LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 3/1 ts. 18-23
  • Jehofa o Segofatsa “Lefatshe” la Rona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Segofatsa “Lefatshe” la Rona
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Noka e Elela mo Lefatsheng le le Tsosolositsweng
  • Go Elela ga Masego a Magolo
  • Metsi a Lere Botshelo!
  • Noka Eno e Elela mo Teng ga Paradaise
  • “Sengwe le Sengwe se Tla Tshela, Gongwe le Gongwe Kwa Molatswana Ono o Yang Gone”
    Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Esekiele—II
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • “O Tlhome Pelo ya Gago” mo Tempeleng ya Modimo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Tlhalosa “Tsela e Tempele e Lebegang ka Yone”
    Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 3/1 ts. 18-23

Jehofa o Segofatsa “Lefatshe” la Rona

“Dilo tsotlhe di tlaa tshela gongwe le gongwe kwa noka e fitlhang teng.”—ESEKIELE 47:9.

1, 2. (a) Metsi a botlhokwa go le kana kang? (b) Metsi a noka ya ponatshegelo ya ga Esekiele a emela eng?

METSI ke seedi se se gakgamatsang. Botshelo jotlhe bo ikaegile ka one. Ga go na ope wa rona yo o ka kgonang go tshela nako e telele kwantle ga one. Gape re ikaegile ka one go phepafatsa, ka gonne metsi a kgona go tlosa le go tlhatswa leswe. Ka jalo re tlhapa le go tlhatswa mebele ya rona, diaparo tsa rona tota le dijo tsa rona mo go one. Go dira jalo go ka boloka botshelo jwa rona.

2 Baebele e dirisa metsi go tshwantshetsa dilo tsa semoya tse Jehofa a re neileng tsone gore re bone botshelo. (Jeremia 2:13; Johane 4:7-15) Dilo tseno di akaretsa go phepafadiwa ga batho ba gagwe ka setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete le go itse Modimo ka thuso ya Lefoko la gagwe. (Baefeso 5:25-27) Mo ponatshegelong ya ga Esekiele ya tempele, noka e e gakgamatsang e e elelang go tswa kwa tempeleng e tshwantshetsa masego a a ntseng jalo a a nayang botshelo. Mme gone, noka eo e elela leng mme e kaya eng mo go rona gompieno?

Noka e Elela mo Lefatsheng le le Tsosolositsweng

3. Ke eng se se ileng sa diragalela Esekiele, jaaka go begilwe mo go Esekiele 47:2-12?

3 Fa batho ba gaabo Esekiele ba ne ba le batshwarwa kwa Babilone, ba ne ba tlhoka dipaakanyetso tsa ga Jehofa fela thata. A bo go kgothatsa jang ne, go bo Esekiele a ile a bona metsi a rotha a tswa mo lefelong le le boitshepo mme a elela go tswa mo tempeleng e e mo ponatshegelong! Moengele mongwe o lekanya noka eno mo sekgaleng sengwe le sengwe sa mabogo a le 1 000. Boteng jwa yone bo oketsega go tswa mo magwejaneng go ya mo mangoleng go ya mo dinokeng go fitlha e nna noka e e batlang gore motho a sape. Noka eno e dira gore dilo di tshele di bo di ungwe. (Esekiele 47:2-11) Esekiele o bolelelwa jaana: “Fa nokeng, ka fa losing lwa yone, ka fa ntlheng nngwe le nngwe, go tlaa gola ditlhare dingwe le dingwe tse di jewang.” (Esekiele 47:12a) Fa noka eno e tsena mo Lewatleng le le Suleng—metsi a mantsi a go sa tsheleng sepe mo go one—go nna le botshelo! Ditlhapi di a nyeula. Go nna le kgwebo e kgolo ya ditlhapi.

4, 5. Boporofeti jwa ga Joele jo bo malebana le noka bo tshwana jang le jwa ga Esekiele, mme ke eng fa seno se le botlhokwa?

4 Boporofeti jono jo bo itumedisang bo ka tswa bo ile jwa gakolola batshwarwa ba Bajuda ka boporofeti jo bongwe jo bo kwadilweng makgolo a mabedi a dingwaga pelenyana: “Mo ntlong ya ga Jehofa go tla tswa motswedi, mme o tla nosa mokgatšha o o phothoselang wa Ditlhare tsa Mokala.”a (Joele 3:18, NW) Boporofeti jwa ga Joele, jaaka jwa ga Esekiele, bo bolelela pele gore noka e tla elela go tswa kwa ntlong ya Modimo, e leng tempele, mme e tlisa botshelo mo kgaolong e e omeletseng.

5 Ke bogologolo Tora ya Tebelo e tlhalosa gore boporofeti jwa ga Joele bo diragadiwa mo motlheng wa rona.b Jalo he, ga go pelaelo gore, go tshwanetse ga bo go ntse jalo le ka ponatshegelo ya ga Esekiele. Mo lefatsheng le le tsosolositsweng la batho ba Modimo gompieno, fela jaaka kwa Iseraeleng wa bogologolo, masego a ga Jehofa a elela tota.

Go Elela ga Masego a Magolo

6. Go kgatshiwa ga madi mo sebesong go ne go tshwanetse ga bo go ile ga gakolola Bajuda eng?

6 Masego a a tlelang batho ba Modimo ba ba tsosolositsweng a tswa kae? Ebu, ela tlhoko gore metsi a elela go tswa mo tempeleng ya Modimo. Le gompieno, masego a tswa go Jehofa ka tempele ya gagwe e kgolo ya semoya—thulaganyo ya kobamelo e e itshekileng. Ponatshegelo ya ga Esekiele e oketsa ka sengwe se se botlhokwa. Mo lelwapeng le le kafa teng, molatswana o feta go bapa le sebeso, kafa ntlheng ya borwa ya sone. (Esekiele 47:1) Sebeso se mo garegare ga tempele ya ponatshegelo. Jehofa o se tlhalosetsa Esekiele ka matsetseleko mme a bo a laela gore madi a setlhabelo a kgatshiwe mo godimo ga sone. (Esekiele 43:13-18, 20) Sebeso seo se ne se na le bokao jo bogolo mo Baiseraeleng botlhe. Kgolagano ya bone le Jehofa ga e bolo go tlhomamisiwa fa Moshe a ne a kgatsha madi mo sebesong fa tlase ga Thaba ya Sinai. (Ekesodo 24:4-8) Go kgatshiwa ga madi mo sebesong sa ponatshegelo eno go tshwanetse ga bo go ile ga ba gopotsa gore fa ba setse ba boetse kwa lefatsheng la bone le le tsosolositsweng, masego a ga Jehofa a tla elela fa fela ba tlotla kgolagano ya bone le ene.—Duteronome 28:1-14.

7. Sebeso sa tshwantshetso se kaya eng mo Bakereseteng gompieno?

7 Batho ba Modimo le bone gompieno ba segofadiwa ka kgolagano—e e botoka, kgolagano e ntšha. (Jeremia 31:31-34) Le yone ga e bolo go tlhomamisiwa ka madi a ga Jesu Keresete. (Bahebera 9:15-20) Gompieno, e ka ne re bangwe ba batlodiwa, ba ba nnang le seabe mo kgolaganong eo, kana re bangwe ba “dinku tse dingwe,” tse di solegelwang molemo ke kgolagano eo, re bona bokao jo bogolo mo sebesong seno sa tshwantshetso. Se tshwantshetsa thato ya Modimo e e malebana le setlhabelo sa ga Keresete. (Johane 10:16; Bahebera 10:10) Fela jaaka sebeso sa tshwantshetso se le mo gare ga tempele ya semoya, setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete le sone se botlhokwa thata mo kobamelong e e itshekileng. Ke motheo o ka one maleo a rona a itshwarelwang, mme ka jalo, ke motheo wa ditsholofelo tsotlhe tsa rona tsa isagwe. (1 Johane 2:2) Ka jalo re leka go tshela go ya ka molao o o amanang le kgolagano e ntšha, “molao wa ga Keresete.” (Bagalatia 6:2) Fa re nna re dira jalo, re tla solegelwa molemo ke dilo tse Jehofa a re thusang ka tsone gore re bone botshelo.

