LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 10/15 ts. 4-7
  • Go Eletsa Botshelo jo Boleelenyana go ka Kgotsofadiwa Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Eletsa Botshelo jo Boleelenyana go ka Kgotsofadiwa Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A go Na le Mabaka a go Solofela Gore Kalafi ya Dihoromone le ya Dijini e ka Thusa?
  • A Nanotechnology le Mokgwa wa go Gatsetsa Setopo ke Tharabololo?
  • Re Tshwanetse go Ikanya Mang?
  • Lebaka la Konokono La go Bo re Tsofala le go Swa
  • Tsholofelo ya Mmatota
  • Botshelo Jo bo Sa Khutleng mo Lefatsheng la Paradaise
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tsofala?
    Tsogang!—2006
  • Batho ba Batla Ditsela Tsa go Tshela Lobaka lo Loleele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • Ke Eng fa re Tsofala e Bile re Swa?
    Tsogang!—1995
  • Matsapa a Batho ba a Tsereng go Batla Botshelo Jo bo Sa Khutleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 10/15 ts. 4-7

Go Eletsa Botshelo jo Boleelenyana go ka Kgotsofadiwa Jang?

BANGWE ba na le tsholofelo ya gore miliniamo e ntšha e tla dira gore maiteko a batho ba sa bolong go a dira a go lelefatsa botshelo a atlege. Dr. Ronald Klatz ke mongwe wa bone. Ke poresidente ya Academy of Anti-Aging Medicine ya kwa Amerika, e e leng mokgatlho wa dingaka le baitsesaense ba ba dirang gotlhe mo ba ka go kgonang go lelefatsa botshelo jwa batho. Ene le badirimmogokaene ba ikaeletse go tshela nako e telele thata. Dr. Klatz o bolela jaana: “Ke lebeletse go tshela bobotlana lobaka lwa dingwaga di le 130. Re dumela gore go tsofala go ka fela. Gone jaanong go na le boranyane jwa saense jo bo ka kgonang go diegisa, go emisa gongwe le e leng go fedisa gotlhelele go koafala ga mmele le bolwetse tse gone jaanong di bidiwang go tsofala ga tlholego.” Dr. Klatz ka boene o nwa dipilisi tse di ka nnang 60 letsatsi lengwe le lengwe ka a batla go lelefatsa botshelo jwa gagwe.

A go Na le Mabaka a go Solofela Gore Kalafi ya Dihoromone le ya Dijini e ka Thusa?

Kalafi ya dihoromone ke nngwe ya dilo tse di tlhotlheletsang batho go nna le tsholofelo. Go bonala fa ditekeletso tse di dirilweng ka horomone ya DHEA di diegisa tsela ya go tsofala mo diphologolong tsa dilaboratori.

Lokwalodikgang lo lo tswang letsatsi le letsatsi lwa kwa Sweden la Aftonbladet lo ile la nopola Dr. Suresh Rattan, yo e leng porofesa kwa Aarhus University, kwa Denmark, a bolela jaana malebana le horomone ya dimela e leng kinetin: “Ditekeletso tsa laboratori di bontsha gore disele tsa letlalo la motho tse di tsentsweng kinetin ga di fetoge ka tsela e e tlwaelegileng ya fa motho a tsofala. Di nna di le disha fa di sa ntse di tshela.” Go bolelwa gore ditshenekegi tse di ileng tsa alafiwa ka horomone eo di tshela nako e teletsana ka diperesente di le 30 go ya go di le 45 go feta nako e e tlwaelegileng.

Go bolelwa gore botshelo jwa dipeba tse di ileng tsa alafiwa ka horomone ya melatonin bo ile jwa okediwa ka diperesente di le 25. Mo godimo ga moo, dipeba tseo di ne di bonala di le disha thata, di itekanetse go feta e bile di tlhagafetse thata.

Babueledi ba horomone ya kgolo ya batho (human growth hormone [hGH]) ba bolela gore e dira gore motho a nne le letlalo le le galalelang, mesifa e e oketsegileng, keletso e kgolo ya tlhakanelodikobo, o nna a itumetse, o nna le tlhaloganyo e e thantseng thata, e bile thulaganyo ya mmele wa gagwe ya go sila dijo e tshwana le ya batho ba ba sa ntseng ba le basha.

Ba bangwe ba le bantsi ba tshepa gore saense ya dijini, e tla ba thusa. Baitsesaense ba ile ba bolela gore ka go fetola dijini ba ka kgona go laola lobaka lwa botshelo jwa dinogana. Tota e bile, ba ile ba atlega go dira gore dingwe tsa tsone di tshele ga rataro go feta boleele jwa botshelo jwa tsone jo bo tlwaelegileng. Seno se ile sa dira gore go nne le ditsholofelo tsa gore go tla bonwa dijini tse di tshwanang mo bathong di bo di fetolwe. Makasine wa Time o ne wa nopola Dr. Siegfried Hekimi wa McGill University, kwa Montreal, a re: “Fa re ka bona dijini tsotlhe tsa batho tse di laolang nako ya botshelo jwa bone, gongwe re ka fokotsa lobelo lwa tsone go sekae, gore re tle re kgone go oketsa botshelo.”

Baitse ba thutotshelo ga ba bolo go itse gore karolo ya bofelo ya dikoromosomo, e go tweng ke telomere, e a khutsafadiwa nako le nako fa sele e ikatisa. Fa telomere e ka latlhegelwa ke mo e ka nnang diperesente di le 20 tsa boleele jwa yone, sele ga e tlhole e kgona go ikatisa mme e a swa. Ensaeme nngwe e e bidiwang telomerase e kgona go busetsa telomere gape mo boleeleng jwa yone jo bo tshwanetseng, ka gone e dira gore sele e tswelele pele e ikatisa. Mo diseleng tse dintsi ensaeme eno ga e dire, mme go ile ga kgonega go tsenya ensaeme e e tlhaga ya telomerase mo diseleng tse di rileng, go dira gore di gole le go ikatisa ka makgetlo a mantsintsi go gaisa tsela e di dirang ka yone ka tlwaelo.

Go ya ka babatlisisi, seno se dira gore go utlwale go ka kgonega go lwantsha malwetse a a amanang le botsofe. Go tweng ka go dira gore disele tse dikgolo tsa mmele (disele tse di thusang ditogwa tsa mmele go intšhafatsa), di emisetswe ka disele tse dikgolo tse di “tsentsweng bosasweng” ka go di tsenya ensaeme ya telomerase e e sa ntseng e dira? Dr. William A. Haseltine o bolela jaana: “Eno ke kgopolo e e bonalang sentle ya go sa swe ga motho e e tla tsenngwang mo tirisong ka iketlo mo dingwageng tse 50 tse di latelang.”—The New York Times.

A Nanotechnology le Mokgwa wa go Gatsetsa Setopo ke Tharabololo?

Nanotechnology, e leng mokgwa wa saense wa go laola selo go dirisiwa selekanyo sa karolo ya sekete sa milione sa metara, le yone e neela batho tsholofelo. Batho ba ba bonelang dilo pele malebana le kgang eno ba bolela gore metšhini e e berekang ka khomputara, e mennye thata go feta disele, e ka nna ya dirisiwa mo isagweng gore e bereke ka selekanyo sa dimolekhule go baakanya le go ntšhafatsa disele, ditogwa le dirwe tse di tsofalang. Kwa kokoanong nngwe ya go thibela botsofe, mmatlisisi mongwe o ne a akantsha gore dingaka tsa lekgolo la bo21 la dingwaga di ka nna tsa dirisa nanotechnology go dira gore motho a se tlhole a swa.

Go gatsetsa setopo ke mokgwa o o dirisiwang go gatsetsa mebele ya batho ka tsholofelo ya gore saense e tla kgona go tsosolosa disele tse di suleng, mme ba bo ba dira gore batho bao ba tshele gape. Go ka gatsediwa mmele otlhe kana boboko fela. Monna mongwe o bile a gatsetsa lakane. Ke eng fa a ne a gatsetsa lakane? E ne e le ya tsala ya gagwe e go neng go sa itsiwe kwa e gone mme e ne e na le disele tsa letlalo le meriri e sekae. O ne a batla gore di gatsediwe gore a tle a neye tsala ya gagwe sebaka sa go tshela gape fa saense e ka kgona go bopa batho gape ka go dirisa fela disele di sekae kana tota le e leng nngwe ya disele tsa bone.

Re Tshwanetse go Ikanya Mang?

Ka tlholego motho o rata go tshela, e seng go swa. Ka jalo, kgatelopele e e dirilweng ke basaense mo kgannyeng eno e tseelwa kwa godimo thata e bile go lebeletswe dilo tse dikgolo thata go tswa mo go yone. Mme go fitlha jaanong ga go na bosupi jo bo tlhomameng jwa gore DHEA, kinetin, melatonin, hGH, kana le fa e le eng fela tota se ka kgona go diegisa go tsofala ga batho. Babelaedi ba boifa gore go dirisa ensaeme ya telomerase mo diseleng go ka se ka ga thusa sepe fa e se fela go dira gore go nne le disele tsa kankere. Mme go dirisiwa ga nanotechnology le go gatsetsa setopo e sa ntse e le selo se se akanyediwang fela ke saense ga e ise e nne selo sa mmatota.

Saense e ile ya thusa, e bile e sa ntse e ka thusa bangwe go nna le botshelo jo boleelenyana le jo bo botoka, mme e ka se ka le ka motlha ya dira gore motho ope a nne le botshelo jo bo sa khutleng. Ka ntlha yang? Ka gonne, saense ya batho e ka se ka ya fedisa lebaka la konokoko la go tsofala le go swa.

Lebaka la Konokono La go Bo re Tsofala le go Swa

Baitsesaense ba le bantsi ba a dumela gore go bonala fa go tsofala le go swa go le mo dijining tsa rona. Potso ke gore: Di tsene leng, jang gone ka ntlha yang mo thulaganyong ya dijini tsa rona, fa go ka tualo?

Baebele e re neela karabo e e tlhamaletseng—le mororo e sa e tlhalose ka tsela ya molao wa dijini kana wa DNA. Baroma 5:12 e balega jaana: “Ke gone ka moo, fela jaaka boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, mme ka gone loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”

Motho wa ntlha e bong Adame o ne a na le tebelelo ya go ka tshelela ruri. Mmele wa gagwe o ne o dirilwe gore o nne le dinonofo tse di tlhokegang gore a tshele ka bosakhutleng. Le fa go ntse jalo, botshelo jo bo sa khutleng bo ne bo ikaegile ka sengwe. Adame o ne a tshwanetse go dirisana mmogo a bo a ikobele Motswedi wa botshelo, Mmopi wa gagwe, gore a tswelele a tshela go ya go ile.—Genesise 1:31; 2:15-17.

Adame o ne a tlhopha go se utlwe Mmopi. Totatota, Adame o ne a bolela gore go botoka gore motho a ipuse go na le gore a laolwe ke Modimo. Ka go dira jalo a leofa. Go tloga ka nako eo, go ne go ntse jaaka e kete molao wa dijini tsa gagwe o ne wa fetolwa. Go na le gore Adame a fetisetse bana ba gagwe botshelo jo bo sa khutleng go nna boswa jwa bone, o ile a ba fetisetsa boleo le loso.—Genesise 3:6, 19; Baroma 6:23.

Tsholofelo ya Mmatota

Le fa go ntse jalo, boemo joo, bo ne bo sa tshwanela go nnela ruri. Baroma 8:20 e bolela jaana: “Tlhōlō e ne ya bewa mo taolong ya bosenangmosola, e seng ka go rata ga yone mme ka ene yo o neng a e baya mo taolong, mo motheong wa tsholofelo.” Mmopi wa motho, Jehofa Modimo, o ne a baya batho mo taolong ya loso ka gonne ba ile ba mo leofela, mme fa a ne a dira seno o ne a tlhoma gape le motheo wa tsholofelo.

Motheo ono o ne wa tlhalosiwa sentle fa Jesu Keresete a ne a tla mo lefatsheng. Johane 3:16 ya re: “Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo o bileng wa ntsha Morwaone yo o tsetsweng a le esi, e le gore mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” Gone mme, go dumela mo go Jesu Keresete go ka re boloka jang mo losong?

Fa e le gore boleo ke jone jo bo bakang loso, boleo bo tshwanetse go tlosiwa pele ga loso lo fedisiwa. Mo tshimologong ya bodiredi jwa ga Jesu e le Keresete, Johane Mokolobetsi o ne a re: “Bonang, Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!” (Johane 1:29) Jesu Keresete o ne a se na boleo gotlhelele. Ka jalo, o ne a se mo taolong ya loso, e e leng kotlhao ya boleo. Le fa go ntse jalo, o ne a dumelela batho ba bangwe gore ba mmolaye. Ka ntlha yang? Ka gonne ka go dira jalo, o ne a duela tlhwatlhwa ya boleo jwa rona.—Mathaio 20:28; 1 Petere 3:18.

Fa tlhwatlhwa eo e sena go duelwa, go ne ga nna le kgonego ya gore batho botlhe ba ba dumelang mo go Jesu ba tla tshelela ruri ba sa swe. Saense e ka nna ya thusa go lelefatsa matshelo a rona ka tsela e e lekanyeditsweng thata mme go dumela mo go Jesu ke tsela ya mmatota ya go bona botshelo jo bo sa khutleng. Jesu o ne a bona botshelo jo bo ntseng jalo kwa legodimong mme baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang le ba bangwe ba tla bo bona le bone. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba rona ba ba dumelang mo go Jesu, re tla bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng, fa Jehofa Modimo a se na go dira lefatshe Paradaise gape.—Isaia 25:8; 1 Bakorintha 15:48, 49; 2 Bakorintha 5:1.

Botshelo Jo bo Sa Khutleng mo Lefatsheng la Paradaise

Monna mongwe o ne a botsa jaana: “Ke batho ba le bakae ba ba tla bonang go le mosola go tshela fa ba sa tlhole ba swa?” A go tshela kwantle ga go swa go tla lapisa pelo? Baebele e re tlhomamisetsa gore ga go kitla go nna jalo. “O dirile sengwe le sengwe go nna sentle mo motlheng wa sone; le gone o tlhomile go akanya ka ga bosakhutleng mo pelong tsa bone, mme le fa go ntse jalo e be e le ka mokgwa wa go re motho ga a kake a lemogela ruri tiro e Modimo o e dirileng go tswa tshimologong go ya fela kwa bokhutlong.” (Moreri 3:11) Popo ya ga Jehofa Modimo e ntsi thata jaana e bile e raraane jaana mo e leng gore e tla nna e ntse e re kgatlha, e re tlhotlheletsa le go re itumedisa fa fela re sa ntse re tshela—tota le ka bosakhutleng.

Monna mongwe yo o neng a ithuta ka nonyane nngwe e e bidiwang Siberian Jay o ne a e bitsa “tsala e e gakgamatsang thata, e e kgatlhang” mme a bolela gore go nna a ntse a lebeletse nonyane eno e ne e le nngwe ya dilo tse di itumedisang thata mo botshelong jwa gagwe. Fa a ntse a tswelela pele a ithuta ka nonyane eno, e ne e nna e ntse e mo kgatlha le go feta. O ile a bolela gore tota le morago ga dingwaga tse 18, o ne a sa ntse a le kgakala le gore a fetse go ithuta ka yone. Fa mofuta o le mongwe wa nonyane o ka kgona go kgatlha motho yo o botlhale, o mo tlhotlheletse e bile o dira gore a nne a itumetse ka nako e telele ya dingwaga tse 18 ya fa a ntse a ithuta ka one, akanya fela gore go tla nna le boipelo le kgotsofalo e kana kang go ithuta ka popo ya lefatshe lotlhe.

Akanya ka ditiro tsotlhe tsa saense tse di kgatlhang tse di tla bong di bulegetse motho yo o sa kgorelediweng ke nako. Akanya ka mafelo otlhe a a kgatlhisang a motho a ka kgonang go ya kwa go one le batho botlhe ba ba kgatlhang ba ba tla bong ba le teng ba motho a ka kopanang le bone. Leka go akanya fela ka dilo tse dintsi tse motho a ka kgonang go akanya ka tsone, go di tlhama le go di dira. Re tla bo re na le ditshono tse dintsintsi tsa go tokafatsa le go dirisa bokgoni jwa rona jwa go dira dilo. Fa re akanya ka dilo tse dintsi tse di bopilweng, ga go na pelaelo gore ke go tshelela ruri fela go go ka dirang gore re kgotsofalele dilo tse dintsi tse re ka kgonang go di dira mo botshelong.

Baebele e bontsha gore, ka tsogo, batho ba ba suleng le bone ba ka kgona go tshelela ruri. (Johane 5:28, 29) Re ka kgona go tlhaloganya masaitseweng a mantsi a dilo tsa hisitori fa batho ba ba diragaletsweng ke masaitseweng ano ba a tlhalosa le go araba dipotso tsa rona. Akanya fela gore batho ba ba tsositsweng ba tla re naya kitso e ntsi go le kana kang ka dinako tse di farologaneng tsa hisitori.—Ditiro 24:15.

Fa o akanya ka nako eo, o tla lemoga gore Jobe yo o tla bong a tsositswe o tla batla go fetola mafoko a a mo go Jobe 14:1. Gongwe o tla batla go bolela jaana mo boemong jwa moo: ‘Monna yo o tsetsweng ke mosadi, jaanong o tshelela ruri, o bile o kgotsofetse.’

Mo bathong ba ba ikanyang Jehofa e bile ba dumela mo go Jesu, go lelefadiwa ga botshelo ka tsela e e se nang selekanyo ga se toro fela e e se kitlang e diragala. Go tla tloga go diragala. Botsofe le loso di tla bo di sa tlhole di le teng. Se se dumalana le Pesalema 68:20 (NW), e e bolelang jaana: “Ditsela tsa go tswa mo losong ke tsa Morena Molaodimogolo Jehofa.”—Tshenolo 21:3, 4.

[Ditshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Kgatelopele ya saense e dirile gore go nne le tsholofelo ya gore go ka kgonega go tshela nako e telele thata

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go tshelela ruri ke gone fela go go ka dirang gore re kgotsofalele dilo tse dintsi tse re ka kgonang go di dira mo botshelong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela