Tsela ya go Lemoga le go Fenya Bokoa Bope Fela Jwa Semoya
GO YA KA DIKINANE TSA SEGERIKA, ACHILLES O NE A LE PELOKGALE GO FETA masole otlhe a kwa Greece mo Ntweng ya Troy, e e neng e lowa kgatlhanong le motse wa Troy. Kinane eo e bolela gore fa Achilles e ne e le lesea, mmaagwe o ne a mo ina mo metsing a Noka ya Styx, ka go dira jalo a dira gore a se ka a tlhaselwa gope kwantle fela ga fa mmaagwe a neng a mo tshwere gone—serethe sa ga Achilles. Ke gone moo lerumo le le kotsi le le hudilweng ke Paris, morwa Kgosi Priam wa kwa Troy le ileng la tlhaba la ba la bolaya Achilles teng. Achilles: From the book Great Men and Famous Women; Roman soldiers and page 21: Historic Costume in Pictures/Dover Publications, Inc., New York
Bakeresete ke masole a ga Keresete a a mo ntweng ya semoya. (2 Timotheo 2:3) Moaposetoloi Paulo o tlhalosa jaana: “Re na le mekamekano, e seng le madi le nama, mme le dipuso, le ditaolo, le babusi ba lefatshe ba lefifi leno, le mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.” Ee, baba ba rona ke Satane Diabolo le badimona ba gagwe.—Baefeso 6:12.
Ga go pelaelo gore, re ne re ka fekeediwa mo ntweng eno fa re ka bo re sa thusiwe ke Jehofa Modimo, yo a tlhalosiwang e le “monna wa ntwa.” (Ekesodo 15:3) Re filwe diaparo tsa tlhabano tsa semoya go itshireletsa kgatlhanong le baba ba rona ba ba bosula. Ke gone ka moo moaposetoloi a ileng a kgothatsa jaana: “Aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong gore lo tle lo kgone go ema lo nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo.”—Baefeso 6:11.
Ga go na pelaelo gore diaparo tsa tlhabano tse Jehofa Modimo a re di nayang ke tse di molemolemo, tse di kgonang go emelana le mofuta le fa e le ofe wa tlhaselo ya semoya. A o ko o lebelele fela lenaane le Paulo a ileng a le tlhalosa: moikgatlho wa boammaaruri, seiphemelo sa sehuba sa tshiamo, ditlhako tsa dikgang tse di molemo, thebe e kgolo ya tumelo, tlhoro ya phemelo ya poloko, le tšhaka ya moya. Motho a ka bona kae didirisiwa tse di gaisang tseno? Ka diaparo tse di ntseng jalo tsa tlhabano, lesole la Mokeresete le na le ditshono tse dintsi tsa go fenya, le fa le ka tswa le lebane le dikgoreletsi tse di boitshegang.—Baefeso 6:13-17.
Le mororo diaparo tsa tlhabano tsa semoya tse di tswang kwa go Jehofa e le tse di molemolemo e bile di re sireletsa sentle, ga re a tshwanela go tsaya dilo motlhofo. Fa re gopola Achilles yo go neng go twe ga go na mo a ka tlhaselwang gone, a le rona re ka tswa re na le mo re leng bokoa teng, serethe sa semoya sa ga Achilles? Seo se ka nna kotsi thata fa re ka tlhaselwa re sa lebelela.
Tlhatlhoba Diaparo Tsa Gago Tsa Tlhabano Tsa Semoya
Motshameki mongwe wa motshameko wa go relela mo aeseng yo o nang le makgetlo a mabedi a fenya dimentlele tsa gouta tsa Diolimpiki, yo go bonalang a ne a na le botsogo jo bo siameng, o ne a wa fela ka tshoganyetso a bo a swa ka nako ya go ikatisa. Ka bonako morago go foo go ne ga begwa dikgang tseno tse di tsibosang mo go The New York Times: “Bontlhanngwe jwa Baamerika ba le 600 000 ba ba emang pelo ngwaga le ngwaga ga ba bontshe matshwao a gone go sa le gale.” Ga go pelaelo gore, maemo a botsogo jwa rona ga a ikaega fela ka gore re ikutlwa jang.
Go ntse fela jalo le ka boitekanelo jwa rona jwa semoya. Kgakololo ya Baebele ke gore: “A yo o akanyang gore o eme a tlhokomele gore a se ka a wa.” (1 Bakorintha 10:12) Tota le fa diaparo tsa rona tsa tlhabano e le tse di molemolemo, re ka nna ra nna le bokoa. Seno se direga ka gonne re tshotswe re na le boleo, mme go nna le boleo ga rona le go sa itekanelang go ka re fenya motlhofo mo boikaelelong jwa rona jwa go dira go rata ga Modimo. (Pesalema 51:5) Le mororo re ka tswa re na le maitlhomo a a siameng, pelo ya rona e e boferefere e ka re tsietsa ka go re dira gore re se akanye dilo ka tsela e e siameng kana gore re dire diipato, gore re itlhokomolose makoa a rona motlhofo fela mme re bo re itsietsa ka go akanya gore ga go molato ope.—Jeremia 17:9; Baroma 7:21-23.
Mo godimo ga moo, re tshela mo lefatsheng le mo go lone go sa itsiweng pharologano sentle gareng ga se se siameng le se se sa siamang e bile dilo di a sokamisiwa. Gore a selo se siame kana ga se a siama go ka nna ga ikaega ka gore motho o ikutlwa jang. Boikutlo jo bo ntseng jalo bo rotloediwa mo diphasalatsong, mo boitlosobodutung jo bo ratiwang thata le mo metsweding ya tshedimosetso. Ga go pelaelo gore, fa re sa nne kelotlhoko, re ka nna ra iphitlhela re akanya jalo, mme diaparo tsa rona tsa tlhabano tsa semoya di ka simolola go koafala.
Go na le gore re wele mo boemong jo bo kotsi jalo, re tshwanetse go tsaya tsia kgakololo eno ya Baebele: “Nnang lo leke gore a lo mo tumelong, nnang lo ipontshe se lona ka bolona lo leng sone.” (2 Bakorintha 13:5) Fa re dira jalo, re tla kgona go lemoga makoa ape a a ka tswang a simolola go nna teng mo go rona mme re tseye dikgato tse di tlhokegang go a baakanya pele ga baba ba rona ba a lemoga mme ba bo ba re tlhasela. Gone mme, ke eng se re ka se dirang go iteka jalo? Ke matshwao afe a re tshwanetseng go a lebelela fa re ntse re itlhatlhoba?
Go Lemoga Matshwao
Letshwao lengwe le le tlwaelegileng thata le le ka supang gore re a koafala mo semoyeng ke go repisa mekgwa ya rona ya go ithuta ka namana. Bangwe ba akanya gore ba tshwanetse go ithuta thatanyana mme go bonala ba sa go dire. Ka ntlha ya go tshwarega mo botshelong, go motlhofo go wela mo boemong jo bo maswe joo. Le fa go ntse jalo, se se maswe le go feta ke gore gantsi batho ba rata go ikgomotsa ba re ga ba maswe go le kalo, ka gonne ba bala dikgatiso tsa Baebele fa ba kgona le gore ba kgona go ya go dingwe tsa dipokano tsa Bokeresete.
Go akanya ka tsela e e ntseng jalo ke go itsietsa. Go tshwana le motho yo o akanyang gore o tshwaregile thata go ka dula fa fatshe a ja dijo tse di siameng, ka jalo o phamola sengwenyana se a ka se jang a bo a dira sele le sele. Le fa gone a se kitla a bolawa ke tlala, go ise go ye kae o tla nna le mathata a botsogo. Ka mo go tshwanang, fa re sa je dijo tse di nonotshang tsa semoya sentle, go ise go ye kae re tla nna le mafelo a a bokoa mo diaparong tsa rona tsa tlhabano. Ka ntlha ya go nna re tlhaselwa gangwe le gape ka dipuo tsa tsietso le maikutlo a lefatshe, re ka nna ra ineela motlhofo mo ditlhaselong tse di kotsi tsa ga Satane.
Letshwao le lengwe la go koafala mo semoyeng ke go repisa letsogo mo ntweng ya rona ya semoya. Ka nako ya kagiso lesole ga le utlwe kgatelelo le kotsi ya ntwa. Ka jalo le ka nna la akanya gore ga go tlhokege gore le nne le ipaakantse. Fa ka tshoganyetso le ka tshwanelwa ke go lwa, le ka nna la bo le sa ipaakanyetsa go dira jalo. Go a tshwana le mo semoyeng. Fa re ka itetla go repisa letsogo, re ka nna ra iphitlhela re sa ipaakanyetsa go lwantsha ditlhaselo tse di ka re tlelang.
Gone mme, re ka itse jang gore re wetse mo boemong jono? Re ka nna ra ipotsa dipotso dingwe tse di ka senolang gore maemo ke afe tota: A ke tlhagafalela go nna le seabe mo bodireding ka tsela e e tshwanang le e ke tlhagafalelang go intsha ka yone? A ke rata go baakanyetsa dipokano ka tsela e e tshwanang le e ke ratang go ya go reka kana go lebelela thelebishene ka yone? A ke ikwatlhaela dilo tse ke ileng ka itima tsone kana ditshono tse ke ileng ka di tlogela fa ke ne ke nna Mokeresete? A ke tswela pelo botshelo jo go tweng ke jo bo monate jo ba bangwe ba bo tshelang? Dipotso tseno di dira gore motho a akanye, mme di re thusa go lemoga bokoa bope jo bo ka tswang bo le mo diaparong tsa rona tsa tlhabano tsa semoya.
E re ka diaparo tsa tlhabano tse di re sireletsang e le tsa semoya, go botlhokwa gore moya wa Modimo o elele sentle mo botshelong jwa rona. Se se supiwa ke selekanyo se maungo a moya wa Modimo a bonalang ka sone mo ditirong tsotlhe tsa rona. A o selekega ka bonako kana tota le e leng go tenega fa ba bangwe ba dira kana ba bua dilo tse o sa di rateng? A o motho yo o sa amogeleng kgakololo, kana a o akanya gore batho ba bangwe ba go tshwaya diphoso ka metlha? A o fufegela katlego ya batho ba bangwe le tse ba kgonneng go di dira? A o motho yo o sa kgoneng go tshedisana sentle le batho, segolobogolo balekane ba gago? Go itshekatsheka ka boikanyegi go tla re thusa go bona gore a botshelo jwa rona bo tletse ka maungo a moya wa Modimo kana gore a ditiro tsa nama di itshupa ka tsela e e bofitlha.—Bagalatia 5:22-26; Baefeso 4:22-27.
Dikgato Tse di Molemo go ka Fenya Bokoa Jwa Semoya
Go lemoga matshwao a bokoa jwa semoya ke kgang e nngwe; mme ke kgang e sele go lebana le tsone le go tsaya dikgato tsa go di baakanya. Ka maswabi, batho ba le bantsi ba rata go dira diipato, go itlhatswa molato, go nyenyefatsa bothata, kana go ganela gore bo teng. A bo seo se le kotsi jang ne—jaaka go ya ntweng o apere diaparo tsa tlhabano tse di sa felelang! Go dira jalo go ka dira gore Satane a re tlhasele motlhofo. Go na le moo, re tshwanetse go tsaya dikgato tse di tshwanetseng ka bonako go baakanya makoa ape a re a lemogang. Re ka dira eng?—Baroma 8:13; Jakobe 1:22-25.
E re ka re le mo ntweng ya semoya—ntwa e e akaretsang go laola mogopolo le pelo ya Mokeresete—re tshwanetse go dira gotlhe mo re ka go kgonang go sireletsa dinonofo tsa rona. Gakologelwa gore gareng ga diaparo tsa rona tsa tlhabano go na le “seiphemelo sa sehuba sa tshiamo,” se se sireletsang pelo ya rona le “tlhoro ya phemelo ya poloko,” e e sireletsang megopolo ya rona. Go ithuta go dirisa dilo tseno ka tsela e e tla re solegelang molemo go ka re thusa go fenya e seng go fenngwa.—Baefeso 6:14-17; Diane 4:23; Baroma 12:2.
Go apara “seiphemelo sa sehuba sa tshiamo” ka tsela e e tshwanetseng go tlhoka gore gangwe le gape re sekaseke gore re rata tshiamo go le kana kang le gore re ila boikepo go le kana kang. (Pesalema 45:7; 97:10; Amose 5:15) A maemo a boitsholo jwa rona a lekana le a lefatshe? A dilo tse di kileng tsa bo di re tshosa le go re kgopisa jaanong di a re kgatlha—e ka ne re di bona ka matlho kana di le mo thelebisheneng le mo dibaesekopong? Go rata tshiamo go tla re thusa go bona gore dilo tse lefatshe le di tsayang e le kgololesego le go tlhalefa e ka tswa tota e le boitsholo jo bo botlhaswa le mabela.—Baroma 13:13, 14; Tito 2:12.
