Fa Bopelotshweu bo le Bogolo
FA O ne o ka fiwa tshono ya go naya kgosi mpho, o ne o tla mo naya eng? Go tweng fa e le gore ke mmusi yo o humileng le yo o botlhale go gaisa ope fela mo lefatsheng? A o ne o ka kgona go akanya ka mpho epe e e neng e ka mo kgatlha? Dingwaga tse di ka nnang dikete tse tharo tse di fetileng, kgosigadi ya kwa Sheba e ne ya tshwanela gore e akanye ka tsone dipotso tseo fa e ntse e baakanyetsa loeto lwa yone lwa go etela mmusi yo o ntseng jalo—Kgosi Solomone wa kwa Iseraele.
Baebele e bolela gore mpho ya gagwe e ne e akaretsa ditalenta di le 120 tsa gouta “le leokwane le lentsi thata la balema le maje a a tlhokegang.” Go ya ka tlhwatlhwa ya gompieno, boleng jwa gouta e le yosi e ne e ka nna R242 000 000. Leokwane la balema, le e neng e le leokwane le le nkgang monate e bile le alafa, le ne le tsewa le le tlhwatlhwakgolo jaaka gouta. Le mororo Baebele e sa bolele gore kgosigadi e ile ya naya Solomone leokwane le le kana kang, e re bolelela gore mpho ya gagwe e ne ya nna e e sa ka keng ya lekanngwa le epe.—1 Dikgosi 10:10, NW.
Ga go na pelaelo gore kgosigadi ya Sheba e ne e le mosadi yo o humileng le yo o bopelotshweu. Mo godimo ga moo, bopelotshweu jwa gagwe bo ile jwa duelwa. Baebele e bolela jaana: “Kgosi Solomone a naya mohumagadi kgosi ya Sheba keletso yotlhe ya gagwe, sengwe le sengwe se o se lopang kwa ntle ga tse o ne a tsile natso kgosing.” (2 Ditirafalo 9:12, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Gone ke boammaaruri gore e ka tswa e ne e le tlwaelo ya gore bantlo ya segosi ba ananye dimpho; le fa go ntse jalo, Baebele e umaka ka mo go kgethegileng gore Solomone o ne a “naya fela ka go rata.” (1 Dikgosi 10:13) Solomone ka boene o ne a kwala jaana: “Motho yo o fang ka pelontle o tlaa nontshiwa, le yo o nosang le ene ka esi o tlaa nosiwa.”—Diane 11:25.
Gone mme, kgosigadi ya Sheba le yone e ne ya tsaya nako ya bo ya dira maiteko a magolo a go etela Solomone. Go bonala fa Sheba e ne e le mo lefelong le gompieno e leng Republic of Yemen; ka jalo go ka direga gore kgosigadi le mokoloko wa yone wa dikamela ba ile ba tsaya loeto lwa dikilometara tse di fetang 1 600 go ya kwa Jerusalema. Jaaka Jesu a ne a bolela, “e ne e tswa mafelelong a lefatshe.” Ke eng fa kgosigadi ya Sheba e ne ya tsaya matsapa a magolo jaana? O ne a tlile segolobogolo go “tla go utlwa botlhale jwa ga Solomone.”—Luke 11:31.
Dikgosi wa Ntlha 10:1, 2 e bolela gore kgosigadi ya Sheba “a tla go . . . lekisa [Solomone] ka dipotso tse di thata . . . [A] bua nae ka ga dilo tsotlhe tse di mo pelong ya gagwe.” Solomone o ne a arabela jang? “Solomone a mmolelela dipotso tsotlhe tsa gagwe, go sa fitlhega sepe mo kgosing se o se kang a se mmolelela.”—1 Dikgosi 10:3.
E re ka kgosigadi e ne e gakgametse ka se e neng e se utlwa le go se bona, e ne ya araba jaana ka boikokobetso: “Go sego batlhanka ba ba gago ba ba tlholang ba eme fa pele ga gago, ba utlwa botlhale jwa gago.” (1 Dikgosi 10:4-8) O ne a sa bolele gore batlhanka ba ga Solomone ba sego ka go bo ba potapotilwe ke dikhumo—le mororo go ne go ntse jalo. Go na le moo, batlhanka ba ga Solomone ba ne ba segofetse ka go bo ba ne ba tlhola ba reetsa botlhale jwa ga Solomone jo a bo filweng ke Modimo. A bo kgosigadi ya Sheba e le sekao se se molemo jang ne mo bathong ba ga Jehofa gompieno, ba ba itumelelang botlhale jwa Mmopi ka boene le jwa Morwawe, Jesu Keresete!
Selo se sengwe gape se se botlhokwa ke kakgelo e nngwe ya kgosigadi go Solomone: “A go bakwe Jehofa Modimo wa gago.” (1 Dikgosi 10:9) Kwantle ga pelaelo, o ne a bona gore Jehofa ke ene a thusang Solomone go nna botlhale le go atlega. Se se tsamaisana le se Jehofa a neng a se solofeditse Iseraele pelenyana ga foo. ‘Fa lo tshegetsa ditao tsa me,’ a rialo, “mo ke botlhale jwa lona, le tlhaloganyo ya lona, mo ponong ya ditšhaba, tse di tlaa utlwang ditao tse, mme di re: ‘Ruri morafe o mogolo o, ya bo e le tšhaba e e tlhalefileng, e e tlhaloganyang.’”—Duteronome 4:5-7.
Go Atamela Monei wa Botlhale
Le mo metlheng ya gompieno, dimilione di ile tsa gogelwa mo phuthegong ya ga Jehofa ka gonne ba ile ba lemoga gore “Iseraele wa Modimo” ke “tšhaba e e tlhalefileng, e e tlhaloganyang,” e seng ka tlholego, mme ka go bo melao le melaometheo ya Modimo e e itekanetseng e a ba kaela. (Bagalatia 6:16) Dipalo tsa batho ba ba kolobeditsweng di supa gore mo dingwageng tsa bosheng jaana, ngwaga le ngwaga barutwa ba basha ba le dikete di le makgolokgolo ba ile ba raya Iseraele wa semoya ba re: “Re tlaa ya le lona, gonne re utlwile fa Modimo o ntse le lona.” (Sekaria 8:23) A bo batho ba basha bano ba gakgamala jang ne fa ba bona modiro wa dijo tsa semoya o Jehofa a o diretseng batlhanka ba gagwe! Ga ba ise ba ko ba bone sepe se se tshwanang le seno mo ditumelong tsa bone tsa pele.—Isaia 25:6.
Go Abela Moabi yo Mogolo
E re ka batho ba ba anaanelang ba amogetse mo gontsi jaana, ka tlholego fela ba ipotsa gore ke eng se le bone ba ka se nayang Kgosi le Moabi yo mogolo go gaisa botlhe, Jehofa Modimo. Baebele e senola gore mpho e e molemolemo e re ka e nayang Jehofa ke “setlhabelo sa pako.” (Bahebera 13:15) Ka ntlha yang? Ka gonne setlhabelo seno se amana ka tlhamalalo le go boloka botshelo, selo se Jehofa a amegileng thata ka sone mo motlheng ono wa bokhutlo. (Esekiele 18:23) Mo godimo ga moo, fa motho a dirisa maatla a gagwe le nako ya gagwe go thusa batho ba ba lwalang, ba ba tshwenyegileng mo maikutlong le ba bangwe ke setlhabelo se se amogelesegang.—1 Bathesalonika 5:14; Bahebera 13:16; Jakobe 1:27.
Meneelo ya madi e na le seabe se segolo. E dira gore go kgonege gore go gatisiwe Dibaebele, dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng le go bona mafelo a Bakeresete ba ka kopanelang mo go one. (Bahebera 10:24, 25) Meneelo gape e thusa ka madi a namolo a a thusang batho ba ba tlhasetsweng ke dintwa le masetlapelo a tlholego.
Lefoko la Modimo le na le melaometheo mengwe e e molemo go re kaela mo kgannyeng ya go aba. Ka sekai, le ruta gore Bakeresete ba neele se ba kgonang go se neela, e seng selekanyo sengwe se se beilweng, ba dira jalo ka go rata, go tswa mo pelong e e itumetseng. (2 Bakorintha 9:7) Ba bangwe ba ka neela go le gontsi; ba bangwe jaaka motlholagadi wa motlha wa ga Jesu, ba ka nna ba bo ba kgona go neela fela go le gonnye. (Luke 21:2-4) A ga go itumedise gore Jehofa—Mong wa lobopo lotlhe—o anaanela mpho le setlhabelo sengwe le sengwe se se neelwang ka moya o montle mo leineng la gagwe?—Bahebera 6:10.
Gore batho ba ga Jehofa ba kgone go aba ka boitumelo, ba nna ba bolelelwa ka dilo tse di farologaneng tse di tlhokegang le ka ditsela tse di molemo tse ditlhokego tseo di ka tlhokomelwang ka gone. Mme moya wa ga Jehofa o o boitshepo le one o tlhotlheletsa dipelo tse di ratang gore di arabele. Kwa Iseraeleng ya bogologolo go ne go latelwa thulaganyo eno fa go ne go agiwa motlaagana mme moragonyana le tempele. (Ekesodo 25:2; 35:5, 21, 29; 36:5-7; 39:32; 1 Ditirafalo 29:1-19) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., yone thulaganyo eo e ne ya dira gore Bakeresete ba kgone go nna le dilo tse ba neng ba di tlhoka gore ba isetse ditšhaba dikgang tse di molemo tsa Bogosi le gore ba tshegetse bakaulengwe kwa Iseraele ka nako ya leuba.—1 Bakorintha 16:2-4; 2 Bakorintha 8:4, 15; Bakolosa 1:23.
Ka mo go tshwanang le gompieno, Jehofa o segofaditse batho ba gagwe, mme o tla nna a ntse a ba segofatsa, ka go ba naya se ba se tlhokang gore ba wetse letsholo la go rera le go ruta le legolo go gaisa otlhe a a kileng a nna gone mo lefatsheng.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.
Ke Eng se se Tlhokegang Gone Jaanong?
Mo dingwageng tsa bosheng jaana Basupi ba ga Jehofa ba ile ba kwadisiwa mo dinageng tse dintsi tse pele tiro ya bone e neng e thibetswe kwa go tsone. Ka ntlha ya seo, go ile ga nna le koketsego e kgolo ya baboledi mo dinageng tseno. Ka mo go utlwalang, go tlhokega Dibaebele le dikgatiso tsa Baebele thata.
Go tlhokega le Diholo Tsa Bogosi. Gone jaanong go tlhokega Diholo Tsa Bogosi tse disha di ka nna 9 000 go ralala lefatshe. Fa go ne go ka agiwa Holo e le nngwe ya Bogosi letsatsi le letsatsi, go ne go tla tsaya dingwaga di feta 24 gore go fitlhelelwe ditlhokego tse di leng teng gone jaanong! Go ntse go le jalo, go tlhomiwa diphuthego tse disha di ka nna supa ka letsatsi, bontsi jwa tsone di le mo dikarolong tsa lefatshe tse di tlhaelelwang ke madi. Ka fa letlhakoreng le lengwe, bontsi jwa mafelo ano ga a tlhoke dikago tse di tlhwatlhwakgolo. Mo mafelong mangwe, Holo ya Bogosi e e tshwanelang le e e neelang bosupi jo bontle mo tikologong e ka wediwa ka madi a mannye a a kana ka R36 000.
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bakeresete bangwe ba ne ba eme sentle mo go tsa madi go na le ba bangwe, ka jalo moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ka go lekalekanya mo go setseng ga lona gone fela jaanong go tle go tlose go tlhaelelwa ga bone, e le gore mo go setseng ga bone le gone go tle go tlose go tlhaelelwa ga lona, gore go lekalekanya go tle go diragale.” (2 Bakorintha 8:14) Gompieno, “go lekalekanya” go go tshwanang go duelela Dibaebele tse di tlhokegang, dikgatiso tsa Baebele, Diholo Tsa Bogosi, thuso ya namolo, le dilo tse dingwe mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe. A bo go aba go go ntseng jalo e le tshegofatso jang ne—mo mothong yo o abang le yo o amogelang!—Ditiro 20:35.
Jaaka go supilwe mo makwalong a Mokgatlho o a amogelang mo bathong ba ba pelotshweu, babadi ba bantsi ba makasine ono ba batla go thusa mme ga ba tlhomamisege ka ditsela tse di farologaneng tse go ka dirwang meneelo ka tsone. Ga go na pelaelo gore lebokoso le le tsamaisanang le seno le tla thusa go araba dipotso tsa bone.
Ka nako ya puso ya ga Solomone e e neng e atlegile, “dikgosi tsotlhe tsa lefatshe” tse di neng tsa utlwa ka ene di ne tsa tla go mo etela. Le fa go ntse jalo, Baebele e umaka mmusi a le mongwe fela—kgosigadi ya Sheba. (2 Ditirafalo 9:23) A bo a ile a intsha setlhabelo jang ne! Mme gone o ne a duelwa ka tsela e kgolo—o ne a duelwa ka tsela e kgolo jaana mo e leng gore fa loeto lwa gagwe lo fela, o ne a sala “a se na maatla e bile a gakgametse.”—2 Ditirafalo 9:4, Today’s English Version.
Mo nakong e e tlang, Jehofa, yo e leng Kgosi e kgolo le Moabi yo mogolo go gaisa botlhe, o tla direla ba ba Mo direlang ditlhabelo ka tsela e e fetang e Solomone a kileng a e dira. Fa batho bano ba tsibogela seo, ba tla ema “ba se na maatla e bile ba gakgametse,” ka gonne Jehofa a ka se ba boloke fela mo letsatsing la gagwe le le boitshegang la katlholo mme morago ga foo o tla ‘huporolola seatla sa gagwe a bo a kgorisa keletso ya ditshedi tsotlhe fela.’—Pesalema 145:16.
[Lebokoso mo go tsebe 22]
Ditsela Tse Bangwe ba Tlhophang go Aba ka Tsone
MENEELO YA TIRO YA LEFATSHE KA BOPHARA
BATHO ba le bantsi ba beela madi mangwe kwa thoko go a tsenya mo mabokosong a moneelo a a tshwailweng “Meneelo ya Tiro ya Mokgatlho ya Lefatshe Lotlhe—Mathaio 24:14.” Kgwedi le kgwedi diphuthego di romela madi ano kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe kwa Brooklyn, New York, kana kwa ofising ya lekala ya naga ya tsone.
Meneelo e e ntshiwang ka go rata ya madi gape e ka romelwa ka tlhamalalo kwa Accounting Office, Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa ofising ya Mokgatlho e e thusang naga ya gaeno. Dibenya kana dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo le tsone di ka ntshiwa moneelo. Go tla tlhokega gore meneelo eno e romelwe le lekwalo le lekhutshwane le le tlhalosang gore moneelo oo ke mpho.
MENEELO E E IKAEGILENG KA MABAKA MANGWE
Mokgatlho wa Watch Tower o ka abelwa madi ka thulaganyo e e kgethegileng ya gore fa go ka direga gore mong wa one a a tlhoke thata, a busediwe madi ao. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, tsweetswee ikgolaganye le Accounting Office ya ofisi ya lekala ya lefelo la lona.
GO RULAGANYA GO ABA KA BOPELOTSHWEU
Mo godimo ga go ntsha dimpho tsa madi ka tlhamalalo le meneelo e e ikaegileng ka mabaka mangwe, go na le mekgwa e mengwe gape ya go aba e e ka solegelang tiro ya Bogosi ya lefatshe lotlhe molemo. E akaretsa:
Inshorense: Mokgatlho wa Watch Tower o ka kwalwa gore ke one o tla amogelang madi a inshorense ya botshelo kana a thulaganyo ya go tlogela tiro/phenshene.
Ditoko le dibonto: Ditoko le dibonto di ka abelwa Mokgatlho wa Watch Tower e le mpho kana ka thulaganyo ya gore mong wa tsone a tswelele pele a duelwa lotseno lwa tsone.
Ditsha le Dikago Tsa Tsone: Ditsha le dikago tse di ka rekisiwang di ka abelwa Mokgatlho wa Watch Tower e le mpho kana ka gore e nne tsa mong fa a sa ntse a tshela gore a tswelele pele a nna mo go tsone go fitlha a swa. Motho o tshwanetse go ikgolaganya le Mokgatlho pele ga a ka kwadisa ditsha le dikago tsa tsone mo leineng la Mokgatlho.
Diwili: Dithoto kana madi di ka tlogelelwa Mokgatlho wa Watch Tower ka wili e e kwadilweng semmuso.
ACCOUNTING OFFICE
Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740
Nomoro ya mogala: (011) 761-1000
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa di tshegediwa ka meneelo ya boithatelo