LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 5/15 ts. 29-31
  • Saulo—Sejana se se Kgethetsweng Morena

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Saulo—Sejana se se Kgethetsweng Morena
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lelapa le Saulo a Goletseng mo go Lone
  • Thutego ya ga Saulo
  • Bokgoni bo Dirisiwa Sentle
  • Jesu o Tlhopha Saulo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Phuthego E ne E “Tshela ka Kagiso”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Mmogisi o Bona Lesedi le Legolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • “Go Utlwa go Botoka Go na Le Setlhabelo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 5/15 ts. 29-31

Saulo—Sejana se se Kgethetsweng Morena

SAULO wa Tareso e ne e le moganetsi le mmolai wa balatedi ba ga Keresete. Mme Morena o ne a mmeetse isagwe e nngwe. Saulo o ne a tla nna moemedi yo o tlhomologileng wa yone tsela e a neng a e lwantsha thata jaana. Jesu o ne a re: “Monna yono [Saulo] ke sejana se se kgethilweng mo go nna gore a sikarele leina la me kwa merafeng mmogo le kwa dikgosing le barweng ba Iseraele.”—Ditiro 9:15.

Botshelo jwa ga Saulo jwa go nna “motho yo o se nang maitseo” bo ne jwa fetoga gotlhelele fa a ne a utlwelwa botlhoko mme a bo a nna “sejana se se kgethilweng” sa Morena Jesu Keresete. (1 Timotheo 1:12, 13) Maatla a a neng a mo tlhotlheletsa gore a nne le seabe mo go kgobotletseng Setefane le go tlhasela barutwa ba bangwe ba ga Jesu a ne a fetolwa mme a dirisediwa maikaelelo a a farologaneng gotlhelele fa Saulo a ne a nna moaposetoloi Paulo wa Mokeresete. Go bonala fa Jesu a ne a bona dinonofo tse dintle mo go Saulo. Ke dinonofo dife? Saulo e ne e le mang? Tsela e a godileng ka yone e ne ya dira jang gore a tshwanelegele go dirisiwa go tsweletsa kobamelo ya boammaaruri? A re ka ithuta sengwe mo maitemogelong a gagwe?

Lelapa le Saulo a Goletseng mo go Lone

Ka nako ya fa Setefane a ne a bolawa ka bonako morago ga Pentekosete ya 33 C.E., Saulo e ne e le “lekau.” Fa a ne a kwalela Filemone mo e ka nnang ka 60 go ya go 61 C.E., e ne e le “monna yo o tsofetseng.” (Ditiro 7:58; Filemone 9) Bakanoki ba akantsha gore, go ya ka tsela e dingwaga di neng di balwa ka yone bogologolo, go nna “mosha” go ka tswa go ne go raya dingwaga tse di fa gare ga 24 le 40, fa go nna “monna yo o tsofetseng” go ne go ka tswa go balwa go tswa mo dingwageng tse 50 go ya go 56. Ka jalo, Saulo o ka tswa a tshotswe dingwaga di sekae fela morago ga go tsholwa ga ga Jesu.

Ka nako eo Bajuda ba ne ba nna mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe. Go fenngwa, botlhanka, go fudusiwa, kgwebo le go falala ka bobone e ne e le dingwe tsa dilo tse di neng tsa dira gore ba phatlalale go tswa kwa Judea. Le mororo ba lelapa la gagwe e ne e le Bajuda ba ba neng ba phatlalala, Saulo o gatelela gore boagi jwa bone bo ne bo le kafa Molaong, a bolela gore o ne a “rupile mo letsatsing la borobabobedi, ke wa losika lwa lelapa la Iseraele, wa lotso lwa Benjamine, Mohebera yo o tsetsweng ke Bahebera; malebang le molao, Mofarasai.” Saulo o ne a na le leina la Sehebera le le tshwanang le la leloko le le tlotlegang la morafe wa gagwe—kgosi ya ntlha ya Iseraele. E re ka e ne e le Moroma ka tsalo, Saulo wa Tareso gape o ne a na le leina la Selatine e bong Paullus.—Bafilipi 3:5; Ditiro 13:21; 22:25-29.

Go tsholwa ga ga Saulo e le Moroma go ne go raya gore mongwe wa bagologolwane ba gagwe wa monna o ne a ile a nna le tshiamelo ya go nna le boagi. Jang? Go na le ditsela di le mmalwa tse a ka tswang a ile a nna le jone ka tsone. Kwantle ga go rua boagi, bo ne bo ka fiwa batho kana ditlhopha tsa batho ka ntlha ya ditshwanelo tse di rileng, go tshwanelega ka ntlha ya maemo a bopolotiki kana e le tuelo ya tiro nngwe e e tlhomologileng e motho a e diretseng Puso. Motlhanka yo o ka kgonang go reka kgololesego ya gagwe go Moroma, kana yo o ileng a gololwa ke moagi wa Moroma, le ene o ne a ka nna Moroma. Le motho yo o nnileng lesole ka nako e telele o ne a ka dira jalo fa a gololwa mo mephatong ya masole a Roma. Batho ba lefelo leo ba ba neng ba nna mo dikoloneng tsa Baroma ba ne ba ka nna baagi fa nako e ntse e ya. Mme go bolelwa gape gore ka nako nngwe boagi bo ne bo rekwa ka madi a mantsi. Gore lelapa la gaabo Saulo le ne la nna jang le boagi ga go itsiwe.

Re itse gore Saulo o ne a tswa kwa Tareso, motsemogolo le motsemoshate wa porofense ya Roma ya Kilikia (e jaanong e leng kwa ntlheng ya borwa jwa Turkey). Le mororo setšhaba se segolo sa Bajuda se ne se nna mo lefelong leo, botshelo jwa koo le jone bo ka tswa bo ile jwa dira gore Saulo a kopane le setso sa Baditšhaba. Tareso e ne e le motse o mogolo le o o humileng o o neng o itsege e le lefelo la dithuto tsa Bofetogelasegerikeng. Go ya ka diphopholetso baagi ba motse oo ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le batho ba ba fa gare ga 300 000 le 500 000. E ne e le lefelo la kgwebo mo tseleng e kgolo e e fa gare ga Asia Minor, Siria le Mesopotamia. Tareso e ne e humile ka ntlha ya kgwebo e e neng e dirwa koo le ka ntlha ya dipoa tse di neng di ungwa thata tse di neng di e dikologile, tse di neng di ungwa dijo tsa ditlhaka, beine le khai. Ka ntlha ya intaseteri ya yone ya dilogwa e e neng e atlega go ne ga dirwa letsela la boboa jwa dipodi le le neng le dirisediwa go dira ditente.

Thutego ya ga Saulo

Saulo, kana Paulo, o ne a itlamela ka tsela e e tshepegang e bile a tshegetsa tiro ya gagwe ya borongwa ka go dira ditente. (Ditiro 18:2, 3; 20:34) Kgwebo ya go dira ditente e ne e le selo se se tlwaelegileng mo motseng o a tsholetsweng kwa go one wa Tareso. Go ka direga gore Saulo o ile a ithuta kgwebo ya go dira ditente mo go rraagwe go tswa bosheng jwa gagwe.

Go itse ga ga Saulo dipuo—segolobogolo bokgoni jwa gagwe jwa Segerika se e neng e le puo e e tlwaelegileng ya Puso ya Roma—le gone go ile ga nna mosola thata mo tirong ya gagwe ya borongwa. (Ditiro 21:37–22:2) Batho ba ba tlhatlhobang mekwalo ya gagwe ba bolela gore Segerika sa gagwe se ne se le sentle thata. Mafoko ao a a dirisang ga se a segologolo kana a a fitlhelwang mo dibukeng, go na le moo, a tshwana le a Septuagint, thanolo ya Segerika ya Dikwalo Tsa Sehebera e gantsi a e nopolang kana a e tlhalosang ka mafoko a mangwe. Go ya ka bosupi jono, bakanoki ba ba farologaneng ba akanya gore Saulo o ile a nna le thutego e e siameng ya motheo ka Segerika, gongwe e le kwa sekolong sa Sejuda. Mokanoki Martin Hengel o bolela jaana: “Bogologolo fa motho a batla thutego e e botoka—segolobogolo thutego ya Segerika—o ne a sa e bone mahala; ka kakaretso, o ne a tla tlhoka go tshegediwa ka dilo tse di bonalang.” Ka jalo, thutego ya ga Saulo e akantsha gore o ne a tswa mo lelapeng la maemo a a kwa godimo.

Go ka direga gore fa Saulo a ne a le dingwaga di le 13 fela, o ne a tswelela le sekolo kwa Jerusalema, dikilometara tse di ka nnang 840 go tloga kwa gae. O ne a rutwa fa dinaong tsa ga Gamaliele, morutisi yo o tumileng le yo o tlotlegang thata wa setso sa Bafarasai. (Ditiro 22:3; 23:6) Dithuto tseo, tse di tshwanang le thutego ya yunibesithi gompieno, di ile tsa mo naya tshono ya go bona maemo mo Bojudeng.a

Bokgoni bo Dirisiwa Sentle

E re ka Saulo a ne a tsholetswe mo lelapeng la Sejuda mo motseng o e neng e le wa Segerika e bile e le wa Seroma, o ne a amana le ditšhaba tse tharo. Ga go na pelaelo gore go bo a goletse mo motseng wa kgwebo o o nang le dipuo tse dintsi go ile ga mo thusa gore a nne “dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe.” (1 Bakorintha 9:19-23) Go nna ga gagwe moagi wa Roma go ile ga mo dumelela moragonyana gore a kgone go femela bodiredi jwa gagwe kafa molaong le go isa dikgang tse di molemo fa pele ga badiredibagolo ba maemo a a kwa godimo thata mo Pusong ya Roma. (Ditiro 16:37-40; 25:11, 12) Le gale, tsela e Saulo a godileng ka yone, thutego ya gagwe le botho jwa gagwe di ne di itsiwe ke Jesu yo o tsositsweng yo o neng a raya Ananiase jaana: “Tsena mo tseleng, ka gonne monna yono ke sejana se se kgethilweng mo go nna gore a sikarele leina la me kwa merafeng mmogo le kwa dikgosing le barweng ba Iseraele. Gonne ke tla mmontsha ka papamalo gore ke dilo di le dintsi jang tse a tshwanetseng go di boga ka ntlha ya leina la me.” (Ditiro 9:13-16) E rile tlhoafalo ya ga Saulo e kaelwa mo tseleng e e siameng, e ne ya thusa mo go anamisetseng molaetsa wa Bogosi kwa mafelong a a kgakala.

Fa Jesu a ne a tlhophela Saulo tiro e e kgethegileng e ne ya nna tiragalo e e tlhomologileng mo hisitoring ya Bokeresete. Le fa go ntse jalo, Bakeresete botlhe ba motlha wa segompieno ba na le bokgoni le dinonofo tse di farologaneng tse di ka dirisiwang ka tsela e e mosola go anamisa dikgang tse di molemo. Fa Saulo a ne a tlhaloganya gore Jesu o ne a mmatla eng, ga a ka a ikgogona. O ne a dira gotlhe mo a ka go kgonang go etleetsa dilo tse di direlwang Bogosi. A go ntse jalo le ka wena?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Malebana le se Saulo a neng a se rutiwa le tsela e a neng a rutiwa ka yone ke Gamaliele, bona Tora ya Tebelo ya July 15, 1996, ditsebe 26-9.

[Box/​Picture on page 30]

Go Ikwadisa le go Newa Makwalo a Boagi Jwa Roma

Go kwadisiwa ga bana ba ba kafa molaong ba baagi ba Roma go ne ga simololwa ke Augustus ka melao e mebedi e e neng ya tlhomiwa ka 4 le ka 9 C.E. Ngwana o ne a tshwanetse go kwadisiwa mo malatsing a le 30 go tloga ka letsatsi le a tshotsweng ka lone. Mo diporofensing, lelapa le ne le tshwanetse go dira boipolelo fa pele ga mmakaseterata mo ofising e e tshwanelang ya direkoto tsa setšhaba, le bolela gore ngwana yoo o tshotswe kafa molaong e bile o na le boagi jwa Roma. Go ne go kwadisiwa le maina a batsadi, bong le leina la ngwana le letsatsi le a tshotsweng ka lone. Tota le pele ga fa melao eno e tlhomiwa, baagi ba ba leng mo dikarolong tsotlhe tsa bommasepala tsa Roma, mo dikoloneng tsa yone le badiredi ba puso ba ne ba kwadisiwa sesha dingwaga dingwe le dingwe tse tlhano ka go balwa ga batho.

Ka gone motho o ne a ka kgona go supa boemo jwa gagwe ka go ntsha bosupi jwa direkoto tse di bolokilweng sentle. Dikhopi tse di kafa molaong tsa direkoto tse di ntseng jalo di ne di ka bonwa e le dikwalelo tse dinnye tsa legong (matlapanakwalelo a a menwang). Go ya ka pono ya bakanoki bangwe, fa Paulo a ne a bolela gore ke moagi wa Roma, o ka tswa a ile a kgona go ntsha makwalo a a tlhomamisang seo. (Ditiro 16:37; 22:25-29; 25:11) E re ka go nna moagi wa Roma go ne go tsewa e le mo e batlileng e le go nna le “nonofo e e boitshepo” e bile go dira gore motho a nne le ditshiamelo tse dintsi, go fetola makwalo a a ntseng jalo ka tsietso e ne e le molato o o masisi fela thata. Go ipha maemo ka tsietso go ne go ka otlhaelwa ka loso.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Historic Costume in Pictures/​Dover Publications, Inc., New York

[Box/​Picture on page 31]

Leina la ga Saulo la Seroma

Monna mongwe le mongwe yo e leng moagi wa Roma o ne a na le bobotlana dikarolo tse tharo tsa leina. O ne a na le leina le a le teilweng, leina la lelapa (le le amanang le morafe wa gagwe kana kgotla), le sefane. Sekai se se tumileng ke Gaius Julius Caesar. Baebele ga e neele maina a a feletseng a Seroma, mme dibuka di bolela gore Ageripa e ne e le Marcus Julius Agrippa. Galio e ne e le Lucius Junius Gallio. (Ditiro 18:12; 25:13) Dikai tse di mo Dikwalong tsa maina a mabedi a bofelo mo go a le mararo ke Ponto Pilato (bona mokwalo o o fa tlase), Seregio Paulose, Kalaudio Lusia, le Porokio Feseto.—Ditiro 4:27; 13:7; 23:26; 24:27.

Ga go kgonege gore go tlhomamisiwe gore a Paullus e ne e le leina le Saulo a le teilweng kana e ne e le sefane sa gagwe. E ne e le selo se se tlwaelegileng go oketsa ka leina le lengwe le le seng kafa molaong le motho a neng a ka bidiwa ka lone ke ba lelapa la gaabo le batho ba ba mo tlwaetseng. Kana mo boemong jwa seno, go ne go ka dirisiwa leina le e seng la Seroma le le jaaka Saulo mo boemong jwa leina la motho. Mokanoki mongwe o bolela jaana: “[Saulo] le ka motlha e ne e se kitla e tshwanela go nna leina la Seroma, mme fa e le leina le lengwe le moagi wa Roma a le teilweng la setso le tla tshwanela sentle tota.” Mo mafelong a go buiwang dipuo tse dintsi mo go one, maemo e ka tswa e ne e le one a kaelang motho gore o tlhopha go dirisa leina lefe.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photograph by Israel Museum, ©Israel Antiquities Authority

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela