Badirimmogo le Paulo—E ne E le Bomang?
MO BUKENG ya Baebele ya Ditiro le mo makwalong a ga Paulo go umakiwa batho ba ba ka nnang lekgolo, ba e leng ba phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba na le kamano nngwe le ‘moaposetoloi yono wa [baditšhaba].’ (Baroma 11:13) Go itsiwe go le gontsi ka bontsi jwa bone. O ka tswa o itse ka ditiro tsa ga Apolose, Baranabase le Silase. Kafa letlhakoreng le lengwe go ka nna ga nna thata gore o bue sengwe ka Arekipo, Kalaudio, Damarise, Lino, Peresise, Pudenese le Sopatere.
Ka dinako tse di farologaneng le kafa tlase ga maemo a a farologaneng, batho ba le bantsi ba ne ba nna le seabe se segolo mo go tshegetseng bodiredi jwa ga Paulo. Batho bangwe ba ba jaaka Arisetareko, Luke le Timotheo ba ne ba dira le moaposetoloi yono ka dingwaga di le dintsi. Ba bangwe ba ne ba na le ene fa a ne a le kwa kgolegelong kana fa a ntse a tsamaya, ba mo pata mo loetong kana ba mo amogela mo matlong a bone. Ka maswabi, ba bangwe ba ba jaaka Alekesandere, Demase, Heremogenese le Figelose ga ba a ka ba itshoka mo tumelong ya Bokeresete.
Malebana le ditsala tse dingwe tsa ga Paulo di le mmalwa, tse di jaaka Asinkirito, Heremase, Julia kana Filologo fa re umaka ba sekae fela, re itse mo gontsinyana ka bone go feta go itse maina a bone fela. Fa e le ka kgaitsadie Nereo kana mmaagwe Rufase kana ba ntlo ya ga Keloe, ga re ba itse le ka maina. (Baroma 16:13-15; 1 Bakorintha 1:11) Le fa go ntse jalo, go sekaseka tshedimosetsonyana e re nang le yone ka batho bano ba ba lekgolo kana go feta go re thusa go bona gore moaposetoloi Paulo o ne a bereka jang. Gape go re ruta sengwe malebana le melemo ya go nna re dikologilwe ke badumedikarona ba bantsi mme re dira mmogo le bone.
Bapati le Batho ba ba Neng ba mo Amogela mo Matlong a Bone
Bodiredi jwa ga moaposetoloi Paulo bo ne bo akaretsa go tsaya maeto a mantsi. Mokwadi mongwe o fopholetsa gore sekgala se a neng a se tsamaya mo godimo ga lefatshe le mo lewatleng jaaka go begilwe mo go Ditiro fela se ne se fitlha go dikilometara tse di ka nnang 16 000. Go tsaya loeto ka nako eo e ne e se fela gore go a lapisa mme gape go ne go le kotsi. Gareng ga dikotsi tse dintsi tse a ileng a lebana le tsone o ne a thubegelwa ke sekepe, a nna mo kotsing mo nokeng le mo dinokwaneng tsa ditsela tse dikgolo, mo kotsing kwa nageng le mo kotsing kwa lewatleng. (2 Bakorintha 11:25, 26) Ka mo go tshwanelang, Paulo o ne a se nke a tsamaya a le nosi mo maetong a gagwe go tswa mo lefelong lengwe go ya go le lengwe.
Batho ba ba neng ba pata Paulo ba ne ba nna ditsala tsa gagwe, ba mo kgothatsa le go mo thusa mo bodireding. Ka nako nngwe, Paulo o ne a ba tlogela gore ba tlhokomele badumedi ba basha ka dilo tse ba di tlhokang mo semoyeng. (Ditiro 17:14; Tito 1:5) Mme go nna le batho ba ba mo patang go ka tswa go ne go tlhokega go mo sireletsa le go tshegetsa gore a lebane le mathata a loeto. Ka jalo, batho ba ba jaaka Sopatere, Sekundo, Gaio le Terofimo, ba re itseng gore ke bangwe ba batho ba ba neng ba pata Paulo mo maetong a gagwe, ba ka tswa ba ile ba nna le seabe se segolo mo go reng a atlege mo bodireding jwa gagwe.—Ditiro 20:4.
