo e Gaisa Kakanyo Yotlhe’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 2/15 ts. 26-29

Silase—Monna yo o Neng a Kgothatsa

FA E sa le bogologolo mo hisitoring ya Bokeresete, tiro ya balebedi ba ba etang ba ba ikanyegang e ne e le botlhokwa mo go kgothatseng batho ba Modimo le mo go anamiseng dikgang tse di molemo mo dikarolong tse di kgakala tsa lefatshe. Mongwe wa balebedi ba ntlha go tlhomiwa e ne e le Silase, moporofeti le leloko le le neng le eteletse pele mo phuthegong ya Jerusalema. O ne a na le seabe se segolo mo dilong tse di botlhokwa tse di amanang le tiro ya go rera e bile e le mongwe wa barongwa ba ntlha ba e neng e le baefangele kwa Yuropa. Ke eng se se neng sa dira gore Silase e nne motho yo o neng a tshwanelega tota go dira seno? Mme ke dinonofo dife tsa botho jwa gagwe tse go ka nnang molemo gore re di etse?

Kgang ya go Rupisiwa

Fa go ne go tsoga kgang ya go rupisiwa e e neng e ka baka kgaogano mo e ka nnang ka 49 C.E., setlhopha se se laolang kwa Jerusalema se ne se tlhoka go anamisa kaelo e e phepafetseng fa gare ga Bakeresete go rarabolola kgang eno. Mo maemong ano, Silase, yo gape a bidiwang Silefano, o tlhagelela mo pegong eo ya Baebele. O ka tswa a ne a le mongwe wa batho ba ba neng ba dira tshwetso yo a neng a tlhophilwe ka nako eo go nna moemedi wa “baaposetoloi le banna ba bagolwane,” gore a itsise “bakaulengwe ba ba kwa Antioka le Siria le Kilikia” tshwetso e e dirilweng. Kwa Antioka, Silase le Judase (Baresabase), ba patilwe ke Barenabase le Paulo, ba ne ba fetisa molaetsa o ba neng ba o tshwere, go bonala fa ba ile ba tlhalosa dilo tse di diragetseng kwa kokoanong ya kwa Jerusalema ka molomo, ditshwetso tse di dirilweng le se se neng se le mo lekwalong. Gape ba ile ba “kgothatsa bakaulengwe ka dipuo di le dintsi ba ba ba ba nonotsha.” Ditlamorago tse di itumedisang e nnile gore Bakeresete ba kwa Antioka ba ne ba “ipela.”—Ditiro 15:1-32.

Silase o ne a nna le seabe ka tsela eo mo go rarabololeng kgang eno e e botlhokwa. Mme tiro ya gagwe e ne e se motlhofo. Go ne go se na tsela e a neng a ka itse ka yone gore phuthego ya kwa Antioka e tla itshwara jang malebana le tshwetso e e dirilweng. Motlhalosi mongwe o bolela jaana: Ka gone, “go ne go tlhokega botlhale jo bogolo le matsetseleko go tlhalosa se baaposetoloi ba se kwadileng mo lekwalong lwa bone.” Lebaka la go bo Silase a ile a tlhophelwa kabelo eno e e masisi le re bolelela gore e tshwanetse ya bo e ne e le motho wa mofuta ofe. O ne a ka ikanngwa gore o tla tlhalosa dikaelo tsa setlhopha se se laolang ka tsela e e tshwanetseng. Mme gape o tshwanetse a bo a ne a le molebedi yo o botlhale yo o neng a kgona go letlanya phuthego fa go ne go tsoga dikganetso.

Go Tsamaya ga Gagwe le Paulo

Ga go tlhomamisiwe gore a Silase o ile a boela Jerusalema kana nnyaa fa a fetsa thomo eo. Le fa go ntse jalo, morago ga gore go nne le go sa utlwane fa gare ga Barenabase le Paulo ka ntlha ya ga Johane yo o bidiwang Mareko, Paulo o ne a tlhopha Silase, yo ka nako eo a neng a le kwa Antioka, gore ba tseye loeto lo losha lo sa ntlha ba neng ba ikaeletse go boa ba lo tsaya fa ba etela metse e Paulo a ileng a rera mo go yone ka nako ya loeto lwa gagwe lwa ntlha lwa borongwa.—Ditiro 15:36-41.

Go bo a ile a tlhopha Silase go ka tswa go ile ga tlhotlhelediwa ke go bo a itse boikutlo jo bo siameng jo a nang le jone ka kabelo ya kwa Baditšhabeng le taolo e a neng a na le yone ya go nna moporofeti le mmueledi wa setlhopha se se laolang fa a fetisa ditshwetso tsa bone go badumedi ba ba kwa Siria le Kilikia. Matswela e nnile a mantle thata. Buka ya Ditiro e anela jaana: “Jaanong ya re ba tswelela pele ka loeto ba raletse metse ba ne ba naya ba ba leng koo ditaelomolao gore ba di boloke tse baaposetoloi le banna ba bagolwane ba ba neng ba le kwa Jerusalema ba neng ba dirile tshwetso ka tsone. Jalo, eleruri, diphuthego tsa tswelela di nitamisiwa mo tumelong e bile di oketsega ka palo letsatsi le letsatsi.”—Ditiro 16:4, 5.

Fa barongwa ba ntse ba tsweletse ka loeto lwa bone, moya o o boitshepo o ne wa ba faposa gabedi mo tseleng e ba neng ba batla go e tsaya. (Ditiro 16:6, 7) Go ne ga okediwa ka Timotheo mo setlhopheng se se neng se le mo loetong kwa Lisetera, morago ga gore go nne le “dipolelelopele” tse di sa tlhalosiwang ka ga gagwe. (1 Timotheo 1:18; 4:14) Go ya ka ponatshegelo e e bonweng ke Paulo, yo le ene a neng a na le neo ya go porofesa, balebedi bano ba ba etang ba ne ba kaelwa gore ba kgabaganyetse ka sekepe kwa Makedonia, kwa Yuropa.—Ditiro 16:9, 10.

Go Betswa le go Tsenngwa mo Kgolegelong

Kwa Filipi “motse o mogolo wa kgaolo,” Silase o ne a diragalelwa ke sengwe se se sa lebalesegeng. Fa Paulo a sena go ntsha moya wa boitseanape mo mosetsaneng mongwe wa motlhanka, mme beng ba gagwe ba bona gore ba latlhegetswe ke tsela ya bone ya go bona letseno, ba ne ba gogela Silase le Paulo fa pele ga bommakeseterata ba motse. Ka ntlha ya seo, banna ba babedi bano ba ne ba sotliwa ka gore ba kaiwe phatlalatsa e le badirabosula, diaparo tsa bone tsa kafa ntle di gagolwa mo go bone, le go itewa ka dithobane mo borekisetsong.—Ditiro 16:12, 16-22.

Go itewa jalo e ne e se fela kotlhao e e botlhoko thata, e motho a sa kgoneng go e itshokela mme gape mo kgannyeng ya ga Paulo le Silase, go ne go se kafa molaong. Ka ntlha yang? Melao ya Baroma e ne e bolela gore go se ka ga bediwa moagi ope wa Roma. Paulo e ne e le moagi wa Roma mme go ka direga gore le Silase e ne le moagi wa gone. Fa ba sena go ba itaya ka “dititeo di le dintsi” Paulo le Silase ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong koo dinao tsa bone di neng tsa bofelelwa mo disaneng teng. Gustav Stählin o tlhalosa gore disana tseno e ne e le “didirisiwa tse di setlhogo thata tse ka tsone maoto a bagolegwa a neng a fataladiwa thata kafa go ka kgonegang ka teng, ka tsela ya gore ba se ka ba robala.” Le fa go ntse jalo, mo gare ga mpa ya bosigo “Paulo le Silase ba ne ba rapela e bile ba baka Modimo ka pina” mme kwantle ga pelaelo ba dira jalo mekwatla ya bone e tletse ka dintho tse di botlhoko.—Ditiro 16:23-25.

Seno se re bolelela sengwe gape ka botho jwa ga Silase. O ne a itumetse ka gonne ba ne ba boga ka ntlha ya leina la ga Keresete. (Mathaio 5:11, 12; 24:9) Go bonala fa e ne e le one moya o o ntseng jalo o o neng wa dira gore Silase le ditsala tsa gagwe ba kgone go atlega mo go kgothatseng le go nonotsha phuthego mo loetong lwa bone lo lo fetileng la kwa Antioka, ba dira gore Bakeresetekabone ba itumele. Boitumelo jwa ga Paulo le Silase bo tshwanetse jwa bo bo ile jwa oketsega fa ba ne ba gololwa ka tsela ya kgakgamatso mo kgolegelong ke thoromo ya lefatshe mme ba kgona go thusa modisa wa kgolegelo yo o neng a batla go ipolaya le lelapa la gagwe gore ba dumele mo Modimong.—Ditiro 16:26-34.

Paulo le ene Silase ga a ka a tshosiwa ke go itewa le go tsenngwa mo kgolegelong. Fa go sena go ntshiwa taelo ya gore ba gololwe, ba ne ba gana go tswa kwa Filipi ka bokhukhuntshwane, jaaka bommakaseterata ba ne ba lebeletse. Ba ne ba ema ba nitame mme ba swabisa babusi bao ba ba boikgodiso le ba ba gobelelang. Paulo o ne a botsa jaana: “Ba ne ba re kgwathisa phatlalatsa re sa bonwa molato, re le banna ba Baroma, ba ba ba re latlhela mo kgolegelong; mme jaanong ba re latlhela kwa ntle ka sephiri? Legoka! mme a ba tle ka bobone ba re ntshe.” E re ka bommakaseterata bano ba ne ba boifa se se tla diragalang, ba ne ba iphitlhela ba patelesega gore ba ye go rapela banna ba babedi bano gore ba tswe mo motseng.—Ditiro 16:35-39.

Fa Paulo le Silase ba sena go lemotsha balaodi bao ditshwanelo tsa bone tsa go nna Baroma, ba ne ba dira se bommakaseterata ba neng ba se kopa—mme e seng pele ga ba dumedisa ditsala tsa bone. Go ya ka se e neng e setse e le tlwaelo mo loetong loo lotlhe lwa go rera, gape Silase le molekane wa gagwe ba ne ba “kgothatsa” bakaulengwe mme morago ga foo ba tsamaya.—Ditiro 16:40.

Go Tloga Kwa Makedonia go ya Babilone

E re ka Paulo, Silase le ditsala tsa bone ba ne ba sa kgobiwa marapo ke se go neng go ka twe ke tiragalo e e sa itumediseng, ba ne ba fetela kwa tshimong e ntšha ya borongwa. Kwa Thesalonika ba ne ba lebana le mathata gape. E re ka Paulo a ile a atlega mo bodireding jwa gagwe ka Bosabata ba le bararo, baganetsi ba ba lefufa ba ne ba tlhotlheletsa segopa, mme seo sa dira gore go nne botoka gore barongwa bano ba tswe mo motseng bosigo. Ba ne ba ya Berea. Fa baganetsi ba utlwa ka katlego ya ga Paulo le ditsala tsa gagwe mo motseng oo, ba ne ba tla go tswa kwa Thesalonika. Paulo o ne a fetela go sele a le nosi, fa Silase le Timotheo bone ba ne ba sala kwa Berea gore ba tlhokomele setlhopha sa batho ba ba neng ba sa tswa go kgatlhega. (Ditiro 17:1-15) Silase le Timotheo ba ne ba kopana le Paulo kwa Korintha, ba tshotse dikgang tse di molemo mme gongwe le mpho e e neng e tswa kwa ditsaleng tse di ikanyegang kwa Makedonia. Se se tshwanetse sa bo se ile sa dira gore moaposetoloi yono yo o tlhokang a kgone go tlogela tiro ya boitshediso e a ileng a simolola go e dira, mme a boela mo tirong ya go rera ka tlhagafalo ka nako e e tletseng. (Ditiro 18:1-5; 2 Bakorintha 11:9) Kwa Korintha Silase le Timotheo le bone ba ne ba bidiwa baefangele le ditsala tsa ga Paulo. Ka jalo go bonala fa tiro ya bone e ile ya se ka ya fokotsega le kwa motseng oo.—2 Bakorintha 1:19.

Go dirisiwa ga leemedi “rona” mo makwalong a mabedi a a neng a ya go Bathesalonika—a oomabedi ka nako eo a neng a kwalwa go tswa kwa Korintha—go akanngwa fa go kaya gore Silase le Timotheo ba nnile le seabe mo go kwaleng. Le fa go ntse jalo, kakanyo ya gore Silase o ne a nna le seabe mo tirong ya go kwala, e theilwe mo go se Petere a se bolelang ka lengwe la makwalo a gagwe. Petere a re o kwadile lekwalo la gagwe la ntlha go tswa Babilone “ka Silefano, mokaulengwe yo o boikanngo.” (1 Petere 5:12, 13) Le fa seno se ka tswa se kaya fela gore Silefano e ne e le motshodi wa lekwalo, go farologana ga mokgwa wa go kwala fa gare ga makwalo a ga Petere a mabedi go ka nna ga supa gore o ne a dirisa Silase jaaka mokwaledi wa gagwe gore a kwale lekwalo la ntlha mme e seng la bobedi. Ka jalo, e nngwe ya ditalenta tse dintsi le ditshiamelo tsa puso ya Modimo tse Silase a neng a na le tsone e ka tswa e ne e le ya go nna mokwaledi.

Sekao Se se Ka Latelwang

Fa re ipha nako re tlhatlhoba dilo tse re itseng gore Silase o ne a di dira, pego ya gagwe e a kgatlha. Ke sekao se sentle thata mo barongweng le mo balebeding ba ba etang ba motlha wa rona. O ne a dira matsapa a magolo ka go tsamaya dikgala tse di leele, go thusa batho ba bangwe e seng go iphuthela dikhumo kana maemo. Boikaelelo jwa gagwe e ne e le go ba kgothatsa ka kgakololo e e molemo le e e tshwanelang, ka dipuo tse di baakanyeditsweng sentle tse di lorato le ka tlhoafalo ya gagwe mo bodireding jwa tshimo. Le fa o ka tswa o na le maemo afe mo phuthegong ya batho ba ga Jehofa, fa le wena o leka go nna le boikutlo jo bo siameng—tota le fa o lebane le mathata—le wena o tla kgothatsa badumedikawena.

[Mmapa mo go tsebe 29]

(For fully formatted text, see publication)

Loeto Lwa ga Paulo Lwa Bobedi Lwa Borongwa

Lewatle le Legolo

Antioka

Derebe

Lisetera

Ikonio

Teroase

Filipi

Amfipolisa

Thesalonika

Berea

Athena

Korintha

Efeso

Jerusalema

Kaesarea

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela