LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 3/15 ts. 3-9
  • Letsatsi la Bofelo la Botshelo Jwa ga Jesu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letsatsi la Bofelo la Botshelo Jwa ga Jesu
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Labone Maitseboa, Nisane 14
  • Mokete o o Kgethegileng
  • Mo Tshimong ya Gethesemane
  • Labotlhano mo Mosong, Nisane 14
  • Loso lo lo Botlhoko
  • O a Tshela Gape!
  • Kafa o Amegang ka Teng
  • Go Gopola Malatsi a ga Jesu a Bofelo mo Lefatsheng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Jesu o a Bolawa
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • “Nako e Tlile!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Buka ya Bibela ya bo 43—Yohane
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 3/15 ts. 3-9

Letsatsi la Bofelo la Botshelo Jwa ga Jesu

Ke Labotlhano go letlatlana, ka Nisane 14, 33 C.E. Setlhopha sa banna le basadi se tla tloga se fitlha tsala ya bone e e rategang. Mongwe wa banna bano e bong Nikodemo o tlile le ditswaiso gore a baakanyetse mmele gore o fitlhiwe. Monna mongwe yo o bidiwang Josefa o tlisitse matsela a a phepa gore go phuthelwe setopo se se nang le dintho le se se ketekilweng.

BATHO bano ke bomang, mme ba fitlha mang? A dilo tseno tsotlhe di a go ama? Go araba dipotso tseno, a re boeleng morago kwa tshimologong ya letsatsi leno le le botlhokwa.

Labone Maitseboa, Nisane 14

Ngwedi o o tletseng o o phatsimang o ntse o tlhatloga ka bonya mo godimo ga Jerusalema. Motse o o tletseng ka batho o ne o kokobala morago ga khuduego ya letsatsi leo. Mo maitseboeng ao go nkga nama ya kwanyana e e besitsweng. Ee, diketekete tsa batho di baakanyetsa tiragalo e e kgethegileng—mokete wa ngwaga le ngwaga wa Tlolaganyo.

Mo phaposing e kgolo ya baeng, re bona Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe ba le 12 ba ntse mo tafoleng e e baakantsweng. Reetsa! Jesu o a bua. A re: “Ke eleditse thata go ja tlolaganyo eno le lona pele ga ke boga.” (Luke 22:15) Jesu o a itse gore baba ba gagwe ba bodumedi ba batla go mmolaya. Mme pele ga seo se diragala, go tla diragala sengwe se se botlhokwa thata mo maitseboeng ano.

Fa Tlolaganyo e sena go ketekiwa, Jesu o bolela jaana: “Mongwe wa lona o tla nneelela batho ka boferefere.” (Mathaio 26:21) Se se hutsafatsa baaposetoloi. E ka tswa e le mang tota? Fa ba sena go tlotla go sekae, Jesu o raya Judase Isekariota a re: “Se o se dirang se dire ka bofefo thata.” (Johane 13:27) Le mororo ba bangwe ba sa lemoge, Judase ke mooki. O a tswa gore a ye go dira tiro ya gagwe e e tlhabisang ditlhong ya go logela Jesu leano la boferefere.

Mokete o o Kgethegileng

Jaanong Jesu o simolola mokete o mosha gotlhelele—wa segopotso sa loso lwa gagwe. Jesu o tsaya senkgwe a bo a se lebogela a bo a se kgaoganya. O laela jaana: “Tsayang, jang. Seno se kaya mmele wa me o ruri o tla newang mo boemong jwa lona.” Fa mongwe le mongwe wa bone a sena go ja ga senkgwe, o tsaya senwelo sa beine e khibidu mme a bo a se lebogela. Jesu o ba raya a re: “Nwang mo go sone, lotlhe,” a tlhalosa gore “Senwelo seno se kaya kgolagano e ntšha ka ntlha ya madi a me, a ruri a tla tshololwang mo boemong jwa lona.” O laela baaposetoloi ba ba 11 ba ba setseng ba ba ikanyegang jaana: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.”—Mathaio 26:26-28; Luke 22:19, 20; 1 Bakorintha 11:24, 25.

Mo maitseboeng ao Jesu ka lorato o baakanyetsa baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang se se tla tlogang se direga a ba tlhomamisetsa lorato lo logolo lo a ba ratang ka lone. O tlhalosa jaana: “Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe. Lo ditsala tsa me fa lo dira se ke se lo laolelang.” (Johane 15:13-15) Ee, baaposetoloi ba ba 11 ba ile ba itshupa e le ditsala tsa boammaaruri ka go ngaparela Jesu ka nako ya diteko tsa gagwe.

Ka nako ya fa go setse go le thari mo maitseboeng ao—gongwe mo e ka nnang morago ga bosigogare—Jesu o rapela thapelo e ba se kitlang ba e lebala, e morago ga yone ba opelang dipina tsa go baka Jehofa. Morago ga foo, mo leseding la ngwedi o o tletseng, ba tswa mo motseng go ralala Mokgatsha wa Kiderona.—Johane 17:1–18:1.

Mo Tshimong ya Gethesemane

Nakonyana morago ga moo, Jesu le baaposetoloi ba fitlha mo tshimong ya Gethesemane. Jesu o tsaya Petere, Jakobe le Johane a ya le bone kgakalanyana fa gare ga ditlhare tsa motlhware, a tlogela baaposetoloi ba le robedi fa botsenong jwa tshimo. O raya ba bararo bano a re: “Moya wa me o hutsafetse thata, le eleng go ya losong. Nnang fano mme lo nne lo disitse.”—Mareko 14:33, 34.

Baaposetoloi ba bararo bano ba a leta fa Jesu a tsenelela kwa tengteng ga tshimo go ya go rapela. O ikuela jaana ka mafoko a a nonofileng a lela: “Rara, fa o eletsa, tlosa senwelo seno mo go nna.” Jesu o na le boikarabelo jo bogolo. A bo go mo hutsafatsa jang ne fa a akanya gore baba ba ga Jehofa ba tla reng fa ba bona Morwawe yo o tsetsweng a le nosi a bolawa e kete ke senokwane! Se se utlwisang Jesu botlhoko le go feta ke go akanya ka kgobo e e tla tlang mo leineng la ga Rraagwe yo o rategang wa legodimo fa a ka palelwa ke go fenya teko eno e e botlhoko. Jesu o rapela ka tlhoafalo thata jaana mme o hutsafala mo e leng gore mofufutso wa gagwe o nna jaaka marothodi a madi a a welang fa fatshe.—Luke 22:42, 44.

Jesu o sa tswa go rapela ka lekgetlo la boraro. Jaanong banna bangwe ba ba tshotseng dirumola le dipone ba a atamela. Yo o tsamayang fa pele ga bone ga se ope fa e se Judase Isekariota, yo o tlhamalalelang kwa go Jesu. A re: “Dumela Rabi!” a bo a atla Jesu ka tlekeetso. Jesu o tsiboga ka gore, “Judase, a o neela Morwa motho batho ka boferefere ka katlo?”—Mathaio 26:49; Luke 22:47, 48; Johane 18:3.

Ka bonako fela baaposetoloi ba lemoga gore go diragala eng. Morena le tsala ya bone e e rategang e tloga e tshwarwa! Ka jalo Petere o phamola tšhaka a bo a kgaola tsebe ya motlhanka wa moperesiti yo mogolo. Jesu o kgalema ka bonako a re: “Mmang go diragale go fitlha fa.” O fetela kwa pele a bo a fodisa motlhanka yoo a laela Petere jaana: “Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone, gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” (Luke 22:50, 51; Mathaio 26:52) Batlhankedi le masole ba tshwara Jesu le go mmofa. E re ka baaposetoloi ba boifa e bile ba tlhakane tlhogo, ba tlogela Jesu mme ba a tshaba.—Mathaio 26:56; Johane 18:12.

Labotlhano mo Mosong, Nisane 14

Ke maphakela thata mo mosong ka Labotlhano. Jesu o isiwa pele kwa ntlong ya ga Anase yo e kileng ya bo e le Moperesiti yo Mogolo, yo o sa ntseng a na le tlhotlheletso le maatla a magolo. Anase o a mmotsolotsa mme go tswa foo o dira gore a isiwe kwa ntlong ya Moperesiti yo Mogolo e bong Kaiafase koo Sanehederine e kopaneng gone.

Jaanong baeteledipele ba bodumedi ba leka go bona basupi ba ba tla bopang kgomo ya mmopa go latofatsa Jesu. Le fa go ntse jalo, tota le basupi bano ba maaka ga ba kgone go dumalana ka bosupi jo ba bo neelang. Mo nakong eo yotlhe, Jesu o didimetse. Kaiafase o fetola leano la gagwe ka go tlhaeletsa jaana: “Ka Modimo o o tshelang ke a go ikanisa gore o re bolelele gore a o Keresete Morwa Modimo!” Kgang eno ke boammaaruri jo bo sa ka keng jwa ganediwa, ka jalo Jesu o araba jaana ka bopelokgale: “Ke ene; mme lo tla bona Morwa motho a ntse kafa seatleng sa moja sa maatla mme a tla ka maru a legodimo.”—Mathaio 26:63; Mareko 14:60-62.

Kaiafase o ne a tlhaeletsa jaana: “O tlhapaditse! Re santse re tlhokelang basupi?” Jaanong bangwe ba simolola go faphola Jesu mo sefatlhegong le go mo kgwela mathe. Ba bangwe ba ne ba mo itaya ka mabole le go mo kgoba. (Mathaio 26:65-68; Mareko 14:63-65) Fa bo sena go sa ka Labotlhano, Sanehederine e ne ya phuthega gape, gongwe e le go dira gore go lebege e kete tsheko ya bone ya bosigo e e seng kafa molaong e ne e tshwanetse. Jesu o boa gape a supa ka bopelokgale gore ke ene Keresete, Morwa Modimo.—Luke 22:66-71.

Morago ga foo, baperesiti ba bagolo le banna ba bagolo ba ne ba kgokgoetsa Jesu go ya go sekisiwa ke Ponto Pilato, molaodi wa Moroma wa Judea. Ba latofatsa Jesu ka gore o sokamisa setšhaba, o ba iletsa go duelela Kaesara makgetho e bile “a re ene ka boene ke Keresete kgosi.” (Luke 23:2; bapisa Mareko 12:17.) Fa Pilato a sena go sekisa Jesu, o bolela jaana: “Ke bona go se na tlolomolao epe mo monneng yono.” (Luke 23:4) Fa Pilato a utlwa gore Jesu ke Mogalalea, o mo romela kwa go Herode Antipase, yo e leng mmusi wa Galalea, yo o tlileng Jerusalema ka ntlha ya Tlolaganyo. Herode ga a ikaelela go bona go diragadiwa tshiamiso. O batla fela go bona Jesu a dira dikgakgamatso. E re ka Jesu a sa dire se a batlang a se dira mme a itidimalela fela, Herode le masole a gagwe ba a mo sotla ba bo ba mmusetsa kwa go Pilato.

Gape Pilato o botsa jaana: “Ke selo sefe se se bosula se monna yono a se dirileng? Ke ne ka bona go se sepe se se tshwanetseng loso mo go ene.” (Luke 23:22) Ka jalo o dira gore Jesu a seolwe ka seme se se nang le megala e mentsintsi e e phatlolang mokwatla wa ga Jesu botlhoko. Morago ga foo masole a tlhomela serwalo sa mebitlwa mo tlhogong ya gagwe. Ba a mo sotla ba bo ba mmetsa ka lotlhaka lo lo thata, ba ntse ba gatelela serwalo sa mebitlwa thata mo tlhogong ya gagwe. Le mororo Jesu a ne a utlwa botlhoko thata e bile a gobololwa, o ne a tswelela a na le nonofo le seriti se segolo.

Pilato—gongwe a solofetse gore go bediwa ga ga Jesu go tla dira gore ba mo utlwele botlhokonyana—o boa a mo isa fa pele ga bontsi jwa batho. Pilato o tlhaeletsa jaana: “Bonang! Ke mo tlisa kwa go lona kwa ntle e le gore lo itse gore ga ke bone molato ope mo go ene.” Mme baperesiti ba bagolo ba goa ba re: “Mmapole! Mmapole!” (Johane 19:4-6) Fa batho ba nna ba gatelela, Pilato o ne a ineela mme a ntsha Jesu gore a bapolwe.

Loso lo lo Botlhoko

Ke fa gare ga nako ya mo mosong, gongwe go ela kwa sethobolokong. Jesu o isiwa kwa ntle ga Jerusalema mo lefelong le le bidiwang Gologota. Go kokotelwa dimapo tse dikgolo mo diatleng le mo dinaong tsa ga Jesu mo koteng ya tlhokofatso. Botlhoko jo a bo utlwang bo botlhoko thata fa boima jwa mmele wa gagwe bo gagola dintho tsa dimapo fa kota ya tlhokofatso e tlhamaladiwa. Go na le boidiidi jwa batho ba ba phuthegang go tla go bona Jesu le dinokwane tse pedi ba bapolwa. Bontsi jwa bone bo gobolola Jesu. Baperesiti ba bagolo le batho ba bangwe ba sotla jaana: “Ba bangwe o ne a ba boloka; ene ga a kgone go ipoloka!” Tota le masole le dinokwane tse pedi tse di bapotsweng ba kgoba Jesu.—Mathaio 27:41-44.

Ka nako ya sethoboloko, ka tshoganyetso fela, morago ga gore Jesu a nne mo koteng ka nakwana, go ne ga nna le lefifi le le tshosang le le bakilweng ke Modimo mo nageng eo ka diura di le tharo.a Gongwe ke sone se se ileng sa dira gore modirabosula yo mongwe a kgalemele yo mongwe. Morago ga foo, o retologela mo go Jesu, o ikuela jaana: “O nkgakologelwe fa o tsena mo bogosing jwa gago.” A bo a supa tumelo e e gakgamatsang jang ne ka nako ya fa a ne a lebane le loso! Jesu o araba jaana: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, O tla nna le nna mo Paradaeseng.”—Luke 23:39-43.

Mo e ka nnang ka ura ya boraro ka thapama, Jesu o ikutlwa gore o gaufi le go swa. A re, “Ke nyorilwe.” Morago ga foo o tlhaeletsa jaana ka lentswe le legolo: “Modimo wa me, Modimo wa me, ke ka ntlha yang o ntatlhile?” Jesu o kgona go lemoga gore, go ntse jaaka e kete Rraagwe o tlogetse go mo sireletsa go letla gore bokgothami jwa gagwe bo lekiwe thata, mme o nopola mafoko a ga Dafide. Mongwe o baya ngami e e inetsweng mo beineng e e botšarara mo dipounameng tsa ga Jesu. Fa Jesu a sena go hupa beinenyana, o ne a fegelwa jaana: “Go diragaditswe!” Morago ga foo o tlhaeletsa a re, “Rara, ke neela moya wa me mo diatleng tsa gago,” a oba tlhogo ya gagwe mme a fela.—Johane 19:28-30; Mathaio 27:46; Luke 23:46; Pesalema 22:1.

E re ka go setse go le letlatlana, go dirwa dithulaganyo ka bonako go fitlha Jesu pele ga Sabata (Nisane 15) e simologa fa letsatsi le phirima. Josefa wa Arimathea yo e leng leloko le le itsegeng thata la Sanehederine yo e neng e le morutwa wa sephiri wa ga Jesu, o kopa tetla ya go mo fitlha. Nikodemo yo le ene e leng leloko la Sanehederine yo o neng a dumela mo go Jesu mo sephiring, o thusa ka dikilogerama di le 33 tsa mera le mekgopha. Ba baya mmele wa ga Jesu ka kelotlhoko mo lebitleng le lesha le le fa gaufi.

O a Tshela Gape!

Go sa ntse go le lefifi ka Sontaga phakela mo mosong fa Marea Magadalena le basadi ba bangwe ba atamela lebitla la ga Jesu. Mme bonang! Letlapa le le fa pele ga lebitla le tlositswe. Ebu, lebitla ga le na sepe! Marea Magadalena o itlhaganelela go ya go bolelela Petere le Johane. (Johane 20:1, 2) Ka bonako fela fa a sena go tloga, moengele o iponatsha mo basading ba bangwe. A re: “Lona lo se ka lwa boifa.” O ba rotloetsa gape jaana: “Tsamayang ka bofefo lo bolelele barutwa ba gagwe gore o ne a tsosiwa mo baswing.”—Mathaio 28:2-7.

Fa ba ntse ba itlhaganela jalo, ba kopana le mang fa e se Jesu ka boene! O ba raya a re “Tsamayang, begelang barwarre.” (Mathaio 28:8-10) Moragonyana, Marea Magadelena o ntse fa lebitleng a lela fa Jesu a iponatsha mo go ene. O palelwa ke go itshwara ka ntlha ya boitumelo mme o itlhaganelela go bolelela barutwa ba bangwe dikgang tseno tse di itumedisang. (Johane 20:11-18) Tota e bile, ka Sontaga seo se se sa lebalesegeng, Jesu yo o tsositsweng o tlhagelela ka makgetlo a le matlhano mo barutweng ba ba farologaneng a tlhomamisa gore, tota o a tshela gape!

Kafa o Amegang ka Teng

Ditiragalo tse di diragetseng dingwaga tse 1 966 tse di fetileng di ka go ama jang gone jaanong fa re setse re tloga re tsena mo lekgolong la bo21 la dingwaga? Mosupi mongwe yo o boneng ditiragalo tseo ka matlho o tlhalosa jaana: “Ka seno lorato lwa Modimo lo ne lwa bonatshiwa mo go rona, ka gonne Modimo o ne wa romela Morwaone yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng gore re bone botshelo ka ene. Lorato lo ka tsela eno, e seng gore re ratile Modimo, mme gore o ne wa re rata mme wa romela Morwaone e le setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona.”—1 Johane 4:9, 10.

Loso lwa ga Keresete ke “setlhabelo sa thuanyo” ka tsela efe? Ke thuanyo ka gonne lo dira gore go kgonege gore re nne le kamano e e itumedisang le Modimo. Motho wa ntlha e bong Adame, o ne a tsuologela Modimo mme ka ntlha ya seo a dira gore bana ba gagwe ba tsholwe ba na le boleo le loso. Kafa letlhakoreng le lengwe, Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo e e tla duelelang boleo le loso lwa batho, ka tsela eo a dira gore go nne le motheo o ka one Modimo a ka re utlwelang botlhoko le go re amogela. (1 Timotheo 2:5, 6) Ka go dumela mo setlhabelong sa ga Jesu se se letlanyang, o ka kgona go gololwa mo boleong jo o bo ruileng mo go moleofi Adame. (Baroma 5:12; 6:23) Mme gape, seno se dira gore re nne le tshono e ntle ya go nna le botsala jo bogolo le Rraarona wa selegodimo e bong Jehofa Modimo. Ka bokhutshwane, setlhabelo sa ga Jesu sa maemo a magolo se ka dira gore o bone botshelo jo bo sa feleng.—Johane 3:16; 17:3.

Dilo tseno le tse dingwe tse di amanang le tsone di tla sekasekiwa ka Labone maitseboa, ka April 1, mo mafelong a a diketekete go ralala lefatshe fa dimilione tsa batho di tla bo di phuthegile go keteka loso lwa ga Jesu Keresete. O lalediwa go nna teng. Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona ba tla go bolelela gore go tla kopanelwa kae le gore e tla nna ka nako mang. Ga go na pelaelo gore go nna teng ga gago go tla nonotsha kanaanelo ya gago ka dilo tse Modimo wa rona yo o lorato le Morwawe yo o rategang ba di dirileng mo letsatsing la bofelo la botshelo jwa ga Jesu.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Lefifi leo le ka se ka la bo le bakilwe ke go fifala ga letsatsi ka gonne Jesu o ne a swa ka nako ya ngwedi o o tletseng. Go fifala ga letsatsi go tsaya metsotso e sekae fela mme go direga fa ngwedi e le fa gare ga lefatshe le letsatsi ka nako ya ngwedi o mosha.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

LOSO LE TSOGO YA GA JESU

NISANE 33 C.E. DITIRAGALO MONNA YO MOGOLOb

14 Labone Go ketekiwa ga Tlolaganyo; 113, dir. 2

maitseboa Jesu o tlhapisa dinao tsa baaposetoloi; go ya go 117, dir. 1

Judase o ya go oka Jesu;

Keresete o tlhoma Segopotso

sa loso lwa gagwe (monongwaga

se tla ketekiwa ka Labone, April 1,

fa letsatsi le sena go phirima);

kgothatso e e baakanyetsang

baaposetoloi go tsamaya ga gagwe

Bosigogare Morago ga thapelo le dipina tsa pako, 117 go ya go 120

go fitlha nako Jesu le baaposetoloi ba ya kwa tshimong

ya pele ga ya Gethesemane; Jesu o rapela ka mafoko

bo sa a a nonofileng a lela; Judase Isekariota

o fitlha le batho ba bantsi mme o oka Jesu;

baaposetoloi ba a tshaba fa Jesu a bofiwa

le go isiwa kwa go Anase; Jesu o isiwa kwa

Moperesiting yo Mogolo Kaiafase gore a isiwe

fa pele ga Sanehederine; o atlholelwa loso;

o a setlakwa le go gobololwa;

Labotlhano 121 go ya go 124

mo mosong Ka masa, Jesu o isiwa gape fa

pele ga Sanehederine;

o romelwa kwa go Pilato;

o romelwa kwa go Herode;

o busediwa gape kwa go Pilato;

Jesu o a seolwa,

o a tlhapadiwa le go itewa;

ka ntlha ya kgatelelo,

Pilato o mo neela gore a bolawe;

o isiwa kwa Gologota gore a bolawe mo mosong

Ka sethobo- O a bapolwa pelenyana ga sethoboloko; 125, 126

loko go fitlha go nna le lefifi go tloga ka nako eo ya

ka thapama sethoboloko go fitlha mo e ka nnang ka ura

ya boraro, fa Jesu a swa;

go nna le thoromo ya lefatshe e kgolo;

sesiro sa tempele se kgaoga ka bobedi

Mathapama Jesu o fitlhiwa mo lebitleng le le mo 127, dir. 1-7

tshimong pele ga Sabata

15 Labotlhano Sabata e a simologa

maitseboa

Matlhatso Pilato o letlelela badisa 127, dir. 8-9

go disa lebitla la ga Jesu

16 Sontaga Phakela mo mosong lebitla 127, dir. 10 go

la ga Jesu le fitlhelwa le ya go 129,

se na sepe; Jesu yo o tsositsweng dir. 10

o iponatsha mo (1) setlhopheng sa

barutwa ba basadi, go akaretsa le Salome,

Joana le Marea mmaagwe Jakobe;

(2) Marea Magadalena;

(3) Keleopase le tsala ya gagwe;

(4) Simone Petere; (5) setlhopha sa

baaposetoloi le barutwa ba bangwe

[Ntlha e e kwa tlase]

b Dinomoro tse di thathamisitsweng fano ke tsa dikgaolo tse di mo bukeng ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Go bona tšhate e e nang le ditshupiso tse di feletseng tsa Dikwalo tsa bodiredi jwa ga Jesu jwa bofelo, bona “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola,” tsebe 290. Dibuka tseno di gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela