“Dimpho ka Banna” di Tlhokomela Dinku Tsa ga Jehofa
“E rile a tlhatlogela kwa godimo a namola batshwarwa; a naya dimpho ka banna.”—BAEFESO 4:8.
1. Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete o ile a reng ka bagolwane ba phuthego ya bone?
“RE A leboga go bo lo re tlhokomela thata jaana. Menyenyo ya lona, lorato lwa lona le tsela e lo amegang ka rona ka yone ke tsa mmatota. Ka metlha lo iketleeditse go re sekegela tsebe le go re kgothatsa ka mafoko a a tswang mo Baebeleng. Ke rapela gore le ka motlha ke se ka ka lo tlhaetsa matlho.” Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete o ile a kwalela bagolwane ba phuthego ya bone jalo. Go a bonala gore lorato lo badisa ba Bakeresete ba mmontshang lone lo ile lwa mo ama pelo.—1 Petere 5:2, 3.
2, 3. (a) Go ya ka Isaia 32:2, bagolwane ba ba lorato ba tlhokomela dinku tsa ga Jehofa jang? (b) Ke leng mogolwane a ka tsewang e le mpho?
2 Jehofa o re abela bagolwane gore ba tlhokomele dinku tsa gagwe. (Luke 12:32; Johane 10:16) Jehofa o rata dinku tsa gagwe thata—tota e bile, o di rata thata jaana mo a ileng a di rekolola ka madi a a botlhokwatlhokwa a ga Jesu. Ga go gakgamatse he go bo Jehofa a itumedisiwa ke go bo bagolwane ba tshwara letsomane la gagwe ka tlekeetso. (Ditiro 20:28, 29) Ela tlhoko tlhaloso eno ya boporofeti kaga bagolwane bano kana “dikgosana”: “Monna o tlaa nna jaaka boipoteletso mo phefong, le boitekeletso mo ledimong; jaaka dinoka tsa metsi mo sekakeng, jaaka moriti wa lefika le legolo mo nageng e e lapisang.” (Isaia 32:1, 2) Ee, ba tshwanetse go sireletsa, go lapolosa le go gomotsa dinku tsa gagwe. Ka gone, bagolwane ba ba disang letsomane ka lorato ba leka go dira se Modimo a batlang ba se dira.
3 Baebele e bitsa bagolwane ba ba ntseng jalo e re ke “dimpho ka banna.” (Baefeso 4:8) Fa o akanya ka mpho, o akanya ka selo se motho a se newang ka go bo a se tlhoka kana se se tla mo itumedisang. Mogolwane a ka tsewa e le mpho fa a dirisa bokgoni jwa gagwe go thusa letsomane ka dilo tse le di tlhokang le go dira gore le itumele. A ka dira seno jang? Karabo, e e fitlhelwang mo mafokong a ga Paulo a a mo go Baefeso 4:7-16, e tlotlomatsa tsela e e lorato e Jehofa a amegang ka dinku tsa gagwe ka yone.
“Dimpho ka Banna”—Di Tswa Kae?
4. Go diragatsa Pesalema 68:18, Jehofa o ile a ‘tlhatlogela kwa godimo’ ka tsela efe, mme ke bomang ba e neng e le “dimpho tse di mo sebopegong sa batho”?
4 Fa Paulo a ne a dirisa mafoko “dimpho ka banna,” o ne a nopola Kgosi Dafide yo o ileng a bua jaana ka Jehofa: “O tlhatlogetse kwa godimo; o gapile batshwarwa; o tsere dimpho tse di mo sebopegong sa batho.” (Pesalema 68:18, NW) Morago ga gore Baiseraele ba nne dingwaga di sekae mo Nageng e e Solofeditsweng, Jehofa o ne a ‘tlhatloga’ Thaba ya Siona ka tsela ya tshwantshetso mme a tlhoma Jerusalema go nna motsemogolo wa bogosi jwa Iseraele, Dafide e le kgosi ya jone. Mme “dimpho tse di mo sebopegong sa batho” e ne e le bomang? E ne e le banna ba ba neng ba dirilwe batshwarwa ka nako ya fa naga e ne e gapiwa. Moragonyana bangwe ba batshwarwa bano ba ne ba dirisiwa go thusa Balefi mo tirong ya mo motlaaganeng.—Esera 8:20.
5. (a) Paulo o supa jang gore Pesalema 68:18 e diragadiwa mo phuthegong ya Bokeresete? (b) Jesu o ile a “tlhatlogela kwa godimo” ka tsela efe?
5 Mo lekwalong le Paulo a neng a le kwalela Baefeso, o supa gore mafoko ano a mopesalema a diragadiwa ka tsela e kgolwane mo phuthegong ya Bokeresete. Fa Paulo a tlhalosa Pesalema 68:18 ka mafoko a mangwe, o ile a kwala jaana: “Jaanong mongwe le mongwe wa rona o ne a newa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang go ya kafa Keresete a neng a lekanya mpho ya mahala ka gone. Jalo he a re: ‘E rile a tlhatlogela kwa godimo a namola batshwarwa; a naya dimpho ka banna.’” (Baefeso 4:7, 8) Fano Paulo o tlhalosa fa pesalema eno e bua ka Jesu e le moemedi wa Modimo. Jesu o ile a ‘fenya lefatshe’ ka go ikanyega ga gagwe. (Johane 16:33) Gape o ile a fenya loso le Satane ka gore Modimo a mo tsose mo baswing. (Ditiro 2:24; Bahebera 2:14) Ka 33 C.E., Jesu yo o tsositsweng o ne a tlhatlogela “kwa godimodimo ga magodimo otlhe”—kwa godimo ga dibopiwa tsotlhe tsa selegodimo. (Baefeso 4:9, 10; Bafilipi 2:9-11) Ka phenyo eno ya gagwe, Jesu o ile a tlhopha “batshwarwa” mo babeng. Jang?
6. Go tloga ka Pentekosete ya 33 C.E., Jesu yo o tlhatlogileng o ile a simolola go gapa ntlo ya ga Satane jang, mme o ile a dira eng ka “batshwarwa”?
6 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ile a bontsha gore o na le maatla a a fetang a ga Satane ka go golola batho ba ba neng ba golegilwe ke badimona. Go ne go ntse jaaka e kete Jesu o tlhasetse ntlo ya ga Satane, a mo golega, le go mo gapela dithoto. (Mathaio 12:22-29) Akanya fela ka tsela e kgolo e Jesu a neng a tla thopa ka yone fa a sena go tsosiwa le go newa ‘taolo yotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng’! (Mathaio 28:18) Go tloga ka Pentekosete ya 33 C.E., Jesu yo o tlhatlogileng o ne a nna moemedi wa Modimo mme a simolola go thopa ntlo ya ga Satane ka go “namola batshwarwa”—banna ba ba neng ba sa bolo go nna makgoba a boleo le loso le go laolwa ke Satane. “Batshwarwa” bano ba ile ba ithaopela go nna ‘batlhanka ba ga Keresete, ba dira thato ya Modimo ka moya otlhe.’ (Baefeso 6:6) Tota re ka re, Jesu o ile a ba golola mo go laolweng ke Satane, mme mo boemong jwa ga Jehofa a ba abela phuthego go nna “dimpho ka banna.” Akanya fela kafa Satane a neng a sala a shakgetse ka teng fa ba sena go tsewa mo diatleng tsa gagwe!
7. (a) “Dimpho ka banna” di beilwe mo maemong afe mo diphuthegong? (b) Jehofa o neile monna mongwe le mongwe yo e leng mogolwane tshono efe?
7 A gompieno go na le “dimpho ka banna” mo phuthegong? Ee, di teng! Ke bagolwane ba ba dirang ka natla mo tirong ya go nna ‘baefangele, badisa le ba ba rutang’ mo diphuthegong tsa batho ba Modimo tse di fetang 87 000 lefatshe ka bophara. (Baefeso 4:11) Satane a ka itumela tota fa ba ka nna makgwakgwa mo letsomaneng. Mme gone, Modimo ga a ba abela phuthego ka Keresete gore ba dire jalo. Go na le moo, Jehofa o abetse phuthego banna bano gore e itekanele sentle mme ba a ikarabela mo go ene go ya ka tsela e ba tlhokomelang dinku tse a ba fileng tsone ka yone. (Bahebera 13:17) Fa e le gore o mogolwane, Jehofa o go neile tshono e e molemo ya go bontsha fa o le mpho kana lesego mo bakaulengweng ba gago. O ka dira jalo ka go dira maikarabelo a manè a a botlhokwa.
Fa go Tlhokega Gore o ‘Lolamise’
8. Rotlhe re tlhoka gore ka dinako tse dingwe re lolamisiwe ka ditsela dife?
8 Sa ntlha, Paulo a re re newa “dimpho ka banna” “ka boikaelelo jwa go lolamisiwa ga baitshepi.” (Baefeso 4:12) Lediri la Segerika le le ranotsweng go twe “go lolamisiwa” le kaya go “tlhamalatsa selo sentle.” E re ka re le batho ba ba sa itekanelang, rotlhe re tlhoka go lolamisiwa gangwe le gape—gore tsela ya rona ya go akanya, mekgwa kana boitshwaro jwa rona di ‘tlhamaladiwe sentle,’ go tsamaelana le thato ya Modimo le tsela ya gagwe ya go akanya. Ka lorato Jehofa o re neile “dimpho ka banna” go re thusa go baakanya mo go tlhokegang teng. Ba dira seno jang?
9. Mogolwane a ka thusa go lolamisa nku e e dirileng phoso jang?
9 Ka dinako tse dingwe, mogolwane a ka bidiwa go tla go thusa nku e e dirileng phoso, e gongwe e ileng ya “tsaya kgato nngwe e e phoso pele ga a e lemoga.” Mogolwane a ka thusa jang? Bagalatia 6:1 ya re: “Lolamisa motho yo o ntseng jalo ka moya wa bori.” Ka gone, fa mogolwane a gakolola motho yo o dirileng phoso, ga a ne a mo omanya le go mo kgadiepetsa. Kgakololo e tshwanetse go kgothatsa motho yo o e newang e seng go mo “boifisa.” (2 Bakorintha 10:9; bapisa Jobe 33:7.) Motho yono a ka tswa a setse a ikutlwa a tlhabilwe ke ditlhong, ka jalo modisa yo o lorato o tla tila go mo kotlomanya pelo. Fa kgakololo, tota le kgalemo e e nonofileng, e neelwa ka lorato, go ka direga thata gore e lolamise tsela ya go akanya kana boitshwaro jwa yo o dirileng phoso, ka jalo e mo namola.—2 Timotheo 4:2.
10. Go lolamisa batho ba bangwe go akaretsa eng?
10 Fa Jehofa a ne a re tlamela ka “dimpho ka banna” gore ba re lolamise, o ne a batla gore bagolwane ba lapolose batho ba gagwe mo semoyeng le go nna dikao tse ba ka di etsang. (1 Bakorintha 16:17, 18; Bafilipi 3:17) Go lolamisa batho ba bangwe go akaretsa le go thusa batho ba ba ikanyegang go kgomarela tsela e e siameng e seng fela go ba kgalema fa ba tsaya tsela e e phoso.a E re ka gompieno go na le mathata a mantsi jaana a a kotlomanyang pelo, batho ba le bantsi ba tlhoka kgothatso gore ba itshoke. Bangwe ba ka tlhoka go thusiwa ka bonolo gore ba dumalanye tsela ya bone ya go akanya le ya Modimo. Ka sekai, Bakeresete bangwe ba ba ikanyegang ba tlhorontshiwa ke maikutlo a a nweleletseng thata a go inyatsa kana go ikutlwa e se batho ba sepe. ‘Meya e e ntseng jalo e e sulafetseng’ e ka nna le boikutlo jwa gore le ka motlha Jehofa a ka se ba rate le gore maiteko a bone a magolo a ba a dirang mo go direleng Modimo a ka se amogelwe. (1 Bathesalonika 5:14) Mme gone, tsela eno ya go akanya ga e dumalane le tsela e Modimo a ikutlwang ka yone ka baobamedi ba gagwe.
11. Bagolwane ba ka thusa jang batho ba ba tlhorontshiwang ke go ikutlwa e se batho ba sepe?
11 Bagolwane, ke eng se lo ka se dirang go thusa ba ba ntseng jalo? Ka lorato tlotlang le bone ka bosupi jwa Dikwalo jwa gore Jehofa o amega ka mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe lo bo lo ba tlhomamisetse gore ditemana tseo tsa Baebele di a ba ama le bone. (Luke 12:6, 7, 24) Ba thuseng go lemoga gore Jehofa o ile a ba ‘gogela’ kwa go ene gore ba mo direle, ka jalo ruri o tshwanetse a bo a ba tsaya ba le botlhokwa. (Johane 6:44) Ba tlhomamisetseng gore ga ba nosi—batlhanka ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ile ba nna le maikutlo a a ntseng jalo. Moporofeti Elija o kile a ngomoga pelo thata jaana mo a ileng a eletsa go swa. (1 Dikgosi 19:1-4) Bakeresete bangwe ba batlodiwa ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba ikutlwa ‘ba bonwa molato’ ke dipelo tsa bone. (1 Johane 3:20) Go a gomotsa go itse gore batho ba motlha wa Baebele ba ba neng ba ikanyega ba ne ba na le “maikutlo a a tshwanang le a rona.” (Jakobe 5:17) Gape o ka boeletsa ditlhogo tse di kgothatsang tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! le batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong. Modimo yo o lo dirileng “dimpho ka banna” a ka se tlhokomologe maiteko a lo a dirang ka lorato go nonotsha tshepo ya batho ba ba ntseng jalo.—Bahebera 6:10.
‘Go Aga’ Letsomane
12. Mafoko a a reng go “agiwa ga mmele wa ga Keresete” a supa eng, mme ke eng se se ka thusang go aga letsomane?
12 Sa bobedi, re neilwe “dimpho ka banna” ka maikaelelo a go “agiwa ga mmele wa ga Keresete.” (Baefeso 4:12) Fano Paulo o dirisa dikapuo. “Go agiwa” a re gopotsa tiro ya kago, le “mmele wa ga Keresete” a bua ka batho—maloko a phuthego ya Bokeresete a batlodiwa. (1 Bakorintha 12:27; Baefeso 5:23, 29, 30) Bagolwane ba tshwanetse go thusa bakaulengwe ba bone go gola mo semoyeng. Maikaelelo a bone a magolo ke go ‘aga mme e seng go rutlolola’ letsomane. (2 Bakorintha 10:8) Selo se se ka thusang go aga letsomane ke lorato, ka gonne “lorato lone lo a aga.”—1 Bakorintha 8:1.
13. Go akanyetsa go kaya eng, mme ke eng fa go le botlhokwa gore bagolwane ba bontshe go akanyetsa?
13 Karolo e nngwe ya lorato e e thusang bagolwane go aga letsomane ke go le akanyetsa. Go akanyetsa go kaya go amega ka ba bangwe—go itse dikakanyo le maikutlo a bone, o akanyetsa ditlhaelo tsa bone. (1 Petere 3:8) Ke eng fa go le botlhokwa gore bagolwane ba nne kakanyetso? Selo sa botlhokwa go gaisa ke ka gonne Jehofa—ene yo o re tlamelang ka “dimpho ka banna”—ke Modimo o o akanyetsang. Fa batlhanka ba gagwe ba boga kana ba utlwa botlhoko, o ba utlwela botlhoko. (Ekesodo 3:7; Isaia 63:9) O akanyetsa ditlhaelo tsa bone. (Pesalema 103:14) Jalo he, bagolwane ba ka bontsha go akanyetsa jang?
14. Bagolwane ba ka bontsha go akanyetsa batho ba bangwe ka ditsela dife?
14 Fa motho yo o kgobegileng marapo a tla kwa go bone, ba a reetsa, ba tsaa tsia maikutlo a motho yoo. Ba leka go tlhaloganya tsela e bakaulengwe ba bone ba godileng ka yone, botho jwa bone le maemo a ba leng mo go one. Mme fa bagolwane ba neela nku thuso ya Dikwalo e e agang, go tla nna motlhofo gore e e amogele ka gonne e tswa mo badiseng ba ruri ba ba tlhaloganyang le go amega ka bone. (Diane 16:23) Gape go akanyetsa go tlhotlheletsa bagolwane go se tlhokomologe ditlhaelo tsa ba bangwe le maikutlo a ba nnang le one ka ntlha ya tsone. Ka sekai, Bakeresete bangwe ba ba kelotlhoko thata ba ka nna ba ikutlwa ba le molato ka gonne ba sa kgone go dira go le gontsi mo tirelong ya Modimo, gongwe e le ka ntlha ya botsofe kana botsogo jo bo bokoa. Kafa letlhakoreng le lengwe, ba bangwe ba ka tlhoka go kgothadiwa gore ba tokafatse bodiredi jwa bone. (Bahebera 5:12; 6:1) Go akanyetsa go tla tlhotlheletsa bagolwane go dirisa “mafoko a a lebosegang” a a agang ba bangwe. (Moreri 12:10) Fa dinku tsa ga Jehofa di agiwa le go rotloediwa, lorato lwa bone ka Modimo lo tla ba tlhotlheletsa go dira sotlhe se ba ka se kgonang mo tirelong ya gagwe!
Banna ba ba Rotloetsang Kutlwano
15. Polelwana e e reng “bongwefela mo tumelong” e kaya eng?
15 Sa boraro, re newa “dimpho ka banna” gore ‘re fitlhe rotlhe mo bongwefeleng mo tumelong le mo kitsong ya Morwa Modimo.’ (Baefeso 4:13) Polelwana e e reng “bongwefela mo tumelong” e bontsha kutlwano, e seng fela ya dilo tse di dumelwang, mme gape le ya ba ba di dumelang. Ka jalo, leno ke lebaka le lengwe la go bo Modimo a re neile “dimpho ka banna”—go rotloetsa kutlwano mo bathong ba gagwe. Ba dira seno jang?
16. Ke eng fa go le botlhokwa gore bagolwane ba dire dilo ka kutlwano?
16 Sa ntlha, bone ka bobone ba tshwanetse go nna le kutlwano. Fa badisa ba sa utlwane, dinku di ka ikutlwa di tlhokomologilwe. Nako e e botlhokwa e e ka bong e dirisiwa go disa letsomane e ka tsewa ke dipokano tse ditelele le dikganetsano tse di sa tlhokegeng. (1 Timotheo 2:8) Bagolwane ba ka nna ba se dumalane mo dilong tsotlhe tse ba tlotlang ka tsone ka gonne ba na le botho jo bo farologaneng thata. Ga se gore ka go bo ba batla go utlwana ba tshwanetse go tila go farologana ka dikakanyo kana le e leng go tila go di tlhalosa ka tsela e e lekalekaneng ka nako ya fa go ntshiwa dikakanyo. Bagolwane ba boloka kutlwano ya bone ka go reetsana ka tlotlo kwantle ga go atlholana. E bile fa fela go sa tlolwe molaomotheo ope wa Baebele, mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse go iketleeletsa go ineela le go ema nokeng tshwetso ya makgaolakgang e e tserweng ke setlhopha sa bagolwane. Moya oo wa go ineela o bontsha gore ba kaelwa ke “botlhale jo bo tswang kwa godimo,” jo bo leng “kagiso, bo kakanyetso.”—Jakobe 3:17, 18.
17. Bagolwane ba ka thusa jang gore go nne le kutlwano mo phuthegong?
17 Gape bagolwane ba kelotlhoko gore ba rotloetse kutlwano mo phuthegong. Fa dilo tse di bakang dikgaogano—tse di jaaka ditshebo tse di senyang, tshekamelo ya go naganela ba bangwe bosula kana moya wa go nna manganga—di senya kagiso, ba itlhaganelela go thusa ka dikgakololo. (Bafilipi 2:2, 3) Ka sekai, bagolwane ba ka tswa ba itse batho bangwe ba ba ratang go tshwayatshwaya diphoso kana ba e leng bomaratahelele, ka gone ba rata go itshunya nko mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe. (1 Timotheo 5:13; 1 Petere 4:15) Bagolwane ba tla leka go thusa batho bao go lemoga gore tsela e e ntseng jalo ga e dumalane le tsela e Modimo a re rutileng ka yone le gore mongwe le mongwe o tshwanetse go “rwala morwalo wa gagwe.” (Bagalatia 6:5, 7; 1 Bathesalonika 4:9-12) Ba ka dirisa Dikwalo go tlhalosa gore go na le dilo di le dintsi tse Jehofa a letlang gore mongwe le mongwe a dirise segakolodi sa gagwe mo go tsone mme ka jalo ga go ope yo o tshwanetseng go atlhola ba bangwe mo dilong tse di ntseng jalo. (Mathaio 7:1, 2; Jakobe 4:10-12) Gore re mo direle mmogo ka kutlwano, go tshwanetse ga nna le moya wa go tshepana le go tlotlana mo phuthegong. Ka go re neela kgakololo ya Dikwalo fa go tlhokega, “dimpho ka banna” di re thusa go boloka kagiso le kutlwano ya rona.—Baroma 14:19.
Go Sireletsa Letsomane
18, 19. (a) “Dimpho ka banna” di re sireletsa mo go bomang? (b) Dinku di tlhoka go sirelediwa mo dikotsing dife tse dingwe, mme bagolwane ba tsaya dikgato jang go sireletsa dinku?
18 Sa bonè, Jehofa o re naya “dimpho ka banna” go re sireletsa mo go tlhotlhelediweng “ke phefo nngwe le nngwe ya thuto ka bolotsana jwa batho, ka bohelepa ka go loga leano la phapogo.” (Baefeso 4:14) Lefoko la ntlhantlha le le ranotsweng “bolotsana” ga twe le kaya “go tsietsa mo mataeseng,” kana “botswerere jwa go tswitla mataese.” A seno ga se re gopotse kafa batlhanogi ba leng botlhale ka teng? Ba dirisa loleme lo lo borethe go fetola Dikwalo ka maikaelelo a go raela Bakeresete ba boammaaruri gore ba fapoge mo tumelong ya bone. Bagolwane ba tshwanetse go nna ba ntshitse matlho dinameng go lemoga ‘diphiri tseo tse di gatelelang’!—Ditiro 20:29, 30.
19 Dinku tsa ga Jehofa di tshwanetse go sirelediwa mo dikotsing tse dingwe gape. Modisa wa bogologolo e bong Dafide o ile a sireletsa letsomane la ga rraagwe ka bopelokgale mo dibataneng. (1 Samuele 17:34-36) Le gompieno go ka nna ga tlhaga maemo a mo go one go tlhokegang gore badisa ba Bakeresete ba bontshe bopelokgale mo go sireletseng letsomane mo go ope fela yo a ka nnang a sotla kana a gatelela dinku tsa ga Jehofa, segolobogolo tse di bonolo thata. Bagolwane ba tla nna bonako go tlosa moleofi ope fela yo ka boomo a dirisang bolotsana, tsietso le go loga maano go rotloetsa boikepo.b—1 Bakorintha 5:9-13; bapisa Pesalema 101:7.
20. Ke eng fa re ka ikutlwa re sireletsegile fa re ntse re tlhokometswe ke “dimpho ka banna”?
20 A bo re leboga thata jang ne go nna le “dimpho ka banna”! Tlhokomelo ya bone e e lorato e re dira gore re ikutlwe re sireletsegile, ka gonne ba re lolamisa ka bonolo, ba re aga ka lorato, ba bonako go boloka kutlwano ya rona e bile ba re sireletsa ka bopelokgale. Mme gone, “dimpho ka banna” di tshwanetse go leba jang seabe sa bone mo phuthegong? Mme re ka bontsha jang gore re a ba anaanela? Dipotso tseno di tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mo thanolong ya Septuagint ya Segerika, lone lediri leno le le ranotsweng e le “lolamisa” le ile la dirisiwa mo go Pesalema 17[16]:5, mo Dafide yo o ikanyegang a ileng a rapela gore dikgato tsa gagwe di kgomarele ditselana tsa ga Jehofa.
b Ka sekai, bona “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 15, 1979, (ka Seesemane) ditsebe 31-2, le “A re Ileng se se Bosula” mo makasineng wa January 1, 1997, ditsebe 26-9.
A o A Gakologelwa?
◻ Ke bomang ba e leng “dimpho ka banna,” mme ke eng fa Modimo ka Keresete a ba file phuthego?
◻ Bagolwane ba diragatsa boikarabelo jwa bone jwa go lolamisa letsomane jang?
◻ Bagolwane ba ka dira eng go aga badumedikabone?
◻ Bagolwane ba ka boloka jang kutlwano ya phuthego?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Go akanyetsa go thusa bagolwane go kgothatsa batho ba ba kotlomaneng pelo
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Kutlwano mo bagolwaneng e rotloetsa kutlwano mo phuthegong