Baebele e Araba Dipotso Tse di Botlhokwa Tsa Motlha wa Rona
A BAEBELE e a dira le gompieno? Gore karabo e nne ee, buka eno ya bogologolo e tla tshwanelwa ke gore e neele babadi ba yone kaelo malebana le dikgang tse di tshwenyang batho gompieno le tse di ba amang. A Baebele e neela kgakololo e e mosola ka dilo tse di leng botlhokwa thata mo lefatsheng la gompieno?
Mma re sekasekeng dikgang tse pedi tse di tshwentseng batho gompieno. Fa re dira jalo, re tla tlhatlhoba gore Baebele ya reng ka dikgang tseno.
Ke Eng Fa Modimo a Dumeletse go Boga?
Ka ntlha ya maemo a a leng teng gompieno mo lefatsheng, nngwe ya dipotso tse di bodiwang thata ke e e reng: Ke eng fa Modimo a letla gore batho ba ba se nang molato ba boge? Potso eno e a tshwanela, ka gonne go na le batho ba bantsi ba ba amiwang ke bokebekwa jo bogolo, bonweenwee, kgailo ya morafe, bomadimabe, jalo le jalo.
Ka sekai, ka June 1998 terena nngwe ya mafofonyane e ne ya thula borogo kwa Jeremane e e kafa ntlheng ya bokone, ya bolaya bapalami ba ba fetang ba le lekgolo. Tota le ba tsa kalafi le boramolelo ba ba nang le maitemogelo ba ba neng ba thusa batho ba ba gobetseng le go tlhokomela ba ba suleng ba ne ba utlwisitswe botlhoko ke polao eno. Bishopo mongwe wa Kereke ya Evangelical o ne a botsa jaana: “Modimo yo o rategang, Ke eng fa selo seno se diragetse?” Bishopo ka boene o ne a sa kgone go araba potso eo.
Maitemogelo a supa gore ka dinako tse dingwe, fa batho ba ba se nang molato ba diragalelwa ke dilo tse di bosula mme ba sa bone ditlhaloso tsa gore ke eng fa go diragala, ba a galefa. Ke mo Baebele e ka thusang teng, ka gonne e tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa batho ba ba se nang molato ba diragalelwa ke dilo tse di bosula le go bo ba boga.
Fa Jehofa Modimo a ne a bopa lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone, o ne a sa ikaelela gore batho ba tshwenngwe ke bosula le go boga. Re ka tlhomamisega jang ka seo? Ka gonne e rile fa a sena go wetsa popo ya gagwe, “Modimo wa bona sengwe le sengwe se o se dirileng, mme bonang, ga bo go le molemo thata.” (Genesise 1:31) Ipotse, ‘Fa nka bona sengwe se se maswe, a ke tla re se “molemo thata”?’ Legoka! Ka tsela e e tshwanang, fa Modimo a ne a re sengwe le sengwe se “molemo thata,” go ne go se na bosula bope mo lefatsheng. Ka gone, bosula bo simologile leng gone jang?
Moragonyana fela ga fa batsadi ba rona ba ntlha e bong Adame le Efa ba sena go bopiwa, sebopiwa sengwe se se maatla sa semoya se ne sa atamela mosadi mme sa ganetsa gore Jehofa o boammaaruri le gore o na le tshwanelo ya go busa. (Genesise 3:1-5) Sebopiwa seno, Satane Diabolo, moragonyana se ne sa bolela gore batho ba ka se ka ba nna ba ikanyega mo Modimong fa ba gatelelwa. (Jobe 2:1-5) Jehofa o ne a itshwara jang mo maemong ano? O ne a letla gore go fete nako gore go tle go bonale gore batho ba ka se ka ba kgona go atlega go kaela dikgato tsa bone kwantle ga gagwe. (Jeremia 10:23) Fa dibopiwa di sa tsamaye go ya ka melao ya Modimo le melaometheo ya gagwe, matswela e nna boleo, jo bo dirang gore go nne le maemo a a utlwisang botlhoko. (Moreri 8:9; 1 Johane 3:4) Le fa go ntse jalo, le mororo go na le maemo ano a a sa itumediseng, Jehofa o ne a itse gore go na le batho bangwe ba ba tla nnang ba ikanyega mo go ene.
Fa e sa le ka nako ya botsuolodi jo bo utlwisang botlhoko jwa kwa Edena, go setse go fetile dingwaga di ka nna 6 000. A ke nako e telele thata? Jehofa o ka bo a ile a senya Satane le batshegetsi ba gagwe makgolokgolo a dingwaga a a fetileng. A mme go ne go se botoka go leta go fitlhela go fela pelaelo le fa e le epe malebana le go tshwanela ga bolaodi jwa ga Jehofa le go ikanyega ga batho mo go ene? A ga go boammaaruri gore mo thulaganyong ya gompieno ya boatlhodi go ka nna ga tsaya dingwaga gore kgetsi ya kgotlatshekelo e tle e supe gore tota ke mang yo o siameng le gore ke mang yo o phoso?
Ka ntlha ya botlhokwa jwa dikgang tse di lebaneng le Jehofa le batho—bolaodi jwa lobopo le go ikanyega ga batho—a bo go ne go le botlhale jang ne gore Modimo a letle gore go fete nako! Gone jaanong re kgona go bona sentle gore go diragala eng fa batho ba itlhokomolosa melao ya Modimo mme ba laola dilo tsa bone ka bobone. Matswela ke bosula jo bo anameng mo lefatsheng lotlhe. Mme ke ka lebaka leo go na leng batho ba bantsi jaana ba ba se nang molato ba ba bogang gompieno.
Le fa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore Lefoko la Modimo le bontsha gore boikepo bo ka se ka jwa nnela ruri. Tota e bile, Jehofa o tla tloga a fedisa bosula le ba ba bo dirang. Diane 2:22 ya re: “Baikepi ba tlaa kgaolwa ba tlosiwa mo lefatsheng, le ba ba dirang ka bonongwana ba tlaa khumolwa mo go lone.” Ka fa letlhakoreng le lengwe, ba ba ikanyegang mo Modimong ba ka lebelela go bona nako e e setseng e atametse ya fa “loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:4.
Ka jalo he, Baebele e tlhalosa sentle gore ke ka ntlha yang fa batho ba ba se nang molato ba boga. Mme gape e re tlhomamisetsa gore bosula le go boga go tla tloga go fela. Le fa go ntse jalo, fa re ntse re lebana le mathata a a leng gone a botshelo, re tlhoka karabo ya potso e nngwe e e botlhokwa.
Boikaelelo Jwa Botshelo ke Eng?
Gongwe gone jaanong go feta le fa e le leng pele mo hisitoring, batho ba leka go bona gore tota boikaelelo jwa botshelo ke eng. Ba le bantsi ba ipotsa gore, ‘Ke eng fa ke tshela? Nka dira jang gore botshelo jwa me bo nne le bokao?’ Go na le maemo a a farologaneng a a dirang gore ba ipotse dipotso tseno.
Botshelo jwa motho bo ka nna jwa senngwa ke bomadimabe bongwe. Ka sekai, mo tshimologong ya 1998, mosetsana mongwe wa dingwaga di le 12 yo o nnang kwa Bavaria, kwa Jeremane, o ne a utswiwa a bo a bolawa. Ngwaga morago ga foo, mmaagwe o ile a bolela gore letsatsi lengwe le lengwe o batla boikaelelo jwa botshelo—mme ga a bo bone. Basha bangwe ba ipotsa gore bokao jwa botshelo ke eng. Ba batla pabalesego, kgotsofalo le go ikutlwa ba ratiwa, mme ba feleletsa ba kgobegile marapo ka ntlha ya boitimokanyi le bonweenwee jo bo tletseng mo lefatsheng. Batho ba bangwe ba dira gore botshelo jwa bone bo ikaege ka tiro, mme ba lemoga gore maatla, maemo le dithoto ga di kgone go kgotsofatsa keletso ya bone ya go batla lebaka la go bo ba tshela.
Le fa e ka tswa e le eng se se tlhotlheletsang motho go batla boikaelelo jwa botshelo, potso eno e tlhoka karabo e e tlhomameng le e e kgotsofatsang. Baebele gape e ka nna mosola thata fano. E tlhalosa Jehofa jaaka Modimo yo o nang le maikaelelo, yo o nang le mabaka a a utlwalang ka sengwe le sengwe se a se dirang. Re ipotsa gore, A o ka aga ntlo o se na lebaka la go e aga? Go ka se ka ga direga, ka gonne go aga ntlo go tlhoka gore o dirise madi a mantsi thata e bile go ka tsaya dikgwedi kana dingwaga di le dintsi. O aga ntlo gore wena kana mongwe o sele a nne mo go yone. Go ka dirisiwa kakanyo e e tshwanang mo go Jehofa. Ga a ka a tsaya matsapa a a kana kana go bopa lefatshe le dilo tse di tshelang mo go lone a se na lebaka kana boikaelelo. (Bapisa Bahebera 3:4.) Boikaelelo jwa gagwe ke eng ka lefatshe?
Boporofeti jwa ga Isaia bo tlhalosa Jehofa e le “Modimo wa boammaaruri, Mmopi wa lefatshe le Modiri wa lone.” Ebu, ke ene “Yo o [tlhomamisitseng lefatshe], yo o sa le bopelang lefela, yo o le bopetseng go nniwa.” (Isaia 45:18, NW) Ee, fa e sa le lefatshe le bopiwa, e ne e ntse e le boikaelelo jwa ga Jehofa gore go nniwe mo go lone. Pesalema 115:16 e bolela jaana: “Magodimo ke magodimo a ga Jehofa; mme lefatshe o le neile bana ba batho.” Ka jalo Baebele e bontsha gore Jehofa o bopile lefatshe gore le nniwe ke batho ba ba kutlo ba ba tla le tlhokomelang.—Genesise 1:27, 28.
A botsuolodi jwa ga Adame le Efa bo ile jwa dira gore Jehofa a fetole boikaelelo jwa gagwe? Nnyaa. Re ka tlhomamisega jang ka seo? Akanya ka ntlha eno: Baebele e ile ya kwalwa dingwaga di le dikete morago ga botsuolodi jwa kwa Edena. Fa e le gore Modimo o tlogetse boikaelelo jwa gagwe jwa ntlha, ke eng fa seo se sa umakiwe mo Baebeleng? Tshwetso e e tshwanelang e re ka e fitlhelelang ke gore boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe le ka batho ga bo a fetoga.
Mo godimo ga moo, boikaelelo jwa ga Jehofa ga bo ke bo palelwa. Modimo o re tlhomamisetsa jaana ka Isaia: “Gonne jaaka pula e tle e ne, e tswa legodimong, le kapoko, mme di sa boele gone, mme di kolobise lefatshe, di le tlhogise, di le kukuntse, mme le neye mojadi peo, le moji dijo; lefoko la me le tlaa nna jalo, le le tswang mo molomong wa me; ga le ketla le boela fela mo go nna, mme le tlaa dirafatsa se ke se ratang, le tlaa segofala mo selong se ke le isitseng kwa go sone.”—Isaia 55:10, 11.
Se Modimo o se Lebeletseng mo go Rona
Ka gone he, re ka tshepa gore maikaelelo a Modimo a gore batho ba ba kutlo ba nne mo lefatsheng ka bosakhutleng a tla diragadiwa. Fa e le gore re batla go nna bangwe ba bao ba tla nnang le tshiamelo ya go nnela ruri mo lefatsheng, re tshwanetse go dira se Kgosi e e botlhale e bong Solomone a ileng a se bolela: “Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaolo tsa one. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.”—Moreri 12:13; Johane 17:3.
Go tshela tumalanong le boikaelelo jo Jehofa a nang najo ka batho go raya gore motho a itse Modimo wa boammaaruri le go dumalanya botshelo jwa gagwe le se a se batlang jaaka se tlhalositswe mo Dikwalong Tse di Boitshepo. Fa re dira seo gone jaanong, re ka solofela go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise, le mo go lone le ka motlha re se kitlang re khutla go ithuta dilo tse disha ka Modimo le ka popo ya gagwe e ntle. (Luke 23:43) A bo e le tebelelo e e itumedisang jang ne!
Batho ba le bantsi ba ba batlang go bona bokao jwa botshelo ba retologela mo Baebeleng mme ba bona boitumelo jo bogolo gone jaanong. Ka sekai, lekawana lengwe le le bidiwang Alfred le ne le sa kgone go bona bokao jwa botshelo. Go nna le seabe ga bodumedi mo ntweng go ne go mo tena, mme o ne a kgopisiwa ke boitimokanyi le bonweenwee mo bopolotiking. Alfred o ile a etela Baindia ba kwa Amerika Bokone a solofetse gore o tla bona tshedimosetso nngwe ka bokao jwa botshelo, mme a boela Yuropa a kgobegile marapo. Ka ntlha ya go itlhoboga, o ne a retogela mo diokobatsing le mo mminong o o sa laolesegeng. Le fa go ntse jalo, go tlhatlhoba Baebele ka metlha le ka kelotlhoko go ile ga thusa Alfred moragonyana gore a bone bokao jwa mmatota jwa botshelo le go kgotsofala.
Lesedi Le le Ka Ikanngwang la Tsela ya Rona
Ka gone, re ka reng ka Baebele? A e a dira le gompieno? Ebu, e a dira, ka gonne e neela kaelo mo dikgannyeng tse di tshwenyang batho gompieno. Baebele e tlhalosa gore ga se Modimo a dirang gore go nne le boikepo e bile e re thusa go bona bokao jo bo kgotsofatsang mo botshelong. Mo godimo ga moo, go na le mo gontsi mo Baebele e go bolelang ka dikgang tse dingwe tse batho ba amegileng thata ka tsone gompieno. Go buiwa ka dikgang tse di jaaka lenyalo, go godisa bana, dikamano le batho ba bangwe le tsholofelo ka baswi, mo Lefokong la Modimo.
Fa e le gore ga o ise o go dire, tsweetswee tlhatlhoba diteng tsa Baebele. Fa o setse o bone gore dikaelo tsa yone di molemo go le kana kang mo botshelong, o ka nna wa ikutlwa jaaka mopesalema yo o neng a ikaegile ka Jehofa Modimo go bona kaelo mme a opela jaana: “Lefoko la gago ke lobone lwa dinao tsa me, le lesedi la tsela ya me.”—Pesalema 119:105.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
A o itse gore ke ka ntlha yang fa Modimo a dumelela batho ba ba se nang molato gore ba boge?
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
O ka nna le botshelo jo bo nang le boikaelelo