LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 10/15 ts. 23-27
  • A o Ka Direla Kwa Tshimong e Sele?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ka Direla Kwa Tshimong e Sele?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhokega Boikutlo jo bo Siameng
  • Bala Ditshenyegelo
  • Kgwetlho e Kgolo
  • Go Tweng ka go Tlhoafalela Gae?
  • Go Tweng ka Bana?
  • Masego a go Fuduga
  • Go Tweng ka Wena?
  • A o Ka Kgona ‘go ya Kwa Makedonia’?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Ecuador
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • A o Ka Tla ka Kwano mo Makedonia?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Ditsela Tsa go Oketsa Bodiredi Jwa Gago
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 10/15 ts. 23-27

A o Ka Direla Kwa Tshimong e Sele?

“GA KE bolo go akanya ka go tsenela tiro ya borongwa. Pele ga ke nyala, ke ne ka direla kwa Texas, U.S.A., kwa go neng go tlhokega batho ba bantsi ba ba rerang teng. Mosadi wa me o ne a dira le nna gone fa re se na go nyalana. Fa morwadiarona a tsholwa, ke ne ka akanya gore, ‘Jaanong go fedile.’ Le fa go ntse jalo, Jehofa o diragatsa dikeletso tsa rona, segolobogolo fa di tsamaisana le go dira go rata ga gagwe.”—Jesse, yo gone jaanong a direlang kwa Ecuador le mosadi wa gagwe le bana ba le bararo.

“Ga ke ise nke ke akanye gore nka dira sengwe se se tshwanang le seo ke sa thapisiwa kwa sekolong sa barongwa sa Gileate. Fa ke ne ke bona mongwe wa baithuti ba me ba Baebele a neela puo kana a rera, ke ne ka itumela thata, mme ka leboga Jehofa go bo a nneile sebaka seno.”—Karen, mosadi yo o sa nyalwang yo o nnileng mmulatsela ka dingwaga di le robedi kwa Amerika Borwa.

“Morago ga go rera ka nako e e tletseng ka dingwaga di le 13 kwa United States, nna le mosadi wa me re ne ra ikutlwa gore re tlhoka go leka sengwe se sesha. Re itumetse go feta pele; ruri ke tsela e e molemo tota ya botshelo.”—Tom, yo ene le mosadi wa gagwe Linda e leng babulatsela kwa kgaolong ya Amazon.

Ditlhaloso tseno tse di tletseng kanaanelo di tswa kwa bathong ba maemo a bone a sa ba letleng go bona thapiso ya borongwa kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileate. Le fa go ntse jalo, ba bone boitumelo le dikgwetlho tsa go direla go sele. Go tlile jang? A le wena o ka dira tirelo e e ntseng jalo?

Go Tlhokega Boikutlo jo bo Siameng

Go tlhokega moya o o fetang fela wa bogatlhamela masisi gore o atlege kwa tshimong e sele. Ba ba ileng ba kgona go itshoka ba ne ba go dira ka boikutlo jo bo siameng. Jaaka moaposetoloi Paulo, ba itsaya e le ba ba molato, e seng fela mo Modimong mme gape le mo bathong. (Baroma 1:14) Ba ka bo ba ile ba diragatsa taelo ya bomodimo ya go rera mo tshimong ya mo lefelong la bone. (Mathaio 24:14) Le fa go ntse jalo ba ne ba ikutlwa ba le molato mme ba tlhotlheletsega go tswa ba ya go thusa batho ba ba bonang sebaka sa go utlwa dikgang tse di molemo ka sewelo fela.

Lebaka le lengwe ke keletso ya go dira mo tshimong e e ungwang thata—e bile le a tshwanela. Ke mang mo go rona yo e ka reng a bona motshwaraditlhapi yo mongwe a atlega thata a se kitlang a fudugela gaufi le karolo eo ya lekadiba? Ka mo go tshwanang, dipego tse di kgothatsang tsa koketsego e e tlhomologileng kwa dinageng tse dingwe di rotloeditse ba le bantsi go ya kwa go nang le “letshutitshuti le legolo la ditlhapi.”—Luke 5:4-10.