Go rwala “tlhoro ya poloko” go akaretsa go nna re akantse sentle ka masego a a itumedisang a a tlang, re sa itetle go itewa tsebe ke maphatsiphatsi a lefatshe leno. (Bahebera 12:2, 3; 1 Johane 2:16) Go nna le pono eno go tla re thusa go tsaya dilo tsa semoya di le botlhokwa thata go feta dikhumo le melemo e re ka iponelang yone. (Mathaio 6:33) Ka gone, gore re tlhomamise gore re apere seaparo seno sa tlhabano sentle, re tshwanetse go ipotsa jaana ka boikanyegi: Ke eng se ke se gagamalelang mo botshelong? A ke na le mekgele e e rileng ya semoya? Ke dira eng gore ke e fitlhelele? E ka ne re masalela a Bakeresete ba batlodiwa kana re matshutitshuti a “boidiidi jo bogolo,” re tshwanetse go etsa Paulo yo o neng a bolela jaana: “Ga ke itseye gore ke setse ke se tshwere; mme go na le selo se le sengwe kaga sone: Ka ke lebala dilo tse di kwa morago e bile ke gagamalela pele kwa dilong tse di kwa pele, ke latelela go ya fela kwa mokgeleng.”—Tshenolo 7:9; Bafilipi 3:13, 14.
Tlhaloso ya ga Paulo ya diaparo tsa rona tsa tlhabano tsa semoya e konela ka kgothatso eno: “Ka mofuta mongwe le mongwe wa thapelo le mokokotlelo lo tswelela lo rapela ka lobaka longwe le longwe ka moya. Mme go dira seo nnang lo tsogile ka tlhomamo yotlhe le ka mokokotlelo mo boemong jwa baitshepi botlhe.” (Baefeso 6:18) Se se supa dikgato tse pedi tse di molemo tse re ka di tsayang tse di ka re thusang go fenya kana go thibela bokoa bope jwa semoya: Nna le kamano e e molemo le Modimo mme o atamalane thata le Bakeresetekawena.
Fa re itlwaeditse go atamela Jehofa ka dithapelo tsa “mofuta mongwe le mongwe” (re ipolela dibe tsa rona, re kopa maitshwarelo, re kopa go kaelwa, re lebogela masego, re mmaka go tswa pelong) le ka “lobaka longwe le longwe” (phatlalatsa, mo sephiring, re le rosi, ka tshoganyetso), re nna le kamano ya botsala le Jehofa. Eo ke tshireletso e kgolo go di gaisa tsotlhe.—Baroma 8:31; Jakobe 4:7, 8.
Kafa letlhakoreng le lengwe, re kgothalediwa go rapela “mo boemong jwa baitshepi botlhe,” e leng Bakeresetekarona. Mo dithapelong tsa rona re ka nna ra umaka bakaulengwe ba rona ba semoya ba ba kwa dinageng tse di kgakala ba ba bogisiwang kana ba na le mathata a mangwe. Mme go tweng ka Bakeresete ba re dirang le go kopana le bone letsatsi le letsatsi? Le bone go siame go ba rapelela, fela jaaka Jesu a ne a rapelela barutwa ba gagwe. (Johane 17:9; Jakobe 5:16) Dithapelo tse di ntseng jalo di dira gore re atamalane thata e bile di re nonotsha gore re emelane le ditlhaselo tsa “yo o boikepo.”—2 Bathesalonika 3:1-3.
Sa bofelo, nna o gakologetswe kgakololo eno e e lorato ya ga moaposetoloi Petere: “Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse. Jalo, nnang lo itekanetse sentle mo mogopolong lo bo lo nne lo thantse malebang le dithapelo. Mo godimo ga dilo tsotlhe, ratanang ka lorato lo lo boteng, ka gonne lorato lo bipa letshutitshuti la maleo.” (1 Petere 4:7, 8) Go motlhofo thata go letla gore go sa itekanela—ga rona le ga batho ba bangwe—go tsene mo dipelong le mo megopolong ya rona le go nna dikgoreletsi. Satane o itse bokoa jono jwa batho sentle. O dirisa leano la boferefere la go fenya batho ka go ba kgaoganya. Ka jalo, re tshwanetse go itlhaganelela go bipa maleo a a ntseng jalo ka go ratana ka lorato lo lo boteng re sa letlelele “Diabolo sebaka.”—Baefeso 4:25-27.
Nna o Nonofile Semoyeng Gone Jaanong
Fa o lemoga gore moriri wa gago o tlhakatlhakane kana gore tae ya gago e sokame, o dira eng? O tla ipaakanya ka bonako. Bontsi jwa batho ga ba ne ba tlogela dilo tseo fela, ba akanya gore dilabe tse di mo tebegong ya bone ga di re sepe. A re tsiboge ka bonako fela jalo malebana le bokoa jwa rona jwa semoya. Fa re na le dilabe mo mmeleng go ka nna ga dira gore batho ba re lebe ka tsela e e sa itumediseng, mme dilabe tsa semoya tse di lesiwang fela tsone di ka dira gore Jehofa a se ka a re amogela.—1 Samuele 16:7.
Jehofa ka lorato o re file sengwe le sengwe se re se tlhokang go re thusa go khumola makoa ape a semoya le gore re nne re nonofile mo semoyeng. O nna a re neela dikgakololo le go re kaela gore re dire eng, a dirisa dipokano tsa Bokeresete, dikgatiso tsa Baebele, le ka Bakeresetekarona ba ba godileng ba ba amegang ka rona. Go ikaegile ka rona gore re di amogele le go di dirisa. Se se tlhoka maiteko le go kgona go ikgalemela. Mme gone, gakologelwa se moaposetoloi Paulo a neng a se bolela: “Tsela e ke sianang ka yone ga se ka go sa tlhomamisege; tsela e ke lebantshang go itaya ga me ka yone ke e le gore ke se ka ka itaya moya wa loapi; mme ke itaaka mmele wa me ke ba ke o tshwara jaaka motlhanka, gore, fa ke sena go rerela ba bangwe, nna ka bonna ke se ka ka nna yo o sa amogelweng ka tsela nngwe.”—1 Bakorintha 9:26, 27.
Nna o ntshitse matlho dinameng mme le ka motlha o se ka wa itetla go nna le mo o koafalang teng mo semoyeng. Go na le moo, a ka boikokobetso le ka bopelokgale re dire se se tlhokegang gone jaanong go lemoga le go fenya bokoa bope fela jwa semoya jo re ka tswang re na le jone.
[Mafoko a a mo go tsebe 19]
“NNANG LO LEKE GORE A LO MO TUMELONG, NNANG LO IPONTSHE SE LONA KA BOLONA LO LENG SONE.”—2 Bakorintha 13:5.
[Mafoko a a mo go tsebe 21]
“LO NNE LO THANTSE MALEBANG LE DITHAPELO. MO GODIMO GA DILO TSOTLHE, RATANANG KA LORATO LO LO BOTENG, KA GONNE LORATO LO BIPA LETSHUTITSHUTI LA MALEO.”—1 Petere 4:7, 8.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]
IPOTSE . . .
◆ A ke rata go baakanyetsa dipokano ka tsela e e tshwanang le e ke ratang go lebelela thelebishene ka yone?
◆ A ke tswela pelo botshelo jo go tweng ke jo bo monate jo ba bangwe ba bo tshelang?
◆ A ke selekega ka bonako fa ba bangwe ba dira kana ba bua dilo tse ke sa di rateng?
◆ A ke motho yo o sa amogeleng kgakololo, kana a ke akanya gore batho ba bangwe ba ntshwaya diphoso ka metlha?
◆ A ga ke kgone go tshedisana sentle le batho ba bangwe?
◆ A maemo a me a boitsholo a tshwana le a lefatshe?
◆ A ke na le mekgele e e rileng ya semoya?
◆ Ke eng se ke se dirang gore ke kgone go fitlhelela mekgele ya me ya semoya?
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Achilles: From the book Great Men and Famous Women; Roman soldiers and page 21: Historic Costume in Pictures/Dover Publications, Inc., New York