Go ka Dirwang ka go Kgobega Marapo?
MOTHO a ka lwa jang le go kgobega marapo? Eno ke potso e e neng ya bodiwa balebedi ba le mmalwa ba ba etang ba ka metlha ba etelang diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa. Dikarabo tsa bone di ka re thusa go sekaseka dilo tse di bakang go kgobega marapo le dilo tse di ka thusang motho go fenya bothata jono jo bo ka amang Mokeresete mongwe le mongwe.
Ga go tlhokege fela gore motho a sekaseke dilo tse di bakang go kgobega marapo gore a kgone go lepalepana le bothata jono, mme gone, matshwao a gone a ka akaretsa go felelwa ke keletso ya go rapela kana go ithuta ka namana, go se nne gone ka metlha kwa dipokanong, go felelwa ke tlhagafalo le e leng go nna tsididi fela mo Bakereseteng ba bangwe. Le fa go ntse jalo, lengwe la matshwao a magolo a teng ke go felelwa ke tlhoafalo mo tirong ya go rera. A re sekaseke matshwao ano le go akanyetsa dilo dingwe tse di ka thusang motho go a fenya.
Go Kgobega Marapo mo Tirong ya Rona ya go Rera
Jesu Keresete o ne a itse mathata a a amanang le tiro ya go dira batho barutwa. (Mathaio 28:19, 20) O ne a roma balatedi ba gagwe “jaaka dinku gareng ga diphiri,” a itse gore tiro ya bone ya go rera e ne e tla dira gore ba bogisiwe. (Mathaio 10:16-23) Le fa go ntse jalo, seno se ne se sa tshwanela go ba kgoba marapo. Tota e bile, batlhanka ba Modimo ba ba ileng ba ikaega ka Jehofa ka thapelo gantsi ba ile ba nonotshiwa ke dipogiso.—Ditiro 4:29-31; 5:41, 42.
Tota le ka nako ya fa barutwa ba ga Keresete ba ne ba sa bogisiwe thata, ga se ka metlha ba neng ba amogelwa sentle. (Mathaio 10:11-15) Tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa le yone ga se ka metlha e dirwang motlhofo gompieno.a Batho ba le bantsi ba dumela gore go dumela mo Modimong ke kgang ya motho ka namana e ba sa batleng go tlotla ka yone. Ba bangwe ga ba batle go utlwa sepe ka mekgatlho ya bodumedi e ba sa e beyeng sebete. Ga go pelaelo gore, go se kgatlhege ga batho, go se nne le matswela, kana mathata a mangwe e ka nna dilo tse dikgolo tse di ka dirang gore motho a kgobege marapo. Dikgoreletsi tseno di ka fenngwa jang?
Go Bona Matswela a a Botoka
Boipelo jo re nnang le jone mo bodireding ka tsela nngwe bo amana le matswela a re nnang le one. Ka gone, re ka nna jang le matswela a mantsinyana mo bodireding? Ebu, re “batshwarabatho.” (Mareko 1:16-18) Batshwari ba ditlhapi kwa Iseraele wa bogologolo ba ne ba ya go tshwara ditlhapi bosigo ka nako e ba neng ba ka tshwara ditlhapi tse dintsi ka yone. Le rona re tshwanetse go sekaseka tshimo ya rona e le gore re ye go “tshwara ditlhapi” ka nako e batho ka bontsi ba leng kwa magaeng le e ba ka reetsang molaetsa wa rona thata ka yone. E ka nna fa go le maitseboa, fa gare ga beke, kana ka nako e nngwe. Go ya ka molebedi mongwe yo o etang, seno se bereka thata kwa mafelong a batho ba one ba berekang letsatsi lotlhe. O bolela gore gantsi bosupi jwa maitseboa bo nna le matswela a a molemo thata. Go neela bosupi ka founo kana bosupi jo e seng jwa tlwaelo le gone go re thusa go bua le batho ba bantsi.
Go nna le boitshoko go dira gore re nne le matswela mo bodireding. Kwa Yuropa Botlhaba le kwa dinageng dingwe tsa Afrika, tiro ya go rera ka Bogosi e gatela pele sentle mme seno se ile sa dira gore go nne le koketsego e e molemo. Le kwa mafelong a a sa bolong go tsewa e le a a se nang matswela kana le e leng mo tshimong e e dirwang gangwe le gape go ile ga tlhomiwa diphuthego tse dintsi. Le fa go ntse jalo, go tweng fa ya lona e sa nne le matswela a a ntseng jalo?
Go Nna le Maikutlo a a Siameng
Go nna re akantse ka mekgele e re e beetsweng ke Jesu go tla re thusa gore re se ka ra kgobega marapo fa batho ba re itlhokomolosa mo bodireding. Keresete o ne a batla gore barutwa ba gagwe ba senke batho ba ba tshwanelegang, e seng go sokolola batho ka bontsi. Ka makgetlo mangwe o ne a bolela gore bontsi jwa batho bo ne bo se kitla bo amogela dikgang tse di molemo, fela jaaka bontsi jwa Baiseraele ba ile ba se ka ba reetsa baporofeti ba bogologolo.—Esekiele 9:4; Mathaio 10:11-15; Mareko 4:14-20.
‘Dikgang tse di molemo tsa bogosi’ di anaanelwa ke batho “ba ba utlwang go tlhoka ga bone ga semoya.” (Mathaio 5:3; 24:14) Ba batla go direla Modimo ka tsela e a e laetseng. Ka gone, matswela a tiro ya rona a amana thata le kafa dipelo tsa batho di leng ka teng go feta botswerere jo re nang le jone mo go boleleng molaetsa. Ke boammaaruri gore, re tshwanetse go dira ka bojotlhe gore dikgang tse di molemo di kgatlhe. Le fa go ntse jalo, matswela a ikaegile ka Modimo, ka gonne Jesu o ile a re: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.”—Johane 6:44.
Tiro ya rona ya go rera e dira gore batho ba itse leina la ga Jehofa. E ka ne batho ba a reetsa kana nnyaa, tiro ya rona ya go rera e nna le seabe mo go itshepiseng leina le le boitshepo la ga Jehofa. Mo godimo ga moo, ka tiro ya rona ya go rera, re supa fa re le barutwa ba ga Keresete, e bile re nna le tshiamelo ya go nna le seabe mo tirong e e botlhokwa go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa dirwa mo nakong ya rona.—Mathaio 6:9; Johane 15:8.
Go Kgobega Marapo le go Dirisana Mmogo
Dilo dingwe tse di amanang le go dirisana mmogo ga batho, e ka ne e le mo lelapeng kana mo phuthegong, di ka dira gore re kgobege marapo. Ka sekai go na le boikutlo jwa gore motho a ikutlwe a sa tlhaloganngwe. Bosaitekanelang jwa badumedikarona le jone bo ka re kgoba marapo. Le mono, Dikwalo di ka re thusa thata.
‘Lesomo lotlhe la bakaulengwe’ mo lefatsheng lotlhe le re dira gore re nne lelapa le legolo la semoya. (1 Petere 2:17) Mme boikutlo jwa go nna bontlhanngwe jwa setlhopha se se utlwanang bo ka fela fa go tsoga mathata ka ntlha ya dikgotlhang tsa botho. Go bonala Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga le bone ba ne ba tle ba nne le mathata a a ntseng jalo, ka gonne moaposetoloi Paulo a ile a tshwanelwa ke gore gangwe le gape a ba gakolole gore ba tshedisane mmogo ka kutlwano. Ka sekai, o ile a gakolola basadi ba babedi ba Bakeresete—Yudia le Sentike—gore ba rarabolole kgotlhang ya bone.—1 Bakorintha 1:10; Baefeso 4:1-3; Bafilipi 4:2, 3.
Fa e le gore re na le bothata jo bo ntseng jalo, re ka dira eng gore re tsosolose lorato lwa rona lo logolo lo re ratang bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka lone? Ka go ikgakolola gore le bone Keresete o ba swetse le gore le bone, fela jaaka rona, ba ile ba bontsha go dumela mo setlhabelong sa gagwe sa thekololo. Gape re ka gakologelwa gore bontsi jwa bakaulengwe ba rona ba ikemiseditse go etsa Jesu Keresete ka go re intshetsa setlhabelo.
Dingwaga di sekae tse di fetileng, kwa Paris, Fora, mosha mongwe wa Mosupi o ile a se ka a okaoka go phamola sutukeisi e e neng e na le bomo mo teng e e neng e beilwe kwa ntle ga Holo ya Bogosi. O ne a fologa ditepise di sekae a taboga pele ga a e latlhela mo sedibeng sa metsi mo e neng ya fitlha ya phatlogela teng. Fa a bodiwa gore ke eng se se neng sa mo tlhotlheletsa go intsha setlhabelo jalo, o ile a araba jaana: “Ke ne ka lemoga gore matshelo a rona a mo kotsing. Ka jalo ka akanya gore go botoka gore ke swe ke le nosi go na le gore re swe rotlhe.”b A bo re le lesego jang ne go nna le ditsala tse di ntseng jalo tse di ikemiseditseng go etsa sekao sa ga Jesu!
Mo godimo ga moo, re ka tlhatlhanya ka moya wa tirisanommogo o o neng o le teng gareng ga Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba le kwa dikampeng tsa pogiso ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II.c Bosheng jaana bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona kwa Malawi le bone ba ne ba bontsha boikanyegi jo bo ntseng jalo ka go ema ba thokgame ba supa gore ke Bakeresete ba boammaaruri. A kgang ya go bo bakaulengwe ba ba mo phuthegong ya rona le bone ba ka dira jalo mo maemong a a thata ga e re tlhotlheletse go itlhokomolosa kana go tlhaetsa matlho dikgotlhang le mathata a letsatsi le letsatsi a re nnang le one? Fa re lwela go nna le mogopolo wa ga Keresete, tsela e re dirisanang le baobamedikarona ka yone letsatsi le letsatsi e tla nna e e lapolosang e seng e e kgobang marapo.
Maikutlo a Motho a a Kgobang Marapo
“Tsholofelo e e diegisiwang e tle e ngodise pelo, mme motlhang seeletso se tlang e be e le setlhare sa botshelo.” (Diane 13:12) Batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba bona e kete bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo a diega. Bakeresete ba lemoga gore nako e re tshelang mo go yone ke ‘ya mathata le e go leng boima go dirisana le yone,’ fela jaaka go ntse ka batho ba bantsi ba ba sa dumeleng.—2 Timotheo 3:1-5.
Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba tshwanetse go farologana le batho ba e seng badumedi, bone ba tshwanetse go itumelela go bona gore maemo ano a a gwetlhang ke “sesupo” sa go nna gone ga ga Jesu, e leng se se bontshang gore Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo fedisa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. (Mathaio 24:3-14) Tota le fa maemo a nna maswe go ya pele—jaaka fa ruri go tlile go direga ka nako ya “pitlagano e kgolo”—ditiragalo tseno di tshwanetse go re itumedisa ka gonne di supa gore lefatshe le lesha la Modimo le atametse.—Mathaio 24:21; 2 Petere 3:13.
Fa Mokeresete a ka nna le kakanyo ya gore nako ya gore Bogosi bo tsenelele mo ditiragalong tsa gompieno e sa ntse e le kgakala, seo se ka nna sa mo dira gore a fetse nako e ntsi a gagamalela dikhumo. Fa a ka letla gore dilo tse di jaaka tiro ya boitshediso le boitlosobodutu di mo jele nako le maatla, go tla nna thata gore a diragatse maikarabelo a gagwe a Dikwalo sentle. (Mathaio 6:24, 33, 34) Boikutlo jo bo ntseng jalo bo bolaisa motho pelo, ka jalo, a ka kgobega marapo. Molebedi mongwe yo o etang o ile a akgela jaana: “Ga go thuse sepe gore motho a leke go tshela ka tsela ya lefatshe le lesha mo tsamaisong eno ya dilo.”
Ditharabololo Tse Pedi Tse di Molemo Thata
Fa motho a setse a itshekatshekile, a ka bona jang tharabololo e e molemo? Thuto ya motho ka namana ke nngwe ya dilo tse di molemo go gaisa. Ka ntlha yang? Molebedi mongwe yo o etang o ile a re: “E re gakolola lebaka la go bo re tshwanetse go dira se re se dirang.” Yo mongwe gape o ile a tlhalosa jaana: “Go rera ka tsela ya go ikgolola fela e nna selo se se lapisang fa nako e ntse e ya.” Mme gone, go nna le thuto e e molemo ya motho ka namana go re thusa go nna le pono e e molemo ka seabe sa rona jaaka fa bokhutlo bo ntse bo atamela. Dikwalo le tsone gangwe le gape di re gopotsa gore go botlhokwa gore re ikotle sentle semoyeng e le gore re nne le boitumelo jwa boammaaruri mo go direng thato ya Modimo.—Pesalema 1:1-3; 19:7-10; 119:1, 2.
Bagolwane ba ka thusa ba bangwe go fenya go kgobega marapo ka go ba etela ka maeto a bodisa a a kgothatsang. Ka nako ya fa bagolwane ba ba etetse jalo, ba ka ba bontsha gore mongwe le mongwe wa rona o anaanelwa thata e bile o na le seabe sa botlhokwa thata mo bathong ba ga Jehofa. (1 Bakorintha 12:20-26) Mogolwane mongwe o ile a bua jaana ka Bakeresetekaene: “Fa ke ba bontsha kafa ba leng botlhokwa ka teng, ke ba gopotsa dilo tse ba ileng ba kgona go di dira mo nakong e e fetileng. Ke ba lemotsha gore Jehofa o ba tsaya ba le botlhokwa thata le gore madi a Morwa wa gagwe a ile a ntshiwa mo boemong jwa bone. Gantsi ba itumelela ntlha eno. Fa motho a setse a tshegeditse dintlha tseno ka ditshupiso tse di nonofileng tsa Baebele, batho ba ba kgobegileng marapo ba kgona go ipeela mekgele e mesha, e e jaaka thapelo le thuto ya lelapa le mmalo wa Baebele.”—Bahebera 6:10.
Ka nako ya maeto a bodisa, bagolwane ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba se ka ba dira gore go nne jaaka e kete Modimo ga a ke a kgotsofala. Go na le moo, bagolwane ba ka thusa badumedikabone go lemoga gore morwalo wa balatedi ba ga Jesu o motlhofo. Ka ntlha ya seo, tiro ya rona ya Bokeresete ke motswedi wa boipelo.—Mathaio 11:28-30.
Go Fenya go Kgobega Marapo
Le fa go kgobega marapo go ka tswa go bakwa ke eng, motho o tshwanetse go go lwantsha. Le fa go ntse jalo, se lebale gore ga re nosi mo ntweng eno. Fa re kgobegile marapo, a re amogeleng thuso ya ditsala tsa rona tsa Bakeresete, segolobogolo bagolwane. Ka go dira jalo, re ka nna ra dira gore maikutlo ao a go kgobega marapo a fokotsege.
Mo godimo ga tsotlhe, re tshwanetse go kopa Modimo gore a re thuse go fenya go kgobega marapo. Fa re ikaega ka Jehofa ka thapelo, a ka nna a re thusa go fenya maikutlo a go kgobega marapo gotlhelele. (Pesalema 55:22; Bafilipi 4:6, 7) Le fa seemo e ka tswa e le sefe, rona batho ba gagwe re ka bua jaana jaaka mopesalema fa a ne a opela jaana: “Go sego batho ba ba itseng tumo e, ya boitumelo; ba bo ba tsamaya mo leseding la sefatlhogo sa gago, Jehofa. Ba tlhola letsatsi lotlhe ba itumela mo ineng la gago; ba golediwa mo tshiamong ya gago. Gonne o kgalalelo ya thata ya bone, lonaka lwa rona lo tlaa golediwa mo tlhogonolofatsong ya gago.”—Pesalema 89:15-17.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng “Kgwetlho ya Ntlo le Ntlo” mo go Tora ya Tebelo ya November 1, 1981.
b Bona ditsebe 12 le 13 tsa Tsogang! ya February 22, 1985 (ka Seesemane), e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
c Bona ditlhogo tse di reng, “Ke ne Ka Falola ‘Mogwanto wa Loso’” mo go Tora ya Tebelo ya August 15, 1980 (ka Seesemane), le “Go Boloka Bothokgami mo Jeremane ya Bonasi” mo go Tsogang! ya June 22, 1985 (ka Seesemane).
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Maeto a bodisa a a agang a bagolwane ba ba lorato a ka thusa Mokeresete go fenya go kgobega marapo