LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 6/15 ts. 29-31
  • Ke ka Ntlha Yang fa Saulo A ne A Bogisa Bakeresete?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ka Ntlha Yang fa Saulo A ne A Bogisa Bakeresete?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Kgobotlediwa ka Maje ga ga Setefane
  • Moeteledipele wa Pogiso
  • Tlhoafalo e ka Lebisiwa go Sele
  • Mmogisi o Bona Lesedi le Legolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Jesu o Tlhopha Saulo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Saulo o Kopana le Ditsala Tsa Gagwe Tsa Pele le Baba ba Gagwe ba Pele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Phuthego E ne E “Tshela ka Kagiso”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 6/15 ts. 29-31

Ke ka Ntlha Yang fa Saulo A ne A Bogisa Bakeresete?

‘TOTA KE NE KA AKANYA GORE ke tshwanetse go dira ditiro di le dintsi tsa go ganetsa leina la ga Jesu Monasaretha; se, totatota, ke neng ka se dira kwa Jerusalema. Ba le bantsi ba baitshepi ke ne ka ba lotlelela mo dikgolegelong, ka ke ne ke amogetse taolo go tswa kwa baperesiting ba bagolo. Fa barutwa ba ne ba tshwanelwa ke go bolawa kafa molaong, ke ne ke tlhopha go ema kgatlhanong le bone. Ka go ba otlhaya makgetlo a le mantsi mo disinagogeng tsotlhe, ke ne ka leka go ba patelela gore ba itatole tumelo. E re ka ke ne ke tsenwa mo go feteletseng ka bone, ke ne ka ya bokgakaleng jwa go ba bogisa le eleng mo metseng e e kwa ntle.’—Ditiro 26:9-11.

GO NE ga rialo Saulo wa Tareso, yo gape a itsiweng e le moaposetoloi Paulo. Gone ke boammaaruri gore, fa a bua seno e ne e setse e le motho yo mosha. E ne e sa tlhole e le moganetsi wa Bokeresete, mme jaanong e ne e le mongwe wa batshegetsi ba jone ba ba tlhoafetseng thata. Mme ke eng se se neng se ile sa tlhotlheletsa Saulo pele gore a bogise Bakeresete? Ke ka ntlha yang fa a ne a akanya gore ‘o tshwanetse’ go dira ditiro tse di ntseng jalo? Mme a go na le sengwe se re ka se ithutang mo polelong ya gagwe?

Go Kgobotlediwa ka Maje ga ga Setefane

Baebele e simolola go bua ka Saulo ka nako ya fa a ne a le mo gare ga batho ba ba neng ba bolaya Setefane. “Fa ba sena go [latlhela Setefane] kwa ntle ga motse, ba simolola go mo konopa ka maje. Mme basupi ba baya diaparo tsa bone tsa kafa ntle fa fatshe fa dinaong tsa lekau le le neng le bidiwa Saulo.” “Fa e le ka Saulo ene, o ne a dumelela go bolawa ka boomo ga gagwe.” (Ditiro 7:58; 8:1) Ke eng se se neng sa baka go tlhaselwa goo? Bajuda, go akaretsa bangwe ba ba neng ba tswa kwa Kilikia, ba ne ba ganetsana le Setefane mme ba se ka ba kgona go mo fenya. Ga go bolelwe gore a Saulo, yo le ene a tswang Kilikia, o ne a le mo gare ga bone. Le fa go ntse jalo, ba ne ba dirisa basupi ba maaka go latofatsa Setefane ka gore o a tlhapatsa mme ba mo gogela fa pele ga Sanehederine. (Ditiro 6:9-14) Phuthego eno, e e neng e okametswe ke moperesiti yo mogolo, e ne e direla jaaka kgotlakgolo ya Bajuda. E re ka e ne e le yone kgotla e kgolo ya bodumedi, maloko a yone gape a ne a dibela se a neng a se leba e le boitsheko jwa thuto ya motheo. Kafa ponong ya bone Setefane o ne a tshwanelwa ke go swa. A o ne a na le sebete sa go ba latofatsa a re ga ba latele Molao? (Ditiro 7:53) Ba ne ba tla mmontsha gore o latelwa jang!

Saulo o ne a dumalana le pono eo ka gonne e ne e tsamaisana le dilo tse a di dumelang. E ne e le Mofarasai. Lekoko leno le le nonofileng le ne le laela gore molao le ngwao di latelwe ka botlalo. Go ne go dumelwa gore Bokeresete bo ganetsa ditumelo tseo, bo ruta tsela e ntšha ya poloko ka Jesu. Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba letetse gore Mesia e nne Kgosi e e galalelang e e neng e tla ba golola mo jokweng e e sa rategeng ya go gatelelwa ke Baroma. Kgang ya gore motho yo o neng a atlhotswe ke Sanehederine e Kgolo ka molato wa go tlhapatsa a bo a pegwa mo koteng ya tlhokofatso jaaka sekebekwa se se hutsegileng e ne e ka nna Mesia e ne e le kgopolo e ba sa dumalaneng le yone, e e sa amogelegeng, e bile e sa ratege.

Molao o ne o bolela gore motho yo o pegilweng mo koteng ya tlhokofatso o ne a ‘hutsitswe ke Modimo.’ (Duteronome 21:22, 23; Bagalatia 3:13) Go ya kafa Saulo a neng a leba dilo ka gone, “go ne go se na pelaelo gore mafoko ano a dira mo go Jesu,” go akgela jalo Frederick F. Bruce. “O ne a sule a hutsitswe ke Modimo, mme ka jalo go ne go sa dumelesege gore a ka nna Mesia, yo go neng go dumelwa gore masego a Modimo a mo go ene ka selekanyo se se sa tlwaelegang. Ka jalo go bolela gore Jesu e ne e le Mesia e ne e le go tlhapatsa; ba ba neng ba bua selo seo se se maswe ba ne ba tshwanelwa ke go boga jaaka batlhapatsi.” Jaaka Saulo ka boene a ne a bolela moragonyana, kgopolo fela ya “Keresete yo o bapotsweng, mo Bajudeng [e ne e le] selo se se bakang go kgotšwa.”—1 Bakorintha 1:23.

Fa Saulo a utlwa thuto eo o ne a e ganetsa a ititeile sehuba ka mo a neng a ka kgona ka teng. O ne a tla dirisa le e leng bosetlhogo gore a e fedise. O ne a dumela gore seno ke se Modimo a neng a se batla. Fa a tlhalosa moya o a neng a na le one, Saulo o ne a re: “Malebang le tlhoafalo, ke [ne ke] bogisa phuthego; malebang le tshiamo e e leng ka molao, yo o itshupileng a se na go ka pegwa molato.” “Ke ne ka nna ka bogisa phuthego ya Modimo mo go feteletseng ka ba ka e swafatsa, mme ke ne ke dira botswelelopele jo bogolo mo Bojudeng go feta ba le bantsi ba balekane ba me mo lotsong lwa me, e re ka ke ne ke tlhoafetse mo gogolo thata mo dingwaong tsa borre.”—Bafilipi 3:6; Bagalatia 1:13, 14.

Moeteledipele wa Pogiso

Morago ga loso lwa ga Setefane, Saulo ga a tlhole a bonala e le motho fela yo o nnang teng fa go bogisiwa mme o bonala e le moeteledipele wa gone. Ka jalo, o tshwanetse a bo a ile a itirela leina le le bosula, ka gonne le fa a setse a sokologile, fa a ne a leka go ikopanya le barutwa, “botlhe ba ne ba mo tshaba, ka gonne ba ne ba sa dumele gore o ne a le morutwa.” E rile go bonala sentle gore ruri e ne e le Mokeresete, go sokologa ga gagwe go ne ga dira gore barutwa ba ipele ba bontshe ditebogo, fa ba ne ba utlwa gore ga go a fetoga moganetsi mongwe fela, go na le moo “monna yo pele a neng a re bogisa jaanong o bolela dikgang tse di molemo kaga tumelo e pele a neng a e swafatsa.”—Ditiro 9:26; Bagalatia 1:23, 24.

Damaseko e ne e le dikilometara di ka nna 220—mosepele wa malatsi a le supa kgotsa a le robedi—go tswa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, Saulo o ne a ya kwa moperesiting yo mogolo mme a kopa makwalo mo go ene a a neng a ya kwa disinagogeng kwa Damaseko “a hema matshosetsi le polao ya ka boomo kgatlhanong le barutwa.” Ka ntlha yang? Gore Saulo a tle a tlise kwa Jerusalema batho bape fela ba bofilwe ba a neng a ba fitlhela e le ba “Tsela.” A letleletswe semolao, o ne a ‘simolola go tshwara phuthego makgwakgwa, a tlhasela matlo ka go latelana, a gogagogela banna le basadi kwa ntle, a ba isa kgolegelong.’ Ba bangwe o ne a ‘ba kgwathisitse mo disinagogeng,’ mme a ‘tlhopha’ (ka tsela ya mmatota, a latlhela “leje la go tlhopha”) a dumalana le gore ba bolawe semolao.—Ditiro 8:3; 9:1, 2, 14; 22:5, 19; 26:10, ntlhanyana e e kwa tlase.

Fa go lejwa thuto e Saulo a neng a e amogetse mo go Gamaliele le maatla a jaanong a neng a na le one, bakanoki bangwe ba dumela gore o ne a tswetse pele a sa tlhole a le moithuti fela wa Molao mme a fitlhile mo seemong sa go nna le taolo e e rileng mo Bojudeng. Ka sekai, mongwe o ile a akanyetsa gore Saulo o ka tswa a ile a nna morutisi mo sinagogeng nngwe kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo ga re ka ke ra tlhomamisa gore go tewang fa go twe Saulo o ne a ‘tlhopha’—gore a o ne a tlhopha jaaka leloko la kgotla kgotsa jaaka mongwe yo o tshegetsang go bolawa ga Bakeresete e le selo se se siameng gore se dirwe.a

E re ka kwa tshimologong Bakeresete botlhe e ne e le Bajuda kgotsa basokologela Bojudeng, go lebega Saulo a ne a tsaya fa Bokeresete e le mokgatlho wa batho ba ba tlhanogetseng Bojuda, mme o ne a tsaya e le tiro ya Bojuda jo bo kafa molaong go siamisa balatedi ba jone. Mokanoki Arland J. Hultgren a re: “Ga go bonale Paulo wa mmogisi a ne a ka ganetsa Bokeresete ka gonne a ne a bo bona e le bodumedi jo bo kafa ntle ga Bojuda, bo gaisana le jone. Ene le ba bangwe ba tshwanetse ba bo ba ne ba leba tsamaiso ya Bokeresete e sa ntse e le kafa tlase ga taolo ya Bojuda.” Ka jalo boikaelelo jwa gagwe e ne e le go pateletsa Bajuda ba ba diganana gore ba ikotlhaye mme ba boele mo tumelong ya motheo a dirisa mekgwa epe fela e e leng teng. (Ditiro 26:11) Mokgwa mongwe o a neng a ka o dirisa e ne e le go ba tsenya mo kgolegelong. O mongwe e ne e le go ba kgwathisa mo disinagogeng, tsela e e neng e tlwaelegile ya go otlhaya e e neng e ka dirisiwa go otlhaya motho fa a sa utlwe molao wa ga rabi mo kgotleng epe fela ya lefelo leo ya baatlhodi ba bararo.

Gone ke boammaaruri gore fa Jesu a sena go bonalela Saulo mo tseleng e e yang Damaseko, seo sotlhe se ne sa ema. Saulo o ne a tlogela go nna mmaba yo o boitshegang wa Bokeresete, mme ka ponyo ya leitlho a nna motshegetsi yo o tlhoafetseng wa jone, mme go ise go ye kae Bajuda ba kwa Damaseko ba ne ba senka go bolaya ene. (Ditiro 9:1-23) Selo se se gakgamatsang ke gore, fa e setse e le Mokeresete, Saulo o ne a tla diragalelwa ke dilo tse dintsi tse ene a neng a di dirile batho fa a ne a ba bogisa, mo e leng gore dingwaga moragonyana o ne a ka re: “Ke ne ka itewa ke Bajuda dititeo di le masome a manè go tlhaela e le nngwe makgetlo a le matlhano.”—2 Bakorintha 11:24.

Tlhoafalo e ka Lebisiwa go Sele

Fa Saulo a sena go sokologa, a setse a itsege e le Paulo, o ne a kwala jaana: “Pele ke ne ke le motlhapatsi le mmogisi le motho yo o se nang maitseo. Lefa go ntse jalo, ke ne ka bontshiwa kutlwelobotlhoko, ka gonne ke ne ke se na kitso e bile ke dira ka go se nang tumelo.” (1 Timotheo 1:13) Ka jalo go tlhoafala le go dira ka natla mo bodumeding, ga go tlhomamise gore motho o amogelwa ke Modimo. Saulo o ne a tlhoafetse e bile a dira go dumalana le segakolodi, mme seo ga se a ka sa mo dira yo o siameng. Tlhoafalo ya gagwe e kgolo e ne e lebisitswe go sele. (Bapisa Baroma 10:2, 3.) Seo se tshwanetse sa dira gore re akanye.

Batho ba le bantsi gompieno ba dumela gore boitshwaro jo bo molemo ke sone fela se Modimo a se batlang mo go bone. A mme go ntse jalo? Mongwe le mongwe o tla bo a dira sentle go tlhwaela kgakololo ya ga Paulo tsebe: “Tlhomamisang dilo tsotlhe; ngangatlelang se se molemomogolo.” (1 Bathesalonika 5:21) Seo se kaya go ipha nako go nna le kitso e e tlhomameng ka Lefoko la Modimo la boammaaruri re bo re tshela tumalanong le lone. Fa re lemoga fa re ntse re tlhatlhoba Baebele gore go na le diphetogo tse re tshwanetseng ra di dira, re tshwanetse ra di dira kwantle ga tiego. Gongwe ke ba se kae fela ba rona ba ba kileng ba nna batlhapatsi, babogisi, kgotsa batho ba ba se nang maitseo jaaka Saulo a ne a ntse. Le fa go ntse jalo, re ka amogelwa ke Modimo jaaka ene, fela fa re dira go ya ka tumelo le kitso e e tlhomameng.—Johane 17:3, 17.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go ya ka buka ya The History of the Jewish People in the Age of Jesus Christ (175 B.C.–A.D. 135) e e kwadilweng ke Emil Schürer, le fa Mishnah e sa tlhalose ka ditiragalo tsa Sanehederine e Kgolo, kgotsa Sanehederine ya Masome a Supa le Bongwe, Disanehederine tse di potlana, tsa maloko a a 23, di tlhalositswe thata. Baithuti ba Molao ba ne ba ka nna teng mo ditshekong tsa melato e e ka atlholelwang loso fa di tshwerwe ke Disanehederine tse di potlana, mme ba ne ba letlelelwa go buelela molatofadiwa fela e seng go bua kgatlhanong le ene. Fa e le dikgetsi tsa melato e e sa atlholelweng loso, ba ne ba ka go dira gotlhe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela