Bapala Botlhale Mme o Amogele Kotlhao
JEHOFA MODIMO ke Mokaedi yo Mogolo wa batho ba gagwe. Ga a ba rute ka ga gagwe fela mme gape o ba ruta botshelo. (Isaia 30:20; 54:13; Pesalema 27:11) Ka sekai, Jehofa o ne a neela setšhaba sa Iseraele baporofeti, Balefi—segolobogolo baperesiti—le banna ba bangwe ba ba botlhale go nna barutisi. (2 Ditirafalo 35:3; Jeremia 18:18) Baporofeti ba ne ba ruta batho ka maikaelelo le dinonofo tsa Modimo ba bo ba bolela tsela e ba neng ba tshwanetse go e tsaya. Baperesiti le Balefi ba ne ba na le boikarabelo jwa go ruta Molao wa ga Jehofa. Mme banna ba ba botlhale, kana bagolwane, ba ne ba neela kgakololo e e molemo malebana le kgang ya botshelo jwa letsatsi le letsatsi.
Solomone, morwa Dafide, o ne a tlhomologile mo banneng ba ba botlhale ba Iseraele. (1 Dikgosi 4:30, 31) Mongwe wa baeng ba gagwe ba maemo a a kwa godimo e bong mohumagadi wa Sheba o ne a bua jaana fa a sena go bona kgalalelo ya gagwe le dikhumo tsa gagwe: “Le fa e le bontlhanngwe ke ne ke sa bo bolelelwa: Botlhale jwa gago, le letlhogonolo la gago go feta tumedi e ke e utlwileng.” (1 Dikgosi 10:7) Solomone o ne a tsaya kae botlhale jono? Fa Solomone a ne a simolola go nna kgosi ya Iseraele ka 1037 B.C.E., o ne a rapelela “botlhale le kitso.” E re ka Jehofa a ne a itumedisitswe ke kopo ya gagwe, o ne a mo neela kitso, botlhale le pelo e e tlhaloganyang. (2 Ditirafalo 1:10-12; 1 Dikgosi 3:12) Ga go gakgamatse go bo Solomone a ne a “bolela diane di le 3000”! (1 Dikgosi 4:32) Dingwe tsa tsone, mmogo le “mafoko a ga Agure” le a ga “kgosi Lemuele,” di ne tsa kwalwa mo bukeng ya Baebele ya Diane. (Diane 30:1; 31:1) Boammaaruri jo bo boletsweng mo dianeng tseno bo bontsha botlhale jwa Modimo mme bo ntse ka bosakhutleng. (1 Dikgosi 10:23, 24) Di botlhokwa gompieno mo go mongwe le mongwe yo o eletsang botshelo jo bo itumedisang le jo bo atlegileng, fela jaaka di ne di le botlhokwa fa di ne di bolelwa la ntlha.
Katlego le go Nna Phepa mo Boitsholong—Jang?
Boikaelelo jwa buka ya Diane bo tlhalositswe mo mafokong a yone a a simololang: “Diane tsa ga Solomone morwa Dafide, kgosi ya Iseraele, gore motho a itse botlhale le kotlhao, a lemoge mafoko a tlhaloganyo, a amogele kotlhao e e nayang temogo, tshiamo le katlholo le thokgamo, a neye ba ba se nang maitemogelo botlhale, a neye lekau kitso le bokgoni jwa go akanya.”—Diane 1:1-4, NW.
A bo “diane tsa ga Solomone” di na le boikaelelo jo bo botlhokwa jang ne! Di botlhokwa gore motho a “itse botlhale le kotlhao.” Botlhale bo akaretsa go tlhaloganya dilo jaaka di ntse le go dirisa kitso go rarabolola mathata, go fitlhelela mekgele, go tila kana go fapoga dikotsi, kana go thusa ba bangwe go dira jalo. Buka nngwe ya tshupiso e bolela jaana: “Mo Bukeng ya Diane, ‘botlhale’ bo supa go tshela ka matsetseleko—bokgoni jwa go tlhopha dilo ka tsela e e botlhale le go tshela ka katlego.” A bo go le botlhokwa jang ne go bapala botlhale!—Diane 4:7.
Gape diane tsa ga Solomone di re naya kotlhao. A re tlhoka thapiso eno? Mo Dikwalong, kotlhao e kaya go baakanya, go kgalemela, kana go betsa. Go ya ka mokanoki mongwe wa Baebele, “go naya kgopolo ya go thapisa motho mo boitsholong, go go akaretsang go baakanya temalo ya motho ya go rata go dira ditiro tsa boeleele.” Kotlhao, e ka tswa e le e e tswang mo mothong ka boene kana e re e newang ke ba bangwe, ga e re thibele fela go dira phoso mme gape e re rotloetsa go fetoga. Ee, re tlhoka kotlhao fa re batla go nna phepa mo boitsholong.
Diane tseno di na le maikaelelo a mabedi—go aba botlhale le go naya kotlhao. Kotlhao ya boitsholo le nonofo ya tlhaloganyo di na le dikarolo di le dintsi. Ka sekai, tshiamo le tshiamiso ke dinonofo tsa boitsholo, mme di re thusa go kgomarela ditekanyetso tse di kwa godimo tsa ga Jehofa.
Botlhale bo akaretsa dilo di le dintsi, tse di jaaka go tlhaloganya, temogo, bonokopela le bokgoni jwa go akanya. Go tlhaloganya ke bokgoni jwa go tlhatlhoba selo o bo o lemoga tsela e se leng ka yone ka go tshwara gore dikarolo tsa sone di amana jang le fa se feletse, ka gone o kgona go se tlhaloganya sentle. Temogo e tlhoka gore motho a itse mabaka le go tlhaloganya lebaka la go bo tsela e e rileng e siame kana e le phoso. Ka sekai, motho wa tlhaloganyo a ka lemoga fa motho a tsena mo tseleng e e phoso, mme a ka mo tlhagisa ka kotsi eo ka bonakonako. Mme o tlhoka gore a nne le temogo ya go tlhaloganya lebaka la go bo motho yono a tsena mo tseleng eo mme a dirise tsela e e molemo thata gore a mo namole.
Batho ba ba bonokopela ba kelotlhoko—ga ba tsiediwe motlhofo. (Diane 14:15) Ba kgona go bonela pele bosula mme ba bo ipaakanyetse. Mme botlhale bo re thusa go nna le dikakanyo le dikgopolo tse di molemo tse di re kaelang sentle mo botshelong. Eleruri go ithuta diane tsa Baebele go a duela ka gonne di kwaletswe gore re itse botlhale le kotlhao. Tota le “ba ba se nang maitemogelo” ba ba reetsang diane ba tla nna bonokopela, le “lekau,” le tla bona kitso le bokgoni jwa go akanya.
Diane Tsa ba ba Botlhale
Le fa go ntse jalo, diane tsa Baebele ga se fela tsa ba ba se nang maitemogelo le basha. Ke tsa mongwe le mongwe yo o botlhale go ka reetsa. Kgosi Solomone o ne a bolela jaana: “Motho yo o botlhale a utlwe, a totafale mo go ithuteng; le gore motho wa tlhaloganyo a ye go tshwara dikgakololo tse di itekanetseng; go tlhaloganya seane, le setshwantsho; mafoko a ba ba botlhale, le dinyoba tsa bone.” (Diane 1:5, 6) Motho yo o setseng a bapetse botlhale o tla oketsa thuto ya gagwe ka go ela tlhoko diane tseno, mme motho wa tlhaloganyo o tla tokafatsa bokgoni jwa gagwe go dira gore a tshele ka katlego.
Gantsi seane se tshotse boammaaruri jo bo tletseng se dirisa mafoko a sekaenyana fela. Seane sa Baebele se ka nna sa tshwana le sekapuo se se thata. (Diane 1:17-19) Diane tse dingwe ke dithamalakane—mafoko a a raraaneng le a a itsoketsang a a tlhokang go rarabololwa. Gape seane se ka nna le tshwantshiso, setshwantsho le manatetshapuo a mangwe. Motho o tlhoka nako le go tlhatlhanya gore a di tlhaloganye. Solomone, motlhami wa diane di le dintsi, eleruri o ne a itse bokao jwa go tlhaloganya seane. Mo bukeng ya Diane, o dira tiro ya go ruta babadi ba gagwe bokgoni joo, sengwe se motho yo o botlhale a ka batlang go se ela tlhoko.
Tshimologo e e Isang Kwa Mokgeleng
Motho o ka simolola go senka botlhale le kotlhao kae? Solomone o araba jaana: “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya kitso, mme masilo a nyatsa botlhale le [“kotlhao,” NW].” (Diane 1:7) Kitso e simologa ka go boifa Jehofa. Fa go se na kitso go ka se nne le botlhale kana kotlhao. Ka gone, go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale le kotlhao.—Diane 9:10; 15:33.
Go boifa Modimo ga se go mo tshaba lebaibai. Go na le moo, ke go mo sisimoga thata le go mo tlotla. Motho a ka se nne le kitso ya boammaaruri fa a se na poifo eno. Ke boammaaruri gore botshelo bo tswa kwa go Jehofa Modimo, e bile botshelo bo botlhokwa fa re na le kitso epe fela. (Pesalema 36:9; Ditiro 17:25, 28) Mo godimo ga moo, Modimo o ne a bopa dilo tsotlhe; ka jalo kitso e batho ba nang le yone e theilwe mo go ithuteng ditiro tsa diatla tsa gagwe. (Pesalema 19:1, 2; Tshenolo 4:11) Gape Modimo o ne a tlhotlheletsa Lefoko la gagwe le le kwadilweng, le le “tswela[ng] mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go sugeng ka tshiamo.” (2 Timotheo 3:16, 17) Ka gone, motho wa konokono wa kitso yotlhe ya boammaaruri ke Jehofa, mme motho yo o e batlang o tshwanetse go mmoifa ka tshisimogo.
Kitso ya batho le botlhale jwa lefatshe di botlhokwa go le kana kang fa ba se na poifo ya Modimo? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Motho yo o botlhale o kae? Mokwadi o kae? Moganetsanyi wa tsamaiso eno ya dilo o kae? A Modimo o ne wa se ka wa dira gore botlhale jwa lefatshe e nne boeleele?” (1 Bakorintha 1:20) Fa motho yo o nang le botlhale jwa lefatshe a sa boife Modimo, o dira ditshwetso tse di phoso mo dintlheng tse di itsiweng mme go felele e le ‘bosilo fela.’
“Tlhanyaku mo Thamong ya Gago”
Go tswa foo kgosi e e botlhale e bua le basha jaana: “Morwaaka, utlwa [“kotlhao,” NW] ya ga rraago, mme o se ka wa tlogela molao wa ga mmaago, gonne e tlaa nna kgopana e ntle mo tlhogong ya gago, le tlhanyaku mo thamong ya gago.”—Diane 1:8, 9.
Kwa Iseraeleng wa bogologolo, batsadi ba ne ba na le boikarabelo jo ba bo neilweng ke Modimo jwa go ruta bana ba bone. Moshe o ne a rotloetsa borrabana jaana: “Mafoko a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago. O a rute bana ba gago ka tlhoafalo, o bue ka ga one fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa.” (Duteronome 6:6, 7) Bommè le bone ba ne ba na le tlhotlheletso e kgolo. Mosadi wa Mohebera o ne a ka kgona go baya molao mo lelapeng a ntse a le kafa tlase ga taolo ya monna wa gagwe.
Tota e bile, mo Baebeleng, lelapa ke lefelo la konokono le go tshwanetseng ga rutwa mo go lone. (Baefeso 6:1-3) Gore bana ba utlwe batsadi ba bone ba ba dumelang ba tshwanetse gore ba apare ka tsela ya tshwantshetso, kgopana e ntle e e kgabisitsweng le tlhanyaku ya tlotlo.
“E Tle e Bolaye Beng ba Yone”
Pele rre mongwe wa Mo-Asia a romela morwawe wa dingwaga tse 16 kwa United States go ya go tsweledisa dithuto tsa gagwe, o ne a mo gakolola gore a se ka a inaakanya le batho ba ba bosula. Kgakololo eno e tshwana le tlhagiso eno ya ga Solomone: “Morwaaka, fa baleofi ba go fepa, o se ka wa dumela.” (Diane 1:10) Le fa go ntse jalo, Solomone o tlhalosa serai se ba se dirisang: “Ba re: ‘A re tsamaye mmogo re ye go lalela go tsholola madi, a re bobele ba ba se nang molato ka bomo; a re ba kometse jaaka Bobipo ba sa ntse ba utlwa, ba le boleka jaaka ba ba fologelang mo moleteng; re tlaa fitlhela thoto yotlhe e e tlhokegang, re tlaa tlatsa matlo a rona ka thopo; O tlaa tlhakanela kgetsi le rona; re tlaa dira le kgetsana ya madi e le nngwe fela.’”—Diane 1:11-14.
Go bonala sentle gore serai seo ke dikhumo. Ka boikaelelo jwa go dira merokotso ka bonako, “baleofi” ba faposa ba bangwe gore ba kopanele le bone mo maanong a bone a bothubaki kana a a sa siamang. Batho bano ba ba boikepo ga ba okaoke go tsholola madi ka ntlha ya go batla dikhumo. Ba ‘kometsa yo ba mo tlhaselang jaaka Bobipo a sa ntse a utlwa, a le boleka,’ ba mo tseela sengwe le sengwe se a nang le sone, fela jaaka lebitla le kometsa mmele otlhe wa motho. Ba laletsana go dira bokebekwa—ba batla go ‘tlatsa matlo a bone ka thopo,’ mme ba batla gore motho yo o se nang maitemogelo a ‘tlhakanele kgetsi le bone.’ A bo e le tlhagiso e e re tshwanelang jang ne! A digopa tsa basha le barekisi ba diokobatsi ga ba dirise mekgwa e e tshwanang ya go gogela batho? A ga go boammaaruri gore bontsi jwa batho ba ba tsenelang dikgwebo tse di belaetsang ba gogelwa ke go bo ba solofediwa go huma ka bonako?
Kgosi e e botlhale e gakolola jaana: “Morwaaka o se ka wa tsamaya nabo mo tseleng; thiba lonao lwa gago, gore lo se ka lwa tsena mo tselaneng ya bone, gonne dinao tsa bone di sianela bosula, ba itlhaganelela go tsholola madi.” Fa a bolelela pele phelelo ya bone ya masetlapelo, o oketsa jaana: “Gonne, aitse lotloa lo menololelwa lefela mo ponong ya [“sepe fela se se nang le diphuka,” NW]; bao ba italelela a e leng madi a bone tota, ba ipobelela a e leng matshelo a bone tota. Ditsela tsa mongwe le mongwe yo o [“dirang poelo e e sa siamang,” NW] di ntse jalo, e tle e bolaye beng ba yone.”—Diane 1:15-19.
“Mongwe le mongwe yo o dirang poelo e e sa siamang” o tla nyelela mo tseleng e a e tsereng. Go lalela ba bangwe mo go dirwang ke baikepi e tla nna serai mo go bone. A ba ba dirang bosula ka boomo ba tla fetola tsela ya bone? Nnyaa. Lotloa lo ka tswa lo bonala sentle, mme dinonyane—dibopiwa tse di “nang le diphuka”—di fofela fela mo go lone. Ka tsela e e tshwanang, baikepi, ba foufaditswe ke bopelotshetlha jwa bone, ba tswelela pele ka bokebekwa jwa bone, le mororo go ise go ye kae ba tla bo ba tshwarwa.
Ke Mang yo o Tla Reetsang Lentswe le le Tlhabang Botlhale?
A tota baleofi ba a itse gore tsela ya bone e kotsi? A ba ile ba tlhagisiwa ka matswela a ditsela tsa bone? Ga ba ka ke ba dirisa seipato sa gore ga ba na kitso ka gonne molaetsa o o tlhamaletseng o bolelwa mo mafelong a batho botlhe.
Solomone o bolela jaana: “Botlhale [“jwa boammaaruri,” NW] o kuela godimo mo mmileng; o ntsha lentswe la gagwe mo dipatlelong; o kua mo bonnong jo bogolo jwa borakanelo; fa botsenong jwa dikgoro, o bolela mafoko a gagwe mo motseng.” (Diane 1:20, 21) Ka lentswe le le kwa godimo le le utlwalang sentle, botlhale o kuela godimo kwa mafelong a batho botlhe gore botlhe ba utlwe. Kwa Iseraeleng wa bogologolo banna ba ba godileng ba ne ba neela kgakololo e e botlhale le go dira dikatlholo kwa dikgorong tsa motse. Jehofa o dirile gore re kwalelwe botlhale jwa boammaaruri mo Lefokong la gagwe, Baebele, le batho ba le bantsi ba nang le lone. Mme batlhanka ba gagwe gompieno ba tshwaregile ka go bolela phatlalatsa molaetsa wa lone gongwe le gongwe. Eleruri Modimo o na le botlhale jo bo bolelelwang batho botlhe.
Ke eng se se bolelwang ke botlhale jwa boammaaruri? Bo bolela seno: “Lona ba lo sa tlhalefang, lo tlaa rata botlhoka botlhale ka lobaka lo lo kaye, le basotli go ijesa monate mo go sotleng . . . ? E re ka ke biditse, mme lwa gana; ke otlolotse letsogo la me, mme ga se ka ga tlhokomela ope.” Dieleele ga di tlhwaele lentswe le le tlhabang botlhale tsebe. Ka ntlha ya seo, “ba tlaa [ja] loungo lwa tsela ya bone.” Go ‘tenega le boiketlo jwa bone bo tla ba senya.’—Diane 1:22-32.
Le fa go le jalo, go tweng ka motho yo o iphileng nako ya go reetsa lentswe le le tlhabang botlhale? “O tlaa aga ka polokego, o tlaa nna fela a sa boife bosula.” (Diane 1:33) E kete o ka nna mongwe wa batho ba ba bapalang botlhale le ba ba amogelang kotlhao ka go ela tlhoko diane tsa Baebele.
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Botlhale jwa boammaaruri bo gone ka bontsi