Buka e e Tlhabang Botlhale ya Molaetsa wa Gompieno
JOBE, tlhogo ya lotso ya bogologolo, yo go se nang pelaelo gore e ne e le monna yo o humileng go gaisa botlhe mo motlheng wa gagwe o ile a re: “Kgetsi ya botlhale e botlhokwa go feta le e leng e e tletseng diperela.” (Jobe 1:3; 28:18, NW; 42:12) Ruri botlhale bo botlhokwa go gaisa dikhumo mo go thuseng motho go atlega mo botshelong. Kgosi Solomone yo o botlhale o ile a re: “Botlhale ke phemelo, fela jaaka madi e le phemelo; molemo o o gaisang wa kitso, ke go re botlhale bo boloka botshelo jwa yo o nang najo.”—Moreri 7:12.
Mme gone, motho a ka bona botlhale joo kae gompieno? Batho ba senka kgakololo malebana le mathata a bone mo bakwaladikgannyeng, mo dingakeng tsa malwetse a tlhaloganyo, le e leng mo bathong ba ba baakanyang meriri le bakgweetsi ba ditekesi. Bomankge ba ba se nang palo ba iketleeditse go neela batho dikgakololo tse di malebana le sengwe le sengwe fela—ka tlhwatlhwa e e tshwanelang. Le fa go ntse jalo, gantsi “botlhale” jo bo ntseng jalo bo swabisa batho ba bantsi le e leng go ba tsenya mo mathateng. Jalo he, re ka bona jang botlhale jwa mmatota?
Jesu Keresete yo o neng a na le kitso e ntsi ka mekgwa ya go tshedisana ga batho, o kile a re: “Botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.” (Mathaio 11:19) A re sekaseke mathata a gantsi a tshwenyang batho mo botshelong mme re bone gore ba ile ba thusiwa ke botlhale bofe jwa mmatota, jo bo itshupileng bo le botlhokwa go gaisa ‘kgetsi e e tletseng diperela.’ Le wena o ka nna wa bona ‘kgetsi eo e e tletseng botlhale’ mme ya go solegela molemo.
A o Tshwenyegile Thata mo Maikutlong?
International Herald Tribune ya Lontone e bolela gore: “Fa e le gore lekgolo la bo20 la dingwaga le ile la nna Motlha wa Tlhobaelo, dingwaga tsa lone tsa bofelo tsone di ile tsa nna Motlha wa go Tshwenyega Thata mo Maikutlong.” E oketsa ka gore, “patlisiso ya ntlha e e malebana le go tshwenyega thata mo maikutlong e e dirilweng mo dinageng tsotlhe e senola gore bolwetse jono bo ntse bo a oketsega mo lefatsheng lotlhe. Mo dinageng tse di farologaneng tse di jaaka Taiwan, Lebanon le New Zealand kokomana nngwe le nngwe e nna mo kotsing ya go tlhaselwa ke bolwetse jono.” Go bolelwa gore batho ba ba tsetsweng morago ga 1955 ba mo kotsing ya go tshwenyega thata mo maikutlong ka selekanyo se se fetang sa bonkokoabone gararo.
Go ne go ntse jalo ka Tomoe, yo o neng a tshwenyegile thata mo maikutlong e bile a fetsa malatsi a mantsi a robetse. O ne a tshwanelwa ke go fudugela kwa ntlong ya batsadi ba gagwe ka gonne a ne a sa kgone go tlhokomela morwawe wa dingwaga tse pedi. Moagelani wa bone yo o neng a na le morwa wa dingwaga tse di lekanang le tsa morwa wa ga Tomoe o ile a itsalanya le ene. Fa Tomoe a bolelela moagelani yono kafa a ikutlwang a se na mosola ka teng, moagelani yono o ne a mmontsha temana nngwe mo bukeng. E ne e balega jaana: “Leitlho ga le ka ke la raya seatla la re: ‘Ga ke go tlhoke’; kgotsa, gape, tlhogo ga e ka ke ya raya lonao ya re: ‘Ga ke go tlhoke.’ Mme bogolo go na le moo ke kgang ya gore ditokololo tsa mmele tse di bonalang di le bokoanyana di a tlhokega.”a Tomoe o ile a gelela dikeledi fa a lemoga gore mongwe le mongwe o botlhokwa e bile o a tlhokega mo lefatsheng.
Moagelani o ile a akantsha gore a lebe buka e a tsereng mafoko ao mo go yone. Tomoe o ne a nota tlhogo, le mororo go fitlha ka nako eo a ne a ise a ko a kgone go dira sepe, le e leng go dumela go dira tshwetso epe fela. Gape moagelani o ile a ela Tomoe mabenkeleng le go mo thusa go apaya letsatsi le letsatsi. Kgwedi morago ga foo, Tomoe o ne a kgona go tsoga moso mongwe le mongwe a tlhatswa diaparo, a phepafatsa ntlo, a ya mabenkeleng le go apaya dijo tsa motshegare fela jaaka mmalapa mongwe le mongwe. O ne a tshwanelwa ke go fenya mathata a le mantsi, mme gone o ile a re: “Ke ne ke na le tsholofelo ya gore fa fela nka latela kgakololo e ke neng ke sa tswa go e bona, ke ne nka kgona.”
Tomoe o ile a fenya malatsi ao a a sa itumediseng a fa a ne a tshwenyegile thata mo maikutlong ka go dirisa botlhale jo a neng a sa tswa go bo bona. Gone jaanong Tomoe o dirisa nako yotlhe a thusa batho ba bangwe go dirisa yone kgakololo e e ileng ya mo thusa go lepalepana le mathata a gagwe. Kgakololo eo e bonwa mo bukeng ya bogologolo e e nang le molaetsa o o siametseng batho ba mefuta yotlhe gompieno.
A o Na le Mathata a Lelapa?
Tlhalo e ile magoletsa mo lefatsheng lotlhe. Mathata a lelapa a a oketsega le kwa dinageng tsa Botlhaba tse pele di neng di ipela ka go nna le malapa a a kitlaneng. Re ka bona kae kaelo e e molemo ya lenyalo e e ka re thusang?
Akanya ka kgang ya ga Shugo le Mihoko, banyalani ba ba neng ba na le mathata a a sa feleng mo lenyalong la bone. Ba ne ba aga ba ngangisana ka sengwe le sengwe fela. Shugo o ne a le pelokhutshwane mme Mihoko ene o ne a ikarabela ka metlha fa monna wa gagwe a mmona molato ka sengwe. Mihoko o ile a ba a nna le kakanyo ya gore, ‘Ga re kgone go dumalana ka sepe fela.’
Letsatsi lengwe mosadi mongwe o ne a etela Mihoko mme a mmalela mafoko ano go tswa mo bukeng nngwe: “Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.”b Le fa Mihoko a ne a sa kgatlhegele bodumedi, o ile a dumela go ithuta buka e mafoko ano a tswang mo go yone. Kgatlhego ya gagwe e ne e bakwa ke go batla go tokafatsa botshelo jwa lelapa la gagwe. Ka jalo fa Mihoko—le monna wa gagwe—ba ne ba lalediwa go nna gone kwa pokanong e kwa go yone go neng go ithutiwa kgatiso ya setlhogo sa Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa, ba ile ba se ka ba okaoka go dumela.c
Kwa pokanong eno, Shugo o ile a lemoga gore batho ba ba neng ba le gone ba ne ba tshela go ya ka se ba se ithutang e bile ba ne ba lebega ba itumetse. O ile a dira tshwetso ya go tlhatlhoba buka e mosadi wa gagwe a neng a ithuta yone. Teng fela foo ke fa a kgatlhiwa ke mafoko ano: “Yo o bonya go galefa o na le letlotlo la temogo, mme yo o felang pelo o godisa boeleele.”d Le mororo go ile ga mo tsaya nako go tshela go ya ka molaomotheo ono, batho ba ba neng ba tshela le ene, go akaretsa le mosadi wa gagwe, ba ne ba lemoga phetogo mo botshelong jwa gagwe.
Mihoko le ene o ile a simolola go tshela go ya ka se a se ithutang fa a bona diphetogo tseno mo monneng wa gagwe. Molaomotheo o o ileng wa mo thusa thata ke ono: “Tlogelang go atlhola gore lo tle lo se ka lwa atlholwa; gonne katlholo e lo atlholang ka yone, lo tla atlholwa ka yone.”e Ka jalo, Mihoko le monna wa gagwe ba ile ba dira tshwetso ya gore ba tla tlotla ka dinonofo tse di molemo tse ba nang le tsone le kafa ba ka tokafatsang ka teng go na le go tshwaana diphoso. Matswela e ile ya nna afe? Mihoko o gakologelwa jaana: “Ruri go ile ga intumedisa. Re ntse re dira jalo maitseboa mangwe le mangwe ka nako ya dijo. Tota le morwa wa rona wa dingwaga tse tharo o nna le seabe mo motlotlong wa rona. Ruri go a re itumedisa!”
Fa lelapa leno le ne le dirisa kgakololo e e molemo e ba e neetsweng, le ile la kgona go fenya mathata a a neng a tletse mo lenyalong la bone mo e bileng a batlile a le thuba. A seo ga se botlhokwa mo go bone go feta kgetsi e e tletseng diperela?
A o Batla go Atlega mo Botshelong?
Batho ba le bantsi gompieno ba ipeetse mokgele wa go ikgobokanyetsa dikhumo. Le fa go ntse jalo, rakgwebo mongwe wa kwa United States yo o ileng a abela mekgatlho e le mentsi ya batlhoki dimilionemilione tsa didolara o kile a re: “Batho bangwe ba rata go nna le madi a mantsi, mme gone, ga go motho ope yo o ka kgonang go rwala dipara tse pedi tsa ditlhako ka nako e le nngwe.” Ke batho ba sekae fela ba ba dumelang mafoko ano e bile ke palo e nnye thata e e tlogelang go gagamalela dikhumo.
Hitoshi o godile a humanegile, ka jalo o ne a na le keletso e kgolo ya go huma. Fa a sena go bona kafa batho ba ba nang le madi ba tsietsang batho ka teng o ile a swetsa jaana: “Motho yo o bonang madi a mantsi ke ene mofenyi.” Hitoshi o ne a dumela thata jaana mo mading mo a ileng a nna le kakanyo ya gore le matshelo a batho a ka rekwa ka madi. Gore a kgobokanye madi a mantsi, o ne a bereka ka natla e bile a bereka ngwaga otlhe mo kgwebong ya gagwe ya go tsenya dipeipi tsa metsi a se ke a ipha letsatsi le boikhutso. Hitoshi o ile a lemoga gore le fa a bereka ka natla jalo, a ka se ka a kgona go fitlha mo maemong a a tshwanang le a borakonteraka ba ba neng ba mo hira. Letsatsi le letsatsi o ne a boifa gore kgwebo ya gagwe e tla phutlhama.
Ka yone nako eo monna mongwe o ne a fitlha kwa ntlong ya ga Hitoshi mme a mmotsa gore a o ne a itse gore Jesu Keresete o mo swetse. E re ka Hitoshi a ne a akanya gore ga go na motho ope yo o neng a ka swela motho yo o tshwanang le ene, o ne a rata go tlhalosediwa mme a dumela gore ba tlotle ka kgang eo go ya pele. Beke e e latelang o ile a nna gone kwa puong nngwe mme a gakgamadiwa ke go utlwa kgakololo e e reng, ‘leitlho la gago le se raraane.’ Sebui se ile sa tlhalosa gore leitlho le le ‘sa raraanang’ ke le le bonelang kgakala le le tsepameng mo dilong tsa semoya; kafa letlhakoreng le lengwe, leitlho le le “boikepo,” kana le le “galalang,” le tsepame fela mo dilong tsa nama tsa gone jaanong mme ga le bonele kgakala. O ile a kgatlhiwa thata ke kgakololo e e reng, “Kwa letlotlo la gago le leng gone, le pelo ya gago e tla nna gone koo.”f Go na le sengwe se se botlhokwa go gaisa go huma! E ne e le la ntlha a utlwa kgang e e ntseng jalo.
Ka ntlha ya go kgatlhiwa ke seo, o ile a simolola go tshela go ya ka se a se ithutang. Go na le gore a kgaratlhelele madi, o ile a simolola go dira gore dilo tsa semoya di tle pele mo botshelong jwa gagwe. Gape o ile a ipha nako ya go tlhokomela gore lelapa la gagwe le nonofe semoyeng. Seno se ne sa tlhoka gore a fokotse nako ya gagwe ya mmereko, le fa go ntse jalo, kgwebo ya gagwe e ile ya atlega thata. Ka ntlha yang?
Botho jwa gagwe jo bo makgwakgwa bo ile jwa fetoga thata mme a nna motho yo o bonolo yo o botsalano fa a ntse a dirisa kgakololo e a neng a e newa. O ile a kgatlhiwa thata ke kgakololo eno: “Di tloseng tsotlhe tota mo go lona, tšhakgalo, bogale, bosula, puo ya go kgoba, le puo e e bifelesegang e e tswang mo molomong wa lona. Lo se ka lwa bo lo akelana. Tlhobolang botho jo bogologolo le ditlwaelo tsa jone, mme lo ikapese botho jo bosha, jo bo ntšhafadiwang ka kitso e e leng yone go ya ka setshwano sa Ene yo o neng a bo tlhōla.”g Go latela kgakololo eno ga go a ka ga mo dira gore a hume, mme gone, “botho jo bosha” bo ile jwa kgatlha bareki ba gagwe mme jwa dira gore ba mo tshepe. Ee, kgakololo e a neng a e bona e ile ya mo thusa go atlegisa botshelo jwa gagwe. Mo go ene, e ne e le botlhokwa go gaisa kgetsi e e tletseng diperela kana madi.
A o Tla Bula Kgetsi?
A o itse gore kgetsi e e tletseng botlhale e e itshupileng e le botlhokwa thata jaana mo bathong ba go builweng ka bone mo dikaing tse di fa godimo ke efe? Ke botlhale jo bo fitlhelwang mo Baebeleng, buka e e anamisitsweng go gaisa tsotlhe le e e bonwang motlhofo thata go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng. O ka tswa o na le khopi ya yone kana o ka ithekela yone motlhofo fela. Le fa go ntse jalo, fela jaaka motho yo o nang le kgetsi e e tletseng diperela mme a sa di dirise di ka se mo solegele molemo, go nna fela le Baebele le gone go ka se solegele motho molemo. Ke eng fa o sa bule kgetsi eno, jaaka go ka tualo, mme o dirise kgakololo e e molemo le e e thusang ya Baebele mme o bone kafa e ka go thusang ka teng go lepalepana le mathata a botshelo.
Fa o ne o ka fiwa kgetsi e e tletseng diperela, a o ne o ka se di anaanele le go leka go bona gore ke mang yo o go fileng tsone e le gore o tle o mo leboge? A o itse gore ke mang Moabi wa Baebele?
Baebele e senola Motswedi wa botlhale jo bo fitlhelwang mo go yone fa e re: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola.” (2 Timotheo 3:16) Gape e re bolelela gore “lefoko la Modimo le a tshela e bile le tsenya maatla.” (Bahebera 4:12) Ke gone ka moo kgakololo e e mo Baebeleng e leng e e tshwanelang e bile e leng molemo mo go rona gompieno. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go ithuta ka Moabi yono yo o pelotshweu, e bong Jehofa Modimo, e le gore o ke o solegelwe molemo ke “kgetsi e e tletseng botlhale” e e mo Baebeleng—buka ya dikgakololo ya molaetsa go batho gompieno.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mafoko ano a nopotswe mo go 1 Bakorintha 12:21, 22.
c E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
f Mathaio 6:21-23; bapisa le ntlhanyana e e kwa tlase go NW.
Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 4]
Mafoko a a Tlhabang Botlhale Kaga go Nna Tekatekano mo Maikutlong
“Jehofa, fa o ka bo o ne wa lotolotsa maikepo, go ka bo go ema mang, Morena? Go na le boitshwarelo mo go wena, gore o tle o boifiwe.”—Pesalema 130:3, 4.
“Pelo e e ntseng mokete e sesa sefatlh[e]go, mme mowa o phatlolwe ke bohutsana jwa pelo.”—Diane 15:13.
“O se ka wa nna tshiamo ya mo go feteletseng; le gone o se ka wa itira botlhale jwa mo go feteletseng; ana o ka bo o itshenyetsang?”—Moreri 7:16.
“Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.
“Shakgalang, mme lefa go ntse jalo lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se ka la phirima lo santse lo rumolesegile.”—Baefeso 4:26.
Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]
Mafoko a a Tlhabang Botlhale Kaga Botshelo jo bo Itumedisang Jwa Lelapa
“Kwa go se nang kgakololo gone, maikaelelo a tle a tlhaele, mme mo bontsing jwa bagakolodi a tle a tlhomame.”—Diane 15:22.
“Pelo ya yo o senokopela e bapala kitso, le tsebe ya yo o tlhalefileng e batla kitso.”—Diane 18:15.
“Lefoko le le buiwang ka tebang ya lone, le tshwana jaaka boapole ba gouta mo dirotong tsa selefera.”—Diane 25:11.
“Tswelelang lo iphapaanyelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa ope a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo. Mme, mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, ikapeseng lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa boseoposengwe.”—Bakolosa 3:13, 14.
“Itseng seno, bakaulengwe ba me ba ba rategang. Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go nna bofefo kaga go utlwa, bonya kaga go bua, bonya kaga go shakgala.”—Jakobe 1:19.
Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]
Mafoko a a Tlhabang Botlhale Kaga go Atlega mo Botshelong
“Selekanyo sa pego se se tsietsang ke se se makgapha mo go Jehofa, mme sebokete se se lekanyeng se a mo natefela.”—Diane 11:1.
“Boikgodiso bo tle bo etelele tshenyego pele, le boipego jwa pelo pele ga go wa.”—Diane 16:18.
“Motho yo mowa wa gagwe o se nang bothibo, o tshwana le motse o o thubegileng, mme o se na lorako.”— Diane 25:28.
“O se ka wa potlaka mo moweng wa gago go nna bogale; gonne bogale bo nna mo sehubeng sa dieleele.”—Moreri 7:9.
“Latlhela dijo tsa gago mo metsing, gonne o tlaa di bona morago ga malatsi a le mantsi.”—Moreri 11:1.
“A go se tswe lefoko le le bodileng mo molomong wa lona, fa e se lefoko lefa e le lefe le le molemo go aga kafa go tlhokegang ka gone, gore le tle le abele bautlwi se se rategang.”—Baefeso 4:29.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Go ithuta Baebele ke kgato ya ntlha e e ka go thusang go solegelwa molemo ke ‘kgetsi e e tletseng botlhale’