Bala Ditshenyegelo

Dinaga di le dintsi ga di letlelele baithaopi ba bodumedi ba ba tswang kwa dinageng di sele go dira tiro ya boitshediso. Ka jalo ba ba eletsang go direla kwa nageng e sele gantsi ba tshwanetse go bo ba kgona go itlhokomela ka madi. Bothata jono jwa madi bo ne jwa fenngwa jang? Ba le bantsi ba ile ba rekisa kana ba hirisa magae a bone go bona madi a a tlhokegang. Ba bangwe ba rekisitse dikgwebo tsa bone. Bangwe ba ile ba boloka madi gore ba a dirisetse mokgele ono wa bone. Gape ba bangwe ba fetsa ngwaga kana di le pedi kwa nageng e sele, ba bo ba boela kwa nageng ya bone go ya go bereka le go kokotletsa madinyana, mme ba boele morago go ya go direla gape.

Mosola o mogolo wa go nna mo nageng e e tlhabologang ke gore tsela ya botshelo ya teng ga e je madi a mantsi thata jaaka kwa nageng e e tlhabologileng. Seno se dira gore bangwe ba tshele ba kgotsofetse ka madinyana a phenshene. Gone mme, ditshenyegelo tsa motho di tla ikaega thata ka tsela ya botshelo e motho a e tlhophang. Le e leng dinaga tse di tlhabologang di na le mafelo a a manobonobo thata mme a ka ja madi a mantsi thata.

Ga go pelaelo gore motho o tshwanetse a bala ditshenyegelo pele ga a fuduga. Le fa go ntse jalo, go akaretsa go le gontsi thata go feta fela go akanyetsa maemo a tsa ikonomi. Gongwe dikakgelo tsa bangwe ba ba neng ba direla kwa Amerika Borwa di ka go sedifatsa.

Kgwetlho e Kgolo

Markku yo o tswang kwa Finland, o gakologelwa seno: “Go ithuta Se-Spain e ne e le kgwetlho e kgolo thata. Ke ne ke akanya gore e re ka ke ne ke sa itse puo eno, go ne go tla ntsaya lobaka lo loleele pele ga ke nna motlhanka wa bodiredi. Ke ne ka gakgamala tota fa ke ne ke kopiwa go tshwara thuto ya buka morago ga dikgwedi di le pedi fela! Gone mme, go ne go na le dinako tse dintsi tse di neng di tlhabisa ditlhong. Ke ne ke tshwara bothata ka maina. Letsatsi lengwe ke ne ka bitsa Mokaulengwe Sancho ‘Mokaulengwe Chancho (kolobe),’ e bile ga nkitla ke lebala ke bitsa Kgaitsadi Salamea ‘Malasea (moikepi).’ Ka lesego, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba le pelotelele thata.” Kgabagare Markku o ne a dira ka dingwaga di le robedi mo nageng eo e le molebedi wa potologo ene le mosadi wa gagwe e bong Celine.

Chris, mosadi wa ga Jesse yo o nopotsweng pelenyana, o anela jaana: “Ke gakologelwa fa re ne re etetswe ke molebedi wa potologo ka lekgetlho la ntlha, re na le dikgwedi di le tharo fela re le fano. Ke ne ke kgona go utlwa gore mokaulengwe o ne a dirisa ditshwantsho e bile o ne a bua sengwe se se molemo go leka go re ama dipelo, mme ke ne ke sa mo utlwe. Gone fela mo holong, ke ne ka simolola go lela. E ne e se selelonyana se sennye; ke ne ke sisa pelo. Morago ga pokano, ke ne ka leka go tlhalosetsa molebedi wa potologo gore ke ka ntlha yang ke ne ka dira jalo. O ne a le pelonomi thata mme a mpolelela se botlhe ba neng ba ntse ba se mpolelela, ‘Ten paciencia, hermana’ (‘Nna pelotelele, kgaitsadi’). Dingwaga di le pedi kana di le tharo morago ga moo, re ne ra kopana gape le go bua ka metsotso e le 45, re itumedisiwa ke gore re ne re kgona go buisana.”

Mokaulengwe yo mongwe ene o akgela ka gore: “Go ithuta go botlhokwa. Fa re dira maiteko a a tseneletseng a go ithuta puo, re tla tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go bua.”

Botlhe ba a dumela gore maiteko a a ntseng jalo a lere melemo e mentsi. Fa motho a lwela go ithuta loleme lo losha o tlhagolela boikokobetso, bopelotelele le boitshoko. Go butswe sebaka se segolo sa go rerela ba bangwe dikgang tse di molemo. Ka sekai, go ithuta Se-Spain go dira gore motho a kgone go bua puo e e buiwang ke batho ba ba fetang dimilione di le 400 mo lefatsheng lotlhe. Batho ba le bantsi ba moragonyana ba neng ba tshwanela go boela kwa dinageng tsa bone ba sa ntse ba kgona go dirisa bokgoni jwa bone jwa puo go thusa batho ba ba buang Se-Spain.

Go Tweng ka go Tlhoafalela Gae?

Deborah yo o neng a direla le monna wa gagwe, Gary kwa kgaolong ya Amazon o gakologelwa jaana: “Fa re goroga la ntlha mono Ecuador ka 1989, ke ne ke tlhoafalela gae thata. Ke ithutile go ikaega thata ka bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong. Ba ne ba nna jaaka lelapa la me.”

Karen yo o umakilweng kwa tshimogolong, o bolela jaana: “Ke ne ke lwantsha go tlhoafalela kwa gae ka go tshwarega mo bodireding letsatsi le letsatsi. Ka go dira jalo ke ne ke sa akanye thata ka legae. Gape ke ne ke gakologelwa gore batsadi ba me kwa gae ba itumelela go bo ke dira mo tshimong e sele. Mmè ka dinako tsotlhe o ne a nkgothatsa ka mafoko ano: ‘Jehofa a ka go tlhokomela botoka go feta ka fa nka kgonang ka teng.’”

Makiko yo o tswang kwa Japane, o ne a oketsa jaana ka go dira motlae: “Morago ga go dira letsatsi lotlhe mo tirelong ya tshimo, ke lapile tota. Ka jalo fa ke goroga kwa gae mme ke simolola go tlhoafalela gae, gantsi ke a thulamela. Ka jalo, boikutlo jono ke jwa nakwana fela.”

Go Tweng ka Bana?

Fa go na le bana, ba tshwanetse go tlhokomelwa ka dilo tse ba di tlhokang, tse di jaaka thuto. Mo ntlheng eno bangwe ba ile ba tlhopha go rutela bana kwa gae fa ba bangwe bone ba ba kwadisa mo dikolong tsa lefelo leo.

Al o ne a fudugela kwa Amerika Borwa le mosadi wa gagwe, bana ba babedi le mmaagwe. O bolela jaana: “Re ne ra fitlhela gore go tsenya bana sekolo go ba thusa go ithuta puo ka bonako thata. Mo dikgweding di le tharo fela ba ne ba setse ba kgona go bua sentle.” Mo letlhakoreng le lengwe, basimane ba babedi ba ga Mike le Carrie ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ithuta ba dirisa sekolo se se itsegeng thata se o ithutang o le kwa gae. Batsadi ba re: “Re lemogile gore dithuto tse di ntseng jalo di ne di ka se tlogelelwe gotlhelele mo baneng ba rona ba le bosi. Re ne ra tshwanelwa ke go nna le seabe mo khosong le go tlhomamisa gore basimane ba tsamaisana le se se rutiwang.”

David le Janita ba ba tswang kwa Australia, ba tlhalosa maikutlo a bone ka basimane ba bone ba babedi. “Re ne re batla gore basimane ba rona ba iponele ka bobone kafa batho ba bangwe ba tshelang ka teng. Go motlhofo go tsaya fela gore mokgwa wa botshelo o re godileng ka one ke one fela o batho botlhe ba tshelang ka one, mme totatota ke ba se kae fela ba ba o tshelang. Gape ba ne ba bona ka fa melaometheo ya puso ya Modimo e dirang ka teng go ralala lefatshe lotlhe, le fa e ka nna mo nageng efe kana setso sefe.”

Ken o gakologelwa jaana: “Ke ne ke na le dingwaga di le nnè fela fa lelapa la gaetsho le fuduga kwa Engelane ka 1969. Le fa gone ke ne ka swabisiwa ke gore ga re a ka ra nna mo ntlong ya mbu e e ruletsweng ka bojang, jaaka ke ne ke akantse, ke ikutlwa gore ke ne ka godisiwa ka tsela e e itumedisang go gaisa tsotlhe tse mosha a ka di bonang. Ka dinako tsotlhe ke ne ke utlwela bana ba bangwe botlhoko ba ba sa bonang sebaka se se tshwanang le seno! Ka gonne ke ne ke tlwaelane thata le barongwa le babulatsela ba ba kgethegileng, ke ne ka simolola go nna mmulatsela yo o thusang fa ke na le dingwaga di le robongwe.” Ken jaanong ke molebedi yo o etang.

Gabriella, e bong morwadie Jesse o dumela jaana: “Jaanong Ecuador e setse e le legae la rona. Ke itumelela go bo batsadi ba me ba ile ba dira tshwetso ya go tla fano.”

Mo letlhakoreng le lengwe, go ne ga nna le bana ba ba sa kgonang go tlwaela ka ntlha ya mabaka a a farologaneng mme malapa a bone a tshwanela go boela kwa nageng ya bone. Ke gone ka moo go akantshiwang gore motho a etele naga eo e sele pele ga a fudugela kwa go yone. Ka tsela eno lo ka dira ditshwetso go ya ka se lo se iponetseng ka matlho.

Masego a go Fuduga

Eleruri, go fudugela kwa tshimong e sele go akaretsa dikgwetlho tse dintsi le go intsha setlhabelo. A go ne ga itshupa go le mosola mo go ba ba neng ba fuduga? A re re ba re bolelele.

Jesse: “Mo dingwageng di le lesome tse re di nnileng mo toropong ya Ambato, re ne ra bona palo ya diphuthego e gola go tloga go di le 2 go ya go di le 11. Re ne ra nna le tshiamelo ya go thusa go simolola di le tlhano tsa diphuthego tseo, e bile re ne ra dira mo kagong fa go ne go agiwa Diholo di le pedi tsa Bogosi. Gape re ne ra ipelela go thusa palogare ya baithuti ba Baebele ba babedi ka ngwaga gore ba tshwanelege go kolobediwa. Ke ikwatlhaela selo se le nosi fela—go bo ke sa tla fano dingwaga di le lesome pelenyana.”

Linda: “Tsela e batho ba anaanelang dikgang tse di molemo le maiteko a rona ka teng e re kgothatsa thata. Ka sekai, mo torotswaneng nngwe e e mo sekgweng, moithuti mongwe wa Baebele e bong Alfonso o ne a lemoga kafa go ka nnang mosola ka teng go tshwara dipuo tsa phatlalatsa mo lefelong la bone. O ne a sa tswa go fudugela mo ntlong ya gagwe e ntšha e e agilweng ka logong, nngwe ya di le mmalwa fela mo motseng. Ka go dira tshwetso ya gore ntlo ya gagwe ke yone fela kago e e tshwanelang Jehofa mo toropong eo, o ne a boela kwa ntlong ya gagwe ya bojang mme a neela bakaulengwe ntlo ya gagwe go e dirisa jaaka Holo ya Bogosi.”

Jim: “Nako e re e fetsang re bua le batho ka bodiredi e gaisa thata e re e fetsang re bua le batho kwa United States. Mo godimo ga moo, mokgwa o batho ba tshelang ka one fano o iketlile. Kwantle ga pelaelo go na le nako e ntsi ya go ithuta le ya tirelo ya tshimo.”

Sandra: “Go bona ka fa boammaaruri jwa Baebele bo ka fetolang batho ka teng go ba dira ba ba botoka go nkgotsofatsa thata. Nkile ka ithuta Baebele le Amada, mong wa lebentlele le lennye la korosari yo o nang le dingwaga di le 69. Ka gale o ne a oketsa mashi ka metsi. O ne a tswelela go tsietsa bareki ba gagwe ka go rekisa mashi ano a a tshetsweng metsi ka go sa tlatse selekanyo sa one. Mme morago ga go ithuta tshedimosetso e e kafa tlase ga setlhogwana sa ‘Go Ikanyega go Felela ka Boitumelo’ mo kgaolong ya 13 ya buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, Amada o ne a tlogela go dira ditiro tseno tse di sa siamang. A bo e ne e le boitumelo jang ne go mmona a kolobediwa moragonyana fela ga moo!”

Karen: “Ga ke ise nke ke tshwanelwe ke go ikaega ka Jehofa thata jaana kana go dirisiwa ke ene thata jaaka ke dira fano. Botsalano jwa me le Jehofa bo godile thata e bile e nnile jo bo maatla.”

Go Tweng ka Wena?

Go ralala dingwaga Basupi ba le diketekete ba ile ba fuduga go ya go direla go sele. Bangwe ba ne ba nna ngwaga kana di le pedi, ba bangwe bone ba ne ba nnela ruri. Ba tla le maitemogelo a bone, kgolo ya semoya le madi a bone, ka maikaelelo a go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi kwa tshimong e sele. Ba ile ba kgona go direla mo mafelong a baboledi ba Bogosi ba dinaga tseo ba sa kgoneng go direla mo go one ka ntlha ya go tlhoka ditiro tsa boitshediso. Ba le bantsi ba ile ba reka dikoloi tse di gogang ka maotwana a le manè gore ba dire mo tshimong e e sa kgoneng go tsamaega. Ba bangwe, e re ka ba rata botshelo jwa mo toropong, ba ile ba nna mo diphuthegong tse dikgolo tse di nang le bagolwane ba le mmalwa fela. Le fa go ntse jalo, botlhe fela ba gatelela gore ba bone masego a mantsi thata a dilo tsa semoya go feta ka fa bone ba abileng ka teng.

A o ka nna le seabe mo tshiamelong ya go direla kwa tshimong e sele? Fa e le gore maemo a gago a go letla, ke ka ntlha yang o sa sekaseke dilo go bona gore a o ka se fuduge? Kgato ya ntlha e bile e le ya konokono e tla nna go kwalela ofisi ya lekala ya Mokgatlho kwa nageng e o akanyang go fudugela kwa go yone. Tshedimosetso e e kgethegileng e o e amogelang e tla go thusa gore o tlhatlhobe gore a o tla kgona go atlega. Mo godimo ga moo, dikakantsho tse di molemo di ka bonwa mo setlhogong sa ‘Tloga mo Lefatsheng la Gaeno Le mo Go Balosika Lwa Gaeno,’ mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa August 15, 1988. Ka go rulaganya dilo sentle le go segofadiwa ke Jehofa, gongwe le wena o ka nna le boipelo jwa go direla kwa tshimong e sele.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

TOM LE LINDA BA LE MO TSELENG E E KWA THOKOTHOKO, BA LEBILE KWA MOTSENG WA BAINDIA WA SHUAR

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

BA LE BANTSI BA DIRELA MO QUITO, MOSHATE WA ECUADOR

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

MAKIKO A RERA KWA DITHABENG TSA ANDES

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

LELAPA LOORA HILBIG E SA LE LE DIRELA KWA ECUADOR KA DINGWAGA TSE TLHANO

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela