Go Senka Paradaise
Jaaka Go Boletse Pascal Stisi
Go ne go setse go le bosigo thata le mebila ya toropo ya Béziers, ya borwa jwa Fora e ne e setse e le lolea. Fa nna le tsala ya me re sena go bona lebenkele la dibuka tsa bodumedi le le sa tswang go pentiwa mabota, re ne ra kwala mafoko ano a ramatlhale wa Mojeremane e bong Nietzsche ka ditlhaka tse dikgolo tse dintsho mo go lone: ‘Medimo e sule. Tshela ka bosakhutleng Superman!’ Mme gone, ke eng se se neng sa ntlhotlheletsa go dira jalo?
KE TSHOLETSWE mo Fora ka 1951 mo lelapeng la Bakatoliki le le tlholegang kwa Italy. Fa ke sa ntse ke le ngwana, re ne re tle re ye malatsing a boikhutso kwa borwa jwa Italy. Motsana mongwe le mongwe koo o ne o na le setshwantsho sa one sa Kgarebana Marea. Nna le rremogolo re ne re tle re sale ditshwantsho tseno tse dikgolo morago re le mo mekolokong e meleele e e kgabaganyang dithaba—mme gone ke sa tlhatswega pelo le e seng. Ke ne ka wetsa thuto ya me ya motheo kwa sekolong sa bodumedi se se neng se okametswe ke Bajesuite. Le fa go ntse jalo, ga ke gopole sepe fela koo se se neng sa dira gore ke nne le tumelo mo Modimong.
E nnile fa ke sena go ikwadisa kwa yunibesithing kwa Montpellier go ithutela bongaka fa ke ne ke simolola go akanya ka lebaka la go bo botshelo bo le gone. Rre o ne a sa tswa go gobala mo ntweng mme o ne a tlhola a potapotilwe ke dingaka. A go ne go se botoka go fedisa ntwa go na le go fetsa nako le matsapa a mantsi jaana re alafa batho ba e ba gobaditseng? Le fa go ntse jalo, Ntwa ya Vietnam e ne e sa ntse e fagile. Ka sekai, go ya ka nna, tsela e le nosi fela ya go fedisa kankere ya makgwafo e ne e le go fedisa selo se segolo se se e bakang—motsoko. Mme go tweng ka malwetse a a bakwang ke go tlhaela dikotla kwa dinageng tse di humanegileng le a a bakwang ke go ja bobe kwa dinageng tse di humileng? A go ne go se kitla go nna botoka go fedisa dilo tse di a bakang go na le go leka go alafa matswela a a bakwang ke tsone? Ke eng fa go ne go na le pogo e e kana kana mo lefatsheng? Ke ne ke na le maikutlo a gore go na le sengwe se se phoso ka setšhaba seno se se ipolayang, mme ke ne ke bona fa dipuso e le tsone di leng molato.
Buka e ke neng ke e rata thata e ne e kwadilwe ke moilapuso, mme ke ne ke tle ke kopololele mafoko a yone mo maboteng a dikago. Ka bonya le nna ke ne ka simolola go nna moilapuso, ke le motho yo o se nang tumelo kana melao ya boitsholo, ke sa batle Modimo kana mong. Ke ne ke tsaya gore Modimo le bodumedi ke dilo tse di itlhametsweng ke bahumi le batho ba ba busang e le gore ba tle ba re gatelele le go re sotla. Go ne go bonala e kete ba re, ‘Re direleng ka natla mo lefatsheng, mme tuelo ya lona e tla nna kgolo kwa paradaiseng kwa legodimong.’ Mme malatsi a medimo a ne a badilwe. Batho ba ne ba tshwanetse go longwa tsebe. Tsela nngwe ya go ba tlhagisa e ne e le go kwala mo maboteng.
Ka ntlha ya seno, ke ne ke tsaya dithuto tsa me di se botlhokwa thata. Ka nako eo, ke ne ke ikwadiseditse go ithuta thutafatshe le ikholoji kwa yunibesithing e nngwe ya Montpellier koo go neng go tletse moya wa botsuolodi teng. Fa ke ntse ke ithuta ikholoji thata, ke ne ke tenega le go feta go bona kafa polanete ya rona e ntle e leswafadiwang ka teng.
Ngwaga le ngwaga ka nako ya malatsi a boikhutso a selemo ke ne ke tsamaya dikilometara di le diketekete ke ralala Yuropa yotlhe ka go kopa boradikoloi go mpega. Fa ke le mo loetong jalo e bile ke tlotla le makgolokgolo a boradikoloi ke ne ke iponela ka matlho bosetlhogo le tshenyo e e wetseng batho. Nako nngwe fa ke ne ke senka paradaise ke ne ka bona mabopo mangwe a mantle go bapa le setlhaketlhake se sentle sa Crete mme ka fitlhela a tletse ka oli. Ke ne ka utlwa botlhoko tota. A go ne go na le lefelo lengwe mo lefatsheng le le sa ntseng le le paradaise?
Go Boela Kwa Motseng wa Magae
Mo Fora baithutaikholoji ba ne ba bolela gore selo se se ka rarabololang mathata a batho ke go boela kwa metseng ya magae. Ke ne ke rata ditiro tsa diatla. Ka jalo ke ne ka reka ntlo nngwe ya bogologolo e e agilweng ka matlapa kwa motsaneng mongwe o o fa tlase ga Dithaba tsa Cévennes kwa borwa jwa Fora. Mo kgorong ya teng ke ne ka kwala, “Paradaise Jaanong,” e leng mafoko a a neng a ratwa ke mahipi a Amerika. Ke ne ka nna mmogo le mosetsana mongwe wa Mojeremane yo o neng a etile. Ke ne ke sa batle gore re ye go kwadisa lenyalo la rona kwa go ramotse, moemedi wa puso. Kwa kerekeng? Legoka!
Gantsi re ne re tsamaya re sa rwala ditlhako e bile ke ne ke na le moriri o moleele le ditedu tse ditelele. Ke ne ke itumelela go jala maungo le merogo. Ka selemo loapi lo ne lo nna lobududu le dinyetse di lela. Naga e ne e tlala ka ditšheshe tse di nkgang monate mme maungo a Mediterranean a re neng re a jala—diterebe le difeiye—a ne a le monate tota! Go ne go lebega e kete re bone paradaisenyana ya rona.
Ke Nna le Tumelo Gape mo Modimong
Kwa yunibesithing ke ile ka ithuta botshelo jwa disele le ditshedi tse di sa ntseng di gola mo popelong le mmele wa motho mme ke ne ka kgatlhiwa thata ke tsela e dilo tseno di raraaneng ka teng le kafa di nyalanang ka teng. E re ka jaanong ke ne ke na le nako ya go leba popo le go akanya ka yone letsatsi le letsatsi, bontle jwa yone le dilo tse e nang le tsone di ne di nkgakgamatsa. Letsatsi le letsatsi buka ya popo e ne e bua le nna kgato ka kgato. Letsatsi lengwe fa ke ntse ke tsamayatsamaya mo dithabeng ka lobaka lo loleele le fa ke sena go akanya thata ka botshelo, ke ne ka tla mo tshwetsong ya gore go tshwanetse ga bo go na le Mmopi. Ke ne ka dira tshwetso mo pelong gore ke dumele mo Modimong. Pele ke ne ke ikutlwa ke sa kgotsofala mo pelong, ke ikutlwa ke le nosi. Mo letsatsing le ke neng ka simolola go dumela mo Modimong ka lone ke ne ka re mo pelong, ‘Pascal, ga o kitla o tlhola o nna o le mongwe gape.’ Ke ne ka ikutlwa ka tsela e e sa tlwaelegang.
Go ise go ye kae ke fa nna le moratiwa wa me re nna le ngwana wa mosetsana—Amandine. Ke ne ke mo rata mo go maswe. E re ka jaanong ke ne ke dumela mo Modimong, ke ne ka simolola go tlotla melao e sekae e ke e itseng ya boitsholo. Ke ne ka lesa go utswa le go bua maaka mme go ise go ye kae ka lemoga gore seno se ne sa nthusa go tila go nna le dikgotlang tse dintsi le batho ba ke neng ke tshela le bone. Ee, re ne re tle re nne le mathata mme paradaise ya me e ne e se e ke neng ke e solofetse. Badiri ba beine ba motse wa rona ba ne ba dirisa dibolayaditshenekegi tse gape di neng di tle di tshwaetse dijalo tsa me. Potso ya me malebana le se se bakang boikepo e ne e ise e arabiwe. Mo godimo ga moo, le mororo ke ile ka bala dibuka tse dintsi tse di malebana le botshelo jwa lelapa, seno se ile sa se ka sa thibela go aga ke omana le moratiwa wa me. Re ne re se na ditsala tse dintsi, mme tse re neng re na le tsone di ne di sa ikanyege; dingwe tsa tsone di ile tsa ba tsa leka go dira gore moratiwa wa me a se ka a ikanyega. Go tshwanetse ga bo go na le paradaise e e botoka.
Dithapelo Tsa Me di A Arabiwa
Gangwe le gape ke ne ke rapela Modimo ka tsela ya me gore a nkaele mo botshelong. Moso mongwe wa Sontaga mosadi mongwe yo o botsalano yo leina la gagwe e leng Irène Lopez le morwa wa gagwe yo monnye ba ne ba re etela. E ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka reetsa se a neng a batla go se bua mme ka dumela fa a ne a kopa go nketela gape. Ke ne ka etelwa ke banna ba babedi. Ke ne ka tshwarelela dilo tse pedi mo motlotlong wa me le bone—Paradaise le Bogosi jwa Modimo. Ke ne ka boloka dintlha tse pedi tseo ka kelotlhoko mo pelong ya me, mme fa dikgwedi di ntse di feta, ke ne ka lemoga gore letsatsi lengwe ke tla tshwanelwa ke go baakanya ditsela tsa me fa pele ga Modimo gore ke nne le segakolodi se se phepa le gore ke bone boitumelo jwa mmatota.
E le gore re tle re dumalanye botshelo jwa rona le Lefoko la Modimo, kwa tshimologong moratiwa wa me o ne a dumela gore re ka nyalana. Mme o ne a tsalana le batho ba ba sa siamang ba ba neng ba tlaopa Modimo le melao ya gagwe. Maitseboa mangwe a dikgakologo fa ke goroga mo lapeng ke ne ka fitlha ka gamarega tota. Ntlo ya rona e ne e le lolea. Moratiwa wa me o ne a tsamaile a tsere morwadiarona wa dingwaga tse tharo. Ke ne ka fetsa malatsi ke letetse gore ba boe—mme ga se ka ga nna jalo. Go na le go baya Modimo molato ke ne ka mo rapela gore a nthuse.
Moragonyana ga moo ke ne ka tsaya Baebele, ka nna fa fatshe kafa tlase ga setlhare sa difeiye mme ka simolola go e bala. Tota nkare, ke ile ka monya mafoko a yone. Le mororo ke ile ka bala dibuka tsa mefutafuta tse di kwadilweng ke basekaseki ba mathata a tsa boboko le baithutatlhaloganyo, ke ne ke ise nko ke rakane le botlhale jo bo ntseng jalo. Ruri buka eno e tshwanetse ya bo e tlhotlheleditswe ke Modimo. Ke ne ka gakgamadiwa ke dithuto tsa ga Jesu le tsela e a neng a tlhaloganya batho ka yone. Ke ne ka gomodiwa ke Dipesalema ka ba ka gakgamadiwa ke botlhale jo bo molemo jwa Diane. Ka yone nako eo ke ne ka lemoga gore le fa go ithuta ka popo go le molemo mo go atametseng motho mo Modimong, go ka senolela motho ‘mathoko fela a ditsela tsa one.’—Jobe 26:14, NW.
Gape Basupi ba ne ba ntlogeletse buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng le ya Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa.a Ke ne ka bulega matlho fa ke sena go di bala. Buka ya Boamarure e ile ya nthusa go tlhaloganya lebaka la go bo batho ba lebana le mathata a kgotlelo, dintwa, tirisodikgoka e e ntseng e oketsega le matshosetsi a go fedisiwa ka nuklea. Mme fela jaaka loapi lo lohibidu lo ke neng ke lo lebile ke le mo tshingwaneng ya me lo ne lo supa gore go tla nna le maemo a bosa a a itumedisang mo letsatsing le le latelang, ditiragalo tseno le tsone ke sesupo sa gore Bogosi jwa Modimo bo atametse. Mme buka ya Botshelo jwa Lelapa yone e ne ya dira gore ke eletse e kete nka e bontsha moratiwa wa me le go mmolelela gore re ka tshela ka boitumelo fa re ka tshela go ya ka kgakololo ya Baebele. Le fa go le jalo, go ne go sa tlhole go kgonega.
Go Gatela Pele mo Semoyeng
Ke ne ke batla go itse go le gontsi ka jalo ke ne ka kopa Robert, yo e leng Mosupi, gore a nketele. O ne a gakgamala fa a utlwa ke mmolelela gore ke batla go kolobediwa, ka jalo a simolola go ithuta Baebele le nna. Ka yone nako eo ke ne ka simolola go bolelela batho ba bangwe dilo tse ke neng ke di ithuta mme ka simolola go anamisa le dikgatiso tse ke neng ke di reka kwa Holong ya Bogosi.
Ke ne ka tsenela khoso ya go aga ka matlapa e le gore ke kgone go itshedisa. E re ka ke ne ke lemogile kafa Lefoko la Modimo le kgonang go solegela motho molemo ka teng, ke ne ka dirisa tshono nngwe le nngwe go rerela baithuti ba bangwe le barutabana ka tsela e e seng ya ka tlwaelo. Maitseboa mangwe ke ne ka kopana le Serge mo phashiting. O ne a tshotse dimakasine. Ke ne ka mo raya ka re, “Ke lemoga gore o rata go bala.” O ne a re, “Ee, mme gone tseno di a ntapisa.” Ke ne ka mmotsa gore, “A o batla go bala sengwe se ruri se leng molemo?” Re ne ra tlotla monate ka Bogosi jwa Modimo mme morago ga moo o ne a itseela dikgatiso dingwe tsa Baebele. Beke e e latelang o ne a tla Holong ya Bogosi le nna mme ra simolola thuto ya Baebele.
Letsatsi lengwe ke ne ka botsa Robert gore a go siame fa nka rera ka ntlo le ntlo. O ne a ya mo a bayang diaparo tsa gagwe teng mme a ntsha sutu a nnaya yone. Sontaga se se latelang ke ne ka tsaya kgato ya me ya ntlha mo bodireding le ene. Kgabagare, ka March 7, 1981, ke ne ka bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa Modimo phatlalatsa ka kolobetso.
Go Bona Thuso mo Mathateng
Ka yone nako eo, ke ne ka utlwa gore Amandine le mmaagwe ba nna kwa moseja. Ka maswabi—morago ga go nna ke leka go dirisa molao wa naga e mmaagwe a neng a nna kwa go yone—o ne a nthibela go bona morwadiake. Ke ne ka nna mo tlalelong. Mmaagwe Amandine o ne a nyalwa, mme mahutsana a me a ne a gakala fa ke ne ke amogela kitsiso ya semmuso ya gore monna wa gagwe o neilwe tetla ya go nna rraagwe morwadiake—kwantle ga tetla ya me. Jaanong ke ne ke sa tlhole ke na le ditshiamelo dipe malebana le ngwanake. Le fa ke ile ka dira boikuelo jwa semolao, ke ne ka se ka ka newa tetla ya go mo etela. Ke ne ka utlwa botlhoko thata ke ikutlwa e kete ke sikere kgetsi e e bokete.
Mme gone, Lefoko la ga Jehofa le ne la nnonotsha ka ditsela tse di farologaneng. Letsatsi lengwe fa ke ne ke tshwenyegile thata mo maikutlong, ke ne ka boaboeletsa mafoko ano a Diane 24:10: “Fa o idibala mo motlheng wa pitlagano, nonofo ya gago e a be e le potlana.” Temana eno e ne ya nthusa gore ke se ka ka phutlhama. Nako nngwe fa ke sena go retelelwa ke go bona morwadiake, ke ne ka ngangatlela kgetsana ya me ya dibuka thata mme ka ya bodireding. Mo dinakong tseo tsa mathata, ke ne ka lemoga boammaaruri jwa Pesalema 126:6 e e reng: “Le fa motho a ka tswa a tsamaya a ntse a lela, mme a tshotse peo, o tlaa ba a tla gape, dingata tsa gagwe a na natso.” Thuto e e botlhokwa e ke ileng ka ithuta yone ke gore, fa o lebane le diteko tse di masisi, fa o setse o dirile sotlhe se o neng o ka kgona go se dira go di rarabolola, o tshwanetse go di lebala mme o tswelele pele o direla Jehofa o ititeile sehuba. Seno ke sone fela se se ka dirang gore o tswelele pele o itumetse.
Go Gagamalela Sengwe se se Botoka
Fa batsadi ba me ba bona tsela e ke neng ke fetogile ka yone, ba ne ba ithaopela go nthusa go tsweletsa dithuto tsa me tsa yunibesithi. Ke ne ka ba leboga, mme jaanong ke ne ke na le mokgele o mosha. Boammaaruri bo ne bo nkgolotse mo filosofing ya batho, masaitseweng le tepodinaledi. Jaanong ke ne ke na le ditsala tsa mmatota tse di neng di ka se bolaane mo ntweng. Mme kgabagare ke ne ka bona karabo ya dipotso tsa me tse di malebana le lebaka la go bo go tletse pogo e kana kana mo lefatsheng. Ka ntlha ya go batla go bontsha kanaanelo, ke ne ka batla go direla Modimo ka nonofo yotlhe ya me. Jesu o ne a ineetse ka botlalo mo bodireding jwa gagwe, mme ke ne ka batla go latela sekao sa gagwe.
Ka 1983 ke ne ka tlogela kgwebo ya me ya go aga ka matlapa mme ka nna modiredi wa nako e tletseng. Dithapelo tsa me di ne tsa arabiwa fa ke ne ke bona tiro e e seng ya letsatsi lotlhe mo phakeng gore ke kgone go itlamela. A bo go ile ga intumedisa jang ne go nna gone kwa sekolong sa babulatsela le Serge, lekawana le ke neng ka le neela bosupi kwa sekolong sa go aga ka matlapa! Morago ga go fetsa dingwaga tse tharo ke le mmulatsela wa ka metlha, ke ne ka nna le keletso ya go direla Jehofa le e leng go feta moo. Ka gone, ka 1986, ke ne ka tlhomiwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng kwa toropong e ntle ya Provins e e seng kgakala le Paris. Gantsi fa ke ne ke tla gae maitseboa, ke ne ke fitlha ke rapela Jehofa ke mo lebogela go bo ke ile ka itumelela go fetsa letsatsi ke bua le batho ba bangwe ka ene. Tota e bile, dilo tse pedi tse di intumedisang thata mo botshelong ke go bua le Modimo le go bua ka Modimo.
Selo se sengwe se se ileng sa intumedisa thata ke fa mmè wa dingwaga tse 68 yo o neng a nna kwa Cèbazan, motsana o o kwa borwa jwa Fora a ne a kolobediwa. Fa mmè a simolola go ithuta Baebele, ke ne ka mo romelela dipeeletso tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! E ne e le motho yo o akanyang, mme go ise go ye kae ke fa a lemoga boammaaruri mo go se a neng a se bala.
Bethele—Paradaise ya Semoya e e Gakgamatsang
Fa Mokgatlho wa Watch Tower o ne o dira tshwetso ya go fokotsa palo ya babulatsela ba ba kgethegileng, ke ne ka dira kopo ya go ya Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi le ya go dira kwa Bethele, ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa mo Fora. Ke ne ke batla go tlogelela Jehofa gore a mpontshe gore o batla ke mo direla kae. Dikgwedi di sekae moragonyana, ka December 1989, ke ne ka lalediwa go tla Bethele kwa Louviers, bokonebophirima jwa Fora. Seno se ile sa itshupa e le matswela a a molemo ka gonne lefelo leno le ne la nkgontsha go thusa nnake le mogatse go tlhokomela batsadi ba rona fa ba ne ba lwala. Nka bo ke sa kgona go dira jalo fa nka bo ke ile tirelong ya borongwa dikilometara tse dintsi go tswa koo.
Mmè o ne a tla go nketela makgetlo a le mmalwa kwa Bethele. Le fa go se nne le nna go ne go mo tlhoka go intsha setlhabelo, o ne a tle a re: “Morwaaka, o se ka wa tlogela Bethele. Ke itumelela go bo o direla Jehofa mono.” Ka maswabi, gone jaanong batsadi ba me boobabedi ba tlhokafetse. A bo ke tlhologeletswe thata jang ne go boa ke ba bona gape mo lefatsheng le le fetotsweng go nna paradaise ya mmatota!
Ke dumela ke se na pelaelo gore fa e le gore go na le ntlo e e tshwanelwang ke go bidiwa “Paradaise Jaanong,” ke Bethele—“Ntlo ya Modimo”—ka gonne paradaise ya mmatota segolobogolo ke ya semoya, mme go na le bomoya jo bontsi kwa Bethele. Re nna le tshono ya go lwela go nna le maungo a moya. (Bagalatia 5:22, 23) Dijo tse di humileng tsa semoya tse re di abelwang ka nako ya temana ya letsatsi ya Baebele le thuto ya lelapa ya Tora ya Tebelo di nnonotshetsa tirelo ya Bethele. Mo godimo ga moo, go tsalana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ratang dilo tsa semoya ba ba nang le masomesome a dingwaga ba direla Jehofa ka boikanyegi go dira gore Bethele e nne lefelo le le sa tshwaneng le lepe le mo go lone motho a ka golang mo semoyeng. Le fa jaanong ke setse ke na le dingwaga tse 17 ke kgaogantswe le morwadiake, mono Bethele ke tshela le basha ba le bantsi ba ba tlhagafetseng, ba ke ba tsayang e le banake e bile ke itumelela go bona ba gatela pele mo semoyeng. Mo dingwageng tse robedi tse di fetileng ke ile ka abelwa dikabelo tse supa tse di farologaneng. Le fa diphetogo tseno di ile tsa se ka tsa nna motlhofo, thapiso e e ntseng jalo e solegela motho molemo fa nako e ntse e ya.
Ke ne ke tlhola ke jala mofuta wa dinawa tse di totang ga lekgolo. Ke ile ka lemoga gore go nna jalo le ka motho yo o jalang se se bosula, o roba se se bosula ga lekgolo—e seng gangwe fela. Dilo tse di go diragalelang di tshwana le sekolo se dithuto tsa sone di jang madi a mantsi. Ke eletsa fa nkabo ke ile ka se ka ka tsena sekolo se se ntseng jalo, go na le moo, ke ile ka godisediwa mo ditseleng tsa ga Jehofa. A bo basha ba ba godisitsweng ke batsadi ba Bakeresete ba le lesego jang ne! Ga go na pelaelo gore go botoka go jala se se molemo mo tirelong ya ga Jehofa mme o bo o roba kagiso le kgotsofalo ga lekgolo.—Bagalatia 6:7, 8.
Ka nako ya fa ke le mmulatsela, ke ne ke tle ke fete lebenkele la dibuka tsa bodumedi le re neng ra kwala mafoko a boilapuso mo go lone. Ke ile ka ba ka tsena mo teng ga lone go tlotla le mong wa lone kaga Modimo yo o tshelang le maikaelelo a gagwe. Ee, Modimo o a tshela! Mo godimo ga moo, Jehofa, Modimo yo o nosi wa boammaaruri, ke Rre yo o ikanyegang yo a se keng a latlha bana ba gagwe. (Tshenolo 15:4) E kete matshutitshuti a mangwe a batho ba ditšhaba tsotlhe a ka bona paradaise ya semoya gone jaanong—le Paradaise e e tsosolositsweng e e tlang—ka go direla le go baka Modimo yo o tshelang, Jehofa!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Di gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Ditshwantsho mo go tsebe 26]
Ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke dikgakgamatso tsa popo, ke ne ka dira tshwetso mo pelong gore ke tla dumela mo Modimong. (Kafa mojeng) Mo tirelong ya Bethele gompieno