8. (a) Ke eng se se neng se tlhaela mo lelwapeng le le kwa teng la tempele ya ponatshegelo? (b) Baperesiti ba ba mo tempeleng ya ponatshegelo ba ne ba ka iphepafatsa jang?

8 Molemo mongwe wa tsone ke go nna le boemo jo bo siameng fa pele ga Jehofa. Mo tempeleng ya ponatshegelo, go tlhaela sengwe se se neng se le botlhokwa thata mo lelwapeng la motlaagana le mo tempeleng ya ga Solomone—mogopo o mogolo, o o neng o bidiwa lewatle, o baperesiti ba neng ba tlhapela mo go one. (Ekesodo 30:18-21; 2 Ditirafalo 4:2-6) Baperesiti ba ba mo tempeleng ya ponatshegelo ya ga Esekiele ba ne ba tla dirisa eng go iphepafatsa? Ebu, go ne go na le molapo o o gakgamatsang o o neng o elela mo lelwapeng le le kwa teng! Ee, Jehofa o ne a tla ba segofatsa gore ba nne le boemo jo bo phepa, kana jo bo boitshepo.

9. Batlodiwa le ba boidiidi jo bogolo ba ka nna le boemo jo bo phepa jang gompieno?

9 Le gompieno batlodiwa ba ile ba segofadiwa ka go nna le boemo jo bo phepa fa pele ga Jehofa. Jehofa o ba tsaya ba le boitshepo, a ba kaya ba siame. (Baroma 5:1, 2) Go tweng ka “boidiidi jo bogolo,” jo bo tshwantshediwang ke merafe e e seng ya boperesiti? Ba obamela mo lelwapeng le le ka kwa ntle, mme one molapo oo o elela mo karolong eo ya tempele ya ponatshegelo. A bo go tshwanela jang he, gore moaposetoloi Johane a bo a bone boidiidi jo bogolo bo apere diaparo tse di phepa tse ditshweu fa ba ntse ba obamela mo lelwapeng la tempele ya semoya! (Tshenolo 7:9-14) Le fa ba ka tswa ba ile ba tshwarwa jang mo lefatsheng leno le le bosula, ba ka tlhomamisega gore fa fela ba na le tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Keresete, Jehofa o ba tsaya ba le phepa e bile ba itshekile. Ba bontsha tumelo jang? Ka go latela dikgato tsa ga Jesu, ba dumela setlhabelo sa thekololo ka botlalo.—1 Petere 2:21.

10, 11. Karolo nngwe e e botlhokwa ya metsi a tshwantshetso ke eng, mme seno se amana jang le go atologa thata ga noka?

10 Jaaka go setse go umakilwe, go na le karolo e nngwe e e botlhokwa ya metsi ano a tshwantshetso—kitso. Mo Iseraeleng e e tsosolositsweng, Jehofa o ne a segofatsa batho ba gagwe ka thuto ya Dikwalo a dirisa baperesiti. (Esekiele 44:23) Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o segofaditse batho ba gagwe ka thuto e ntsi e e malebana le boammaaruri jwa Lefoko la gagwe, ka go dirisa “baperesiti ba segosi.” (1 Petere 2:9) Go nnile le kitso e ntsi ka ga Jehofa Modimo, maikaelelo a gagwe ka batho mme segolobogolo le ka ga Jesu Keresete le Bogosi jwa Bomesia e e ileng ya elela thata jaaka noka mo metlheng eno ya bofelo. A bo morwalela ono wa dilo tsa semoya tse di lapolosang tse re di newang o itumedisa jang ne!—Daniele 12:4.

11 Fela jaaka noka e moengele a neng a e lekanya e ne e nna boteng go ya pele, masego a a elelang go tswa go Jehofa le one a ile a nna a oketsega thata go tlamela batho ba bantsi ba ba tsenang mo lefatsheng la rona la semoya le le segofaditsweng. Boporofeti jo bongwe jo bo malebana le tsosoloso bo ile jwa bolela pele jaana: “Yo monnye o tlaa tla a nna sekete, le yo mmotlana a nna morafe o o thata; nna Jehofa ke tlaa go akofisa mo motlheng wa gone.” (Isaia 60:22) Mafoko ano a diragetse—dimilione di ile tsa thologela go kopanela le rona mo kobamelong e e itshekileng! Jehofa o dirile gore go nne le “metsi” a mantsi gore botlhe ba retologele mo go ene. (Tshenolo 22:17) O tlhomamisa gore phuthego ya gagwe ya mo lefatsheng e aba Dibaebele le dikgatiso tsa Baebele mo lefatsheng lotlhe, ka dipuo tse di makgolokgolo. Dipokano le dikopano tsa Bokeresete le tsone di ntse di rulaganngwa mo lefatsheng lotlhe e le gore batho botlhe ba bone metsi a a phepa a boammaaruri. Dilo tse di ntseng jalo di ama batho jang?

Metsi a Lere Botshelo!

12. (a) Ke eng fa ditlhare tse di mo ponatshegelong ya ga Esekiele di ungwa ka tsela e di ungwang ka yone? (b) Ditlhare tse di ungwang tseno di tshwantshetsa eng mo metlheng eno ya bofelo?

12 Noka e e mo ponatshegelong ya ga Esekiele e tlisa botshelo le boitekanelo. Fa Esekiele a utlwa ka ditlhare tse di tla golang fa thoko ga noka, o bolelelwa jaana: “Tse lekakaba la tsone le se ketlang le swaba, le tse maungo a tsone a a sa tlhaeleng. . . . Maungo a tsone a tlaa nna dijo, le lekakaba la tsone e tlaa nna la kalafo.” Ke eng fa ditlhare tseno di ungwa ka tsela e e gakgamatsang jaana? “Ka [gonne] metsi a [tsone] a tswa mo felong ga boitshepo.” (Esekiele 47:12b) Ditlhare tseno di tshwantshetsa dilo tsotlhe tse Modimo a rulagantseng gore ka tsone a busetse batho mo boitekanelong mo motheong wa setlhabelo sa thekololo ya ga Jesu. Gone jaanong mono lefatsheng, masalela a batlodiwa a etelela pele go re tlamela ka dijo tsa semoya le go re alafa. Fa ba ba 144 000 ba sena go bona tuelo ya bone ya selegodimo, melemo ya tirelo ya bone ya boperesiti jaaka babusimmogo le Keresete e tla fetela mo isagweng, mme kgabagare e felele ka gore go fenngwe loso lo lo tlileng ka Adame.—Tshenolo 5:9, 10; 21:2-4.

13. Ke kalafo efe e e nnileng teng mo motlheng wa rona?

13 Noka ya ponatshegelo e tsena mo Lewatleng le le Suleng le le se nang botshelo mme e fodisa sengwe le sengwe se e se amang. Lewatle leno le tshwantshetsa boemo jwa go swa mo semoyeng. Mme botshelo bo nyeula “gongwe le gongwe kwa noka e fitlhang teng.” (Esekiele 47:9) Le mo metlheng eno ya bofelo, gongwe le gongwe kwa metsi a botshelo a fitlhang teng, batho ba ile ba tshela mo semoyeng. Ba ntlha ba ba ileng ba tsosolosiwa jalo e ne e le masalela a batlodiwa ka 1919. Ba ne ba boa ba tshela gape mo semoyeng ba tswa mo seemong sa go swa, sa go se dire sepe. (Esekiele 37:1-14; Tshenolo 11:3, 7-12) Fa e sa le ka nako eo, metsi ao a a botlhokwa a ile a fitlha mo bathong ba bangwe ba ba suleng mo semoyeng, mme batho bano ba ile ba tshela mme ba bopa boidiidi jo bogolo jo bo ntseng bo oketsega jwa dinku tse dingwe, tse di ratang Jehofa le go mo direla. Go ise go ye kae, melemo eno e tla fiwa diketekete tsa batho ba ba tla tsosiwang.

14. Kgwebo ya ditlhapi e e atlegang fa thoko ga lotshitshi lwa Lewatle le le Suleng e tshwantshetsa eng gompieno?

14 Go tsoga semoyeng go dira gore go nne le maungo. Se se tshwantshediwa ke kgwebo ya ditlhapi e e atlegang mo dintshing tsa lewatle le le neng le sule pele. Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Ke tla lo dira batshwarabatho.” (Mathaio 4:19) Mo metlheng ya bofelo, tiro ya go tshwara ditlhapi e simolotse ka go phuthiwa ga ba ba setseng ba batlodiwa, mme ga ya ka ya ema moo. Metsi a botshelo a a tswang mo tempeleng ya ga Jehofa ya semoya, go akaretsa le masego a go nna le kitso e e tlhomameng, a ama batho ba ditšhaba tsotlhe. Gongwe le gongwe koo noka eno e fitlhileng gone, go nnile le botshelo jwa semoya.

15. Ke eng se se supang gore ga se mongwe le mongwe yo o tla amogelang dilo tse Modimo a re tlamelang ka tsone gore re bone botshelo mme go tla diragalang ka batho ba ba ntseng jalo kwa bofelong?

15 Le gale, gone jaanong ga se batho botlhe ba ba arabelang sentle mo molaetseng wa botshelo; e bile ga se batho botlhe ba ba tsositsweng ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete ba ba tla dirang jalo. (Isaia 65:20; Tshenolo 21:8) Moengele o bolela gore go na le dikarolo dingwe tsa lewatle tse di sa alafiwang. Mafelo ano a a loraga, a a se nang botshelo a ‘tla neelwa go nna letswai.’ (Esekiele 47:11) Malebana le batho ba motlha wa rona, ga se botlhe ba ba tla amogelang metsi a botshelo a ga Jehofa fa ba a abelwa. (Isaia 6:10) Ka Aramagedona, batho botlhe ba ba ileng ba itlhophela go nna ba sule mo semoyeng ba le mo boemong jwa go lwala, ba tla neelwa go nna letswai, ke gore, ba tla fedisediwa ruri. (Tshenolo 19:11-21) Le fa go ntse jalo, ba ba ileng ba nwa metsi ano ka boikanyegi ba ka solofela go falola le go bona go diragadiwa ga bofelo ga boporofeti jono.

Noka Eno e Elela mo Teng ga Paradaise

16. Ke jang e bile ke leng ponatshegelo ya ga Esekiele ya tempele e tla diragadiwang la bofelo?

16 Jaaka dipolelopele tse dingwe tsa go tsosolosiwa, go diragadiwa ga bofelo ga ponatshegelo ya ga Esekiele ya tempele e tla nna ka nako ya Dingwaga Tse di Sekete. Ka nako eo, setlhopha sa baperesiti se tla bo se sa tlhole se le mo lefatsheng. “Ba tla nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, mme ba tla busa e le dikgosi le ene [kwa legodimong] ka dingwaga di le sekete.” (Tshenolo 20:6) Baperesiti bano ba selegodimo ba tla thusa Keresete go aba melemo yotlhe ya setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete. Ka jalo, batho ba ba siameng ba tla bolokiwa, ba busediwa mo boitekanelong!—Johane 3:17.

17, 18. (a) Noka ya botshelo e tlhalosiwa jang mo go Tshenolo 22:1, 2 mme nako ya konokono ya go diragadiwa ga ponatshegelo eo e tla nna leng? (b) Kwa Paradaiseng, ke ka ntlha yang fa noka ya metsi a botshelo e tla atologa thata?

17 Tota e bile, ka nako eo noka e Esekiele a ileng a e bona e tla elela ka maatla a magolo e na le metsi a botshelo. Eno ke nako ya konokono ya go diragadiwa ga boporofeti jo bo kwadilweng mo go Tshenolo 22:1, 2: “A mpontsha noka ya metsi a botshelo, e galalela jaaka legweka, e elela e tswa kwa setulong sa bogosi sa Modimo le sa Kwana e ya le bogare jwa tsela ya one e e atlhameng. Mme ka kwano ga noka le ka kwa moseja ole go ne go na le ditlhare tsa botshelo di ungwa maungo a mefuta e le lesome le bobedi, di ungwa maungo a tsone kgwedi nngwe le nngwe. Mme matlhare a ditlhare tseno e ne e le a go alafa merafe.”

18 Ka nako ya Dingwaga Tse di Sekete, malwetse otlhe—a mmele, a tlhaloganyo le a maikutlo—a tla fodisiwa. Se se tshwantshediwa sentle ke ‘go alafiwa ga merafe,’ ka ditlhare tsa tshwantshetso. Ka thuso ya dilo tse Keresete le ba ba 144 000 ba re tlamelang ka tsone, “monni wa gona ga a ketla a re: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Mme noka e tla fitlha mo nakong ya gore e atologe thata. E tla tshwanela go atlhama le go nna boteng gore e tle e kgone go tlamela dimilione, gongwe diketekete tsa dimilione tsa batho ba ba tsositsweng ba ba tla nwang metsi ano a a itshekileng a botshelo. Noka ya ponatshegelo e ne ya alafa Lewatle le le Suleng, ya dira gore go nne le botshelo gongwe le gongwe koo e elelang gone. Kwa Paradaiseng, banna le basadi ba tla tshela ka botlalo, ba alafilwe mo losong lo ba le ruileng mo go Adame fa ba nna le tumelo mo melemong ya setlhabelo e ba e fiwang. Tshenolo 20:12 e bolelela pele gore go tla bulwa “dikwalomomeno” mo motlheng oo, di neela lesedi le le oketsegileng le batho ba ba tsositsweng ba tla solegelwang molemo mo go lone. Ka maswabi, bangwe ba tla gana go alafiwa, tota le mo Paradaiseng. Batho bano ba ba tsuololang ba tla ‘neelwa go nna letswai’ la go fedisediwa ruri.—Tshenolo 20:15.

19. (a) Go abiwa ga lefatshe go tla diragadiwa jang mo Paradaiseng? (b) Motse o tshwantshetsa eng mo Paradaiseng? (c) Kgang ya go bo motse o le kgakalanyana go tswa mo tempeleng e kaya eng?

19 Mme gape ka nako eo, go kgaoganngwa ga lefatshe la ponatshegelo ya ga Esekiele go tla diragadiwa la bofelo. Esekiele o ne a bona lefatshe le abiwa ka tsela e e tshwanetseng; Mokeresete mongwe le mongwe yo o ikanyegang le ene a ka tlhomamisega gore o tla nna le bonno, boswa mo Paradaiseng. Gongwe keletso ya go nna le ntlo ya gago ka namana le go nna mo go yone le go e tlhokomela e tla kgotsofadiwa ka tsela e e rulagantsweng. (Isaia 65:21; 1 Bakorintha 14:33) Motse o Esekiele a o boneng o tshwantshetsa thulaganyo ya ga Jehofa ya bolaodi e a ikaeletseng go e dira mo lefatsheng le lesha. Setlhopha sa baperesiti ba batlodiwa se ka se tlhole se nna gone mo gare ga batho ka namana. Ponatshegelo e akantsha seno ka go bolela gore motse oo ke lefatshe le e leng “motse fela” o o kgakalanyana le tempele. (Esekiele 48:15) Le fa ba ba 144 000 ba busa le Keresete kwa legodimong, ga se gore Kgosi ga e na baemedi mo lefatsheng. Babusiwa ba gagwe ba batho ba tla solegelwa molemo thata ke kaelo e e lorato ya setlhopha sa kgosana. Le fa go ntse jalo, bonno jwa mmatota jwa puso, bo ka se nne mo lefatsheng, mme bo tla nna kwa legodimong. Mongwe le mongwe mo lefatsheng, go akaretsa le setlhopha sa kgosana, o tla nna kafa tlase ga Bogosi jwa Bomesia.—Daniele 2:44; 7:14, 18, 22.

20, 21. (a) Ke eng fa leina la motse ono le tshwanela? (b) Go tlhaloganya ga rona ponatshegelo ya ga Esekiele go tshwanetse ga dira gore re ipotse dipotso dife?

20 Ela tlhoko mafoko a bofelo a boporofeti jwa ga Esekiele: “Go tswa mo tsatsing leo leina la motse le tlaa rewa go twe, Jehofa o gone.” (Esekiele 48:35) Motse ono o ka se ka wa nna gone go naya banna bape maatla kana taolo; e bile o ka se ka wa nna gone go diragatsa thato ya motho. Ke motse wa ga Jehofa o o supang mogopolo wa gagwe le ditsela tsa gagwe tse di lorato tse di molemo. (Jakobe 3:17) Seno se re tlhomamisetsa ka lorato gore Jehofa o tla segofatsa setšhaba sa gagwe se a se bopileng sa “lefatshe le lesha” gore se tsene mo isagweng e e tla nnelang ruri.—2 Petere 3:13.

21 A ga re itumelele tebelelo e re nang le yone? Go a tshwanela he, gore mongwe le mongwe wa rona a ipotse jaana: ‘Ke tsibogela jang masego a a itumedisang a a senotsweng mo ponatshegelong ya ga Esekiele? A ke tshegetsa tiro e e dirwang ke balebedi ba ba lorato ka boikanyegi, go akaretsa le masalela a batlodiwa le ba e tla nnang ba setlhopha sa kgosana? A ke dirile gore kobamelo e e itshekileng e nne selo sa konokono mo botshelong jwa me? A ke sola molemo ka botlalo metsi a botshelo a a elelang ka bontsi jaana gompieno?’ E kete mongwe le mongwe wa rona a ka dira jalo le go itumelela dilo tse Jehofa a re tlamelang ka tsone ka bosakhutleng!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mokgatšha ono o ka tswa o raya Mokgatšha wa Kiterone, o o anamelang kwa ntlheng ya borwa jwa Jerusalema mme o felela mo Lewatleng le le Suleng. Karolo ya one ya bofelo ke yone e e se nang metsi e bile e omile ngwaga otlhe.

b Bona dimakasine tsa Tora ya Tebelo tsa May 1, 1881 le June 1, 1981 (ka Seesemane).

O Ne O ka Araba Jang?

◻ Metsi a a elelang go tswa mo tempeleng a tshwantshetsa eng?

◻ Jehofa o alafile eng ka noka ya tshwantshetso mme ke eng fa metsi a noka eo a ile a oketsega?

◻ Ditlhare tse di fa thoko ga noka di tshwantshetsa eng?

◻ Motse o tla tshwantshetsa eng ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete, mme ke eng fa leina la motse oo le tshwanela?

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Noka ya botshelo e emela dilo tse Modimo a re tlamelang ka tsone go bona poloko

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela