LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 9/15 ts. 21-26
  • Jehofa o Batla Gore re Dire Eng Gompieno?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Batla Gore re Dire Eng Gompieno?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Jehofa a se Batlang
  • Botlhokwa Jwa Lorato
  • Kafa re Supang Lorato Lwa Rona ka Teng
  • Lebaka La go Bo go Ka Lebega go le Thata
  • A O Tla Tsaya Kgato ka Ntlha ya Lorato lwa ga Jesu?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Molao wa Lorato mo Dipelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Lorato le Tshiamiso mo Phuthegong ya Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • A o Mongwe Wa ba Ba Ratwang ke Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 9/15 ts. 21-26

Jehofa o Batla Gore re Dire Eng Gompieno?

“Lentswe [la] tswa mo lerung, le re: ‘Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng; mo reetseng.’”—MATHAIO 17:5.

1. Molao o ile wa diragatsa boikaelelo jwa one leng?

JEHOFA o ne a naya setšhaba sa Iseraele Molao, ka dikarolo tsa one tse dintsi. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana ka tsone: “E ne e le dipatlafalo tsa semolao tse di malebang le nama gape di ne di patelesega go fitlha ka nako e e tlhomilweng e le gore go tlhamaladiwe dilo.” (Bahebera 9:10) Fa Molao o ne o dira gore masalela a Baiseraele ba dumele gore Jesu ke Mesia, kana Keresete, o ne o diragaditse boikaelelo jwa one. Ka gone, Paulo o ile a re: “Keresete ke bokhutlo jwa Molao.”—Baroma 10:4; Bagalatia 3:19-25; 4:4, 5.

2. Ke bomang ba ba neng ba laolwa ke Molao, mme ba ne ba gololesega leng mo go o bolokeng?

2 A seno se kaya gore ga re tlhole re patelesega go boloka Molao gompieno? Totatota, bontsi jwa batho ga ba ise ba ko ba laolwe ke Molao jaaka fa mopesalema a ile a tlhalosa jaana: ‘[Jehofa] o supetsa Jakobe lefoko la gagwe, ditao tsa gagwe le ditshiamiso tsa gagwe mo go Iseraele. Ga a ise a ko a direle morafe ope jalo; mme ka ga dikatlholo tsa gagwe, ga ba ise ba ke ba di itse.’ (Pesalema 147:19, 20) Fa Modimo a ne a tlhoma kgolagano e ntšha mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu, tota le setšhaba sa Iseraele se ne se sa tlhole se patelesega go boloka Molao. (Bagalatia 3:13; Baefeso 2:15; Bakolosa 2:13, 14, 16) Fa e le gore ga re tlhole re patelesega go boloka Molao, ke eng he se Jehofa a se batlang mo bathong ba ba eletsang go mo direla gompieno?

Se Jehofa a se Batlang

3, 4. (a) Totatota ke eng se Jehofa a se batlang mo go rona gompieno? (b) Ke eng fa re tshwanetse go latela dikgato tsa ga Jesu sentlentle?

3 Mo ngwageng wa bofelo wa bodiredi jwa ga Jesu, baaposetoloi ba gagwe e bong Petere, Jakobe le Johane ba ne ya le ene kwa thabeng e e goletsegileng, gongwe e le karolo ya Thaba ya Heremone. Fa ba le koo ba ne ba bona ponatshegelo ya ga Jesu a le mo kgalalelong e kgolo mme ba utlwa lentswe la Modimo ka boene le re: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng; mo reetseng.” (Mathaio 17:1-5) Tota seo ke sone se Jehofa a se batlang mo go rona—re reetse Morwawe re bo re latele sekao le dithuto tsa gagwe. (Mathaio 16:24) Ka gone, moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe sentlentle.”—1 Petere 2:21.

4 Ke eng fa re tshwanetse go latela dikgato tsa ga Jesu sentlentle? Ka gonne ka go mo etsa, re a bo re etsa Jehofa Modimo. Jesu o ne a itse Rraagwe thata e re ka a ile a fetsa dingwaga tse di se nang palo a nna le ene kwa legodimong pele ga a tla mo lefatsheng. (Diane 8:22-31; Johane 8:23; 17:5; Bakolosa 1:15-17) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ile a emela Rraagwe ka boikanyegi. O ile a tlhalosa jaana: “Ke bua dilo tseno fela jaaka Rara a nthutile.” Tota e bile, Jesu o ile a etsa Jehofa ka botlalo jaana mo a neng a ka re: “Yo o mponeng o bone le Rara.”—Johane 8:28; 14:9.

5. Bakeresete ba laolwa ke molao ofe, mme molao oo o simologile leng?

5 Go reetsa Jesu le go mo etsa go akaretsa eng? A go kaya go laolwa ke molao mongwe? Paulo o ile a kwala jaana: ‘Nna ka bonna ga ke kafa tlase ga molao.’ Fano o ne a bua ka “kgolagano e kgologolo,” e e neng ya dirwa le Iseraele. Paulo o ile a bolela gore o kafa tlase ga “molao malebang le Keresete.” (1 Bakorintha 9:20, 21; 2 Bakorintha 3:14) Fa kgolagano ya bogologolo ya Molao e sena go khutla, go ne ga tlhomiwa “kgolagano e ntšha” ka “molao wa ga Keresete” o batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba patelesegang go o ikobela gompieno.— Luke 22:20; Bagalatia 6:2; Bahebera 8:7-13.

6. “Molao wa ga Keresete” o ka tlhalosiwa jang, mme re o ikobela jang?

6 Jehofa ga a dira gore “molao wa ga Keresete” e nne lenaane le letelele la melawana e e rulagantsweng go ya ka dikarolwana tse di farologaneng, jaaka go ne go ntse ka kgolagano ya bogologolo ya Molao. Molao ono o mosha wa balatedi ba ga Keresete ga o akaretse lenaane la ditaelo tse dintsintsi. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ile a boloka dipego tse nnè tse di tseneletseng tsa botshelo le dithuto tsa Morwawe mo Lefokong la gagwe. Mo godimo ga moo, Modimo o ile a tlhotlheletsa bangwe ba barutwa ba bogologolo ba ga Jesu gore ba kwale ditaelo tse di malebana le boitshwaro, dikgang tsa phuthego, boitsholo mo lelapeng le dilo tse dingwe. (1 Bakorintha 6:18; 14:26-35; Baefeso 5:21-33; Bahebera 10:24, 25) Fa re dira gore botshelo jwa rona bo dumalane le sekao le dithuto tsa ga Jesu Keresete re bo re sekegela tsebe kgakololo ya bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ba Baebele ba lekgolo la ntlha la dingwaga, re a bo re ikobela “molao wa ga Keresete.” Seno ke sone se Jehofa a se batlang mo batlhankeng ba gagwe gompieno.

Botlhokwa Jwa Lorato

7. Jesu o ile a gatelela se tota molao wa gagwe e leng sone jang mo Tlolaganyong ya gagwe ya bofelo le baaposetoloi ba gagwe?

7 Le fa lorato lo ne lo le botlhokwa mo Molaong, ke lone pinagare kana selo sa konokono mo molaong wa ga Keresete. Jesu o ile a gatelela seno fa a ne a kopane le baaposetoloi ba gagwe go keteka Tlolaganyo ya 33 C.E. Go ya ka tshobokanyo ya ga moaposetoloi Johane ya dilo tse di neng tsa direga mo bosigong joo, mafoko a a tswang pelong a ga Jesu a ne a akaretsa go umaka lorato ga 28. Seno se ne sa gatelela mo barutweng ba gagwe se tota molao wa gagwe e leng sone. Go a utlwala he go bo Johane a ile a simolola pego ya gagwe e e malebana le ditiragalo tsa bosigo joo jo bo sa lebalegeng ka go re: “Ka gonne a ne a itse pele ga moletlo wa tlolaganyo gore nako ya gagwe e ne e tlile ya gore a fuduge mo lefatsheng leno a ya kwa go Rara, Jesu, ka a ne a ratile ba gagwe ba ba neng ba le mo lefatsheng, a ba rata go ya bokhutlong.”—Johane 13:1.

8. (a) Ke eng se se bontshang gore baaposetoloi ba ne ba aga ba ngangisana ba sa fetse? (b) Jesu o ile a ruta baaposetoloi ba gagwe boikokobetso jang?

8 Jesu o ne a rata baaposetoloi ba gagwe le mororo go bonala a ile a leka go ba thusa go fenya keletso e e feteletseng ya go rata taolo le maemo kwantle ga go atlega. Dikgwedi pele ga ba goroga kwa Jerusalema ‘ba ne ba ile ba nganga gareng ga bone ka gore ke mang yo mogolwane.’ Mme pele fela ba fitlha mo motseng go tla Tlolaganyong, ba ne ba boa ba ngangisana gape ka maemo. (Mareko 9:33-37; 10:35-45) Re kgona go lemoga gore bothata jono e ne e le jo bo sa feleng go tswa mo go se se neng sa direga morago fela ga gore baaposetoloi ba tsene kwa phaposing e e kwa godimo go ja se e neng e tla nna Tlolaganyo ya bone ya bofelo ba le mmogo. Ka nako eo ga go ope yo o ileng a dirisa tshono ya go dira tiro e e neng e tle e direlwe baeng ya go tlhapisa ba bangwe dinao. Jesu o ile a ba ruta thuto kaga boikokobetso ka gore ene ka boene a ba tlhapise dinao.—Johane 13:2-15; 1 Timotheo 5:9, 10.

9. Jesu o ile a rarabolola jang kgang e e ileng ya diragala morago ga Tlolaganyo ya bofelo?

9 Le mororo Jesu a ile a ba ruta jalo, morago ga go keteka Tlolaganyo le morago ga gore a tlhome Segopotso sa loso lwa gagwe lo lo neng lo atamela, ela tlhoko se gape se neng sa direga. Pego ya Efangele ya ga Luke ya re: “Gape go ne ga tsoga kganetsano e e gotetseng gareng ga bone kaga gore ke ofe wa bone yo o neng a bonala a le mogolo thata.” Go na le gore Jesu a galefele baaposetoloi le go ba omanya, o ile a ba gakolola ka bopelonomi a ba lemotsha gore ba tshwanetse go farologana le babusi ba lefatshe ba ba ratang maemo. (Luke 22:24-27) Go tswa foo o ile a ba neela se se ka tsewang e le selo sa konokono mo molaong wa ga Keresete, a re: “Ke lo naya taolo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane.”—Johane 13:34.

10. Ke taelo efe e Jesu a ileng a e neela barutwa ba gagwe, mme e ne e akaretsa eng?

10 Moragonyana mo bosigong joo, Jesu o ile a bontsha gore lorato loo lo lo jaaka lwa ga Keresete lo tshwanetse go nna logolo go le kana kang. O ile a re: “Eno ke taolo ya me, gore lo ratane fela jaaka ke lo ratile. Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.” (Johane 15:12, 13) A Jesu o ne a kaya gore balatedi ba gagwe ba tshwanetse go iketleeletsa go swela badumedikabone fa go tlhokega? Ke kafa Johane, yo o ileng a bona tiragalo eno ka matlho, a ileng a tlhaloganya seno ka teng, ka gonne moragonyana o ile a re: “Re simolotse go itse lorato ka seno, ka gonne yoo [Jesu Keresete] o ne a neela moya wa gagwe mo boemong jwa rona; mme re patelesega go neela meya ya rona mo boemong jwa bakaulengwe ba rona.”—1 Johane 3:16.

11. (a) Re ka diragatsa molao wa ga Keresete jang? (b) Jesu o ile a re tlhomela sekao sefe?

11 Jalo he, ga re diragatse molao wa ga Keresete ka go ruta batho fela ka ene. Gape re tshwanetse go tshela le go itshwara ka tsela e Jesu a neng a itshwara ka yone. Ke boammaaruri gore, Jesu o ile a dirisa mafoko a a monate, a a tlhophilweng sentle mo dipuong tsa gagwe. Mme gape o ne a ruta ka go tlhoma sekao. Le mororo Jesu e kile ya bo e le setshedi se se maatla sa semoya kwa legodimong, o ile a tsaya tshono ya go dira ditiro tsa ga Rraagwe tsa mo lefatsheng le go bontsha kafa re tshwanetseng go tshela ka teng. O ne a le boikokobetso, pelonomi, e bile a akanyetsa, a thusa ba ba imelwang le ba ba gateletsweng. (Mathaio 11:28-30; 20:28; Bafilipi 2:5-8; 1 Johane 3:8) Mme Jesu o ile a kgothaletsa balatedi ba gagwe go ratana, fela jaaka le ene a ba ratile.

12. Ke eng fa go ka twe molao wa ga Keresete ga o nyenyefatse botlhokwa jwa go rata Jehofa?

12 Go rata Jehofa—taelo e kgolo go gaisa tsotlhe mo Molaong—go tsaya maemo afe mo molaong wa ga Keresete? (Mathaio 22:37, 38; Bagalatia 6:2) A go tsaya maemo a bobedi? Legoka! Go rata Jehofa go amana thata le go rata Bakeresetekarona. Motho a ka se rate Jehofa ka mmatota mme a bo a sa rate mokaulengwe wa gagwe, ka gonne moaposetoloi Johane o ile a re: “Fa mongwe a bua polelo e e reng: ‘Ke rata Modimo,’ mme lefa go ntse jalo a tlhoile mokaulengwe wa gagwe, ke moaki. Ka gonne yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe, yo o mmoneng, ga a ka ke a bo a rata Modimo, o a iseng a o bone.”—1 Johane 4:20; bapisa 1 Johane 3:17, 18.

13. Tsela e barutwa ba ga Jesu ba ileng ba ikobela taelo e ntšha ka yone e ile ya nna le matswela afe?

13 Fa Jesu a ne a neela barutwa ba gagwe taelo e ntšha ya gore ba ratane fela jaaka a ba ratile, o ile a tlhalosa matswela a seno. O ile a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo na le lorato gareng ga lona.” (Johane 13:35) Go ya ka Tertullian, yo o ileng a tshela dingwaga tse di fetang lekgolo morago ga loso lwa ga Jesu, lorato lwa bokaulengwe loo Bakeresete ba bogologolo ba neng ba na le lone lo ne lo na le one matswela ao. Tertullian o ile a nopola batho ba e neng e se Bakeresete ba bua jaana ka balatedi ba ga Keresete: ‘Bonang kafa ba ratanang ka teng le kafa ba iketleeleditseng go swelana ka teng.’ Re ka ipotsa, ‘A ke rata Bakeresetekanna ka lorato lo lo ntseng jalo lo lo supang gore ke mongwe wa barutwa ba ga Jesu?’

Kafa re Supang Lorato Lwa Rona ka Teng

14, 15. Ke eng se se ka dirang gore go nne thata go ikobela molao wa ga Keresete, mme gone ke eng se se ka re thusang go dira jalo?

14 Go botlhokwa gore batlhanka ba ga Jehofa ba nne le lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete. Mme gone, a o fitlhela go le thata go rata Bakeresetekawena ba ba nang le mekgwanyana ya bogagapa? Ebu, jaaka fa re bone, tota le baaposetoloi ba ne ba tle ba ngangisane e bile ba leka go rotloetsa moya wa boithati. (Mathaio 20:20-24) Bagalatia le bone ba ne ba tle ba jane ka meno. Morago ga gore Paulo a ba lemotshe gore go rata baagelani go diragaditse Molao, o ile a ba tlhagisa jaana: “Mme, fa lo nnela go lomana le go kometsana, disang gore lo se ka lwa nyeletsana.” Morago ga gore Paulo a supe pharologanyo gareng ga ditiro tsa nama le maungo a moya wa Modimo, o ile a oketsa jaana: “A re se ikgopoleng, re tsosetsana kgaisano, re tswelana pelo.” Go tswa foo moaposetoloi o ile a kgothatsa jaana: “Tswelelang lo rwalelana mekgweleo, mme ka gone lo diragatse molao wa ga Keresete.”—Bagalatia 5:14–6:2.

15 A Jehofa o re batla dilo tse dintsintsi fa a re laela gore re ikobele molao wa ga Keresete? Le mororo go ka nna thata go nna pelonomi mo bathong ba ba ka tswang ba re tlhabile ka mafoko le go re utlwisa botlhoko mo maikutlong, re patelesega go ‘nna baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang, le go tswelela re tsamaya mo loratong.’ (Baefeso 5:1, 2) Re tshwanetse go tswelela pele re etsa sekao sa Modimo, yo ‘o re amogedisang lorato lwa gagwe ka gore, fa re ne re sa ntse re le baleofi, Keresete o ne a re swela.’ (Baroma 5:8) Fa re ithaopela go thusa batho ba bangwe, go akaretsa le ba ba ileng ba re tshwara makgwakgwa, re ka nna le kgotsofalo ka go itse gore re etsa Modimo le gore re ikobela molao wa ga Keresete.

16. Re bontsha jang gore re rata Modimo le Keresete?

16 Re se ka ra lebala gore re supa lorato lwa rona ka ditiro e seng fela ka se re se buang. Tota le Jesu o kile a fitlhela go le thata go dira sengwe se se neng se le malebana le thato ya Modimo ka ntlha ya maemo a o neng a lebane le one. Jesu o ile a rapela jaana: “Rara, fa o eletsa, tlosa senwelo seno mo go nna.” Mme teng fela foo o ile a oketsa jaana: “Lefa go ntse jalo, a go diragale, e seng thato ya me, mme ya gago.” (Luke 22:42) Jesu o ile a dira thato ya Modimo le fa a ile a boga thata. (Bahebera 5:7, 8) Go ikoba go supa lorato lo re nang le lone e bile go bontsha gore re tsaya tsela ya Modimo e le e e di gaisang tsotlhe. Baebele ya re: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaolo tsa one.” (1 Johane 5:3) Mme Jesu o ile a laela baaposetoloi ba gagwe jaana: “Fa lo nthata, lo tla boloka ditaolo tsa me.”—Johane 14:15.

17. Ke taelo efe e e kgethegileng e Jesu a neng a e neela balatedi ba gagwe, mme re itse jang gore e ama le rona gompieno?

17 Kwantle ga gore Keresete a laele balatedi ba gagwe gore ba ratane, ke taelo efe e e kgethegileng e a ileng a ba neela yone? O ile a ba laela go dira tiro ya go rera e a neng a ba thapiseditse go e dira. Petere o ile a re: “O ne a re laela go rerela batho le go neela bosupi ka botlalo.” (Ditiro 10:42) Jesu o ne a ba laetse jaana ka tlhamalalo: “Tsamayang mme lo dire batho ba merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetsa mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba ruta go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng.” (Mathaio 28:19, 20; Ditiro 1:8) Jesu o ile a senola gore ditaelo tseo di ne di tla ama le balatedi ba gagwe ba gone jaanong ba leng mo ‘motlheng wa bokhutlo,’ ka gonne o ile a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo merafeng yotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Daniele 12:4; Mathaio 24:14) Ke boammaaruri gore, Modimo o batla gore re rere. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka akanya gore Modimo o re batla selo se se thata ka go re laela gore re dire tiro eno. A mme go ntse jalo?

Lebaka La go Bo go Ka Lebega go le Thata

18. Re tshwanetse go gakologelwa eng fa re boga ka ntlha ya go dira se Jehofa a se batlang?

18 Jaaka fa re bone, go ralala hisitori yotlhe Jehofa o ile a nna a laela batho go dira dilo tse di farologaneng tse a di batlang. Mme fela jaaka dilo tse a neng a batla gore ba di dire di ne di farologana, le diteko tse ba ileng ba lebana le tsone di ne di farologana fela jalo. Morwa yo o rategang wa Modimo o ile a lebana le diteko tse di thata go gaisa tsotlhe, kgabagare a bolawa setlhogo ka ntlha ya go dira se Modimo a neng a se batla. Mme gone, fa re boga ka ntlha ya go dira se Jehofa a se batlang, re se ka ra lebala gore ga se ene yo o re bakelang diteko. (Johane 15:18-20; Jakobe 1:13-15) Go tsuologa ga ga Satane go ile ga lere boleo, pogo le loso, mme ke ene yo o bakang maemo a gantsi a dirang gore go nne thata go dira se Jehofa a batlang batlhanka ba ga gagwe ba se dira.—Jobe 1:6-19; 2:1-8.

19. Ke eng fa go dira se Modimo a re laelang sone ka Morwawe e le tshiamelo?

19 Mo nakong eno ya bokhutlo, Jehofa ka Morwawe o laetse gore batlhanka ba Gagwe ba itsise batho mo lefatsheng lotlhe gore tharabololo e le nosi fela ya go boga ga batho ke puso ya Bogosi. Puso eno ya Modimo e tla fedisa mathata otlhe mo lefatsheng—ntwa, bokebekwa, khumanego, botsofe, bolwetse le loso. Gape Bogosi jono bo tla dira gore go nne le paradaise e ntle mo lefatsheng, e mo go yone le e leng baswi ba tla tsosiwang. (Mathaio 6:9, 10; Luke 23:43; Ditiro 24:15; Tshenolo 21:3, 4) A bo e le tshiamelo e e molemo jang ne go bolela dikgang tse di molemo ka dilo tse di ntseng jalo! Ga go pelaelo he gore, ga go na sepe se se phoso ka se Jehofa a re laelang go se dira. Re a ganediwa, mme Satane Diabolo le lefatshe la gagwe ke bone ba ba re bakelang seo.

20. Re ka fenya jang kgwetlho nngwe le nngwe e e tswang mo go Diabolo?

20 Re ka kgona go fenya jang kgwetlho epe fela e Satane a re bakelang yone? Ka go gakologelwa mafoko ano: “Morwaaka, o tlhalefe, o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.” (Diane 27:11) Jesu o ile a dira gore Jehofa a kgone go araba kgobo ya ga Satane ka go tlogela botshelo jo bo sireletsegileng jwa kwa legodimong go tla go dira thato ya ga Rraagwe mo lefatsheng. (Isaia 53:12; Bahebera 10:7) Fa Jesu e ne e le motho, o ile a itshokela teko nngwe le nngwe e a ileng a tlhaselwa ka yone, tota le e leng go bolaelwa mo koteng ya tlhokofatso. Fa re mo dira Motlhomasekao wa rona, le rona re ka itshokela dipogo mme ra dira se Jehofa a batlang re se dira.—Bahebera 12:1-3.

21. O ikutlwa jang ka lorato lo Jehofa le Morwawe ba re bontshitseng lone?

21 A bo Modimo le Morwawe ba re bontshitse lorato lo logolo jang ne! Ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu, batho ba ba kutlo ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo Paradaiseng. Ka jalo, a re se letle sepe go kgoreletsa tsholofelo ya rona. Go na le moo, a mongwe le mongwe wa rona a tseye tsia se Jesu a ileng a dira gore se kgonege, jaaka Paulo a ile a re: “Morwa Modimo . . . o [nthatile], a ba a ineela ka ntlha ya me.” (Bagalatia 2:20) Mme e kete re ka bontsha go leboga Modimo wa rona yo o lorato, Jehofa, ka pelo yotlhe, yo le ka motlha a se keng a re batla dilo tse dintsintsi.

O ka Araba Jang?

◻ Jehofa o batla gore re dire eng gompieno?

◻ Mo bosigong jwa ga Keresete jwa bofelo le baaposetoloi ba gagwe, o ile a gatelela jang gore lorato lo botlhokwa?

◻ Re ka supa jang gore re rata Modimo?

◻ Ke eng fa e le tshiamelo go dira se Jehofa a se batlang?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Jesu o ile a ruta thuto efe ka go tlhapisa baaposetoloi ba gagwe dinao?

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Le fa re ganediwa, go bolela dikgang tse di molemo ke tshiamelo e e itumedisang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela