“Tempele” le “Kgosana” Gompieno
“E tlaa re ba tsena, kgosana e tsene, e le mo gare ga bone; le fa ba tswa ba tswe ba le mmogo.”—ESEKIELE 46:10.
1, 2. Ke boammaaruri bofe jwa botlhokwa jo bo re senolelang se se kaiwang ke ponatshegelo ya ga Esekiele ya tempele?
BORABI bangwe ba bogologolo ba ne ba sa kgotsofalele buka ya ga Esekiele ka botlalo. Go ya ka Talmud, bangwe ba bone ba bile ba akanya ka go ntsha buka eo mo lenaaneng la dibuka tsa Dikwalo Tse di Boitshepo. Ba ne ba palelwa segolobogolo ke go tlhalosa ponatshegelo ya tempele mme ba bolela gore batho ba ka se ka ba e tlhaloganya. Bakanoki ba bangwe ba Baebele ba ne ba tlhakanngwa tlhogo ke ponatshegelo ya ga Esekiele e e malebana le tempele ya ga Jehofa. Go tweng ka rona?
2 Fa e sa le kobamelo e e itshekileng e tsosolosiwa, Jehofa o ile a segofatsa batho ba gagwe ka lesedi le lentsi la temogo ya semoya go akaretsa le botlhale jwa go tlhaloganya gore tempele ya Modimo ya semoya ke eng—thulaganyo ya ga Jehofa ya sekatempele ya kobamelo e e itshekileng.a Boammaaruri jono jo bo botlhokwa bo re thusa go ribolola bokao jwa ponatshegelo ya ga Esekiele ya tempele. A re sekasekeng ka kelotlhoko dikarolo tse nnè tsa ponatshegelo eno—tempele, boperesiti, kgosana le lefatshe. Dilo tseno di kaya eng gompieno?
Tempele le Wena
3. Re ithuta eng ka marulelo a a kwa godimo thata le ka mekgabiso e e mo leboteng mo botsenong jwa tempele?
3 Akanya o le mo loetong lwa go bona tempele eno ya ponatshegelo. Re atamela le go palama direpudi di le supa go ya kwa go nngwe ya dikgoro tse dikgolo. Mo matsenong ano, re bona sengwe se se boitshegang. Marulelo a teng a bogodimo jwa dikilometara di le 30! Ka jalo re gopodiwa gore ditekanyetso tsa go tsena mo thulaganyong ya ga Jehofa ya kobamelo ke tsa maemo a a kwa godimo. Marang a lesedi le le tsenang ka difensetere a bonesa ditlhare tsa makolane a a gabilweng mo leboteng, tse di dirisiwang mo Dikwalong go tshwantshetsa tshiamo. (Pesalema 92:12; Esekiele 40:14, 16, 22) Lefelo leno le le boitshepo ke la ba ba siameng mo boitsholong le mo semoyeng. Go dumalana le seo, re batla go nna re dira se se siameng gore Jehofa a amogele kobamelo ya rona.—Pesalema 11:7.
4. Ke bomang ba ba sa letliweng go tsena mo tempeleng, mme seno se re ruta eng?
4 Mo letlhakoreng lengwe le lengwe la matseno ano go na le matlwana a mararo a tebelo. A balebedi ba tla re letla go tsena mo teng ga tempele? Jehofa o bolelela Esekiele gore go se tsene moeng ope yo o sa ‘rupang mo pelong.’ (Esekiele 40:10; 44:9) Seo se kaya eng? Modimo o amogela fela batho ba ba ratang molao wa gagwe le ba ba tshelang ka one gore e nne baobamedi ba gagwe. (Jeremia 4:4; Baroma 2:29) O amogela batho ba ba ntseng jalo mo mogopeng wa gagwe wa semoya, mo ntlong ya gagwe ya kobamelo. (Pesalema 15:1-5) Fa e sa le kobamelo e e itshekileng e tsosolosiwa ka 1919, phuthego ya ga Jehofa ya mo lefatsheng e ile ya tshegetsa melao ya gagwe ya boitsholo le go nna e e tlhalosa sentle. Batho ba ka boomo ba ganang go utlwa ga ba tlhole ba amogelesega go kopanela le batho ba gagwe. Gompieno, mokgwa ono o o theilweng mo Baebeleng wa go kgaola baleofi ba ba sa sokologeng o ile wa thusa go boloka kobamelo ya rona e le phepa e bile e itshekile.—1 Bakorintha 5:13.
5. (a) Ponatshegelo ya ga Esekiele e tshwana le ya ga Johane e e kwadilweng mo go Tshenolo 7:9-15 ka dilo dife? (b) Mo ponatshegelong ya ga Esekiele, ke bomang ba ba tshwantshetsang merafe e e 12 e e obamelang mo lelwapeng le le ka kwa ntle?
5 Matseno ano a tsenelela mo teng ga lelwapa le le ka kwa ntle koo batho ba obamelang le go baka Jehofa teng. Seno se re gopotsa ponatshegelo ya ga moaposetoloi Johane ya “boidiidi jo bogolo” jo bo obamelang Jehofa “motshegare le bosigo mo tempeleng ya gagwe.” Go buiwa ka makolane mo diponatshegelong tseno ka bobedi. Mo ponatshegelong ya ga Esekiele a kgabisitse mabota a matseno. Mo ponatshegelong ya ga Johane baobamedi ba tshotse dikala tsa makolane ka diatla, e leng se se tshwantshetsang boipelo jwa bone mo go bakeng Jehofa le go amogela Jesu jaaka Kgosi ya bone. (Tshenolo 7:9-15) Mo ponatshegelong ya ga Esekiele, merafe e 12 ya Iseraele e tshwantshetsa “dinku tse dingwe.” (Johane 10:16; bapisa Luke 22:28-30.) A le wena o mongwe wa ba ba itumelelang go baka Jehofa ka go bolela ka Bogosi jwa gagwe?
6. Tiro ya matlwana a a mo lelwapeng le le ka kwa ntle e ne e le eng, mme seno se gakolola batho ba dinku tse dingwe ka tshiamelo efe e ba nang le yone?
6 Fa re ntse re tsamaya mo lelwapeng le le kafa ntle, re bona matlwana a le 30 a mo go one batho ba ithaopelang go ntsha ditlhabelo. (Esekiele 40:17) Gompieno, batho ba dinku tse dingwe ga ba ntshe ditlhabelo tsa diphologolo, mme gone, ga ba tle mo tempeleng ya semoya ba iphotlhere. (Bapisa Ekesodo 23:15.) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ka [Jesu] a ka metlha re isetseng Modimo setlhabelo sa pako, ke gore, leungo la dipounama tse di bolelang leina la gagwe phatlalatsa. Mo godimo ga moo, lo se ka lwa lebala go dirwa ga molemo le go abalana dilo le ba bangwe, gonne ka ditlhabelo tse di ntseng jalo Modimo o itumedisiwa thata.” (Bahebera 13:15, 16; Hosea 14:2) Ke tshiamelo e kgolo go ntshetsa Jehofa ditlhabelo tse di ntseng jalo.—Diane 3:9, 27.
7. Go lekanngwa ga tempele go re tlhomamisetsa eng?
7 Esekiele o ntse a lebile fa moengele a lekanya tempele ya ponatshegelo. (Esekiele 40:3) Moaposetoloi Johane le ene o ne a bolelelwa jaana: “Nanoga mme o lekanye lefelo le le boitshepo la tempele la Modimo le pesetso le ba ba obamelang mo go lone.” (Tshenolo 11:1) Go lekanya gono go kaya eng? Go bonala fa mo makgetlong ano oomabedi e ne e le tsela ya go tlhomamisa, e le sesupo sa gore ga go na sepe se se tla thibelang Jehofa go diragatsa boikaelelo jwa gagwe malebana le kobamelo e e itshekileng. Le gompieno re ka tlhomamisega gore ga go na sepe—le e leng kganetso e e botlhoko ya mebuso e e maatla—se se ka thibelang go tsosolosiwa ga kobamelo e e itshekileng.
8. Ke bomang ba ba tsenang mo dikgorong tsa lelwapa le le kwa teng, mme dikgoro tseo di re gakolola eng?
8 Fa re kgabaganyetsa ka kwa ga lelwapa le le ka kwa ntle, re bona go na le dikgoro tse tharo tse di tsenelang ka kwa lelwapeng le le kwa teng; dikgoro tse di kwa teng di lebagane le dikgoro tse di kwa ntle e bile di lekana le tsone. (Esekiele 40:6, 20, 23, 24, 27) Ke baperesiti fela ba ba ka tsenang mo lelwapeng le le kwa teng. Dikgoro tse di kwa teng di re gopotsa gore batlodiwa ba tshwanetse go fitlhelela ditekanyetso tsa Modimo le melao ya gagwe, tsone ditekanyetso tseo le melao eo e kaela Bakeresete botlhe ba boammaaruri. Mme gone tiro ya baperesiti ke eng, mme seo se kaya eng gompieno?
Boperesiti jo bo Ikanyegang
9, 10. “Boperesiti jwa segosi” jo bo tshwantshediwang ke setlhopha sa baperesiti mo ponatshegelong ya ga Esekiele bo neela thuto efe ya semoya?
9 Mo metlheng ya pele ga Bokeresete, baperesiti ba ne ba dira tiro e kgolo kwa tempeleng. Go tlhaba diphologolo tsa ditlhabelo, go di fisetsa mo sebesong, le go direla baperesiti ba bangwe le batho e ne e le tiro e e boima. Mme ba ne ba na le tiro e nngwe e e botlhokwa. Jehofa o ne a laela jaana malebana le baperesiti: “Ba tlaa ruta batho ba me go farologanya dilo tse di itshepileng le tse e leng dilo fela, ba ba ba lemotsha se se itshekologileng le se se itshekileng.”—Esekiele 44:23; Malaki 2:7.
10 A o anaanela tiro e kgolo le ya boikokobetso e setlhopha sa batlodiwa sa “boperesiti jwa segosi” se e diretseng kobamelo e e itshekileng? (1 Petere 2:9) Jaaka baperesiti ba Balefi ba bogologolo, ba ile ba etelela pele mo go neeleng thuto ya semoya, go thusa batho go tlhaloganya dilo tse di itshekileng le tse Modimo a di amogelang le tse a sa di amogeleng. (Mathaio 24:45) Thuto e e ntseng jalo e e tlang ka dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng le ka dipokano le dikopano tsa Bokeresete, e ile ya thusa dimilione tsa batho gore di letlane le Modimo.—2 Bakorintha 5:20.
11. (a) Ponatshegelo ya ga Esekiele e ne ya gatelela jang botlhokwa jwa go nna phepa ga baperesiti? (b) Mo metlheng ya bofelo, batlodiwa ba ile ba itshekisiwa jang ka tsela ya semoya?
11 Le fa go ntse jalo, baperesiti ba tshwanetse go dira se se fetang fela go ruta ba bangwe gore ba nne phepa; bone ka bobone ba tshwanetse go nna phepa. Ka jalo, Esekiele o ne a bonela pele tiro ya go itshekisiwa ga boperesiti jwa Iseraele. (Esekiele 44:10-16) Ka tsela e e tshwanang, hisitori e bontsha gore ka 1918, Jehofa o ne a dula “jaaka moitshekisi” mo tempeleng ya gagwe ya semoya, a tlhatlhoba setlhopha se se tloditsweng sa boperesiti. (Malaki 3:1-5) Ba ba neng ba kaiwa ba le phepa mo semoyeng kana ba ba neng ba ikwatlhaela go bo pele ba ne ba obamela medimo ya disetwa ba ne ba letliwa go tswelela ka tshiamelo ya bone ya go direla mo tempeleng ya gagwe ya semoya. Le fa go ntse jalo, fela jaaka mongwe le mongwe, batlodiwa le bone ba ka leswafala—mo semoyeng le mo boitsholong. (Esekiele 44:22, 25-27) Ba ne ba tshwanela go dira ka natla gore ba nne ba “se na selabe se se tswang mo lefatsheng.”—Jakobe 1:27; bapisa Mareko 7:20-23.
12. Ke eng fa re tshwanetse go anaanela tiro ya batlodiwa?
12 Mongwe le mongwe wa rona a ka ipotsa gore, ‘A ke anaanela sekao se batlodiwa ba se tlhomileng mo dingwageng tse dintsi tsa tirelo ya bone e e ikanyegang? A ke etsa tumelo ya bone?’ Go molemo gore ba boidiidi jo bogolo ba gakologelwe gore ba ka se nne le batlodiwa ka metlha mo lefatsheng. Jehofa o ne a bolela jaana ka baperesiti ba ponatshegelo ya ga Esekiele: “Lo se ka lwa ba naya thuo epe [ya lefatshe] mo Iseraele; ke nna thuo ya bone.” (Esekiele 44:28) Batlodiwa le bone ba ka se ka ba nnela ruri mo lefatsheng. Ba na le boswa jwa selegodimo, mme ba boidiidi jo bogolo ba go tsaya e le tshiamelo go ba ema nokeng le go ba kgothatsa fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng.—Mathaio 25:34-40; 1 Petere 1:3, 4.
Kgosana—Ke Mang?
13, 14. Ke eng fa kgosana e tshwanetse ya bo e le mongwe wa dinku tse dingwe? (b) Kgosana e tshwantshetsa mang?
13 Jaanong go tsoga potso e e kgatlhang. Kgosana e emela mang? E re ka go buiwa ka ene e le motho a le mongwe le e le setlhopha, re ka nna ra akanya gore o emela setlhopha sa banna. (Esekiele 44:3; 45:8, 9) Bafe? Kwantle ga pelaelo ga se batlodiwa. Mo ponatshegelong, o dira mmogo thata le baperesiti, mme ga se mongwe wa bone. Go farologana le setlhopha sa baperesiti, o filwe boswa jwa lefatshe mme ka jalo o na le isagwe mo lefatsheng, e seng kwa legodimong. (Esekiele 48:21) Mo godimo ga moo, Esekiele 46:10 ya re: “E tlaa re ba tsena [morafe o e seng wa boperesiti], kgosana e tsene [mo lelwapeng le le ka kwa ntle la tempele], e le mo gare ga bone; le fa ba tswa ba tswe ba le mmogo.” Ga a tsene mo teng ga lelwapa le le kwa teng, go na le moo, o obamela mo lelwapeng le le ka kwa ntle, a tsena a tswa mo tempeleng le batho. Mabaka ano a dira gore re tseye kgosana e le mongwe wa boidiidi jo bogolo jwa dinku tse dingwe.
14 Kwantle ga pelaelo, kgosana e na le boikarabelo bongwe mo bathong ba Modimo. Mo lelwapeng le le ka kwa ntle, e dula mo maribelong a Kgoro ya Botlhaba. (Esekiele 44:2, 3) Seno se ka supa maemo a go okamela, a a tshwanang le a banna ba bagolwane ba kwa Iseraele ba ba neng ba nna fa kgorong ya motse mme ba atlhola. (Ruthe 4:1-12; Diane 22:22) Ke mang mo gare ga dinku tse dingwe yo o nang le boikarabelo jwa go okamela gompieno? Ke bagolwane ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba ba ileng ba tlhomiwa ka moya o o boitshepo. (Ditiro 20:28) Ka jalo gone jaanong setlhopha sa kgosana se baakanyediwa go direla mo maemong a bolaodi mo lefatsheng le lesha.
15. (a) Ponatshegelo ya ga Esekiele e re thusa jang go tlhaloganya kamano e bagolwane ba boidiidi jo bogolo le setlhopha sa baperesiti ba batlodiwa ba nang le yone? (b) Bagolwane ba batlodiwa ba etelela pele jang mo phuthegong ya Modimo ya selefatshe?
15 Mme gone, gompieno setlhopha sa batlodiwa ba baperesiti se na le kamano e e ntseng jang le banna bano ba bagolwane ba boidiidi jo bogolo ba ba mo maemong a go okamela? Ponatshegelo ya ga Esekiele e akantsha gore bagolwane ba e leng maloko a boidiidi jo bogolo ba dira tiro ya go ema batlodiwa nokeng le go ba ikobela fa ba ntse ba ba eteletse pele mo dilong tsa semoya. Jang? Gopola, baperesiti ba ba mo ponatshegelong ba ne ba filwe maikarabelo a go ruta batho dilo tsa semoya. Gape ba ile ba laelwa gore e nne baatlhodi ba ditsheko. Mo godimo ga moo, Balefi ba ne ba bewa “mo maemong a bolebedi” mo dikgorong tsa tempele. (Esekiele 44:11, 23, 24) Ga go pelaelo gore kgosana e ne e tla ikobela ditiro tsa semoya tsa baperesiti le boeteledipele jwa bone. Ka jalo he, go a tshwanela go bo batlodiwa ba eteletse dilo pele mo kobamelong e e itshekileng mo motlheng ono. Ka sekai, maloko a Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhophiwa mo gare ga bone. Bagolwane bano ba ba ikanyegang ba batlodiwa ba na le masome a dingwaga ba ntse ba thapisa setlhopha sa kgosana se se ntseng se gola, ba dira gore ba e tla nnang maloko a setlhopha seno ba ipaakanyetse letsatsi la fa ba tla bo ba fiwa taolo e e feletseng mo lefatsheng le lesha la Modimo le le tlang.
16. Go ya ka Isaia 32:1, 2, bagolwane botlhe ba tshwanetse gore ba itshware jang?
16 Maloko a setlhopha seno a a tla newang maikarabelo a a oketsegileng a go nna ba setlhopha sa kgosana ke balebedi ba ba ntseng jang? Boporofeti jo bo mo go Isaia 32:1, 2 bo bolela jaana: “Bonang, kgosi e tlaa busa ka tshiamo, le dikgosana di tlaa laola ka tshiamo. Monna o tlaa nna jaaka boipoteletso mo phefong, le boitekeletso mo ledimong; jaaka dinoka tsa metsi mo sekakeng, jaaka moriti wa lefika le legolo mo nageng e e lapisang.” Boporofeti jono bo a diragadiwa gompieno jaaka fa bagolwane ba Bakeresete—batlodiwa le ba dinku tse dingwe—ba berekela go sireletsa letsomane mo ‘diphefong’ tse di jaaka pogiso le go kgobega marapo.
17. Badisa ba Bakeresete ba tshwanetse go iteba jang, mme letsomane le tshwanetse go ba leba jang?
17 Lefoko “kgosana” ga le dirisiwe jaaka sereto se se tlotlomatsang banna bano. Go na le moo, le tlhalosa maikarabelo a banna bano ba nang nao mo go tlhokomeleng dinku tsa Modimo. Jehofa o tlhagisa jaana ka bogale: “A go lo lekane lona dikgosana tsa Iseraele; tlosang thubakano le thopo, mme lo dirafatse katlholo le tshiamiso.” (Esekiele 45:9) Go botlhokwa gore bagolwane botlhe gompieno ba tseye kgakololo eo tsia. (1 Petere 5:2, 3) Letsomane lone, le lemoga gore Jesu o re file badisa go nna “dimpho ka banna.” (Baefeso 4:8) Ditshwanelego tsa bone di kwadilwe mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng. (1 Timotheo 3:1-7; Tito 1:5-9) Ka jalo Bakeresete ba latela kaelo ya bagolwane.—Bahebera 13:7.
18. Gone jaanong mangwe a maikarabelo a batho ba e tla nnang ba setlhopha sa kgosana ke afe, mme ba tla nna le maikarabelo afe mo isagweng?
18 Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, dikgosana dingwe di ne di na le taolo e kgolo mme tse dingwe e nnye. Gompieno, bagolwane ba boidiidi jo bogolo ba na le maikarabelo a mantsi le a a farologaneng. Ba bangwe ba direla mo phuthegong e le nngwe; ba bangwe ba direla mo diphuthegong tse dintsi e le balebedi ba ba etang; ba bangwe ba direla naga yotlhe e le maloko a Komiti ya Lekala; ba bangwe ba thusa dikomiti tse di farologaneng tsa Setlhopha se se Laolang ka tlhamalalo. Mo lefatsheng le lesha, Jesu o tla tlhoma “dikgosana mo lefatsheng lotlhe” gore ba etelele baobamedi ba ga Jehofa pele mo lefatsheng. (Pesalema 45:16) Ga go na pelaelo gore o tla tlhopha bontsi jwa batho bano go tswa mo bagolwaneng ba ba ikanyegang ba gompieno. E re ka banna bano ba itshupa ba tshwanelega gone jaanong, o tla tlhopha go ba naya maikarabelo a magolwane mo isagweng fa a tla bo a senola seabe sa setlhopha sa kgosana mo lefatsheng le lesha.
Lefatshe la Batho ba Modimo Gompieno
19. Lefatshe la ponatshegelo ya ga Esekiele le emela eng?
19 Ponatshegelo ya ga Esekiele e bontsha le lefatshe le le tsosolositsweng la Iseraele. Karolo eno ya ponatshegelo e emela eng? Dipolelopele tse dingwe tse di buang ka go tsosolosiwa ga lefatshe la Iseraele, di ile tsa bolelela pele gore le ne le tla nna paradaise e e tshwanang le Edena. (Esekiele 36:34, 35) Gompieno, re na le “lefatshe” le le tsosolositsweng, mme le lone re ka re le tshwana le Edena. Ka tsela e e tshwanang, gantsi re a tle re bue ka paradaise ya rona ya semoya. Tora ya Tebelo e ile ya tlhalosa “lefatshe” la rona e le “lefelo la tiro” la batho ba ba tlhophilweng ba Modimo.b Gongwe le gongwe kwa motlhanka wa ga Jehofa a ka tswang a le gone, o mo lefatsheng leo le le tsosolositsweng fa fela a leka go kgomarela kobamelo ya boammaaruri ka go tsamaya mo dikgatong tsa ga Keresete Jesu.—1 Petere 2:21.
20. Re ka ithuta molaomotheo ofe malebana le “seromololo se se itshepileng” mo ponatshegelong ya ga Esekiele, mme re ka dirisa molaomotheo ono jang?
20 Go tweng ka karolo ya lefatshe e go tweng ke “seromololo se se itshepileng”? E ne e le moneelo o batho ba neng ba o ntsha go etleetsa baperesiti le motse. Ka tsela e e tshwanang, “batho botlhe ba lefatshe” ba ne ba tshwanetse go abela kgosana karolo ya lefatshe e le moneelo. Seno se kaya eng gompieno? Nnyaa, ga go bolele gore batho ba Modimo ba tshwanetse go imediwa ka setlhopha sa baruti ba ba duelwang. (2 Bathesalonika 3:8) Go na le moo, tsela e bagolwane ba tshegediwang ka yone thatathata ke ka tsela ya semoya. Go akaretsa go ba thusa mo tirong e e dirwang gone jaanong le go nna le moya wa tirisanommogo le go ba ikokobeletsa. Le fa go ntse jalo, jaaka mo motlheng wa ga Esekiele, seromololo seno se ntshediwa “Jehofa” e seng motho ope.—Esekiele 45:1, 7, 16.
21. Re ka ithuta eng malebana le go kgaoganngwa ga lefatshe la ponatshegelo ya ga Esekiele?
21 Ga se kgosana le baperesiti fela ba ba abetsweng manno mo lefatsheng leno le le tsosolositsweng. Go kgaoganngwa ga lefatshe go supa gore mongwe le mongwe wa merafe e e 12 o na le boswa jo a bo beetsweng. (Esekiele 47:13, 22, 23) Ka jalo ba boidiidi jo bogolo ga ba bone bonno fela mo paradaiseng ya semoya gompieno mme gape ba tla abelwa manno mo lefatsheng ka nako ya Bogosi jwa Modimo.
22. (a) Motse wa ponatshegelo ya ga Esekiele o emela eng? (b) Re ka ithuta eng malebana le kgang ya go bo motse o na le dikgoro mo matlhakoreng otlhe?
22 Sa bofelo, motse o o mo ponatshegelong eno o emela eng? Ga se motse wa selegodimo ka gonne o mo gare ga “motse fela” lefatshe (le le seng boitshepo). (Esekiele 48:15-17) Ka jalo e tshwanetse ya bo e le selo sa mo lefatsheng. Mme gone, motse ke eng? A ga go re neye mogopolo wa batho ba ba kopaneng e le setlhopha ba bopa sengwe se se agilweng se se rulagantsweng? Ee. Ka jalo, go bonala fa motse o tshwantshetsa thulaganyo ya selefatshe e e tla solegelang batho botlhe ba ba bopang setšhaba se se siameng sa mo lefatsheng molemo. O tla dira ka botlalo mo “lefatshe[ng] le lesha” le le tlang. (2 Petere 3:13) Dikgoro tsa motse tse di leng mo matlhakoreng otlhe, morafe mongwe le mongwe o na le e le nngwe, di tshwantshetsa kgololesego. Gompieno, batho ba Modimo ga ba kafa tlase ga tsamaiso nngwe ya sephiri. Bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo ba tshwanetse go nna batho ba ba atamelesegang; melaometheo e e ba kaelang e itsiwe sentle ke botlhe. Kgang ya go bo batho ba ba tswang mo merafeng yotlhe ba lema lefatshe le le fepang motse e re gakolola ka dinku tse dingwe tse di etleetsang dithulaganyo tsa tsamaiso tse di direlwang batho ba Modimo mo lefatsheng lotlhe, di di etleetsa le e leng ka dilo tse di bonalang.—Esekiele 48:19, 30-34.
23. Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?
23 Mme go tweng ka noka e e elelang go tswa mo lefelong le le boitshepo la tempele? Gore seo se emela eng gompieno le mo isagweng, e tla nna setlhogo sa boraro le sa bofelo sa metseletsele eno.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, tsebe 64, serapa 22, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
Dintlha Tsa Poeletso
◻ Tempele e e mo ponatshegelong ya ga Esekiele e tshwantshetsa eng?
◻ Baperesiti ba ba direlang kwa tempeleng ba tshwantshetsa bomang?
◻ Setlhopha sa kgosana ke bomang, mme maikarabelo mangwe a sone ke eng?
◻ Lefatshe la ponatshegelo ya ga Esekiele ke eng, mme le abelwa merafe e 12 ka tsela efe?
◻ Motse o tshwantshetsa eng?
[Setshwantsho/Mmapa mo go tsebe 15]
(For fully formatted text, see publicaiton)
Go abiwa ga lefatshe jaaka go tshwantsheditswe mo ponatshegelong ya ga Esekiele
MERAFE E E LESOME LE BOBEDI
Lewatle le Legolo
Lewatle la Galalea
Noka ya Joredane
Lewatle la Letswai
DANE
ASHERA
NAFETALI
MANASE
EFERAIME
RUBENE
JUDA
KGOSANA
BENJAMINE
SIMEONE
ISAKARE
SEBULONE
GADA
[Setshwantsho]
GO OKEDIWA GA SEROMOLOLO SE SE ITSHEPILENG
A. “Jehofa ka Boene o Gone Moo” (Jehovah-Shammah); B. lefatshe la motse le le ungwang
Karolo ya Balefi
Lefelo la ga Jehofa le le boitshepo
Karolo ya Baperesiti
B A B