Thuso ya batho ba ba neng ba mo amogela mo matlong a bone le yone e ne e amogelwa. Fa Paulo a ne a fitlha mo motseng o a neng a batla go rera mo go one kana a batla fela go lala teng, selo sa ntlha e ne e tla nna go batla lefelo le a ka nnang mo go lone. Le fa e le mang yo o neng a tsamaya thata jaaka Paulo o ne a tla tshwanelwa ke gore a robale mo malaong a mantsintsi a a farologaneng. Gantsi o ne a ka nna kwa ntlong ya baeti, mme borahisitori ba tlhalosa gore matlo ano e ne e le “mafelo a a kotsi le a a sa rategeng,” ka jalo, fa go kgonega, go ka direga gore Paulo o ne a nna le badumedimmogo.
Re itse maina a bangwe ba batho ba ba neng ba amogela Paulo mo matlong a bone—Akhwila, Periseka, Gaio, Jasone, Lidia, Monasone, Filemone le Filipo. (Ditiro 16:14, 15; 17:7; 18:2, 3; 21:8, 16; Baroma 16:23; Filemone 1, 22) Kwa Filipi, Thesalonika le Korintha, mafelo ano a bonno e ne e le mafelo a a siametseng gore Paulo a ka kgona go rulaganya ditiro tsa gagwe tsa borongwa mo go one. Kwa Korintha, Titio Juseto le ene o ne a bulela moaposetoloi yono ntlo ya gagwe gore a nne le lefelo le a ka nnang mo go lone fa a ntse a rera.—Ditiro 18:7.
Ditsala Tse Dintsintsi
Jaaka go ka lebelelwa, ditsala tsa ga Paulo di ne di gakologelwa ka ditsela tse di farologaneng ka gonne a ne a kopana le bone mo maemong a a farologaneng. Ka sekai, Marea, Peresise, Febe, Teraefina le Teraefosa, botlhe e ne e le badumedikaene ba basadi ba ba neng ba akgolelwa ditiro tsa bone tsa bonatla. (Baroma 16:1, 2, 6, 12) Paulo o ne a kolobetsa Keresepo, Gaio le ba ntlo ya ga Setefanase. Dionisio le Damarise ba ne ba amogela molaetsa wa boammaaruri mo go ene kwa Athena. (Ditiro 17:34; 1 Bakorintha 1:14, 16) Andoroniko le Juniase, “banna ba ba itsegeng gareng ga baaposetoloi” ba e nnileng badumedi nako e telele go feta Paulo, go ne go twe ke “batshwarwammogo” le ene. Gongwe ba ne ba le mo kgolegelong le ene ka nako nngwe. Banna ba babedi bano, fela jaaka Herodione, Jasone, Lukio le Sosipatere, Paulo o ne a re ke “ba losika” lwa gagwe. (Baroma 16:7, 11, 21) Le fa gone lefoko la Segerika le le dirisitsweng fano le ka raya “mogaeno,” bokao jwa lone jo bogolo ke “ba losika ba ba amanang ka madi ba kokomana e le nngwe.”
Bontsi jwa ditsala tsa ga Paulo di ne di tsamaya le ene ka ntlha ya dikgang tse di molemo. Kwantle ga ditsala tseno tsa gagwe tse di itsegeng, gape go na le Akaiko, Foretunato le Setefanase ba ba neng ba tloga kwa Korintha ba ya kwa Efeso go ya go buisana le Paulo ka seemo sa semoya sa phuthego ya bone. Aretemase le Tikiko ba ne ba iketleeditse go tsaya loeto go ya go kopana le Tito yo o neng a direla mo setlhaketlhakeng sa Kereta le Senase yo le ene a neng a tshwanetse go tsamaya le Apolose.—1 Bakorintha 16:17; Tito 3:12, 13.
Go na le bangwe bao Paulo a tlhalosang dintlha dingwe tse dinnye mme e le tse di kgatlhisang ka bone. Ka sekai, re bolelelwa gore Epaeneto e ne e le “mabutswapele a Asia,” gore Eraseto e ne e le “molebalebi wa motse” kwa Korintha, gore Luke e ne e le ngaka, gore Lidia e ne e le morekisi wa letsela le le bobududu jo bo mokgona le gore Teretio ke ene yo Paulo a neng a mo dirisa go kwala lekwalo la gagwe le a neng a le kwalela Baroma. (Baroma 16:5, 22, 23; Ditiro 16:14; Bakolosa 4:14) Batho ba ba ratang go itse mo go oketsegileng ka batho bano, ba ka fitlhela tshedimosetsonyana eno e kgatlha tota le fa e le nnye jaana.
Ditsala tse dingwe tsa ga Paulo di ne tsa amogela melaetsa e e yang kwa go bone ka namana, e gone jaanong e kwadilweng mo Baebeleng. Ka sekai, mo lekwalong la gagwe le a neng a le kwalela Bakolosa, Paulo o ne a kgothatsa Arekipo jaana: “Nna o tlhokometse bodiredi jo o bo amogetseng mo Moreneng, gore o bo diragatse.” (Bakolosa 4:17) Go bonala Yudia le Sentike ba ne ba na le mathata a bone a ba neng ba tshwanetse go a rarabolola. Ka jalo, Paulo o ne a ba kgothatsa ka “mosikarajokwemmogo” yo o sa umakiweng ka leina wa kwa Filipi gore “ba nne mogopolo o o tshwanang mo Moreneng.” (Bafilipi 4:2, 3) Ee, ruri, eno ke kgakololo e e molemo mo go rona rotlhe.
Go Tshegediwa ka Boikanyegi Fa a Le Kwa Kgolegelong
Paulo o ile a tsenngwa mo kgolegelong ka makgetlo a le mantsi. (2 Bakorintha 11:23) Ka dinako tseo Bakeresete ba ba gaufi, fa e le gore ba ne ba le gone, ba tshwanetse ba bo ba ile ba leka go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go mo thusa go itshokela maemo a a leng mo go one. Fa Paulo a ne a tsenngwa mo kgolegelong ka lekgetlo la ntlha kwa Roma, o ne a letlelelwa go hira ntlo ya gagwe ka dingwaga di le pedi mme o ne a ka etelwa ke ditsala tsa gagwe. (Ditiro 28:30) Ka nako eo, o ne a kwala makwalo a a yang kwa diphuthegong tse di kwa Efeso, Filipi le Kolosa le le le neng la ya kwa go Filemone. Makwalo ano a re bolelela go le gontsi ka batho ba ba neng ba le gaufi le Paulo ka nako ya fa a ne a le mo kgolegelong.
Ka sekai, re utlwa gore Onesimo, motlhanka wa ga Filemone yo o neng a ngwegile, o ne a kopana le Paulo kwa Roma, le Tikiko, yo o neng a tshwanetse go tsamaya le Onesimo go boela kwa go mong wa gagwe. (Bakolosa 4:7-9) Gape go ne go na le Epaforodito, yo o neng a tsaya loeto lo loleele go tswa kwa Filipi a tshotse mpho e e tswang kwa phuthegong ya gagwe mme a fitlha a lwala. (Bafilipi 2:25; 4:18) Batho ba ba neng ba dira gaufi le Paulo kwa Roma e ne e le Arisetareko, Mareko le Jesu yo o bidiwang Juseto, ba Paulo a neng a bolela jaana ka bone: “Bano ke bone fela ba e leng badirimmogo le nna ba bogosi jwa Modimo, e bile bone bano ba nnile thuso e e nonotshang mo go nna.” (Bakolosa 4:10, 11) Gareng ga batho ba ba ikanyegang bano go ne go na le ba re ba itseng thata e bong Timotheo le Luke le Damase, yo moragonyana a ileng a latlha Paulo ka ntlha ya go rata lefatshe.—Bakolosa 1:1; 4:14; 2 Timotheo 4:10; Filemone 24.
Ka mo go bonalang ka teng, go ne go se na ope wa bone yo o neng a tswa kwa Roma, le fa go ntse jalo, ba ne ba eme Paulo nokeng. Gongwe bangwe ba bone ba ne ba ya ka mo go kgethegileng go ya go mo thusa ka nako ya fa a ne a le mo kgolegelong. Ga go na pelaelo gore bangwe ba ne ba mo direla ditiro dingwe, ba bangwe ba ne ba romiwa go ya kgakala, mme ba bangwe Paulo o ne a ba dirisa go kwala makwalo. A bo e le bosupi jo bo nonofileng jang ne jwa lorato lo logolo le boikanyegi jo batho bano botlhe ba neng ba na le jone ka Paulo le ka tiro ya Modimo!
Go ya ka konelo ya makwalo mangwe a ga Paulo, re lemoga gore o ka tswa a ne a dikologilwe ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba Bakeresete ba ba fetang maina a sekae ano a re a itseng. Ka makgetlo a a farologaneng o ne a kwala a re: “Baitshepi botlhe ba lo romelela ditumediso tsa bone,” le “botlhe ba ba nang le nna ba go romelela ditumediso tsa bone.”—2 Bakorintha 13:13; Tito 3:15; Bafilipi 4:22.
