LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 8/15 ts. 19-24
  • Jehofa o Baakanya Tsela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Baakanya Tsela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tiro e e Thata
  • Maemo mo Bodumeding
  • Melemo ya Molao
  • Dinako Tsa Kagiso le go Itshokelana
  • Seabe sa Boranyane Jwa Saense
  • Go Baakanyetsa Ditšhaba “Thuto ya ga Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • “Tsamayang Mme lo Dire Batho ba Ditšhaba Tsotlhe Barutwa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • ‘Mafoko a a Molemo A Na le go Rerwa Pele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • “Bosupi mo Ditšhabeng Tsotlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 8/15 ts. 19-24

Jehofa o Baakanya Tsela

“Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa.”—MATHAIO 24:14.

1. Ke eng se tiro ya go rera e ileng ya kgona go se dira mo lekgolong la ntlha la dingwaga le la bo20?

ERE ka Jehofa e le Modimo wa lorato, o rata gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:4) Seno se ile sa tlhoka gore go nne le letsholo la go rera le go ruta mo dinageng tsotlhe. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, tiro ya go rera e ile ya dira gore phuthego ya Bokeresete e nne “pilara le setshegetso sa boammaaruri.” (1 Timotheo 3:15) Morago ga foo go ile ga latela motlha wa botlhanogi o mo go one lesedi la boammaaruri le neng la fifala. Mo dinakong tsa gompieno, tsa “motlha wa bokhutlo,” “kitso ya boammaaruri” gape e boile e ntsifetse, e dira gore dimilione tsa batho di nne le tsholofelo e e theilweng mo Baebeleng ya go falola ka bosakhutleng.—Daniele 12:4, NW.

2. Ke eng se Jehofa a ileng a se dira malebana le tiro ya go rera?

2 Tiro ya go rera ya lekgolo la ntlha la dingwaga le ya lekgolo leno la bo20 e ile ya atlega thata le fa Satane a ile a dira maiteko a magolo go kgoreletsa boikaelelo jwa Modimo. E re gopotsa boporofeti jwa ga Isaia. Isaia o ile a kwala jaana malebana le go boela ga batshwarwa ba Bajuda kwa Juda mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E.: “Mogogoro mongwe le mongwe o tlaa katesegela, le thaba nngwe le nngwe, le lekhubu, di tlaa kokobediwa; fa go sokameng go tlaa lolamisiwa, le mafelo a a magwata a tlaa papanwa.” (Isaia 40:4) Gape Jehofa o ile a baakanya tsela ya gore go nne le letsholo le legolo la go rera mo lekgolong la ntlha la dingwaga le mo go leno la bo20.

3. Jehofa o kgona go diragatsa maikaelelo a gagwe ka ditsela dife?

3 Seno ga se bolele gore Jehofa o nna le seabe ka tlhamalalo mo go tlhotlheletseng sengwe le sengwe se se diregang mo lefatsheng e le go dira gore tiro ya go rera mafoko a a molemo e gatele pele; e bile ga go bolele gore Jehofa o dirisa kgono ya gagwe ya go bonela dilo pele go itse ka botlalo sengwe le sengwe se se tla diregang. Ke boammaaruri gore, o kgona go bonela isagwe pele le go rulaganya dilo tse di tla diregang mo isagweng. (Isaia 46:9-11) Mme gape o kgona go tsibogela dilo ka nako e di diregang ka yone. Jehofa o kaela batho ba gagwe fela jaaka modisa yo o nang le maitemogelo yo o itseng tsela ya go kaela le go sireletsa letsomane la gagwe. O ba gogela mo tseleng ya poloko a sireletsa bomoya jwa bone le go ba tlhotlheletsa go sola molemo maemo le ditlhabololo tse di thusang gore tiro ya go rera dikgang tse di molemo e atlege mo lefatsheng lotlhe.—Pesalema 23:1-4.

Tiro e e Thata

4, 5. Ke eng fa tiro ya go rerwa ga dikgang tse di molemo e ile ya nna tiro e e gwetlhang?

4 Fela jaaka go ne go ntse ka tiro ya go aga araka mo motlheng wa ga Noa, tiro ya go rera ka Bogosi—mo lekgolong la ntlha la dingwaga le mo motlheng wa rona—e ile ya nna tiro e e boitshegang. Go isa molaetsa ope fela kwa bathong botlhe ga se kgetsi e potlana, mme fa e le tiro eno yone e ile ya gwetlha tota. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, palo ya barutwa e ne e le potlana thata. Moeteledipele wa bone e bong Jesu, o ile a bolawa ka ntlha ya go latofalediwa gore o tsuologela puso. Bodumedi jwa Sejuda bo ne bo nonofile. Go ne go na le tempele e ntle thata mo Jerusalema. Madumedi a e seng a Bajuda mo kgaolong ya Mediterranean le one a ne a nonofile, a na le ditempele le baperesiti. Bakeresete ba ba tloditsweng le bone ba ne ba le babotlana fa “motlha wa bokhutlo” o ne o simologa ka 1914, mme balatedi ba madumedi a a ipolelang gore a direla Modimo ba ne ba le bantsi.—Daniele 12:9.

5 Jesu o ne a ile a tlhagisa balatedi ba gagwe gore ba ne ba tla bogisiwa. O ile a re: “Batho ba tla lo isa kwa pitlaganong e bile ba tla lo bolaya, mme lo tla nna ba ba tlhoilweng ke merafe yotlhe ka ntlha ya leina la me.” (Mathaio 24:9) Mo godimo ga mathata ao, segolobogolo mo “malatsing a bofelo,” Bakeresete ba ne ba tla iphitlhela ba le mo gare ga “dinako tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) Tiro eno e ntsi, dipogiso le mathata a motlha ono, di dirile gore tiro ya go rera e nne e e gwetlhang le e e thata. Go ile ga tlhokega tumelo e kgolo.

6. Jehofa o ile a tlhomamisetsa batho ba gagwe jang gore ba tla atlega?

6 Le fa Jehofa a ne a itse gore go ne go tla nna le mathata, gape o ne a itse gore go ne go se kitla go nna le sepe se se emisang tiro. Katlego ya tiro eno e ne e boleletswe pele mo boporofeting jo bo itsegeng jo bo ileng jwa diragadiwa ka tsela e e gakgamatsang mo lekgolong la ntlha la dingwaga le mo go leno la bo20: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.”—Mathaio 24:14.

7. Tiro ya go rera e ile ya dirwa ka tsela e e tseneletseng go le kana kang mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

7 Batlhanka ba Modimo ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba tswelela pele ka go dira tiro ya bone ka go bo ba ne ba tletse tumelo le moya o o boitshepo. E re ka Jehofa a ile a bontsha go ba ema nokeng, ba ile ba bona katlego e e fetang kgakala e ba neng ba e solofetse. Ka nako ya fa Paulo a ne a kwalela Bakolosa, mo e ka nnang dingwaga tse 27 morago ga loso lwa ga Jesu, o ne a ka bua ka dikgang tse di molemo a re di ne tsa “rerwa mo tlhōlong yotlhe e e leng tlase ga legodimo.” (Bakolosa 1:23) Le mo dingwageng tseno tsa bofelo tsa lekgolo leno la bo20 la dingwaga, dikgang tse di molemo di rerwa mo dinageng tse 233.

8. Batho ba le bantsi ba ile ba amogela dikgang tse di molemo mo maemong a a ntseng jang? Neela dikai.

8 Dimilione tsa batho di amogetse dikgang tse di molemo mo masomeng a bosheng jaana a dingwaga. Bontsi bo dirile jalo kafa tlase ga maemo a a sa itumediseng—ka dinako tsa dintwa, dithibelo le mo dipogisong tse di setlhogo. Go ne go ntse jalo le mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Nako nngwe Paulo le Silase ba ne ba itewa setlhogo ka dithobane ba bo ba latlhelwa mo kgolegelong. A bo e ne e le lefelo le go neng go ka nna thata jang ne go dira barutwa mo go lone! Le fa go ntse jalo, Jehofa o ile a dirisa seemo seo go dira sone seo. Paulo le Silase ba ne ba gololwa, mme motlhokomedi wa bagolegwa le lelapa la gagwe ba nna badumedi. (Ditiro 16:19-33) Ditiragalo tse di ntseng jalo di bontsha gore baganetsi ba dikgang tse di molemo ba ka se ka ba kgona go di didimatsa. (Isaia 54:17) Le fa go ntse jalo, ga se gore hisitori ya Bokeresete e tletse fela ka dipitlagano le dipogiso tse di sa feleng. Mma jaanong re tlhomeng megopolo ya rona mo ditiragalong dingwe tse di molemo tse di ileng tsa thusa gore tiro ya go rera dikgang tse di molemo e atlege mo lekgolong la ntlha la dingwaga le mo go leno la bo20.

Maemo mo Bodumeding

9, 10. Jehofa o ile a dira jang gore batho ba lebelele go rerwa ga dikgang tse di molemo mo lekgolong la ntlha le la bo20 la dingwaga?

9 Akanya ka nako ya go dirwa ga matsholo a go rera mo lefatsheng lotlhe. Malebana le lekgolo la ntlha la dingwaga, boporofeti jwa dibeke tse 70 tsa dingwaga jo bo fitlhelwang mo go Daniele 9:24-27, bo ile jwa senola ngwaga o Mesia a neng a tla tlhaga ka one—29 C.E. Le fa Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba se ka ba tlhaloganya nako e tota ditiragalo tseno di neng di tla direga ka yone, ba ne ba ntse ba lebeletse, ba letile go tla ga Mesia. (Luke 3:15) Manuel Biblique ya Sefora e bolela jaana: “Batho ba ne ba itse gore dibeke tse masome a supa tsa dingwaga tse Daniele a neng a di boletse di ne di atamela; ga go ope yo o neng a gakgamadiwa ke go utlwa Johane Mokolobetsi a itsise gore bogosi jwa Modimo bo atametse.”

10 Go tweng ka mo motlheng wa segompieno? Ebu, tiragalo e e sa lebalesegeng e ne ya nna fa Jesu a ne a bewa mo setulong sa bogosi kwa legodimong, go go neng ga tshwaya tshimologo ya go nna gone ga gagwe ka maatla a Bogosi. Boporofeti jwa Baebele bo bontsha gore seno se diragetse ka 1914. (Daniele 4:13-17) Go solofela ditiragalo tseno go ile ga dira gore le batho bangwe ba ba ratang bodumedi ba motlha wa gompieno ba nne ba lebeletse sengwe. Go lebelela gono go ile ga bonala le mo Baithuting ba Baebele ba ba tlhoafetseng ba ba neng ba simolola go gatisa makasine ono ka 1879 ka go o bitsa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence. Ka jalo, go nna ga batho ba lebeletse jalo mo bodumeding go ile ga tlhagola tsela ya go rerwa ga dikgang tse di molemo, mo lekgolong la ntlha la dingwaga le mo motlheng ono wa rona.a

11. Ke motheo ofe wa bodumedi o o ileng wa thewa o o ileng wa thusa mo go rerweng ga dikgang tse di molemo?

11 Selo se sengwe se se thusitseng Bakeresete mo tirong ya bone mo metlheng eno e mebedi, ke kgang ya go bo batho ba le bantsi ba ne ba tlwaelane le Dikwalo Tse di Boitshepo. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bajuda ba ne ba aname mo metseng e e fa gaufi ya Baditšhaba. Ba ne ba na le disinagoge moo batho ba neng ba kopana gone ka metlha go reetsa Dikwalo di balwa le go tlhalosiwa. Ka gone, Bakeresete ba bogologolo ba ne ba kgona go aga mo motheong wa kitso ya bodumedi e batho ba neng ba setse ba na le yone. (Ditiro 8:28-36; 17:1, 2) Pelenyana mo motlheng wa rona, batho ba ga Jehofa ba ile ba itumelela seemo se se ntseng jalo mo dinageng tse dintsi. Baebele e ne e anamisitswe ka bontsi mo dinageng tsotlhe tsa Labokeresete, segolobogolo mo dinageng tsa Boporotesetanta. E ne e balwa mo dikerekeng tse dintsi; dimilione di na le khopi ya yone. Batho ba ne ba setse ba na le Baebele, mme gone, ba ne ba tlhoka go thusiwa go tlhaloganya se ba nang le sone.

Melemo ya Molao

12. Gantsi molao wa Roma o ne o sireletsa jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

12 Gantsi melao ya dipuso e ne e solegela tiro ya Bakeresete ya go rera melemo. Puso ya Roma e ne ya laola lefatshe mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme melao ya yone e e kwadilweng e ne e na le tlhotlheletso e kgolo thata mo botshelong jwa batho jwa letsatsi le letsatsi. Melao eno e ne e sireletsa, mme seno se ne se solegela Bakeresete ba bogologolo molemo. Ka sekai, Paulo o ile a dirisa molao wa Roma go ikuela gore a gololwe mo kgolegelong e le gore a se ka a setlakwa. (Ditiro 16:37-39; 22:25, 29) Go umakwa ga thulaganyo ya molao wa Roma go ne ga thusa go reba tšhakgalo ya segopa sengwe kwa Efeso. (Ditiro 19:35-41) Nako nngwe Paulo o ile a namolwa mo tirisodikgokeng kwa Jerusalema ka go bo e ne e le moagi wa Roma. (Ditiro 23:27) Moragonyana, Molao wa Roma o ne wa mo kgontsha go femela tumelo ya gagwe semolao fa pele ga Kaesara. (Ditiro 25:11) Le mororo Bokaesara bangwe e ne e le bagateledi, gantsi melao ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e tle e nne le seabe mo “go femelweng le go tlhomamisiwa semolao ga dikgang tse di molemo.”—Bafilipi 1:7.

13. Ka dinako tse dingwe molao o ile wa solegela tiro ya go rera molemo jang mo motlheng wa rona?

13 Go ntse jalo mo dinageng tse dintsi gompieno. Le fa go ile ga nna le batho ba ba “baakanyang bosenyi ka molao,” melao ya dinaga tse dintsi e tsaya kgololesego ya bodumedi e le tshwanelo e e botlhokwa. (Pesalema 94:20) Dipuso tse dintsi di ile tsa re letlelela semolao ka gonne di lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ga ba kotsi mo setšhabeng. Kwa United States, koo tiro e ntsi ya go gatisa ya Basupi e dirwang teng, melao ya teng ya gone jaanong e thusitse gore makasine wa Tora ya Tebelo o gatisiwe ka metlha ka dingwaga tse 120 le go balwa lefatshe ka bophara.

Dinako Tsa Kagiso le go Itshokelana

14, 15. Go ritibala ga maemo mo setšhabeng mo lekgolong la ntlha la dingwaga go ile ga solegela tiro ya go rera molemo jang?

14 Tiro ya go rera gape e ile ya solegelwa molemo ka dinako tsa fa go na le kagisonyana. Le mororo Jesu a ile a bolelela pele sentle gore mo metlheng eno e mebedi ‘morafe o ne o tla tsogologela morafe,’ go ile ga nna le dinako tsa kagiso tse di neng tsa thusa gore go rerwe thata ka Bogosi. (Mathaio 24:7) Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba tshela mo motlheng wa Pax Romana, kana Kagiso ya Roma. Mokwalahisitori mongwe o ile a kwala jaana: “Roma e ile ya gapa batho ba kgaolo ya Mediterranean thata jaana mo e leng gore e ile ya dira gore metlha ya dintwa tse di sa feleng e fele.” Motlha ono wa kagiso o ile wa dira gore Bakeresete ba ralale lefatshe lotlhe la Roma ba babalesegile go sekae.

15 Mmusomogolo wa Roma o ne wa leka go dira gore batho ba nne le kutlwano ka taolo ya one e e gagametseng. Tsela eno ya go busa e ile ya se ka ya dira fela gore batho ba tseye mesepele, ba itshokelane le go refosana megopolo mme gape e ile ya dira gore go nne le moya wa bokaulengwe jwa boditšhabatšhaba. Buka ya On the Road to Civilization e bolela jaana: “Kutlwano e e neng e le teng mo Mmusomogolong [wa Roma] e ile ya dira gore kgaolo [e Bakeresete ba neng ba rera mo go yone] e nne e e itumedisang. Dikgoreletsi tsa bomorafe di ne di tlositswe. Moagi wa Roma o ne a ka nna gongwe le gongwe mo lefatsheng. . . . Mo godimo ga moo, bodumedi jo bo neng bo ruta batho go nna le bokaulengwe bo ne bo ka amogelwa mo pusong eo e e neng e na le kgopolo ya go dira gore batho ba nne le boagi jwa lefatshe lotlhe.”—Bapisa Ditiro 10:34, 35; 1 Petere 2:17.

16, 17. Ke eng se se ileng sa rotloetsa maiteko a go dira gore go nne le kagiso mo metlheng ya gompieno, mme ke tshwetso efe e batho ba bantsi ba ileng ba e dira?

16 Go tweng ka motlha wa rona? Lekgolo leno la bo20 la dingwaga le ile la aparelwa ke dintwa tse di setlhogo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa nna gone mo lefatsheng, mme go sa ntse go na le dintwa mo dikgaolong dingwe. (Tshenolo 6:4) Le fa go ntse jalo, gape go ile ga nna le dinako tsa kagiso. Go setse go fetile dingwaga tse di fetang 50 dipuso tse dikgolo tsa lefatshe di sa lwe mmogo mo ntweng e e tseneletseng. Seemo seno se thusitse thata gore tiro ya go rera dikgang tse di molemo e dirwe mo dinageng tseo.

17 Bosetlhogo jo bo bakilweng ke dintwa tsa lekgolo la bo20 la dingwaga bo dirile gore batho ba le bantsi ba lemoge gore go tlhokega gore go nne le puso e e busang lefatshe lotlhe. Go boifa ntwa ya lefatshe go ile ga dira gore go tlhamiwe lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le la Ditšhaba Tse di Kopaneng. (Tshenolo 13:14) Maikaelelo a mekgatlho eno e mebedi e ne e le go dira gore go nne le kagiso le tirisanommogo mo dinageng tsotlhe. Batho ba ba eletsang gore go nne le dilo tseno gantsi ba amogela dikgang tse di molemo tsa gore go tla nna le puso ya lefatshe lotlhe e e tla tlisang kagiso ya mmatota le e e tla nnelang ruri—Bogosi jwa Modimo.

18. Ke boikutlo bofe kaga bodumedi jo bo dirileng gore tiro ya go rera e solegelwe molemo?

18 Le fa ka dinako tse dingwe Bakeresete ba ile ba bogisiwa setlhogo, go ile ga nna le dinako tsa go itshokelana mo bodumeding, mo lekgolong la ntlha la dingwaga le mo go leno la bo20. (Johane 15:20; Ditiro 9:31) Baroma ba ile ba dumela go obamela medimo le medimogadi ya bagapiwa ba bone. Porofesa Rodney Stark o ile a kwala jaana: “Roma e ile ya dira gore go nne le kgololesego ya bodumedi ka ditsela tse dintsi, mme ga go ise go ko go tlhole go nna jalo gape go fitlha ka nako ya morago ga Diphetogo Tsa Amerika.” Bosheng jaana batho ba dinaga tse dintsi ba ile ba simolola go amogela megopolo ya batho ba bangwe mme seno se ile sa felela ka gore ba rate go reetsa molaetsa wa Baebele o Basupi ba ga Jehofa ba o rerang.

Seabe sa Boranyane Jwa Saense

19. Bakeresete ba bogologolo ba ile ba dirisa codex jang?

19 Sa bofelo, akanya ka tsela e Jehofa a ileng a thusa batho ba gagwe ka yone go solegelwa molemo ke kgatelopele ya boranyane jwa saense. Le fa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba se kile ba tshela mo motlheng wa kgatelopele e kgolo mo boranyaneng, selo sengwe sa kgatelopele se ba ileng ba se dirisa ke codex, kana buka ya letlhare. Codex e ile ya tsaya maemo a memeno e e neng e le bokete thata. Buka ya The Birth of the Codex e bolela jaana: “Go farologana le tsela e codex e ileng ya tsaya maemo a memeno ka bonya kgato ka kgato ka yone mo dibukeng tsa lefatshe, go bonala Bakeresete bone ba ile ba simolola go e dirisa ka bonako fela e bile e le mo mafelong otlhe.” Buka eo gape ya re: “Bakeresete ba ile ba dirisa codex mo mafelong otlhe thata jaana mo lekgolong la bobedi la dingwaga mo e leng gore e ka tswa e ile ya simolola go dirisiwa bogologolo pele ga A.D. 100.” Codex e ne e le motlhofo go dirisiwa go feta momeno. Motho o ne a ka phetlha Dikwalo ka bonako mo go yone. Ruri seno se ile sa thusa Bakeresete ba bogologolo thata, ba jaaka Paulo, ba neng ba se ke ba tlhalosa Dikwalo fela mme gape ba neng ba tle ba ‘ntshe bosupi’ ka dilo tse ba neng ba di ruta.—Ditiro 17:2, 3.

20. Batho ba Modimo ba ile ba dirisa boranyane jwa saense jwa segompieno jang mo tirong ya go rera, mme ka ntlha yang?

20 Boranyane jwa saense bo ile jwa gatela pele tota mo lekgolong leno la rona. Metšhine e e bonako ya go gatisa e ile ya thusa gore go gatisiwe dikgatiso tsa Baebele ka dipuo di le dintsi ka nako e le nngwe. Boranyane jwa saense jwa segompieno bo ile jwa akofisa tiro ya go ranola Baebele. Dillori, diterena, dikepe le difofane di thusa gore dikgatiso tsa Baebele di romelwe ka bofefo mo lefatsheng lotlhe. Difouno le metšhine ya fax di dirile gore batho ba kgone go tlhaeletsana ka bofefo. Jehofa o dirisitse moya wa gagwe go tlhotlheletsa batlhanka ba gagwe go sola boranyane joo jwa saense molemo go anamisa dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe. Ga ba dirise dikgatelopele tseo ka go bo fela ba eletsa go itse le go dirisa dilo tsa sesheng tsa lefatshe leno. Go na le moo, maikaelelo a bone a magolo le a a botlhokwa thata ke gore e ba thuse go diragatsa tiro ya bone ya go rera ka tsela e e molemo.

21. Re ka tshepa eng re sa belaele?

21 Jesu o ile a bolelela pele jaana: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe.” (Mathaio 24:14) Fela jaaka Bakeresete ba bogologolo ba ile ba bona boporofeti jono bo diragadiwa, le rona gompieno re bo bona bo diragadiwa ka selekanyo se segolo. Le fa tiro eno e le kgolo e bile e le thata go dirwa, dikgang tse di molemo di ile tsa rerwa e bile di sa ntse di rerwa mo maemong a a itumedisang le a a sa itumediseng, mo gare ga melao le maikutlo a batho a a ntseng a fetoga, mo nakong ya dintwa le fa go le kagiso, le mo gare ga mefuta yotlhe ya kgatelopele ya boranyane jwa saense. A seno ga se dire gore o gakgamadiwe ke botlhale le kafa Jehofa a kgonang go bonela dilo pele ka teng? Re ka tlhomamisega gore tiro ya go rera e tla konelwa ka nako e Jehofa a e tlhomileng le gore maikaelelo a gagwe a a lorato a tla diragadiwa gore basiami ba bone masego. Ba tla aga mo lefatsheng mme ba nna mo go lone ka bosakhutleng. (Pesalema 37:29; Habakuke 2:3) Fa re ka dumalanya botshelo jwa rona le maikaelelo a ga Jehofa, re tla nna bangwe ba bone.—1 Timotheo 4:16.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tlhaloso ka botlalo malebana le dipolelelopele tseno tse pedi kaga Mesia, bona buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, ditsebe 36, 97 le 98-107, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

Dintlha Tsa Poeletso

◻ Ke eng fa tiro ya go rera dikgang tse di molemo e ile ya nna tiro e e gwetlhang?

◻ Ke ka ditsela dife tiro ya Bakeresete e ileng ya solegelwa molemo ke dithulaganyo tsa puso le go ritibala ga maemo mo setšhabeng?

◻ Masego a ga Jehofa mo tirong ya go rera a re tlhomamisetsa eng malebana le dilo tse di tla diregang mo isagweng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela