Phitlhelelo e e Botlhokwatlhokwa mo Barating ba Lefoko la Modimo
Ka 1998 barati botlhe ba Lefoko la Modimo ba ile ba bona phitlhelelo e e botlhokwatlhokwa. Ka ngwaga oo, go ne ga tswa khopi ya bomilione wa bo100 ya “New World Translation of the Holy Scriptures” mo motšhining o o gatisang. Ka gone e nnile nngwe ya Dibaebele tse di ileng tsa anamisiwa thata mo lekgolong leno la dingwaga!
NAMANE e tona eno ya tiro ya thanodi e itumedisa thata fa re gopola gore fa e gololwa, e ne ya tshwaiwa diphoso thata. Le fa go ntse jalo, ga ya falola fela mme gape e ile ya atlega, ya kgona go fitlhelela magae a a dimilione—le dipelo—go ralala lefatshe lotlhe! Thanolo e e tlhomologileng eno e simologile kae? E tlhotlhelediwa ke mang? Mme o ka solegelwa molemo jang ka go e dirisa?
Ke Eng Fa go Ne go Tlhokega Thanolo E Ntšha?
Watch Tower Bible and Tract Society, e e leng lekgotla la semolao le le emelang Basupi ba ga Jehofa, e ntse e anamisa Dibaebele ka dingwaga tse di fetang lekgolo. Gone mme, ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bona go tlhokega gore go dirwe thanolo e nngwe ya Lefoko la Modimo? Buka ya So Many Versions?, e e kwadilweng ke Sakae Kubo le Walter Specht e bolela jaana: “Ga go na thanolo epe ya Baebele e go ka tsewang gore ke ya bofelo. Dithanolo di tshwanetse go lepalepana le go gola ga bokanoki jwa Baebele le go fetofetoga ga puo.”
Mo lekgolong leno la dingwaga, Sehebera, Segerika le Searamaika—dipuo tse Baebele e ileng ya kwalwa ka tsone lantlhantlha—di ile tsa nna tsa tlhaloganngwa botoka go feta pele. Gape, go ile ga ribololwa mekwalo ya seatla ya Baebele e e leng ya bogologolo thata e bile e tlhomame thata go gaisa e e neng e dirisiwa ke dikokomana tse di fetileng tsa baranodi ba Baebele. Ka gone Lefoko la Modimo le ka ranolwa ka tsela e e tlhomameng thata gompieno go gaisa le fa e le leng pele! Ka jalo, go ne go utlwala gore go tlhomiwe Komiti ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha gore e ranolele Baebele mo dipuong tsa segompieno.
Ka 1950 go ne ga gatisiwa thanolo ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka Seesemane. Setlhogo sa yone ka bosone se supa go tswa ka bopelokgale mo go se se neng se tlwaelegile, se sa tlhalose Baebele e le e e nang le tesetamente e “Ntšha” le e “Kgologolo.” Mo lesomeng le le neng la latela la dingwaga, go ile ga gatisiwa dikarolo tsa Dikwalo Tsa Sehebera e le dikarolwana. Ka 1961 go ne ga gololwa Baebele e e feletseng ya Seesemane e le bolumo e le nngwe.
Tota ke mang yo o ileng a ranola Baebele e e tlhomologileng eno? Tora ya Tebelo ya September 15, 1950 (ka Seesemane) e ne ya re: “Banna ba ba bopang komiti ya thanolo eno ba ile ba supa gore . . . ba batla go nna ba sa itsiwe, mme segolobogolo ga ba batle gore maina a bone a gatisiwe fa ba sa ntse ba tshela kana fa ba setse ba sule. Boikaelelo jwa thanolo eno ke go tlotlomatsa leina la Modimo o o tshelang wa boammaaruri.” Batshwayadiphoso bangwe ba ile ba bolela gore thanolo eno e tshwanetse go tsewa fela gore ke tiro ya bomaithutwane, mme ga se botlhe ba ba neng ba na le kgopolo eno e e sa utlwaleng. Alan S. Duthie o kwala jaana: “Fa re itse gore baranodi kana bagatisi ba thanolo nngwe ya Baebele ke bomang, a seno se re thusa go bona gore a thanolo eo e siame kana ga e a siama? Ga go a nna jalo tota. Ga go na sepe se se ka emisetsang tiro ya go tlhatlhoba dikarolo tsa thanolo nngwe le nngwe ka boyone.”a
Dikarolo Tse di Tlhomologileng
Babadi ba ba dimilione ba ile ba dira fela jalo mme ba ile ba lemoga gore New World Translation ga se fela thanolo e e balegang sentle mme gape e tlhomame. Baranodi ba yone ba ile ba e ranola go tswa mo dipuong tsa ntlhantlha tsa Sehebera, Searamaika le Segerika, ba dirisa mokwalo o o molemo go gaisa o ba neng ba na le one.b Gape ba ne ba le kelotlhoko thata gore ba ranole mokwalo wa bogologolo fela jaaka o ntse ka mo ba ka kgonang ka teng mme e le ka puo e e ka tlhaloganngwang sentle. Ka gone, bakanoki bangwe ba akgola thanolo eno ka ntlha ya bothokgami jwa yone le go tlhomama ga yone. Ka sekai, Andover Newton Quarterly ya January 1963 e ne ya re: “Thanolo eno ya Tesetamente e Ntšha e neela bosupi jwa gore mo mokgatlhong ono go na le bakanoki ba ba tshwanelegang go ka rarabolola mathata a thanolo ya Baebele ka botlhale.”
Baranodi ba ne ba senola tsela e ntšha ya go tlhaloganya Baebele. Ditemana dingwe tsa Baebele tse pele di neng di sa tlhaloganngwe sentle di ne tsa simolola go tlhaloganyesega ka tsela e e gakgamatsang. Ka sekai, temana e e tlhakanyang tlhogo e e mo go Mathaio 5:3, e e reng “go sego ba ba humanegileng mo moyeng” (King James Version), e ne ya ranolwa ka tsela e e utlwalang sentle: “Go itumela ba ba utlwang go tlhoka ga bone ga semoya.” Gape tsela e New World Translation e ranolang mafoko a konokono ka teng e tlhomame e bile e a tshwana. Ka sekai, lefoko la Segerika e leng psy·kheʹ, le ne la ranolwa e le “moya” gongwe le gongwe mo le tlhagang teng. Ka ntlha ya seo, babadi ba kgona go lemoga ka bonako gore, go farologana le megopolo ya bodumedi, moya ga se selo se se sa sweng!—Mathaio 2:20; Mareko 3:4; Luke 6:9; 17:33.
Go Busetsa Leina la Modimo
Karolo e e tlhomologileng ya New World Translation ke ya go busediwa ga leina la Modimo e bong Jehofa. Mo dikhoping tsa bogologolo tsa Baebele ya Sehebera, leina la Modimo le emelwa ke ditumammogo tse nnè tse di ka ranolwang e le YHWH kana JHVH. Leina leno le le tlhaolang le tlhaga mo e ka nnang ka makgetlo a le 7 000 mo go se go tweng ke Tesetamente e Kgologolo fela. (Ekesodo 3:15; Pesalema 83:18) Kwantle ga pelaelo, Mmopi wa rona o ne a batla gore baobamedi ba gagwe ba itse e bile ba dirise leina la gagwe!
Le fa go ntse jalo, go nna le poifo ya tumelobotlhodi go ile ga dira gore batho ba Bajuda ba tlogele go tlhola ba dirisa leina la Modimo. Morago ga go swa ga baaposetoloi ba ga Jesu, batho ba ba neng ba kopolola Dikwalo Tsa Segerika ba ne ba simolola go emisetsa leina la Modimo ka mafoko a Segerika a Kyʹri·os (Morena) kana The·osʹ (Modimo). Ka maswabi, baranodi ba gompieno ba ile ba tsweletsa ngwao eno e e tlontlololang Modimo, ka go ntsha leina la Modimo mo Dibaebeleng di le dintsi ba bo ba fitlha gore Modimo o na le leina. Ka sekai, mo go Johane 17:6 go na le mafoko a ga Jesu a a reng: “Ke bonatshitse leina la gago.” Le fa go ntse jalo, Today’s English Version e e ranola jaana: “Ke dirile gore o itsiwe.”
Bakanoki bangwe ba buelela lebaka la go bo leina la Modimo le ntshitswe ka gore tsela e tota le tshwanetseng go bidiwa ka yone ga e itsiwe. Le fa go ntse jalo, maina a Baebele a a tlwaelegileng a a jaaka Jeremia, Isaia le Jesu a nna a ntse a ranolwa ka ditsela tse di sa tshwaneng le tsela ya ntlhantlha ya Sehebera e a neng a bidiwa ka yone. E re ka mokgwa wa go ranola leina la Modimo e le Jehofa e le o o amogelwang—e bile e le o batho ba le bantsi ba o tlwaetseng—mabaka a go bo le sa dirisiwe ga a utlwale.
Komiti ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha e ile ya tsaya kgato ya bopelokgale ya go dirisa leina Jehofa mo dikarolong tsa Dikwalo Tsa Sehebera le tsa Segerika. Ba ne ba tlhometswe sekao seno ke dithanolo tsa ntlhantlha tse di neng tsa ranolelwa batho ba kwa Amerika Bogare, South Pacific le kwa Botlhaba. Le fa go ntse jalo, go dirisiwa jalo ga leina la Modimo ga se fela go direla gore batho ba le ithute. Go itse leina la Modimo go botlhokwa gore motho a mo itse ka namana. (Ekesodo 34:6, 7) New World Translation e ile ya rotloetsa babadi ba le dimilione gore ba dirise leina la gagwe!
Go Fitlhelela Babadi Ba ba Sa Baleng Seesemane
Gare ga dingwaga tsa 1963 le 1989 New World Translation e ne ya nna gone yotlhe kana karolo ya yone, ka dipuo tse dingwe di le lesome. Le fa go ntse jalo, tiro ya go ranola e ne e lapisa, ditiro tse dingwe tsa go ranola di ne di tsaya dingwaga di le 20 kana go feta. Ka gone, ka 1989 go ne ga tlhomiwa Lephata la Tirelo ya Thanodi kwa ntlongkgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa. Ka kaelo ya Komiti ya Bakwadi ya Setlhopha se se Laolang, lephata leno le ne la rulaganya go akofisa tiro ya go ranola Baebele. Go ne ga simololwa mokgwa wa go ranola o o neng o kopanya go ithuta mafoko a Baebele le boranyane jwa saense jwa khomputara. Thulaganyo eno e bereka jang?
Fa Komiti ya Bakwadi e sena go dumela gore Baebele e ranolelwe mo puong e ntšha, e tlhoma setlhopha sa Bakeresete ba ba ineetseng gore ba bereke jaaka setlhopha sa baranodi. Fa ba bereka e le setlhopha ba kgona go ranola ka tsela e e lekalekaneng thata go feta fa e le motho a le mongwe fela. (Bapisa Diane 11:14.) Ka kakaretso, leloko lengwe le lengwe la setlhopha le na le maitemogelo a go ranola dikgatiso tsa Mokgatlho. Morago ga foo setlhopha seno se fiwa thapiso e e tseneletseng malebana le melaometheo ya thanolo ya Baebele le kafa ba tshwanetseng go dirisa dithulaganyo tsa khomputara tse di kgethegileng ka teng. Khomputara ga e ranole, mme e kgona go thusa setlhopha go bona tshedimosetso e e botlhokwa e bile e ba thusa go boloka ditshwetso tse ba di dirileng.
Tiro ya go ranola Baebele e na le dikgato tse pedi. Mo kgatong ya ntlha, baranodi ba newa lenaane la mafoko le dipolelo tse di dirisitsweng mo go New World Translation. Mafoko a a tsamaisanang a Seesemane a a jaaka “atone,” “atonement,” le “propitiation,” a bewa mmogo, go thusa baranodi gore ba tlhokomele bokao jwa one jo bo sa bonaleng jo bo farologaneng. Ba dira lenaane la mafoko a a tsamaisanang le one ka puo e ba ranolelang mo go yone. Gone mme, ka dinako tse dingwe moranodi a ka nna le bothata jwa go ranola temana nngwe. Thulaganyo ya khomputara ya go batlisisa e thusa moranodi ka tshedimosetso ya mafoko a Segerika le a Sehebera e bile e mo thusa go bona tshedimosetso mo dikgatisong tsa Watch Tower.
Fa thanolo e tsena mo kgatong ya yone ya bobedi, mafoko a puo e go ranolelwang mo go yone a a tlhophilweng a itsenya mo temaneng ya Baebele. Seno se dira gore thanolo eno e nne e e tlhomameng le e e buang selo se se tshwanang. Le fa go ntse jalo, mafoko a a tsentsweng ka thulaganyo eno ya “go batla le go tsenya mafoko” ga a balege. Go tshwanetse ga tsewa matsapa a magolo go kwala le go rulaganya temana ya Baebele sesha gore di balege sentle.
Thulaganyo eno ya thanolo e itshupile e thusa thata. Setlhopha sengwe se ne sa kgona go ranola Dikwalo Tsa Sehebera tsotlhe mo dingwageng tse pedi fela. Bapisa seno le setlhopha se se ileng sa ranolela mo puong nngwe e e batlang e tshwana le yone mme se sa dirise thuso ya khomputara. Go ne ga ba tsaya dingwaga di le 16. Go tla go fitlha mo lobakeng lono, Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di setse di gatisitswe ka dipuo tse dingwe di le 18 fa e sa le ka 1989. Gone jaanong New World Translation e gone e feletse kana karolo ya yone ka dipuo di le 34. Ka jalo, diperesente tse di fetang 80 tsa Basupi ba ga Jehofa bobotlana ba na le Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka puo ya bone.
United Bible Societies e bega gore mo dipuong di le 6 500 tsa lefatshe, dikarolo tsa Baebele di teng fela ka dipuo di le 2 212.c Ka jalo, baranodi ba ba ka nnang 100 ba tshwaragane le go ranolela New World Translation ya Dikwalo Tsa Sehebera mo dipuong di le 11 le tsa Segerika mo dipuong di le 8. Go rata ga Modimo ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:4) Ga go na pelaelo gore New World Translation e tla tswelela pele e na le seabe se segolo mo go seno.
Ka jalo re itumela go bo thanolo eno e ile ya feta palo e kgolo ya dikhopi di le dimilione di le 100 mme re rapela gore go gatisiwe dimilione tse dingwe tse di oketsegileng mo isagweng. Re go kgothaletsa gore o e itlhatlhobele. O tla itumelela dilo tse dintsi tse di kgethegileng: mokwalo o o bonalang sentle, ditlhogo tsa ditsebe, intekese e e ka go thusang go bona ditemana tse di tlwaelegileng, dimmapa tse di nang le tshedimosetso e e feletseng le tshedimosetso e e kgatlhang ya aphendikise. Se se botlhokwa le go feta, o ka kgona go bala Baebele eno o tlhatswegile pelo gore e fetiseditse dipolelo tsa Modimo ka tsela e e tlhomameng mo puong ya gago.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Se se kgatlhang ke gore, khabara ya Kgatiso ya Ditshupiso ya 1971 ya New American Standard Bible le yone e ne ya bolela jaana: “Ga re a umaka leina la mokanoki ope yo go tla bodiwang mo go ene kana yo o tla e buelelang ka gonne re dumela gore Lefoko la Modimo le tshwanetse gore le ikemele ka bolone.”
b Karolo ya Segerika e ne e theilwe mo go The New Testament in the Original Greek ya ga Westcott le Hort. Dikwalo Tsa Sehebera tsone di ne di theilwe mo go Biblia Hebraica ya ga R. Kittel.
c E re ka batho ba le bantsi ba kgona go bua dipuo di feta e le nngwe, go dumelwa gore Baebele, e feletse kana karolo ya yone, e ranoletswe mo dipuong tse di lekaneng gore e ka balwa ke diperesente tse di fetang 90 tsa baagi ba lefatshe.
[Mafoko a a mo go tsebe 29]
“Thanolo eno ya Tesetamente e Ntšha e neela bosupi jwa gore mo mokgatlhong ono go na le bakanoki ba ba tshwanelegang go ka rarabolola mathata a thanolo ya Baebele ka botlhale.”—ANDOVER NEWTON QUARTERLY, JANUARY 1963
[Mafoko a a mo go tsebe 30]
“Dithanolo di tshwanetse go lepalepana le go gola ga bokanoki jwa Baebele le go fetofetoga ga puo”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 31]
BAKANOKI BA BAKA NEW WORLD TRANSLATION
EDGAR J. Goodspeed yo e leng moranodi wa “Tesetamente e Ntšha” ya Segerika ya An American Translation o ne a kwala jaana mo lekwalong la December 8, 1950 malebana le Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika: “Ke kgatlhegela tiro ya borongwa ya batho ba lona, le go bo e aname mo lefatsheng lotlhe, mme ke rata thata thanolo eno e e sa gagamalang, e e sa potapoteng le e e utlwalang sentle. Nka supa gore e bontsha gore batho ba yone ba na le kitso e kgolo thata le e e molemolemo.”
Mokanoki wa puo ya Sehebera le ya Segerika e bong Alexander Thomson o ne a kwala jaana: “Go bonala fa thanolo eno e le ya bakanoki ba ba nang le bokgoni le ba ba botlhale, ba ba ileng ba leka go tlhalosa se tota mokwalo wa Segerika o se bolelang go ya kafa puo ya Seesemane e kgonang go tlhalosa ka teng.”—The Differentiator, April 1952, ditsebe 52-7.
Mokanoki mongwe wa Mohebera e bong Porofesa Benjamin Kedar, o ne a bolela jaana ka 1989: “Fa ke ntse ke tlhatlhobisa puo ya Baebele ya Sehebera le dithanolo tsa yone, gantsi ke leba mo kgatisong ya Seesemane e e bidiwang New World Translation. Ka go dira jalo, ke bona ke tlhomamisega gangwe le gape gore buka eno e supa gore bakwadi ba yone ba lekile thata gore mokwalo wa yone o tlhaloganngwe sentle ka mo go ka kgonegang ka teng.”