LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 11/1 ts. 24-28
  • Jehofa ke Modimo wa Bopelonomi Jwa Lorato mo go Nna

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa ke Modimo wa Bopelonomi Jwa Lorato mo go Nna
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • E le Gone ke Nyalang Mme Ke le Mo Kgolegelong
  • Ditshwetso Tse re Iseng re Tsamae re di Ikotlhaele
  • Go Direla mo Botlhokong le mo Boitumelong
  • Tiragalo e e Molemo E e Sa Lebelelwang
  • ‘Mo Bolaong Jwa Bolwetse’
  • Jehofa e Ntse e le Mothusi wa Rona
  • “Ke Dumetse”
    Etsa Tumelo ya Bone
  • “Ke Dumetse”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Direla Jehofa Ntle le go Iteega Tsebe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tsholofelo ya Tsogo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 11/1 ts. 24-28

Jehofa ke Modimo wa Bopelonomi Jwa Lorato mo go Nna

JAAKA GO BOLETSE JOHN ANDRONIKOS

Ngwaga e ne e le wa 1956. Malatsi a le robongwe fela ke nyetse, mme ke ne ke eme fa pele ga kgotlatshekelo ya boikuelo kwa Komotiní, kwa bokone jwa Greece. Tsholofelo ya me e ne e le gore katlholo ya me ya dikgwedi di le 12 e ke neng ka e newa ka ntlha ya go rera ka Bogosi jwa Modimo e tla phimolwa. Tshwetso ya kgotlatshekelo ya boikuelo—dikgwedi di le thataro mo kgolegelong—e ne ya nyeletsa tsholofelo eo, mme ya itshupa e le tshimologo fela ya motseletsele o moleele wa diteko. Le fa go ntse jalo, mo dilong tseno tsotlhe, Jehofa o ne a itshupa e le Modimo wa bopelonomi jwa lorato mo go nna.

FA KE ne ke tsalwa ka October 1, 1931, lelapa la gaetsho le ne le nna kwa toropokgolong ya Kaválla kwa Neapolis ya kwa Makedonia e e neng ya etelwa ke moaposetoloi Paulo ka nako ya loeto lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa. Mmè o ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa fa ke le dingwaga di le tlhano, mme le fa a ne a batlile a sa itse go bala le go kwala, o ne a dira bojotlhe go jala mo go nna go rata Modimo le go mmoifa. Rre e ne e le monna yo o ratang ngwao mo go feteletseng yo ka botlhogoethata a neng a ngaparetse ngwao ya Greek Orthodox. O ne a se na kgatlhego mo boammaaruring jwa Baebele e bile a ganetsa mmè, gantsi a dirisa dikgoka.

Ka jalo, ke ne ka golela mo lelapeng le le kgaoganeng, mo Rre a neng a betsa le go sotla Mmé, a bo a re tlogela. Go tloga bongwaneng, Mmé o ne a tsamaya le nna le morwadiarre yo monnye kwa dipokanong tsa Bokeresete. Le fa go ntse jalo, fa ke nna le dingwaga di le 15, dikeletso tsa bosha le moya wa boitaolo di ne tsa dira gore ke hularele Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, mmè yo o ikanyegang o ne a leka ka natla go nthusa, mme o ne a lela tota fa a ntse a tsaya matsapa go dira jalo.

Ka ntlha ya khumanego le botshelo jo bo sa siamang jo ke neng ke bo tshela, ke ne ka lwala thata mme ka tshwanelwa ke go nna mo bolaong lobaka lo lo fetang dikgwedi tse tharo. Ke ka yone nako eo mokaulengwe mongwe yo o boikobo tota, yo o neng a thusitse mmè go ithuta boammaaruri, a neng a lemoga gore ke na le lorato lwa mmatota mo Modimong. O ne a bona gore nka thusiwa go tsoga semoyeng. Ba bangwe ba ne ba mmolelela jaana: “O itshenyetsa nako ka go leka go thusa John; ga a kitla a bo a nna le kgatlhego mo dilong tsa semoya.” Mme bopelotelele jwa mokaulengwe yono le boitshoko jwa gagwe mo go nthuseng di ne tsa nna le matswela. Ka August 15, 1952, fa ke le dingwaga di le 21, ke ne ka supa boineelo jwa me mo go Jehofa ka kolobetso ya metsi.

E le Gone ke Nyalang Mme Ke le Mo Kgolegelong

Dingwaga tse tharo moragonyana ke ne ka tlwaelana le Martha, kgaitsadi wa semoya yo o nang le dinonofo tse di tlhomologileng, mme kgabagare ke ne ka mmeeletsa. Letsatsi lengwe ke ne ka gakgamala tota fa Martha a ne a mpolelela jaana: “Gompieno ke ikaeletse go rera ka ntlo le ntlo. A o batla go tsamaya le nna?” Go fitlha ka nako eo ke ne ke ise ke nne le seabe mo karolong eno ya tiro, e re ka gantsi ke ne ke rera ka tsela e e seng ya ka tlwaelo. Ka nako eo tiro ya go rera mo Greece e ne e thibetswe, mme re ne ra tshwanelwa ke go dira tiro ya rona ya go rera mo sephiring. Ka ntlha ya seo, go ne ga nna le go tshwarwa gantsinyana, dikgetsi tsa kgotlatshekelo le dikatlholo tse di botlhoko tsa kgolegelo. Le fa go ntse jalo, ke ne nka se ke ka gana mo mokapelong wa me!

Martha o ne a nna mosadi wa me ka 1956. Ke ka yone nako eo, malatsi a le robongwe morago ga lenyalo la rona ke neng ka amogela katlholo ya dikgwedi di le thataro mo kgolegelong go tswa mo kgotlatshekelong ele ya boikuelo kwa Komotiní. Seno se ne sa lere mo kakanyong ya me potso e pelenyana nkileng ka e botsa kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo e neng e le tsala ya ga mmè “Nka kgona jang go supa gore ke Mosupi wa ga Jehofa wa boammaaruri? Ga ke ise ke tsamaye ke nne le tshono ya go supa tumelo ya me.” Fa kgaitsadi yono a ne a tlile go mpona kwa kgolegelong, o ne a nkgakolola potso eo mme a re: “Jaanong o ka bontsha Jehofa gore o mo rata go le kana kang. Eno ke kabelo ya gago.”

Fa ke lemoga gore mmueledi wa me o ne a leka go kokoanya madi a go nkgolola mo kgolegelong, ke ne ka mmolelela gore ke tla eletsa go wetsa katlholo ya me. A bo ke ne ka itumela jang ne kwa bokhutlong jwa dikgwedi di le thataro tsa go tshwarwa ga me fa ke bona bagolegwakanna ba babedi ba ke neng ke nna le bone ba amogela boammaaruri! Mo dingwageng tse di latelang, ke ne ka amiwa ke dikgetsi di le dintsi tsa kgotlatshekelo ka ntlha ya dikgang tse di molemo.

Ditshwetso Tse re Iseng re Tsamae re di Ikotlhaele

Ka 1959, dingwaga di le mmalwa ke sena go gololwa, ke ne ke direla jaaka motlhanka wa phuthego kana molebedi yo o okamelang mme ke ne ka lalediwa go nna teng kwa Sekolong sa Bodiredi Jwa Bogosi, e leng khoso ya go thapisa bagolwane ba phuthego. Le fa go ntse jalo, ka yone nako eo ke ne ka newa maemo a leruri mo bookelong jwa setšhaba, tiro e e neng e tla naya nna le lelapa la me polokesego ya botshelo jotlhe ya tsa madi. Ke ne ke tshwanetse go tlhopha eng? Ke ne ke setse ke dirile ke le modiri wa nakwana mo bookelong ka dikgwedi di le tharo, mme motsamaisi o ne a kgotsofalela tiro ya me tota, mme le fa go ntse jalo fa taletso ya sekolo e fitlha, o ne a sa batle go ntetla gore ke tseye le eleng malatsi a boikhutso jo bo sa duelelweng. Morago ga go akanyetsa bothata jono ka thapelo, ke ne ka swetsa go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mme ka gana neo eo ya tiro.—Mathaio 6:33.

Mo e ka nnang ka yone nako eo, molebedi wa kgaolo le wa potologo ba ne ba tla go direla mo phuthegong ya rona. Re ne ra tshwanelwa ke go tshwara dipokano tsa rona ka sephiri mo matlong a batho ka ntlha ya kganetso e e maatla ya baruti ba Greek Orthodox le balaodi. Morago ga nngwe ya dipokano, molebedi wa kgaolo o ne a tla fa go nna mme a mpotsa fa ke ile ka akanyetsa go simolola tirelo ya nako e e tletseng. Kakantsho ya gagwe e ne ya nkama mo pelong ka gonne seno e ne e ntse e le keletso ya me fa e sa le ke kolobediwa. Ke ne ka araba jaana: “Ke a batla, thata le gone.” Le fa go ntse jalo ke ne ke setse ke na le maikarabelo a a oketsegileng a go godisa morwadiake. Mokaulengwe yoo o ne a nthaya a re: “Ikanye Jehofa mme o tla go thusa go fitlhelela maikaelelo a gago.” Ka jalo, kwantle ga go tlhokomologa maikarabelo a lelapa la rona, nna le mosadi wa me re ne ra kgona go siamisa maemo, e le gore ka December 1960, nka simolola go direla kwa botlhaba jwa Makedonia jaaka mmulatsela yo o kgethegileng—ke le mongwe wa babulatsela ba le batlhano fela mo nageng.

Morago ga gore ke dire ngwaga o le mongwe jaaka mmulatsela yo o kgethegileng, ofisi ya lekala kwa Athens e ne ya ntaletsa go direla jaaka molebedi yo o etang. Fa ke boela gae morago ga kgwedi e le nngwe ya go thapisiwa mo mofuteng ono wa tirelo, mme ke sa ntse ke tlotlela Martha maitemogelo a me, motsamaisi wa moepo o mogolo wa mankanese o ne a nketela mme a ntaletsa gore ke tle go nna manejara wa lefapha la go tlhaolosa, mme o ne a re o tla nkabela konteraka ya dingwaga di le tlhano, ntlo e ntle le mmotokara. O ne a nnaya malatsi a le mabedi gore ke arabe. Le fano gape, kwantle ga go okaoka, ke ne ka rapela Jehofa jaana: “Ke fano, roma nna.” (Isaia 6:8) Mosadi wa me o ne a dumalana ka botlalo. Re ikantse Jehofa, re ne ra simolola tiro ya go eta, mme Jehofa ka bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato ga a ka a re swabisa.

Go Direla mo Botlhokong le mo Boitumelong

Le fa go ne go na le mathata a tsa itsholelo, re ne ra tswelela pele mme Jehofa o ne a re naya dilo tse re di tlhokang. Mo tshimologong ke ne ke etela diphuthego ka sethuthuthu, ke tsamaya mo e ka nnang sekgala sa dikilometara di le 500. Gantsi ke ne ke na le mathata le dikotsi di le mmalwa. Mariga mangwe fa ke tswa kwa phuthegong e nngwe, ke ne ke kgabaganya molapo o o penologang fa enjene e swa, mme ke ne ka koloba go fitlha mo mangoleng. Go tswa foo thaere ya sethuthuthu e ne ya tswa mowa. Mofeti ka tsela yo o neng a na le pompo o ne a nthusa, mme ka jalo ke ne ka kgona go fitlha mo motsaneng o o fa gaufi mo ke neng ka baakanya thaere teng. Kgabagare ke ne ka fitlha gae ka ura ya boraro mo mosong ke gatsetse e bile ke lapile.

Ka lekgetlo le lengwe, fa ke ne ke tswa mo phuthegong e nngwe ke ya kwa go e nngwe, sethuthuthu se ne sa relela mme sa nkwela mo lengoleng. Ka ntlha ya seo borokgwe jwa me bo ne jwa gagoga mme bo ne bo tletse madi. Ke ne ke se na borokgwe jo bongwe, ka jalo mo maitsiboeng ao ke ne ka neela puo ke apere borokgwe jwa mokaulengwe yo mongwe jo bo neng bo le bogolo thata mo go nna. Mme gone, go ne go se bothata bope jo bo ka nkgoreletsang go direla Jehofa le bakaulengwe ba ba rategang.

Ke ne ka gobala thata mo kotsing e nngwe fa ke ne ke robega letsogo le meno a me a fa pele. Ke ka yone nako eo ke neng ka etelwa ke morwadiarre yo e seng Mosupi yo o neng a nna kwa United States. A bo ke ile ka thusega jang ne fa a ne a nthusa go reka koloi! Fa bakaulengwe ba lekala la Athens ba utlwa ka kotsi e ke e boneng, ba ne ba nthomelela lekwalo le le gomotsang, mme gareng ga dilo dingwe ba ne ba tsentse mafoko a Baroma 8:28, a karolo ya one e reng: “Modimo o dira gore ditiro tsotlhe tsa one di dirisane mmogo molemong wa ba ba ratang Modimo.” Gangwe le gape tlhomamisetso eno e ne ya itshupa e le boammaaruri tota mo botshelong jwa me!

Tiragalo e e Molemo E e Sa Lebelelwang

Ka 1963 ke ne ke bereka le mmulatsela yo o kgethegileng mo motseng wa batho ba ba sa arabeleng. Re ne ra swetsa go bereka re arogane, mongwe le mongwe a tsaya letlhakore le lengwe la seterata. Mo ntlong nngwe, fela fa ke sena go kokota mo mojakong, ke fa mosadi mongwe a tlhaga ka bonako a bo a nkgogela mo teng mme a tswala mojako a bo a o lotlela. Ke ne ke akabetse ke ipotsa gore go diragalang. Ka bonako fela moragonyana ga foo, o ne a biletsa mmulatsela yo o kgethegileng mo ntlong ka lepotlapotla. Mme mosadi yono o ne a re bolelela jaana: “Didimalang! Mme lo se ka lwa bo lwa suta!” Morago ga lobakanyana re ne ra utlwa mantswe a a galefileng kwa ntle. Batho ba ne ba batlana le rona. Fa maemo a ritibetse, mosadi yono o ne a re bolelela jaana: “Ke dirile seno go lo sireletsa. Ke a lo tlotla ka gore ke dumela fa lo le Bakeresete ba boammaaruri.” Re ne ra mo leboga tota mme ra tsamaya, ra mo tlogelela dikgatiso di le dintsinyana.

Dingwaga di le 14 moragonyana, fa ke ne ke le kwa kopanong ya kgaolo kwa Greece, mosadi mongwe o ne a tla fa go nna mme a re: “Mokaulengwe, a o a nkgakologelwa? Ke nna mosadi yo o neng a lo sireletsa mo baganetsing fa lo ne lo tlile kwa motseng wa rona go neela bosupi.” O ne a fudugetse kwa Jeremane, a ithuta Baebele, mme a kopanela le batho ba ga Jehofa. Jaanong lelapa la gagwe lotlhe le ne le le mo boammaaruring.

Tota mo dingwageng tseno tsotlhe re ne ra segofadiwa ka “makwalo a a re hakang” a le mantsi. (2 Bakorintha 3:1) Bontsi jwa ba re nnileng le tshiamelo ya go ba thusa go bona kitso ya boammaaruri jwa Baebele, jaanong ba direla jaaka bagolwane, batlhanka ba bodiredi le babulatsela. A bo go itumedisa jang ne go bona baboledi ba ka tlala seatla mo dipotologong tse ke neng ka direla mo go tsone ka dingwaga tsa bo1960 ba oketsega go nna baobamedi ba ga Jehofa ba ba fetang 10 000! Tlotlo yotlhe e isiwa kwa Modimong wa rona wa bopelonomi jwa lorato, yo o re dirisang ka tsela ya gagwe.

‘Mo Bolaong Jwa Bolwetse’

Mo dingwageng tsotlhe tse re nnileng mo tirong ya go eta ka tsone, Martha o ne a itshupa e le mothusi yo o tlhomologileng tota, ka dinako tsotlhe a supa boitumelo. Le fa go ntse jalo ka October 1976, o ne a lwala thata mme a dirwa karo e e botlhoko. O ne a feleletsa a sule mohama go tloga lothekeng go ya kwa tlase a tsamaya ka setulo sa maotwana. Re ne re ka emelana jang le ditshenyegelo le go tshwenyega mo maikutlong? Ka go ikanya Jehofa gape re ne ra itemogela lorato lwa gagwe le seatla sa gagwe se se bulegileng. Fa ke tsamaya ke ya go direla kwa Makedonia, Martha o ne a nna kwa ntlong ya mokaulengwe kwa Athens ka go bo a ne a dira kalafi ya go sidilwa. O ne a tle a ntetsetse mogala ka mafoko ano a a gomotsang: “Ke siame. Tswelela, fa ke kgona go tsamaya gape, ke tla go pata ka setulo sa me sa maotwana.” Mme ke sone tota se a neng a se dira. Bakaulengwe ba rona ba ba rategang ba kwa Bethele ba ne ba re romelela makwalo a mantsi a a kgothatsang. Gangwe le gape Martha o ne a gakololwa mafoko a a mo go Pesalema 41:3: “Jehofa o tlaa mo oka a le mo bolaong jwa topetego; o a tle o mo alele bolao jwa gagwe gotlhe fela mo bolwetseng jwa gagwe.”

Ka ntlha ya mathata ano a a masisi a botsogo, ka 1986 go ne ga swediwa gore ke tla tshwanelwa ke go direla jaaka mmulatsela yo o kgethegileng kwa Kaválla, kwa ke nnang teng gaufi le lelapa la morwadiarona yo o rategang. March o o fetileng Martha wa me yo ke mo ratang thata o ne a tlhokafala, a ikanyegile go fitlha bokhutlong. Pele ga a tlhokafala, e ne e tle e re fa bakaulengwe ba mmotsa gore: “O ikutlwa jang?” ka gale o ne a araba jaana: “E re ka ke le gaufi le Jehofa, ke ikutlwa botoka fela thata!” E ne e re fa re baakanyetsa dipokano kgotsa re amogela ditaletso tse di ipiletsang tsa go direla kwa mafelong a thobo e leng ntsi mo go one, Martha o ne a tle a re: “John, a re ye go direla kwa tlhokego e leng kgolo teng.” Ga a ise a ko a latlhegelwe ke moya wa gagwe wa go tlhoafala.

Mo dingwageng tse di fetileng, le nna ke ne ka tshwanelwa ke go itshokela bothata jo bogolo jwa botsogo. Ka March 1994, go ne ga lemogiwa gore ke na le bothata jwa pelo jo bo tshosetsang botshelo jwa me, mme karo e ne e tlhokega. Ke ne ka utlwa gape seatla se se lorato sa ga Jehofa se ntshegetsa mo pakeng eno e e botlhoko. Ga nkitla ke tsamaya ke lebala thapelo e molebedi wa potologo a neng a e dira gaufi le bolao jwa me fa ke tswa mo karolong ya balwetse ba ba lwalang thata, mmogo le mokete wa Segopotso o ke neng ka o tshwara teng mo phaposing ya me ya bookelo le balwetse ba banè ba ba neng ba supa kgatlhego mo boammaaruring.

Jehofa e Ntse e le Mothusi wa Rona

Nako e feta ka bonako, mme nama ya rona e a koafala, fela moya wa rona o shafadiwa ka go ithuta le tirelo. (2 Bakorintha 4:16) Jaanong e setse e le dingwaga di le 39 fa e sa le ke re, “Ke fano, roma nna.” E nnile botshelo jo bo itumedisang le jo bo duelang tota. Ee, ka dinako dingwe ke ikutlwa gore “ke lehuma, ke a tlhoka,” mme gone ke kgona go bua jaana ke ikanya Jehofa: ‘O thuso ya me, le mogolodi wa me.’ (Pesalema 40:17) Tota o nnile Modimo wa bopelonomi jwa lorato mo go nna.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ke na le Martha ka 1956

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Boemelakepe kwa Kaválla

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke na le Martha ka 1997

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela