LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 10/1 ts. 10-15
  • “Motlha wa Kagiso” o Atametse!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Motlha wa Kagiso” o Atametse!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Motheo wa Kagiso ya Boammaaruri
  • Ke Eng Fa go Na le “Motlha wa Ntwa”?
  • “Motlha wa go Bua” o Gorogile
  • Ba ba Reng “Kagiso; Mme Go se Na Kagiso”
  • Jehofa o Tswa Molomo
  • Kagiso ya Boammaaruri—Go Tswa Motsweding Ofe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • A “Kagishō ea Modimo” e Dibele Pelo ya Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Kagiso ya Bomodimo mo go Bao ba Rutwang ke Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ke Mang yo o Tla Isang Batho Kwa Kagisong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 10/1 ts. 10-15

“Motlha wa Kagiso” o Atametse!

“Sengwe le sengwe se na le motlha wa sone, . . . motlha wa ntwa, le motlha wa kagiso.”—MORERI 3:1, 8.

1. Ke seemo sefe se se gakgamatsang se se ileng sa nna gone mo lekgolong la bo20 la dingwaga malebana le ntwa le kagiso?

BONTSI jwa batho ba eletsa kagiso, mme ba na le lebaka le le utlwalang la go ikutlwa jalo. Lekgolo la bo20 la dingwaga le ile la tlhoka kagiso go gaisa lekgolo lepe fela la dingwaga. Seno se a gakgamatsa ka gonne, ga go ise go ko go nne le maiteko a magolo jaana a go lere kagiso. Ka 1920 go ne ga tlhamiwa lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba. Ka 1928 Tumalano ya Kellogg-Briand, e buka nngwe e neng ya e bitsa gore ke “maiteko a a molemo go gaisa otlhe mo metseletseleng ya maiteko a go boloka kagiso a a ileng a dirwa morago ga Ntwa ya Lefatshe I,” e ne ya engwa nokeng ke “mo e ka nnang dinaga tsotlhe tsa lefatshe . . . tse di neng di dumalana gore di nyatsa gore dinaga di dirise ntwa go tshegetsa ditsela tsa tsone tsa go busa.” Mme ka 1945 go ne ga tlhongwa mokgatlho wa Ditšhaba Tse di Kopaneng go tsaya maemo a lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le le neng le sa tlhole le dira.

2. Go ile ga bolelwa gore mokgele wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ke eng, mme le atlegile go le kana kang?

2 Fela jaaka lekgotla la Kgolagano, go ne ga bolelwa gore mokgele wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ke go babalela kagiso ya lefatshe. Mme gone, ga le a ka la kgona go atlega go le kalo. Ke boammaaruri gore lefatshe ga le tlhole le tlhaselwa ke dintwa tse di lekanang le dintwa tse pedi tsa lefatshe. Le fa go ntse jalo, dintwa tse dintsi tse di potlana di sa ntse di amoga batho go ritibala mo maikutlong, dithoto tsa bone, mme gantsi le matshelo a bone. A re ka tshepa gore lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ka fetola lekgolo leno la bo21 la dingwaga go nna “motlha wa kagiso”?

Motheo wa Kagiso ya Boammaaruri

3. Ke eng fa kagiso ya mmatota e ka se nne gone fa go na le letlhoo?

3 Kagiso gareng ga batho le dinaga ga e tlhoke fela gore go itshokelanwe. A tota go na le motho yo o ka tshedisanang ka kagiso le motho yo a mo tlhoileng? E seng go ya ka se se buiwang ke 1 Johane 3:15: “Mongwe le mongwe yo o tlhoileng mokaulengwe wa gagwe ke mmolayabatho.” Jaaka fa hisitori ya bosheng jaana e bontsha, letlhoo le le tseneletseng le feleletsa le bakile tirisodikgoka.

4. Ke bomang fela ba ba ka nnang le kagiso, mme ka ntlha yang?

4 E re ka Jehofa e le “Modimo o o nayang kagiso,” kagiso e ka bonwa fela ke batho ba ba ratang Modimo e bile ba tlotla melaometheo ya gagwe e e siameng thata. Ga go pelaelo gore Jehofa ga a neye mongwe le mongwe fela kagiso. “‘Ga go na kagiso epe e e leng ya baikepi,’ go bua Modimo wa me.” Seno ke ka go bo baikepi ba gana go kaelwa ke moya o o boitshepo wa Modimo, o loungo la one e leng kagiso.—Baroma 15:33; Isaia 57:21; Bagalatia 5:22.

5. Ke eng se Bakeresete ba boammaaruri ba ka se kang ba se dira?

5 Bakeresete ba boammaaruri ba ka se ka ba lwa le bengkabone—jaaka fa gantsi go dirilwe ke batho ba ba ipitsang gore ke Bakeresete segolobogolo mo lekgolong la bo20 la dingwaga. (Jakobe 4:1-4) Ke boammaaruri gore ba lwa le dithuto tse di senyang Modimo leina, mme gone, ntwa eno e diretswe go thusa batho e seng go ba utlwisa botlhoko. Bokeresete jwa boammaaruri bo kgatlhanong thata le gore batho ba bogisiwe ka ntlha ya go farologana ka bodumedi kana gore ba utlwisiwe botlhoko ka ntlha ya mabaka a botšhaba. Paulo o ile a laela Bakeresete ba kwa Roma jaana: “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.”—Baroma 12:17-19; 2 Timotheo 2:24, 25.

6. Gompieno kagiso ya boammaaruri e ka bonwa kae fela?

6 Gompieno kagiso e e tswang mo Modimong e fitlhelwa fela mo baobameding ba boammaaruri ba ga Jehofa Modimo. (Pesalema 119:165; Isaia 48:18) Ga go na dipharologano dipe tsa sepolotiki tse di kgoreletsang kagiso eno ya bone ka gonne gongwe le gongwe kwa ba leng gone ba itlhaola mo dipolotiking. (Johane 15:19; 17:14) Ga go na dipharologano dipe tsa bodumedi tse di bayang kagiso eno ya bone mo kotsing ka gonne ba “tshwaragane ka tsela e e tshwanetseng mo mogopolong o le mongwe fela le mo tseleng e le nngwe fela ya go akanya.” (1 Bakorintha 1:10) Kagiso e Basupi ba ga Jehofa ba nang le yone ke kgakgamatso ya segompieno e ba e direlwang ke Modimo tumalanong le tsholofetso eno ya gagwe: “Ke tla tlhoma kagiso go nna balebedi ba gago le tshiamo go nna baabatiro ba gago.”—Isaia 60:17, NW; Bahebera 8:10.

Ke Eng Fa go Na le “Motlha wa Ntwa”?

7, 8. (a) Le fa Basupi ba ga Jehofa ba rata kagiso, ba leba nako eno jang? (b) Sebetsa sa konokono mo ntweng ya Mokeresete ke eng?

7 Le fa Basupi ba ga Jehofa ba rata kagiso, ba tsaya nako eno segolobogolo e le “motlha wa ntwa.” Nnyaa, e seng ntwa ya mmatota, e re ka go pateletsa ba bangwe molaetsa wa Baebele ka dikgoka e le selo se se thulanang le taletso ya Modimo ya gore “lefa e le mang yo o eletsang a a tseye metsi a botshelo mahala.” (Tshenolo 22:17) Batho ga ba sokololwe ka dikgoka! Ntwa e Basupi ba ga Jehofa ba e lwang ke ya semoya fela. Paulo o ile a kwala jaana: “Dibetsa tsa ntwa ya rona ga se tsa senama, mme di maatla ka Modimo go pitikolola dilo tse di epetsweng kwa teng thata.”—2 Bakorintha 10:4; 1 Timotheo 1:18.

8 Selo sa konokono mo ‘dibetseng tsa ntwa ya rona’ ke “tšhaka ya moya, e leng, lefoko la Modimo.” (Baefeso 6:17) Tšhaka eno e maatla. “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le tsenya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e bojetlabobedi mme le tlhaba gore le bo le kgaoganye sebele le moya, le malokololo le moko wa one, mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Bahebera 4:12) Ka go dirisa tšhaka eno, Bakeresete ba kgona go pitikolola “dikakanyo le selo sengwe le sengwe se se kwa godimo se se goleditsweng kgatlhanong le kitso kaga Modimo.” (2 Bakorintha 10:5) E ba thusa go senola dithuto tsa maaka, ditlwaelo tse di sa siamang le difilosofi tse di tlotlomatsang botlhale jwa batho e seng jwa Modimo.—1 Bakorintha 2:6-8; Baefeso 6:11-13.

9. Ke eng fa re sa tshwanela go ineela mo ntweng e re e lwang kgatlhanong le nama e e ratang boleo?

9 Mofuta o mongwe wa ntwa ya semoya ke o re o lwang le nama ya rona e e ratang boleo. Bakeresete ba latela sekao sa ga Paulo yo o ileng a dumela jaana: “Ke itaaka mmele wa me ke ba ke o tshwara jaaka motlhanka, gore, fa ke sena go rerela ba bangwe, nna ka bonna ke se ka ka nna yo o sa amogelweng ka tsela nngwe.” (1 Bakorintha 9:27) Bakeresete ba Kolosa ba ne ba gakololwa gore ba bolaye “ditokololo tsa [bone] tsa mmele tse di mo lefatsheng malebang le kgokafalo, bosengphepa, go fisegela tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha, se e leng kobamelo ya medingwana.” (Bakolosa 3:5) Mme mokwadi wa Baebele e bong Jude o ile a rotloetsa Bakeresete “go tlhabana tlhabano ka thata [ba] tlhabanela tumelo e e neng ya newa baitshepi gangwe felafela.” (Jude 3) Ke eng fa re tshwanetse go dira jalo? Paulo o araba jaana: “Fa e le gore lo tshela tumalanong le nama ruri lo tla swa; mme fa lo bolaya ditlwaelo tsa mmele ka moya, lo tla tshela.” (Baroma 8:13) Ka ntlha ya mafoko ano a a tlhamaletseng, ga re a tshwanela go ineela mo ntweng e re e lwang kgatlhanong le mekgwa e e maswe.

10. Go ne ga direga eng ka 1914, mme seo se tla felela ka eng mo isagweng?

10 Lebaka le lengwe gape la go bo re ka tsaya nako eno e le motlha wa ntwa ke ka gonne “letsatsi la pusoloso ya Modimo wa rona” le atametse. (Isaia 61:1, 2) Ka 1914, motlha wa ga Jehofa o o tlhomilweng o ne wa goroga wa gore go tlhongwe Bogosi jwa ga Mesia le go bo laela gore bo lwe ntwa e e gagametseng kgatlhanong le tsamaiso ya ga Satane. Nako e batho ba neng ba e neilwe gore ba lekeletse puso e e itiretsweng ke batho kwantle ga gore Modimo a tsenelele mo dilong e ne ya fela ka nako eo. Batho ba le bantsi ba tswelela pele ba gana Mmusi wa Bogosi jwa Modimo jwa ga Mesia fela jaaka go dirile bontsi jwa batho mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Ditiro 28:27) Ka ntlha ya go ganediwa ga Bogosi jono, Keresete o ile a patelesega go “[fenya] mo gare ga baba ba [gagwe].” (Pesalema 110:2, NW) Se se itumedisang ke gore, Tshenolo 6:2 e solofetsa gore o tla “digela phenyo ya gagwe.” Seno o tla se dira ka nako ya “[ntwa] ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe . . . , le le bidiwang ka Sehebera Hara-Magedona.”—Tshenolo 16:14, 16.

“Motlha wa go Bua” o Gorogile

11. Ke eng fa Jehofa a ile a nna pelotelele thata, mme kgabagare go tla tla eng?

11 Go setse go fetile dingwaga tse 85 fa e sa le go nna le phetogo e kgolo mo ditiragalong tsa batho ka 1914. Jehofa o ile a itshokela batho ka bopelotelele jo bogolo. O dirile gore Basupi ba gagwe ba lemoge ka botlalo gore maemo a potlakile. Matshelo a batho ba le dimilione a mo kotsing. Bontsintsi jono jwa batho bo tshwanelwa ke go tlhagisiwa ka gonne “Jehofa . . . ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikotlhaong.” (2 Petere 3:9) Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae “Morena Jesu [o tla] senolwa go tswa legodimong a na le baengele ba gagwe ba ba maatla.” Ka nako eo, batho botlhe ba ba ileng ba gana molaetsa wa Bogosi jwa Modimo ka boomo ba tla welwa ke “pusoloso,” e Jesu a tla e tlisetsang “ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa utlweng dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu.”—2 Bathesalonika 1:6-9.

12. (a) Ke eng fa go sa thuse sepe go leka go fopholetsa gore pitlagano e kgolo e tla simolola leng? (b) Jesu o ile a tlhagisa ka kotsi efe mo kgannyeng eno?

12 Jehofa o tla nna pelotelele go fitlha leng? Ga go ne go thusa sepe gore re fopholetse gore “pitlagano e kgolo” e tla simolola leng. Jesu o ile a bolela jaana ka tlhamalalo: “Malebang le letsatsi leo le ura eo ga go na ope yo o itseng.” Ka fa letlhakoreng le lengwe, o ile a tlhagisa jaana: “Nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka letsatsi lefe. . . . Itshupeng lo iketleeditse, ka gonne ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla ka yone.” (Mathaio 24:21, 36, 42, 44) Fa re tlhalosa ka tsela e e tlhamaletseng, seno se kaya gore letsatsi le letsatsi re tshwanetse go nna re etse tlhoko ditiragalo tsa lefatshe mme re akantse ka ga gore pitlagano e kgolo e tloga e simolola. (1 Bathesalonika 5:1-5) A bo go le kotsi jang ne go akanya gore re ka tlhaba kgobe ka mmutla re tshela botshelo jo go tweng ke jo bo tlwaelegileng, re letetse go bona gore dilo di tla nna jang! Jesu o ile a re: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo, mme ka tshoganyetso letsatsi leo la lo wela ka ponyo ya leitlho jaaka seru.” (Luke 21:34, 35) Re ka tlhomamisega ka seno: “Diphefo tse nnè” tsa tshenyego tse gone jaanong “baengele ba banè” ba ga Jehofa ba sa ntseng ba di ngangatletse ga ba kitla ba di ngangatlela ruri.—Tshenolo 7:1-3.

13. Ke eng se batho ba ba batlang ba tshwara dimilione tse thataro ba se lemogileng?

13 Ka ntlha ya letsatsi le le ntseng le atamela ka bofefo la tshekiso, mafoko a ga Solomone a a malebana le gore go na le “motlha wa go bua” a nna le bokao jo bo kgethegileng. (Moreri 3:7) E re ka Basupi ba ga Jehofa ba ba batlang ba tshwara dimilione tse thataro ba lemoga gore nako eno ke motlha wa go bua, ba bua ka kgalalelo ya bolaodi jwa Modimo ka botlhaga e bile ba tlhagisa batho ka letsatsi la gagwe la go ipusolosetsa. Ba ithaopa ka go rata mo letsatsing la mophato wa ga Keresete wa sesole.—Pesalema 110:3, NW; 145:10-12.

Ba ba Reng “Kagiso; Mme Go se Na Kagiso”

14. Ke baporofeti bafe ba maaka ba ba neng ba le teng mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E.?

14 Mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E., baporofeti ba Modimo e bong Jeremia le Esekiele ba ile ba bolela molaetsa wa bomodimo wa katlholo kgatlhanong le Jerusalema ka ntlha ya go se utlwe Modimo. Tshenyego e ba ileng ba e bolelela pele e ile ya direga ka 607 B.C.E., le mororo barongwa bano ba Modimo ba ile ba ganediwa ke baeteledipele ba bodumedi ba ba neng ba tseelwa kwa godimo e bile ba na le tlhotlheletso e kgolo. Baeteledipele bano ba ile ba itshupa e le “baporofeti ba ba dieleele [ba ba] . . . timeditse[ng] batho ba [Modimo], ba re: ‘Kagiso’; mme go se na kagiso.”—Esekiele 13:1-16; Jeremia 6:14, 15; 8:8-12.

15. A le gompieno go na le baporofeti ba ba ntseng jalo ba maaka? Tlhalosa.

15 Fela jaaka “baporofeti ba ba dieleele” ba motlha oo, bontsi jwa baeteledipele ba bodumedi ba gompieno le bone ba palelwa ke go tlhagisa batho ka letsatsi la Modimo le le tlang la katlholo. Go na le moo, ba dira gore batho ba nne le tsholofelo ya gore kgabagare ditlhopha tsa dipolotiki di tla atlega mo go direng gore go nne le kagiso le polokesego. E re ka ba amegile thata ka go itumedisa batho go na le go itumedisa Modimo, ba bolelela balatedi ba bone se ba ratang go se utlwa go na le go ba tlhalosetsa gore Bogosi jwa Modimo bo tlhomilwe le gore Kgosi ya Bomesia e tla tloga e wetsa phenyo ya yone. (Daniele 2:44; 2 Timotheo 4:3, 4; Tshenolo 6:2) Fela jaaka baporofeti ba maaka, le bone ba bua ka “kagiso; mme go se na kagiso.” Mme gone, tshepo eo ya bone e tla tloga e fetoga poifo e kgolo fa ba tla bo ba welwa ke bogale jwa Ene yo ba ntseng ba bua maaka ka ene le yo ba ntseng ba senya leina la gagwe. Baeteledipele ba mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka, o mo Baebeleng o tlhalosiwang e le mosadi wa seaka, ba tla didimalediwa ruri fa ba ntse ba goeletsa kagiso e e seng yone.—Tshenolo 18:7, 8.

16. (a) Basupi ba ga Jehofa ba itsiwe ka eng? (b) Ba farologana jang le batho ba ba goeletsang “kagiso; mme go se na kagiso”?

16 Kgang ya go bo bontsi jwa baeteledipele ba ba tseelwang kwa godimo le ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo ba solofetsa batho kagiso ka boitimokanyi ga e koafatse tshepo ya batho ba ba dumelang mo tsholofetsong ya Modimo ya kagiso ya boammaaruri. Go setse go fetile mo e ka nnang lekgolo la dingwaga Basupi ba ga Jehofa ba itsiwe e le bafemedi ba ba ikanyegang ba Lefoko la Modimo, baganetsi ba ba pelokgale ba bodumedi jwa maaka le baemanokeng ba bagolo ba Bogosi jwa Modimo. Go na le gore ba fore batho ka go ba solofetsa kagiso, ba leka ka natla go ba tsibosa gore ba lemoge gore tota gompieno ke motlha wa ntwa.—Isaia 56:10-12; Baroma 13:11, 12; 1 Bathesalonika 5:6.

Jehofa o Tswa Molomo

17. Go bolelwang fa go twe Jehofa o tla tswa molomo?

17 Gape Solomone o ile a re: “Modimo o tlaa atlhola basiami le baikepi, gonne go na le motlha wa boikaelelo bongwe le bongwe.” (Moreri 3:17) Ee, Jehofa o tlhomile nako e a tla diragatsang katlholo mo bodumeding jwa maaka ka yone le mo ‘dikgosing tsa lefatshe tse di emang . . . kgatlhanong le Jehofa le motlodiwa wa gagwe.’ (Pesalema 2:1-6, NW; Tshenolo 16:13-16) Fa nako eo e setse e fitlhile, nako ya gore Jehofa a ‘didimale’ e tla bo e fedile. (Pesalema 83:1; Isaia 62:1; Jeremia 47:6, 7) Ka Kgosi ya gagwe ya Bomesia e bong Jesu Keresete, o tla “bua” ka tsela e go bonalang e le yone fela e baganetsi ba gagwe ba e tlhaloganyang: “Jehofa o tlaa bolola jaaka monna wa seganka; o tlaa tsosa tlhotlheletso jaaka monna a ya dira; o tlaa goelela, ee, o tlaa goa ka thata; o tlaa dira ka nonofo mo babeng ba gagwe. ‘Ga ke bolo go nna ke didimetse fela; ke ntse ke tuuletse fela ke ikganetse; jaanong ke tlaa goela godimo jaaka mosadi yo o mo pelegong; ke tlaa sonela ke kolometsa go le gongwe fela. Ke tlaa kgakgabatsa dithaba le makhujana, ke omeletsa merogo yotlhe ya tsone; dinoka ke tlaa di dira ditlhake le megobe ke tlaa e kgadisa. Ke tlaa tsamaisa difofu ka tsela e di sa e itseng; ke tlaa di goga mo ditselaneng tse di sa di itseng; lefifi ke tlaa le sedifatsa fa pele ga bone, ke lolamisa mafelo a a kgopameng. Dilo tse ke tlaa di dira, mme ga nketla ke ba latlha.’” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Isaia 42:13-16.

18. Ke mo kgannyeng efe moo batho ba Modimo ba tla tlogang ba “didimala”?

18 Ka nako ya fa Jehofa a ‘buelela’ Bomodimo jwa gagwe ka go bo femela, ga go kitla go tlhola go tlhokega gore batho ba gagwe ba ipuelele. E tla bo e le nako ya gore ba ‘didimale.’ Mafoko ano a tla ba diragalela fela jaaka a ile a diragalela batlhanka ba Modimo ba nako e e fetileng: “Ga go ketla go batlwa gore lo tlhabane mo tlhabanong e; lo ikemiseng lo eme fela, mme lo bone poloka ya ga Jehofa e e nang le lona.”—2 Ditirafalo 20:17.

19. Bomonnawe Keresete ba semoya ba tla tloga ba nna le tshiamelo efe?

19 A bo Satane le phuthego ya gagwe ba tla bo ba fentswe ka phenyo e kgolo jang ne! Bomonnawe Keresete ba ba galaleditsweng ba tla nna le seabe mo phenyong eo e kgolo e e tla dirang gore go nne le tshiamo tumalanong le tsholofetso eno: “Fa e le ka Modimo o o nayang kagiso, one o tla tapeta Satane kafa tlase ga dinao tsa lona mo bogautshwaneng.” (Baroma 16:20) Kgabagare nako e e sa bolong go letelwa ya kagiso e gorogile.

20. Go tla tloga go nna le motlha wa eng?

20 A bo batho botlhe ba ba tla falolang tiragalo eno e kgolo ya fa Jehofa a bontsha maatla a gagwe ba tla nna le botshelo jo bo itumedisang jang ne! Go ise go ye kae morago ga foo ba tla patiwa ke banna le basadi ba bogologolo ba ba ikanyegang ba nako ya bone e e beilweng ya go tsosiwa e tla bong e gorogile. Ruri Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete e tla bo e le “motlha wa go tlhoma, . . . motlha wa go fodisa; . . . motlha wa go aga; . . . motlha wa go tshega; . . . motlha wa go bina; . . . motlha wa go tlamparela, le . . . motlha wa go rata.” Ee, gape e tla nna “motlha wa kagiso” ka bosakhutleng!—Moreri 3:1-8; Pesalema 29:11; 37:11; 72:7.

O Araba Jang?

◻ Ke eng se e leng motheo wa kagiso e e nnetseng ruri?

◻ Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba tsaya nako eno e le “motlha wa ntwa”?

◻ Ke leng e leng motlha wa gore batho ba Modimo ba ‘bue’ mme ke leng e leng “wa go didimala”?

◻ Jehofa o tla tswa molomo leng mme jang?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Jehofa O na Le Motlha O a O Tlhomileng

◻ go gogela Goga gore a tlhasele batho ba Modimo.—Esekiele 38:3, 4, 10-12

◻ go tsenya mo dipelong tsa babusi ba batho gore ba nyeletse Babelona o Mogolo.—Tshenolo 17:15-17; 19:2

◻ go dira lenyalo la ga Kwana.—Tshenolo 19:6, 7

◻ go simolola ntwa ya Haramagedona.—Tshenolo 19:11-16, 19-21

◻ go golega Satane gore Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Jesu e simolole.—Tshenolo 20:1-3

Ditiragalo tseno di tlhomagantswe fela go ya kafa di umakiwang ka teng mo Dikwalong. Re ka tlhomamisega gore ditiragalo tseno tse tlhano di tla diragala tsotlhe ka tatelano e Jehofa a e tlhomileng le ka nako e a tlhomileng gore di diragale ka yone.

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Ruri Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete e tla bo e le motlha . . . 

wa go tshega . . . 

wa go tlamparela . . . 

wa go rata . . . 

wa go tlhoma . . . 

wa go bina . . . 

wa go aga . . . 

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela