“Baka Jehofa, Mowa wa Me”
“MO DIKGWEDING tsa bosheng jaana bodiredi jwa me bo ntse bo lapisa e bile bo sa itumedise,” go bolela jalo Nancy.a O na le dingwaga di ka nna lesome e le mmulatsela, mmoledi wa nako e e tletseng wa dikgang tse di molemo. Le fa go ntse jalo, o oketsa jaana: “Ga ke rate se se ntiragalelang. Go bonala ke itsise molaetsa wa Bogosi ka tsela e e seng matlhagatlhaga e bile e sa tswe pelong. Ke direng?”
Gape akanya ka kgang ya ga Keith, mogolwane mongwe mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa. O ne a gakgamadiwa ke go utlwa mosadi wa gagwe a re: “O tshwanetse wa bo o ne o akantse sengwe. Mo thapelong e o sa tswang go e rapela, o lebogetse dijo, le mororo e se nako ya dijo!” Keith o dumela jaana: “Ke a bona gore dithapelo tsa me e setse e le seomodiro fela.”
Kwantle ga pelaelo, ga o batle gore tsela e o bakang Jehofa Modimo ka yone e nne ya go ikgolola e le seomodiro fela. Go na le moo, o batla gore e tswe pelong, o dira jalo ka go bo o mo leboga. Le fa go ntse jalo, maikutlo ga se selo se o ka se aparang kana wa se apola jaaka seaparo. A tshwanetse go tswa mo teng ga motho. Motho a ka nna le maikutlo a tebogo jang go tswa pelong? Pesalema ya bo103 e re naya lesedi malebana le seno.
Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo o ne a tlhama Pesalema ya bo103. O e simolola ka mafoko ano: “Baka Jehofa, mowa wa me; le tsotlhe tse di mo teng ga me a di bake leina la gagwe le le boitshepo.” (Pesalema 103:1) Buka nngwe ya tshupiso e bolela gore “lefoko baka, jaaka le dirisiwa fa go buiwa ka Modimo, le kaya go baka, ka metlha o bontsha go mo rata thata le go mo leboga.” E re ka Dafide a ne a eletsa go baka Jehofa ka pelo e e tletseng lorato le e e bontshang kanaanelo, o rotloetsa moya wa gagwe—ene ka boene—go “baka Jehofa.” Mme ke eng se se tlhotlheletsang pelo ya ga Dafide gore a rate Modimo yo a mo obamelang?
Dafide o tswelela pele jaana: “O se ka wa lebala dithuso tsa gagwe [tsa ga Jehofa] tsotlhe.” (Pesalema 103:2) Go bonala go leboga Jehofa go amana le go tlhatlhanya ka tsela e e tshwanetseng ka “dithuso tsa gagwe.” Tota Dafide o ne a akantse ka dithuso dife tsa ga Jehofa? Eleruri go leba popo ya ga Jehofa Modimo, e e jaaka loapi lo lo tletseng dinaledi mo bosigong jo bo apogileng, go ka dira gore o leboge Mmopi. Dafide o ne a kgatlhiwa thata ke magodimo a a tletseng dinaledi. (Pesalema 8:3, 4; 19:1) Le fa go le jalo, mo go Pesalema ya bo103, Dafide o gakologelwa mofuta o mongwe wa tiro ya ga Jehofa.
Jehofa ‘O Itshwarela Maikepo Otlhe a Gago’
Dafide o bua ka ditiro tsa bopelonomi jo bo lorato tsa Modimo mo pesalemeng eno. Fa a bua ka tsa konokono, o ne a opela jaana: ‘Jehofa o itshwarela maikepo otlhe a gago.’ (Pesalema 103:3) Tota Dafide o ne a lemoga gore o na le boleo. Fa Nathane wa moporofeti a sena go bua le Dafide ka boaka jo a bo dirileng le Bathesheba, o ne a dumela motlhofo jaana: “Ke wena [Jehofa], wena wesi yo ke go leofetseng, ka dira se se bosula mo ponong ya gago.” (Pesalema 51:4) O ne a dira mokokotlelo ono o o tswang mo pelong e e phatlogileng: “Nkutlwela botlhoko Modimo, ka fa bopelonoming jwa gago jwa lorato, ka fa bontsing jwa mautlwelobotlhoko a gago, o phimole ditlolo tsa me. Ntlhapisetsa ruri mo boikepong jwa me, o nntlafatse mo boleong jwa me.” (Pesalema 51:1, 2) A bo Dafide a tshwanetse a bo a ne a lebogela go itshwarelwa jang ne! Ka go bo a sa itekanela, o ne a dirile maleo a mangwe mo botshelong, mme gone ga a ise a ko a tlogele go ikwatlhaya, go amogela kgalemelo le go baakanya ditsela tsa gagwe. Go akanya ga ga Dafide ka ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo tsa bopelonomi jo a bo bontshitsweng, go ile ga mo tlhotlheletsa gore a bake Jehofa.
A le rona ga re batho ba ba nang le boleo? (Baroma 5:12) Tota le moaposetoloi Paulo o ne a hutsafala jaana: “Tota ke natefelelwa ke molao wa Modimo go ya ka motho yo ke leng ene mo teng, mme ke bona mo ditokololong tsa me molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me. A nna motho yo o tlhomolang pelo! Ke mang yo o tla nnamolang mo mmeleng o o diragalelwang ke loso lono?” (Baroma 7:22-24) A bo re leboga jang ne gore Jehofa o lebala ditlolo tsa rona! O itumelela go di phimola fa re ikwatlhaya e bile re batla go itshwarelwa.
Dafide o ikgakolola jaana: ‘Jehofa o fodisa malwetse a gago otlhe fela.’ (Pesalema 103:3) E re ka go fodisa e le go tsosolosa, ga go akaretse go itshwarela phoso fela. Go akaretsa le go tlosa “malwetse”—diphelelo tse di bosula tsa diphoso tsa rona. Mo lefatsheng la gagwe le lesha, eleruri Jehofa o tla fedisa diphelelo tsa boleo tse di amang mmele, tse di jaaka bolwetse le loso. (Isaia 25:8; Tshenolo 21:1-4) Le fa go ntse jalo, tota le gompieno Modimo o re fodisa malwetse a semoya. Mo go bangwe, seno se akaretsa go fodisa segakolodi se se tshwenyegileng le go baakanya kamano ya bone le ene e e senyegileng. “O se ka wa lebala” se Jehofa a setseng a se diretse mongwe le mongwe wa rona ka namana mo kgannyeng eno.
O ‘Rekolola Botshelo Jwa Gago’
‘Jehofa o rekolola botshelo jwa gago mo tshenyegong,’ Dafide o ne a bua jalo. (Pesalema 103:4) ‘Tshenyego’ ke lebitla le le tlwaelegileng la batho—Sheole, kana Hadese. Tota le pele Dafide e nna kgosi ya Iseraele, o ne a iphitlhela a le mo kotsing ya go bolawa. Ka sekai, Kgosi Saulo wa Iseraele o ne a tlhoa Dafide ka letlhoo le le bolayang mme a leka go mmolaya ka makgetlho a le mmalwa. (1 Samuele 18:9-29; 19:10; 23:6-29) Bafilisitia le bone ba ne ba batla go bolaya Dafide. (1 Samuele 21:10-15) Mme nako le nako, Jehofa o ne a mo golola “mo tshenyegong.” Dafide o tshwanetse a bo a ile a leboga jang ne fa a ne a gakologelwa dithuso tseno tsa ga Jehofa!
Go tweng ka wena? A Jehofa o ile a go ema nokeng ka dinako tsa fa o tshwenyegile thata mo maikutlong kana o swetswe? Kana mo nakong ya rona o itse ditiragalo tse mo go tsone a neng a rekolola matshelo a Basupi ba gagwe ba ba ikanyegang mo tshenyegong ya Sheole? Gongwe o ile wa kgatlhega fa o ne o bala dipego tsa ditiro tsa gagwe tsa kgololo mo makasineng ono. Ke ka ntlha yang fa o sa iphe nako ya go akanya ka kanaanelo ka dithuso tseno tsa Modimo wa boammaaruri? Mme legale, rotlhe re na le lebaka le le utlwalang la go leboga Jehofa ka tsholofelo ya tsogo ya baswi.—Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15.
Jehofa o re naya botshelo mmogo le dilo tse di dirang gore re bo itumelele le gore bo nne botlhokwa. Mopesalema o bolela gore Modimo ‘o go rwesa tlhogo ka bopelonomi jwa lorato, le ka mautlwelobotlhoko a manana.’ (Pesalema 103:4) Fa re tlhoka thuso, Jehofa ga a re latlhe mme o re thusa ka phuthego ya gagwe e e bonalang le ka bagolwane ba ba tlhomilweng, kana badisa mo phuthegong. Ka thuso e e ntseng jalo re kgona go emelana le maemo a a thata re ntse re itlotla le go nna le seriti. Badisa ba Bakeresete ba tlhokomela dinku thata. Ba kgothatsa ba ba lwalang le ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong le go dira sotlhe se ba ka se kgonang go tsosolosa ba ba oleng. (Isaia 32:1, 2; 1 Petere 5:2, 3; Jude 22, 23) Moya wa ga Jehofa o rotloetsa badisa bano go tlhomogela letsomane pelo le go le rata. “Bopelonomi jwa lorato, le . . . mautlwelobotlhoko a manana” a gagwe, eleruri a tshwana le serwalo se se re kgabisang le go re naya seriti! A re bakeng Jehofa le leina la gagwe le le boitshepo, le ka motlha re sa lebale dithuso tsa gagwe.
Fa mopesalema Dafide a tswelela pele a itlhagisa, o ne a re: “[Jehofa o kgorisa] legano la gago ka dilo tse di molemo; bokau jwa gago boo bo tle bo šafadiwe bo nne jaaka jwa ntswi yo motona.” (Pesalema 103:5) Jehofa o re naya botshelo jo bo re natefelang le jo bo itumedisang. Ebu, kitso ya boammaaruri ka boyone fela ke letlotlo le le ka se kang la bapisiwa le sepe e bile ke selo se se itumedisang thata! Mme akanya fela ka fa tiro e Jehofa a re neileng yone e itumedisang thata ka gone, ya go rera le go dira barutwa. A bo go itumedisa jang ne go bona motho a kgatlhegela go ithuta ka Modimo wa boammaaruri le go mo thusa gore a itse Jehofa le go mmaka! Le fa go ntse jalo, le fa mongwe mo tikologong ya rona a reetsa kana a sa reetse, ke tshiamelo e kgolo go nna le seabe mo tirong e e amanang le go itshepisa leina la ga Jehofa le go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe.
Fa re ntse re tswelela pele mo tirong ya go bolela ka Bogosi jwa Modimo, ke mang yo o sa lapeng kana yo o sa felelweng ke nonofo? Mme Jehofa o tswelela pele a shafatsa nonofo ya batlhanka ba gagwe, a dira gore ba nne ‘jaaka bontswi’ ba ba nang le diphuka tse di nonofileng e bile ba kgona go fofela kwa godimo thata mo loaping. A bo re leboga jang ne gore Rraarona wa selegodimo yo o lorato o re neela ‘nonofo e kgolo’ e le gore re dire bodiredi jwa rona ka boikanyegi letsatsi le letsatsi!—Isaia 40:29-31.
Ka sekai: Clara o dira tiro ya boitshediso ya letsatsi lotlhe mme gape o dirisa diura di ka nna 50 kgwedi le kgwedi mo bodireding jwa tshimo. O bolela jaana: “Ka dinako tse dingwe ke a bo ke lapile, mme ke ipateletse fela go ya kwa tirelong ya tshimo ka gonne ke dirile thulaganyo ya go bereka le mongwe. Mme fa ke setse ke le mo tirelong, ka dinako tsotlhe ke ikutlwa ke le matlhagatlhaga.” Le wena o ka tswa o ile wa nna le maatla ka gonne Modimo a go tshegeditse mo bodireding jwa Bokeresete. E kete o ka tlhotlheletsega go bolela jaaka Dafide, mo mafokong a a simololang pesalema eno: “Baka Jehofa, mowa wa me; le tsotlhe tse di mo teng ga me a di bake leina la gagwe le le boitshepo.”
Jehofa o Golola Batho ba Gagwe
Mopesalema o ne a opela gape jaana: “Jehofa o dira[g]atsa ditiro tsa tshiamo, le dikatlholo o di dira[g]aletsa botlhe ba ba patikwang. O ne a itsise Moše metsamao ya gagwe, le madiro a gagwe a a itsise bana ba Iseraele.” (Pesalema 103:6, 7) Gongwe Dafide o akantse ka ‘go patikwa’ ga Baiseraele ba ba neng ba le ka fa tlase ga bagateledi ba Baegepeto mo metlheng ya ga Moshe. Go tlhatlhanya ka tsela e Jehofa a ileng a itsise Moshe ditsela tsa gagwe tsa kgololo ka yone, go tshwanetse ga bo go ile ga tlhotlheletsa pelo ya ga Dafide go leboga.
Re ka tlhotlheletsega go leboga ka tsela e e tshwanang fa re akanya ka tsela e Modimo a neng a dirisana le Baiseraele ka yone. Mme ga re a tshwanela go tlhokomologa go tlhatlhanya ka maitemogelo a batlhanka ba ga Jehofa ba gompieno, ba ba jaaka ba ba umakilweng mo dikgaolong tsa 29 le 30 tsa buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo. Dipego tse di kwadilweng mo go yone le mo dibukeng tse dingwe tsa Mokgatlho wa Watch Tower di re thusa go bona ka fa Jehofa a thusitseng batho ba gagwe ka gone mo metlheng ya gompieno gore ba itshokele go tsenngwa mo dikgolegong, go tlhaselwa ke digopa, dithibelo, dikampa tsa pogisetso le dikampa tsa makgoba. Go nnile le diteko kwa dinageng tse di kgautlhantsweng ke dintwa, tse di jaaka Burundi, Liberia, Rwanda, le e pele e neng e le Yugoslavia. Nako le nako fa go nnile le pogiso, letsogo la ga Jehofa le a bo le ile la tshegetsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ka dinako tsotlhe. Fa re tlhatlhanya ka dithuso tseno tsa Modimo wa rona yo mogolo, Jehofa, go ka re thusa fela jaaka go ne ga thusa Dafide yo o neng a tlhatlhanya ka pego ya kgololo ya Egepeto.
Gape akanya ka fa Jehofa a re gololang ka teng mo mokgweleong wa boleo ka bopelotlhomogi. O re neile “madi a ga Keresete” go “ntlafatsa digakolodi tsa rona mo ditirong tse di suleng.” (Bahebera 9:14) Fa re ikwatlhaela maleo a rona re bo re batla go itshwarelwa mo motheong wa madi a a tsholotsweng a ga Keresete, Modimo o baya ditlolo tsa rona kgakala le rona—“jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi”—a boa a re amogela gape. Mme akanya ka dithulaganyo tsa ga Jehofa tsa dipokano tsa Bokeresete, botsalano jo bo agang, badisa mo phuthegong le dibuka tse di theilweng mo Baebeleng tse re di amogelang ka “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela.” (Mathaio 24:45) A dithuso tseno tsotlhe tsa ga Jehofa ga di re thuse go nonotsha kamano ya rona le ene? Dafide o ne a bolela jaana: “Jehofa o kutlwelobotlhoko e bile o pelontle, O bonya go galefa e bile o na le bopelonomi jwa lorato jo bogolo. . . . Ga a a re direla ka fa maleong a rona, le fa e le go re duela ka fa maikepong a rona.” (Pesalema 103:8-14) Go tlhatlhanya ka tlhokomelo e e lorato ya ga Jehofa ruri go tla re tlhotlheletsa gore re mo galaletse le go tlotlomatsa leina la gagwe le le boitshepo.
“Bakang Jehofa Lona Ditiro Tsotlhe Tsa Gagwe”
“Malatsi” a “motho” a makhutshwane tota—“jaaka sethunya sa naga,” fa a bapisiwa le bosasweng jwa ga Jehofa, “Modimo wa bosakhutleng.” Mme Dafide o ne a bua jaana a bontsha kanaanelo: “Boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa bo ntse fela go tswa bosasimologeng go ya bosaengkae mo go ba ba mmoifang, le tshiamo ya gagwe go ya baneng ba bana; mo go ba ba bolokang kgolagano ya gagwe, le mo go ba ba gakologelwang ditaelo tsa gagwe go di dira.” (Genesise 21:33, bona mokwalo o o kwa tlase mo NW; Pesalema 103:15-18) Jehofa ga a lebale ba ba mmoifang. Ka nako e a e beileng, o tla ba neela botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 3:16; 17:3.
Fa Dafide a ne a bontsha go anaanela bolaodi jwa ga Jehofa, o ne a re: “Jehofa o tlhomamisitse setulo sa gagwe sa bogosi mo magodimong; mme bogosi jwa gagwe bo busa gotlhe fela.” (Pesalema 103:19) Le mororo bolaodi jwa ga Jehofa bo ile jwa bonala ka nako e teletsana mo bogosing jwa Iseraele, totatota setulo sa gagwe sa bogosi se kwa legodimong. Ka gonne e le Mmopi, Jehofa ke Mmusimogolo wa lobopo mme o dira thato ya bomodimo kwa legodimong le mo lefatsheng go dumalana le maikaelelo a gagwe.
Dafide o rotloetsa le baengele ba selegodimo tota. O opela jaana: “Bakang Jehofa lona baengele ba gagwe; lona dinatla mo nonofong, ba lo dira[g]atsang lefoko la gagwe, lo ntse lo reeditse lentswe la lefoko la gagwe. Bakang Jehofa lona masomosomo otlhe a gagwe; lona badiredi ba gagwe ba lo dirang go natefelwa ga gagwe. Bakang Jehofa lona ditiro tsotlhe tsa gagwe, mo mafelong otlhe a puso ya gagwe. Baka Jehofa mowa wa me.” (Pesalema 103:20-22) A go tlhatlhanya ka ditiro tsa ga Jehofa tsa bopelonomi jo bo lorato tse a re bontshitseng tsone ga go a tshwanela go re tlhotlheletsa gore le rona re mmake? Tota go tshwanetse! Mme re ka tlhomamisega gore modumo wa mantswe a rona fa re baka Modimo o ka se hupediwe ke setlhopha se segolo sa babaki se se akaretsang baengele ba ba siameng. E kete re ka baka Rraarona wa selegodimo go tswa pelong, ka dinako tsotlhe re mmolela bontle. Eleruri, a re akanyetseng mafoko ano a ga Dafide, “Baka Jehofa, mowa wa me.”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Maina mangwe a fetotswe.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Dafide o ne a tlhatlhanya ka ditiro tsa ga Jehofa tsa bopelonomi jo bo lorato. A le wena o dira jalo?