Basha—Thapisang Dikgono Tsa Lona Tsa go Lemoga!
“Dijo tse di tiileng ke tsa batho ba ba godileng sentle, tsa ba ka go di dirisa dikgono tsa bone tsa go lemoga di thapisiwang go farologanya se se siameng le se se phoso.”—BAHEBERA 5:14.
1, 2. (a) Maemo a rona gompieno a tshwana jang le a Bakeresete ba bogologolo ba kwa Efeso? (b) Ke dikgono dife tse di ka go sireletsang mo kotsing, mme o ka nna jang le tsone?
“NNANG lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako nngwe le nngwe e e lo siametseng, ka gonne malatsi a boikepo.” (Baefeso 5:15, 16) Fa e sa le moaposetoloi Paulo a kwala mafoko ao dingwaga tse di dikete tse pedi tse di fetileng, ‘batho ba ba boikepo le maferefere ba tsweletse ba sulafalela pele.’ Re tshela mo “dinakong tse go leng boima go dirisana le tsone,” kana dinako tse di “tletseng ka dikotsi” jaaka fa thanolo e nngwe e e tlhalosa.—2 Timotheo 3:1-5, 13; Phillips.
2 Le fa go ntse jalo, o ka tila go gobadiwa ke dikotsi tse di ka tswang di go laletse, ka go nna le “botlhale, . . . kitso le bokgoni jwa go akanya.” (Diane 1:4, NW) Diane 2:10-12, (NW) ya re: “Fa botlhale bo tsena mo pelong ya gago le kitso e nna monate mo moyeng wa gago, bokgoni jwa go akanya bo tla nna bo go lebeletse, temogo e tla go dibela, go go golola mo tseleng e e bosula, mo mothong yo o buang dilo tse di sokameng.” Mme gone, o ka kgona go nna le dikgono tseo jang? Bahebera 5:14 ya re: “Dijo tse di tiileng ke tsa batho ba ba godileng sentle, tsa ba ka go di dirisa dikgono tsa bone tsa go lemoga di thapisiwang go farologanya se se siameng le se se phoso.” Fela jaaka go ntse ka botswerere bope fela, go kgona go dirisa dikgono tsa gago tsa go lemoga go tlhoka gore motho a ithapise. Lefoko la Segerika le Paulo a le dirisitseng totatota le kaya ‘go thapisiwa fela jaaka mojiminasi.’ O simolola thapiso eo jang?
Go Thapisa Dikgono Tsa Gago Tsa go Lemoga
3. O ka dirisa jang dikgono tsa gago tsa go lemoga fa o tshwanelwa ke go dira tshwetso?
3 Ela tlhoko gore dikgono tsa gago tsa go lemoga—kgono ya go lemoga se se siameng mo go se se phoso—di thapisiwa ka go “di dirisa.” Ga o ka ke wa dira dilo ka botlhale fa o dira ditshwetso ka go fopholetsa, o phamoga kana go ya fela le bontsi. O tshwanetse go dirisa dikgono tsa gago tsa go lemoga gore o kgone go dira ditshwetso tse di molemo. Jang? Sa ntlha, ka go sekaseka seemo ka kelotlhoko le go batlisisa dintlha tsotlhe. Ipotse dipotso fa go tlhokega. Sekaseka ditlhopho tse o ka di tsayang. Diane 13:16 ya re: “Motho mongwe le mongwe yo o bonokopela o dira ka kitso.” Go tswa foo, leka go batlisisa gore kgang eo e amana le melao efe ya Baebele kana melaometheo. (Diane 3:5) Ke boammaaruri gore o tshwanetse go nna le kitso ya Baebele gore o kgone go dira jalo. Ke gone ka moo Paulo a re kgothaletsang go ja “dijo tse di loileng”—go ithuta “bophara le boleele le bogodimo le boteng” jwa boammaaruri.—Baefeso 3:18.
4. Ke eng fa go le botlhokwa go nna le kitso ka melaometheo ya Modimo?
4 Go dira jalo go botlhokwa, e re ka re sa itekanela, re sekametse mo boleong. (Genesise 8:21; Baroma 5:12) Jeremia 17:9 ya re: “Pelo e boferefere bogolo go dilo tsotlhe, e botlhoko thata.” Fa re sa kaelwe ke melaometheo ya bomodimo, re ka nna ra itsietsa ka go akanya gore sengwe se se maswe se siame—fela ka go bo nama ya rona e se eletsa. (Bapisa Isaia 5:20.) Mopesalema o ile a kwala jaana: “Ana motho wa lekau o tlaa ntlafatsa tsela ya gagwe ka eng? Ka go e tlhokomela ka fa lefokong la gago. Ke bona tlhaloganyo ka dikaelo tsa gago; ke gone ka moo ke ilang mokgwa mongwe le mongwe wa phoro.”—Pesalema 119:9, 104.
5. (a) Ke eng fa basha bangwe ba latela ditsela tse di sa siamang? (b) Mosha mongwe o ile a dira eng gore boammaaruri e nne jwa gagwe?
5 Ke eng fa basha bangwe ba ba godisitsweng mo malapeng a Bokeresete ba ile ba latela ditsela tse di sa siamang? A e ka tswa e le gore ga ba ise ba ko ba ‘iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone’? (Baroma 12:2) Bangwe ba ka tswa ba nna gone mo dipokanong le batsadi ba bone e bile ba itse dithuto dingwe tsa motheo tsa Baebele ka tlhogo. Mme fa ba kopiwa gore ba tlhalose bosupi jwa dilo tse ba di dumelang kana gore ba tlhalose dilo dingwe tse di boteng tsa Lefoko la Modimo, kitso ya bone e tlhaela thata. Basha ba ba ntseng jalo ba ka tsiediwa motlhofo. (Baefeso 4:14) Fa e le gore go ntse jalo ka wena, ke eng fa o sa dire tshwetso ya go dira diphetogo? Kgaitsadi mongwe yo mosha o gakologelwa jaana: “Ke ile ka dira dipatlisiso. Ke ne ka ipotsa gore, ‘Ke itse jang gore jono ke bodumedi jwa boammaaruri? Ke itse jang gore go na le Modimo o o bidiwang Jehofa?’”a Go tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko go ile ga mo tlhatswa pelo gore dilo tse a neng a ithutile tsone mo batsading ba gagwe di ne di le boammaaruri!—Bapisa Ditiro 17:11.
6. O ka ‘tlhomamisa jang se se amogelesegang mo go Morena,’ Jehofa?
6 Ka go nna le kitso ya melaometheo ya ga Jehofa, go tla nna motlhofo go ‘tlhomamisa se se amogelesegang mo Moreneng.’ (Baefeso 5:10) Mme go tweng fa o sa itse gore o tseye tsela efe e e siameng mo maemong a a rileng? Kopa kaelo ya ga Jehofa ka thapelo. (Pesalema 119:144) Leka go bua ka kgang eo le batsadi ba gago kana Mokeresete mongwe yo o godileng sentle. (Diane 15:22; 27:17) Gape o ka bona kaelo e e molemo ka go dira dipatlisiso mo Baebeleng le mo dikgatisong tsa Watch Tower. (Diane 2:3-5) Fa o nna o dirisa dikgono tsa gago tsa go lemoga, di tla nonofa thata.
Go Bontsha Temogo mo Boitapolosong
7, 8. (a) O ka dirisa jang dikgono tsa gago tsa go lemoga go swetsa gore a ke o ye kokoanong nngwe kana nnyaa? (b) Pono ya Baebele ke efe ka boitapoloso?
7 A jaanong re sekaseke kafa o ka dirisang dikgono tsa gago tsa go lemoga ka teng mo maemong mangwe a a rileng. Ka sekai, a re re o laleditswe kwa kokoanong nngwe. Gongwe e bile o romeletswe taletso e e tlantsweng e e go itsiseng ka kokoano eo. O bolelelwa gore go tla bo go na le basha ba le bantsi ba Basupi. Mme go tla nna le madi a a kopiwang go duelela ditshenyegelo. A ke o ye go yone?
8 Ebu, dirisa dikgono tsa gago tsa go lemoga. Sa ntlha, batlisisa. Kokoano eo e tlile go nna kgolo go le kana kang? Ke bomang ba ba tla bong ba le gone? E tla simolola leng? E tla fela leng? Go rulagantswe ditiro dife? E tla laolwa jang? Go tswa foo, dira dipatlisiso, o leba “Social Gatherings,” le “Entertainment” mo Watch Tower Publications Index.b Dipatlisiso tsa gago di ka senola eng? Boammaaruri ke gore, Jehofa ga a kgatlhanong le gore re kokoane mmogo go itumela. Tota e bile, Moreri 8:15 e bolela gore mo godimo ga go dira ka natla, “motho ga a na sepe se se molemo fa tlase ga letsatsi bogolo go go ja, le go nwa, le go [“ipela,” NW].” Ebu, Jesu Keresete ka boene o ne a tle a ye kwa meletlong e e kgethegileng ya dijo mme bobotlana le kwa lenyalong le le lengwe. (Luke 5:27-29; Johane 2:1-10) Go itisa le ba bangwe go ka nna molemo fa go dirwa ka tekatekano.
9, 10. (a) Dikokoano dingwe di ka baka dikotsi dife? (b) Ke dipotso dife tse o ka ipotsang tsone pele ga o swetsa gore a ke o ye kokoanong nngwe kana nnyaa?
9 Le fa go ntse jalo, dikokoano tse di sa rulaganngwang sentle di ka baka mathata. Mo go 1 Bakorintha 10:8, re bala kaga tsela e go itsalanya le batho ba ba sa siamang go ileng ga felela ka kgokafalo ka teng le go bolawa ga ‘[Baiseraele ba ba sa ikanyegeng] ba le dikete di le masome a mabedi le boraro ka letsatsi le le lengwe.’ Tlhagiso e nngwe e e molemo e bonwa mo go Baroma 13:13: “Jaaka mo nakong ya motshegare a re tsamayeng ka mokgwa o montle, e seng mo medirong ya ditlhapelo le mo medirong ya botagwa, e seng mo tlhakanelodikobong e e seng ya kafa molaong le boitshwaro jo bo repileng, e seng mo kgogakgoganong le mo lefufeng.” (Bapisa 1 Petere 4:3.) Ke boammaaruri gore go ka se tlhomiwe palo e e rileng ya batho ba ba tshwanetseng go nna gone mo kokoanong. Mme gone, maitemogelo a bontsha gore fa kokoano e le kgolo thata go nna thata tota go e laola. Dikokoano tse dinnye tse di rulagantsweng sentle ga se gantsi di fetogang “diphati tse di modumo.”—Bagalatia 5:21, Byington.
10 Ga go pelaelo gore dipatlisiso tsa gago di tla tsosa dipotso tse dingwe tse di jaaka: A go tla bo go na le Bakeresete bangwe ba ba godileng kwa kokoanong eno? Tota ke mang yo o e tshegetsang ka madi? A boikaelelo jwa kokoano eno ke go dira gore go nne le botsalano jo bo molemo kana a ke go dira gore mongwe a bone morokotso? A go beilwe dithibelo dingwe malebana le ba ba ka nnang gone? Fa e le gore kokoano eno e tlile go nna ka mafelobeke, a e tla fela go sa le gale gore ba ba tla nnang gone mo go yone ba kgone go nna le seabe mo bodireding jwa Bokeresete mo letsatsing le le latelang? Fa e le gore go tlile go nna le mmino le tanse, a di tla dumalana le melao ya Bokeresete? (2 Bakorintha 6:3) Go botsa dipotso tse di ntseng jalo go ka nna ga se ka ga nna motlhofo. Mme gone Diane 22:3 e tlhagisa jaana: “Motho yo o bonokopela a bona bosula mme a iphitlhe, mme ba ba sa tlhalefang ba fete fela, mme ba utlwe botlhoko ka gone.” Ee, o ka tila go itsenya mo maemong a a diphatsa ka go dirisa dikgono tsa gago tsa go lemoga.
Temogo fa o Rulaganyetsa Thutego ya Gago
11. Basha ba ka dirisa dikgono tsa bone tsa go lemoga jang fa ba rulaganyetsa isagwe ya bone?
11 Baebele ya re go molemo go rulaganyetsa isagwe. (Diane 21:5) A wena le batsadi ba gago lo setse lo tlotlile ka isagwe ya gago? Gongwe o rulaganyetsa go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng go nna mmulatsela. Ruri ga go na tiro e e ka go kgotsofatsang thata go gaisa eno. Fa o leka go nna le mekgwa e e molemo ya go ithuta le bokgoni mo bodireding, o tla bo o ipaakanyetsa tiro eno e e monate. A o kile wa akanyetsa gore o tla itlamela jang mo bodireding? Fa mo isagweng o ka tlhopha go nna le lelapa, a o tla kgona go rwala boikarabelo joo jo bo oketsegileng? Go dira ditshwetso tse di lekalekaneng le tse di siameng ka dilo tse di ntseng jalo go go tlhoka gore o dirise dikgono tsa gago tsa go lemoga.
12. (a) Malapa mangwe a ile a dira tshwetso efe go lepalepana le maemo a ikonomi a a ntseng a fetofetoga? (b) A go tsenela thutego e e oketsegileng go thulana le go itlhomela mokgele wa go nna mmulatsela? Tlhalosa.
12 Mo mafelong a mangwe go sa ntse go kgonega gore motho a ka bona tiro e e mo thapisetsang bokgoni bongwe kana porofeshene nngwe a ntse a bereka. Go na le basha ba ba ithutang kgwebo ya lelapa kana ba bona thapiso go tswa mo ditsaleng tse di godileng tse di nang le dikgwebo. Ba bangwe kwa sekolong ba tsaya dithuto tse moragonyana di tla ba thusang go itshedisa. Mo mafelong a go se nang ditshono tse di ntseng jalo kwa go one, morago ga go akanya dilo ka kelotlhoko, batsadi ba ka rulaganyetsa bana ba bone go bona thuto e e oketsegileng fa ba fetsa sekolo se segolo. Go rulaganya dilo jalo go sa le gale e le gore motho a kgone go rwala maikarabelo a fa a tla bo a godile mme segolobogolo gore a tle a kgone go nna le seabe mo tirelong ya bobulatsela ka lobaka lo loleele, ga se gore motho o a bo a sa beye Bogosi jwa Modimo kwa pele. (Mathaio 6:33) Mme go tsenela thuto e e oketsegileng ga go bolele gore motho a ka se nne mmulatsela. Ka sekai, mosha mongwe wa Mosupi o ne a na le lobaka lo loleele a batla go nna mmulatsela. Fa a fetsa sekolo se segolo, batsadi ba gagwe—ba le bone e leng babulatsela ba ka metlha—ba ile ba dira dithulaganyo tsa gore a bone thuto e e oketsegileng. O ne a kgona go nna mmulatsela a ntse a tsena sekolo, mme gone jaanong o na le borutegi jo a kgonang go itlamela ka jone fa a ntse a tsweletse ka bobulatsela.
13. Malapa a tshwanetse go bala jang ditshenyegelo tsa go tsenela thuto e e oketsegileng?
13 Malebana le kgang ya thuto e e oketsegileng, lelapa lengwe le lengwe le na le tshwanelo le boikarabelo jwa go itirela tshwetso. Fa thuto e e ntseng jalo e tlhophiwa ka kelotlhoko, e ka thusa thata. Le fa go ntse jalo, e ka nna serai. Fa e le gore o akanyetsa thuto e e ntseng jalo, mokgele wa gago ke eng? A ke go go thusa gore o ipaakanyetse go rwala maikarabelo ka tsela e e tlotlegang fa o setse o godile? Kana a o “ipatlela dilo tse dikgolo”? (Jeremia 45:5; 2 Bathesalonika 3:10; 1 Timotheo 5:8; 6:9) Go tweng ka go tsenela thuto e e oketsegileng mme o sa nne mo gae, gongwe o nna kwa khempaseng? A go tla bo go le molemo go dira jalo e re ka Paulo a tlhagisa gore “go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e nang le mosola”? (1 Bakorintha 15:33; 2 Timotheo 2:22) Gape se lebale gore “nako e e setseng e khutshwafetse.” (1 Bakorintha 7:29) Thuto eo e tla go tseela nako e e kana kang? A e tla go jela bontsi jwa dingwaga tsa gago tsa bosha? Fa e le gore go ntse jalo, o tla dirisa jang kgothatso ya Baebele ya gore “o gakologelwe Mmopi wa gago mo metlheng ya bokau jwa gago”? (Moreri 12:1) Mo godimo ga moo, a dikhoso tse o di dirang di tla go naya nako ya go dira ditiro tse di botlhokwa tsa Bokeresete tse di jaaka go nna gone kwa dipokanong, tirelo ya tshimo, le thuto ya motho ka namana? (Mathaio 24:14; Bahebera 10:24, 25) Fa e le gore dikgono tsa gago tsa go lemoga di nonofile, ga o ne o itlhokomolosa mekgele ya semoya ka nako ya fa wena le batsadi ba gago lo rulaganyetsa isagwe ya gago.
Go Boloka Thatano e Tlotlega
14. (a) Ke melaometheo efe e e tshwanetseng go kaela batho ba ba ratanang fa ba bontshana lorato? (b) Baratani bangwe ba ile ba se ka ba bontsha temogo jang mo kgannyeng eno?
14 Karolo e nngwe e o tlhokang go dirisa dikgono tsa gago tsa go lemoga mo go yone ke fa o ratana. Ke ga tlholego gore motho a batle go bontsha motho yo a amegang ka ene gore o a mo rata. Go bonala fa baratani ba ba boitsheko ba Sefela sa Difela ba ne ba tle ba bontshane lorato ka ditsela dingwe pele ga ba nyalana. (Sefela sa Difela 1:2; 2:6; 8:5) Le gompieno, basha bangwe ba ba ratanang ba ka nna ba ikutlwa gore ga go molato go tshwarana ka matsogo, go atlana le go tlamparelana, segolobogolo fa ba le gaufi le go nyalana. Le fa go ntse jalo, gopola: “Yo o ikanyang pelo ya gagwe ka esi ke seeleele.” (Diane 28:26) Ka maswabi, baratani ba sekae ba ile ba se ka ba bontsha temogo ka go itsenya mo maemong a a ka dirang gore ba ineele mo bosuleng. Ba ile ba feteletsa tsela e ba bontshanang lorato ka yone; ba feleletsa ba dirile ditiro tse di maswe ga ba ga felela ka gore ba wele mo boitshwarong jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo.
15, 16. Ke dikgato dife tse di molemo tse baratani ba ka di latelang go tlhomamisa gore thatano ya bone e nna e tlotlega?
15 Fa e le gore o intsha le mongwe, go molemo gore o tile go iphitlhela lo le nosi le motho yono yo e tla nnang molekane wa gago lo le mo maemong a a sa siamang. Ka jalo, go ka nna botoka gore lo itumelele go nna mmogo lo na le setlhopha sa batho ba bangwe kana mo mafelong a botlhe. Baratani bangwe ba rulaganya go nna le motho yo o ba bayang leitlho. Gape, akanya ka mafoko ano a Hosea 4:11: “Bojalwa jwa mofine le bojalwa jo boša di tlosa tlhaloganyo.” Bojalwa bo ka dira gore baratani ba latlhegelwe ke tlhaloganyo mme jwa dira gore ba itshware ka tsela e moragonyana ba tla e ikwatlhaelang.
16 Diane 13:10 ya re: “Go tla komano fela ka boikgodiso, mo go yo o amogetseng kgakololo sentle go na le botlhale.” Ee, ‘gakololanang sentle’ mme lo tlotle kaga kafa lo tla itshwarang ka teng. Ipeeleng dithibelo malebana le tsela e lo tla bontshanang lorato ka yone, mongwe le mongwe wa lona a tlotla maikutlo le segakolodi sa yo mongwe. (1 Bakorintha 13:5; 1 Bathesalonika 4:3-7; 1 Petere 3:16) Kwa tshimologong go ka nna thata go tlotla ka kgang eno e e masisi, mme gone, go dira jalo go tla thibela mathata a magolo a a ka tlhagang moragonyana.
Go Rutwa go ‘Tswa Bosheng go ya Pele’
17. Dafide o ile a dira Jehofa go nna ‘tshepo ya gagwe go tswa bosheng jwa gagwe go ya pele’ jang, mme ke eng se gompieno basha ba ka ithutang sone mo go seno?
17 Go tila dirai tsa ga Satane go tla go tlhoka gore o age o le kelotlhoko—ka dinako tse dingwe go ka go tlhoka bopelokgale jo bogolo. Ebu, ka dinako tse dingwe o ka iphitlhela o sa lebana fela le balekane ba gago, mme o lebane le lefatshe lotlhe. Mopesalema Dafide o ile a rapela jaana: “Gonne o tsholofelo ya me, wena Morena Molaodimogolo Jehofa, tshepo ya me go tswa bosheng jwa me. Wena Modimo, o nthutile go tswa bosheng jwa me go ya pele, mme go fitlha jaanong ke ntse ke bolela ka ditiro tsa gago tse di gakgamatsang.” (Pesalema 71:5, 17, NW)c Dafide o itsege ka bopelokgale jwa gagwe. Mme gone o simolotse leng go nna le jone? A sa le mosha! Tota le e leng pele ga tiragalo e e itsegeng thata ya fa a ne a lwa le Goliathe, Dafide o ile a supa bopelokgale jo bogolo ka go sireletsa letsomane la ga rraagwe—a bolaya tau le bera. (1 Samuele 17:34-37) Le fa go ntse jalo, Dafide o ile a isa tlotlo yotlhe kwa go Jehofa ka ntlha ya bopelokgale jotlhe jo a ileng a nna le jone, a mmitsa “boikanyo jwa me le mo bokaung jwa me.” Tsela e Dafide a ileng a bontsha go ikaega ka Jehofa ka yone e ile ya dira gore a kgone go fenya teko nngwe le nngwe e a neng a lebana le yone. Le wena o tla lemoga gore fa o ikaega ka Jehofa, o tla go naya bopelokgale le nonofo tse di tla go thusang go ‘fenya lefatshe.’—1 Johane 5:4.
18. Ke kgakololo efe e e newang basha ba ba boifang Modimo gompieno?
18 Diketekete tsa basha ba ba tshwanang le wena di bontshitse bopelokgale mme gone jaanong ke baboledi ba ba kolobeditsweng ba dikgang tse di molemo. Re leboga Modimo ka ntlha ya tumelo le bopelokgale jwa lona basha! Tswelelang pele lo ititeile sehuba go tila ditiro tse di maswe tsa lefatshe leno. (2 Petere 1:4) Tswelelang pele lo dirisa dikgono tsa lona tsa go lemoga tse di thapisitsweng ka Baebele. Fa lo dira jalo, lo tla sirelediwa mo mahutsaneng a gone jaanong mme kgabagare lo tla bona poloko. Ee ruri, jaaka fa setlhogo sa rona sa bofelo se tla bontsha, lo ka atlegisa botshelo jwa lona.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Dira Jang Gore Boammaaruri e Nne Jwa Me?” mo Tsogang! ya November 8, 1998.
b Setlhogo se se reng “Itumelele Melemo ya Dikokoano tsa go Itlosa Bodutu le Ditsala, Tila Dirai tsa Gone” se se tlhagang mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 15, 1992 se na le tshedimosetso e ntsi malebana le kgang eno.
c Go bonala Pesalema 71 e le karolo e e tswelelang pele ya Pesalema 70 e mo mafokong a yone a a fa godimo e tlhalosiwang e le pesalema ya ga Dafide.
Dipotso Tsa Poeletso
◻ Mosha a ka thapisa jang dikgono tsa gagwe tsa go lemoga?
◻ Mosha a ka dirisa jang dikgono tsa gagwe tsa go lemoga malebana le go nna gone mo dikokoanong tse e leng tsa Bokeresete?
◻ Ke dilo dife tse motho a ka di akanyetsang fa a rulaganyetsa thutego ya gagwe?
◻ Baratani ba ka tila jang serai sa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Go ithuta go dira dipatlisiso go tla go thusa go thapisa dikgono tsa gago tsa go lemoga
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Dikokoano tse di potlana di laolega motlhofo e bile ga se gantsi di fetogang mekete ya ditlhapelo e e sa laolegeng
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Batsadi ba tshwanetse go thusa bana ba bone go rulaganyetsa thutego ya bone
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Go ntshana lo le mo setlhopheng sa batho go a sireletsa