Ka nako e e diphatsa ya fa Paulo a ne a le mo kgolegelong ka lekgetlo la bobedi kwa Roma fa a ne a tla tloga a swela tumelo, Paulo o ne a akantse thata ka badirimmogo le ene. O ne a sa ntse a na le seabe se segolo mo go okameleng le mo go rulaganyeng ditiro tsa bangwe ba bone. Tito le Tikiko ba ne ba romilwe go ya go dira ditiro dingwe, Keresense o ne a ile kwa Galatia, Eraseto o ne a setse kwa Korintha, Terofimo o ne a tlogetswe kwa Mileto a lwala, mme Mareko le Timotheo ba ne ba tshwanetse gore ba tle kwa go ene. Le fa go ntse jalo, Luke o ne a le gaufi le Paulo, mme fa moaposetoloi yono a kwala lekwalo la gagwe la bobedi le le yang kwa go Timotheo, go ne go na le badumedi ba bangwe, ba ba jaaka Yubulo, Pudenese, Lino le Kalaudio, ba ba neng ba romela ditumediso tsa bone. Ga go na pelaelo gore ba ne ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go thusa Paulo. Ka nako e e tshwanang, Paulo o ne a romelela Periseka le Akhwila ditumediso mmogo le bantlo ya ga Onesiforo. Le fa go ntse jalo, ka maswabi, ka nako eo ya mathata, Demase o ne a mo latlha mme Alekesandere o ne a mo utlwisa botlhoko gantsi.—2 Timotheo 4:9-21.
“Re Badirimmogo le Modimo”
Gantsi Paulo o ne a se esi mo tirong ya gagwe ya go rera. Motlhalosi E. Earle Ellis a re: “Go tlhaga mogopolo wa morongwa yo o dirang le batho ba le bantsi. Ee, le ka motlha Paulo o ne a se ke a nna a le esi fela.” Ka kaelo ya moya o o boitshepo wa Modimo, Paulo o ne a kgona go roma batho ba le bantsi le go rulaganya ditiro tsa borongwa. O ne a potapotilwe ke ditsala tse di gaufi, batho ba ba neng ba mo thusa ka nakwana, bangwe ba bone e le batho ba ba nang le botho jo bo gagametseng, le batlhanka ba le bantsi ba ba boikokobetso. Le fa go ntse jalo, e ne e se badirimmogo fela. Go sa kgathalesege gore ba ne ba bereka le go tsalana go le kana kang le Paulo, ba ne ba na le lorato lo lo nonofileng lwa Bokeresete e bile e le ditsala tsa gagwe tse dikgolo.
Moaposetoloi Paulo o ne a na le se go tweng ke “botsala jwa mmatota.” O ile a dira go le gontsi go isa dikgang tse di molemo go baditšhaba, mme o ne a sa leke go go dira a le nosi. O ne a dirisana mmogo le phuthego ya Bokeresete e e rulagantsweng e bile a e dirisa ka botlalo. Paulo ga a ka a itlotlomatsa ka matswela a a nnileng le one, go na le moo ka boikokobetso o ne a dumela gore ene ke motlhanka mme a neela Modimo tlotlo yotlhe a re ke ene a dirang gore go gole.—1 Bakorintha 3:5-7; 9:16; Bafilipi 1:1.
Motlha wa ga Paulo o ne o farologane le motlha wa rona, mme le fa go ntse jalo, ga go na ope mo phuthegong ya Bokeresete yo o tshwanetseng go akanya gore a ka kgona go itirela dilo a le nosi kana gore o tshwanetse go ikemela a le nosi. Go na le moo, re tshwanetse go dira mmogo le phuthego ya Modimo ka metlha, mo phuthegong e re leng mo go yone le badumedikarona. Re tlhoka thuso ya bone, tshegetso ya bone le kgomotso ya bone ka dinako tse di molemo, le ka dinako tsa mathata. Re na le tshiamelo e e itumedisang ya go nna karolo ya ‘lesomo lotlhelotlhe la bakaulengwe mo lefatsheng.’ (1 Petere 5:9) Fa re dira mmogo ka boikanyegi le ka lorato mme re dirisana mmogo le bone botlhe, le rona fela jaaka Paulo re ka re “re badirimmogo le Modimo.”—1 Bakorintha 3:9.
[Ditshwantsho mo go tsebe 31]
APOLOSE
ARISETAREKO
BARENABASE
LIDIA
ONESIFORO
TERETIO
TIKIKO